Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lo Tshwanetse go Nna Batho ba Mofuta Ofe!”

“Lo Tshwanetse go Nna Batho ba Mofuta Ofe!”

 “Lo Tshwanetse go Nna Batho ba Mofuta Ofe!”

“E re ka dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa nyerologa jalo, ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo!”—2 PET. 3:11.

1. Ke eng fa lekwalo la ga Petere la bobedi le ne le naya Bakeresete ba motlha wa gagwe kgothatso e e tshwanelang?

FA MOAPOSETOLOI Petere a ne a kwala lekwalo la gagwe la bobedi le le tlhotlheleditsweng, phuthego ya Bokeresete e ne e setse e itshoketse pogiso e ntsi, mme seo se ne se sa fokotsa tlhoafalo ya yone le koketsego ya yone. Ka jalo, Diabolo o ne a dirisa leano le lengwe, le le neng le setse le berekile ka makgetlho a mantsi pele ga foo. Jaaka Petere a bontshitse, Satane o ne a leka go kgotlela batho ba Modimo ka dithuto tsa maaka a dirisa barutisi ba maaka ba ba neng ba na le “matlho a a tletseng boaka” le “pelo e e thapisitsweng mo keletsong ya bopelotshetlha.” (2 Pet. 2:1-3, 14; Jude 4) Ke gone ka moo Petere mo lekwalong la gagwe la bobedi a neng a kgothatsa Bakeresete bao gore ba ikanyege.

2. Kgaolo ya boraro ya lekwalo la Petere wa bobedi e bua thata ka eng, mme re tshwanetse go ipotsa dipotso dife?

2 Petere o ne a re: “Ke go tsaya go siame, fa fela ke sa ntse ke le mo motlaaganeng ono [mmele wa gagwe wa senama], go lo kurusa e le go lo gakolola, ke itse jaaka ke itse gore go apolwa ga motlaagana wa me go tloga go diragala . . . Jalo le nna ke tla dira bojotlhe jwa me ka nako nngwe le nngwe gore, fa ke sena go tloga, lo tle lo kgone go ikumakela dilo tseno.” (2 Pet. 1:13-15) Ee, Petere o ne a itse gore o ne a le gaufi le go swa, mme o ne a batla gore ba nne ba gakologelwa dikgakololo tsa gagwe tse di tshwanelang. E bile tota di ne tsa kwalwa mo Baebeleng mme rotlhe re ka di bala gompieno. Re kgatlhegela thata kgaolo ya boraro ya lekwalo la Petere wa bobedi, ka gonne e bua thata ka ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya gone jaanong ya dilo, le ka go senngwa ga magodimo le lefatshe tsa tshwantshetso. (2 Pet. 3:3, 7, 10) Petere o re naya kgakololo efe? Go tsaya kgakololo ya gagwe tsia go ka re thusa jang gore re amogelwe ke Jehofa?

3, 4. (a) Petere o ne a bua mafoko afe a a tshikhinyang maikutlo, mme o ne a naya tlhagiso efe? (b) Re tla sekaseka dintlha dife tse tharo?

3 Fa Petere a sena go umaka go nyerologa ga lefatshe  la ga Satane, o ne a re: “Lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo!” (2 Pet. 3:11, 12) Go bonala sentle gore fano o ne a sa botse potso mme o ne a bua mafoko a a tshwanetseng go tshikhinya motho maikutlo. Petere o ne a itse gore batho ba ba dirang thato ya ga Jehofa le ba ba bontshang dinonofo tse di molemo ke bone fela ba tla falolang “letsatsi la pusoloso” le le tlang. (Isa. 61:2) Ka jalo, moaposetoloi yono gape o ne a re: “Jalo, lona baratwa, ka lo na le kitso eno go sa le gale, nnang lo itisitse gore lo se ka lwa ya le bone [barutisi ba maaka] ka go fapoga ga batho ba ba tlhokomologang molao mme lwa wa mo go nitameng ga lona.”—2 Pet. 3:17.

