Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Nna le Seabe go Dira Gore Dipokano Tsa Bokeresete di Age?

A o Nna le Seabe go Dira Gore Dipokano Tsa Bokeresete di Age?

 A o Nna le Seabe go Dira Gore Dipokano Tsa Bokeresete di Age?

“Fa lo phuthega mmogo, . . . a dilo tsotlhe di diragale ka boikaelelo jwa go agana.”—1 BAKOR. 14:26.

1. Go ya ka 1 Bakorintha kgaolo 14, boikaelelo jo bogolo jwa dipokano tsa Bokeresete ke bofe?

‘POKANO eno e ne e aga tota!’ A o kile wa bua jalo nako nngwe morago ga dipokano kwa Holong ya Bogosi? O tshwanetse! Ruri dipokano tsa phuthego di a kgothatsa, mme seo ga se gakgamatse. Fela jaaka mo metlheng ya Bakeresete ba bogologolo, boikaelelo jo bogolo jwa dipokano tsa rona gompieno ke go nonotsha botlhe ba ba leng teng semoyeng. Ela tlhoko kafa moaposetoloi Paulo a gatelelang ka teng boikaelelo joo jwa dipokano tsa Bokeresete mo lekwalong la gagwe la ntlha le a neng a le kwaletse Bakorintha. Mo kgaolong yotlhe ya 14, gangwe le gape o umaka gore kabelo nngwe le nngwe e e dirwang kwa dipokanong tsa phuthego e tshwanetse go fitlhelela boikaelelo jo bo tshwanang—“gore [e] age phuthego.”—Bala 1 Bakorintha 14:3, 12, 26. *

2. (a) Ke eng se se dirang gore dipokano di kgothatse? (b) Re tlile go sekaseka potso efe?

 2 Re lemoga gore tlhotlheletso ya moya wa Modimo ke yone e dirang gore dipokano di kgothatse, kana di rute. Ka jalo, re simolola pokano nngwe le nngwe ya phuthego ka thapelo, re rapela Rraarona yo o kwa legodimong e bong Jehofa go tswa pelong gore a segofatse pokano ya rona ka moya wa gagwe o o boitshepo. Le fa go ntse jalo, re itse gore maloko otlhe a phuthego a ka nna le seabe go dira gore dipokano di kgothatse. Ka jalo ke dilo dife tse mongwe le mongwe wa rona a ka di dirang go tlhomamisa gore ka metlha dipokano tsa beke le beke tse di tshwarwang kwa Holong ya rona ya Bogosi di lapolosa semoyeng e bile di a kgothatsa?

3. Dipokano tsa Bokeresete di botlhokwa go le kana kang?

3 Go araba potso eo, re tla sekaseka dintlha dingwe tse di malebana le dipokano tsa rona, tse batho ba ba tshwarang dipokano tseo ba tshwanetseng go nna ba di gakologetswe. Gape re tla sekaseka kafa phuthego yotlhe e ka thusang ka teng gore dipokano di kgothatse botlhe ba ba leng teng. Kgang eno e botlhokwa thata mo go rona ka gonne dipokano tsa rona ke dikokoano tse di boitshepo. Ee, go nna teng le go tsaya karolo kwa dipokanong go botlhokwa mo kobamelong ya rona e re e direlang Jehofa.—Pes. 26:12; 111:1; Isa. 66:22, 23.

Pokano e e Rulaganyeditsweng go Ithuta Baebele

4, 5. Boikaelelo jwa Thuto ya Tora ya Tebelo ke bofe?

4 Rotlhe re batla go solegelwa molemo ka botlalo ke thuto ya rona ya beke le beke ya Tora ya Tebelo. Ka jalo, gore re tlhaloganye sentle gore boikaelelo jwa konokono jwa pokano eno ke eng, a re sekasekeng dingwe tsa diphetogo tse di dirilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo le mo ditlhogong tse di ithutiwang.

