Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bua ka Bopelontle go Dira Gore re Utlwane le ba Bangwe

Go Bua ka Bopelontle go Dira Gore re Utlwane le ba Bangwe

 Go Bua ka Bopelontle go Dira Gore re Utlwane le ba Bangwe

“A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle.”—BAKOL. 4:6.

1, 2. Go ne ga nna le matswela afe a a molemo fa mokaulengwe mongwe a sena go bua ka bopelontle?

MOKAULENGWE mongwe a re: “Nako nngwe fa ke ne ke rera ka ntlo le ntlo, ke ne ka kopana le monna yo o neng a galefa thata mo e leng gore o ne a bebentsha melomo e bile mmele otlhe wa gagwe o roroma. Ke ne ka leka go bua le ene ka Dikwalo ke digile makgwafo, mme o ne a shakgala le go feta. Mosadi wa gagwe le bana le bone ba ne ba nkgakgautlha, mme ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go tsamaya. Ke ne ka ba bolelela gore ke ne ke tlile ka kagiso e bile ke ne nka rata go tsamaya ka kagiso. Ke ne ka ba balela Bagalatia 5:22 le 23 e e umakang lorato, bonolo, boikgapo le kagiso. Go tswa foo ke ne ka tsamaya.

2 “Moragonyana, fa ke ne ke etela magae a a lebaganeng le legae la bone, ke ne ka ba bona ba ntse fa serepoding sa ntlo. Ba ne ba mpitsa. Ke ne ka ipotsa go re, ‘Ba batlang jaanong?’ Monna yono o ne a tshotse metsi a a tsididi mme a ntshiela gore ke nwe. O ne a ikopa maitshwarelo ka go bo a ntlhoketse maitseo mme a nkakgolela tumelo ya me e e nonofileng. Re ne ra kgaogana ka kagiso.”

3. Ke eng fa re sa tshwanela go letla ba bangwe gore ba re galefise?

3 Mo lefatsheng la gompieno le le tletseng mathata, re nna re kopana le batho ba ba galefileng, le fa re le mo bodireding. Fa seo se direga, go botlhokwa gore re bontshe “bonolo le tlotlo e e boteng.” (1 Pet. 3:15) Fa mokaulengwe yo o umakilweng fa godimo a ka bo a letlile bogale le bopeloethata jwa mong wa ntlo gore bo mo galefise, gongwe monna yono o ne ka se nolofale jaaka a feletse a dira; o ne a ka nna a tuka bogale le go feta. Ka gonne mokaulengwe o ne a nna boikgapo mme a bua ka bopelontle, go ne ga nna le matswela a a molemo.

Puo ya Bopelontle Ke e E Ntseng Jang?

4. Ke eng fa go bua ka bopelontle go le botlhokwa?

4 Fa re dirisana le batho ba ba mo phuthegong kgotsa ba ba seng mo phuthegong, tota le ba malapa a rona, go botlhokwa gore re tseye kgakololo eno ya ga Paulo tsia: “Puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai.” (Bakol. 4:6) Puo e e ntseng jalo e e monate, e e molemo e thusa thata gore batho ba buisane sentle e bile e dira gore go nne le kagiso.

5. Ke eng se puisano e e molemo e sa se kayeng? Naya sekai.

5 Puisano e e molemo ga e reye gore o tshwanetse go bua sengwe le sengwe fela se o se akanyang le go ntsha maikutlo a gago nako nngwe le nngwe fela, segolobogolo fa o galefile. Baebele e bontsha gore go sa laole bogale ke letshwao la gore motho o bokoa, e seng la gore o maatla. (Bala Diane 25:28; 29:11.) Moshe—yo o neng a le “boikokobetso thata go gaisa” batho botlhe ba ba neng ba tshela ka nako eo—o kile a itetla go galefisiwa ke botsuolodi jwa setšhaba sa Iseraele, mme a palelwa ke go galaletsa Modimo. Moshe o ne a tlhalosa sentle kafa a neng a ikutlwa ka teng, mme Jehofa o ne a sa itumela. Moshe ga a ka a newa tshiamelo ya go tsenya Baiseraele kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, morago ga gore a ba etelele pele ka dingwaga di le 40.—Dipa. 12:3; 20:10, 12; Pes. 106:32.

