Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letsomane le le Lengwe, Modisa a le Mongwe

Letsomane le le Lengwe, Modisa a le Mongwe

 Letsomane le le Lengwe, Modisa a le Mongwe

“Lona ba lo ntshetseng morago le lona ka bolona lo tla nna mo ditulong tse di lesome le bobedi tsa bogosi, lo atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.”—MATH. 19:28.

1. Jehofa o ne a dirisana jang le ditlogolwana tsa ga Aborahame, mme ke ka ntlha yang fa seno se sa kaye gore o ne a tlhokomologile batho ba bangwe botlhe?

JEHOFA o ne a rata Aborahame, ka jalo O ne a bontsha ditlogolwana tsa ga Aborahame lorato ka metlha. Ka dingwaga di feta 1 500, o ne a tsaya setšhaba sa Iseraele, se se neng se tswa mo go Aborahame, e le setšhaba sa gagwe se a se tlhophileng, “thuo [ya gagwe] e e kgethegileng.” (Bala Duteronome 7:6.) A seo se ne se raya gore Jehofa o ne a tlhokomologile batho ba ditšhaba tse dingwe gotlhelele? Nnyaa. Ka nako eo, batho ba e seng Baiseraele, ba ba neng ba batla go obamela Jehofa ba ne ba letlelelwa go tsalana le setšhaba sa gagwe se se kgethegileng. Batho bano ba ba sokologetseng mo Sejudeng ba ne ba tsewa e le karolo ya setšhaba seo. Batho ba setšhaba seo ba ne ba tshwanetse go ba tsaya e le bomorwarraabone. (Lefi. 19:33, 34) Basokologi bano ba ne ba tshwanetse go ikobela melao yotlhe ya ga Jehofa.—Lefi. 24:22.

2. Jesu o ne a bua mafoko afe a a akabatsang, mme ka jalo go tsoga dipotso dife?

2 Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a raya Bajuda ba motlha wa gagwe mafoko ano a a akabatsang: “Bogosi jwa Modimo bo tla tsewa mo go lona bo bo bo newa setšhaba se se ungwang maungo a jone.” (Math. 21:43) Ke bomang ba ba neng ba tla nna mo setšhabeng seno se sesha, mme rona gompieno re amiwa jang ke phetogo eno?

Setšhaba se Sesha

3, 4. (a) Moaposetoloi Petere o ne a bontsha gore setšhaba se sesha ke bomang? (b) Ke bomang ba ba leng mo setšhabeng seno se sesha?

3 Moaposetoloi Petere o ne a bontsha sentle gore setšhaba seno se sesha ke bomang. O ne a kwalela Bakeresete ka ene a re: “Lo ‘lotso lo lo tlhophilweng, boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo, setlhopha sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng, gore lo bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe’ tsa yo o neng a lo bitsa mo lefifing a lo isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.” (1 Pet. 2:9) Jaaka go boleletswe pele, Bajuda ba tlholego ba ba neng ba amogela Jesu e le Mesia e ne ya nna bone maloko a ntlha a setšhaba seo se sesha. (Dan. 9:27a; Math. 10:6) Moragonyana, batho ba le bantsi ba e seng Baiseraele le bone ba ne ba tsenngwa mo setšhabeng seo, ka gonne Petere o ne a tswelela a re: “Lo kile lwa bo lo se setšhaba, mme jaanong lo setšhaba sa Modimo.”—1 Pet. 2:10.

4 Petere o ne a bua le bomang fano? Kwa tshimologong ya lekwalo la gagwe, a re: “[Modimo] o ne a re tsala sesha gore re nne le tsholofelo e e tshelang ka tsogo ya ga Jesu Keresete mo baswing, go ya bosweng jo bo sa senyegeng le jo bo sa leswafalang le jo bo sa nyeleleng. Bo beetswe lona kwa magodimong.” (1 Pet. 1:3, 4) Ka jalo setšhaba seno se sesha ke sa Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba solofetseng go ya go tshela kwa legodimong. Ke “Iseraele wa Modimo.” (Bagal. 6:16) Moaposetoloi Johane o ne a bontshiwa mo ponatshegelong gore palo ya Baiseraele bano ba semoya ke 144 000. Ba “rekwa mo bathong e le mabutswapele a Modimo le a Kwana” gore ba direle e le “baperesiti” mme ba “[buse] e le dikgosi le [Jesu] ka dingwaga di le sekete.”—Tshen. 5:10; 7:4; 14:1, 4; 20:6; Jak. 1:18.

