Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Banna, a lo Ikobela Botlhogo Jwa ga Keresete?

Banna, a lo Ikobela Botlhogo Jwa ga Keresete?

 Banna, a lo Ikobela Botlhogo Jwa ga Keresete?

“Tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete.”—1 BAKOR. 11:3.

1. Ke eng se se bontshang gore Jehofa ke Modimo wa thulaganyo?

TSHENOLO 4:11 ya re: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.” Jehofa Modimo ke Molaodimogolo wa lobopo e bile o na le taolo mo dilong tsotlhe tse a di bopileng ka gonne ke ene Mmopi. Re kgona go bona gore Jehofa ke “Modimo, e seng wa tlhakatlhakano, mme ke wa kagiso,” mo tseleng e a rulagantseng dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale ka yone.—1 Bakor. 14:33; Isa. 6:1-3; Baheb. 12:22, 23.

2, 3. (a) Popo ya ntlha ya ga Jehofa e ne e le mang? (b) Morwa wa leitibolo o na le maemo afe fa a bapisiwa le a ga Rraagwe?

2 Pele ga go bopiwa sepe, Modimo o ne a le nosi ka lobaka lo loleele thata. La ntlha o ne a bopa sebopiwa sa semoya se se bidiwang “Lefoko” ka gonne e ne e le Mmueledi wa ga Jehofa. Dilo tse dingwe tsotlhe di nnile teng ka Lefoko. Moragonyana o ne a tla mo lefatsheng e le motho yo o itekanetseng mme a itsiwe e le Jesu Keresete.—Bala Johane 1:1-3, 14.

3 Dikwalo tsa reng ka maemo a Modimo fa a bapisiwa le a Morwawe wa leitibolo? Moaposetoloi Paulo yo o neng a kwala a tlhotlhelediwa ke moya a re: “Ke batla gore lo itse gore tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna; Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.” (1 Bakor. 11:3) Tlhogo ya ga Keresete ke Rraagwe. Gore go nne le kagiso le thulaganyo mo gare ga dibopiwa tse di botlhale, go botlhokwa gore go nne le thulaganyo ya botlhogo mme bo ikobelwe. Tota go lebeletswe gore le ene yo ‘dilo tsotlhe tse dingwe di neng tsa bopiwa ka ene’ a ikobele botlhogo jwa Modimo.—Bakol. 1:16.

4, 5. Jesu o ne a ikutlwa jang ka maemo a gagwe fa a bapisiwa le a ga Jehofa?

4 Jesu o ne a ikutlwa jang ka go ikobela botlhogo jwa ga Jehofa le ka go tla mo lefatsheng? Baebele ya re: “Keresete Jesu, yo, le mororo a ne a tshela a le mo sebopegong sa Modimo, a neng a se ka a akanyetsa go itseela, e leng, go lekana le Modimo. Nnyaa, mme o ne a iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka mme a nna mo setshwanong sa batho. Mo godimo ga moo, e rile a iphitlhela a le mo sebopegong sa motho, a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso.”—Bafil. 2:5-8.

5 Ka dinako tsotlhe, Jesu o ne a dira thato ya ga Rraagwe ka boikokobetso. O ne a re: “Ga nka ke ka dira selo le fa e le se le sengwe ka bonna; . . . katlholo e ke atlholang ka yone e siame, ka gonne ga ke batle thato ya me, mme ke batla thato ya yo o nthomileng.” (Joh. 5:30) Gape o ne a re: “Ka metlha ke dira dilo tse di . . . itumedisang [Rara].” (Joh. 8:29) Go ela kwa bokhutlong jwa botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng, o ne a rapela Rraagwe a re: “Ke go galaleditse mo lefatsheng, ka ke weditse tiro e o e nneileng go e dira.” (Joh. 17:4) Go lebega Jesu a ne a se na bothata le go tsaya Modimo e le tlhogo ya gagwe.

