Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

 Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Fa Jesu Keresete a ne a roma baaposetoloi ba le 12 go ya go rera, a o ne a ba raya a re ba tshole dinthe ba bo ba rwale bompaatšhane?

Batho bangwe ba bua gore dipego tsa Diefangele tse di begang ka nako ya fa Jesu a ne a roma baaposetoloi di a ganetsana. Le fa go ntse jalo, fa re bapisa dipego tseno, re ka fitlhela sengwe se se kgatlhang tota. Mma re simololeng ka go bapisa se Mareko le Luke ba se kwadileng. Pego ya ga Mareko ya re: “[Jesu] o ne a ba naya ditaelo tsa gore ba se ka ba tsholela loeto sepe fa e se lore lo le losi, le fa e le senkgwe, le fa e le kgetsana ya dijo, le fa e le madi a kopore mo dikgwameng tsa bone tsa moitlamo, ba bofe bompaatšhane, mme ba se ka ba apara diaparo tsa kafa teng di le pedi.” (Mar. 6:7-9) Luke ene o ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa tsholela loeto sepe, le fa e le lore le fa e le kgetsana ya dijo, le fa e le senkgwe le fa e le madi a selefera; le gone lo se ka lwa nna le diaparo tsa kafa teng di le pedi.” (Luke 9:1-3) Fano re ela tlhoko se se ka tsewang e le go ganetsana. Go ya ka Mareko, baaposetoloi ba ne ba boleletswe gore ba tshole lore mme ba bofe bompaatšhane, mme pego ya ga Luke yone ya re ba se ka ba tshola sepe, tota le lone lore. Go farologana le Mareko, Luke ene ga a bue sepe ka bompaatšhane.

Gore re tlhaloganye sentle se Jesu a neng a batla go se tlhalosa mo tiragalong eno, re tshwanetse go ela tlhoko se se tshwanang mo dipegong tseno tse tharo tsa Diefangele. Mo dipegong tse di sa tswang go nopolwa mmogo le mo go Mathaio 10:5-10, baaposetoloi ba ne ba bolelelwa gore ba se ka ba apara kgotsa ba tsaya “diaparo tse pedi tsa kafa teng.” Go ka direga gore moaposetoloi mongwe le mongwe o ne a apere seaparo se le sengwe sa kafa teng. Ka jalo, ba ne ba sa tshwanela go tsaya se sengwe sa loeto. Ka tsela e e tshwanang, ba ne ba rwele bompaatšhane. Mareko o gatelela botlhokwa jwa gore ba “bofe bompaatšhane,” bompaatšhane ba ba neng ba setse ba ba rwele. Go tweng ka dinthe? The Jewish Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Go tshola lore go lebega e ne e le ngwao e e tlwaelegileng mo Bahebereng ba bogologolo.” (Gen. 32:10) Mareko o ne a tlhalosa gore baaposetoloi ba ne ‘ba sa tshwanela go tsholela loeto sepe’ fa e se fela lore lo ba neng ba setse ba lo tshotse fa Jesu a ne a ba naya taelo. Ka jalo, bakwadi ba Diefangele ba ne ba gatelela taelo ya ga Jesu ya gore ba se ka ba diegisa loeto ba ile go batla dilo tse di oketsegileng tsa loeto.

Ntlha eno e gatelelwa ke Mathaio yo o neng a utlwa taelo ya ga Jesu ka nako eo mme a e kwala. Jesu o ne a re: “Lo se ka lwa tseela dikgwama tsa lona tsa moitlamo gouta kgotsa selefera kgotsa kgotlho, kgotsa lwa tseela loeto kgetsana ya dijo, kgotsa diaparo tse pedi tsa kafa teng, kgotsa bompaatšhane kgotsa lore; gonne modiri o tshwanelwa ke dijo tsa gagwe.” (Math. 10:9, 10) Go tweng ka bompaatšhane ba baaposetoloi ba neng ba setse ba ba rwele le dinthe tse ba neng ba setse ba di tshotse? Jesu ga a ka a re ba latlhe tse ba neng ba setse ba na le tsone mme o ne a ba bolelela gore ba se ka ba ipatlela dilo tse dingwe tse di ntseng jalo. Ke eng fa a ne a ba naya taelo e e ntseng jalo? Ka gonne, “modiri o tshwanelwa ke dijo tsa gagwe.” Eo e ne e le ntlha ya konokono ya taelo ya ga Jesu, e e tsamaisanang le kgothatso ya gagwe ya Thero ya kwa Thabeng gore ba se ka ba tlhobaela ka gore ba tla ja eng, ba tla nwa eng kgotsa ba tla apara eng.—Math. 6:25-32.

