Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa ke Morena Molaodimogolo wa Rona!

Jehofa ke Morena Molaodimogolo wa Rona!

 Jehofa ke Morena Molaodimogolo wa Rona!

“Ke beile botshabelo jwa me mo go Morena Molaodimogolo Jehofa.”—PES. 73:28.

1. Go bonala Paulo a ne a bua ka eng mo mafokong a gagwe a a mo go 1 Bakorintha 7:31?

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a re: “Seemo sa lefatshe leno se a fetoga.” (1 Bakor. 7:31) Go bonala a ne a tshwantsha lefatshe leno le serala se se nang le badiragatsi mo terameng, mme badiragatsi bano ba tlhaga ba le molemo kgotsa ba le bosula mo dikarolong tse ba di tshamekang, go fitlha karolo nngwe ya terama e fela mme go tsena e nngwe.

2, 3. (a) Go gwetlhiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa go ka tshwantshiwa le eng? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

2 Gompieno go na le terama e e botlhokwatlhokwa e e ntseng e tsweletse—mme le wena o karolo ya yone! E amana thata le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa Modimo. Terama eno e ka tshwantshiwa le boemo bongwe jo bo ka tswang bo direga kwa nageng nngwe. Mo nageng eo, go na le puso e e tlhomilweng semolao e e lekang ka natla gore go nne go na le tolamo. Mme gape go na le mokgatlho wa dikebekwa o o busang ka boferefere, thubakanyo le ka polao. Mokgatlho ono o o seng mo molaong o gwetlha bolaodi jwa puso e e tlhomilweng semolao mme o leka baagi botlhe gore a ba tla ikanyega mo pusong eo.

3 Boemo bo ntse jalo mo lobopong lotlhe gompieno. Go puso e e tlhomilweng semolao ya “Morena Molaodimogolo Jehofa.” (Pes. 71:5) Le fa go ntse jalo, batho ba tshosediwa ke mokgatlho wa dikebekwa o o eteletsweng pele ke “yo o bosula.” (1 Joh. 5:19) Mokgatlho oo o gwetlha puso ya Modimo e e mo molaong mme o leka boikanyegi jwa batho botlhe ba ba busiwang ke puso eo. Ke eng se se bakileng boemo jono? Ke eng fa Modimo a bo letleletse? Ke eng se mongwe le mongwe wa rona a ka se dirang ka boemo jono?

Dilo Tse di Diregang mo Terameng

4. Terama ya lobopo lotlhe e e ntseng e senoga e akaretsa dikgang dife tse pedi tse di amanang?

4 Terama eno ya lobopo lotlhe e e ntseng e senoga e akaretsa dikgang di le pedi tse di amanang: Bolaodi jwa ga Jehofa le go ikanyega ga batho. Gantsi mo Baebeleng Jehofa o bidiwa “Morena Molaodimogolo.” Ka sekai, mopesalema yo o neng a ikanya Jehofa ka botlalo o ne a opela jaana: “Ke beile botshabelo jwa me mo go Morena Molaodimogolo Jehofa.” (Pes. 73:28) “Bolaodi” ke go nna le maatla kana taolo e e kwa godimo. Molaodimogolo o na le taolo e e kwa godimo. Go na le mabaka a a utlwalang a go bo re tshwanetse go tsaya Jehofa Modimo e le Mogodimodimo.—Dan. 7:22.

5. Ke eng fa re tshwanetse go tlhotlheletsega go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa?

 5 E re ka Jehofa Modimo e le Mmopi, ke ene Molaodimogolo wa lefatshe le wa lobopo lotlhe. (Bala Tshenolo 4:11.) Gape Jehofa ke Moatlhodi, Moneimolao le Kgosi, ka gonne ke ene a dirang ditiro tsa puso ya lobopo lotlhe tse di akaretsang go atlhola, go tlhoma melao le go tlhomamisa gore e a diragadiwa. (Isa. 33:22) E re ka e le ene a re neileng botshelo e bile re ikaegile ka ene, re tshwanetse go mo tsaya e le Morena Molaodimogolo wa rona. Re tla tlhotlheletsega go tlotlomatsa boemo jwa gagwe jo bo kwa godimo fa re sa lebale gore “Jehofa o tlhomamisitse ka thata setulo sa gagwe sa bogosi kwa magodimong; mme bogosi jwa gagwe bo laola sengwe le sengwe.”—Pes. 103:19; Dit. 4:24.

