Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tlhoile go Tlhoka Molao?

A o Tlhoile go Tlhoka Molao?

 A o Tlhoile go Tlhoka Molao?

“[Wena Jesu o ne] wa tlhoa go tlhoka molao.”—BAHEB. 1:9.

1. Jesu o ne a ruta eng malebana le lorato?

FA Jesu Keresete a ne a gatelela botlhokwa jwa lorato, o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Joh. 13:34, 35) Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba bontshane lorato lwa go intsha setlhabelo. Lorato loo e ne e tla nna letshwao le le ba tlhaolang. Gape Jesu o ne a ba kgothatsa jaana: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang.”—Math. 5:44.

2. Balatedi ba ga Keresete ba tshwanetse go tlhoa eng?

2 Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a ruta barutwa ba gagwe se ba tshwanetseng go se rata fela mme o ne a ba ruta le se ba tshwanetseng go se tlhoa. Go ne ga buiwa jaana ka Jesu: “O ratile tshiamo, mme wa tlhoa go tlhoka molao [boikepo].” (Baheb. 1:9; Pes. 45:7) Seno se bontsha gore ga re a tshwanela go lwela fela go rata tshiamo mme gape re tshwanetse go tlhoa boleo, kgotsa go tlhoka molao. Moaposetoloi Johane o ne a bua jaana ka tlhamalalo: “Mongwe le mongwe yo o leofang gape ga a dire kafa molaong, mme jalo boleo ke go sa dire kafa molaong.”—1 Joh. 3:4.

3. Setlhogo seno se tla tlotla ka dikarolo dife tsa botshelo tse di malebana le go tlhoa go tlhoka molao?

 3 Ka jalo, rona Bakeresete re tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A ke tlhoile go tlhoka molao?’ Mma re sekaseke gore re ka bontsha jang gore re tlhoile se se bosula mo dikarolong tseno tse nnè tsa botshelo: (1) kafa re lebang ka gone go dirisa bojalwa ka tsela e e sa siamang, (2) tsela e re lebang dilo tse di amanang le boloi ka yone, (3) tsela e re lebang boitsholo jo bo sa siamang ka yone le (4) tsela e re lebang batho ba ba ratang go tlhoka molao ka yone.

Leba Bojalwa ka Tsela e e Siameng

4. Ke eng fa Jesu a ne a bua a gololesegile fa a bua ka go nwa bobe?

4 Ka dinako dingwe Jesu o ne a tle a nwe beine, a e leba jaaka mpho e e tswang kwa Modimong. (Pes. 104:14, 15) Le fa go ntse jalo, ga a ka a dirisa mpho eno ka tsela e e sa siamang ka go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. (Dia. 23:29-33) Ka jalo, Jesu o ne a kgona go bua ka kgololesego fa a ne a kgala mokgwa wa go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. (Bala Luke 21:34.) Go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, go ka felela ka gore motho a dire maleo mangwe a a masisi. Ka jalo, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Gape, lo se ka lwa tagwa ke beine, e mo go yone go nang le botlhapelwa, mme nnang lo tladiwe ka moya.” (Baef. 5:18) Gape o ne a tlhagisa basadi ba ba godileng mo phuthegong gore ba se ka ba “dirwa batlhanka ke beine e ntsi.”—Tito 2:3.

5. Batho ba ba tlhophang go nwa dino tse di tagang ba ka ipotsa dipotso dife?

5 Fa o tlhopha go nwa dino tse di tagang, go molemo go ipotsa jaana: ‘A ke leba go nwa bobe ka tsela e Jesu a neng a go leba ka gone? Fa ke tshwanetse go gakolola ba bangwe ka kgang eno, a ke kgona go bua ke gololesegile? A ke nwa gore ke itebatse mathata le go fokotsa go gatelelwa mo maikutlong? Ke nwa bojalwa jo bo kana kang beke le beke? Ke itshwara jang fa mongwe a akantsha gore gongwe ke nwa ka tsela e e feteletseng? A ke a itshireletsa kgotsa e bile ke tlhoa motho yoo?’ Go itetla go nna batlhanka ba beine e ntsi go ka ama bokgoni jwa rona jwa go akanya e bile go ka dira gore re se ka ra kgona go dira ditshwetso tse di siameng. Balatedi ba ga Keresete ba leka ka natla go dibela bokgoni jwa bone jwa go akanya.—Dia. 3:21, 22.

