Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhagafalela Kobamelo ya Boammaaruri

Tlhagafalela Kobamelo ya Boammaaruri

 Tlhagafalela Kobamelo ya Boammaaruri

“Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana.”—MATH. 9:37.

1. Go potlaka go kaya eng?

O TSHWERE lekwalo le motho mongwe a tshwanetseng go le amogela pele letsatsi le wela. O dira eng? O le kwala jaana, “LE POTLAKILE!” O ya kwa pokanong nngwe ya botlhokwa, mme o siilwe ke nako. O dira eng? O a POTLAKA! Ee, fa go na le tiro nngwe e o tshwanetseng go e dira mme o siiwa ke nako, ga o ritibale mo maikutlong mme o a tshwenyega. O simolola go swegaswega pelo, mme o leka go e dira ka bonako ka moo o ka kgonang ka teng. Ke sone se go potlaka go se kayang!

2. Ke tiro efe e e potlakileng thata e Bakeresete ba tshwanetseng go e dira gompieno?

2 Tiro e e potlakileng go gaisa e Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetseng go e dira gompieno, ke go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi le go dira batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa. (Math. 24:14; 28:19, 20) Fa morutwa Mareko a ne a nopola mafoko a ga Jesu o ne a kwala gore tiro eno e tshwanetse go dirwa “pele,” mo go kayang, pele bokhutlo bo tla. (Mar. 13:10) Ruri go tshwanetse ga nna jalo. Jesu o ne a re: “Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana.” Thobo ga e ka ke ya busediwa morago; e tshwanetswe go dirwa pele ga setlha sa yone se fela.—Math. 9:37.

3. Ba le bantsi ba ile ba bontsha jang gore ba lemoga gore tiro ya go rera e potlakile?

3 E re ka tiro ya go rera e le botlhokwa thata jaana mo go rona, re tshwanetse go dirisa bontsi jwa nako le maatla a rona mme re dire bojotlhe mo go yone. Go a itumedisa go bona gore bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba dira sone seo. Bangwe ba bone ba ile ba fetola tsela e ba tshelang ka yone gore ba kgone go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng e le babulatsela, barongwa kgotsa ba direla kwa go lengwe la magae a Bethele go ralala lefatshe. Ba nna ba tshwaregile. Ba ka tswa ba ile ba ithontsha dilo di le dintsi mme ba lebana le dikgwetlho di le dintsi. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ba segofatsa fela thata. Ruri seo se a re itumedisa. (Bala Luke 18:28-30.) Le fa bangwe ba sa kgone go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng, ba dirisa bontsi jwa nako ya bone mo tirong eno ya go boloka matshelo, e e akaretsang go thusa bana ba rona gore ba bolokwe.—Dute. 6:6, 7.

4. Ke eng fa bangwe ba ka latlhegelwa ke boikutlo jwa go potlaka?

4 Jaaka re setse re bone, gantsi boikutlo jwa go potlaka bo nna teng fa go na le nako e e lekanyeditsweng, e e beilweng le e tiro e tshwanetseng go wediwa ka yone. Re tshela mo nakong ya bokhutlo mme go na le bosupi bo le bontsi—jwa Dikwalo le jwa dilo tse di setseng di diregile—jo bo bontshang seo. (Math. 24:3, 33; 2 Tim. 3:1-5) Mme gone, ga go ope yo o itseng gore tota bokhutlo bo tla tla leng. Fa Jesu a ne a tlhalosa dintlha tse di amanang le “sesupo” se se bontshang “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” o ne a gatelela kgang eno: “Ka ga letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng, le fa e le baengele ba magodimo kgotsa Morwa, fa e se Rara fela.” (Math. 24:36) Ka ntlha ya seo, bangwe ba ka nna ba fitlhela go le thata go tswelela ba na le boikutlo jwa go potlaka fa dingwaga di ntse di feta, segolobogolo fa e le gore ga ba a bolo go dira jalo. (Dia. 13:12) A le wena o a tle o ikutlwe jalo? Ke eng se se ka re thusang go nna le boikutlo jwa go potlaka le go tswelela re na le jone mo tirong e Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba batlang gore re e dire gompieno?

