Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke Mang yo o Itseng Mogopolo wa ga Jehofa?”

“Ke Mang yo o Itseng Mogopolo wa ga Jehofa?”

 “Ke Mang yo o Itseng Mogopolo wa ga Jehofa?”

“‘Ke mang yo o itseng mogopolo wa ga Jehofa, gore a tle a mo laye?’ Mme rona re na le mogopolo wa ga Keresete.”—1 BAKOR. 2:16.

1, 2. (a) Batho ba le bantsi ba thatafalelwa ke eng? (b) Re tshwanetse go gakologelwa eng ka tsela ya rona ya go akanya le ya ga Jehofa?

A O KILE wa thatafalelwa ke go tlhaloganya tsela e mongwe a akanyang ka yone? Gongwe o sa tswa go nyala kgotsa go nyalwa mme o akanya gore ga o tlhaloganye sentle tsela e molekane wa gago a akanyang ka yone. Ee ruri, banna le basadi ga ba akanye ka go tshwana e bile ga ba bue ka go tshwana. Tota e bile, mo ditsong tse dingwe banna le basadi ba bua puo e le nngwe mme mongwe le mongwe a e bua jaaka e buiwa kwa a goletseng teng! Mo godimo ga moo, ditso le dipuo tse di farologaneng di ka dira gore batho ba akanye le go itshwara ka ditsela tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, fa o ntse o itse batho ba bangwe botoka, o nna le tshono ya go tlhaloganya tsela e ba akanyang ka yone.

2 Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke gore tsela ya rona ya go akanya e farologane thata le ya ga Jehofa. Jehofa o ne a bolelela Baiseraele jaana a dirisa moporofeti Isaia: “Dikakanyo tsa lona ga se dikakanyo tsa me, le gone ditsela tsa me ga se ditsela tsa lona.” Go tswa foo, fa Jehofa a dira setshwantsho ka ntlha eno, o ne a re: “Gonne jaaka magodimo a le kwa godimo ga lefatshe, fela jalo ditsela tsa me di kwa godimo ga ditsela tsa lona, le dikakanyo tsa me di kwa godimo ga dikakanyo tsa lona.”—Isa. 55:8, 9.

3. Re ka leka go “atamalana thata le Jehofa” ka ditsela dife tse pedi?

3 A mme seo se raya gore ga re a tshwanela le go leka go tlhaloganya tsela ya ga Jehofa ya go akanya? Nnyaa. Le fa re se kitla re tlhaloganya dikakanyo tsotlhe tsa ga Jehofa ka botlalo, Baebele e sa ntse e re kgothatsa gore re ‘atamalane thata le Jehofa.’ (Bala Pesalema 25:14; Diane 3:32.) Nngwe ya ditsela tse re ka atamalanang le Jehofa ka tsone ke gore re tlotle le go ela tlhoko ditiro tsa gagwe tse di kwadilweng mo Lefokong la gagwe, Baebele. (Pes. 28:5) Tsela e nngwe ke ka go itse “mogopolo wa ga Keresete” yo e leng “setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng.” (1 Bakor. 2:16; Bakol. 1:15) Fa re ipha nako ya go ithuta dipego tsa Baebele le go tlhatlhanya ka tsone, re ka simolola go tlhaloganya dinonofo tsa ga Jehofa le tsela e a akanyang ka yone.

Itise mo Mokgweng O o Sa Siamang

4, 5. (a) Re tshwanetse go tila mokgwa ofe o o sa siamang? Tlhalosa. (b) Baiseraele ba ne ba itetla go akanya ka tsela efe e e sa siamang?

4 Fa re ntse re tlhatlhanya ka ditiro tsa ga Jehofa, re tshwanetse go tila mokgwa wa go mo leba ka tsela e re neng re ka leba motho ka yone. Go buiwa ka mokgwa ono mo mafokong a ga Jehofa a a mo go Pesalema 50:21: “O ne o ithaya o re ruri ke tla nna jaaka wena.” Go ntse fela jaaka mokanoki mongwe wa Baebele a ne a tlhalosa mo dingwageng di le 175 tse di fetileng: “Gantsi batho ba leba Modimo go ya ka tsela e bone ba itebang ka yone, mme ba akanya gore Modimo o laolwa ke melao e ba akanyang gore batho ba tshwanetse go e latela.”