Tila Ditiro Tse di Amanang le Boloi

6, 7. (a) Jesu o ne a dirisana jang le Satane le madimona? (b) Ke eng fa ditiro tse di amanang le boloi di aname thata jaana gompieno?

6 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a ema a nitame kgatlhanong le Satane le madimona a gagwe. O ne a gana ditlhaselo tse Satane a neng a leka boikanyegi jwa gagwe ka tlhamalalo ka tsone. (Luke 4:1-13) Gape Jesu o ne a senola le go emelana le maano a a bofitlha a a neng a ka tlhotlheletsa tsela ya gagwe ya go akanya le ditiro tsa gagwe. (Math. 16:21-23) Jesu o ne a thusa batho ba ba tshwanelang gore ba fenye go laolwa ke madimona ka tsela e e setlhogo.—Mar. 5:2, 8, 12-15; 9:20, 25-27.

7 Morago ga gore Jesu a tlhomiwe go nna Kgosi ka 1914, o ne a phepafatsa magodimo, a tlosa tlhotlheletso e e leswe ya ga Satane le madimona a gagwe. Ka gone, Satane—bogolo jang gone jaanong—o ititeile sehuba gore o tla ‘tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ (Tshen. 12:9, 10) Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamala fa go rata ditiro tse di amanang le boloi go aname e bile go ntse go oketsega. Rona re tshwanetse go dira eng gore re itshireletse?

8. Re ka itlhatlhoba ka tsela efe malebana le boitlosobodutu jo re bo tlhophang?

 8 Baebele e re tlhagisa ka tsela e e utlwalang ka dikotsi tse di amanang le tirisabadimo. (Bala Duteronome 18:10-12.) Gompieno, Satane le madimona ba dirisa difilimi, dibuka le metshameko ya ileketeroniki e e kgothaletsang ditiro tse di amanang le boloi go tlhotlheletsa tsela e batho ba akanyang ka yone. Ka jalo, fa re tlhopha mofuta wa boitlosobodutu, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Mo dikgweding tse di fetileng, a ke tlhophile go itlosa bodutu ka difilimi, dithulaganyo tsa thelebishene, metshameko ya ileketeroniki kgotsa ka dibuka tse di buang ka dilo dingwe tsa masaitsiweng? A ke tlhaloganya botlhokwa jwa go gana tlhotlheletso ya ditiro tse di amanang le boloi, kgotsa a ke mpampetsa dikotsi tsa tsone? A nkile ka ipotsa gore Jehofa o ikutlwa jang ka mofuta wa boitlosobodutu o ke o tlhophang? Fa e le gore ke letlile gore botshelo jwa me bo tlhotlhelediwe ke mekgwa ya ga Satane, a go rata ga me Jehofa le melao ya gagwe ya tshiamo go tla ntlhotlheletsa go dira tshwetso ya go latlha mekgwa eno?’—Dit. 19:19, 20.

Tsaya Tsia Tlhagiso ya ga Jesu ka ga Boitsholo Jo bo Sa Siamang

9. Motho a ka godisa jang lorato lwa tlolomolao?

9 Jesu o ne a kgomarela molao wa Modimo o o ka ga boitsholo jwa tlhakanelodikobo. O ne a re: “A lo ne lwa se ka lwa bala gore yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi a ba a re, ‘Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’? Mo e leng gore ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Math. 19:4-6) Jesu o ne a itse gore se re se lebang se ama dipelo tsa rona. Ka jalo mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, o ne a re: “Lo utlwile gore go ne ga twe, ‘O se ka wa dira boaka.’ Mme nna ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Math. 5:27, 28) Batho ba ba itlhokomolosang tlhagiso ya ga Jesu tota ba a bo ba godisa lorato lwa tlolomolao.