A go Na le Ba Bangwe Gape mo go Sone?

5. (a) Polelwana e e reng “Iseraele wa Modimo” e kaya bomang? (b) Ke ka ntlha yang fa polelwana “Iseraele” e sa kaye setlhopha se le sengwe fela sa batho ka dinako tsotlhe?

5 Ka jalo go bonala sentle gore polelwana e e  reng “Iseraele wa Modimo” e e mo go Bagalatia 6:16 e bua fela ka Bakeresete ba ba tloditsweng. Le fa go ntse jalo, a Jehofa o a tle a dirise setšhaba sa Iseraele go tshwantshetsa Bakeresete ba ba akaretsang le ba e seng batlodiwa? Mafoko ano a Jesu a neng a a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang a re naya karabo: “Ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi, gore lo tle lo je lo bo lo nwe fa tafoleng ya me mo bogosing jwa me, lo bo lo nne mo ditulong tsa bogosi go atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.” (Luke 22:28-30) Seno se tla diragala ka nako ya ‘popo e ntšha,’ kgotsa ya go ntšhafadiwa ga dilo, ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete.—Bala Mathaio 19:28.

6, 7. Mo go Mathaio 19:28 le Luke 22:30, polelwana e e reng “ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele” e kaya bomang?

6 Ba ba 144 000 ba tla nna dikgosi, baperesiti le baatlhodi kwa legodimong ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete. (Tshen. 20:4) Ba tla atlhola bomang le gone ba tla busa bomang? Mo go Mathaio 19:28 le Luke 22:30, re bolelelwa gore ba tla atlhola “ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.” Mo ditemaneng tseno “ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele” di tshwantshetsa bomang? Di tshwantshetsa batho botlhe ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng—ba ba nang le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu mme ba se mo setlhopheng sa segosi sa baperesiti. (Lotso lwa Balefi lo ne lo se mo lenaaneng la ditso tse 12 tsa Baiseraele ba tlholego.) Mo ditemaneng tseno, batho ba ba tshwantshediwang ke ditso tse 12 tsa Iseraele ke ba ba tla solegelwang molemo ka tsela ya semoya fa ba ba 144 000 ba dira ditiro tsa bone tsa boperesiti. Batho bano ba ba solegelwang molemo mme e se baperesiti, le bone ke batho ba Modimo, o a ba rata e bile o a ba amogela. Go a tshwanela go bo ba tshwantshiwa le setšhaba sa gagwe sa bogologolo.

7 Go a tshwanela gore fa moaposetoloi Johane a sena go bona Baiseraele ba semoya ba ba 144 000 ba tshwaelwa ruri pele ga pitlagano e kgolo, o ne a bona le “boidiidi jo bogolo” jo bo se nang palo jo bo neng “bo tswa mo merafeng yotlhe.” (Tshen. 7:9) Bano ba tla falola pitlagano e kgolo ba bo ba tsena mo Pusong ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. Ba tla kopana koo le dibilione tsa batho ba ba tsositsweng mo baswing. (Joh. 5:28, 29; Tshen. 20:13) Bano botlhe e tla bo e le bone “ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele” tsa tshwantshetso tse di tla atlholwang ke Jesu le babusimmogo le ene ba ba 144 000.—Dit. 17:31; 24:15; Tshen. 20:12.

8. Ditiragalo tsa ngwaga le ngwaga tsa Letsatsi la Tetlanyo di tshwantshetsa jang kamano e ba ba 144 000 ba nang le yone le batho ba bangwe botlhe mo lefatsheng?