Ithute mo Motlhomasekaong wa Rona, Jesu

5. Jesu o ile a bontsha ka ditsela dife gore o na le boikutlo jwa go potlaka mo bodireding?

5 Mo bathong botlhe ba ba ileng ba bontsha boikutlo jwa go potlaka mo tseleng e ba neng ba direla Modimo ka yone, Jesu Keresete o di goga  kwa pele. Lengwe la mabaka a a neng a dira gore a potlake e ne e le gore o ne a na le tiro e ntsi e a neng a tshwanetse go e dira mo lobakeng lwa dingwaga di le tharo le sephatlo fela. Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a fitlhelela go le gontsi mo kobamelong ya boammaaruri go feta le fa e le mang fela. O ile a itsise batho leina le boikaelelo jwa ga Rraagwe, a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi, a senola boitimokanyi le dithuto tsa maaka tsa baeteledipele ba bodumedi a bo a tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa go isa losong. Gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng o ne a dira bojotlhe—a ruta batho, a ba thusa le go ba fodisa. (Math. 9:35) Ga go motho ope yo o kileng a kgona go dira ditiro di le dintsi jaana mo lobakeng lo lokhutshwane jalo. Ruri Jesu o ne a dira ka natla.—Joh. 18:37.

6. Ke eng se se neng se tla pele mo botshelong jwa ga Jesu?

6 Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Jesu gore a dire ka natla mo nakong yotlhe ya bodiredi jwa gagwe? Jesu a ka tswa a ne a itse go ya ka se se tlhalosiwang mo boporofeting jwa ga Daniele, gore go ya ka nako ya ga Jehofa o ne a saletswe ke lobaka lo lo kae gore a wetse bodiredi jwa gagwe. (Dan. 9:27) Ka jalo, jaaka go tlhalositswe, bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng bo ne bo tla fela “mo sephatlong sa beke” kgotsa morago ga dingwaga di le tharo le sephatlo. Fela fa Jesu a sena go amogelwa jaaka kgosi fa a ne a tsena kwa Jerusalema ka dikgakologo tsa 33 C.E., o ne a re: “Nako e tlile ya gore Morwa motho a galalediwe.” (Joh. 12:23) Le fa Jesu a ne a itse gore o gaufi le go bolawa, ga a ka a tlhoma mogopolo mo go seo, e leng lone lebaka le le neng le ka dira gore a bereke ka natla. Go na le moo, o ne a tlhoma mogopolo mo go diriseng tshono nngwe le nngwe e a neng a e bona go dira thato ya ga Rraagwe le go bontsha batho lorato. Lorato loo lo ne lwa mo tlhotlheletsa gore a phuthe barutwa le go ba thapisa a bo a ba roma gore ba tswe letsholo la go rera. O ne a dira seo gore ba kgone go tsweletsa tiro e a neng a e simolotse le go dira ditiro tse dikgolo go feta tse ene a ileng a di dira.—Bala Johane 14:12.

7, 8. Barutwa ba ne ba itshwara jang fa ba bona Jesu a phepafatsa tempele, mme ke eng fa a ne a dira jalo?

7 Tiragalo nngwe mo botshelong jwa ga Jesu e ne ya bontsha ka tsela e e tlhatswang pelo gore o ne a tlhagafetse go le kana kang. E ne e le mo tshimologong ya bodiredi jwa ga Jesu, mo setlheng sa Tlolaganyo ya 30 C.E. Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba le kwa tempeleng kwa Jerusalema mme ba ne ba bona batho “ba ba rekisang dikgomo le dinku le maphoi le baananyi ba madi mo ditulong tsa bone.” Jesu o ne a dira eng mme barutwa ba gagwe ba ne ba akanya eng ka seo?—Bala Johane 2:13-17.