5 Go simolola ka kgatiso ya ntlha ya makasine o o ithutiwang wa Tora ya Tebelo wa January 15, 2008, go ne ga tsenngwa sengwe sa botlhokwa mo tsebeng e e kafa ntle. A o se lemogile? Tlhoma matlho mo tsebeng e e kafa ntle ya makasine o o o tshotseng. Fa tlase ga setshwantsho sa tora, go na le setshwantsho sa Baebele e e butsweng. Setshwantsho seo se gatelela lebaka la go bo re tshwara Thuto ya Tora ya Tebelo. Ke gore re ithute Baebele re thusiwa ke makasine ono. Ee, kwa Thutong ya rona ya beke le beke ya Tora ya Tebelo, Lefoko la Modimo le “tlhalosiwa ka botlalo,” mme fela jaaka mo motlheng wa ga Nehemia wa bogologolo, le “dirwa gore [le] nne le bokao.”—Neh. 8:8; Isa. 54:13.

6. (a) Go dirilwe phetogo efe mo Thutong ya Tora ya Tebelo? (b) Re tshwanetse go nna re gakologetswe eng malebana le ditemana tse di kwadilweng “bala”?

6 E re ka Baebele e le yone buka ya konokono e re e ithutang, go ne ga dirwa phetogo mo Thutong ya Tora ya Tebelo. Ditemana di le mmalwa tse di umakilweng mo ditlhogong tsa thuto di kwadilwe “bala.” Rotlhe re kgothalediwa go bula Dibaebele tsa rona mme re bale ditemana tseno fa di balwa ka nako ya thuto. (Dit. 17:11) Ka ntlha yang? Dipelo tsa rona di tlhotlheletsega tota fa re iponela kgakololo ya Modimo mo Dibaebeleng tsa rona. (Baheb. 4:12) Ka jalo, pele ga ditemana tseo di balwa, motshwari wa thuto o tshwanetse go naya bareetsi botlhe nako e e lekaneng ya go di bula le go di bala ba tsamaisana mmogo le yo o di balang.

Re na Le Nako e e Oketsegileng ya go Tlhalosa Tumelo ya Rona

7. Re bulegelwa ke tshono efe ka nako ya Thuto ya Tora ya Tebelo?

7 Phetogo e nngwe gape e e dirilweng mo ditlhogong tsa thuto ya Tora ya Tebelo e amana le boleele jwa tsone. Mo dingwageng tsa bosheng, ditlhogo tseno di khutshwafaditswe. Ka jalo, ka nako ya Thuto ya Tora ya Tebelo, go dirisiwa nako e khutshwane go balwa dirapa, mme go nna le nako e e oketsegileng ya gore bareetsi ba akgele. Jaanong batho ba le bantsi mo phuthegong ba bulegelwa ke tshono ya go tlhalosa tumelo ya bone phatlalatsa ka go araba potso e e gatisitsweng, ka go tlhalosa kafa temana nngwe e re amang ka teng, ka go anela maitemogelo a makhutshwane a a bontshang gore go latela melaometheo ya Baebele go botlhale, le  ka ditsela tse dingwe. Go tshwanetse ga beelwa nako e nngwe kwa thoko gore go tlotlwe ka ditshwantsho.—Bala Pesalema 22:22; 35:18; 40:9.

8, 9. Seabe sa motshwari wa Thuto ya Tora ya Tebelo ke sefe?

8 Le fa go ntse jalo, nako eo e e oketsegileng ya go naya dikakgelo tse di farologaneng e tla nna teng fela fa batho ba ba akgelang ba ka araba ka bokhutshwane, le fa motshwari wa thuto a sa bue thata ka nako ya Thuto ya Tora ya Tebelo. Ka jalo, ke eng se se ka thusang motshwari wa thuto go nna tekatekano malebana le nako e a e dirisang a bua, le nako e phuthego e e dirisang go akgela gore pokano eno e kgothatse botlhe ba ba leng teng?