6. Go kaya eng gore re nne botlhale fa re bua?

6 Baebele e kgothaletsa gore re nne boikgapo e bile re nne botlhale, kana re tlhophe mafoko fa  re bua. “Ga go nke go tlhokega tlolo mo mafokong a mantsi, mme yo o thibang dipounama tsa gagwe o dira ka botlhale.” (Dia. 10:19; 17:27) Le fa go ntse jalo, go nna botlhale ga go reye gore re didimale fela re sa ntshe maikutlo a rona. Go kaya go bua ka “bopelontle,” go dirisa loleme go fodisa ba bangwe e seng go ba utlwisa botlhoko.—Bala Diane 12:18; 18:21.

“Nako ya go Didimala le Nako ya go Bua”

7. Ke dilo tsa mofuta ofe tse di sa tshwanelang go buiwa, mme ka ntlha yang?

7 Fela jaaka re tshwanetse go nna pelontle le go nna boikgapo fa re bua le batho ba re berekang le bone kana le batho ba re sa ba itseng mo tshimong, re tshwanetse go dira jalo mo phuthegong le kwa gae. Go phatloga ka bogale re sa akanye ka ditlamorago go ka tlisetsa rona le ba bangwe mathata a bomoya, a botsogo le a maikutlo. (Dia. 18:6, 7) Re tshwanetse go laola mekgwa e e maswe, e e bontshang gore ga re a itekanela. Puo ya go kgoba, go sotla, lenyatso le tšhakgalo ya letlhoo, di phoso. (Bakol. 3:8; Jak. 1:20) Di ka senya kamano e e molemo e re nang le yone le Jehofa le batho ba bangwe. Jesu o ne a ruta jaana: “Mongwe le mongwe yo o tswelelang a shakgaletse morwarraagwe o tla ikarabelela go kgotlatshekelo ya tshiamiso; mme le fa e le mang yo o bitsang morwarraagwe ka lefoko le le sa tshwanelang go buiwa la lenyatso o tla ikarabelela go Kgotlatshekelo e Kgolo; mme le fa e le mang yo o reng, ‘Seeleele ke wena se se nyatsegang!’ o tla lebanwa ke Gehena e e tukang.”—Math. 5:22.

8. Re tshwanetse go ntsha maikutlo a rona leng, mme jang?

8 Le fa go ntse jalo, go na le dilo dingwe tse re ka nnang ra swetsa ka gore go molemo go bua ka tsone. Fa sengwe se mokaulengwe a se buileng kana a se dirileng se go tshwenya thata mo e leng gore ga o kgone go se tlhokomologa fela, o se ka wa mo tlhoa. (Dia. 19:11) Fa mongwe a go galefisa, ritibala maikutlo pele mme go tswa foo o dire se se tlhokegang gore o rarabolole bothata. Paulo o ne a re: “A letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile.” Fa bothata joo bo ntse bo go tshwenya, bua ka jone ka bopelonomi ka nako e e tshwanetseng. (Bala Baefeso 4:26, 27, 31, 32.) Bua le mokaulengwe wa gago ka kgang eo, o  ntsha maikutlo a gago mme o dira jalo ka bopelontle, ka maikaelelo a go agisana le ene.—Lefi. 19:17; Math. 18:15.

9. Ke eng fa re tshwanetse go ritibala maikutlo pele ga re rarabolola dikgotlhang le ba bangwe?

9 Gone go botlhokwa gore o tlhophe nako e e tshwanetseng. Go na le “nako ya go didimala le nako ya go bua.” (Mor. 3:1, 7) Gape, “pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe.” (Dia. 15:28) Seno se ka akaretsa go ema go se kae pele ga o rarabolola dikgotlhang. Go leka go rarabolola dikgotlhang o sa ntse o galefile thata go ka senya dilo le go feta; mme gape ga go botlhale go ema nako e telele.

