Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moeteledipele wa Rona Gompieno

Moeteledipele wa Rona Gompieno

 Moeteledipele wa Rona Gompieno

“A tsamaya a fenya a ba a digela phenyo ya gagwe.”—TSHEN. 6:2.

1, 2. (a) Baebele e tlhalosa jang se Keresete a ntseng a se dira go tloga ka 1914 fa a sena go tlhomiwa go nna kgosi? (b) Keresete o dirile eng fa a sa le a tlhomiwa go nna kgosi?

KERESETE o ne a tlhomiwa go nna Kgosi ya Bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia ka 1914. Gone jaanong re akanya ka ene a le mo boemong bofe? A re akanya ka ene e le kgosi e e ntseng mo setulong sa yone sa bogosi e ja marapo a tlhogo, a ntse a tlhodumela mo lefatsheng gangwe le gape go lekola gore dilo di ntse di tsamaya jang mo phuthegong ya gagwe? Fa go ntse jalo, re tshwanetse go akanya gape. Dipesalema le buka ya Tshenolo di mo tlhalosa e le kgosi e e matlhagatlhaga, e palame pitse e ya go ‘fenya e bo e digela phenyo ya yone,’ mme e tswelela go fitlha kgabagare e “atlega.”—Tshen. 6:2; Pes. 2:6-9; 45:1-4.

2 Tiro ya ntlha e Keresete a e dirileng fa a sena go tlhomiwa go nna kgosi e ne e le go fenya “kgogela le baengele ba yone.” Keresete, e le moengele yo mogolo Mikaele, yo o eteletseng baengele ba gagwe pele, o ne a leleka Satane le madimona a gagwe kwa magodimong a a boitshepo mme a ba piriganyetsa mo lefatsheng. (Tshen. 12:7-9) Go tswa foo, fa Jesu a ne a direla e le “morongwa wa kgolagano” wa ga Jehofa, o ne a tla le Rraagwe go tla go tlhatlhoba tempele ya semoya. (Mal. 3:1) O ne a atlhola madumedi a a ipitsang a Bokeresete, karolo e e molato thata ya “Babelona o Mogolo,” mme a fitlhela a na le molato wa madi le wa go dira boaka jwa semoya le tsamaiso ya dipolotiki ya lefatshe leno.—Tshen. 18:2, 3, 24.

O Ntlafatsa Motlhanka wa Gagwe wa mo Lefatsheng

3, 4. (a) Keresete o ne a wetsa tiro efe e le “morongwa” wa ga Jehofa? (b) Go tlhatlhobiwa ga tempele go ne ga senola eng, mme jaaka Jesu e le Tlhogo ya phuthego o tlhomile bomang?

3 Tlhatlhobo e e neng ya dirwa ke Jehofa le  “morongwa” wa gagwe, gape e ne ya senola gore mo lolwapeng lwa mo lefatsheng lwa tempele ya semoya, go na le setlhopha sa Bakeresete ba mmatota, ba e seng karolo ya dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete. Le fa go ntse jalo, tota le Bakeresete bano ba ba tloditsweng kgotsa “bomorwa Lefi,” le bone ba ne ba tshwanetse go ntlafadiwa. Go ne go ntse jaaka moporofeti Malaki a ne a bolelelapele: “[Jehofa] o tla nna jaaka moitshekisi le montlafatsi wa selefera a ba a ntlafatsa bomorwa Lefi; o tla ba itshekisa jaaka gouta le jaaka selefera, mme mo go Jehofa, ruri ba tla nna batho ba ba isang tshupelo ya mpho ka tshiamo.” (Mal. 3:3) Jehofa o ne a dirisa ‘morongwa wa gagwe wa kgolagano’ e bong Keresete Jesu go ntlafatsa Baiseraele bano ba semoya.