9 Go araba potso eo, akanya ka setshwantsho seno. Thuto ya Tora ya Tebelo e e tshwarwang sentle e tshwana le ngata ya dithunya tse dintle. Fela jaaka ngata e kgolo ya dithunya e dirilwe ka dithunya tse dintsi, Thuto ya Tora ya Tebelo le yone e dirwa ka dikakgelo tse dintsi tse di farologaneng. Mme fela jaaka dithunya tse di mo ngateng di sa lekane e bile di na le mebala e e farologaneng, dikakgelo tse di newang mo pokanong eno di farologana ka boleele le tsela e di newang ka yone.  Seabe sa motshwari wa thuto sone ke sefe? Dikakgelo tsa gagwe tse a di latlhelang fale le fale di tshwana le matlhare a le mmalwa a matala a a tsentsweng ka manontlhotlho mo ngateng ya dithunya. Ga go tsenngwe matlhare a mantsi thata; mme a tsenyediwa fela gore ngata eo e lebege sentle mme e kopane sentle. Ka tsela e e tshwanang, motshwari wa thuto o tshwanetse go nna a gakologetswe gore seabe sa gagwe ga se go hupetsa dikakgelo tsa pako tse di newang ke phuthego, mme ke go di tlatsa. Ee, fa dikakgelo tse dintsi tse di farologaneng tse di newang ke phuthego le dikakgelo di le mmalwa tse motshwari wa thuto a nnang a di latlhela ka botswerere di kopana, di dira ngata e ntle ya mafoko a a tla itumedisang botlhe ba ba reeditseng.

“A ka Metlha re Isetseng Modimo Setlhabelo . . . sa Pako”

10. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba leba jang dipokano tsa phuthego?

10 Tsela e Paulo a tlhalosang dipokano tsa Bokeresete ka yone mo go 1 Bakorintha 14:26-33 e re naya lesedi la kafa dipokano tseo di neng di tshwarwa ka teng mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Mokanoki mongwe wa Baebele o kwala jaana fa a akgela ka ditemana tseo: “Selo se se neng se tlhomologile thata ka tirelo ya Kereke ya bogologolo e tshwanetse ya bo e ne e le gore mo e batlileng e le mongwe le mongwe o ne a ya kwa go yone a dumela gore o na le tshiamelo ya go bua sengwe fa a le koo e bile o patelesega go dira jalo. Motho o ne a sa tle ka maikaelelo a go nna moreetsi fela; o ne a sa tlele go amogela fela mme o ne a tlela go aba.” Eleruri, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tsaya dipokano tsa phuthego e le tshono ya go tlhalosa tumelo ya bone.—Bar. 10:10.

11. (a) Ke eng se se dirang gore dipokano di kgothatse, mme ka ntlha yang? (b) Ke dikakantsho dife tse di ka re thusang go tokafatsa dikakgelo tsa rona kwa dipokanong? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

11 Go tlhalosa tumelo ya rona kwa dipokanong go thusa thata go ‘aga phuthego.’ Ruri o ka dumela gore go sa kgathalesege gore re na le dingwaga tse dintsi go le kae re ya dipokanong, ka metlha re itumelela go reetsa dikakgelo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Re amega maikutlo fa re utlwa karabo e e tswang pelong e e newang ke modumedi ka rona yo o ikanyegang yo o tsofetseng; re kgothadiwa ke kakgelo e e bontshang temogo ya mogolwane yo o lorato; mme re a nyenya fa re utlwa lentswe la ngwana a goela kwa godimo a naya karabo e e bontshang gore o rata Jehofa tota. Go bonala sentle gore rotlhe re dira gore dipokano tsa Bokeresete di kgothatse ka go naya dikakgelo. *

12. (a) Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Moshe le sa ga Jeremia? (b) Thapelo e thusa jang mo kgannyeng ya go akgela?