6. Bothokgami ke eng?

6 Gore re kgone go ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng, re tshwanetse gore re nne re thokgame mo go ene. “Bothokgami” ke go nna le boitsholo jo bo siameng ka ditsela tsotlhe. Motho yo o bolokang bothokgami ga a na se a ka latofadiwang ka sone e bile o a ikanyega. Tlhogo ya lotso e bong Jobe o ne a ntse jalo.—Jobe 1:1.

Kafa Terama e Simologileng ka Gone

7, 8. Satane o ne a gwetlha jang tshwanelo ya ga Jehofa ya go busa?

7 Dingwaga di ka nna 6 000 tse di fetileng, sebopiwa sengwe sa semoya se ne sa gwetlha tshwanelo ya ga Jehofa ya go busa. Tsela e motsuolodi yono a neng a bua le go dira dilo ka yone, e ne e bontsha gore o ne a tlhotlhelediwa ke keletso ya bopelotshetlha ya go batla go obamelwa. O ne a tlhotlheletsa batho ba babedi ba ntlha e bong Adame le Efa gore ba se tlhole ba ikanyega mo bolaoding jwa Modimo mme a leka go senya Jehofa leina ka go mo latofatsa ka gore o ne a bua maaka. (Bala Genesise 3:1-5.) Motsuolodi yono o ne a nna Mmaba yo mogolo, Satane (Moganetsi), Diabolo (Yo o senyang batho maina), noga (motsietsi) le kgogela (mosenyi).—Tshen. 12:9.

8 Satane o ne a itira mmusi wa moganetsi. E re ka jaanong Morena Molaodimogolo Jehofa a ne a lebane le kgwetlho eno, o ne a tla dira eng? A o ne a tla fedisa batsuolodi bano ba bararo e bong Satane, Adame le Efa ka yone nako eo? Boammaaruri ke gore o ne a na le maatla a go dira jalo, e bile kgato eo e ne e tla bontsha gore ke mang yo o nang le maatla a magolo. Gape e ne e tla bontsha gore Jehofa o ne a bua boammaaruri ka se se neng se tla diragalela ba ba tlolang molao wa gagwe. Ke eng fa Modimo a sa ka a tsaya kgato eo?

9. Satane o ne a belaela eng?

9 Fa Satane a ne a aka le go dira gore Adame le Efa ba tlhanogele Modimo, o ne a belaela tshwanelo e Jehofa a nang le yone ya gore batho ba mo ikobele. Gape Satane o ne a belaela boikanyegi jwa dibopiwa tsotlhe tse di botlhale fa a ne a tlhotlheletsa batho ba ntlha ba babedi gore ba se ka ba ikobela Modimo. Fela jaaka go bonetse mo kgannyeng ya ga Jobe yo o neng a ikanyega mo bolaoding jwa ga Jehofa, Satane o ne a ipolela gore a ka kgona go dira gore batho botlhe ba tlhanogele Modimo.—Jobe 2:1-5.

10. Ke eng fa Modimo a ne a sa tlhome bolaodi jwa gagwe ka yone nako eo?

10 Jehofa ga a ka a tlhoma bolaodi jwa gagwe ka yone nako eo gore a neye Satane nako ya go itshupa gore se a neng a se bua se boammaaruri. Gape Modimo o neile batho tshono ya gore ba bontshe gore ba a ikanyega mo bolaoding jwa gagwe. Ke eng se se neng sa direga fa makgolokgolo a dingwaga a ntse a feta? Satane o tlhomile mokgatlho o o maatla wa dikebekwa. Kgabagare Jehofa o tla o fedisa a bo a fedise le Diabolo, mme seo se tla naya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Modimo o na le tshwanelo ya go busa. Jehofa Modimo o ne a tlhomamisegile jaana ka ditlamorago tse di molemo tsa kgang eno mo a ileng a di bolelelapele morago fela ga fa botsuolodi bo sena go direga kwa Edene.—Gen. 3:15.

