Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dirisa “Tšhaka ya Moya” ka Botswerere

Dirisa “Tšhaka ya Moya” ka Botswerere

 Dirisa “Tšhaka ya Moya” ka Botswerere

“Amogelang . . . tšhaka ya moya, e leng, lefoko la Modimo.”—BAEF. 6:17.

1, 2. E re ka go tlhokega baboledi ba ba oketsegileng ba Bogosi, re tshwanetse go dira eng?

FA Jesu a bona kafa boidiidi bo neng bo tshwerwe ke tlala ya semoya ka teng, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” Jesu ga a ka a felela foo. Fa a sena go bua mafoko ao, o ne “a bitsa barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi” mme a ba roma gore ba ye go rera, kgotsa ‘go roba.’ (Math. 9:35-38; 10:1, 5) Moragonyana, Jesu o ne “a tlhaola ba bangwe ba le masome a supa mme a ba romela ka bobedi le bobedi” gore ba ye go dira yone tiro eo.—Luke 10:1, 2.

2 Le gompieno go sa ntse go tlhokega baboledi ba ba oketsegileng ba Bogosi. Palo ya batho ba ba neng ba tlile Segopotsong mo lefatsheng lotlhe ka ngwaga wa tirelo wa 2009 e ne e le 18 168 323. E ne e feta palogotlhe ya Basupi ba ga Jehofa ka palo e e kwa godimo ga dimilione di le 10. Ruri masimo a setse a siametse go rojwa. (Joh. 4:34, 35) Ka jalo, re tshwanetse go rapela re kopa badiri ba ba oketsegileng. Mme re ka dirang se se tsamaisanang le dikopo tse di ntseng jalo? Re ka leka go tokafatsa bokgoni jwa rona mo bodireding fa re ntse re dira ka tlhoafalo mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa.—Math. 28:19, 20; Mar. 13:10.

3. Moya wa Modimo o na le seabe sefe sa botlhokwa go re thusa go nna badiredi ba ba nang le bokgoni go feta pele?

3 Setlhogo se se fetileng se ne sa tlhalosa kafa go kaelwa ke moya wa Modimo go re thusang ka teng gore re ‘bue lefoko la Modimo ka bopelokgale.’ (Dit. 4:31) Gape moya oo o ka re thusa go nna badiredi ba ba ditswerere. Tsela nngwe e re ka tokafatsang bokgoni jwa rona mo bodireding ka yone ke go dirisa sentle sedirisiwa se se molemolemo se Jehofa Modimo a se re neetseng—Lefoko la gagwe le le kwadilweng, Baebele. Baebele e tlhotlheleditswe ka moya o o boitshepo. (2 Tim. 3:16) Molaetsa wa yone o tswa kwa Modimong. Ka jalo, fa re tlhalosa Baebele ka botswerere mo bodireding jwa rona, tota re a bo re kaelwa ke moya o o boitshepo. Pele re sekaseka gore re ka dira seo jang, a re tlhatlhobeng gore tota Lefoko leo le maatla go le kana kang.

‘Lefoko la Modimo le Naya Maatla’

4. Molaetsa wa Modimo o o mo Baebeleng o ka fetola motho jang?

4 A bo lefoko la Modimo kgotsa molaetsa wa gagwe o le maatla jang ne! (Baheb. 4:12) Ka tsela ya tshwantshetso, molaetsa o o tswang mo Baebeleng o bogale go gaisa tšhaka epe e e dirilweng ke motho, ka gonne o kgaoganya marapo le moko wa one ka tsela ya tshwantshetso. Boammaaruri jwa Dikwalo bo nwelelela kwa teng ga motho mme bo tsenelela mo dikakanyong le mo maikutlong a gagwe, bo senola se tota a leng sone. Boammaaruri joo bo ka dirisa maatla a jone a go fetola motho mme bo ka dira gore a dire diphetogo tota. (Bala Bakolosa 3:10.) Ee, Lefoko la Modimo le ka fetola matshelo!