8 Kamano eno e ba ba 144 000 ba nang le yone le batho ba bangwe mo lefatsheng e ne ya tshwantshediwa e sale pele ke ditiragalo tsa Letsatsi la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga. (Lefi. 16:6-10) Sa ntlha, moperesiti yo mogolo o ne a tshwanetse go ntsha setlhabelo sa poo e le tshupelo ya boleo “a [direla] ene le ntlo ya gagwe.” Ka jalo, setlhabelo sa ga Jesu se dira pele mo go ba ntlo ya gagwe ba e leng baperesiti ba ba tla direlang le ene kwa legodimong. Mme gape ka Letsatsi la Tetlanyo la metlha ya bogologolo, go ne go ntshiwa dipodi tse pedi di ntshediwa maleo a Baiseraele ba bangwe. Mo tiragalong eno, lotso lwa baperesiti lo tshwantshetsa ba ba 144 000, mme Baiseraele ba bangwe botlhe ba tshwantshetsa batho botlhe ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Tlhaloso eno e bontsha gore polelwana e e reng “ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele” e e mo go Mathaiao 19:28 ga e kaye baperesiti ba ba tloditsweng  ka moya ba ba tlileng go busa le Jesu mme e kaya batho ba bangwe botlhe ba ba bontshang tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu. *

9. Mo ponatshegelong ya ga Esekiele ya tempele, baperesiti ba emela bomang, mme Baiseraele ba e seng baperesiti bone ba emela bomang?

9 Akanya ka sekai se sengwe gape. Moporofeti Esekiele o ne a bontshiwa ponatshegelo e e bontshang dilo tse dintsi ya tempele ya ga Jehofa. (Esek., kga. 40-48) Mo ponatshegelong eo, baperesiti ba ne ba dira mo tempeleng, ba ruta mme gape ba gakololwa e bile ba kgalemelwa ke Jehofa. (Esek. 44:23-31) Gape batho ba ditso tse di farologaneng ba ne ba tla go obamela le go ntsha ditlhabelo. (Esek. 45:16, 17) Ka jalo mo ditemaneng tseno, baperesiti ba tshwantshetsa batlodiwa, mme Baiseraele ba ditso tse e seng tsa baperesiti ba tshwantshetsa batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Ponatshegelo eno e gatelela gore ditlhopha tseno tse pedi di dirisana sentle mmogo, mme setlhopha sa baperesiti se etelela pele mo kobamelong e e itshekileng.

10, 11. (a) Re bone tiragatso efe e e nonotshang tumelo ya mafoko a ga Jesu? (b) Go tsoga potso efe malebana le dinku tse dingwe?

10 Jesu o ne a bua ka “dinku tse dingwe” tse a neng a re ga di mo ‘lesakeng’ le le lengwe fela le “letsomanyane” la balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng. (Joh. 10:16; Luke 12:32) O ne a re: “Tseo le tsone ke tshwanetse go di tlisa, di tla reetsa lentswe la me, mme di tla nna letsomane le le lengwe, modisa a le mongwe.” A bo go ntse go re nonotsha tumelo jang ne go bona mafoko ao a diragadiwa! Go kopantswe ditlhopha tse pedi tsa batho—setlhopha se sennye sa batlodiwa le boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe. (Bala Sekarea 8:23.) Le fa ba dinku tse dingwe ba sa direle ka tsela ya tshwantshetso mo lolwapeng lo lo kafa teng lwa tempele ya semoya, mme gone ba direla mo lolwapeng lo lo kafa ntle lwa tempele eo.

11 Mme fa e le gore Jehofa o a tle a dirise Baiseraele ba bogologolo ba e seng baperesiti go tshwantshetsa bano ba dinku di sele, a batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le bone ba tshwanetse go ja ditshwantshetso tsa Segopotso? Jaanong re tla sekaseka karabo ya potso eno.

Kgolagano e Ntšha

12. Jehofa o ne a bolelela pele ka thulaganyo efe e ntšha?

12 Jehofa o ne a bolelela pele ka thulaganyo e ntšha e a neng a tla e direla batho ba gagwe fa a ne a re: “Eno ke kgolagano e ke tla e dirang le ntlo ya Iseraele morago ga metlha eo. . . . Ke tla tsenya molao wa me mo go bone, e bile ke tla o kwala mo dipelong tsa bone. Ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna batho ba me.” (Jer. 31:31-33) Jehofa o ne a tla dirisa kgolagano eno e ntšha go dira gore se a neng a se solofeditse Aborahame se diragale ka tsela e e molemolemo le e e nnelang ruri.—Bala Genesise 22:18.

13, 14. (a) Ke bomang ba ba tsayang karolo mo kgolaganong e ntšha? (b) Ke bomang ba ba solegelwang molemo ke kgolagano eno e ntšha, mme ba e ‘tshwara’ jang?