Ditiro Tsa Bopelontle di re Thusa Gore re Utlwane le ba Bangwe

10. Go direla ba bangwe ditiro tsa bopelontle go ka tokafatsa jang dikamano tsa rona le bone?

10 Go bua ka bopelontle le go nna le puisano e e molemo go thusa batho go nna ka kagiso le ba bangwe le gore ba tswelele ba utlwana le bone. Tota e bile, go dira bojotlhe jwa rona go tokafatsa dikamano tsa rona le ba bangwe go ka tokafatsa tsela e re buisanang le bone ka yone. Go direla ba bangwe dilo tse di molemo ka bopeloephepa—go batla ditsela tsa go ba thusa, go ba naya dimpho go tswa pelong, go nna botsalano—go ka dira gore re buisane re phuthologile le batho ba bangwe. E bile go ka “koelela magala a a tukang” mo mothong ga ba ga dira gore a bontshe dinonofo tse di molemo, mme go ka dira gore go rarabolola dikgotlhang go nne motlhofo.—Bar. 12:20, 21.

11. Jakobe o ne a dirang go baakanya kamano ya gagwe le Esau, mme go ne ga felela jang?

11 Jakobe, yo e neng e le tlhogo ya lotso, o ne a tlhaloganya seno. Esau yo e neng e le lefatlha la ga Jakobe o ne a galefetse Jakobe mo e leng gore o ne a sia a tshaba gore Esau o tla mmolaya. Jakobe o ne a boa morago ga dingwaga tse dintsi. Esau o ne a tla go mo kgatlhantsha, a na le banna ba le 400. Jakobe o ne a rapela Jehofa gore a mo thuse. Go tswa foo o ne a romelela Esau mpho ya leruo le lentsi. Mpho eno e ne ya thusa. Fa ba kopana, Esau o ne a kgwabofetse mme o ne a sianela kwa go Jakobe a mo tlamparela.—Gen. 27:41-44; 32:6, 11, 13-15; 33:4, 10.

Kgothatsa ba Bangwe ka go Bua ka Bopelontle

12. Ke eng fa re tshwanetse go bua ka bopelontle fa re bua le bakaulengwe ba rona?

12 Bakeresete ba direla Modimo, ga ba direle batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ka tlholego fela re batla go amogelwa ke ba bangwe. Mafoko a rona a bopelontle a ka tlhofofatsa merwalo e bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba e rweleng. Le fa go ntse jalo, go ba tshwayatshwaya diphoso thata go ka dira gore merwalo ya bone e ba imele le go feta e bile go ka dira gore bangwe ba akanye gore Jehofa ga a tlhole a ba amogela. Ka jalo, a ka bopeloephepa re bueng dilo tse di kgothatsang ba bangwe, “lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang.”—Baef. 4:29.

13. Bagolwane ba tshwanetse go nna ba gakologetswe eng (a) fa ba naya kgakololo? (b) fa ba kwala makwalo?

13 Bagolwane segolobogolo, ba tshwanetse go nna “bonolo” le go tshwara letsomane sentle. (1 Bathes. 2:7, 8) Fa bagolwane ba naya kgakololo, maikaelelo a bone ke go dira jalo “ka bonolo,” le fa ba bua le batho “ba ba sa sekamelang mo go direng molemo.” (2 Tim. 2:24, 25) Gape bagolwane ba tshwanetse go nna pelontle fa ba kwala makwalo, fa go tlhokega gore ba kwalele setlhopha se sengwe sa bagolwane kana ofisi ya lekala. Ba tshwanetse go nna pelonomi le go akanyetsa maikutlo a ba bangwe, go dumalana le mafoko a a mo go Mathaio 7:12.

Go Bua ka Bopelontle mo Lelapeng

14. Paulo o naya banna ba ba nyetseng kgakololo efe, mme ka ntlha yang?

14 Se re se buang, tebego ya rona ya sefatlhego le tsela e re itshwarang ka yone e ka ama ba bangwe go feta kafa re akanyang ka gone. Ka sekai, banna bangwe ba ka tswa ba sa lemoge ka botlalo kafa mafoko a bone a amang basadi ka teng. Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Ke a tshoga fa monna wa me a bua le nna a tsholeditse lentswe ka bogale.” Mafoko a a bogale a ka utlwisa mosadi botlhoko go feta monna mme mosadi a ka a gakologelwa ka lobaka lo loleele. (Luke 2:19) Seo se direga segolobogolo fa mafoko ao a buiwa ke mongwe yo mosadi a mo ratang e bile a batla go  mo tlotla. Paulo o ne a gakolola banna ba ba nyetseng jaana: “Nnang lo rate basadi ba lona mme lo se ka lwa ba galefela mo go botlhoko.”—Bakol. 3:19.