5. Baebele e ka re kaela ka ditsela dife, mme seo se ka felela ka eng?

5 Mo godimo ga moo, Baebele ke buka e e nang le botlhale jo bo ka se lekanngweng le bope. E na le tshedimosetso e e mosola e e ka bontshang batho gore ba ka tshela jang mo lefatsheng leno le le tlhakatlhakaneng. Lefoko la Modimo ga le bonese fela fa re gatang teng mme gape le bonesa kwa pele mo tseleng e re tsamayang mo go yone. (Pes. 119:105) Le re thusa thata fa re na le mathata kgotsa re tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di amanang le go tlhopha ditsala,  boitlosobodutu, tiro, moaparo, jalo le jalo. (Pes. 37:25; Dia. 13:20; Joh. 15:14; 1 Tim. 2:9) Go dirisa melaometheo e e mo Lefokong la Modimo go dira gore re kgone go dirisana sentle le ba bangwe. (Math. 7:12; Bafil. 2:3, 4) E re ka tsela e re tsamayang mo go yone e bonesitswe sentle ka tsela ya tshwantshetso, re kgona go lemoga gore ditshwetso tsa rona di tla nna le diphelelo dife tse di nnelang ruri. (1 Tim. 6:9) Gape Dikwalo di bolelela pele boikaelelo jwa Modimo ka isagwe, di re thusa go tshela ka tsela e e tsamaisanang le boikaelelo joo. (Math. 6:33; 1 Joh. 2:17, 18) A bo motho a ka tshela botshelo jo bo nang le bokao jang ne fa a letla melaometheo ya Modimo e kaela botshelo jwa gagwe!

6. Baebele ke sebetsa se se maatla go le kana kang mo ntweng ya rona ya semoya?

6 Akanya gape le kafa Baebele e leng sebetsa se se maatla ka teng fa re ntse re lwantsha Satane. Paulo o ne a bitsa lefoko la Modimo a re ke “tšhaka ya moya.” (Bala Baefeso 6:12, 17.) Fa molaetsa wa Baebele o tlhalosiwa sentle, o ka golola batho mo bokgobeng jwa semoya jwa ga Satane. Ke tšhaka e e bolokang matshelo mo boemong jwa go a nyeletsa. A ga re a tshwanela go leka go e dirisa ka botswerere?

Le Tshware Sentle

7. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go ithuta go dirisa “tšhaka ya moya” sentle?

7 Lesole le ka dirisa dibetsa tsa lone ka katlego mo ntweng fela fa le ile la ithapisa e bile le ithutile go di dirisa sentle. Go ntse fela jalo le ka go dirisa “tšhaka ya moya” mo ntweng ya rona ya semoya. Paulo o ne a re: “Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa ke Modimo, modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, o tshwere lefoko la boammaaruri sentle.”—2 Tim. 2:15.

8, 9. Ke eng se se tla re thusang go tlhaloganya se Baebele e se buang? Naya sekai.

8 Ke eng se se tla re thusang go ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle’ mo bodireding jwa rona? Pele re ka tlhalosetsa ba bangwe sentle gore Baebele ya reng, rona ka borona re tshwanetse go e tlhaloganya sentle. Seno se tlhoka gore re ele tlhoko ditemana tse di dikologileng temana e re e balang.

