Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mareko—‘O Mosola mo go Direleng’

Mareko—‘O Mosola mo go Direleng’

 Mareko—‘O Mosola mo go Direleng’

PHUTHEGO ya kwa Antioka e ne e kile ya nna le mathata, mme kganetsano ya ga moaposetoloi Paulo le moaposetoloi Barenabase e ne e le kgang e sele. Banna bano ba ne ba rulaganya mosepele wa borongwa; le fa go ntse jalo, fa ba setse ba dira tshwetso ya gore ba tla tsamaya le mang, ba ne ba nna le “kgalefelano e e botlhoko.” (Dit. 15:39) Ba ne ba kgaogana mme mongwe le mongwe a tsaya tsela ya gagwe. Ba ne ba ganetsana ka morongwa wa boraro—Mareko.

Mareko e ne e le mang? Ke eng se se neng sa dira gore baaposetoloi ba babedi ba ganetsane ka ene? Ke ka ntlha yang fa ba ne ba tatalala jaana? A morago ba ile ba fetola maikutlo a bone? Mme o ka ithutang mo kgannyeng ya ga Mareko?

Kwa Gae Kwa Jerusalema

Mareko, yo go lebegang a ne a tswa mo lelapeng le le humileng la Bajuda, o goletse kwa Jerusalema. Lekgetlho la ntlha re utlwa ka ga gagwe ka namana ke fa go buiwa ka ditiragalo tsa phuthego ya Bokeresete ya bogologolo. Mo e ka nnang ka 44 C.E., fa moengele wa ga Jehofa a sena go golola moaposetoloi Petere ka kgakgamatso mo kgolegelong  ya ga Herode Ageripa I, Petere o ne a ya “kwa ntlong ya ga Marea mmaagwe Johane wa sefane sa Mareko, koo ba le bantsi thata ba neng ba phuthegile gone e bile ba rapela.”—Dit. 12:1-12. *

Ka jalo, go lebega phuthego ya kwa Jerusalema e ne e tshwarela dipokano mo legaeng la ga mmaagwe Mareko. E re ka go ne go phuthegile “ba le bantsi thata” koo, seo se bontsha gore legae leno le ne le le legolo. Marea o ne a na le lelata le le bidiwang Roda, le le ileng la ya go bula fa Petere a kokota “fa setswalong sa kgoro.” Dintlha tseno di bontsha gore Marea o ne a itsholetse. Mme ntlo eno e tlhalosiwa e le legae la gagwe e seng la monna wa gagwe, ka jalo go ka direga gore e ne e le motlholagadi le gore Mareko o ne a sa le mmotlana.—Dit. 12:13.

Mareko e ka tswa e ne e le mongwe wa ba ba neng ba phuthegile ba rapela. O tshwanetse a bo a ne a itse barutwa ba ga Jesu sentle mmogo le ba bangwe ba ba neng ba bone dilo tse di diregileng ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu. E bile Mareko e ka tswa e le lone lekawana le le neng le ikokegile fela ka seaparonyana sa fa godimo le le neng la leka go sala Jesu morago fa A ne a tshwarwa lekgetlho la ntlha mme la tshaba fa batho ba ne ba leka go le tshwara.—Mar. 14:51, 52.

Maikarabelo mo Phuthegong

Kwantle ga pelaelo go tsalana le Bakeresete ba ba godileng semoyeng go ne ga nna le tlhotlheletso e e molemo mo go Mareko. O ne a gola semoyeng mo a neng a lemogwa ke bakaulengwe ba ba eteletseng pele mo phuthegong. Mo e ka nnang ka 46 C.E., fa Paulo le Barenabase ba ne ba isitse “thuso ya go namola” go tswa kwa Antioka go ya kwa Jerusalema ba ile go namola leuba, ba ne ba kgatlhiwa ke Mareko. Fa Paulo le Barenabase ba boela kwa Antioka, ba ne ba tsamaya le ene.—Dit. 11:27-30; 12:25.

Fa motho a bala pego eno a feta fela a ka tsaya gore batho bano ba bararo ba ne ba sa amane ka gope—kwantle ga gore e ne e le Bakeresete mmogo—le gore Paulo le Barenabase ba ne ba tsamaya le Mareko fela ka ntlha ya bokgoni jwa gagwe. Mme lengwe la makwalo a ga Paulo le tlhalosa gore Mareko e ne e le ntsalaa Barenabase. (Bakol. 4:10) Seno se ka re thusa go tlhaloganya ditiragalo tsa morago ga foo tse di neng di ama Mareko.

Go ne ga feta lobaka lo e ka nnang ngwaga mme moya o o boitshepo o ne wa kaela Paulo le Barenabase go tsaya loeto lwa borongwa. Ba ne ba tswa kwa Antioka ba ya kwa Kupero. Johane Mareko o ne a tsamaya le bone “e le motlhokomedi.” (Dit. 13:2-5) Gongwe Mareko o ne a tla thusa baaposetoloi bano ka dilo tse ba di tlhokang mo mosepeleng gore bone ba kgone go tlhoma mogopolo mo dilong tsa semoya.

