Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Go Utlwa go Botoka Go na Le Setlhabelo”

“Go Utlwa go Botoka Go na Le Setlhabelo”

 “Go Utlwa go Botoka Go na Le Setlhabelo”

SAULO e ne e le kgosi ya ntlha ya Iseraele wa bogologolo. Le fa a ne a tlhophilwe ke Modimo wa boammaaruri, kgabagare o ne a tlhoka kutlo.

Saulo o ne a dira diphoso dife? A o ne a ka kgona go di tila? Re ka solegelwa molemo jang ke go sekaseka sekao sa gagwe?

Jehofa o Itsise Gore o Tlhophile Mang go Nna Kgosi

Pele Saulo e nna kgosi, moporofeti Samuele e ne e le moemedi wa Modimo kwa Iseraele. Jaanong Samuele o ne a tsofetse mme bana ba gagwe ba ne ba sa ikanyege. Mme ka nako eo, setšhaba se ne se tshosediwa ke baba ba sone. Fa banna ba bagolwane ba kwa Iseraele ba ne ba kopa Samuele gore a ba tlhomele kgosi e e tla ba busang, e e tla ba atlholang le go ba etelelapele kwa ntweng, Jehofa o ne a laela moporofeti yono gore a tlotse Saulo gore e nne moeteledipele wa bone mme a re: “O tla boloka batho ba me mo seatleng sa Bafilisitia.”—1 Sam. 8:4-7, 20; 9:16.

Saulo o ne a le “mmotlana e bile a le montle.” Le fa go ntse jalo, ditebego tsa gagwe e ne e se lone lebaka la konokono la go bo a tlhophilwe. Gape o ne a le boikobo. Ka sekai, Saulo o ne a botsa Samuele jaana: “A ga ke Mobenjamine wa lotso lo lo botlana go gaisa tsotlhe tsa Iseraele, le lelapa la gaetsho a ga se le e seng la sepe mo malapeng otlhe a lotso lwa Benjamine? Ka jalo ke ka ntlha yang fa o buile selo se se ntseng jaana le nna?” Saulo o ne a itsaya e se motho wa sepe, ene le lelapa la gaabo, tota le fa rraaagwe e bong Kishe e ne e le “monna yo o humileng thata.”—1 Sam. 9:1, 2, 21.

Gape akanya ka karabo ya ga Saulo fa Samuele a ne a itsise phatlalatsa gore Jehofa o ne a tlhophile mang go nna kgosi ya Iseraele. Samuele o ne a simolola ka go tlotsa Saulo ba le babedi fela mme a mo raya a re: “O itirele se seatla sa gago se bonang go kgonega go se dira, ka gonne Modimo wa boammaaruri o na le wena.” Go tswa foo, moporofeti o ne a bitsa batho gore a ba itsise yo Jehofa a neng a mo tlhophile. Le fa go ntse jalo, fa go ne go begiwa gore Saulo ke kgosi, go ne go sa itsiwe gore o kae. Saulo o ne a iphitlhile e re ka a ne a le ditlhong. Jehofa o ne a senola gore Saulo o kwa kae mme o ne a itsisewe gore ke kgosi.—1 Sam. 10:7, 20-24.

Mo Ntweng

Go ise go e kae, Saulo o ne a bontsha gore batho ba ba neng ba belaela gore a o tla kgona go dira tiro ya gagwe ba ne ba le phoso. Fa Baamone ba ne ba tshosetsa motse wa Baiseraele, “moya wa Modimo o ne wa dira mo go Saulo.” O ne a laela gore batlhabani ba setšhaba ba bidiwe mme  a ba rulaganya, go tswa foo a ba etelelapele kwa phenyong. Mme Saulo o ne a bolela gore phenyo eo e ne e le ya Modimo fa a ne a re: “Gompieno Jehofa o tlisitse poloko mo Iseraele.”—1 Sam. 11:1-13.

Saulo o ne a na le dinonofo tse di molemo mme Modimo o ne a mo segofatsa. Gape o ne a lemoga gore Jehofa o na le maatla. Le fa go ntse jalo, gore Baiseraele mmogo le kgosi ya bone ba tswelele ba atlega go ne go ikaegile ka selo sengwe sa botlhokwatlhokwa. Samuele o ne a bolelela batho ba Iseraele jaana: “Fa lo ka boifa Jehofa mme lwa mo direla le go utlwa lentswe la gagwe, mme lo sa tsuologele taelo ya ga Jehofa, lona mmogo le kgosi e e tshwanetseng go lo busa, ruri lo tla nna balatedi ba ga Jehofa Modimo wa lona.” Baiseraele ba ne ba tla tlhomamisega ka eng fa ba ne ba ka ikanyega mo Modimong? Samuele o ne a re: “Jehofa ga a kitla a tlogela batho ba gagwe ka ntlha ya leina la gagwe le legolo, ka gonne Jehofa o itlhophetse go lo dira batho ba gagwe.”—1 Sam. 12:14, 22.