4 Le fa go ntse jalo, Keresete o ne a fitlhela bone Bakeresete bano ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba dira bojotlhe jwa bone go naya ba ntlo ya tumelo dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. Fa e sa le go simolola ka 1879, ba ntse ba gatisa dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele tse di ka ga Bogosi jwa Modimo mo makasineng ono, go le thata le go se thata. Jesu o ne a porofetile gore fa a “goroga” a tla go tlhatlhoba ba ntlo ya gagwe ka nako ya “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” o ne a tla fitlhela motlhanka a ba naya “dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng.” O ne a tla bolela motlhanka yoo a itumetse, mme o ne a tla “mo tlhoma gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe” mo lefatsheng. (Math. 24:3, 45-47) Jaaka Keresete e le Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, o dirisitse “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go okamela dilo tse di direlwang Bogosi jwa Gagwe mo lefatsheng. O ntse a naya batlodiwa “ba ntlo ya gagwe” le ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe” kaelo a dirisa Setlhopha se se Laolang.—Joh. 10:16.

Thobo ya mo Lefatsheng

5. Johane o bone Mesia Kgosi a dira eng mo ponatshegelong?

5 Moaposetoloi Johane o ne a bona ponatshegelo ya sengwe se sele se Mesia Kgosi a neng a tla se dira mo “letsatsing la Morena” fa a sena go tlhomiwa ka 1914. Johane o ne a kwala jaana: “Ka leba, mme, bona! leru le lesweu, mme mo lerung leno go ntse mongwe yo o tshwanang le morwa motho, a na le serwalo sa gouta mo tlhogong ya gagwe le sekele e e bogale mo seatleng sa gagwe.” (Tshen. 1:10; 14:14) Johane o ne a utlwa moengele yo o tswang kwa go Jehofa a bolelela Morobi yono gore a tsenye sekele ya gagwe ka gonne “thobo ya lefatshe e budule thata.”—Tshen. 14:15, 16.

6. Jesu o ne a re go ne go tla direga eng mo tsamaong ya nako?

6 ‘Thobo eno ya lefatshe’ e re gopotsa setshwantsho sa ga Jesu sa korong le mefero. Jesu o ne a itshwantsha le monna yo o jetseng peo ya korong mo tshimong ya gagwe mme a lebeletse go roba korong e ntsi e e molemo, e e emelang “bana ba bogosi,” e leng Bakeresete ba mmatota ba ba tloditsweng ba ba tla busang le ene mo Bogosing jwa gagwe. Mme bosigo mmaba, e leng “Diabolo,” o ne a jala mefero e e emelang “bana ba yo o boikepo.” Mojadi o ne a laela badiri ba gagwe gore ba letle korong le mefero di gole mmogo go fitlha ka motlha wa thobo mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo.’ Ka nako eo, o ne a tla romela baengele ba gagwe go ya go kgaoganya korong le mefero.—Math. 13:24-30, 36-41.

7. Keresete o dira jang “thobo ya lefatshe”?

 7 Jesu o ntse a diragatsa se Johane a se boneng mo ponatshegelong, ka go dira tiro ya thobo mo lefatsheng lotlhe. “Thobo ya lefatshe” e simolotse ka go phuthiwa ga masalela a ba ba 144 000 “bana ba bogosi,” ba e leng “korong” mo setshwantshong sa ga Jesu. Pharologanyo e e leng teng fa gare ga Bakeresete ba mmatota le ba maaka e ne ya bonala thata morago ga Ntwa ya Lefatshe I, mme e ile ya thusa mo karolong ya bobedi ya “thobo ya lefatshe”—go phuthiwa ga dinku tse dingwe. Bano ga se “bana ba bogosi” mme go na le moo, ke “boidiidi jo bogolo” jwa batho ba ba ratang go nna babusiwa ba Bogosi joo. Ba robiwa go tswa mo bathong ba “ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo” tsotlhe. Ba ikobela Bogosi jwa ga Mesia, jo e leng jwa ga Keresete Jesu le “baitshepi” ba le 144 000, ba ba tla bong ba busa le ene mo pusong eo ya kwa legodimong.—Tshen. 7:9, 10; Dan. 7:13, 14, 18.

Go Etelela Diphuthego Pele

8, 9. (a) Ke eng se se bontshang gore Jesu ga a ele tlhoko boitshwaro jwa phuthego ka kakaretso fela, mme o ela tlhoko le tsela e leloko lengwe le lengwe la yone le tshelang ka yone? (b) Jaaka go bontshitswe mo tsebe 26, re tshwanetse go tila ‘dilo dife tse di boteng tsa ga Satane’?

8 Mo setlhogong se se fetileng re bone kafa Keresete a neng a etse tlhoko ka teng bomoya jwa phuthego nngwe le nngwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Mo motlheng wa rona, e re ka Keresete Moeteledipele wa rona e le Kgosi e e busang e e neilweng “taolo yotlhe . . . kwa legodimong le mo lefatsheng,” ke tlhogo e e ntshitseng matlho dinameng ya diphuthego tse di mo lefatsheng lotlhe le balebedi ba tsone. (Math. 28:18; Bakol. 1:18) Jehofa o ‘mo dirile tlhogo ya dilo tsotlhe mo phuthegong’ ya batlodiwa. (Baef. 1:22) Ka jalo, Jesu o bona sengwe le sengwe se se diregang mo diphuthegong tse di fetang 100 000 tsa Basupi ba ga Jehofa.

9 Jesu o ne a romelela phuthego ya bogologolo ya Thiatira molaetsa ono: “Tseno ke dilo tse Morwa Modimo a di buang, yo matlho a gagwe a tshwanang le kgabo e e tukang, . . . ‘Ke itse ditiro tsa gago.’” (Tshen. 2:18, 19) O ne a kgalema maloko a phuthego eo ka ntlha ya boitsholo jwa one jo bo sa siamang le botshelo jwa go rata go ikgotsofatsa, mme a ba raya a re: “Ke nna yo o hukutsang diphilo le dipelo, mme ke tla naya mongwe le mongwe wa lona kafa ditirong tsa lona.” (Tshen. 2:23) Mafoko ano a bontsha gore Keresete ga a ele tlhoko fela se se dirwang ke phuthego ka kakaretso mme gape o ela tlhoko le tsela e leloko lengwe le lengwe la phuthego le tshelang ka yone. Jesu o ne a akgola Bakeresete ba kwa Thiatira ba ba neng ba se ka ba “itse ‘dilo tse di boteng tsa ga Satane.’” (Tshen. 2:24) Le gompieno o ntse a kgatlhiwa ke basha le batho ba ba godileng, ba ba ithibang gore ba se ka ba inaakanya le “dilo tse di boteng tsa ga Satane” ka go dirisa Internet, ka go tshameka metshameko ya dibidio e e tletseng thubakanyo kgotsa ka go inaakanya le dikakanyo tsa batho tsa gore sengwe le sengwe se itshiametse fela. A bo a itumela jang ne gompieno fa a bona Bakeresete ba le bantsi ba ba dirang maiteko e bile ba itima dilo dingwe, ba dira bojotlhe go latela kaelo ya gagwe mo dikarolong tsotlhe tsa matshelo a bone!

10. Tsela e Keresete a kaelang phuthego ka yone a dirisa bagolwane e tshwantshiwa le eng, mme gone ba tshwanetse go tlhaloganya eng?

10 Keresete o tlhokometse diphuthego tsa gagwe tsa mo lefatsheng ka lorato a dirisa bagolwane ba ba tlhomilweng. (Baef. 4:8, 11, 12) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, balebedi botlhe ba ne ba tsetswe ka moya. Mo bukeng ya Tshenolo ba ne ba tshwantshiwa le dinaledi tse di mo seatleng sa moja sa ga Keresete. (Tshen. 1:16, 20) Gompieno, bontsi jwa bagolwane ba diphuthego ke ba dinku tse dingwe. Ba tlhomiwa morago ga thapelo le ka kaelo ya moya o o boitshepo, ka jalo le bone ba ka tsewa ba le mo taolong ya ga Keresete kgotsa ba kaelwa ke seatla sa gagwe. (Dit. 20:28) Le fa go ntse jalo, ba tlhaloganya gore Keresete o dirisa setlhotshwana sa banna ba Bakeresete ba ba tloditsweng gore e nne Setlhopha se se Laolang se se etelelang pele le go kaela barutwa ba gagwe mo lefatsheng.—Bala Ditiro 15:6, 28-30.

“Tla, Morena Jesu”

11. Ke eng fa re swegaswegela go bona Moeteledipele wa rona a tla ka bonako?

11 Mo tshenolong e e neng ya newa moaposetoloi  Johane, Jesu o ne a bua ka makgetlho a le mmalwa gore o tla ka bonako. (Tshen. 2:16; 3:11; 22:7, 20) Ga go na pelaelo gore o ne a bua ka go tla ga gagwe a tla go atlhola Babelona yo Mogolo le tsamaiso yotlhe ya ga Satane e e boikepo ya dilo. (2 Bathes. 1:7, 8) E re ka moaposetoloi yo o neng a tsofetse e bong Johane a ne a batla go bona go diragadiwa ga ditiragalo tsotlhe tse di molemo tse di boleletsweng pele, o ne a re: “Amen! Tla, Morena Jesu.” Le rona ba re tshelang mo motlheng wa bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo re swegaswega go bona Moeteledipele wa rona le Kgosi a tla ka maatla a Bogosi go tla go itshepisa leina la ga Rraagwe le go tlotlomatsa bolaodi jwa Gagwe.

12. Keresete o tla wetsa tiro efe pele ga diphefo tse di tlileng go senya tsamaiso eno di gololwa?

12 Pele ga Jesu a tla go senya mokgatlho o o bonalang wa ga Satane, masalela a ba ba 144 000 a Iseraele wa semoya a tla tshwaiwa la bofelo. Baebele e tlhalosa sentle gore diphefo tse di tlileng go senya tsamaiso ya ga Satane di ka se gololwe go fitlha ba ba 144 000 ba tshwailwe botlhe.—Tshen. 7:1-4.

13. Keresete o tla dira jang gore go nna gone ga gagwe go bonale mo karolong ya ntlha ya “pitlagano e kgolo”?

13 Bontsi jwa banni ba lefatshe ba ntse ba sa lemoge gore “go nna gone” ga ga Keresete go simologile ka 1914. (2 Pet. 3:3, 4) Le fa go ntse jalo, gautshwane o tla dira gore go nna gone ga gagwe go bonale ka go diragatsa katlholo ya ga Jehofa mo dikarolong tse di farologaneng tsa tsamaiso ya ga Satane ya dilo. Go senngwa ga “monna yo o se nang molao” e leng baruti ba madumedi a ipitsang a Bokeresete, ruri e tla nna “go bonatshega ga go nna gone ga gagwe.” (Bala 2 Bathesalonika 2:3, 8.) Seo e tla bo e le bosupi jo bo ka se ganediweng jwa gore Keresete ke Moatlhodi yo o tlhomilweng ke Jehofa. (Bala 2 Timotheo 4:1.) Karolo e e molato thata ya Babelona o Mogolo e tla senngwa pele, mme morago ga moo mmusomogolo o o boikepo wa kobamelo ya maaka o tla senngwa gotlhelele. Jehofa o tla tsenya mo dipelong tsa baeteledipele ba dipolotiki gore ba senye seaka seno sa semoya. (Tshen. 17:15-18) Eo e tla bo e le karolo ya ntlha ya “pitlagano e kgolo.”—Math. 24:21.

14. (a) Ke eng fa karolo ya ntlha ya pitlagano e kgolo e tla khutshwafadiwa? (b) “Sesupo sa Morwa motho” se tla kaya eng mo bathong ba ga Jehofa?

14 Jesu o ne a re malatsi a pitlagano eo a tla khutshwafadiwa “ka ntlha ya ba ba tlhophilweng,” e leng masalela a batlodiwa ba Bakeresete ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng. (Math. 24:22) Jehofa ga a kitla a letla gore tlhaselo eno e e tla senyang bodumedi jwa maaka e nyeletse Bakeresete ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe. Gape Jesu o ne a re “morago ga pitlagano ya malatsi ao,” go tla nna le ditshupo mo letsatsing le mo ngweding le mo dinaleding, “mme go tswa foo sesupo sa Morwa motho se tla bonala kwa legodimong.” Seno se tla dira gore ditšhaba tsa lefatshe ‘di ititeye di lela selelo sa khutsafalo.’ Mme seo ga se kitla se diragalela batlodiwa ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong le ditsala tsa bone tse di nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Ba tla ‘ema ba tlhamaletse ba bo ba tsholetsa ditlhogo tsa bone gonne kgololo ya bone e a atamela.’—Math. 24:29, 30; Luke 21:25-28.