Paulo, Barenabase le Mareko ba ne ba ralala Kupero, ba tsamaya ba ntse ba rera; go tswa foo ba ne ba ya kwa Asia Minor. Fa ba le koo, Johane Mareko o ne a dira tshwetso e e neng ya utlwisa Paulo botlhoko. Pego ya re fa banna bano ba bararo ba goroga kwa Perega, “Johane [o ne] a kgaogana le bone mme a boela kwa Jerusalema.” (Dit. 13:13) Ga go bolelwe gore ke ka ntlha yang fa a ne a dira jalo.

Dingwaga di le mmalwa moragonyana, Paulo,  Barenabase le Mareko ba ne ba boetse kwa Antioka. Baaposetoloi bao ba babedi ba ne ba rulaganya loeto lwa bobedi lwa borongwa gore ba ye go tswelela fa ba emeng teng ka loeto lwa ntlha. Barenabase o ne a batla gore ba tsamaye le ntsalae, mme Paulo o ne a sa batle go utlwa sepe ka Mareko ka gonne o ne a kile a ba tlhanogela. Ke sone se se neng sa baka kganetsano e e tlhalositsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno. Barenabase o ne a tsaya Mareko mme a ya go rera kwa gabone kwa Kupero, mme Paulo ene a ya kwa Siria. (Dit. 15:36-41) Go bonala sentle gore Paulo le Barenabase ba ne ba se mogopolo mongwe fela malebana le tshwetso e Mareko a neng a kile a e dira.

Ba a Letlana

Kwantle ga pelaelo tiragalo eno e ne ya utlwisa Mareko botlhoko thata. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela e le modiredi yo o ikanyegang. Re utlwa ka Mareko gape mo pegong ya Bakeresete ba bogologolo dingwaga di ka nna 11 kgotsa 12 a sena go tlhoka kutlwano le Paulo. A na le mang? A na le mongwe yo gongwe o neng o ka se solofele gore a bo a na le ene—Paulo!

Ka 60-61 C.E., fa Paulo a ne a le kwa kgolegelong kwa Roma, o ne a kwala makwalo a le mmalwa a jaanong a leng mo Baebeleng. Mo go le a neng a le kwalela Bakolosa, o ne a re: “Arisetareko motshwarwammogo le nna o lo romelela ditumediso tsa gagwe, le Mareko ntsalaa Barenabase o dira jalo, (yo lo neng lwa amogela ditaelo kaga gagwe tsa gore lo mo amogele fa go direga gore a tle kwa go lona) . . . Bano ke bone fela ba e leng badirimmogo le nna ba bogosi jwa Modimo, e bile bone bano ba nnile thuso e e nnonotshang.”—Bakol. 4:10, 11.

A phetogo e kgolo jang ne! Mareko o ne a kile a kgopisa Paulo fela thata, mme jaanong o ne a boetse gape e le modirimmogo le ene yo o rategang. Go lebega Paulo a ne a boleletse Bakolosa gore go ne go ka nna ga direga gore Mareko a ba etele. Fa Mareko a ne a ka tla, e ne e tla bo e le moemedi wa ga Paulo.

A e ka tswa e le gore mo nakong e e fetileng Paulo o ne a ile a tshwaya Mareko diphoso mo go feteletseng? A Mareko o ne a solegetswe molemo ke kotlhao e a neng a e tlhoka? A kgotsa dilo tseno ka bobedi di ne di diragetse ka selekanyo se se rileng? Le fa go ka tswa go diregile eng, go letlana ga bone go supa gore Paulo le Mareko ba ne ba godile. Ba ne ba lebetse ka mathata a ba kileng ba nna le one mme ba simolola go bereka mmogo gape. A bo seo e le sekao se se molemo jang ne mo go ope yo o kileng a tlhoka kutlwano le Mokeresete ka ene!

Mareko wa Motsamai

Fa o ntse o bala ka mesepele e e farologaneng e Mareko a neng a e tsaya, o lemoga gore e ne e le motsamai. Kwa gabone e ne e le kwa Jerusalema, a fudugela kwa Antioka, mme go tswa foo a tsamaya ka sekepe go ya Kupero le Perega. Morago ga moo o ne a ya kwa Roma. Fa a le koo, Paulo o ne a batla go mo romela kwa Kolosa. Mme ga go a ka ga felela foo!

Moaposetoloi Petere o ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha mo e ka nnang ka 62 go ya go 64 C.E. O ne a kwala jaana: “Mosadi yo o kwa Babelona . . . o a lo dumedisa, le Mareko morwaake o a lo dumedisa.” (1 Pet. 5:13) Ka jalo Mareko o ne a ya kwa Babelona a ya go dira mmogo le moaposetoloi yo o neng a tlhola a ya dipokanong tsa Bokeresete kwa legaeng la ga mmaagwe dingwaga tse dintsi pele ga foo.