10. Anela maitemogelo a a bontshang gore motho a ka kgona go kgaotsa go lebelela ditshwantsho tse di hepisang.

10 Satane o dirisa ditshwantsho tse di hepisang go rotloetsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Tsamaiso ya gone jaanong ya dilo e tletse ka tsone. Ba ba lebang ditshwantsho tse di hepisang ba thatafalelwa ke go phimola ditshwantsho tsa boitsholo jo bo sa siamang mo megopolong ya bone. Ba ka nna ba bo ba tshwakgolwa ke ditshwantsho tseo tse di hepisang. Akanya ka se se diragaletseng Mokeresete mongwe. A re: “Ke ne ke leba ditshwantsho tse di hepisang mo sephiring. Ke ne ke itiretse lefatshe la me la ditoro le ke neng ke tsaya gore le kgakala le lefatshe le ke neng ke direla Jehofa mo go lone. Ke ne ke itse gore mokgwa ono o phoso mme ke ne ke ipolelela gore Modimo o ne a sa ntse a amogela tirelo ya me.” Ke eng se se neng sa fetola tsela e mokaulengwe yono a neng a akanya ka yone? A re: “Ke ne ka swetsa ka gore ke bolelele bagolwane ka bothata jwa me le fa go ne go le thata go dira jalo.” Kgabagare, mokaulengwe yono o ne a tlogela mokgwa ono o o tlhabisang ditlhong. O akgela jaana: “Fa ke sena go tlosa boleo jono mo botshelong jwa me, kgabagare ke ne ke ikutlwa gore tota ke na le segakolodi se se phepa.” Batho ba ba tlhoileng tlolomolao ba tshwanetse go ithuta go tlhoa ditshwantsho tse di hepisang.

11, 12. Re ka bontsha jang gore re tlhoile tlolomolao fa re tlhopha mmino?

11 Mmino le mafoko a one le tsone di ka nna le  tlhotlheletso e e maatla mo maikutlong a rona mme ka jalo, tsa tlhotlheletsa pelo ya rona ya tshwantshetso. Mmino ka boone ke mpho e e tswang kwa Modimong mme ga o bolo go dirisiwa mo kobamelong ya boammaaruri. (Ekes. 15:20, 21; Baef. 5:19) Le fa go ntse jalo, lefatshe le le boikepo la ga Satane le rotloetsa mmino o o tlotlomatsang boitsholo jo bo sa siamang. (1 Joh. 5:19) O ka itse jang gore mmino o o o reetsang o leswe kgotsa nnyaa?

12 O ka nna wa simolola ka go ipotsa jaana: ‘A dipina tse ke di reetsang di tlotlomatsa polao, boaka, kgokafalo le matlhapa? Fa ke ne nka balela mongwe mafoko a dipina dingwe tse ke di reetsang, a motho yoo o ne a tla tsaya gore ke tlhoile go tlhoka molao, kgotsa a mafoko a tsone a ne a tla supa gore pelo ya me e leswafetse?’ Ga re ka ke ra tlhoa tlolomolao ka puo fela mme re bo re e tlotlomatsa ka dipina. Jesu o ne a re: “Dilo tse di tswang mo molomong di tswa mo pelong, mme dilo tseo di leswafatsa motho. Ka sekai, mo pelong go tswa dikakanyo tse di boikepo, dipolao, maakafalo, dikgokafalo, bogodu, ditshupo tsa maaka, ditlhapatso.”—Math. 15:18, 19; bapisa le Jakobe 3:10, 11.

