Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

 A o A Gakologelwa?

A o itumeletse go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

• Ke eng se se tla go thusang go ruta bana ba gago gore ba nne le maikarabelo?

‘Tlhomela ngwana wa gago sekao’ sa go nna le maikarabelo. (Joh. 13:15) Nna tekatekano mo dilong tse o lebeletseng gore a di dire; fa a ntse a gola, o ka nna wa lebelela gore a dire mo go oketsegileng mo dikgannyeng tsa bophepa, go boloka nako le mo tirong ya sekolo. Naya ngwana wa gago ditaelo tse di tlhamaletseng gore o mo thapise mme a kgone go diragatsa maikarabelo a gagwe.—5/1, tsebe 19-20.

• Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a se ka a otlhaya Arone ka ntlha ya go dira namane ya gouta?

Arone o ne a tlola molao wa Modimo o o malebana le kobamelo ya medingwana. (Ekes. 20:3-5) Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a kokotlelela Arone mo Modimong, mme mokokotlelo wa gagwe o ne o na le “maatla a magolo.” (Jak. 5:16) Arone o ne a sa bolo go direla Jehofa ka boikanyegi. Mme le fa batho ba ne ba tlhotlheleditse Arone go dira namane, moragonyana o ne a bontsha gore pelo ya gagwe e ne e sa dumalane le bone ka gonne ene mmogo le bomorwa Lefi ba ne ba nna kafa letlhakoreng la ga Jehofa. (Ekes. 32:25-29)—5/15, tsebe 21.

• Ofire e Baebele e reng ke motswedi wa gouta, e ne e le kwa kae?

Gore Solomone a tlise gouta go tswa Ofire, o ne a dira dikepe kwa Esione-gebere. (1 Dikg. 9:26-28) Boemakepe joo bo ne bo le kwa setlhoeng sa Kgogometso ya Aqaba gaufi le lefelo le gompieno le itsegeng e le Elat le Aqaba mo Lewatleng le Lehibidu. Ka jalo, go ka direga gore Ofire e ne e le kwa Arabia gaufi le Lewatle le Lehibidu, kgotsa mo lotshitshing lwa Afrika kgotsa lwa India.—6/1, tsebe 15.

• “Balema mo Gileade” e kaya eng? (Jer. 8:22)

Leokwane la Balema e ne e le leokwane le le nkgang monate le le tswang mo dijalong tse di farologaneng tse di fitlhelwang mo dikarolong tse di farologaneng kwa Gileade e e leng kgaolo e e kafa botlhaba jwa Noka ya Joredane. E re ka leokwane leno le ne le itsege ka go alafa, le ne le tshasiwa mo dinthong. Boemo jwa Iseraele jo bo tlhomolang pelo bo ne bo tshwanetse go dira gore setšhaba seno se batle kalafi, mme ga se a ka sa dira jalo. (Jer. 8:9)—6/1, tsebe 21-22.

• Ke eng se se ka thusang Mokeresete go lebana le kgwetlho ya molekane yo o dirileng boaka?

Fa e le gore molekane yo o se nang molato o lekile go tshela ka melaometheo ya Baebele, ga a tlhoke go ikutlwa a le molato ka ntlha ya go tlhanogelwa ke molekane yo o dirileng boaka. Gakologelwa, Modimo o a itse gore o tlhoka kgomotso le kgothatso. A ka nna a dirisa Bakeresete mmogo le wena gore ba go kgothatse.—6/15, tsebe 30-31.

• O ka dirang go thusa tsala e e lwalang?

Nna moreetsi yo o molemo. (Mor. 3:1, 7) Nna kutlwelobotlhoko o bo o mo akanyetse. (Bar. 12:15) Mo kgothatse mme o mo thuse. (Bakol. 4:6; 1 Joh. 3:18) Bua le ene ka metlha. (Dia. 17:17)—7/1, tsebe 10-13.

• Re itse jang gore Modimo ga a na tshimologo?

Moshe o ne a bontsha seno mo thapelong e e kwadilweng mo go Pesalema 90:2. Jehofa o na le sereto se se tlhomologileng sa “Kgosi ya bosakhutleng.” (1 Tim. 1:17)—7/1, tsebe 28.

• O ka jala lorato lwa go bala jang mo baneng ba gago?

Go bontsha bana lorato, le go ba tlhomela sekao jaaka motsadi go ka dira gore ba rate go bala. Gape dira gore ba nne le dibuka. Balela kwa godimo. Ba rotloetse go tsaya karolo, mme lo tlotle ka se lo se balang. Kopa bana ba gago gore ba go balele mme o ba rotloetse go botsa dipotso.—7/15, tsebe 26.

• Ke eng fa Jesu a sa itlhaganelela kwa tsaleng ya gagwe e e neng e lwala e bong Lasaro go ya go mo fodisa?

Fa Jesu a ne a goroga, Lasaro o ne a na le malatsi a le manè a tlhokafetse. Ka go ema go fitlha ka nako eo, Jesu o ne a neela bosupi jo bo molemo ka ga Rraagwe. Ka jalo, batho ba le bantsi ba ne ba nna badumedi. (Joh. 11:45)—8/1, tsebe 14-15.

• ‘Mafelo a a kwa godimo’ a a umakiwang mo Dikwalong tsa Sehebera ke eng?

Gantsi go a bo go buiwa ka mafelo a a mo godimo ga dithota kgotsa mafelo mangwe a a dirisediwang kobamelo ya maaka. Ka dinako tse dingwe batho ba ne ba baya dibeso, dipilara kgotsa dikota tse di boitshepo le dilo tse dingwe tsa bodumedi mo mafelong ano gore ba dire dilo tse Modimo a neng a di kgala. (Dipa. 33:52)—8/1, tsebe 23.