Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakeresete ba Bogologolo le Medimo ya Kwa Roma

Bakeresete ba Bogologolo le Medimo ya Kwa Roma

 Bakeresete ba Bogologolo le Medimo ya Kwa Roma

MO LEKWALONG le Pliny yo Mmotlana, mmusi wa Bithinia, a neng a le kwalela Mmusimogolo wa Roma, Trajan, o ne a re: “Fa batho ba ne ba tlisiwa kwa go nna ka ditatofatso tsa gore ke Bakeresete, ke ne ke dira dilo jaana: Ke ne ke ba botsa gore a ke Bakeresete, mme fa ba dumela, ke ne ke ba botsa gape lekgetlho la bobedi le la boraro mme ke ba tshosetsa ka gore ke tla ba otlhaya. Fa ba tswelela ba re ke Bakeresete, ke ne ke laela gore ba bolawe.” Mme o ne a bua jaana ka ba ba neng ba itatola gore ke Bakeresete ka go tlhapatsa Keresete le ka go obamela sefikantswe sa mmusimogolo le ditshwantsho tsa medimo e Pliny a neng a e tlisitse mo kgotlatshekelong: “Ke ne ke bona go le molemo gore ke ba golole.”

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba bogisiwa ka gonne ba ne ba gana go obamela mmusimogolo le ditshwantsho tsa medimo e e farologaneng. Go tweng ka madumedi a mangwe a a neng a tletse go ralala Mmusomogolo wa Roma? Go ne go obamelwa medimo efe, mme Baroma ba ne ba e leba jang? Ke eng fa Bakeresete ba ne ba bogisediwa go gana go ntshetsa medimo ya Roma ditlhabelo? Dikarabo tsa dipotso tseno di tla re thusa go itse se re tshwanetseng go se dira fa re lebana le dikgang tse di ntseng jalo tse di amang boikanyegi jwa rona mo go Jehofa mo motlheng wa rona.

Madumedi a Mmusomogolo

Fela jaaka Mmusomogolo wa bogologolo wa Roma o ne o na le batho ba dipuo le ditso tse dintsi tse di farologaneng, medimo e ba neng ba e obamela le yone e ne e le mentsi fela jalo. Le fa Baroma ba ka tswa ba ne ba sa tlwaelana le Tumelo ya Sejuda, ba ne ba tsaya gore ke bodumedi jo bo itsiweng, mme ba ne ba bo femela. Kaesara le setšhaba sa Roma ba ne ba ntshediwa setlhabelo sa dikwanyana tse pedi le poo e le nngwe gabedi letsatsi lengwe le lengwe kwa tempeleng ya kwa Jerusalema. Baroma ba ne ba sa tshwenyege ka kgang ya gore a ditlhabelo tseno di ne di itumedisa modimo o le mongwe kgotsa e le mentsi. Ba ne ba itumelela fela gore di ne di naya bosupi jo bo lekaneng jwa gore Bajuda ba ne ba ineetse mo pusong ya Roma.

Go ne go na le mefuta e e farologaneng ya tumelo ya boheitane mo makokong a koo a bodumedi. Batho ba le bantsi ba ne ba setse ba dumela ditlhamane tsa Segerika, mme go laola ka bola go ne go tlwaelegile. Madumedi a go tweng ke a masaitsiweng a a simologileng kwa Botlhaba a ne a solofetsa maloko a one gore a ka newa bosasweng, a ka senolelwa dilo ka tlhamalalo le gore a ka bua le medimo a dirisa meetlo ya masaitsiweng. Madumedi ano a ne a anama mo mmusomogolong otlhe wa Roma. Mo makgolong a ntlha a dingwaga C.E. go ne go ratiwa thata makoko a bodumedi a modimo wa Egepeto e bong Serapis le a modimo wa sesadi Isis, mmogo le modimo wa sesadi wa tlhapi wa kwa Siria e bong Atargatis le modimo wa letsatsi wa kwa Peresia e bong Mithra.

 Buka ya Baebele ya Ditiro e tlhalosa sentle kafa Bakeresete ba bogologolo ba neng ba faraferwe ke tumelo ya boheitane ka teng. Ka sekai, molaodi wa masole a Roma wa kwa Kupero o ne a tsalane le moloi wa Mojuda. (Dit. 13:6, 7) Batho ba kwa Lisetera ba ne ba akanya gore Paulo le Barenabase e ne e le medimo ya Bagerika e bong Heremese le Seuse. (Dit. 14:11-13) Fa Paulo a ne a le kwa Filipi, o ne a kopana le mosetsana wa motlhanka yo o neng a dirisa boitseanape. (Dit. 16:16-18) Kwa Athena, moaposetoloi yono o ne a bolela gore baagi ba motse oo ‘ba ne ba bonala fa ba boifa medimo thata go feta ba bangwe.’ Gape kwa motseng oo o ne a bone sebeso se se neng se kwadilwe go twe “Go Modimo O o Sa Itsiweng.” (Dit. 17:22, 23) Baagi ba kwa Efeso ba ne ba obamela modimo wa sesadi e bong Aretemise. (Dit. 19:1, 23, 24, 34) Kwa setlhaketlhakeng sa Maleta, batho ba ne ba re Paulo ke modimo ka gonne a ne a se ka a gobala fa noga e mo loma. (Dit. 28:3-6) Mo maemong a a ntseng jalo, Bakeresete ba ne ba tshwanetse go nna ba itisitse mo dilong dipe fela tse di neng di ka kgotlela kobamelo ya bone e e itshekileng.

Bodumedi Jwa Kwa Roma

Fa puso ya Baroma e ntse e gola, ba ne ba amogela medimo e mesha e ba neng ba kopana le yone ka gonne ba dumela gore ke medimo e ba neng ba ntse ba e obamela mme e tlile ka sebopego se sengwe. Fa Baroma ba ne ba fenya ditšhaba di sele, ba ne ba sa fedise madumedi a tsone mme ba ne ba a amogela le go a latela. Ka ntlha ya seo, Roma e ne ya feleletsa e na le madumedi a a farologaneng fela jaaka go ne go na le batho ba ditso tse di farologaneng mo setšhabeng seo. Bodumedi jwa kwa Roma bo ne bo sa pateletse batho go obamela modimo o le mongwe fela. Ba ne ba ka obamela medimo e e farologaneng ka nako e le nngwe.

Modimo mongwe o o neng o tlhomologile thata mo medimong yotlhe ya Roma e ne e le Jupiter, yo o neng a bidiwa Optimus Maximus, ke gore yo o molemolemo le yo mogolo go e gaisa yotlhe. Go ne go akanngwa gore o kgona go bonala mo diphefong, mo puleng, mo dikgadimeng le mo tumong ya maru. Go ne go twe kgaitsadie Jupiter le mogatse e bong Juno, yo o neng a amanngwa le ngwedi, ba tlhokometse botshelo jotlhe jwa basadi. Morwadie e bong Minerva e ne e le modimo wa sesadi wa tiro ya diatla, wa thutego, wa botaki le wa ntwa.

Medimo ya Baroma e ne e le mentsi fela thata. Lares le Penates e ne e le medimo ya lelapa. Vesta e ne e le modimo wa sesadi wa leiso. Janus yo o neng a na le difatlhego tse pedi e ne e le modimo wa tshimologo ya dilo tsotlhe. Tiro nngwe le nngwe e ne e na le modimo wa yone yo o neng a e tlhokomela. Gape Baroma ba ne ba dumela mo medimong ya dikgopolo tse di farologaneng. Pax e ne e le modimo  o o sireletsang kagiso, Salus, a sireletsa boitekanelo, Pudicitia a sireletsa boingotlo le boitsheko, Fides a sireletsa boikanyego, Virtus a sireletsa bopelokgale mme Voluptas a sireletsa menate. Baroma ba ne ba tsaya gore sengwe le sengwe se ba neng ba se dira le karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa bone e ne e tshwanetse go dumalana le thato ya medimo. Ka jalo, gore ba tlhomamise gore ba bona matswela a a molemo mo tirong nngwe, modimo o o lebaganeng le tiro eo o ne o tshwanetse go direlwa meetlo ya dithapelo, ditlhabelo le mekete.