8 Go a tshwanela go bo se Jesu a neng a se dira le go se bua ka nako eo se ile sa gakolola barutwa ba gagwe mafoko a boporofeti a a mo pesalemeng nngwe ya ga Dafide: “Tlhoafalo ya ntlo ya gago e njele.” (Pes. 69:9) Ka ntlha yang? Ka gonne se Jesu a se dirileng se ne se ka mo tsenya mo kotsing e kgolo. Aitsane, balaodi ba tempele—baperesiti, bakwadi le ba bangwe—e ne e le bone ba ba neng ba di goga kwa pele, ba itirela lotseno ka kgwebo eno ya matlhabisaditlhong e e neng e direlwa mo tempeleng. E re ka Jesu a ile a senola le go senya maano a baeteledipele bao ba bodumedi,  o ne a itira mmaba wa bone. Go ne go ntse fela jaaka barutwa ba ga Jesu ba ne ba akanya, o ne a bontsha go ‘tlhoafalela ntlo ya Modimo’ kgotsa go tlhagafalela kobamelo ya boammaaruri. Mme gone tlhagafalo ke eng? A e farologana le go potlaka?

Go Bapisa go Potlaka le go Tlhagafala

9. Tlhagafalo e ka tlhalosiwa jang?

9 Buka nngwe e e tlhalosang mafoko e tlhalosa “tlhagafalo” e le “go dira sengwe ka gonne o se rata e bile o se kgatlhegela,” mme ya re makaelagongwe a lone ke go tlhoafala, go kgatlhegela le go rata thata. Ga go pelaelo gore tsela e Jesu a neng a dira bodiredi jwa gagwe ka yone e ka tlhalosiwa ka mafoko ano. Ke gone ka moo Baebele ya Today’s English Version e ranolang temana eno jaana: “Tsela e ke ratang ntlo ya gago ka yone Modimo, e tuka mo teng ga me jaaka molelo.” Se se kgatlhang ke gore, mo dipuong dingwe tsa kwa Botlhaba lefoko “tlhagafalo” le kaya go tuka mo pelong jaaka e kete pelo e a sha. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo barutwa ba ile ba gakologelwa mafoko a ga Dafide fa ba bona se Jesu a se dirileng kwa tempeleng. Mme gone, ke eng se se neng sa dira gore go nne jaaka e kete pelo ya ga Jesu e a tuka mme sa mo tlhotlheletsa gore a dire se a se dirileng?

10. Go ya ka Baebele lefoko “tlhagafalo” le kaya eng?

10 Lefoko “tlhagafalo” le le dirisitsweng mo pesalemeng ya ga Dafide, le tswa mo lefokong la Sehebera le gantsi le ranolwang e le “lefufa” mo dikarolong tse dingwe tsa Baebele. Ka dinako tse dingwe Thanolo ya Lefatshe le Lesha e le ranola e le, ‘go batla boineelo jo bo feletseng.’ (Bala Ekesodo 20:5; 34:14; Joshua 24:19.) Dikishinare nngwe e e tlhalosang mafoko a Baebele ya re ka lefoko leno: “Gantsi le dirisiwa go tlhalosa kamano e e leng teng mo lenyalong . . . Fela jaaka go fufega ga monna yo o nyetseng kgotsa mosadi yo o nyetsweng, e le tsela e e gagametseng ya go bontsha gore ke ene fela a nang le tshwanelo mo molekaneng wa gagwe, Modimo le ene o bontsha gore ke ene mong wa batho ba Gagwe.” Ka jalo, tlhagafalo e go buiwang ka yone mo Baebeleng ga se fela go rata sengwe thata, fela jaaka barati ba metshameko ba ikutlwa ka motshameko mongwe o ba o ratang thata. Tlhagafalo ya ga Dafide e ne e le go fufega ka tsela e e siameng, e leng go sa itshokele dikgotlhang kgotsa kgobo, go nna le keletso e kgolo ya go sireletsa leina le le siameng kgotsa go thusa ba ba utlwisiwang botlhoko.

11. Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Jesu gore a tlhagafalele go dira ka natla?