5 Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra letla gore tsela e re lebang Jehofa ka yone e laolwe ke ditekanyetso le dikeletso tsa rona. Ke eng fa seno se le botlhokwa? Fa re ntse re ithuta Baebele, ditsela dingwe tse Jehofa a dirang dilo ka tsone di ka lebega di sa siama go ya ka tsela ya rona ya go leba dilo e e tlhaelang, le e e phoso. Baiseraele ba bogologolo ba ne ba itetla go akanya jalo mme ba dira tshwetso e e phoso malebana le tsela e Jehofa a neng a dirisana le bone ka yone. Ela tlhoko gore Jehofa o ne a ba raya a reng:  “Ruri lo tla re: ‘Tsela ya ga Jehofa ga e a lolamisiwa sentle.’ Utlwang, tsweetswee, lona ba ntlo ya Iseraele. A tsela ya me ga e a lolamisiwa sentle? A ditsela tsa lona ga se tsone tse di sa lolamisiwang sentle?”—Esek. 18:25.

6. Jobe o ne a ithuta thuto efe, mme rona re ka solegelwa molemo jang ke se se mo diragaletseng?

6 Sengwe se se ka re thusang go tila mokgwa wa go leba Jehofa ka tsela e re lebang batho ka yone, ke go lemoga gore tsela e re lebang dilo ka yone e a tlhaela e bile ka dinako tse dingwe e phoso thata. Jobe o ne a tshwanelwa ke go ithuta thuto eno. Ka nako ya fa a ne a boga, o ne a kgobega marapo mme ka tsela nngwe a simolola go ikakanyetsa a le esi. O ne a sa tlhole a lemoga dikgang tse e leng tsa botlhokwa. Mme Jehofa o ne a mo thusa ka lorato gore a lebe dilo ka tsela e nngwe. Fa Jehofa a ne a botsa Jobe dipotso tse di fetang 70 tse di farologaneng tse go se nang epe e Jobe a neng a kgona go e araba, Jehofa o ne a gatelela ntlha ya gore tsela e Jobe a tlhaloganyang dilo ka yone e a tlhaela. Jobe o ne a bontsha boikokobetso, mme a baakanya tsela e a neng a leba dilo ka yone.—Bala Jobe 42:1-6.

Go Nna le “Mogopolo wa ga Keresete”

7. Go sekaseka tsela e Jesu a neng a dira dilo ka yone go re thusa jang go tlhaloganya tsela e Jehofa a akanyang ka yone?

7 Jesu o ne a etsa Rraagwe ka botlalo mo go sengwe le sengwe se a neng a se bua le se a neng a se dira. (Joh. 14:9) Ka jalo, go sekaseka tsela e Jesu a neng a dira dilo ka yone go re thusa go tlhaloganya tsela e Jehofa a akanyang ka yone. (Bar. 15:5; Bafil. 2:5) Ka jalo, a re sekasekeng dipego tse pedi tsa Efangele.

8, 9. Jaaka go kwadilwe mo go Johane 6:1-5, ke boemo bofe jo bo neng jwa dira gore Jesu a botse Filipo potso, mme ke eng fa a ne a e mmotsa?

8 Akanya ka tiragalo eno. E ne e le pele fela ga Tlolaganyo ya 32 C.E. Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba sa tswa go boa kwa loetong lo lo itumedisang tota lwa go rera go ralala Galalea. E re ka ba ne ba lapile thata ka ntlha ya tiro eno, Jesu o ne a ba tsaya a ba isa kwa lefelong le le kwa thoko kwa lotshitshing lo lo kwa bokonebotlhaba jwa Lewatle la Galalea. Le fa go ntse jalo, diketekete tsa batho di ne tsa ba sala morago go ya koo. Fa Jesu a sena go fodisa boidiidi jwa batho le go ba ruta dilo tse dintsi, go ne ga tsoga bothata. Batho bano botlhe ba ne ba tla fepiwa jang kwa lefelong le le kwa thoko jalo? Fa Jesu a lemoga bothata joo, o ne a botsa Filipo yo o neng a tswa mo lefelong leo jaana: “Re tla reka kae dinkgwe gore bano ba je?”—Joh. 6:1-5.