9 Fa re batla go tlhaloganya ditemana dingwe tsa Baebele sentle, re tshwanetse go sekaseka ditemana tse di di dikologileng. Mafoko a ga Paulo a a mo go Bagalatia 5:13 a bontsha kafa seo se leng botlhokwa ka teng. O ne a kwala a re: “Lo ne lwa bilediwa kgololesego, bakaulengwe; fela lo se ka lwa dirisa kgololesego eno jaaka tlhotlheletso ya nama, mme ka lorato nnang batlhanka mongwe go yo mongwe.” Paulo o ne a bua ka kgololesego efe fano? A o ne a bua ka go gololwa mo boleong le mo losong, mo bokgobeng jwa ditumelo tsa maaka, kgotsa mo go sengwe se sele? Ditemana tse di dikologileng temana eo di bontsha gore Paulo o ne a bua ka kgololesego e e tlisiwang ke go ‘gololwa mo phutsong ya Molao.’ (Bagal. 3:13, 19-24; 4:1-5) O ne a bua ka kgololesego ya go nna Mokeresete. Ba ba neng ba anaanela kgololesego eo ba ne ba nna batlhanka mongwe go yo mongwe ka ntlha ya lorato. Ba ba neng ba se na lorato ba ne ba sebana e bile ba omana.—Bagal. 5:15.

10. Fa re batla go tlhaloganya bokao jwa Dikwalo sentle, re tshwanetse go sekaseka tshedimosetso efe, mme re ka e bona jang?

 10 Gore re tlhaloganye bokao jwa temana sentle, gape re tshwanetse go sekaseka tshedimosetso e e malebana le temana eo, jaaka gore ke mang yo o kwadileng buka eo ya Baebele, e kwadilwe leng le gone e kwadilwe mo maemong afe. Gape go a thusa go itse gore buka eo e kwadilwe ka boikaelelo bofe, mme fa go kgonega go ka nna molemo go itse gore batho ba motlha wa fa e ne e kwalwa ba ne ba tshela jang, ba ne ba na le maitsholo a a ntseng jang le gore ba ne ba obamela ka ditsela dife. *

11. Re tshwanetse go nna kelotlhoko ka eng fa re tlhalosa ditemana?

11 ‘Go tshwara lefoko la boammaaruri sentle’ ga se fela go tlhalosa dithuto tsa boammaaruri jwa Dikwalo sentle. Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra dirisa Baebele go tshosa batho. Le fa gone re ka dirisa Dikwalo go femela boammaaruri, fela jaaka Jesu a ne a dira fa a ne a raelwa ke Diabolo, ga re a tshwanela go dirisa Baebele go pateletsa ba ba re reeditseng go dumela se rona re se dumelang. (Dute. 6:16; 8:3; 10:20; Math. 4:4, 7, 10) Re tshwanetse go ikobela kgakololo eno ya ga moaposetoloi Petere: “Itshepiseng Keresete e le Morena mo dipelong tsa lona, ka metlha lo iketleeleditse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o lo batlang lebaka la tsholofelo e e mo go lona, mme lo dira jalo ka bonolo le tlotlo e e boteng.”—1 Pet. 3:15.

12, 13. Boammaaruri jwa Lefoko la Modimo bo ka “pitikolola dilo” dife “tse di nweleletseng kwa teng thata”? Naya sekai.

12 Ke eng se boammaaruri jwa Lefoko la Modimo bo ka se fitlhelelang fa bo tshwarwa sentle? (Bala 2 Bakorintha 10:4, 5.) Boammaaruri jwa Dikwalo bo ka “pitikolola dilo tse di nweleletseng kwa teng thata,” ke gore, bo ka senola dithuto tsa maaka, mekgwa e e kotsi le difilosofi tse di bontshang botlhale jwa batho ba ba sa itekanelang. Re ka dirisa Baebele go fedisa dikgopolo dipe fela tse di “goleditsweng kgatlhanong le kitso ka ga Modimo.” Dithuto tsa Baebele di ka dirisiwa go thusa ba bangwe go dira gore dikakanyo tsa bone di dumalane le boammaaruri.

