Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha—Kaelwang ke Lefoko la Modimo

Basha—Kaelwang ke Lefoko la Modimo

 Basha—Kaelwang ke Lefoko la Modimo

“Bapala botlhale, bapala tlhaloganyo.”—DIA. 4:5.

1, 2. (a) Ke eng se se thusitseng moaposetoloi Paulo gore a kgone go lebana le ntwa e e neng e le mo teng ga gagwe? (b) O ka bapala botlhale le tlhaloganyo jang?

“FA KE eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna.” A o a itse gore ke mang yo o neng a bua mafoko ano? Ke moaposetoloi Paulo. Le fa Paulo a ne a rata Jehofa, ka dinako tse dingwe o ne a fitlhela go le thata go dira se se siameng. O ne a ikutlwa jang ka ntwa eno e e mo teng ga gagwe? O ne a kwala jaana: “A nna motho yo o tlhomolang pelo!” (Bar. 7:21-24) A o tlhaloganya kafa Paulo a neng a ikutlwa ka teng? A ka dinako tse dingwe o fitlhela go le thata go dira se se siameng? A seo se dira gore o ikutlwe o kgobegile marapo fela jaaka Paulo? Fa go le jalo, o se ka wa nyema moko. Paulo o ne a atlega fa a ne a lebane le dikgwetlho, le wena o ka atlega.

2 Paulo o ne a atlega ka gonne a ne a itetla go kaelwa ke “mafoko a a itekanetseng.” (2 Tim. 1:13, 14) Ka ntlha ya seo, o ne a kgona go nna le botlhale le tlhaloganyo tse a neng a di tlhoka gore a kgone go lebana le mathata le go dira ditshwetso tse di siameng. Jehofa Modimo a ka go thusa gore o bapale botlhale le tlhaloganyo. (Dia. 4:5) O re neile kgakololo e e molemolemo mo Lefokong la gagwe, Baebele. (Bala 2 Timotheo 3:16, 17.) Ela tlhoko kafa o ka solegelwang molemo ka gone ke melaometheo e e mo Dikwalong fa o dirisana le batsadi ba gago, fa o dira ditshwetso tsa gore o dirise madi jang le fa o le nosi.

Go Kaelwa ke Lefoko la Modimo mo Lelapeng

3, 4. Ke eng fa o ka fitlhela go le thata go ikobela melao ya batsadi, mme gone goreng ba baya melao?

3 A o fitlhela go le thata go tshela ka melao e batsadi ba go beelang yone? O akanya gore ke eng fa o ikutlwa jalo? Lengwe la mabaka e ka tswa e le gore o batla go nna le kgololesego e e oketsegileng. Ga go phoso go ikutlwa ka tsela eo. Go bontsha gore o a gola. Le fa go ntse jalo, fa o sa ntse o nna mo lapeng, o patelesega go ikobela batsadi ba gago.—Baef. 6:1-3.

4 Fa o tlhaloganya lebaka la go bo batsadi ba gago ba go beela melao e bile ba na le dilo tse ba batlang gore o di dire, go ka nna motlhofo gore o ba ikobele. Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe o ka ikutlwa jaaka Brielle * wa dingwaga di le 18, yo o neng a bua jaana ka batsadi ba gagwe: “Ba lebetse gotlhelele gore go ne go ntse jang fa ba ne ba lekana le nna. Ga ba batle go utlwa maikutlo a me, ga ba batle ke itirele ditshwetso kgotsa go tlhaloganya gore ke godile.” Fela jaaka Brielle, gongwe le wena o na le maikutlo a gore batsadi ba gago ba go ganela ka kgololesego e e oketsegileng e o akanyang gore ba ne ba tshwanetse go go naya yone. Le fa go ntse jalo, lebaka le legolo le le dirang gore batsadi ba gago ba go beele melao ke ka gonne ba go rata. Mo godimo ga moo, batsadi ba Bakeresete ba a itse gore ba ikarabelela mo go Jehofa ka tsela e ba go tlhokomelang ka yone.—1 Tim. 5:8.