13 Jesu o ne a bua ka kgolagano eno e ntšha mo bosigong jwa  pele ga a swa fa a ne a re: “Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me, a a tla tshololelwang lona.” (Luke 22:20; 1 Bakor. 11:25) A Bakeresete botlhe ba akarediwa mo kgolaganong eno e ntšha? Nnyaa. Bangwe ba bone, jaaka baaposetoloi ba ba neng ba nwa senwelo seo mo maitseboeng ao, ba tsaya karolo mo kgolaganong eno e ntšha. * Jesu o ne a dira kgolagano e nngwe le bone gore ba buse le ene mo Bogosing jwa gagwe. (Luke 22:28-30) Ba tla busa le Jesu mo Bogosing jwa gagwe.—Luke 22:15, 16.

14 Go tweng ka batho ba ba tla tshelang mo lefatsheng ba busiwa ke Bogosi jwa gagwe? Bone ba solegelwa molemo ke kgolagano eno e ntšha. (Bagal. 3:8, 9) Le fa ba sa tseye karolo mo kgolaganong eno, ba ‘tshwara’ kgolagano eno ka go ikobela melao ya yone, fela jaaka moporofeti Isaia a boleletse pele: “Batswakwa ba ba ikgolagantseng le Jehofa gore ba mo direle le gore ba rate leina la ga Jehofa, gore ba nne batlhanka ba gagwe, botlhe ba ba bolokang sabata gore ba se ka ba e itshepolola e bile ba tshwere kgolagano ya me, gape ke tla ba tlisa mo thabeng ya me e e boitshepo ke bo ke dire gore ba ipele mo teng ga ntlo ya me ya thapelo.” Go tswa foo Jehofa a re: “Gonne ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe.”—Isa. 56:6, 7.

Ke Bomang ba ba Tshwanetseng go ja Ditshwantshetso?

15, 16. (a) Moaposetoloi Paulo o amanya kgolagano e ntšha le eng? (b) Ke ka ntlha yang fa ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba sa tshwanela go ja ditshwantshetso tsa Segopotso?

15 Ba ba tsayang karolo mo kgolaganong e ntšha ba “na le bopelokgale jwa tsela ya go tsena mo lefelong le le boitshepo.” (Bala Bahebera 10:15-20.) Bano ke bone ba ba ‘tshwanetseng go amogela bogosi jo bo ka se kang jwa reketlisiwa.’ (Baheb. 12:28) Ka jalo, ba e tla nnang dikgosi le baperesiti le Jesu Keresete kwa legodimong ke bone fela ba tshwanetseng go nwa “senwelo” se se emelang kgolagano e ntšha. Bano ba ba tsayang karolo mo kgolaganong e ntšha ke bone ba ba solofeditsweng lenyalo ke Kwana. (2 Bakor. 11:2; Tshen. 21:2, 9) Ba bangwe botlhe ba ba nnang teng kwa Segopotsong ngwaga le ngwaga ba a bo ba tlile go lebelela ka tlotlo mme ba sa je ditshwantshetso.

16 Gape Paulo o re thusa go tlhaloganya gore ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ga ba je ditshwantshetso tsa Segopotso. O ne a raya Bakeresete ba ba tloditsweng a re: “Gonne ka gale fa lo ja senkgwe seno e bile lo nwa senwelo seno, lo nna lo bolela loso lwa Morena, go fitlha a goroga.” (1 Bakor. 11:26) Morena o “goroga” leng? Fa a tla go tsaya ba bofelo ba setlhopha sa gagwe sa monyadiwa sa batlodiwa a ba isa kwa legaeng la bone kwa legodimong. (Joh. 14:2, 3) Go bonala sentle gore Segopotso sa Sejo sa Morena sa Maitseboa sa ngwaga le ngwaga ga se na go nna se tshwarwa ka bosakhutleng. “Ba ba setseng” ba losika lwa mosadi ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng ba tla tswelela ba ja sejo seno mme ba tla kgaotsa fa botlhe ba setse ba neetswe tuelo ya bone kwa legodimong. (Tshen. 12:17) Mme fa e ne e le gore batho ba ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng ba tshwanelega go ja ditshwantshetso, sejo seno sa Segopotso se ne se tla tshwanelwa ke go tswelela ka bosakhutleng.

“Ba Tla Nna Batho ba Me”

17, 18. Boporofeti jo bo kwadilweng mo go Esekiele 37:26, 27 bo diragaditswe jang?