4 E re ka Petere e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba na le “kitso eno go sa le gale,” o ne a itse gore mo metlheng ya bofelo Bakeresete ba ne ba tla tshwanelwa ke go nna ba itisitse thata gore ba nne ba ikanyega. Moragonyana moaposetoloi Johane o ne a tlhalosa lebaka la go dira jalo. O ne a bona ponatshegelo ya fa Satane a lelekwa kwa legodimong le “bogale [jwa gagwe] jo bogolo” kgatlhanong le ba “ba bolokang ditaolo tsa Modimo e bile ba na le tiro ya go naya bosupi ka Jesu.” (Tshen. 12:9, 12, 17) Batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba batlodiwa mmogo le ba “dinku tse dingwe” ba ba ikanyegang ba tla fenya. (Joh. 10:16) Go tla diragalang ka rona, motho ka bongwe? A re tla nna re ikanyega? Re tla kgona go nna re ikanyega fa re leka ka natla (1) go lwela go nna le dinonofo tsa bomodimo, (2) go nna re se na selabe e bile re se na molato mo boitsholong le semoyeng, le (3) go leba diteko ka tsela e e tshwanetseng. A re sekasekeng dintlha tseno.

Lwela go Nna le Dinonofo Tsa Bomodimo

5, 6. Re tshwanetse go leka ka natla go nna le dinonofo dife, mme ke eng fa seno se tlhoka gore re dire boiteko ka “tlhoafalo”?

5 Petere o ne a kwala jaana kwa tshimologong ya lekwalo la gagwe la bobedi: “Ka go arabela lo tsenya boiteko jotlhe ka tlhoafalo, tsenyang mo tumelong ya lona molemo, mo molemong wa lona, kitso, mo kitsong ya lona boikgapo, mo boikgapong jwa lona boitshoko, mo boitshokong jwa lona boineelo jwa bomodimo, mo boineelong jwa lona jwa bomodimo lorato lwa bokaulengwe, mo loratong lwa lona lwa bokaulengwe lorato. Gonne fa dilo tseno di le teng mo go lona di bile di penologa, di tla lo itsa go nna ba ba sa direng kgotsa ba ba sa ungweng malebana le kitso e e boammaaruri ya Morena wa rona Jesu Keresete.”—2 Pet. 1:5-8.

6 Ke boammaaruri gore go tlhokega gore re dire boiteko ka “tlhoafalo” gore re kgone go dira ditiro tse di re thusang go nna le dinonofo tse di molemo. Ka sekai, go tlhokega maiteko gore re nne teng kwa dipokanong tsa Bokeresete, re bale Baebele letsatsi le letsatsi, le go nna le thulaganyo e e molemo ya go ithuta re le rosi. Mme go ka nna ga tlhokega gore re tseye matsapa le gore re rulaganye dilo sentle gore ka metlha re nne le Kobamelo ya Lelapa e e monate le e e rutang. Mme fa re setse re na le thulaganyo e e molemo, go nna motlhofo gore re nne le mekgwa eno e e siameng—segolobogolo fa re iponela melemo ya yone.

7, 8. (a) Bangwe ba ile ba reng ka maitseboa a Kobamelo ya Lelapa? (b) Kobamelo ya Lelapa e go solegela molemo jang?

7 Kgaitsadi mongwe o ne a kwala jaana mabapi le thulaganyo ya Kobamelo ya Lelapa: “E re naya sebaka sa go ithuta ka dilo tse dintsi.” Yo mongwe o ne a re: “Boammaaruri ke gore ke ne ke sa batle gore pokano ya thuto ya buka e fedisiwe. E ne e le yone pokano e ke e ratang thata. Mme jaanong ka gonne re na le maitseboa a Kobamelo ya Lelapa, ke lemoga gore Jehofa o itse se re se tlhokang le gore re se tlhoka leng.” Mokaulengwe mongwe yo e leng tlhogo ya lelapa a re: “Kobamelo ya lelapa e re thusa thata. Go molemo tota gore nna le mosadi wa me re nne le pokano e e re nayang dintlha tse di maleba tse re di tlhokang mo lenyalong la rona! Roobabedi re lemoga gore re tokafatsa tsela e re bontshang ka yone dinonofo tse moya o o boitshepo o di tlhagisang mme re itumelela bodiredi jwa rona go feta pele.” Mokaulengwe yo mongwe yo e leng tlhogo ya lelapa a re: “Bana ba itirela dipatlisiso e bile ba ithuta dilo tse dintsi—mme ba itumelela seo. Thulaganyo eno e dira gore re tlhatswege pelo le go  feta gore Jehofa o itse dilo tse re tshwenyegileng ka tsone e bile o araba dithapelo tsa rona.” A le wena o ikutlwa jalo ka thulaganyo eno e e molemo e e tswang kwa Modimong?