5. Go ikobela batsadi go ka go solegela molemo jang?

5 Boammaaruri ke gore go ikobela melao ya batsadi, go ntse jaaka go duela sekoloto sa banka—fa o se duela ka boikanyegi, banka e ka nna ya go adima madi a mangwe. Ka tsela e e tshwanang, o kolota batsadi ba gago tlotlo le go ba ikobela. (Bala Diane 1:8.) Fa o nna o ikobela batsadi ba gago, ga ba kitla ba nna le mathata a go go naya kgololesego e e oketsegileng. (Luke 16:10) Mme gone, fa o ntse o tlola melao ya bone, ga go pelaelo gore ba ka fokotsa kgololesego ya gago kana ba e fedisa gotlhelele.

6. Batsadi ba ka thusa jang basha gore ba nne boikobo?

 6 Tsela e nngwe e batsadi ba ka thusang basha ka yone gore ba ikobele melao e ba e tlhomileng, ke ka go ba tlhomela sekao. Fa batsadi ba ikobela melao ya ga Jehofa ka go rata, ba bontsha gore melao ya Modimo e molemo. Seno se tla dira gore go nne motlhofo gore basha le bone ba lebe melao ya batsadi ba bone ka tsela e e tshwanang. (1 Joh. 5:3) Mo godimo ga moo, Baebele e umaka makgetlo mangwe a mo go one Jehofa a ileng a naya batlhanka ba gagwe tshono ya gore ba ntshe maikutlo a bone malebana le dikgang dingwe. (Gen. 18:22-32; 1 Dikg. 22:19-22) A go na le dinako tse ka tsone batsadi ba tshwanetseng go naya bana ba bone tshono ya gore ba ntshe maikutlo a bone ka dikgang dingwe?

7, 8. (a) Basha bangwe ba lebana le kgwetlho efe? (b) Ke eng se se ka go thusang gore o solegelwe molemo ke kotlhao?

7 Gape basha ba ka tshwanelwa ke go lebana le kgwetlho ya se ba se tsayang e le go tshwaiwa diphoso ka tsela e e sa siamang ke batsadi ba bone. Ka dinako dingwe, o ka tswa o kile wa ikutlwa jaaka lekawana lengwe le le bidiwang Craig, yo o neng a re: “Mmè o itshwara jaaka e kete ke lepodise—ka metlha o batlana le diphoso tse ke di dirang.”

8 Gantsi motho a ka go tshwaya diphoso e le fa a go kgalema kgotsa a go otlhaya. Baebele e dumalana le kgang ya gore tota go thata go amogela kotlhao, le fa gone e tshwanela. (Baheb. 12:11) Ke eng se se ka go thusang gore o solegelwe molemo ke kotlhao e o e newang? Ntlha ya botlhokwa e o sa tshwanelang go e lebala ke gore, batsadi ba gago ba go kgalema ka gonne ba go rata. (Dia. 3:12) Ba batla go go thusa gore o se ka wa nna le mekgwa e e sa siamang mme o nne le e e siameng. Batsadi ba gago ba a itse gore fa ba sa go kgaleme, go raya gore ga ba go rate! (Bala Diane 13:24.) Gape se lebale gore re ithuta ka diphoso. Ka jalo fa o kgalemelwa, ipotse gore ke eng se o ka ithutang sone mo kgalemelong eo. “Go nna le [botlhale] e le papadi go botoka go na le go nna le selefera e le papadi mme go nna le jone e le kungo go botoka go na le gouta ka boyone.”—Dia. 3:13, 14.

9. Go na le go tlhoma mogopolo mo go se mosha a tsayang e le go tlhoka tshiamiso, ke eng se a ka se dirang?

9 Batsadi le bone ba dira diphoso. (Jak. 3:2) Ka dinako tse dingwe ba ka nna ba bua ba sa go akanyetse fa ba go otlhaya. (Dia. 12:18) Ke eng se se ka dirang gore batsadi ba gago ba itshware ka tsela eno? Ba ka tswa ba gateletswe mo maikutlong, kgotsa ba tsaya diphoso tsa gago di bontsha gore ba palelwa ke tiro ya bone. Go na le go tlhoma mogopolo mo go se o tsayang gore ke go tlhoka tshiamiso, ke eng fa o sa bontshe go anaanela maiteko a ba a dirang go go thusa? Go ithuta go amogela kotlhao, go tla go thusa fa o setse o godile.