Le fa dipego tseo tsa Diefangele kwa tshimologong di ka lebega di ganetsana, tota di ne di buelela ntlha e e tshwanang. Baaposetoloi ba ne ba tshwanetse go tsamaya ka se ba neng ba na le sone mme ba ne ba sa tshwanelwa go itewa tsebe ke go ipatlela dilo tse dingwe tse di oketsegileng. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o ne a tla ba tlamela.

 “Mohumagadi, le eleng bahumagadi” ba Solomone a neng a bua ka bone ke bomang?—Mor. 2:8.

Ga re tlhomamisege, mme go ka direga gore e ne e le basadi ba ba itsegeng ba Solomone a kopaneng le bone kwa ntlong ya gagwe ya segosi.

Mo go Moreri kgaolo ya bobedi, Solomone o umaka dilo tse di farologaneng tse a kgonneng go di dira go akaretsa le go ikagela dikago tse dintsi. O ne a oketsa jaana: “Ke ne ka ikokoanyetsa selefera le gouta, le thoto e e leng ya dikgosi fela le dikgaolo tse di laolang. Ke ne ka itirela baopedi ba banna le baopedi ba basadi le tse di natefelang bomorwa batho fela thata, mohumagadi, le eleng bahumagadi.”—Mor. 2:8.

Batlhalosi ba le bantsi ba tsaya gore “bahumagadi” ba Solomone a buang ka bone e ne e le basadi ba gagwe ba baditšhaba ba le bantsi le bagadingwana ba gagwe ba a neng a itseela bone moragonyana, basadi ba ba neng ba dira gore a wele mo kobamelong ya maaka. (1 Dikg. 11:1-4) Le fa go ntse jalo, go na le mathata ka tlhaloso eo. Fa Solomone a ne a kwala mafoko ano, o ne a setse a kopane le “mohumagadi le eleng bahumagadi.” Mme ka nako eo, o ne a sa ntse a amogelwa ke Jehofa ka gonne Modimo o ne a mo tlhotlheletsa gore a kwale dibuka tsa Baebele. Seo ga se tshwanele boemo jwa gagwe jwa moragonyana mo dingwageng, fa a ne a setse a na le basadi ba le makgolo ba baditšhaba le bagadingwana mme a setse a le mo kobamelong ya maaka.

Mo bukeng ya Moreri, Solomone a re “o ne a batla go bona mafoko a a itumedisang le go kwalwa ga mafoko a a nepileng a boammaaruri.” (Mor. 12:10) Go bonala sentle gore o ne a itse mafoko “mosadi,” “kgosigadi” le “mogadingwana” ka gonne o ne a dirisa mafoko ao mo mekwalong ya gagwe e e tlhotlheleditsweng. (Dia. 5:18; 12:4; 18:22; Mor. 9:9; Sefela 6:8, 9) Mme mo go Moreri 2:8, ga a dirisa mafoko ao a a tlwaelegileng.

Mo mafokong “mohumagadi le eleng bahumagadi,” re fitlhela e le lekgetlho le le lengwe fela (la bongwe le bontsi) mo Baebeleng le go dirisitsweng lefoko le le sa tlwaelegang la Sehebera. Bakanoki ba dumela gore bokao jwa lone ga bo a tlhomama. Baranodi ba le bantsi ba Baebele ba tsaya gore polelwana e e mo go Moreri 2:8 e bua ka basadi, mo bongweng le mo bontsing kgotsa ba le palo e e sa tlhomamisiwang. Polelwana “mohumagadi le eleng bahumagadi” e kaya sone seo.

Solomone o ne a itsege thata jaana, mo kgosigadi e e tswang kwa bogosing jo bo humileng jwa Sheba a neng a utlwela ka ene, a mo etela mme a kgatlhega. (1 Dikg. 10:1, 2) Go ka direga gore seo ke sengwe sa se Solomone a neng a se kaya fa a ne a umaka “mohumagadi le eleng bahumagadi.” A ka tswa a ne a kaya basadi ba ba tlhomologileng ba a ileng a kopana le bone mo ntlong ya gagwe ya segosi mo dingwageng tse dintsi tse a neng a busa ka tsone fa Modimo a ne a sa ntse a mo amogela.