Go Ikobela Rara go Solegela Morwa Molemo

6. Jesu o ne a na le dinonofo dife tse di molemo?

6 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha dinonofo tse dintsi tse di molemo. Nngwe ya tsone e ne e le lorato lo logolo lo a neng a rata Rraagwe ka lone. O ne a re: “Ke rata Rara.” (Joh. 14:31) Gape o ne a rata batho thata. (Bala Mathaio 22:35-40.) Jesu o ne a le pelonomi, a akanyetsa ba bangwe, a se peloethata e bile a se boikgogomoso. Gape o ne a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke  tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Math. 11:28-30) Batho ba sekadinku ba dingwaga tse di farologaneng, segolobogolo ba ba neng ba imetswe e bile ba gateletswe, ba ne ba gomodiwa thata ke botho jwa ga Jesu jo bo molemo le molaetsa wa gagwe o o kgothatsang.

7, 8. Go ya ka Molao, mosadi yo o neng a na le kelelo ya madi o ne a ilediwa go dira eng, mme Jesu o ne a mo tshwara jang?

7 Akanya kafa Jesu a neng a tshwara basadi ka teng. Go tloga bogologolo banna ba bantsi ba ntse ba sotla basadi. Baeteledipele ba bodumedi ba kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba dira jalo. Mme Jesu ene o ne a tlotla basadi. Seno se bonala mo tseleng e a neng a tshwara ka yone mosadi mongwe yo o neng a na le dingwaga di le 12 a lwala, a na le kelelo ya madi. “O ne a tsentswe mo ditlhabing di le dintsi” ke dingaka mme o ne a dirisitse madi a gagwe otlhe a leka go bona kalafi. Le fa a sena go dira dilo tseo tsotlhe, o ne a “ntse maswe le go feta.” O ne a tsewa a itshekologile go ya ka Molao. Ope fela yo o mo amang o ne a tla itshekologa le ene.—Lefi. 15:19, 25.

8 Fa mosadi yoo a ne a utlwa gore Jesu o ne a fodisa balwetse, o ne a tsena mo gare ga boidiidi jwa batho jo bo neng bo dikologile Jesu, a re: “Fa nka ama fela diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle ke tla fola.” O ne a ama Jesu, mme a fola gone fela foo. Jesu o ne a itse gore mosadi yoo o ne a sa tshwanela go ama seaparo sa gagwe. Le fa go ntse jalo, ga a ka a mo omanya. Go na le moo, o ne a mmontsha bopelonomi. O ne a tlhaloganya kafa mosadi yono a tshwanetseng a bo a ne a ikutlwa ka teng mo dingwageng tseo tsotlhe tsa fa a ne a lwala mme a lemoga gore o ne a tlhoka thuso thata. Ka kutlwelobotlhoko, Jesu o ne a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso, o bo o fole.”—Mar. 5:25-34.

9. Fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba leka go thibela bana go tla kwa go ene, o ne a reng?

9 Le bana tota ba ne ba ikutlwa ba phuthologile fa ba na le Jesu. Fa batho ba ne ba tlisa bana kwa go ene lekgetlho lengwe, barutwa ba gagwe ba ne ba kgalema batho bao, ka gonne ba ka tswa ba ne ba tsaya gore o ne a ka se batle go tshwenngwa ke bana. Mme Jesu ene o ne a sa ikutlwe jalo. Pego eo ya Baebele ya re: “Fa Jesu a bona seno a galefa mme [a raya barutwa ba gagwe] a re: ‘Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo.’” Gape, o ne “a tsaya bana ka mabogo mme a simolola go ba segofatsa, a ba baya diatla.” Jesu o ne a sa letle bana gore ba tle kwa go ene fela, mme o ne a ba amogela ka lorato.—Mar. 10:13-16.

10. Go tlile jang gore Jesu a nne le dinonofo tse a neng a di bontsha?

10 Go tlile jang gore Jesu a nne le dinonofo tse a neng a di bontsha fa a ne a tshela mo lefatsheng? Pele ga a nna motho, o ne a etse Rraagwe yo o kwa legodimong tlhoko ka dingwagangwaga mme o ne a ithutile ditsela tsa gagwe. (Bala Diane 8:22, 23, 30.) Kwa legodimong, o ne a bone tsela e e lorato e Jehofa a neng a okametse popo ya Gagwe yotlhe ka yone mme o ne a mo etsa. A Jesu o ne a ka kgona go dira jalo fa a ne a se boikobo? O ne a itumelela go ikobela Rraagwe, mme Jehofa o ne a itumelela go nna le Morwa yo o boikobo. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a bontsha dinonofo tse di molemolemo tsa ga Rraagwe yo o kwa legodimong ka botlalo. A bo e le tshiamelo go ikobela Keresete, yo e leng Mmusi yo o tlhomilweng ke Modimo wa Bogosi jwa kwa legodimong!