15. Keresete o tla dira tiro efe fa a tla?

15 Pele ga Morwa motho a digela phenyo ya gagwe, o tla tla ka tsela e nngwe gape. O ne a bolelelapele jaana: “Fa Morwa motho a goroga a le mo kgalalelong ya gagwe, le baengele botlhe ba  na le ene, ka nako eo o tla nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang. Mme ditšhaba tsotlhe di tla phuthelwa fa pele ga gagwe, mme o tla kgaoganya batho mongwe mo go yo mongwe, fela jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipodi. Mme o tla baya dinku ka fa seatleng sa gagwe sa moja, mme dipodi ka fa molemeng wa gagwe.” (Math. 25:31-33) Seno se kaya go tla ga ga Keresete e le Moatlhodi go tla go kgaoganya batho ba “ditšhaba tsotlhe” ka ditlhopha tse pedi: “dinku,” ba ba tla bong ba eme nokeng barwarraagwe ba semoya (Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng), le “dipodi,” e leng “ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu.” (2 Bathes. 1:7, 8) Dinku tse di tlhalosiwang e le “basiami” di tla amogela ‘botshelo jo bo sa khutleng’ mo lefatsheng mme dipodi tsone di tla “ya kwa go kgaolweng ga bosakhutleng” kgotsa di tla senyediwa ruri.—Math. 25:34, 40, 41, 45, 46.

Jesu o Digela Phenyo ya Gagwe

16. Keresete Moeteledipele wa rona o tla digela jang phenyo ya gagwe?

16 Keresete o tla “digela phenyo ya gagwe” fa palo ya dikgosi tsa baperesiti ba ba tlileng go busa le ene e setse e feletse, le dinku di setse di tlhophilwe e bile di beilwe kafa letsogong la gagwe la moja gore di bolokwe. (Tshen. 5:9, 10; 6:2) O tla bo a eteletse pele masomo a gagwe a a nonofileng a baengele, mmogo le barwarraagwe ba ba tsositsweng, mme o tla senya tsamaiso yotlhe ya ga Satane ya bopolotiki, ya sesole le ya kgwebo mo lefatsheng. (Tshen. 2:26, 27; 19:11-21) Keresete o tla bo a digetse phenyo ya gagwe fa a senya tsamaiso e e boikepo ya ga Satane. Go tswa foo o tla tsenya Satane le madimona a gagwe mo moleteng ka dingwaga di le sekete.—Tshen. 20:1-3.

17. Keresete o tla kaela dinku tse dingwe tsa gagwe go ya kae mo Pusong ya Dingwaga Tse di Sekete, mme re tshwanetse go ititaya sehuba go dira eng?

17 Fa moaposetoloi Johane a bua ka “boidiidi jo bogolo” jwa dinku tse dingwe jo bo tla falolang pitlagano e kgolo o ne a bolelelapele gore, “Kwana, yo o mo gare ga setulo sa bogosi, o tla ba disa, e bile o tla ba kaela go ya kwa metsweding ya metsi a botshelo.” (Tshen. 7:9, 17) Ee, mo Pusong ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, o tla tswelela a kaela dinku tse dingwe tse ruri di reetsang lentswe la gagwe go ya kwa botshelong jo bo sa khutleng. (Bala Johane 10:16, 26-28.) A re lateleng Moeteledipele wa rona yo e leng kgosi ka boikanyegi—gone jaanong le go ya kwa lefatsheng le lesha le Jehofa a le solofeditseng!

Poeletso

• Keresete o ne a dira eng fa a sena go tlhomiwa go nna kgosi?

• Keresete o dirisa bomang mo lefatsheng go etelela diphuthego tsa gagwe pele?

• Keresete Moeteledipele wa rona o sa ntse a tla tla ka ditsela dife tse dingwe?

• Keresete o tla tswelela a re kaela jang go ya kwa lefatsheng le lesha?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go senngwa ga tsamaiso ya ga Satane e e boikepo go tla dira gore go nna gone ga ga Keresete go bonatshege