8 Lo se ka lwa letla dilo tse e seng tsa botlhokwa gore di kgoreletse thulaganyo ya lona ya Kobamelo ya Lelapa. Banyalani bangwe ba re: “Mo dibekeng tse nnè tse di fetileng, go ne go direga sengwe mo lelapeng la rona ka Labone mongwe le mongwe mo re neng ra batla re sa tshware thuto ya rona, mme ga re a ka ra letla dilo tseo gore di re thibele go e tshwara.” Ee gone ka dinako tse dingwe lo ka nna lwa tshwanelwa ke go fetola thulaganyo ya lona. Le fa go ntse jalo, ititeyeng sehuba gore lo se ka lwa tlolwa ke Kobamelo ya Lelapa—le fa e le ka beke e le nngwe fela!

9. Jehofa o ne a naya Jeremia eng, mme re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe?

9 Moporofeti Jeremia o re tlhometse sekao se se molemo. O ne a tlhoka dijo tsa semoya tse a neng a di newa ke Jehofa e bile o ne a di anaanela thata. Dijo tseo di ne di mo thusa gore a kgone go itshoka fa a rerela batho ba ba sa amogeleng molaetsa. O ne a re: “Lefoko la ga Jehofa . . . [le ne la] nna jaaka molelo o o tukang o tswaletswe mo marapong a me.” (Jer. 20:8, 9) Gape le ne la mo thusa go itshokela metlha e e thata e e neng ya felela ka go senngwa ga Jerusalema. Gompieno, re na le Lefoko la Modimo le le feletseng. Fa re le ithuta ka tlhoafalo mme re leba dilo jaaka Modimo a di leba, re tla kgona gore jaaka Jeremia, re itshoke ka boipelo mo bodireding, re nne re ikanyega fa re lekwa, mme re nne re le phepa semoyeng le mo boitsholong.—Jak. 5:10.

Nnang Lo “se Na Selabe Lo se Na Molato”

10, 11. Ke eng fa re tshwanetse go dira bojotlhe jwa rona gore re nne re ‘se na selabe e bile re se na molato,’ mme seo se tlhoka gore re dire eng?

10 Rona Bakeresete, re itse gore re tshela mo metlheng ya bofelo. Ka jalo, ga re gakgamale go bo lefatshe le ilwe tlhogong ke dilo tse Jehofa a di tlhoileng, tse di jaaka bopelotshetlha, ditiro tse di maswe tsa tlhakanelodikobo le thubakanyo. Leano la ga Satane le ka tlhalosiwa jaana ka bokhutshwane: ‘Fa batlhanka ba Modimo ba ka se tshosiwe, gongwe ba ka tlhotlhelediwa go dira bosula.’ (Tshen. 2:13, 14) Ka jalo, re tshwanetse go tsaya kgakololo eno e e lorato ya ga Petere tsia: “Dirang bojotlhe jwa lona gore kwa bofelong [Modimo] a lo fitlhele lo se na selabe lo se na molato e bile lo le mo kagisong.”—2 Pet. 3:14.

11 Mafoko a a reng “dirang bojotlhe jwa lona” a tshwana le a kgothatso ya ga Petere e e umakilweng pelenyana e e buang ka go tsenya “boiteko jotlhe ka tlhoafalo.” Go bonala sentle gore Jehofa—ene yo o tlhotlheleditseng Petere gore a bue jalo—o itse gore re tshwanetse go iteka ka natla gore re nne re ‘se na selabe e bile re se na molato,’ re sa kgotlelwa ke leswe la lefatshe la ga Satane. Go iteka ka natla go akaretsa go sireletsa dipelo tsa rona gore di se ka tsa fekeediwa ke dikeletso tse di phoso. (Bala Diane 4:23; Jakobe 1:14, 15.) Gape go akaretsa gore re nne re nitame fa re dirisana le batho ba ba akabadiwang ke tsela ya rona ya botshelo ya Bokeresete le ba ba ‘tswelelang ba bua ka rona ka go re kgoba.’—1 Pet. 4:4.

12. Luke 11:13 e re tlhomamisetsa eng?

12 E re ka re sa itekanela, ga go motlhofo gore re dire se se siameng. (Bar. 7:21-25) Re ka solofela go atlega fela fa re kopa thuso kwa go Jehofa, yo ka bopelotshweu a nayang ba ba mo kopang ka bopeloephepa moya o o boitshepo. (Luke 11:13) Mme moya oo one, o re thusa go nna le dinonofo tse Modimo a di amogelang, tse di re thusang  go itshokela dithaelo tsa botshelo mmogo le diteko, tse go ka diregang gore di oketsege fa letsatsi la ga Jehofa le ntse le atamela.