11 Barutwa ba ga Jesu ba ne ba nepile fa ba amanya mafoko a ga Dafide le se ba boneng Jesu a se dira kwa tempeleng. Jesu o ne a dira ka natla e seng fela ka gonne a ne a tshwanetse go wetsa tirelo ya gagwe ka nako e e rileng mme e le ka gonne a ne a tlhagafaletse—kgotsa a fufegela—leina la ga Rraagwe le kobamelo e e itshekileng. Fa a bona kafa leina la Modimo le neng le kgobiwa le go tlhapadiwa ka gone, go a utlwala go bo a ile a tlhagafala kgotsa a fufega mme a dira sengwe go baakanya boemo. Fa Jesu a ne a bona kafa baeteledipele ba bodumedi ba neng ba gateletse batho ba ba boikobo le go ba ja ntsoma ka gone, tlhagafalo ya gagwe e ne ya mo tlhotlheletsa gore a gomotse batho bao le go kgala baeteledipele bao ba bodumedi ka bogale.—Math. 9:36; 23:2, 4, 27, 28, 33.

Tlhagafalela Kobamelo ya Boammaaruri

12, 13. Ke eng se gompieno baeteledipele ba madumedi a dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba se dirileng malebana le (a) leina la Modimo? (b) Bogosi jwa Modimo?

12 Tsela e madumedi a dirang dilo ka yone gompieno e tshwana le ya mo motlheng wa ga Jesu, gongwe e bile e maswe le go feta ya motlha oo. Ka sekai, se lebale gore selo sa ntlha se Jesu a neng a ruta balatedi ba gagwe gore ba se rapelele se ne se amana le leina la Modimo: “A leina la gago le itshepisiwe.” (Math. 6:9) A go na le baeteledipele ba bodumedi, segolobogolo baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, ba ba rutang batho go itse leina la Modimo, go le itshepisa kana go le tlotla? Nnyaa, go na le moo ba senya Modimo leina ka go ruta dithuto tsa maaka tse di jaaka Tharonngwe, go sa swe ga moya wa motho le molelo wa dihele, mme ba dira gore go nne e kete Modimo ke masaitsiweng, go thata go mo tlhaloganya e bile o setlhogo ka tsela e e feteletseng.  Gape ditiro tsa bone tsa matlhabisaditlhong le boitimokanyi jwa bone bo dirile gore leina la Modimo le kgobiwe. (Bala Baroma 2:21-24.) Mo godimo ga moo, ba dirile sengwe le sengwe go fitlha leina la Modimo, le e leng go le phimola mo dithanolong tsa bone tsa Baebele. Ka go dira jalo, ba dirile gore batho ba se ka ba kgona go atamalana le Modimo le go nna le kamano e e gaufi le ene.—Jak. 4:7, 8.

13 Gape Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapelele Bogosi jwa Modimo: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Math. 6:10) Le fa gantsi baeteledipele ba madumedi a dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba boaboeletsa thapelo eo, ba rotloeditse batho go ema nokeng dipolotiki le mekgatlho e mengwe. Tota e bile ba nyatsa batho ba ba lekang go rera le go naya bosupi ka Bogosi. Ka ntlha ya seo, bontsi jwa batho ba ba ipitsang Bakeresete, ga ba tlhole ba bua ka Bogosi jwa Modimo e bile ga ba dumele mo go jone.

14. Baruti ba dikereke ba itlhokomolositse Lefoko la Modimo jang?

14 Jesu o ne a bua jaana ka tsela e e utlwalang fa a ne a rapela Modimo: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Joh. 17:17) Mme pele ga Jesu a boela kwa legodimong, o ne a re o tla tlhoma “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” gore a neye batho ba gagwe dijo tsa semoya. (Math. 24:45) Le fa baruti ba dikereke ba ipolela gore ba ruta batho Lefoko la Modimo, a ba ile ba dira ka boikanyegi tiro e Mong a ba neileng yone? Nnyaa. Gantsi ba re se Baebele e se buang ke tlhamane. Go na le gore baruti ba otle letsomane la bone ka dijo tsa semoya gore le gomotsege le go itse ka Modimo, ba tsikitla badumedi ditsebe ka go ba ruta dithuto tsa batho. Mo godimo ga moo, ba itlhokomolositse melao ya Modimo ya boitsholo gore ba tshele ka melao e go tweng ke e mesha ya boitsholo.—2 Tim. 4:3, 4.