15. Tlhalosa setshwantsho se se bontshang gore ke ka ntlha yang fa monna a tshwanetse go tshwara mosadi wa gagwe ka bonolo.

15 Mokaulengwe mongwe yo o nang le nako e telele a nyetse o ne a dira setshwantsho go bontsha gore ke ka ntlha yang fa monna a tshwanetse go tshwara mosadi wa gagwe ka bonolo, jaaka “sejana se se bokoa.” O ne a re: “Fa o tshwara sejana se se tlhwatlhwakgolo se se thubegang motlhofo, ga o a tshwanela go se tshwara ka thata, ka gonne se ka phatloga. Le fa se ka baakanngwa, go ntse go ka bonala fa se phatlogileng teng. Fa monna a kgoba mosadi wa gagwe ka mafoko, a ka mo utlwisa botlhoko. Seno se ka dira gore kamano ya bone e senyegele ruri.”—Bala 1 Petere 3:7.

16. Mosadi a ka aga lelapa la gagwe jang?

16 Banna le bone ba ka kgothadiwa kana ba kgobiwa marapo ke mafoko a batho ba bangwe ba a buang, go akaretsa mafoko a a buiwang ke basadi ba bone. “Mosadi yo o botlhale,” yo monna wa gagwe a ka ‘mo ikanyang’ tota, o akanyetsa maikutlo a monna wa gagwe, fela jaaka a batla gore le ene a akanyetse maikutlo a gagwe. (Dia. 19:14; 31:11) Ruri mosadi a ka nna le tlhotlheletso e kgolo mo lelapeng, e ka tswa e le e e molemo kana e e bosula. “Mosadi yo o botlhale tota o agile ntlo ya gagwe, mme yo o seeleele o e rutlolola ka diatla tsa gagwe.”—Dia. 14:1.

17. (a) Bana ba tshwanetse go bua jang le batsadi ba bone? (b) Bagolo ba tshwanetse go bua jang le bana, mme ka ntlha yang?

17 Bana ba tshwanetse go bua le batsadi ba bone ka bopelontle. (Math. 15:4) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re bua le bana, go ba akanyetsa go tla dira gore re se ka ra ba “galefisa” kana ra ba “tshwenya.” (Bakol. 3:21; Baef. 6:4) Le fa bana ba tshwanelwa ke go otlhaiwa, batsadi le bagolo ba tshwanetse go bua le bone ka tlotlo. Fa bagolo ba dira jalo, seo se dira gore go nne motlhofo gore bana ba dire dilo sentle mme ba nne ba na le kamano e e molemo le Modimo. Seo se botoka thata go feta go dira dilo ka tsela e e tla dirang gore ba akanye gore re ba tlhobogile, mo go ka felelang ka gore le bone ba itseye e se batho ba sepe. Bana ba ka nna ba se ka ba gakologelwa kgakololo yotlhe e ba kileng ba e newa, mme ba tla gakologelwa kafa ba bangwe ba buileng le bone ka teng.

 Go Bua Dilo Tse di Molemo go Tswa Pelong

18. Re ka dira jang gore re se ka ra nna le dikakanyo le maikutlo a a utlwisang botlhoko?

18 Go laola bogale ga se fela go lebega o ritibetse. Ga re a tshwanela go leka go gatelela maikutlo a rona a bogale fela. Go leka go bonala re ritibetse kafa ntle mme kafa teng re bela ka bogale go dira gore re gatelelwe mo maikutlong. Seo se tshwana le go gata mariki a koloi le mafura ka nako e le nngwe. Go dira jalo go ka dira gore koloi e se ka ya bereka sentle e bile go ka e senya. Ka jalo o se ka wa gatelela maikutlo a bogale o bo o phatloga moragonyana. Rapela Jehofa gore a go thuse go tlosa maikutlo a a utlwisang botlhoko mo pelong ya gago. Letla moya wa ga Jehofa gore o fetole mogopolo le pelo ya gago gore di dumalane le thato ya gagwe.—Bala Baroma 12:2; Baefeso 4:23, 24.

19. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra omana le ba bangwe?

19 Tsaya kgato go laola maikutlo a gago. Fa o iphitlhela o le mo boemong jo bo sa itumediseng mme o utlwa gore o tlalelana ka bogale, go tswa mo seemong seo gore o ritibale maikutlo go ka go thusa. (Dia. 17:14) Fa motho yo o buang le ene a simolola go galefa, leka ka natla gore o bue ka bopelontle. Gakologelwa seno: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.” (Dia. 15:1) Go bua mafoko a a tlhabang kana a a bogale go ka tlhosetsa molelo le fa mafoko ao a buiwa ka lentswe le le bonolo. (Dia. 26:21) Ka jalo fa o le mo boemong jo bo dirang gore go nne thata gore o nne boikgapo, nna “bonya go bua, bonya go shakgala.” Rapelela moya wa ga Jehofa gore o go thuse go bua dilo tse di molemo, e seng tse di bosula.—Jak. 1:19.

Go Itshwarela go Tswa Pelong

20, 21. Ke eng se se ka re thusang go itshwarela ba bangwe, mme ke eng fa re tshwanetse go dira jalo?

20 Ka maswabi, ga go na ope wa rona yo o kgonang go laola loleme lwa gagwe ka botlalo. (Jak. 3:2) Le fa ba malapa a rona le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang ba leka ka natla go dira jalo, ka dinako tse dingwe ba ka bua fela ba sa akanya ba bo ba bua dilo tse di re utlwisang botlhoko. Go na le gore o itlhaganelele go galefa, sekaseka ka bopelotelele gore ke eng se se ka tswang se dirile gore ba bue se ba se buileng. (Bala Moreri 7:8, 9.) A ba ne ba gateletswe mo maikutlong, ba na le poifo, ba sa ikutlwe sentle kana ba na le mathata a mangwe a o sa a itseng?

21 Dilo tseno ga di neye motho lebaka la go phatloga ka bogale. Mme go di lemoga go ka nna ga re thusa gore re tlhaloganye lebaka la go bo ka dinako tse dingwe batho ba bua le go dira dilo tse di sa tshwanelang, mme go ka re tlhotlheletsa gore re ba itshwarele. Rotlhe re kile ra bua kana ra dira dilo tse di utlwisang ba bangwe botlhoko, mme re solofela gore ba tla re itshwarela ka bopelontle. (Mor. 7:21, 22) Jesu o ne a re fa re batla gore Modimo a re itshwarele, re tshwanetse go itshwarela ba bangwe. (Math. 6:14, 15; 18:21, 22, 35) Ka jalo, re tshwanetse go nna bonako go ikopa maitshwarelo le go itshwarela ba bangwe, mme re nne re bontshe lorato—“sebofo se se itekanetseng sa kutlwano”—mo malapeng a rona le mo phuthegong.—Bakol. 3:14.

22. Ke eng fa go bua ka bopelontle go solegela molemo?

22 Jaaka bokhutlo jwa tsamaiso eno e e galefileng bo ntse bo atamela, go sa ntse go tla nna thata gore re nne re itumetse e bile re le seoposengwe. Go dirisa melaometheo e e mo Lefokong la Modimo go tla re thusa go dirisa loleme lwa rona go bua dilo tse di molemo, e seng tse di bosula. Re tla itumelela go nna ka kagiso mo phuthegong le mo lelapeng, mme sekao sa rona se tla naya ba bangwe bosupi jo bo molemo ka ‘Modimo wa rona yo o itumetseng,’ Jehofa.—1 Tim. 1:11.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke eng fa go le botlhokwa gore re tlhophe nako e e tshwanetseng ya go rarabolola dikgotlhang?

• Ke eng fa maloko a lelapa a tshwanetse go buisana ka “bopelontle” ka metlha?

• Re ka tila jang go bua dilo tse di utlwisang ba bangwe botlhoko?

• Ke eng se se ka re thusang go itshwarela ba bangwe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Ritibala maikutlo pele, go tswa foo o batle nako e e tshwanetseng ya go bua

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ka metlha monna o tshwanetse go bua le mosadi wa gagwe ka bonolo