10. Ke eng se se ka go thusang gore o kgone go ikobela melao le kotlhao e batsadi ba go nayang yone?

10 A o ka rata gore go nne motlhofo go amogela melao le kgalemo ya batsadi ba gago, mme di go solegele molemo? Fa go ntse jalo, o tlhoka go tokafatsa tsela e o buisanang le bone ka yone. O ka dira seo jang? Kgato ya ntlha ke go reetsa. Baebele ya re: “Nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jak. 1:19) Go na le go nna bonako go ipuelela, leka go laola maikutlo a gago mme o reetse se batsadi ba gago ba se buang. Tlhoma mogopolo mo go se se buiwang, e seng mo tseleng e se buiwang ka yone. Go tswa foo, boeletsa se batsadi ba gago ba se buileng ka mafoko a gago mme o dira jalo ka tlotlo. Fa o dira jalo, o tla ba tlhomamisetsa gore o tlhalogantse se ba neng ba se bua. Go tweng fa e le gore o batla go tlhalosa lebaka la se o se buileng kgotsa se o se dirileng? Gantsi go ka nna botlhale go ‘thiba dipounama tsa gago’ go fitlha o dirile se batsadi ba batlang gore o se dire. (Dia. 10:19) Fa ba setse ba bone gore o ba reeditse, le bone ba ka rata go go reetsa. Fa o dira dilo ka tsela eo, o tla bo o bontsha gore o godile le gore o kaelwa ke Lefoko la Modimo.

Go Kaelwa ke Lefoko la Modimo fa o Dirisa Madi

11, 12. (a) Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go dira eng malebana le madi, mme ka ntlha yang? (b) Batsadi ba ka go thusa jang go dirisa madi a gago sentle?

11 Baebele ya re, “madi [ke] tshireletso.” Mme yone temana eo e bontsha gore botlhale bo botlhokwa  le eleng go feta madi. (Mor. 7:12) Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go leba madi ka tsela e e tshwanetseng e seng go a rata. Ke eng fa o tshwanetse go tila go nna le lorato lwa madi? Akanya ka setshwantsho seno: Thipa e e bogale ke sedirisiwa se se molemo mo moapeing wa setswerere. Mme yone thipa eo e ka nna kotsi thata fa e tshwerwe ke motho yo o sa itseng go e dirisa sentle kgotsa yo o seng kelotlhoko. Madi le one a ka go solegela molemo thata fa o a dirisa sentle. Le fa go ntse jalo, gantsi batho ba ba “ikemiseditseng go huma” ba latlhegelwa ke ditsala, ba senyegelwa ke malapa le ke kamano ya bone le Modimo. Mme seno se dirile gore ba ‘itlhabakake ka ditlhabi tse dintsi.’—Bala 1 Timotheo 6:9, 10.

12 Ke eng se se ka go thusang go nna le bokgoni jwa go dirisa madi sentle? Ke eng o sa kope batsadi ba gago gore ba go neye kgakololo ya kafa o ka kgaoganyang madi a gago ka gone? Solomone o ne a kwala jaana: “Motho yo o botlhale o tla reetsa mme a amogele thuto e e oketsegileng, mme motho yo o nang le tlhaloganyo ke yo o bapalang kaelo e e botswerere.” (Dia. 1:5) Mosha mongwe yo o bidiwang Anna o ne a kopa batsadi ba gagwe gore ba mo neye kaelo e e botlhale. A re: “Rre o ne a nthuta go kgaoganya madi sentle mme a mpontsha kafa go leng botlhokwa ka gone go nna le rekoto ya ditshenyegelo tsa lelapa tse di duetsweng le tse di tshwanetseng go duelelwa.” Mme mmaagwe Anna le ene o ne a mo ruta thuto nngwe e e molemo. Anna a re: “Mmè o ne a mpontsha botlhokwa jwa go bapisa ditlhwatlhwa pele ga ke reka. Seno se ne sa solegela Anna molemo jang? O araba jaana: “Gone jaanong ke kgona go dirisa madi a me sentle. Ke kelotlhoko gore ke dirisa madi a me jang, mme seo se dira gore ke nne le kagiso ya mogopolo gonne ke se na dikoloto tse di sa tlhokegeng.”