Etsa Dinonofo Tsa ga Keresete

11. (a) Re tshwanetse go leka ka natla go etsa mang? (b) Ke eng fa banna ba ba mo phuthegong e le bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go leka ka natla go etsa Jesu?

11 Botlhe mo phuthegong ya Bokeresete, segolobogolo banna, ba tshwanetse go tswelela ba leka ka natla go etsa dinonofo tsa ga Keresete. Jaaka go setse go umakilwe, Baebele ya re: “Tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete.” Fela jaaka Keresete a ne a etsa Tlhogo ya gagwe, Modimo wa boammaaruri, banna ba Bakeresete ba tshwanetse go leka ka natla go etsa tlhogo ya bone—Keresete. Fa moaposetoloi Paulo a ne a nna Mokeresete, o ne a dira fela jalo. O ne a kgothatsa Bakeresete mmogo le ene a re: “Nnang baetsi  ba me, fela jaaka nna ke le wa ga Keresete.” (1 Bakor. 11:1) Moaposetoloi Petere ene o ne a re: “Lo ne lwa bilediwa tseleng eno, ka gonne le Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (1 Pet. 2:21) Banna ba na le lebaka le lengwe gape la go bo ba tshwanetse go ikobela kgakololo ya gore ba etse Keresete. Ke bone ba e nnang bagolwane le batlhanka ba bodiredi. Jaaka Jesu a ne a itumelela go etsa Jehofa, banna ba Bakeresete ba tshwanetse go itumelela go etsa Keresete le go bontsha dinonofo tse a neng a di bontsha.

12, 13. Bagolwane ba tshwanetse go tshwara jang dinku tse ba di tlhokometseng?

12 Bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete ba tshwanetse go ithuta go tshwana le Keresete. Petere o ne a kgothatsa banna ba bagolwane, kana bagolwane jaana: “Disang letsomane la Modimo le lo le tlhokometseng, e seng ka go patelelwa, mme e nne ka go rata; e bile e seng ka go rata poelo ya go sa ikanyege, mme e nne ka tlhagafalo; gape e seng ka go rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo, mme e nne ka go nna dikao mo letsomaneng.” (1 Pet. 5:1-3) Bagolwane ba Bakeresete ga ba a tshwanela go nna bagateledi, bapatiki, kana go nna setlhogo. Ba etsa sekao sa ga Keresete ka go leka go nna lorato, go akanyetsa ba bangwe, go nna boikokobetso le go nna pelonomi fa ba dirisana le dinku tse ba neilweng maikarabelo a go di tlhokomela.

13 Ba ba etelelang pele mo phuthegong ke banna ba ba sa itekanelang, mme ba tshwanetse go nna ba gakologetswe seo. (Bar. 3:23) Ka jalo ba tshwanetse go tlhagafalela go ithuta ka Jesu le go etsa lorato lwa gagwe. Ba tshwanetse go tlhatlhanya ka tsela e Modimo le Keresete ba tshwarang batho ka yone mme ba leke go ba etsa. Petere o re gakolola jaana: “Lotlhe  ikgatlheng ka mogopolo wa go ikokobeletsana, ka gonne Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.”—1 Pet. 5:5.

14. Bagolwane ba tshwanetse go bontsha ba bangwe tlotlo go le kana kang?

14 Banna ba ba tlhomilweng mo phuthegong ba tshwanetse go bontsha dinonofo tse di molemo fa ba dirisana le letsomane la Modimo. Baroma 12:10 ya re: “Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi. Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba tlotla ba bangwe. Jaaka Bakeresete botlhe, banna bano ga ba a tshwanela ‘go dira sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng ba tshwanetse go tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga bone.’ (Bafil. 2:3) Ruri ba ba etelelang pele ba tshwanetse go tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga bone. Fa banna ba ba tlhomilweng ba dira jalo, ba tla bo ba ikobela kgakololo eno ya ga Paulo: “Mme rona ba ba nonofileng re tshwanetse go sikara makoa a ba ba sa nonofang, mme re sa iitumedise. A mongwe le mongwe wa rona a itumedise moagelani wa gagwe ka se se molemo go mo aga. Gonne le Keresete tota o ne a se ka a iitumedisa.”—Bar. 15:1-3.