15. O ikutlwa jang ka dilo tsotlhe tse baruti ba di dirileng mo leineng la Modimo?

15 Ka ntlha ya dilo tseno tsotlhe—tse gongwe di dirilweng mo leineng la Modimo wa Baebele—batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba kgobegile marapo kgotsa ga ba tlhole ba dumela gotlhelele mo Modimong le mo Baebeleng. Ba tsieditswe ke Satane le tsamaiso ya gagwe e e boikepo ya dilo. O ikutlwa jang fa o bona le go utlwa ka dilo tse di ntseng jalo tse di diregang letsatsi le letsatsi? E re ka o le motlhanka wa ga Jehofa, a ga o ikutlwe o patelesega go dira bojotlhe go baakanya dilo fa o bona kafa leina la Modimo le kgobiwang le go tlhapadiwa ka gone? Fa o bona batho ba ba peloephepa le ba ba ikokobeditseng ba tsiediwa le go jewa ntsoma, a ga o ikutlwe o patelesega go gomotsa meya eno e e gateletsweng? Fa Jesu a ne a bona batho ba mo motlheng wa gagwe “ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa,” ga a ka a ba tlhomogela pelo fela.  O ne a “simolola go ba ruta dilo di le dintsi.” (Math. 9:36; Mar. 6:34) Re na le mabaka a a utlwalang a go tlhagafalela kobamelo ya boammaaruri fela jaaka Jesu.

16, 17. (a) Ke eng se se ka re tlhotlheletsang gore re dire ka natla mo bodireding? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

16 Fa re tlhagafaletse bodiredi jwa rona, mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a mo go 1 Timotheo 2:3, 4, a re ama thata. (E bale.) Re dira ka natla mo bodireding, e seng fela ka go bo re itse gore re tshela mo metlheng ya bofelo mme e le ka gonne re lemoga se thato ya Modimo e leng sone. O batla gore batho ba itse boammaaruri, ba ithute go mo obamela le go mo direla mme ba segofadiwe. Re tlhotlheletsega go dira ka natla mo bodireding, e seng ka go bo re saletswe ke nako e khutshwane, mme e le ka gonne re batla go tlotlomatsa leina la Modimo le go thusa batho gore ba itse thato ya gagwe. Re tlhagafaletse kobamelo ya boammaaruri.—1 Tim. 4:16.

17 Rona batho ba ga Jehofa, re segofetse ka gonne re itse boammaaruri ka boikaelelo jo Modimo a nang le jone ka batho le ka lefatshe. Re na le ditsela tsa go thusa batho gore ba bone boitumelo mme ba nne le tsholofelo ya mmatota ka isagwe. Re ka ba thusa gore ba dire eng gore ba bolokege fa tsamaiso ya dilo ya ga Satane e senngwa. (2 Bathes. 1:7-9) Go na le gore re ikutlwe re kgobegile marapo kgotsa re nyemile mooko ka gonne re bona e kete letsatsi la ga Jehofa le a diega, re tshwanetse go itumelela gore go sa ntse go na le nako ya gore re tlhagafalele kobamelo ya boammaaruri. (Mik. 7:7; Hab. 2:3) Ke eng se re ka se dirang gore re nne le tlhagafalo eo? Re tla tlotla ka kgang eno mo setlhogong se se latelang.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Jesu gore a dire ka natla mo nakong yotlhe ya bodiredi jwa gagwe?

• Go ya ka Baebele lefoko “tlhagafalo” le kaya eng?

• Ke eng se re se bonang gompieno se se re tlhotlheletsang gore re tlhagafalele kobamelo ya boammaaruri?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Jesu o ne a tlhoma mogopolo mo go direng thato ya ga Rraagwe le mo go bontsheng batho lorato

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Re na le mabaka a a utlwalang a go tlhagafalela kobamelo ya boammaaruri