13. Ke eng se se ka go thusang go ikgalema fa o dirisa madi?

13 O ka iphitlhela o setse o nweleletse mo dikolotong fa o reka dilo tse o sa di tlhokeng kgotsa o reka dilo gonne o batla go kgatlha ditsala tsa gago. Ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa wela mo diraing tseno? Fa go tla mo kgannyeng ya go dirisa madi, o tshwanetse go ithuta go ikgalema. Ke sone se Ellena yo o mo dingwageng tsa bo20 a se dirang. A re: “Fa ke intsha le ditsala, ke rulaganya go sa le gale, ke bo ke ipeela seelo sa madi a ke tla a dirisang. . . . Gape ke bona go le botlhale go ya mabenkeleng le ditsala tse di somarelang madi le tse di nkgothaletsang go bapisa ditlhwatlhwa pele ga ke reka.”

14. Ke eng fa o tshwanetse go nna o itisitse mo ‘maatleng a a tsietsang a dikhumo’?

14 Go berekela madi le go a dirisa sentle ke karolo e e botlhokwa mo botshelong. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re boitumelo jwa mmatota bo bonwa ke batho “ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Math. 5:3) O ne a tlhagisa gore keletso e motho a nang le yone mo dilong tsa semoya e ka hupediwa ke dilo tse di jaaka “maatla a a tsietsang a dikhumo.” (Mar. 4:19) Ka jalo, ruri go botlhokwa gore o itetle go kaelwa ke Lefoko la Modimo mme o lebe madi ka tsela e e tshwanetseng!

Go Kaelwa ke Lefoko la Modimo Fa o Le Nosi

15. Ke leng mo boikanyegi jwa gago mo Modimong bo ka lekwang thata?

15 O akanya gore boikanyegi jwa gago mo Modimong bo tla lekwa leng thata—fa o le nosi kgotsa fa o na le batho ba bangwe? Boammaaruri ke gore fa o le kwa sekolong kgotsa kwa tirong, o nna o ntshitse matlho dinameng. O nna o etse tlhoko sengwe le sengwe se se ka tsenyang bomoya jwa gago mo kotsing. Fa o iketlile, ke teng mo go nnang motlhofo gore o tlole melao ya Modimo ya boitsholo.

16. Ke eng fa o tshwanetse go batla go ikobela Jehofa le fa o le nosi?

 16 Ke eng fa o tshwanetse go ikemisetsa go ikobela Jehofa le fa o le nosi? Se lebale seno: O ka itlhophela gore a o batla go utlwisa Jehofa botlhoko kgotsa o batla go ipedisa pelo ya gagwe. (Gen. 6:5, 6; Dia. 27:11) Jehofa o amiwa ke dilo tse o di dirang ka gonne ‘o a go kgathalela.’ (1 Pet. 5:7) O batla gore o mo reetse gore o solegelwe molemo. (Isa. 48:17, 18) Jehofa o ne a utlwa botlhoko fa batlhanka bangwe ba gagwe ba kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba itlhokomolosa kgakololo ya gagwe. (Pes. 78:40, 41) Mme gone, o ne a rata moporofeti Daniele fela thata, ke gone ka moo moengele a ileng a mmitsa “monna yo o rategang thata.” (Dan. 10:11) Ka ntlha yang? Daniele o ne a nna a ikanyega mo Modimong e seng fela fa a le mo bathong mme gape le fa a le nosi.—Bala Daniele 6:10.