Letla Diteko Gore di go Nonotshe

13. Fa re lebana le diteko mo botshelong, ke eng se se ka re thusang go itshoka?

13 Fa fela re sa ntse re tshela mo tsamaisong eno e kgologolo, re tla lebana le diteko tsa mefuta e e farologaneng. Mme go na le gore re kgobege marapo fa seo se direga, go ka nna molemo gore re tseye diteko e le tshono ya go bontsha gore re rata Modimo le ya go nonotsha tumelo ya rona mo go ene le mo Lefokong la gagwe. Morutwa Jakobe o ne a re: “Go tseyeng e le boipelo fela, bakaulengwe ba me, fa lo kopana le diteko tse di farologaneng, lo itse jaaka lo itse gore boleng jono jo bo lekilweng jwa tumelo ya lona bo felela ka boitshoko.” (Jak. 1:2-4) Gape gakologelwa gore “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone.”—2 Pet. 2:9.

14. Sekao sa ga Josefa se go kgothatsa jang?

14 Akanya ka sekai sa ga morwawe Jakobe, e bong Josefa, yo bomorwarraagwe ba neng ba mo rekisa go nna lekgoba. (Gen. 37:23-28; 42:21) A tumelo ya ga Josefa e ne ya reketla ka gonne a ne a tshwerwe setlhogo jalo? A o ne a galefela Modimo ka gonne a letlile gore a diragalelwe ke dilo tse di bosula? Lefoko la Modimo le bontsha sentle gore ga a ka a ikutlwa jalo. Mme gone diteko tsa ga Josefa ga di a ka tsa felela foo. Moragonyana o ne a latofadiwa ka maaka a gore o ne a lekile go betelela motho mme a tsenngwa mo kgolegelong. Le fa go ntse jalo, le mo lekgetlhong leno, boineelo jwa gagwe mo Modimong ga bo a ka jwa reketla. (Gen. 39:9-21) Go na le moo, o ne a letla diteko gore di mo nonotshe, mme o ne a segofadiwa thata ka ntlha ya seo.

15. Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Naomi?

15 Ke boammaaruri gore diteko di ka re hutsafatsa kana tsa dira gore re tshwenyege thata mo maikutlong. Gongwe le Josefa o ne a tle a ikutlwe jalo. Batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo ba ne ba ikutlwa jalo. Akanya ka Naomi, yo o neng a swelwa ke monna le bana ba babedi ba basimane. O ne a re: “Lo se ka lwa mpitsa Naomi. Lo mpitse Mara [le le rayang “Bogalaka”], ka gonne Mothatayotlhe o ntiretse mo go botlhoko thata.” (Ruthe 1:20, 21) Tsela e Naomi a neng a ikutlwa ka yone e ne e le ya tlholego e bile go ne go utlwala go bo a ikutlwa jalo. Le fa go ntse jalo, jaaka Josefa, ga a ka a felelwa ke tumelo e bile ga a ka a kgaotsa go ikanyega. Mme Jehofa o ne a segofatsa mosadi yoo yo o rategang. (Ruthe 4:13-17, 22) Mme gape mo lefatsheng le le tlang la Paradaise, o tla dirolola dilo tsotlhe tse di botlhoko tse di bakilweng ke Satane le lefatshe la gagwe le le boikepo. “Dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.”—Isa. 65:17.

16. Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe malebana le thapelo, mme ka ntlha yang?

 16 Go sa kgathalesege gore re welwa ke diteko dife, lorato lwa Modimo lo tla re nonotsha. (Bala Baroma 8:35-39.) Le fa Satane a dira sotlhe se a ka se kgonang go leka go re kgoba marapo, o tla itaya sefololetse fa re nna re “itekanetse sentle mo mogopolong” e bile re nna re “thantse malebana le dithapelo.” (1 Pet. 4:7) Jesu o ne a re: “Jaanong, nnang lo tsogile, lo dira mokokotlelo ka nako yotlhe gore lo tle lo atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala, le go ema fa pele ga Morwa motho.” (Luke 21:36) Ela tlhoko gore Jesu o dirisa lefoko “mokokotlelo,” le le kayang thapelo e e dirwang ka tlhoafalo tota. Fa Jesu a ne a re kgothaletsa go dira mokokotlelo o o ntseng jalo, o ne a gatelela gore eno ke nako ya gore re tseye kamano ya rona le ene masisi, mmogo le kamano e re nang le yone le Rraagwe. Batho ba ba amogelwang ke Jehofa le Jesu ke bone fela ba ba ka nnang le tsholofelo ya go falola letsatsi la ga Jehofa.