17 Jehofa o ne a bolelela pele kafa batho ba gagwe ba neng ba tla nna seoposengwe ka teng fa a ne a re: “Ke tla dira kgolagano ya kagiso le bone; ba tla nna le kgolagano e e nnang ka bosakhutleng. Ke tla ba baya ke bo ke ba ntsifatsa ke bo ke baya lefelo  la me le le boitshepo mo gare ga bone ka bosakhutleng. Mme motlaagana wa me o tla nna kwa godimo ga bone, mme ruri ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna batho ba me.”—Esek. 37:26, 27.

18 Batho botlhe ba Modimo ba ka solegelwa molemo ke go diragadiwa ga tsholofetso eno e e molemo, kgolagano eno ya kagiso. Ee, Jehofa o tlhomamisitse gore batlhanka botlhe ba gagwe ba ba kutlo ba tla nna mo kagisong. Ba bontsha maungo a moya. Lefelo la gagwe le le boitshepo, le fano le tshwantshetsang kobamelo e e itshekileng ya Bokeresete, le mo gare ga bone. Ruri ba fetogile batho ba gagwe, ka gonne ba tlogetse mefuta yotlhe ya kobamelo ya medingwana mme ba dirile gore Jehofa e nne ene fela Modimo yo ba mo obamelang.

19, 20. Ke bomang ba e leng bangwe ba batho ba Jehofa a ba bitsang “batho ba me,” mme ke eng se kgolagano e ntšha e se diragatsang?

19 A bo go ile ga itumedisa jang ne go bona ditlhopha tse pedi di dirwa seoposengwe jaana mo motlheng wa rona! Le fa ba boidiidi jo bogolo ba ba ntseng ba oketsega ba se na tsholofelo ya go tshela kwa legodimong, ba motlotlo go bo ba tsalana le ba ba nang le yone. Ba itsalanya le Iseraele wa Modimo. Ka ntlha ya seo, ke bangwe ba batho ba Jehofa a ba bitsang “batho ba me.” Ba diragatsa boporofeti jono: “Ditšhaba di le dintsi di tla gokagana le Jehofa mo motlheng oo, mme ba tla nna batho ba me; e bile ke tla aga mo gare ga gago.”—Seka. 2:11; 8:21; bala Isaia 65:22; Tshenolo 21:3, 4.

20 Jehofa o dirisitse kgolagano e ntšha go diragatsa dilo tseno tsotlhe. Batswakwa ba semoya ba le dimilionemilione jaanong ba mo setšhabeng se Jehofa a se amogelang. (Mik. 4:1-5) Ba ikemiseditse go tswelela pele ba tshwere kgolagano eo ka go amogela dithulaganyo tsa yone le go ikobela melao ya yone. (Isa. 56:6, 7) Ka go dira jalo, bone mmogo le Iseraele wa Modimo, ba itumelela masego a magolo a go nna le kagiso e e sa feleng. E kete o ka bona masego ao gone jaanong le ka bosakhutleng!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Ka tsela e e tshwanang, batlodiwa gantsi ba bidiwa “phuthego.” (Baheb. 12:23) Le fa go ntse jalo, lefoko “phuthego” le ka nna le bokao jo bongwe, le ka kaya Bakeresete botlhe, go sa kgathalesege gore ba na le tsholofelo efe.—Bona makasine wa Tora ya Tebelo ya April 15, 2007, tsebe 21-23.

^ ser. 13 Jesu ke Motsereganyi wa kgolagano eno, ga a tseye karolo mo go yone. E re ka e le Motsereganyi, go lebega a sa ka a ja ditshwantshetso.

A o A Gakologelwa?

• “Ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele” tse di tla atlholwang ke ba ba 144 000 ke bomang?

• Batlodiwa ba na le seabe sefe mo kgolaganong e ntšha mme e solegela ba dinku tse dingwe molemo jang?

• A Bakeresete botlhe ba tshwanetse go ja ditshwantshetso tsa Segopotso?

• Go ne ga bolelelwa pele gore batho ba Modimo ba ne ba tla nna seoposengwe jang mo motlheng wa rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Kerafa/Ditshwantsho mo go tsebe 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Batho ba le bantsi jaanong ba direla mmogo le Iseraele wa Modimo

1950 | 373 430

1970 | 1 483 430

1990 | 4 017 213

2009 | 7 313 173