Leba ba ba Ratang Tlolomolao Jaaka Jesu a ba Leba

13. Jesu o ne a leba jang batho ba ba neng ba ganelela mo boleong?

13 Jesu o ne a re o ne a tlile go biletsa baleofi kgotsa ba ba se nang molao kwa boikwatlhaong. (Luke 5:30-32) Le fa go ntse jalo, o ne a leba jang ba ba ganelelang mo tseleng ya boleo? Jesu o ne a naya ditlhagiso tse di gagametseng malebana le go tlhotlhelediwa ke batho ba ba ntseng jalo. (Math. 23:15, 23-26) Gape o ne a re: “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, ‘Morena, Morena,’ yo o tla tsenang mo bogosing jwa magodimo, mme yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong o tla tsena. Ba le bantsi ba tla nthaya mo letsatsing leo [fa Modimo a tlisa katlholo] ba re, ‘Morena, Morena, a re ne ra se ka ra porofeta ka leina la gago, ra ba ra leleka madimona ka leina la gago, ra ba ra dira ditiro di le dintsi tse di maatla ka leina la gago?’” Mme le fa go ntse jalo, o tla gana ba ba dirang ka go tlhoka molao ba sa ikwatlhae a re: “Tlogang fa go nna.” (Math. 7:21-23) Ke eng fa a tla ba atlhola jalo? Ka gonne batho ba ba ntseng jalo ba tlontlolola Modimo e bile ba utlwisa ba bangwe botlhoko ka ditiro tsa bone tsa go tlhoka molao.

14. Ke eng fa baleofi ba ba sa ikwatlhaeng ba tlosiwa mo phuthegong?

14 Lefoko la Modimo le laela gore baleofi ba ba sa ikwatlhaeng ba tlosiwe mo phuthegong. (Bala 1 Bakorintha 5:9-13.) Seno se a tlhokega ka ntlha ya mabaka a ka nna mararo: (1) go dira gore leina la Modimo le se ka la tlhapadiwa, (2)  go sireletsa phuthego gore e se ka ya leswafadiwa e bile (3) go thusa moleofi gore fa go kgonega a ikwatlhae.

15. Fa re batla go nna re ikanyega mo go Jehofa re tshwanetse go ipotsa dipotso dife?

15 A re leba ba ba ganelelang mo tseleng ya bone ya go tlhoka molao ka tsela e Jesu a ba lebang ka yone? Re tshwanetse go tlhatlhanya ka dipotso tseno: ‘A ke tla tlhopha go nna ke dirisana le mongwe yo o kgaotsweng kgotsa yo o itomolotseng mo phuthegong ya Bokeresete? Go tweng fa motho yoo e le yo o gaufi thata le wena ka losika yo o sa tlholeng a nna kwa gae?’ Boemo jo bo ntseng jalo tota bo ka leka gore a re rata tshiamo le gore re ikanyega go le kana kang mo Modimong. *

16, 17. Mmè mongwe wa Mokeresete o ne a lebana le bothata bofe mme ke eng se se ileng sa mo thusa gore a eme nokeng thulaganyo ya go kgaola badirabosula ba ba sa ikwatlhaeng?

 16 Akanya ka sekai sa kgaitsadi mongwe yo morwawe yo mogolo ka nako nngwe a neng a rata Jehofa. Le fa go ntse jalo, moragonyana mo botshelong o ne a tlhopha go latela tsela ya go tlhoka molao a sa ikwatlhae. Ka jalo, o ne a kgaolwa mo phuthegong. Kgaitsadiarona o ne a rata Jehofa le fa go ntse jalo o ne a rata le morwawe mme o ne a thatafalelwa ke go dirisa taelo e e mo Dikwalong ya go tila go dirisana le morwawe.

17 O ne o ka naya kgaitsadi yono kgakololo efe? Mogolwane mongwe o ne a mo thusa gore a lemoge gore Jehofa o tlhaloganya botlhoko jo a neng a le mo go jone. Mokaulengwe yoo o ne a mo kopa gore a akanye ka botlhoko jo Jehofa a tshwanetseng a bo a ile a bo utlwa fa bangwe ba barwa ba gagwe ba baengele ba ne ba tsuologa. Mogolwane yoo o ne a mmolelela gore tota le fa Jehofa a itse kafa boemo joo bo leng botlhoko ka gone, o batla gore moleofi yo o sa ikwatlhaeng a kgaolwe. Kgaitsadi yoo o ne a reetsa dikgakololo tseo mme ka boikanyegi a ikobela thulaganyo ya go kgaola. * Boikanyegi jo bo ntseng jalo bo ipedisa pelo ya ga Jehofa.—Dia. 27:11.