17. O ka ipotsa dipotso dife fa o tlhopha boitlosobodutu?

17 Gore o kgone go nna o ikanyega mo Modimong le fa o le nosi, o tshwanetse go thapisa ‘bokgoni jwa gago jwa go lemoga gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang,’ go tswa foo o thapise bokgoni joo ‘ka go bo dirisa’ gore o kgone go dira se o itseng gore se siame. (Baheb. 5:14) Ka sekai, dintlha tse di latelang di tla go thusa gore o kgone go tlhopha se se siameng mme o tile se se phoso, fa o tlhopha mmino o o o reetsang, difilimi tse o di lebang le mafelo a Internet a o tsenang mo go one. Ipotse dipotso tseno: ‘A tshedimosetso eno e tla nkgothaletsa gore ke nne pelotlhomogi ka bonolo kgotsa e tla ntlhotlheletsa gore ke itumedisiwe ke “matlhotlhapelo a yo mongwe”?’ (Dia. 17:5) ‘A e tla nthusa gore ke “rate se se molemo” kgotsa e tla dira gore go nne thata gore ke ‘tlhoe se se bosula’?’ (Amos. 5:15) Se o se dirang fa o le nosi se bontsha se tota o se tsayang se le botlhokwa.—Luke 6:45.

18. O tshwanetse go dira eng fa e le gore o ntse o dira sengwe se se sa siamang mo sephiring, mme ka ntlha yang?

18 O tshwanetse go dira eng fa e le gore fa o le mo sephiring, o ntse o itshwara ka tsela e o itseng gore e phoso? Gakologelwa gore, “yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a na go atlega, mme yo o di ipolelang a bo a di tlogela o tla utlwelwa botlhoko.” (Dia. 28:13) Ruri go tla bo go se botlhale gore o tswelele o dira se se sa siamang mme o “[hutsafatse] moya o o boitshepo wa Modimo”! (Baef. 4:30) O na le boikarabelo fa pele ga Modimo, fa pele ga batsadi ba gago le mo go wena ka bowena gore o ipolele boleo bongwe le bongwe jo o bo dirang. “Banna ba bagolwane ba phuthego” ba ka go thusa thata mo ntlheng eno. Morutwa Jakobe a re: “A ba . . . rapelele [modiraphoso], ba mo tlotse ka leokwane ka leina la ga Jehofa. Mme thapelo ya tumelo e tla fodisa yo o bokoa, e bile Jehofa o tla mo kakatlolola. Gape, fa a dirile maleo, o tla a itshwarelwa.” (Jak. 5:14, 15) Gone ke boammaaruri gore seno se ka felela ka gore o tlhabiwe ke ditlhong, kgotsa ga nna le matswela mangwe a a sa itumediseng. Mme fa o na le bopelokgale jwa go kopa thuso, o tla thusega gore o se ka wa nwelela mo bosuleng, mme o tla nna le kgololesego e motho  a e bonang fa a na le segakolodi se se phepa.—Pes. 32:1-5.

Ipedise Pelo ya ga Jehofa

19, 20. Jehofa o go batlela eng, mme o tshwanetse go dira eng?

19 Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng” mme o batla gore le wena o itumele. (1 Tim. 1:11) Ruri o a go kgatlhegela. Le fa go se ope yo o lemogang matsapa a o a tsayang go dira se se siameng, ene o a a bona. Ga go sepe se se fitlhegileng mo matlhong a ga Jehofa. O go lebile, e seng gonne a go batla diphoso mme e le gore a go eme nokeng mo maitekong a gago a go dira se se siameng. “Matlho a [Modimo] a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.”—2 Ditir. 16:9.

20 Ka jalo, itetle go kaelwa ke Lefoko la Modimo, mme o dirise kgakololo ya lone. Fa o dira jalo, o tla nna le botlhale le tlhaloganyo tse o di tlhokang gore o kgone go fenya mathata le gore o kgone go dira ditshwetso fa o lebane le maemo a a thata mo botshelong. O tla bo o sa itumedise batsadi ba gago le Jehofa fela mme gape o tla nna le botshelo jo bo itumetseng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Maina a fetotswe.

O ka Araba Jang?

• Basha ba ka dira eng gore ba kgone go amogela le go solegelwa molemo ke melao le kgalemo ya batsadi?

• Ke eng fa go le botlhokwa gore o lebe madi ka tsela e e tshwanetseng?

• Ke eng se o ka se dirang gore o kgone go nna o ikanyega mo go Jehofa le fa o le nosi?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

A o tla nna o ikanyega mo Modimong le fa o le nosi?