12 Le fa go ntse jalo, batho ba ba ditlhong ba ka thatafalelwa ke go akgela. Fa e le gore o ditlhong, go ka nna molemo go gakologelwa gore ga se wena fela o ikutlwang jalo. Tota e bile, le batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ba jaaka Moshe le Jeremia ba ne ba sa tshepe bokgoni jwa bone jwa go bua fa pele ga batho. (Ekes. 4:10; Jer. 1:6) Le fa go ntse jalo, fela jaaka Jehofa a ile a thusa batlhanka bao ba bogologolo go mmaka phatlalatsa, le wena o tla go thusa go mo isetsa ditlhabelo tsa pako. (Bala Bahebera 13:15.) Jehofa a ka go thusa jang go fenya poifo e o nang le yone ya go akgela? Sa ntlha, baakanyetsa dipokano sentle. Go tswa foo, pele ga o ya kwa Holong ya Bogosi, rapela Jehofa mme o mo kope ka tlhamalalo gore a go neye sebete sa go akgela. (Bafil. 4:6) Fa o dira jalo, o tla bo o kopa  sengwe se se leng “kafa thatong ya gagwe,” ka jalo o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla araba thapelo ya gago.—1 Joh. 5:14; Dia. 15:29.

Dipokano Tse Boikaelelo Jwa Tsone e Leng go ‘Aga, go Kgothatsa le go Gomotsa’

13. (a) Dipokano tsa rona di tshwanetse go ama jang ba ba leng teng? (b) Bagolwane ba tshwanetse go ipotsa potso efe ya botlhokwa?

13 Paulo a re boikaelelo jo bogolo jwa dipokano tsa phuthego ke go ‘aga, go kgothatsa le go gomotsa’ ba ba leng teng. * (1 Bakor. 14:3) Bagolwane ba Bakeresete gompieno ba ka tlhomamisa jang gore dipuo tse ba di bayang kwa dipokanong di kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi e bile di a ba gomotsa? Go araba potso eo, a re sekasekeng pokano e Jesu a neng a e tshwara moragonyana fela ga gore a tsosiwe.

14. (a) Go ne ga direga eng pele ga pokano e e neng e rulagantswe ke Jesu? (b) Ke eng fa baaposetoloi ba ne ba wela dibete fa “Jesu a [ne a] atamela a ba a bua le bone”?

14 Sa ntlha, ela tlhoko ditiragalo tse di diregileng pele ga pokano eo. Pelenyana fela ga Jesu a bolawa, baaposetoloi ba ne ba “mo tlogela ba tshaba,” mme jaaka go boleletswe pele, ‘mongwe le mongwe wa bone o ne a gasamisediwa kwa ntlong ya gagwe.’ (Mar. 14:50; Joh. 16:32) Mme morago ga tsogo ya gagwe, Jesu o ne a laletsa baaposetoloi ba gagwe ba ba kgobegileng marapo gore ba nne teng kwa pokanong e e kgethegileng. * Ka ntlha ya seo, “barutwa ba ba lesome le bongwe ba ya kwa Galalea kwa thabeng koo Jesu a neng a ba rulaganyeditse gone.” Fa ba goroga koo, “Jesu [o ne] a atamela a ba a bua le bone.” (Math. 28:10, 16, 18) Akanya kafa baaposetoloi ba tshwanetseng ba bo ba ne ba wela dibete ka teng fa Jesu a ne a dira jalo! Jesu o ne a bua eng le bone?

15. (a) Jesu o ne a bua ka dilo dife, mme ga a ka a bua ka eng? (b) Pokano eo e ne ya ama baaposetoloi jang?

15 Jesu o ne a simolola ka go dira kitsiso eno: “Taolo yotlhe ke e neilwe.” Go tswa foo o ne a ba naya kabelo eno: “Jalo tsamayang mme lo dire . . . barutwa.” Kwa bofelong, o ne a ba tlhomamisetsa jaana ka lorato: “Ke na le lona malatsi otlhe.” (Math. 28:18-20) A o etse tlhoko se Jesu a sa se dirang? Ga a ka a omanya baaposetoloi ba gagwe; e bile ga a ka a dirisa pokano eo go belaela maitlhomo a bone kana go dira gore ba ikutlwe ba le molato thata ka gore a bue ka go koafala ka nakwana ga tumelo ya bone. Go na le moo, Jesu o ne a ba naya kabelo e e botlhokwa, ka go dira jalo a ba tlhomamisetsa gore ene le Rraagwe ba a ba rata. Tsela e Jesu a ileng a tshwara baaposetoloi ba gagwe ka yone e ne ya ba ama jang? Ba ne ba kgothetse e bile ba gomotsegile thata mo e leng gore morago ga nako e e rileng pokano eo e sena go tshwarwa, ba ne ba setse ba “ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo” gape.—Dit. 5:42.

16. Bagolwane ba Bakeresete gompieno ba etsa sekao sa ga Jesu jang ka go tshwara dipokano tse di lapolosang?

16 Bagolwane gompieno ba etsa sekao sa ga Jesu ka go tsaya dipokano e le nako ya go tlhomamisetsa badumedi ka bone gore Jehofa o ba rata ka lorato lo logolo. (Bar. 8:38, 39) Ka jalo, fa bagolwane ba beile dipuo, ga ba bue thata ka makoa a bakaulengwe ba bone mme ba bua thata ka dilo tse bakaulengwe ba bone ba di dirang sentle. Ga ba belaele maitlhomo a bakaulengwe ba bone. Go na le moo, se ba se buang se bontsha gore ba tsaya badumedi ka bone e le batho ba ba ratang Jehofa le ba ba batlang go dira se se siameng. (1 Bathes. 4:1, 9-12) Mme gone, ka dinako tse dingwe bagolwane ba ka nna ba tshwanelwa ke go naya phuthego ka kakaretso kgakololo, mme fa e le batho ba le mmalwa fela ba ba tlhokang go newa kgakololo, go ka nna molemo gore ba e newe ba le bosi kwa thoko. (Bagal. 6:1; 2 Tim. 2:24-26) Fa bagolwane ba bua le phuthego yotlhe, ba leka go e akgola nako le nako fa go tshwanela. (Isa. 32:2) Ba leka go bua ka tsela e e tla dirang gore kwa bokhutlong jwa pokano, botlhe ba ba neng ba le teng ba ikutlwe  ba lapologetswe e bile ba kgothetse.—Math. 11:28; Dit. 15:32.

Di a Lapolosa

17. (a) Ke eng fa go le botlhokwa go feta le fa e le leng pele gore dipokano tsa rona di lapolose? (b) Ke eng se wena o ka se dirang gore dipokano di kgothatse? (Bona lebokose la setlhogo se se reng, “Ditsela di le Lesome Tse ka Tsone o ka Dirang Gore Dipokano di go Age, Wena le ba Bangwe.”)

17 Jaaka lefatshe la ga Satane le ntse le tsweletse le gatelela batho, re tshwanetse go tlhomamisa gore dipokano tsa rona tsa Bokeresete ke lefelo le le lapolosang—lefelo le botlhe ba bonang kgomotso kwa go lone. (1 Bathes. 5:11) Kgaitsadi mongwe yo ene le monna wa gagwe ba neng ba lebana le teko e kgolo mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, a re: “Fa re le kwa Holong ya Bogosi, go ne go ntse jaaka e kete re mo diatleng tse di lorato tsa ga Jehofa. Fa re le koo, re na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete, re ne re ikutlwa re kgona go latlhela mokgweleo wa rona mo go Jehofa, e bile re ne re ikutlwa re ritibetse maikutlo.” (Pes. 55:22) E kete botlhe ba ba tlang dipokanong tsa rona le bone ba ka ikutlwa ba kgothetse e bile ba gomotsegile jalo. Go tlhomamisa gore go nna jalo, a re tsweleleng re dira seabe sa rona go dira gore dipokano tsa Bokeresete di age.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 1 Go ne ga bolelelwa pele gore dilo dingwe tse di neng di dirwa kwa dipokanong tsa Bokeresete tsa lekgolo la ntlha la dingwaga di ne di tla kgaotsa. Ka sekai, ga re tlhole re “bua ka diteme” kana re ‘porofeta.’ (1 Bakor. 13:8; 14:5) Le fa go ntse jalo, ditaelo tsa ga Paulo di re naya lesedi la kafa dipokano tsa Bokeresete di tshwanetseng go tshwarwa ka teng gompieno.

^ ser. 11 Go bona dikakantsho tse di malebana le kafa re ka tokafatsang dikakgelo tsa rona ka teng kwa dipokanong, bona Tora ya Tebelo ya September 1, 2003, tsebe 19-22.

^ ser. 13 Malebana le pharologanyo e e leng teng fa gare ga “go kgothatsa” le “go gomotsa,” Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words e tlhalosa gore lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “go gomotsa” le kaya “sengwe se se fetang [go kgothatsa] fela.”—Bapisa le Johane 11:19.

^ ser. 14 Pokano eno e tshwanetse ya bo e ne e le e Paulo a neng a bua ka yone moragonyana fa a ne a re Jesu “o ne a bonala mo [go] ba ba fetang makgolo a matlhano.”—1 Bakor. 15:6.

O ka Araba Jang?

• Dipokano tsa Bokeresete di botlhokwa go le kana kang?

• Ke eng fa dikakgelo tse di newang kwa dipokanong di thusa go ‘aga phuthego’?

• Re ka ithuta eng mo pokanong e Jesu a neng a e tshwara le balatedi ba gagwe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 22, 23]

DITSELA DI LE LESOME TSE KA TSONE O KA DIRANG GORE DIPOKANO DI GO AGE, WENA LE BA BANGWE

Baakanyetsa go sa le gale. Fa o ithuta tshedimosetso e e tla ithutiwang kwa Holong ya Bogosi go sa le gale, o tla itumelela dipokano ka botlalo e bile di tla tlhotlheletsa pelo ya gago tota.

Nna teng ka metlha. E re ka mongwe le mongwe yo o leng teng a kgothala fa go na le batho ba bantsi, fa o nna teng, o aga ba bangwe.

Goroga ka nako. Fa o ntse fa fatshe pele ga thulaganyo e simolola, o tla kgona go kopanela fa go opelwa pina le fa go rapelwa thapelo e e bulang, tse e leng karolo ya kobamelo e re e direlang Jehofa.

Tla o tshotse dikgatiso tse o tla di tlhokang. Tla ka Baebele ya gago le kgatiso kana dikgatiso tse di tla dirisiwang mo pokanong gore o tle o di dirise mme o tlhaloganye botoka se se ithutiwang.

Tila go iteega tsebe. Ka sekai, o se ka wa bala melaetsa e e romelwang ka founu ya selula kwa dipokanong, e bale morago ga tsone. Fa o dira jalo, o tla bo o dira dilo tsa botho ka nako e e tshwanetseng.

Nna le seabe. Fa batho ba bantsi ba akgela, bareetsi ba ba oketsegileng ba kgothadiwa ke go utlwa ditsela tse di farologaneng tse ba bangwe ba tlhalosang tumelo ya bone ka tsone.

Akgela ka bokhutshwane. Seno se naya batho ba bantsi tshono ya go akgela.

Dira dikabelo tsa gago. Fa o le moithuti mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo kana o na le seabe mo Pokanong ya Tirelo, baakanyetsa sentle, ikatise go sa le gale, mme o leke ka natla gore o nne teng o bo o dire dikabelo tsa gago.

Akgola ba ba nnileng le seabe. Bolelela batho ba ba nnileng le seabe mo pokanong kana ba ba akgetseng gore maiteko a bone a anaanelwa thata.

Tlotla le ba bangwe. Go dumedisa ba bangwe ka bopelonomi le go nna le metlotlo e e agang le bone pele le morago ga dipokano, go ka dira gore ba itumelele go nna teng kwa dipokanong mme di ba solegele molemo thata.