18, 19. (a) Go kgaotsa go dirisana le motho yo o dirileng go tlhoka molao go bontsha gore re tlhoile eng? (b) Go ikanyega mo Modimong le mo thulaganyong ya gagwe go ka felela ka eng?

18 Fa o lebane le boemo jo bo tshwanang, tsweetswee se lebale gore Jehofa o go utlwela botlhoko. Fa o kgaotsa go dirisana le motho yo o kgaotsweng kgotsa yo o itomolotseng, o a bo o bontsha gore o tlhoile mekgwa le ditiro tse di bakileng boemo joo. Mme gape o a bo o bontsha gore o rata modiraphoso e bile o batla go dira se se tla mo solegelang molemo. Go ikanyega ga gago mo go Jehofa gongwe go ka dira gore motho yo o otlhailweng a ikwatlhae mme a boele kwa go Jehofa.

19 Motho mongwe yo o kileng a kgaolwa mme moragonyana a busediwa o ne a kwala jaana: “Ke itumelela go bo Jehofa a rata batho ba gagwe thata jaana mo a tlhomamisang gore phuthego ya gagwe e nna e le phepa. Se mo bathong ba kwa ntle se ka bonalang e le bosetlhogo, ke sengwe se se tshwanetseng go dirwa le se se bontshang lorato.” A o akanya gore motho yono a ka bo a ile a thusiwa go dira tshwetso eno fa maloko a phuthego, go akaretsa le ba lelapa la gagwe, ba ne ba tswelela ba dirisana le ene fa a ne a kgaotswe? Fa re ema nokeng thulaganyo ya Dikwalo ya go kgaola, re a bo re naya bosupi jwa gore re rata tshiamo e bile re lemoga gore Jehofa o na le tshwanelo ya go tlhoma melao ya boitsholo.

“Tlhoang se se Bosula”

20, 21. Ke eng fa go le botlhokwa go ithuta go tlhoa go tlhoka molao?

20 Moaposetoloi Petere o ne a re tlhagisa jaana: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang.” Ka ntlha yang? Ka gonne “mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” (1 Pet. 5:8) A mongwe yoo e tla nna wena? Go ikaegile segolobogolo ka gore o ithuta go tlhoa go tlhoka molao go le kana kang.

21 Ga go motlhofo go ithuta go tlhoa se se bosula. Re tsholetswe mo boleong e bile re tshela mo lefatsheng le le re kgothaletsang go latela dikeletso tsa rona tsa nama. (1 Joh. 2:15-17) Le fa go ntse jalo, fa re etsa Jesu Keresete mme re nna re godisa lorato lo re ratang Jehofa Modimo ka lone, re ka kgona go atlega mo go tlhoeng go tlhoka molao. A re ititeyeng sehuba go ‘tlhoa se se bosula,’ re ikanya Jehofa ka botlalo gore o “disitse . . . ba ba ikanyegang; o ba golola mo seatleng sa ba ba boikepo.”—Pes. 97:10.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 15 Go bona dintlha tse di oketsegileng ka kgang eno, bona makasine wa Tora ya Tebelo wa March 1, 1982, tsebe 13-18.

 O Tla Araba Jang?

• Ke eng se se tla re thusang go tlhatlhoba tsela e re lebang bojalwa ka yone?

• Re ka dira eng gore re sireletsege mo ditirong tse di amanang le boloi?

• Ke eng fa ditshwantsho tse di hepisang di le kotsi?

• Re bontsha jang gore re tlhoile go tlhoka molao fa mongwe yo re mo ratang a kgaolwa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Fa o tlhopha go nwa dino tse di tagang, o tshwanetse go akanyetsa eng?

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Ela tlhoko tlhotlheletso ya ga Satane mo boitlosobodutung

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Motho yo o lebang ditshwantsho tse di hepisang o godisa lorato lwa eng?