Nna o Tshwaregile mo Tirelong ya ga Jehofa

17. Fa e le gore ga go motlhofo go rera mo karolong ya lona ya tshimo, sekao se se molemo sa baporofeti ba bogologolo se ka go thusa jang?

17 Go dira ditiro tse di amanang le kobamelo ya rona go a re lapolosa. Seno se re gopotsa mafoko ano a ga Petere a a re gakololang botlhokwa jwa go dira ditiro tse di lapolosang tsa semoya: “Ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo!” (2 Pet. 3:11) Tiro ya botlhokwa thata mo ditirong tseo ke go rera dikgang tse di molemo. (Math. 24:14) Ke boammaaruri gore go rera mo dikarolong tse dingwe tsa tshimo go ka nna ga se nne motlhofo, gongwe e le ka gonne batho ba sa kgatlhegele molaetsa kana e le fela ka gonne ba tshwaregile ka dilo tse ba di dirang letsatsi le letsatsi mo botshelong. Batlhanka ba ga Jehofa ba bogologolo ba ne ba tshwanelwa ke go rerela batho ba ba ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, le ka motlha ga ba a ka ba itlhoboga mme ba ne ba ntse ba boela kwa go bone “gangwe le gape” ka molaetsa o ba o neilweng ke Modimo. (Bala 2 Ditiragalo 36:15, 16; Jer. 7:24-26) Ke eng se se neng se ba thusa gore ba itshoke? Ba ne ba leba kabelo ya bone jaaka Jehofa a e leba, e seng jaaka lefatshe le e leba. Gape ba ne ba tsaya go bidiwa ka leina la Modimo e le tshiamelo e kgolo tota.—Jer. 15:16.

18. Tiro ya go rera ka Bogosi e tla nna le seabe sefe mo go tlotlomadiweng ga leina la Modimo mo isagweng?

18 Le rona re na le tshiamelo ya go itsise batho leina la ga Jehofa le maikaelelo a gagwe. Akanya ka seno: Ka ntlha ya tiro ya rona ya go rera, fa Modimo a tlisa katlholo ka letsatsi la gagwe le legolo, baba ba gagwe ba ka se dire seipato sa gore ba ne ba sa rerelwa. Fela jaaka Faro wa bogologolo, ba tla itse gore Jehofa ke ene a ba atlholang. (Ekes. 8:1, 20; 14:25) Gape Jehofa o tla tlotla batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka go dira gore go bonale sentle gore e ne e le bone baemedi ba gagwe.—Bala Esekiele 2:5; 33:33.

19. Re ka bontsha jang gore re batla go solegelwa molemo ke bopelotelele jwa ga Jehofa?

19 Go ela kwa bokhutlong jwa lekwalo la ga Petere la bobedi, o ne a kwalela badumedi mmogo le ene jaana: “Tsayang bopelotelele jwa Morena wa rona e le poloko.” (2 Pet. 3:15) A re tsweleleng re solegelwa molemo ka botlalo ke bopelotelele jwa ga Jehofa. Re ka dira seo jang? Ka go lwela go nna le dinonofo tse di mo itumedisang, ka go nna re ‘se na selabe e bile re se na molato,’ ka go leba diteko tse di re welang ka tsela e e tshwanetseng, le ka go nna re tshwaregile mo tirong ya Bogosi. Fa re dira jalo, re tla bona masego a a sa feleng a a tla tlisiwang ke “magodimo a masha le lefatshe le lesha.”—2 Pet. 3:13.

A o A Gakologelwa?

• Re ka dirang gore re nne le dinonofo tse di molemo?

• Re ka nna jang re ‘se na selabe e bile re se na molato’?

• Re ka ithuta eng mo go Josefa le Naomi?

• Ke eng fa go nna le seabe mo tirong ya go rera e le tshiamelo e kgolo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ke eng se se tla lo thusang lona banna ba ba nyetseng go lwela go nna le dinonofo tse di molemo, lona le ba malapa a lona?

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Re ka ithuta eng mo tseleng e Josefa a neng a itshokela diteko ka yone?