11. Ke eng se batho ba le bantsi ba neng ba se dira malebana le bolaodi jwa ga Jehofa?

11 Batho ba le bantsi ba ile ba bontsha tumelo le go nna ba thokgame mo bolaoding jwa ga Jehofa le mo go tlotlomadiweng ga leina la gagwe. Bangwe ba bone ke Abele, Enoke, Noa, Aborahame, Sara, Moshe, Ruthe, Dafide, Jesu, barutwa ba bogologolo ba ga Keresete le dimilionemilione tsa batho ba ba ntseng ba boloka bothokgami le gompieno. Batho bano ba ba emang bolaodi jwa Modimo nokeng ba na le seabe mo go bontsheng  gore Satane ke moaki le mo go tloseng kgobo e Diabolo a e pegileng mo leineng la ga Jehofa fa a ne a itlotlomatsa ka gore a ka dira gore batho botlhe ba tlhanogele Modimo.—Dia. 27:11.

Re Tlhomamisegile ka Diphelelo

12. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Modimo ga a kitla a itshokela boikepo go ya go ile?

12 Re ka tlhomamisega gore go ise go ye kae Jehofa o tla tlhoma bolaodi jwa gagwe. Ga a kitla a itshokela boikepo go ya go ile e bile re a itse gore re tshela mo metlheng ya bofelo. Jehofa o ne a dira sengwe ka boikepo jo bo neng jwa direga ka nako ya Morwalela. O ile a fedisa Sodoma le Gomora mme a senya Faro le masole a gagwe. Sisera le masole a gagwe mmogo le Senakaribe le masole a gagwe a Asiria ga a ka a kgona go emelana le Mogodimodimo. (Gen. 7:1, 23; 19:24, 25; Ekes. 14:30, 31; Baatlh. 4:15, 16; 2 Dikg. 19:35, 36) Ka jalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa Modimo ga a kitla a itshoka go ya go ile, a itshokela go tlontlololwa ga leina la gagwe le go sa tshwarwe sentle ga Basupi ba gagwe. Mo godimo ga moo, gone jaanong re bona bosupi jwa sesupo sa go nna gone ga ga Jesu le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo.—Math. 24:3.

13. Re ka dira eng gore re se ka ra senngwa le baba ba ga Jehofa?

13 Re tshwanetse go ikanyega mo bolaoding jwa ga Jehofa gore re se ka ra senngwa le baba ba Modimo. Re ka dira seno jang? Ka go tswelela re se karolo ya puso ya bokebekwa ya ga Satane le go gana go tshosediwa ke baemedi ba gagwe. (Isa. 52:11; Joh. 17:16; Dit. 5:29) Ke fela fa re ka dira jalo re ka kgonang go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Rraarona yo o kwa legodimong le go nna le tsholofelo ya go bolokiwa fa Jehofa a tla bo a tlosa kgobo mo leineng la gagwe mme a bontsha gore ke ene Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe.

14. Ke eng se se tlhalosiwang mo dikarolong tse di farologaneng tsa Baebele?

14 Dintlha tse di amanang le batho le bolaodi jwa ga Jehofa di tlhalosiwa mo Baebeleng yotlhe. Dikgaolo tsa ntlha tse tharo di re bolelela ka popo le kafa motho a neng a wela mo boleong ka gone, fa dikgaolo tse tharo tsa bofelo di bua ka go baakanngwa ga mathata a batho. Ditsebe tse di fa gare tsone di tlhalosa dintlha ka botlalo malebana le dikgato tse Morena Molaodimogolo Jehofa a ileng a di tsaya go diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka batho, lefatshe le lobopo. Genesise e bontsha kafa Satane le boikepo bo ileng jwa tsena ka gone mo lefatsheng mme karolo ya bofelo ya Tshenolo yone e bontsha kafa bosula bo tla tlosiwang ka gone, Diabolo o tla senngwa mme thato ya Modimo e tla dirwa mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. Eleruri, Baebele e tlhalosa sentle se se bakileng boleo le loso mme e bontsha kafa di tla tlosiwang ka gone mo lefatsheng, mme morago ga moo baboloka bothokgami ba tla nna le boipelo jo bogolo le botshelo jo bo sa khutleng.

15. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go dira eng gore a solegelwe molemo fa terama e e amanang le bolaodi e ya bokhutlong?

15 Go ise go ye kae, seemo sa lefatshe leno se tla fetoga gotlhelele. Terama eno e e amanang le bolaodi  e e sa bolong go tswelela ka makgolokgolo a dingwaga e tla ya bokhutlong. Satane o tla tlosiwa mo seraleng gore a senyediwe ruri, mme ruri go tla rena thato ya Modimo. Mme e le gore re solegelwe molemo ke seno re bo re itumelele masego a le mantsi a a boleletsweng pele mo Lefokong la Modimo, re tshwanetse go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa gone jaanong. Ga re a tshwanela go nna pelopedi. Re tshwanetse go nna re le mo letlhakoreng la ga Jehofa gore re kgone go bua re re: “Jehofa o kafa letlhakoreng la me.”—Pes. 118:6, 7.

Re ka Kgona go Boloka Bothokgami!

16. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore batho ba ka kgona go boloka bothokgami mo Modimong?

16 Re ka kgona go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa mme re boloke bothokgami jwa rona, ka gonne moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ga go thaelo epe e e lo wetseng fa e se e e tlwaelegileng mo bathong. Mme Modimo o a ikanyega, e bile ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa gore lo kgone go e itshokela.” (1 Bakor. 10:13) Ke eng se se bakang thaelo e Paulo a buang ka yone, mme Modimo o re direla jang tsela ya go tswa?

17-19. (a) Baiseraele ba ile ba ineela mo thaelong efe fa ba le kwa nageng? (b) Ke eng fa go kgonega gore re boloke bothokgami jwa rona mo go Jehofa?

17 Fela jaaka re ka bona mo go se se ileng sa diragalela Baiseraele fa ba le kwa nageng, “thaelo” e bakiwa ke maemo a a ka dirang gore re tlole molao wa Modimo. (Bala 1 Bakorintha 10:6-10.) Baiseraele ba ka bo ba ile ba fenya thaelo, le fa go ntse jalo ba ile ba eletsa “dilo tse di utlwisang botlhoko” fa Jehofa a ne a ba naya ka tsela ya kgakgamatso makwetekwio a ba neng ba tla a ja kgwedi yotlhe. Le fa go ne go setse go fetile nakonyana ba sa je nama, Modimo o ne a ba neile mana a a lekaneng. Le fa go ntse jalo, ba ile ba ineela mo thaelong, ba palelwa ke go ithiba mme ba nna pelotshetlha ka tsela e e feteletseng fa ba phutha makwetekwio.—Dipa. 11:19, 20, 31-35.

18 Pelenyana ga foo, fa Moshe a ne a ile go newa Molao kwa Thabeng ya Sinai, Baiseraele ba ne ba nna baobamedi ba medingwana, ba obamela namane ba bo ba ijesa monate ka tsela e e sa siamang. E re ka moeteledipele wa bone wa motho a ne a seyo, ga ba a ka ba itlhokomela mme ba ne ba wela mo thaelong. (Ekes. 32:1, 6) Pelenyana fela ga ba ka tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, Baiseraele ba le diketekete ba ile ba hepisiwa ke basadi ba Bamoabe, mme ba nna le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le bone. Mo lekgetlong leno, Baiseraele ba le diketekete ba ne ba bolaelwa boleo joo. (Dipa. 25:1, 9) Ka dinako dingwe, Baiseraele ba ne ba ineela mo thaelong ya go ngongorega ka tsela ya botsuolodi, mo ka nako nngwe ba ileng ba bo ba bua maswe ka Moshe le ka Modimo! (Dipa. 21:5) Tota le morago ga go senngwa ga ga Kora, Dathane, Abirame le ditsala tsa bone tse di bosula, batho ba Iseraele ba ile ba nna ba ngongorega, ba na le maikutlo a a sa siamang a gore go nyelediwa ga batsuolodi bano e ne e le go tlhoka tshiamiso. Mme ka ntlha ya seo, Baiseraele ba le 14 700 ba ile ba senngwa ka petso e e neng e tswa kwa Modimong.—Dipa. 16:41, 49.