Selo sa botlhokwa se se neng se tla dira gore Jehofa a ba amogele ke go ikoba, mme le gone jaanong go sa ntse go ntse jalo. Fa batlhanka ba ga Jehofa ba ikobela ditaolo tsa gagwe, o a ba segofatsa. Mme go tweng fa ba sa mo ikobele?

“O Dirile ka Boeleele”

Kgato e Saulo a neng a e tsaya kgatlhanong le Bafilisitia e ne ya ba galefisa tota. Masole a a jaaka “moshawa o o fa losing lwa lewatle ka bontsi” a ne a tsogologela Saulo. “Banna ba Iseraele ka bobone ba bona gore ba ne ba le mo mathateng a magolo, ka gonne batho ba ne ba le mo pitlaganong; mme batho ba ne ba iphitlha mo dikgageng le mo dikhuting le mo mafikeng a magolo le mo diphaposaneng tse di kafa tlase ga matlo le mo dipetseng tsa metsi.” (1 Sam. 13:5, 6) Saulo o ne a tla dira eng?

Moporofeti Samuele o ne a bolelela Saulo gore a kopane le ene kwa Gilegala, kwa moporofeti yono a neng a tla ntsha ditlhabelo gone. Saulo o ne a leta mme Samuele o ne a le thari e bile masole a ga Saulo a ne a simolotse go gasama. Ka jalo, Saulo o ne a ipagololela mogodu mme a ntsha ditlhabelo. Morago fela ga gore a dire jalo, Samuele o ne a goroga. Fa Samuele a sena go utlwa se Saulo a se dirileng o ne a mmolelela jaana: “O dirile ka boeleele. Ga o a boloka taelo ya ga Jehofa Modimo wa gago e a e go laetseng, ka gonne, fa o ka bo o e bolokile, Jehofa o ka bo a nitamisitse bogosi jwa gago mo Iseraele ka bosakhutleng. Mme jaanong bogosi jwa gago ga bo kitla bo nnela ruri. Ruri Jehofa o tla iponela monna yo o amogelwang ke pelo ya gagwe; mme Jehofa o tla mo tlhoma go nna moeteledipele wa batho ba gagwe, ka gonne ga o a ka wa boloka se Jehofa a se go laetseng.”—1 Sam. 10:8; 13:8, 13, 14.

Saulo o ne a bontsha go tlhoka tumelo fa a ne a ipagololela mogodu mme a tlhopha go se ikobele taolo ya Modimo ya go emela Samuele gore a tle go ntsha setlhabelo. A bo tsela e Saulo a dirileng dilo ka yone e farologana thata jang ne le e Gidione yo e neng e le moeteledipele wa masole a Iseraele a neng a dira dilo ka yone! Jehofa o ne a laela Gideone gore a fokotse palo ya masole a gagwe go tswa go 32 000 go ya go 300, mme Gideone o ne a mo ikobela. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a na le tumelo mo go Jehofa. Modimo o ne a mo thusa gore a fenye batlhasedi ba le 135 000. (Baatlh. 7:1-7, 17-22; 8:10) Jehofa o ne a tla thusa le Saulo. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga ga Saulo, Bafilisitia ba ne ba thopa Iseraele.—1 Sam. 13:17, 18.

Re dira ditshwetso jang fa re lebane le mathata? Mo bathong ba ba se nang tumelo, go ka lebega go siame go itlhokomolosa melao ya Modimo. E re ka Samuele a ne a seyo, Saulo a ka tswa a ne a akanya gore se a se dirileng se ne se le botlhale. Mme gone, mo go ba ba ikemiseditseng go amogelwa ke Modimo, go latela melaometheo ya Dikwalo e e amang boemo jo ba lebaneng le jone ke yone fela tsela e e botlhale ya go dira dilo.