‘Go Naya Basadi Tlotlo’

15. Banna ba tshwanetse go tshwara basadi ba bone jang?

15 Jaanong sekaseka kgakololo e Petere a neng a e naya banna ba ba nyetseng. O ne a re: “Lona banna ba lo nyetseng, tswelelang lo nna le [basadi ba lona] ka mokgwa o o tshwanang go ya ka kitso, lo ba naya tlotlo jaaka sejana se se bokoa, sa sesadi.” (1 Pet. 3:7) Go tlotla motho go kaya go mo tseela kwa godimo. Fa o dira jalo, o tla akanyetsa tsela e motho yoo a lebang dilo ka yone, dilo tse a di tlhokang le tse a di batlang mme o ka nna wa ineela o bo o dira dilo tse a di ratang fa go sa senyege sepe. Monna o tshwanetse go tshwara mosadi wa gagwe jalo.

16. Lefoko la Modimo le naya banna tlhagiso efe malebana le go tlotla basadi ba bone?

16 Fa Petere a bolelela banna gore ba tlotle basadi ba bone, gape o ba tlhagisa jaana: “Gore dithapelo tsa lona di se ka tsa kgoreletsega.” (1 Pet. 3:7) Seo se bontsha gore Jehofa o tsaya tsela e monna a tshwarang mosadi wa gagwe ka yone e le masisi go le kana kang. Fa a sa mo tlotle seo se ka kgoreletsa dithapelo tsa gagwe. Gape, basadi ka kakaretso ba a itumela fa banna ba bone ba ba tshwara ka tsela e e bontshang tlotlo.

17. Monna o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe go le kana kang?

17 Lefoko la Modimo le gakolola jaana mo kgannyeng ya gore monna a rate mosadi wa gagwe: “Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. . . . Gonne ga go motho ope yo o kileng a tlhoa nama ya gagwe; mme o a e fepa a ba a e ngomaela, jaaka Keresete le ene a dira phuthego jalo . . . A mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata.” (Baef. 5:28, 29, 33) Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone go le kana kang? Paulo o ne a re: “Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone.” (Baef. 5:25) Ee, monna o tshwanetse gore a bo a iketleeditse le go swela mosadi wa gagwe, fela jaaka Keresete a ne a swela ba bangwe. Fa monna wa Mokeresete a tshwara mosadi wa gagwe ka tsela e e bonolo, a mo akanyetsa, a mo tsaya tsia, a sa ikakanyetse a le esi, go tla nna motlhofo gore mosadi wa gagwe a ikobele botlhogo jwa gagwe.

18. Banna ba ka thusiwa ke eng go diragatsa maikarabelo a bone mo lenyalong?

18 A banna ba ka se kgone go tlotla basadi ba bone jalo? Ba ka kgona ka gonne Jehofa o ne a ka se ba laele go dira sepe se ba ka se kgoneng go se dira. Gape, baobamedi ba ga Jehofa ba ka bona maatla a magolo go gaisa otlhe mo lobopong —moya o o boitshepo wa Modimo. Jesu o ne a re: “Fa lona, le mororo lo le boikepo, lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!” (Luke 11:13) Fa banna ba rapela ba ka kopa Jehofa gore a ba thuse ka moya wa gagwe gore ba dirisane sentle le ba bangwe, go akaretsa basadi ba bone.—Bala Ditiro 5:32.

19. Go tla tlotlwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Eleruri banna ba na le maikarabelo a magolo a go ithuta go ikobela Keresete le go etsa botlhogo jwa gagwe. Mme go tweng ka basadi, segolobogolo basadi ba ba nyetsweng? Mo setlhogong se se latelang go tla tlotlwa ka tsela e ba tshwanetseng go leba ka yone seabe sa bone mo thulaganyong ya ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Re tshwanetse go etsa dinonofo dife tsa ga Jesu?

• Bagolwane ba tshwanetse go tshwara dinku jang?

• Monna o tshwanetse go tshwara mosadi wa gagwe jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Etsa Jesu ka go tlotla ba bangwe