19 Dithaelo tsotlhe tse di sa tswang go umakiwa ke tse Baiseraele ba neng ba ka kgona go di fenya. Ba ile ba ineela mo thaelong ka gonne ba ne ba latlhegetswe ke tumelo e bile ba lebetse Jehofa, tsela e a neng a ba tlhokometse ka yone ka lorato le kafa ditsela tsa gagwe di siameng ka gone. Fela jaaka go ne go ntse ka Baiseraele, dithaelo tse re lebanang le tsone ke tse batho botlhe ba a tleng ba lebane le tsone. Fa re leka ka natla go emelana le tsone mme re ikaega ka Modimo gore a re thuse, re ka kgona go boloka bothokgami jwa rona.  Re ka tlhomamisega ka seno ka gonne “Modimo o a ikanyega” mme ga a letle gore re ‘raelwe go feta se re ka se itshokelang.’ Le ka motlha Jehofa ga a kitla a re latlha gore re bo re nne mo seemong se mo go sone re se kitlang re kgona go dira thato ya gagwe.—Pes. 94:14.

20, 21. Fa re raelwa, Modimo o re direla jang “tsela ya go tswa”?

20 Jehofa o re direla “tsela ya go tswa” ka go re nonotsha gore re kgone go fenya thaelo. Ka sekai, babogisi ba ka re sotla mo mmeleng, ba leka go dira gore re itatole tumelo ya rona. Go tshwarwa ka tsela eo go ka re raela gore re ineele e le fela gore re se ka ra tswelela re itewa, re tlhokofadiwa le e leng go bolawa. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya mafoko a ga Paulo a a tlhotlheleditsweng a a mo go 1 Bakorintha 10:13, re a itse gore maemo a a re bakelang thaelo ke a nakwana fela. Jehofa ga a kitla a letla boemo joo gore bo gole mo re sa tlholeng re kgona go nna re ikanyega mo go ene. Modimo a ka nonotsha tumelo ya rona mme a re naya nonofo e re e tlhokang semoyeng gore re kgone go boloka bothokgami.

21 Jehofa o re nonotsha ka moya wa gagwe o o boitshepo. Moya ono o re gopotsa dilo tse re ithutileng tsone mo Dikwalong, tse di tla re thusang gore re kgone go emelana le thaelo. (Joh. 14:26) Ka jalo, re ka se raelesege go dira dilo tse di sa siamang. Ka sekai, re itse kafa kgang ya bolaodi jwa ga Jehofa e amanang ka gone le kgang ya go bo batho ba tshwanetse go boloka bothokgami. Ba le bantsi ba ba neng ba itse seo, ba ile ba nonotshiwa ke Modimo gore ba nne ba ikanyega go isa losong. Le fa go ntse jalo, ga se loso lo ba diretseng tsela ya go tswa; Jehofa ke ene a neng a ba thusa gore ba se ka ba ineela mo thaelong mme ba kgone go itshoka go ya bokhutlong. Le rona a ka re thusa. Tota e bile, o dirisa baengele ba ba ikanyegang ba e leng batlhanka ba gagwe mo setšhabeng ba ba, “rometsweng go ya go direla ba ba tlileng go rua poloko.” (Baheb. 1:14) Jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang, ke baboloka bothokgami fela ba ba ka solofelang go nna le tshiamelo e e itumedisang ya go tlotlomatsa bolaodi jwa Modimo ka bosakhutleng. Le rona re ka nna bangwe ba bone fa re ngaparela Jehofa yo e leng Morena Molaodimogolo wa rona.

O ka Araba Jang?

• Ke eng fa re tshwanetse go tsaya Jehofa e le Morena Molaodimogolo wa rona?

• Go boloka bothokgami jwa rona mo Modimong go kaya eng?

• Re itse jang gore go ise go ye kae, Jehofa o tla tlhoma bolaodi jwa gagwe?

• Go ya ka 1 Bakorintha 10:13, ke eng fa go kgonega go boloka bothokgami?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Satane o ile a tlhotlheletsa Adame le Efa gore ba se ka ba ikanyega mo go Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ikemisetse go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa