Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Tla Tsamaya mo Bothokgaming Jwa Rona!

Re Tla Tsamaya mo Bothokgaming Jwa Rona!

 Re Tla Tsamaya mo Bothokgaming Jwa Rona!

“Fa e le nna, ke tla tsamaya mo bothokgaming jwa me.”—PES. 26:11.

1, 2. Jobe o ne a reng ka bothokgami jwa gagwe, mme Jobe kgaolo 31 e bontsha eng ka ene?

MO METLHENG ya bogologolo gantsi dilo di ne di kalwa mo sekaleng se se maphata mabedi. Gantsi sekale seo se ne se dirilwe ka logong lo lo phekameng lo tshegeditswe ke pinagare. Go ne go na le dipane mo matlhakoreng oomabedi a logong loo. Selo se se kalwang se ne se tsenngwa mo paneng e nngwe mme selekanyabokete se tsenngwa mo go e nngwe. Batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go dirisa dikale tse di berekang sentle le dilekanyabokete tse di tshwanetseng.—Dia. 11:1.

2 Fa monna yo o boifang Modimo e bong Jobe a ne a tlhasetswe ke Satane, o ne a re: “[Jehofa] o tla ntekanya bokete mo dikaleng tse di tlhomameng mme Modimo o tla itse bothokgami jwa me.” (Jobe 31:6) Ka jalo, Jobe o ne a umaka dilo di le mmalwa tse di neng di ka leka mmoloka bothokgami. Mme gone Jobe o ne a kgona go fenya teko eo, jaaka re bona mo mafokong a a a buileng mo go Jobe kgaolo 31. Sekao sa gagwe se se molemo  se ka re tlhotlheletsa gore re dire dilo jaaka ene mme re bue re tlhatswegile pelo jaaka mopesalema Dafide yo o neng a re: “Fa e le nna, ke tla tsamaya mo bothokgaming jwa me.”—Pes. 26:11.

3. Ke eng fa go le botlhokwa gore re ikanyege mo Modimong mo dilong tse dinnye le tse dikgolo?

3 Le fa Jobe a lekilwe mo go botlhoko, o ne a nna a ikanyega mo Modimong. Mme batho bangwe ba ka nna ba re Jobe o tlhomile sekao se se tlhomologileng tota fa go lejwa tsela e a lekilweng botlhoko ka yone le e a neng a tswelela a ikanyega ka nitamo ka yone. Rona ga re boge jaaka Jobe a ile a boga. Le fa go ntse jalo, e le gore re bontshe gore re baboloka bothokgami e bile re ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng, re tshwanetse go ikanyega mo Modimong mo dilong tse dinnye le tse dikgolo.—Bala Luke 16:10.

Boitsholo jo bo Siameng bo Botlhokwa

4, 5. E re ka Jobe e ne e le mmoloka bothokgami, o ne a tila boitsholo bofe?

4 Gore re kgone go nna re ikanyega mo go Jehofa, re tshwanetse go latela melao ya gagwe ya boitsholo, fela jaaka Jobe. O ne a re: “Ke dirile kgolagano le matlho a me. Ka jalo nka ela kgarebane tlhoko jang? . . . Fa pelo ya me e hepisitswe ke mosadi, mme ke bo ke nna ke laletse mo tseleng ya matseno ya molekane wa me, a mosadi wa me a silele monna yo mongwe, mme a banna ba bangwe ba khubame mo go ene.”—Jobe 31:1, 9, 10.

5 E re ka Jobe a ne a ikemiseditse go nna a ikanyega mo Modimong, o ne a tila go leba mosadi ka keletso ya go tlhakanela dikobo le ene. E re ka e ne e le monna yo o nyetseng, o ne a sa tshameke ka maikutlo a lorato a mosadi yo o sa nyalwang kana go leka go ratana le mosadi wa monna yo mongwe. Mo Therong ya kwa Thabeng, Jesu o ne a bua mafoko a a tshikhinyang maikutlo malebana le tlhakanelodikobo—e leng sengwe se baboloka bothokgami ba tshwanetseng go nna ba akantse ka sone.—Bala Mathaio 5:27, 28.

Le ka Motlha O se Ka wa Dirisa Mekgwa ya Tsietso

6, 7. (a) Jaaka Modimo a ile a dira ka Jobe, o dirisa eng go bona gore a re boloka bothokgami? (b) Ke eng fa re sa tshwanela go dirisa mekgwa e e bolotsana kgotsa ya tsietso?

6 Fa re batla go tsewa re le baboloka bothokgami re ka se dirise mekgwa ya tsietso. (Bala Diane 3:31-33.) Jobe o ne a re: “Fa ke tsamaile le banna ba ba se nang boammaaruri, le dinao tsa me di potlakela kwa tsietsong, [Jehofa] o tla ntekanya bokete mo dikaleng tse di tlhomameng mme Modimo o tla itse bothokgami jwa me.” (Jobe 31:5, 6) Jehofa o kala batho botlhe mo “dikaleng tse di tlhomameng.” Jaaka Modimo a dirile ka Jobe, o dirisa molao wa gagwe o o itekanetseng wa tshiamiso go bona gore a rona batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng re boloka bothokgami.

7 Fa re ne re ka ineela mo mekgweng e e bolotsana kgotsa ya tsietso, re ne re tla bo re sa ikanyege mo Modimong. Baboloka bothokgami ba “baketse dilo tsa boferefere tse di tshwanetseng go [ba] tlhabisa ditlhong” mme ga ba “tsamaye ka tsietso.” (2 Bakor. 4:1, 2) Mme go tweng fa re ne re ka dira ka tsietso ka go bua kana ka ditiro, mme ka go dira jalo re dira gore modumedi ka rona a kope thuso kwa Modimong? A bo re tla bo re le madimabe jang ne! Mopesalema o ne a opela a re: “Ke ne ka biletsa kwa go Jehofa mo matshwenyegong a me, mme o ne a nkaraba. Ao tlhe Jehofa, ako o golole moya wa me mo dipounameng tsa maaka, mo lolemeng lo lo tsietsang.” (Pes. 120:1, 2) Ga re a tshwanela go lebala gore Modimo a ka bona kwa tengteng ga rona, a “leka pelo le  diphilo” go bona gore a ruri re baboloka bothokgami.—Pes. 7:8, 9.

Tlhoma Sekao mo Tseleng e o Tshwarang ba Bangwe ka Yone

8. Jobe o ne a tshwara ba bangwe jang?

8 Gore re kgone go nna re boloka bothokgami, re tshwanetse go nna jaaka Jobe, yo o neng a dira ka tshiamiso, a ikokobeditse e bile a akanyetsa ba bangwe. O ne a re: “Fa ke ne ke tlhola ke gana katlholo ya motlhanka wa me kgotsa ya lelata la me fa ba na le kgetsi ya molao le nna, jaanong ke tla dirang fa Modimo a nanoga? Fa a batla gore go ikarabelwe, ke tla mo araba ke reng? A Ene yo o neng a ntira mo sebopelong ga se ene yo o mo dirileng, a ga re a baakanngwa ke a le Mongwe fela mo sebopelong?”—Jobe 31:13-15.

9. Jobe o ne a bontsha dinonofo dife fa a dirisana le batlhanka ba gagwe, mme rona re tshwanetse go itshwara jang mo kgannyeng eno?

9 Go lebega mo motlheng wa ga Jobe go ne go se na tsamaiso e e raraaneng ya go rarabolola dikgetsi tsa molao. Dikgetsi di ne di sekwa ka thulaganyo, mme le makgoba tota a ne a kgona go isa dikgang tsa one kwa kgotlatshekelo. Jobe o ne a tshwara batlhanka ba gagwe ka tshiamiso le ka kutlwelobotlhoko. Fa re batla go tsamaya mo bothokgaming jwa rona, re tshwanetse go nna le dinonofo tse di ntseng jalo, segolobogolo fa re le bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete.

Nna Pelotshweu, O se Ka wa Nna Pelotshetlha

10, 11. (a) Re itse jang gore Jobe o ne a le pelotshweu e bile a thusa ba bangwe? (b) Jobe 31:16-25 e ka re gopotsa kgakololo efe ya Dikwalo e e neng ya kwalwa moragonyana?

10 Jobe o ne a le pelotshweu, a thusa ba bangwe, a se bogagapa e bile a se pelotshetlha. O ne a re: “Fa . . . matlho a motlholagadi ke ne ke tle ke dire gore a koafale, mme ke ne ke tle ke je thathana ya me ke le nosi, fa mosimane yo o se nang rre a ne a sa je mo go yone . . . Fa e le gore ke ne ke tle ke bone motho ope a nyelela ka go bo a se na seaparo . . . Fa . . . e le gore ke ne ke fokisetsa seatla sa me kwa le kwa kgatlhanong le mosimane yo o se nang rraagwe, fa ke ne ke bona go tlhokega gore ke thuse mo kgorong, a lerapo la legetla la me le we mo legetleng la lone, mme a lebogo la me le robege go tswa mo lerapong la lone le le kwa godimo.” Mme Jobe o ka bo a sa kgona go boloka bothokgami jwa gagwe fa a ka bo a reile gouta a re: “O boikanyo jwa me!”—Jobe 31:16-25.

11 Mafoko ao a poko a ka re gopotsa mafoko ano a ga morutwa Jakobe: “Mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara ke ono: go tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone, le motho go ipoloka a se na selabe se se tswang mo lefatsheng.” (Jak. 1:27) Gape re ka gakologelwa tlhagiso eno ya ga Jesu: “Nnang lo butse matlho lo bo lo itise kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe, ka gonne le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” Go tswa foo Jesu o ne a dira setshwantsho ka monna mongwe wa mohumi yo o pelotshetlha yo o neng a swa “a sa huma malebana le Modimo.” (Luke 12:15-21) Gore re nne baboloka bothokgami, ga re a tshwanela go ineela mo boleong jwa go nna pelotshetlha kana go nna bogagapa. Bopelotshetlha ke kobamelo ya medingwana ka gonne selo se motho yo o pelotshetlha a se eletsang se dira gore a se ka a tlhola a tlhoma mogopolo mo go Jehofa. Ka jalo, selo se a tlhomang mogopolo mo go sone e nna modingwana. (Bakol. 3:5) Bothokgami le bopelotshetlha ke metsi le oli, ga di kopane!

Ngangatlela Kobamelo ya Boammaaruri

12, 13. Jobe o tlhomile sekao sefe ka go tila kobamelo ya medingwana?

12 Batho ba ba bolokang bothokgami ga ba fapoge mo kobamelong e e itshekileng. Jobe ga a ka a dira jalo, ka gonne o ne a re: “Fa ke ne ke tle ke bone lesedi fa le phatsima, kgotsa ngwedi o o rategang o tsamaya, mme pelo ya me e bo e simolola go hepisiwa mo sephiring le seatla sa me sa atla molomo wa me, seo le sone e ne e tla nna tlolo e e tla tlhokomelwang ke baatlhodi, gonne ke ne ke tla bo ke itatotse Modimo wa boammaaruri yo o kwa godimo.”—Jobe 31:26-28.

13 Jobe o ne a sa obamele dilo tse di sa tsheleng. Fa ka sephiri pelo ya gagwe e ne e ka raelesega fa a ne a bona dilo tse di kwa legodimong, tse di jaaka ngwedi, mme fa ‘seatla sa gagwe se ne se ka atla  molomo wa gagwe,’ gongwe a atla seatla sa gagwe e le fa a dira tiro ya go obamela medingwana, e ne e tla nna motho yo o obamelang medingwana yo o itatotseng Modimo. (Dute. 4:15, 19) Gore re nne re ikanyega mo Modimong, re tshwanetse go tila mefuta yotlhe ya kobamelo ya medingwana.—Bala 1 Johane 5:21.

O se Ka wa Ipusolosetsa Kana wa Nna Moitimokanyi

14. Ke eng fa re ka re Jobe o ne a se peloemaswe?

14 Jobe o ne a se peloemaswe e bile a se setlhogo. O ne a itse gore mekgwa e e ntseng jalo e ne e tla bontsha gore ga a ikanyege, ka gonne o ne a re: “Fa e le gore ke ne ke ipelela go fedisiwa ga yo o ntlhoileng thata, kgotsa ke itumela ka gonne bosula bo mo tshwere . . . , ka se ka ka letlelela magalapa a me go leofa ka go kopa gore moya wa gagwe o hutsiwe.”—Jobe 31:29, 30.

15. Ke eng fa go le phoso gore re itumele fa mongwe yo o re tlhoileng a welwa ke masetlapelo?

15 Le ka motlha Jobe yo o ikanyegang o ne a sa itumele fa mongwe yo o mo tlhoileng a welwa ke masetlapelo. Seane se se neng sa kwalwa moragonyana se tlhagisa jaana: “Fa mmaba wa gago a wa, o se ka wa ipela; mme fa a dirwa gore a kgotšwe, a pelo ya gago e se ka ya ipela, gore Jehofa a se ka a bona mme ga nna bosula mo matlhong a gagwe mme ruri a busa bogale jwa gagwe go tswa mo go ene.” (Dia. 24:17, 18) E re ka Jehofa a kgona go bona se se mo dipelong tsa rona, o a itse fa re itumelela masetlapelo a a wetseng motho yo mongwe mme ruri ga a rate mokgwa oo. (Dia. 17:5) Modimo a ka re tseela kgato, ka gonne a re: “Pusoloso ke ya me, le tefetso.”—Dute. 32:35.

16. Le fa re sa huma, re ka bontsha jang gore re amogela baeng?

16 Jobe o ne a amogela baeng. (Jobe 31:31, 32) Le fa re ka tswa re sa huma, re ka kgona go ‘latela mokgwa wa go tshola baeng.’ (Bar. 12:13) Re ka ja dijo tse di motlhoswana le ba bangwe, re gakologelwa gore “go botoka dijo tsa merogo kwa go nang le lorato teng go na le poo e e fepetsweng mo bojelong jwa diruiwa mme go na le letlhoo.” (Dia. 15:17) Go ja dijo mmogo le mmoloka bothokgami yo mongwe mo go renang lorato go ka dira gore le dijo fela tse di sa reng sepe di nne monate, e bile go tla re solegela molemo semoyeng.

17. Ke eng fa re sa tshwanela go leka go fitlha boleo jo bo masisi?

17 Go amogelwa ke Jobe mo legaeng la gagwe go tshwanetse ga bo go ne go kgothatsa tota semoyeng ka gonne e ne e se moitimokanyi. O ne a sa tshwane le banna ba baikepi ba ba neng ba kukunetse mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga mme ba “kgatlhwa ke batho ba maemo gore ba iponele molemo.” (Jude 3, 4, 16) E bile Jobe o ne a sa ‘fitlhe tlolo ya gagwe mo kgetsaneng ya gagwe ya hempe,’ a tshaba gore ba bangwe ba tla mo nyatsa fa ba ka utlwa ka yone. O ne a iketleeditse go tlhatlhobiwa ke Modimo, yo a neng a tla mmolelela ditlolo tsa gagwe fa go tlhokega. (Jobe 31:33-37) Fa re ka dira boleo jo bo masisi, a re se lekeng go fitlha phoso e e ntseng jalo ka gonne re tshaba matlho a batho. Re ka bontsha jang gore re lwela go nna re ikanyega? Ka go dumela gore re dirile phoso, go ikwatlhaya, go batla thuso ya bagolwane le go dira sotlhe se re ka se kgonang go baakanya boemo.—Dia. 28:13; Jak. 5:13-15.

Mmoloka Bothokgami o a Sekisiwa

18, 19. (a) Ke eng fa go ka twe Jobe ga ise a tsamaye a je ope ntsoma? (b) Jobe o ne a tla dumela gore go dirwe eng fa a ne a ka bonwa molato?

18 Jobe o ne a ikanyega e bile a dira dilo ka tshwanelo. Ka jalo, o ne a ka re: “Fa lefatshe la me le ne le ka lela kgatlhanong le nna le kopa thuso, le mesele ya lone e ne e ka lela mmogo; fa e le gore ke jele maungo a one kwa ntle ga go ntsha madi, e bile ke dirile gore moya wa beng ba one o fegelwe, a go tlhoge mofero o o mitlwa mo boemong jwa korong, le mofero o o nkgang bosula  mo boemong jwa barele.” (Jobe 31:38-40) Le ka motlha Jobe ga ise a ko a tsamaye a gape masimo a ba bangwe, e bile o ne a sa je badiri ntsoma. Fela jaaka Jobe re tshwanetse go nna re ikanyega mo go Jehofa mo dilong tse dinnye le tse dikgolo.

19 Jobe o ne a buile ka tsela e a neng a tshela ka yone fa pele ga balekane ba gagwe ba bararo mmogo le fa pele ga lekawana Elihu. Jobe o ne a laleditse mongwe le mongwe yo o nang le kgang kgatlhanong le ene gore a e bege mme e bapisiwe le tsela e a tshedileng ka yone, e e neng e tlhomamisiwa ke “lotshwao” lwa gagwe. Fa go ne go ka supiwa gore Jobe o ne a le molato, o ne a tla dumela go otlhaiwa. Ka jalo, o ne a pega kgetsi ya gagwe mme a leta katlholo ya kgotlatshekelo ya Modimo. ‘Mafoko a ga Jobe a ne a tla bokhutlong’ jalo.—Jobe 31:35, 40.