9 Ke eng fa Jesu a ne a botsa Filipo potso eno? A Jesu o ne a tshwenyegile ka se a neng a tshwanetse go se dira? Nnyaa. Tota o ne a akantse eng? Moaposetoloi Johane, yo le ene a neng a le gone o tlhalosa jaana: “[Jesu] o ne a bua seno go mo leka, gonne ene ka boene o ne a itse se a neng a tloga a se dira.” (Joh. 6:6) Fano Jesu o ne a batla go bona gore tumelo ya barutwa ba gagwe e ne e nonofile go le kae. Fa a botsa potso eo, o ne a dira gore ba akanye mme a ba naya tshono ya gore ba bontshe tumelo mo go se a neng a ka kgona go se dira. Ba ne ba palelwa ke go dira jalo, mme ba bontsha gore tsela e ba neng ba leba dilo ka yone e ne e tlhaela tota. (Bala Johane 6:7-9.) Go tswa foo, Jesu o ne a ba bontsha gore a ka kgona go dira sengwe se ba neng ba sa se akanya le go se akanya. Ka kgakgamatso o ne a fepa diketekete tsa batho ba ba neng ba tshwerwe ke tlala.—Joh. 6:10-13.

10-12. (a) Ke eng se se ka tswang se dirile gore Jesu a se ka a naya mosadi wa Mogerika se a neng a se kopa ka yone nako eo? Tlhalosa. (b) Jaanong re tla sekaseka eng?

10 Pego eno e ka re thusa go tlhaloganya tsela e Jesu a neng a akanya ka yone mo lekgetlong le lengwe gape. Nakwana morago ga gore Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba fepe boidiidi jono jwa batho, ba ne ba tsaya loeto ba tsamaela kwa bokone, ka kwa ga molelwane wa Iseraele, kwa dikgaolong tsa Ture le Sidona. Fa ba le koo, ba ne ba kopana le mosadi mongwe wa Mogerika yo o neng a kopa Jesu gore a fodise morwadie. Kwa tshimologong, Jesu o ne a tlhokomologa mosadi yono. Mme fa a tswelela a mo emeletse, Jesu o ne a mo raya a re: “Mma bana ba kgore pele, gonne ga go a siama go tsaya senkgwe sa bana se bo se latlhelelwa dintšanyana.”—Mar. 7:24-27.

11 Ke eng fa kwa tshimologong Jesu a ne a gana go thusa mosadi yono? A Jesu o ne a mo leka fela  jaaka a ne a dira ka Filipo, go bona gore o ne a tla itshwara jang, mme a mo naya tshono ya gore a supe gore tumelo ya gagwe e nonofile go le kae? Le fa go sa tlhalosiwa mo temaneng eno, segalo sa lentswe la gagwe ga se a ka sa kgoba mosadi yono marapo. Fa a ne a dirisa lefoko “dintšanyana,” o ne a dira tshwantshanyo e e phefofaditsweng. Ka jalo, gongwe Jesu o ne a dira dilo jaaka motsadi yo o ikaeletseng go naya ngwana wa gagwe se a se kopang mme ka nako eo a sa bontshe gore o batla go mo naya sone, e le gore a bone gore ngwana yoo o batla selo seo go le kana kang. Le fa lebaka la ga Jesu e ka tswa e ne e le lefe, fa mosadi yono a bontsha tumelo, o ne a mo naya se a neng a se kopa ka go rata.—Bala Mareko 7:28-30.

12 Dipego tseno tse pedi tsa Efangele di dira gore re kgone go bona “mogopolo wa ga Keresete” sentle. Mma re bone gore dipego tseno di ka re thusa jang go tlhaloganya mogopolo wa ga Jehofa botoka.

Tsela e Jehofa a Neng a Dirisana le Moshe ka Yone

13. Go tlhaloganya tsela e Jesu a akanyang ka yone go re thusa jang?

13 Go tlhaloganya tsela e Jesu a akanyang ka yone go re thusa go tlhaloganya ditemana tse di ka tswang di le thata go tlhaloganngwa. Ka sekai, akanya ka se Jehofa a neng a se raya Moshe fa Baiseraele ba sena go itirela namane ya gouta gore ba e obamele. O ne a re: “Ke lebile batho bano mme bona, ke batho ba ba thamoethata. Ka jalo ntlogele jaanong, gore bogale jwa me bo ba tukele mme ke ba fedise, mme mma ke go dire setšhaba se segolo.”—Ekes. 32:9, 10.

14. Moshe o ne a araba jang mafoko a ga Jehofa?

14 Pego eno e tswelela jaana: “Moshe a nolofatsa sefatlhego sa ga Jehofa Modimo wa gagwe a re: ‘Ke ka ntlha yang, tlhe Jehofa, fa bogale jwa gago bo tshwanetse go tukela batho ba gago ba o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto ka maatla a magolo le ka seatla se se nonofileng? Ke ka ntlha yang fa Baegepeto ba tshwanetse go re, “O ba ntshitse ka boikaelelo jo bo bosula gore a ba bolaele mo gare ga dithaba le go ba fedisa mo godimo ga lefatshe”? Boa mo bogaleng jwa gago jo bo tukang mme o ikwatlhaele bosula kgatlhanong le batho ba gago. Gakologelwa Aborahame, Isake le Iseraele batlhanka ba gago, ba o neng wa ba ikanela ka wena, ka gonne o ne wa ba raya wa re, “Ke tla ntsifatsa losika lwa lona jaaka dinaledi tsa magodimo, mme lefatshe leno lotlhe le ke le tlhaotseng ke tla le naya losika lwa lona, gore ruri ba le rue ka bosakhutleng.”’ Mme Jehofa a ikwatlhaela bosula jo a neng a buile gore o tla bo direla batho ba gagwe.”—Ekes. 32:11-14. *

15, 16. (a) Moshe o ne a bulegelwa ke tshono efe ka ntlha ya se Jehofa a neng a se buile? (b) Jehofa o ne a ‘ikwatlhaya’ ka tsela efe?

15 A tota Moshe o ne a tlhoka go baakanya tsela e Jehofa a neng a akanya ka yone? Le e seng! Le fa Jehofa a ne a tlhalosa se a neng a batla go se dira, o ne a ise a tseye tshwetso ya makgaolakgang  malebana le katlholo ya gagwe. Tota e bile, fano Jehofa o ne a leka Moshe, fela jaaka Jesu moragonyana a ne a dira ka Filipo le mosadi wa Mogerika. Moshe o ne a newa tshono ya go ntsha maikutlo a gagwe. * Jehofa o ne a tlhomile Moshe gore e nne motsereganyi fa gare ga Gagwe le Baiseraele, mme Jehofa o ne a dira go dumalana le tshwetso eo ya Gagwe ya go tlhoma Moshe gore a dire kabelo eo. A Moshe o ne a tla itetla go betwa ke pelo? A o ne a tla dirisa tshono eno, go kgothaletsa Jehofa gore a lebale ka Baiseraele mme a dire setšhaba se se thata go tswa mo dikokomaneng tsa ga Moshe?

16 Tsela e Moshe a neng a araba ka yone e bontsha gore o ne a na le tumelo mo tshiamisong ya ga Jehofa e bile a e ikanya. Se a neng a se bua se ne se bontsha gore o ne a sa ikakanyetse a le esi mme o ne a amegile ka leina la ga Jehofa. O ne a sa batle gore leina leo le senngwe. Ka jalo, Moshe o ne a bontsha gore o tlhaloganya “mogopolo wa ga Jehofa” malebana le kgang eno. (1 Bakor. 2:16) Go ne ga felela jang? E re ka Jehofa a ne a sa fetsa mogopolo malebana le gore o tla dira eng, pego ya gagwe e e tlhotlheleditsweng ya re o ne ‘a ikwatlhaya.’ Ka Sehebera, polelwana eno e ka kaya fela gore Jehofa ga a ka a tlisa masetlapelo a a neng a tlhalositse gore o batla go a tlisetsa setšhaba seo sotlhe.

Tsela e Jehofa a Neng a Dirisana le Aborahame ka Yone

17. Jehofa o ne a bontsha jang bopelotelele jo bogolo fa a ne a araba Aborahame malebana le dikopo tsa gagwe?

17 Sekai se sengwe se se bontshang gore Jehofa o letla batlhanka ba gagwe gore ba bontshe tumelo le go mo ikanya, ke kopo e Aborahame a neng a e dira malebana le motse wa Sodoma. Mo pegong eo, Jehofa o ne a bontsha bopelotelele jo bogolo ka go letla Aborahame gore a botse dipotso tse robedi ka go tlhomagana. Nako nngwe, Aborahame o ne a kopa jaana go tswa pelong: “O ka se ka wa dira ka mokgwa ono go bolaya motho yo o siameng le yo o boikepo gore go direge ka motho yo o siameng jaaka go direga ka moikepi! O ka se ka wa dira jalo. A Moatlhodi wa lefatshe lotlhe ga a tle go dira se se siameng?”—Gen. 18:22-33.

18. Re ithuta eng mo tseleng e Jehofa a neng a dirisana le Aborahame ka yone?

18 Mo pegong eno, re ithuta eng ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone? A Jehofa o ne a tlhoka gore Aborahame a beelane mabaka le ene gore a kgone go dira tshwetso e e siameng? Nnyaa. Boammaaruri ke gore kwa tshimologong fela, Jehofa o ne a ka mmolelela mabaka a go bo a tsere tshwetso e a e tsereng. Mme Jehofa o ne a letla Aborahame gore a botse dipotso tseno gore A mo thuse go tlhaloganya tshwetso e A e tsereng le gore a tlhaloganye tsela e A akanyang ka yone. Seno gape se ne sa thusa Aborahame gore a tlhaloganye kafa Jehofa a leng kutlwelobotlhoko e bile a nang le tshiamiso ka teng. Ee, Jehofa o ne a dirisana le Aborahame jaaka tsala.—Isa. 41:8; Jak. 2:23.

Se re Ithutang Sone

19. Re ka etsa Jobe jang?

19 Re ithutile eng ka “mogopolo wa ga Jehofa”? Re tshwanetse go letla Lefoko la Modimo gore le dire gore re tlhaloganye mogopolo wa ga Jehofa sentle. Ga re a tshwanela go akanya gore Jehofa o tlhaela jaaka rona re tlhaela mme ga re a tshwanela go mo atlhola ka ditekanyetso tsa rona  le ka tsela e re akanyang ka yone. Jobe o ne a re: “[Modimo] ga se motho yo o tshwanang le nna gore nka mo araba, gore re tle mmogo mo katlholong.” (Jobe 9:32) Fela jaaka Jobe, fa re simolola go tlhaloganya mogopolo wa ga Jehofa, re tlhotlheletsega go re: “Bona! Tseno ke dintlha fela tsa ditsela tsa gagwe, a bo go utlwilwe go le gonnye fela jang ne ka ga gagwe! Mme ke mang yo o ka bontshang go tlhaloganya tumo ya gagwe ya maru e e maatla?”—Jobe 26:14.

20. Re tshwanetse go dirang fa re bala temana ya Baebele e e sa tlhaloganyesegeng motlhofo?

20 Fa re ntse re bala Dikwalo, re tshwanetse go dirang fa re bala temana e e sa tlhaloganyesegeng motlhofo, segolobogolo fa e bua ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone? Fa re dirile dipatlisiso mme re sa ntse re sa tlhaloganye sentle, re ka nna ra tsaya seno e le tsela ya go bona gore re ikanya Jehofa go le kana kang. Gakologelwa gore ka dinako tse dingwe, mafoko a a rileng mo temaneng eo a re naya tshono ya gore re bontshe gore re ikanya dinonofo tsa ga Jehofa. A ka boikokobetso re amogele gore ga re tlhaloganye sengwe le sengwe se ene a se tlhaloganyang. (Mor. 11:5) Ka jalo, re tla tlhotlheletsega go dumalana le mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso! A bo dikatlholo tsa gagwe di ka se ka tsa hukutsega jang ne le ditsela tsa gagwe e le tse di sa ka keng tsa latedisiwa! Gonne ‘ke mang yo o itseng mogopolo wa ga Jehofa, kgotsa ke mang yo jaanong a leng mogakolodi wa gagwe?’ Kgotsa, ‘Ke mang yo pele a neng a mo naya, mo e leng gore o tshwanetse go duelwa?’ Ka gonne dilo tsotlhe di tswa mo go ene e bile di ka ene e bile ke tsa gagwe. Kgalalelo e nne mo go ene ka bosaengkae. Amen.”—Bar. 11:33-36.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 14 Go na le pego e e tshwanang le eno mo go Dipalo 14:11-20.

^ ser. 15 Go ya ka baithuti bangwe, leele la Sehebera le le fitlhelwang mo go Ekesodo 32:10 le le ranolwang e le “ntlogele jaanong,” le ka tsewa e le taletso, kakantsho ya gore Moshe o ne a tla letliwa go buelela kgotsa go “ema mo sebakeng fa pele ga” ga Jehofa le setšhaba. (Pes. 106:23; Esek. 22:30) Le fa go ka tswa go ntse jalo, go bonala sentle gore Moshe o ne a tlhalosetsa Jehofa maikutlo a gagwe a phuthologile.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng se se tla re thusang gore re se ka ra leba Jehofa ka tsela e re lebang batho ka yone?

• Go tlhaloganya tsela e Jesu a neng a dira dilo ka yone go ka re thusa jang go “atamalana thata le Jehofa”?

• O ithutile eng mo metlotlong e Jehofa a neng a nna le yone le Moshe le Aborahame?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Re ithuta eng ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone fa re leba mokgwa o a neng a dirisana le Moshe le Aborahame ka one?