Tsela nngwe ya go tlhomamisa gore medimo e batla eng e ne e le go batla ditshupo tsa botlhodi. Mongwe wa mekgwa e e neng e dirisiwa thata e ne e le go tlhatlhoba mateng a diphologolo tse di ntshitsweng setlhabelo. Go ne go akanngwa gore seemo sa mateng ao le tsela e a lebegang ka yone e ne e bontsha gore a medimo e ne e dumalana kana e sa dumalane le se se neng se tloga se dirwa.

Kwa bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E., Baroma ba ne ba dumela gore medimo ya bone e megolo e ne e tshwana le medimo mengwe ya Bagerika—Jupiter a tshwana le Seuse, Juno a tshwana le Hera, jalo le jalo. Gape Baroma ba ne ba setse ba dirisa ditlhamane tse di neng di tsamaisana le medimo ya Bagerika. Mo ditlhamaneng tseno medimo eo e ne e sa buiwe sentle mme e ne e na le diphoso jaaka batho. Ka sekai, Seuse o ne a tlhalosiwa e le mmeteledi le motho yo o tlhakanelang dikobo le bana mmogo le batho ba ba swang le ba go neng go twe ga ba swe. Ditiro tse di makgapha tse di neng di dirwa ke medimo—tse gantsi batho ba neng ba di kgatlhegela thata kwa mafelong a bobogelo—di ne di dira gore baobamedi ba medimo eo ba tseye gore le bone ba ka dira ditiro tse ba di ratang tsa matlhabisaditlhong.

Go lebega e le batho ba se kae fela ba ba rutegileng ba ba neng ba dumela ditlhamane tseo fela jaaka di ntse. Ba bangwe ba ne ba di tsaya e le ditshwantsho. Leno e ka tswa e le lone lebaka la go bo Ponto Pilato a ne a botsa potso e e itsegeng ya gore “Boammaaruri ke eng?” (Joh. 18:38) E tsewa e dumalana le “boikutlo jo batho ba bantsi ba ba rutegileng ba nang le jone jwa gore go ka se kgonege go leka go itse boammaaruri jo bo feletseng ka sepe fela.”

Go Obamela Mmusimogolo

Go obamelwa ga mmusimogolo go simologile ka nako ya puso ya ga Augustus (27 B.C.E. go ya go 14 C.E.) Batho ba bantsi segolobogolo mo dikgaolong tse go buiwang Segerika kwa go tsone tsa kwa Botlhaba ba ne ba leboga Augustus thata, ka gonne o ne a dirile gore go nne le thitibalo le kagiso morago ga nako e telele ya ntwa. Batho ba ne ba batla mmusi yo ba mmonang ka matlho yo o tla ba sireletsang goyagoile. Ba ne ba batla puso e e neng e ka rarabolola go tlhoka kutlwano mo bodumeding, e e ka rotloetsang bosetšhaba le e e ka dirang gore lefatshe lotlhe le nne seoposengwe le busiwa ke “mmoloki” wa lone. Ka ntlha ya seo, mmusimogolo o ne a simolola go tsewa e le modimo.

Le fa Augustus a ne a sa letle batho ba bangwe gore ba mmitse modimo fa a ne a sa ntse a tshela, o ne a gatelela gore modimo wa sesadi yo o emelang Roma, e bong Roma Dea, a obamelwe. Augustus o ne a simolola go tsewa e le modimo fa a sena go swa. Ka jalo kobamelo le bosetšhaba mo dikgaolong tsa naga eo di ne di lebisiwa mo mmusomogolong le mo babusing ba one. Kobamelo e e neng e sa tswa go simolola ya mmusimogolo, e e neng ya anamela kwa dikgaolong tsotlhe, e ne ya nna tsela ya go tlotla Puso le go bontsha go ikanyega mo go yone.

Domitian, yo e neng ya nna mmusimogolo go tloga ka 81 go ya go 96 C.E., e ne e le mmusi wa ntlha wa kwa Roma yo o neng a laela gore a obamelwe jaaka modimo. Mo motlheng wa gagwe, Baroma ba ne ba kgona go bona pharologanyo fa gare ga Bakeresete le Bajuda mme ba ne ba ganetsa se se neng se tsewa e le lekoko le lesha. Go lebega e ne e le ka puso ya ga Domitian fa moaposetoloi Johane a ne a isitswe botshwarwa kwa setlhaketlhakeng sa Patamose ka ntlha ya “go naya bosupi ka Jesu.”—Tshen. 1:9.

Buka ya Tshenolo e kwadilwe ka nako e Johane a neng a le kwa botshwarwa ka yone. Mo go yone o bua ka Antipase, Mokeresete yo o neng a bolawa kwa Peregamo, e e neng e le boremelelo jwa kobamelo ya mmusimogolo. (Tshen. 2:12, 13) Ka nako eo, puso ya mmusimogolo e ka tswa e ne e setse e  simolotse go pateletsa Bakeresete gore ba dire meetlo ya bodumedi jwa mo Nageng eo. Le fa go ka tswa go ne go ntse jalo kana nnyaa, ka 112 C.E., jaaka go bontshitswe mo lekwalong la ga Trajan le le umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, Pliny o ne a laela gore Bakeresete ba kwa Bithinia ba dire meetlo eo.

Trajan o ne a akgola Pliny ka tsela e a neng a tshwara dikgetsi tse di neng di tlisiwa kwa go ene ka yone mme a laela gore Bakeresete ba ba neng ba gana go obamela medimo ya Baroma ba bolawe. Trajan o ne a kwala a re: “Le fa go ntse jalo, fa motho a latola gore ke Mokeresete, mme a ntsha bosupi jwa gore ga se ene ka go rapela medimo ya rona, a a itshwarelwe fa a ikwatlhaya (go sa kgathalesege gore o ne a belaelwa pele ga foo).”

Baroma ba ne ba sa kgone go tlhaloganya bodumedi jo bo neng bo batla gore balatedi ba jone ba ikanyege mo go jone fela. Medimo ya Baroma e ne e sa letela gore baobamedi ba yone ba obamele yone fela, jaanong ke ka ntlha yang fa Modimo wa Bakeresete ene a ne a ka batla seo? Go ne go tsewa gore go obamela medimo ya Puso go kaya fela gore motho o ikobela tsamaiso ya bopolotiki ya mo nageng eo. Ka jalo, go gana go e obamela go ne go tsewa e le boepapuso. Jaaka Pliny a ne a lemoga, go ne go sa kgonege go pateletsa bontsi jwa Bakeresete gore ba obamele medimo eo. Mo Bakereseteng bao go dira jalo e ne e tla bo e le go sa ikanyege mo go Jehofa, mme Bakeresete ba bantsi ba bogologolo ba ne ba ka mpa ba swa go na le gore ba obamele medingwana ka go obamela mmusimogolo.

Ke eng fa re tshwanetse go kgatlhegela kgang eno gompieno? Mo dinageng dingwe, go lebeletswe gore baagi ba tlotle matshwao a setšhaba. Rona Bakeresete, re tlotla bolaodi jwa dipuso tse di re busang. (Bar. 13:1) Le fa go ntse jalo, fa go tliwa mo meletlong e e amanang le difolaga tsa setšhaba, se re se dirang se tlhotlhelediwa ke gore Jehofa Modimo o batla gore re obamele ene fela le gore Lefoko la gagwe le re gakolola gore re ‘tshabe kobamelo ya medingwana’ le gore re ‘itise mo medingwaneng.’ (1 Bakor. 10:14; 1 Joh. 5:21; Nah. 1:2) Jesu o ne a re: “Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.” (Luke 4:8) Ka jalo, e kete re ka tswelela re ikanyega mo Modimong yo re mo obamelang.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Bakeresete ba boammaaruri ba obamela Jehofa fela

[Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba gana go obamela mmusimogolo kana ditshwantsho tsa medimo

Mmusimogolo Domitian

Seuse

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Emperor Domitian: Todd Bolen/Bible Places.com; Zeus: Photograph by Todd Bolen/Bible Places.com, taken at Archaeological Museum of Istanbul

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Bakeresete ba kwa Efeso ba ne ba gana go obamela Aretemise, modimo wa sesadi o o neng o obamelwa ke batho ba le bantsi.—Dit. 19:23-41