Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Mang Yo o Ka Gololang ba ba Goang ba Kopa Thuso?

Ke Mang Yo o Ka Gololang ba ba Goang ba Kopa Thuso?

 Ke Mang Yo o Ka Gololang ba ba Goang ba Kopa Thuso?

“Ao tlhe Modimo, naya kgosi ditshwetso tsa gago tsa boatlhodi . . . Gonne o tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso.”—PES. 72:1, 12.

1. Re ithuta eng ka bopelotlhomogi jwa Modimo mo kgannyeng ya ga Dafide?

A BO mafoko ao a go lebegang a kwadilwe ke Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo a gomotsa jang ne! Dingwaga tse dintsi pele ga a kwala mafoko ao, o ne a ile a ikwatlhaya morago ga go dira boaka le Bathesheba. Ka nako eo, Dafide o ne a kopa Modimo a re: “Phimola ditlolo tsa me go ya ka letlotlo la mautlwelobotlhoko a gago. . . . Boleo jwa me bo fa pele ga me ka metlha. . . . Bona! Ke tsholetswe mo tlolong ka ditlhabi tsa pelegi, mmè o ne a inthwalela mo boleong.” (Pes. 51:1-5) E re ka Jehofa a le pelotlhomogi, o a re akanyetsa ka gonne re ruile boleo.

2. Pesalema 72 e ka re thusa jang?

2 Jehofa o tlhaloganya boemo jwa rona jo bo utlwisang botlhoko. Le fa go ntse jalo, jaaka go boleletswe pele, Kgosi ya Modimo e e tloditsweng e “tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka.” (Pes. 72:12, 13) O tla ba golola jang? Pesalema 72 e re bolelela gore o tla dira seo jang. E re ka pina eno e tlhamilwe go akantswe ka bogosi jwa ga morwawe Dafide e bong Solomone, ke maoko fela a kafa puso ya morwa Modimo, e bong Jesu Keresete e tla gololang batho ka teng mo mathateng.

 Ponelopele ya Puso ya ga Keresete

3. Solomone o ne a kopa eng, mme Modimo o ne a mo naya eng?

3 Fa Dafide yo o neng a tsofetse a sena go laela gore Solomone a dirwe kgosi, o ne a mo naya ditaelo tse di tlhamaletseng tse a neng a di latela ka boikanyegi. (1 Dikg. 1:32-35; 2:1-3) Moragonyana Jehofa o ne a bonala mo go Solomone mo torong mme a re: “Lopa se ke tla se go nayang.” Solomone o ne a kopa selo se le sengwe fela: “O neye motlhanka wa gago pelo e e utlwang gore a atlhole batho ba gago, gore a lemoge molemo le bosula.” Ka gonne Solomone o ne a kopile ka boikobo, Modimo o ne a mo naya se a se kopileng le dilo tse dingwe tse dintsi.—1 Dikg. 3:5, 9-13.

4. Puso ya ga Solomone e ne ya tlhalosiwa jang ke mmusi mongwe wa motlha wa gagwe?

4 Ka ntlha ya tshegofatso ya ga Jehofa, mo pusong ya ga Solomone go ne ga rena kagiso le katlego ka selekanyo se go iseng go tsamaye go direge ka sone mo pusong epe ya mo lefatsheng. (1 Dikg. 4:25) Bangwe ba batho ba ba neng ba tla go bona gore puso ya ga Solomone e ne e ntse jang, e ne e le kgosigadi ya Sheba mmogo le bapati ba gagwe ba bantsi. Kgosigadi eno e ne ya raya Solomone ya re: “Lefoko le ke le utlwileng kwa lefatsheng la me . . . le boammaaruri. . . . Ke ne ke sa bolelelwa le fa e le sephatlo. O gaisitse ka botlhale le ka katlego dilo tse di utlwilweng tse ke neng ka di reetsa.” (1 Dikg. 10:1, 6, 7) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bontsha botlhale jo bo gaisang joo thata, mme go ne go tshwanela gore a ka itebisa mafoko ano: “Bona! sengwe se se fetang Solomone se fano.”—Math. 12:42.

Go Bona Kgololo mo Pusong ya ga Solomone yo Mogolwane

5. Pesalema 72 e senola eng, mme e re naya lesedi ka eng se se tla diregang mo isagweng?

5 Jaanong a re sekasekeng se go buiwang ka sone mo go Pesalema 72 mme re ithute ka masego a a tla nnang gone mo pusong ya ga Jesu Keresete, Solomone yo Mogolwane. (Bala Pesalema 72:1-4.) Pesalema eno e senola kafa Jehofa a ikutlwang ka gone ka “go busa e le kgosana” ga ga Morwawe yo e leng “Kgosana ya Kagiso,” Jesu Keresete. (Isa. 9:6, 7) Modimo o tla kaela Solomone yo Mogolwane go ‘seka kgang ya yo o bogisiwang mme a golole barwa ba mohumanegi.’ Puso ya gagwe e tla nna ya kagiso le tshiamo. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a naya lesedi ka se Puso ya gagwe e e tlang ya Dingwaga tse di Sekete e neng e tla se dira.—Tshen. 20:4.

6. Jesu o ne a dira dilo dife tse di bontshang masego a batho ba tla a bonang mo pusong ya Bogosi?

6 Akanya ka dilo dingwe tse Jesu Keresete a neng a di dira tse di re bontshang se a tlileng go se direla batho fa a diragatsa mafoko a Pesalema 72. Re na le mabaka a a utlwalang a go amiwa pelo ke kutlwelobotlhoko e kgolo e a neng a e bontsha ba ba bogang. (Math. 9:35, 36; 15:29-31) Ka sekai, monna yo o neng a na le lepero o ne a tla kwa go Jesu mme a mo kopa a re: “Fa fela o batla o ka nntlafatsa.” Jesu o ne a mo raya a re: “Ke a batla. Ntlafala.” Mme monna yoo o ne a fola! (Mar. 1:40-42) Moragonyana Jesu o ne a kopana le motlholagadi yo morwawe yo o esi a neng a sule. Jesu o ne “a tlhotlheletsega go mo tlhomogela pelo” mme a raya morwawe a re: “Tsoga!” mme a tsoga. O ne a boa a tshela gape!—Luke 7:11-15.

7, 8. Dingwe tsa ditsela tse Jesu a ileng a bontsha maatla a gagwe a go fodisa ka tsone ke dife?

7 Jehofa o ne a naya Jesu maatla a go dira dikgakgamatso. Seno se ne sa bonala mo kgannyeng ya mosadi “yo o neng a tsenwe ke kelelo ya madi dingwaga di le lesome le bobedi.” Le fa a ne a “tsentswe  mo ditlhabing di le dintsi ke dingaka di le dintsi e bile a dirisitse mahumo otlhe a gagwe,” boemo jwa gagwe bo ne jwa nna maswe le go feta. Mosadi yono o ne a tsena mo boidiiding jwa batho mme a ama Jesu—a tlola Molao wa ga Moshe o o neng o le malebana le ‘kelelo ya madi.’ (Lefi. 15:19, 25) Jesu o ne a lemoga gore maatla a ne a dule mo go ene mme a botsa gore ke mang yo o mo amileng. Mosadi yono o ne a “wela fa fatshe fa pele ga gagwe mme a mmolelela boammaaruri jotlhe,” a “tshogile e bile a roroma.” Fa Jesu a lemoga gore Jehofa o ne a fodisitse mosadi yoo, o ne a mmolelela jaana ka bopelonomi: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso, o bo o fole mo pobolong ya gago e e hutsafatsang.”—Mar. 5:25-27, 30, 33, 34.

8 Maatla a Jesu a neng a a neilwe ke Modimo a go fodisa balwetse a tshwanetse a bo a ile a dira gore batho ba ba neng ba lebile ba gakgamale fela thata. Ka sekai, ba bantsi ba tshwanetse ba bo ba ile ba kgatlhega fa ba bona Jesu a fodisa batho, pele ga a neela Thero ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng. (Luke 6:17-19) Fa Johane Mokolobetsi a ne a romela barongwa ba le babedi gore ba tlhomamise gore Jesu ke Mesia, ba ne ba mo fitlhela a “alafa bontsi jwa dipobolo le malwetse a a hutsafatsang le meya e e boikepo a ba a naya batho ba le bantsi ba ba foufetseng letlhogonolo la go bona.” Ka jalo Jesu o ne a raya bobedi joo a re: “Tsamayang, begelang Johane se lo se boneng le se lo se utlwileng: difofu di kgona go bona, ditlhotsa di a tsamaya, balepero ba a ntlafadiwa le bosusu ba a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba bolelelwa dikgang tse di molemo.” (Luke 7:19-22) Molaetsa oo o tshwanetse wa bo o ile wa kgothatsa Johane tota!

9. Dikgakgamatso tsa ga Jesu e ne e le maoko a eng?

9 Gone ke boammaaruri gore kgololo e Jesu a neng a e naya batho ka nako ya fa a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng e ne e le ya nakwana fela. Batho ba a neng a ba fodisa kgotsa a ba tsosa, ba ne ba swa moragonyana. Le fa go ntse jalo, dikgakgamatso tse Jesu a di dirileng fa a ne a le mo lefatsheng e ne e le maoko fela a kgololo e e nnelang ruri e a tla e nayang batho mo pusong ya gagwe e le Mesia.

Paradaise ya Lefatshe Lotlhe e Larile Kwa Pele!

10, 11. (a) Masego a a tla tlisiwang ke Bogosi a tla nna gone ka lobaka lo lo kae, mme puso ya ga Jesu e tla bo e ntse jang? (b) Ke mang yo o tla nnang le Keresete mo Paradaiseng, mme o tla kgona jang go tshelela ruri?

10 Leka go akanya gore botshelo bo tla bo bo ntse jang mo lefatsheng la Paradaise. (Bala Pesalema 72:5-9.) Baobamedi ba Modimo o o osi wa boammaaruri ba tla kgona go itumelela botshelo mo Paradaiseng, fa fela letsatsi le ngwedi di sa ntse di le gone—ee, ka bosakhutleng! Kgosi Jesu Keresete o tla ba lapolosa jaaka “pula mo bojannyeng jo bo kgaotsweng [le] jaaka pula e kgolo e e kolobetsang lefatshe.”

11 Fa o ntse o akanya ka go diragadiwa ga pesalema eno, a ga o amiwe maikutlo ke tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise? Ga go na pelaelo gore modirabosula yo o neng a bapotswe o ne a itumetse tota fa Jesu a ne a mo raya a re: “O tla nna le nna mo Paradaiseng.” (Luke 23:43) Ka nako ya Puso ya ga Jesu ya Dingwaga tse di Sekete, monna yoo o tla tsosiwa. Fa a ikobela bolaodi jwa ga Keresete, o tla kgona go tshelela ruri mo lefatsheng a itekanetse sentle mo mmeleng e bile a itumetse.

12. Mo Pusong ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete, batho ba ba sa siamang ba ba tla tsosiwang ba tla nna le tshono efe?

12 Mo pusong ya ga Solomone yo Mogolwane e bong Jesu Keresete, “mosiami o tla tlhoga,” ke gore o tla atlega. (Pes. 72:7) Ka nako eo, Keresete o tla bontsha batho lorato lo logolo e bile o tla ba tlhokomela fela jaaka a ne a dira fa a ne a le mo lefatsheng. Mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng la Modimo, tota le batho “ba ba sa siamang” ba ba tsositsweng, ba tla bontshiwa lorato ka gore ba newe tshono ya go tshela go dumalana le melao ya ga Jehofa mme ba bone botshelo. (Dit. 24:15) Mme gone ba ba ganang go tshela tumalanong le melao ya Modimo ga ba ne ba letliwa gore ba tswelele ba tshela mme ba senye kagiso le thethebalo ya lefatshe le lesha.

13. Puso ya Bogosi e tla bo e aname go le kana kang, mme ke ka ntlha yang fa kagiso ya yone e tla nnela ruri?

13 Mafoko ano a bontsha gore puso ya ga Solomone yo Mogolwane e tla bo e aname mo lefatsheng lotlhe: “O tla nna le babusiwa go tswa lewatleng  go ya lewatleng le go tswa Nokeng [ya Euferatese] go ya kwa mafelelong a lefatshe. Banni ba dikgaolo tse di se nang metsi ba tla ikoba fa pele ga gagwe, mme baba ba gagwe ba tla latswa lorole.” (Pes. 72:8, 9) Ee, Jesu Keresete o tla busa mo lefatsheng lotlhe. (Seka. 9:9, 10) Botlhe ba ba anaanelang puso ya gagwe le masego a yone ba tla “ikoba” ka go rata. Kafa letlhakoreng le lengwe baleofi ba ba sa ikwatlhaeng ba tla kgaolwa ka tsela ya tshwantshetso “ba le dingwaga di le lekgolo.” (Isa. 65:20) Ba tla “latswa lorole.”

O re Utlwela Botlhoko

14, 15. Re itse jang gore Jesu o tlhaloganya maikutlo a batho mme o tla “golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso”?

14 Batho ba ba nang le boleo ba tlhomola pelo mme ba tlhoka kgoro ya botso. Mme gone re na le tsholofelo. (Bala Pesalema 72:12-14.) Jesu, Solomone yo Mogolwane, o re utlwela botlhoko ka gonne o tlhaloganya gore ga re a itekanela. Gape Jesu o ne a boga ka ntlha ya tshiamo mme Modimo o ne a mo letla gore a lebane le diteko a le nosi. Tota Jesu o ne a gateletswe thata mo maikutlong mo e leng gore “mofufutso wa gagwe [o ne] wa nna jaaka marothodi a madi a wela fa fatshe”! (Luke 22:44) Moragonyana fa a le mo koteng ya tlhokofatso o ne a goa a re: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?” (Math. 27:45, 46) Le fa Jesu a bogile thata, e bile Satane a ne a dira bojotlhe gore a tlhanogele Jehofa, o ne a nna a ikanyega mo go Jehofa Modimo.

15 Re ka tlhomamisega gore Jesu o bona botlhoko jo re bo utlwang mme o “tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi.” E re ka Jesu a le kutlwelobotlhoko jaaka Rraagwe, o tla ‘reetsa ba ba humanegileng’ mme a ‘fodise ba ba pelo e e phatlogileng, a ba hapa fa ba utlwileng botlhoko gone.’ (Pes. 69:33; 147:3) Jesu a ka kgona go “re utlwela botlhoko ka makoa a rona,” ka gonne o ‘lekilwe ka ditsela tsotlhe jaaka rona.’ (Baheb. 4:15) A bo go itumedisa jang go itse gore Kgosi Jesu Keresete o setse a busa kwa legodimong mme a ka rata go golola batho ba ba bogang!

16. Ke eng fa Solomone a ne a kgona go utlwela babusiwa ba gagwe botlhoko?

16 E re ka Solomone a ne a le botlhale e bile a na le temogo, ga go na pelaelo gore o ne a “utlwela motho wa maemo a a kwa tlase . . . botlhoko.” Mo godimo ga moo, o ne a diragaletswe ke dilo tse dintsi tse di utlwisang botlhoko. Morwarragwe e bong Amenone o ne a betelela kgaitsadie e bong Tamare mme monnawe Solomone e bong Abesalome o ne a dira gore Amenone a bolawe ka ntlha ya bosula joo. (2 Sam. 13:1, 14, 28, 29) Abesalome o ne a tsaya puso ya ga Dafide ka dikgoka, mme maiteko a gagwe a go menola puso a ne a itaya sefololetse mme o ne a bolawa ke Joabe. (2 Sam. 15:10, 14; 18:9, 14) Moragonyana, morwarraagwe Solomone e bong Adonija o ne a leka go itseela bogosi. Fa a ka bo a atlegile a ka bo a ile a bolaya Solomone. (1 Dikg. 1:5) Re kgona go bona gore Solomone o ne a tlhaloganya matshwenyego a batho ka ntlha ya se a se buileng mo thapelong fa go ne go kgakolwa tempele ya ga Jehofa. Fa kgosi eno e ne e rapelela babusiwa ba yone, e ne ya re: “Mongwe le mongwe wa bone a itse sebetso sa gagwe le botlhoko jwa gagwe . . . [Jehofa] o itshwarele le go naya mongwe le mongwe go ya ka ditsela tsotlhe tsa gagwe.”—2 Ditir. 6:29, 30.

17, 18. Bangwe ba batlhanka ba Modimo ba ile ba tshwanelwa ke go itshokela botlhoko jo bo ntseng jang, mme ke eng se se ileng sa ba thusa go dira jalo?

17 ‘Botlhoko jwa rona’ bo ka bakiwa ke dilo dingwe tse di re diragaletseng mo nakong e e fetileng. Mary, * yo e leng Mosupi wa ga Jehofa yo o mo dingwageng tsa bo30, a re: “Ke na le mabaka a  mantsi a go itumela mme gantsi dilo tse di ntiragaletseng mo nakong e e fetileng di dira gore ke ikutlwe ke tlhabiwa ke ditlhong e bile ke itenegela. Seo se dira gore ke phatloge pelo e bile gantsi ke a lela, mme go nna jaaka e kete dilo tseo tsotlhe di diregile maabane fela. Dilo tseno tse di sa phimogeng mo mogopolong wa me di sa ntse di dira gore ke fekeediwe ke maikutlo a go ikutlwa ke se motho wa sepe, le a go ikutlwa ke le molato.”

18 Bontsi jwa batlhanka ba Modimo ba na le maikutlo a a ntseng jalo, mme ke eng se se ka ba thusang gore ba itshoke? Mary a re: “Go nna le ditsala tsa mmatota mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ke gone go dirang gore ke bo ke itumetse jaanong. Gape ke nna ke akantse ka ditsholofetso tsa ga Jehofa tsa mo isagweng mme ke tlhomamisegile gore dikeledi tse ke di tshololang ke kopa thuso di tla fetoga dikeledi tsa boipelo.” (Pes. 126:5) Re tshwanetse go baya tsholofelo ya rona mo go Morwa Modimo, ene yo Modimo a mo tlhomileng go nna Mmusi. Go ne ga bolelelwa pele jaana ka ene: “O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong, mme madi a bone a tla nna tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.” (Pes. 72:13, 14) A bo mafoko ao a gomotsa jang!

Re Letetswe ke Lefatshe le Lesha la Letlepu

19, 20. (a) Jaaka go bontshitswe mo go Pesalema 72, puso ya Bogosi e tla rarabolola bothata bofe? (b) Ke mang yo segolobogolo a tshwanetseng go newa pako ka ntlha ya puso ya ga Keresete, mme wena o ikutlwa jang ka se e tla se dirang?

19 Leka gape go bona ka leitlho la mogopolo isagwe e batho ba ba siameng ba tla nnang le yone mo lefatsheng le lesha la Modimo mo pusong ya ga Solomone yo Mogolwane. Re solofediwa jaana: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.” (Pes. 72:16) E re ka ka tlwaelo dijo tsa ditlhaka di sa tlhoge mo godimo ga dithaba, mafoko ano a gatelela ntlha ya gore lefatshe le tla ntsha dijo tse dintsi go le kana kang. Dikungo tsa lone di “tla nna jaaka kwa Lebanona,” kgaolo e e neng e ungwa thata ka nako ya puso ya ga Solomone. Akanya fela! Go sa tlhole go na le tlhaelo ya dijo, go se na ope yo o sa otlegang, go se na ope yo o lalang ka tlala! Ka nako eo, botlhe ba tla itumelela “mokete wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi.”—Isa. 25:6-8; 35:1, 2.

20 Ke mang yo o tla newang pako ka ntlha ya masego ano otlhe? Kgosi ya Bosakhutleng le Morena wa Lobopo Lotlhe, Jehofa Modimo ke ene yo segolobogolo a tshwanetseng go newa pako. Tota e bile, ka nako eo rotlhe re tla nna le seabe mo go opeleng karolo ya bofelo ya pina eno e e monate le e e itumedisang: “A leina la gagwe [la ga Kgosi Jesu Keresete] le nne ka bosakhutleng; a leina la gagwe le oketsege fa pele ga letsatsi, a ba itshegofatse ka ene; a ditšhaba tsotlhe di mmolele a itumetse. A go bakwe Jehofa Modimo, Modimo wa Iseraele, yo o dirang ditiro tse di gakgamatsang a le esi. Gape a go bakwe leina la gagwe le le galalelang ka bosakhutleng, mme a kgalalelo ya gagwe e tlale lefatshe lotlhe. Amen le Amen.”—Pes. 72:17-19.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Leina le fetotswe.

O ka Araba Jang?

Pesalema 72 e porofeta ka eng se se tla diregang mo isagweng?

• Solomone yo Mogolwane ke mang, mme puso ya gagwe e tla anama go le kana kang?

• Ke eng se o se ratang thata ka masego a a boleletsweng pele mo go Pesalema 72?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go atlega ga puso ya ga Solomone go ne go tshwantshetsa eng?

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Re tshwanetse go iteka ka natla gore re bone botshelo mo Paradaiseng mo pusong ya ga Solomone yo Mogolwane