Jehofa o Latlha Saulo

Ka nako ya letsholo le le kgatlhanong le Baamaleke, Saulo o ne a dira phoso e nngwe gape e e masisi. Modimo o ne a atlhola batho ba Amaleke gonne ba ne ba tlhasela Baiseraele kwantle ga lebaka fa Baiseraele ba ne ba fuduga go tswa kwa Egepeto. (Ekes. 17:8; Dute. 25:17, 18) Mo godimo ga moo, Baamaleke mmogo le ditšhaba tse dingwe  ba ne ba tlhasela batho ba ba tlhophilweng ba Modimo gape ka dinako tsa Baatlhodi. (Baatlh. 3:12, 13; 6:1-3, 33) Ka jalo, Jehofa o ne a dira gore Baamaleke ba ikarabelele mo go se ba se dirileng ka gore a laele Saulo gore a diragatse katlholo ya gagwe mo go bone.—1 Sam. 15:1-3.

Go na le gore Saulo a ikobele taelo ya Modimo ya go nyeletsa Baamaleke ba ba setlhogo le go senya dilo tsa bone, o ne a gapa kgosi ya bone mme a itseela diphologolo tsa bone tse di nonneng. Go ne ga direga eng fa Samuele a ne a botsa Saulo kaga seno? Saulo o ne a leka go itira yo o seng molato ka go re: “Batho ba ne ba tlhomogela pelo tse di di gaisang tsotlhe tsa letsomane le tsa motlhape, ka boikaelelo jwa go isetsa Jehofa Modimo wa gago setlhabelo.” Gore a Saulo o ne a ikaeletse go ntsha ditlhabelo ka diphologolo tseo kgotsa nnyaa ga se kgang ya botlhokwa, kgang e ne e le gore ga a ka a nna kutlo. Saulo o ne a sa tlhole a itsaya a le ‘monnye mo matlhong a gagwe.’ Ka jalo, moporofeti wa Modimo o ne a bontsha Saulo gore o ne a sa ikobela Modimo. Go tswa foo Samuele o ne a re: “A Jehofa o natefelwa ke ditshupelo tse di fisiwang le ditlhabelo jaaka a natefelwa ke go utlwiwa ga lentswe la ga Jehofa? Bona! Go utlwa go botoka go na le setlhabelo . . . E re ka o ganne lefoko la ga Jehofa, ka jalo le ene o a go gana gore o se ka wa nna kgosi.”—1 Sam. 15:15, 17, 22, 23.

Fa Jehofa a tlosa moya wa gagwe o o boitshepo le ditshegofatso tsa gagwe mo go Saulo, “moya o o bosula” o ne wa simolola go laola kgosi eo ya ntlha ya Iseraele. Saulo o ne a simolola go belaela le go fufegela Dafide—monna yo moragonyana Jehofa a neng a tla mo naya bogosi. Saulo o ne a leka go bolaya Dafide ka lekgetlo le le fetang le le lengwe. Baebele ya re fa a bona gore “Jehofa o ne a na le Dafide,” “Saulo o ne a nna mmaba wa ga Dafide ka metlha.” Saulo o ne a leka go mo tsoma a bo a laela gore baperesiti le batho bangwe ba le 85 ba bolawe. Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ne a latlha Saulo!—1 Sam. 16:14; 18:11, 25, 28, 29; 19:10, 11; 20:32, 33; 22:16-19.

Fa Bafilisitia ba ne ba tlhasela Iseraele gape, Saulo o ne a retologela mo tirisabadimong a batla thuso e e se nang mosola. Mo letsatsing le le latelang, o ne a gobala thata mo ntweng mme a ipolaya. (1 Sam. 28:4-8; 31:3, 4) Dikwalo di bua jaana ka kgosi eo ya ntlha ya Iseraele e e tlhokang kutlo: “Saulo a swela bosaikanyegeng jwa gagwe jalo jo a neng a diretse Jehofa ka go tlhoka boikanyegi ka jone ka ga lefoko la ga Jehofa le a neng a sa le boloka le ka ntlha ya go kopa yo o buang le meya gore a botse. Mme o ne a se ka a botsa Jehofa.”—1 Ditir. 10:13, 14.

Sekao se se bosula sa ga Saulo se bontsha sentle gore go ikobela Jehofa go molemo go na le go mo ntshetsa setlhabelo le fa e ka nna sefe. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” (1 Joh. 5:3) A le ka motlha re se ka ra tlhokomologa boammaaruri jono jo bo botlhokwa: Go nna le botsala jo bo nnelang ruri le Modimo go ikaegile ka gore re mo ikobele.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Kwa tshimologong, Saulo e ne e le moeteledipele yo o boikobo

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke eng fa Samuele a ne a raya Saulo a re, “go utlwa go botoka go na le setlhabelo”?