Mo e ka nnang ka 65 C.E. fa Paulo a le mo kgolegelong lekgetlho la bobedi kwa Roma, o ne a kwalela Timotheo a mmitsa go tswa kwa Efeso,  mme gape a re: “Tsaya Mareko mme o tle le ene.” (2 Tim. 4:11) Ka jalo Mareko o ne a le kwa Efeso ka nako eo. Kwantle ga pelaelo o ne a dumela go boela kwa Roma le Timotheo jaaka Paulo a ne a laetse. Go tsaya mesepele go ne go se motlhofo mo metlheng eo, mme Mareko o ne a tsaya mesepele eo ka go rata.

Tshiamelo e Nngwe e Kgolo

Tshiamelo nngwe e kgolo e Mareko a neng a nna le yone e ne e le go tlhotlhelediwa ke Jehofa gore a kwale nngwe ya Diefangele. Le fa Efangele ya bobedi e sa umake gope gore e kwadilwe ke mang, dipolelo tsa bogologolo tsa re ke Mareko mme tsa re o ne a newa tshedimosetso ke Petere. E bile tota, Petere o bone mo e batlang e le dilo tsotlhe tse Mareko a di kwadileng.

Batho ba ba sekasekileng Efangele ya ga Mareko ba dumela gore o ne a kwalela Baditšhaba; o ne a tlhalosa mekgwa ya Bajuda ka tsela e e solegelang babadi molemo. (Mar. 7:3; 14:12; 15:42) Mareko o ranola mafoko a Se-Aramaika a a neng a ka se tlhaloganngwe ke batho ba e seng Bajuda. (Mar. 3:17; 5:41; 7:11, 34; 15:22, 34) O dirisa mafoko a le mantsi a Selatine e bile o tlhalosa mafoko a a tlwaelegileng a Segerika a dirisa a Selatine. O tlhalosa madi a Sejuda ka madi a kwa Roma. (Mar. 12:42) Go lebega seno sotlhe se tsamaisana le dipolelo tsa bogologolo fa di re Mareko o kwadile Efangele ya gagwe a le kwa Roma.

“O Mosola mo go Nna mo go Direleng”

Ruri fa Mareko a ne a le kwa Roma o ne a dira dilo tse dingwe gape kwantle ga go kwala Efangele ya gagwe. Gakologelwa gore Paulo o ne a raya Timotheo a re: “Tsaya Mareko mme o tle le ene.” Lebaka la ga Paulo e ne e le lefe? “Gonne o mosola mo go nna mo go direleng.”—2 Tim. 4:11.

Mafoko ano a a buiwang ka ga Mareko a senola go le gontsi ka ene. Eno ke tiragalo ya bofelo mo botshelong jwa ga Mareko e e begilweng mo Dikwalong. Ga go na gope fa Mareko a tlhalosiwang teng e le moaposetoloi, moeteledipele kgotsa moporofeti mo phuthegong. E ne e le modiredi, ke gore, o ne a direla ba bangwe. Mme ka nako eno, nakwana fela pele moaposetoloi Paulo a swa, ruri o ne a ka solegelwa molemo ke thuso ya ga Mareko.

Fa re kopanya dintlha tse di farologaneng ka botshelo jwa ga Mareko re bona monna yo o neng a tlhoafaletse go bolela dikgang tse di molemo mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe, monna yo o neng a itumelela go direla ba bangwe. Ee ruri, a bo Mareko a ne a newa ditshiamelo tse dikgolo jang ka gonne a sa kgobege marapo!

Rona batlhanka ba Modimo gompieno re bontsha gore re ititeile sehuba fela jaaka Mareko mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Fela jaaka Mareko, bangwe ba rona ba ka kgona go fudugela kwa mafelong a mangwe, le e leng kwa dinageng di sele go ya go rera dikgang tse di molemo teng. Le fa bangwe ba rona ba ka se kgone go fuduga, rotlhe re ka etsa Mareko ka tsela e nngwe ya botlhokwa. Fela jaaka a ile a tsaya matsapa a direla bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete, le rona re iketleeditse go dira ka natla go thusa badumedimmogo le rona gore ba kgone go direla Modimo. Fa re ntse re dira jalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla tswelela a re segofatsa.—Dia. 3:27; 10:22; Bagal. 6:2.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go ne go tlwaelegile mo bathong ba motlha wa ga Mareko gore motho a iphe kgotsa a fiwe leina le lengwe, e le la Sehebera kgotsa la puo e sele. Leina la ga Mareko la Sejuda e ne e le Yohanan—kgotsa Johane, ka Setswana. Sefane sa gagwe sa Selatine e ne e le Marcus, kgotsa Mareko.—Dit. 12:25.

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Mengwe ya Metse e Mareko a Neng a e Etela

Roma

Efeso

Kolosa

Perega

Antioka (ya Siria)

Kupero

LEWATLE LA MEDITERRANEAN

Jerusalema

Babelona