O ka Kgona go Boloka Bothokgami

20, 21. (a) Ke eng se se dirileng gore Jobe a kgone go boloka bothokgami? (b) Ke eng se se ka re thusang gore re kgone go rata Modimo?

20 Jobe o ne a kgona go boloka bothokgami ka gonne o ne a rata Modimo, mme Jehofa o ne a mo rata e bile a mo thusa. Jobe o ne a re: “[Jehofa] o nneile botshelo le bopelonomi jwa lorato [lorato lo lo ikanyegang]; mme tlhokomelo ya gago e disitse moya wa me.” (Jobe 10:12) Gape Jobe o ne a rata ba bangwe, a lemoga gore ope fela yo o sa bontsheng batho ba bangwe lorato lo lo ikanyegang, o tla tlogela go boifa Mothatayotlhe. (Jobe 6:14) Baboloka bothokgami ba rata Modimo le moagelani.—Math. 22:37-40.

21 Re ka leka ka natla go rata Modimo ka go bala Lefoko la gagwe letsatsi le letsatsi le go tlhatlhanya ka se le se senolang ka ene. Fa re rapela thapelo e e tswang pelong, re ka baka Jehofa le go mo lebogela melemo e a re direlang yone. (Bafil. 4:6, 7) Re ka opelela Jehofa mme ra solegelwa molemo ke go kopanela le batho ba gagwe ka metlha. (Baheb. 10:23-25) Gape lorato lo re ratang Modimo ka lone lo tla oketsega fa re nna le seabe mo bodireding mme re bolela “dikgang tse di molemo tsa poloko ya gagwe.” (Pes. 96:1-3) Fa re dira dilo tseo, re ka kgona go nna re bolokile bothokgami, jaaka mopesalema yo o neng a opela jaana: “Go atamela Modimo go molemo mo go nna. Ke beile botshabelo jwa me mo go Morena Molaodimogolo Jehofa.”—Pes. 73:28.

22, 23. E re ka re tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa, ditiro tse re di dirang di tshwana jang le tse di neng di dirwa ke baboloka bothokgami ba bogologolo?

22 Mo makgolokgolong a dingwaga, Jehofa o ntse a naya baboloka bothokgami dikabelo tse dintsi tse di farologaneng. Noa o ne a aga araka e bile e ne e le “moreri wa tshiamo.” (2 Pet. 2:5) Joshua o ne a etelela Baiseraele pele go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, mme o ne a atlega fela ka gonne o ne a bala ‘buka ya molao motshegare le bosigo’ mme a dira kafa go sotlhe se se kwadilweng mo go yone. (Josh. 1:7, 8) Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dira barutwa e bile ba kopana ka metlha go ithuta Baebele.—Math. 28:19, 20.

23 Re tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa e bile re boloka bothokgami ka go rera tshiamo, go dira barutwa, go dirisa kgakololo ya Dikwalo le go kopana le badumedi ka rona kwa dipokanong le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Ditiro tse di ntseng jalo di re thusa go nna pelokgale, go nonofa semoyeng le go atlega fa re ntse re dira thato ya Modimo. Seno ga se bokete thata mo go rona ka gonne Rraarona yo o kwa legodimong le Morwawe ba re eme nokeng. (Dute. 30:11-14; 1 Dikg. 8:57) Gape, re engwe nokeng ke “bakaulengwe botlhe” ba le bone ba tsamayang mo bothokgaming e bile ba tlotla Morena Molaodimogolo wa bone, Jehofa.—1 Pet. 2:17.

O ka Araba Jang?

• Re tshwanetse go leba jang melao ya ga Jehofa ya boitsholo?

• Ke dinonofo dife tse Jobe a neng a na le tsone tse o di ratang thata?

• Jaaka Jobe 31:29-37 e bontsha, Jobe o ne a itshwere jang?

• Ke eng fa re ka kgona go boloka bothokgami jwa rona mo Modimong?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Jobe o ne a boloka bothokgami jwa gagwe mo go Jehofa. Le rona re ka kgona!

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Re ka kgona go nna re bolokile bothokgami!