13 Ka sekai, akanya ka mosadimogolo mongwe wa dingwaga tse 93 yo o nnang kwa India. O ne a rutiwa go tloga a sa le monnye gore a dumele gore fa batho ba a swa ba tsalwa gape e le ditshedi tse dingwe. Fa a simolola go ithuta Baebele ka go kwalelana le morwawe yo o nnang kwa moseja, o ne a dumela se a neng a se ithuta ka ga Jehofa le ditsholofetso tsa gagwe a sa belaele. Le fa go ntse jalo, thuto ya gore batho ba tshela gape e le ditshedi tse dingwe e ne e nweleletse mo mogopolong wa gagwe mo a neng a ganetsa morwawe fa a ne a mo kwaletse ka seemo sa baswi. O ne a re: “Tota ga ke tlhaloganye boammaaruri jwa Dikwalo tsa lona. Ditumelo tsotlhe di ruta gore go na le sengwe mo teng ga rona se se sa sweng. Ga ke bolo go dumela gore fa mmele o swa karolo nngwe e e sa bonaleng e boa e tshela gape gantsintsi mo mmeleng o mongwe, mo e ka nnang  makgetlho a le 8 400 000. Ke jang go ka tweng seo ga se boammaaruri? A ditumelo tse dintsi di phoso?” A “tšhaka ya moya” e ka pitikolola tumelo e e ntseng jalo e e nweleletseng kwa teng thata? Fa ba sena go tswelela ka puisano ya bone e e theilweng mo Dikwalong ka kgang eno, o ne a kwala jaana dibeke di sekae morago ga foo: “Jaanong ke simolola go tlhaloganya se tota e leng boammaaruri ka loso. Go intumedisa tota go itse gore fa baswi ba tsosiwa, re tla kgona go kopana gape le batho ba re ba ratang ba ba suleng. E kete Bogosi jwa Modimo bo ka tla ka bonako.”

Le Dirise ka Tsela e e Tlhatswang Pelo

14. Go tlhatswa batho ba re buang le bone pelo go kayang?

14 Go nna le bokgoni jwa go dirisa Baebele mo bodireding, ga se kgang fela ya go nopola ditemana. Paulo o ne a bua ka “mafoko a a tlhatswang pelo,” mme le rona re tshwanetse go dira fela jalo. (Bala Ditiro 19:8, 9; 28:23.) Go tlhatswa motho pelo go kaya go dira gore a dumele se a se utlwang. Fa motho a tlhatswegile pelo o kgotsofala mo a simololang go dumela se a se bolelelwang. Fa re tlhatswa motho pelo gore a amogele thuto ya Baebele, re dira gore a simolole go dumela thuto eo. Gore re fitlhelele seo, re tshwanetse go dira gore motho yo re buang le ene a dumele gore se re se buang se boammaaruri. Re ka dira seo ka ditsela tse di latelang.

15. O ka buelela Baebele jang ka tsela e e dirang gore motho a e tlotle?

15 Buelela Lefoko la Modimo ka tsela e e dirang gore motho a le tlotle. Fa o kopa motho gore a bale temana, mmontshe botlhokwa jwa go itse gore Modimo o akanyang ka kgang e lo tlotlang ka yone. Fa o sena go botsa potso o bo o utlwa gore mong wa ntlo o araba jang, o ka nna wa batla go bua sengwe se se jaaka, ‘Mma re bone gore re ka itse jang kafa Modimo a ikutlwang ka teng ka kgang eno.’ Kgotsa o ka nna wa mmotsa gore, ‘Modimo o ikutlwa jang ka kgang eno?’ Go buelela temana ka tsela eno go bontsha tota gore Baebele e tswa kwa Modimong e bile go thusa gore motho yo o reeditseng a simolole go e tseela kwa godimo. Go dira jalo go botlhokwa thata fa re rerela mongwe yo o dumelang mo Modimong mme a sa itse se Baebele e se rutang.—Pes. 19:7-10.

16. Ke eng se se tla go thusang go tlhalosa ditemana sentle?

16 O se ka wa bala ditemana fela; di tlhalose. Paulo o ne a tlwaetse go ‘tlhalosa le go ntsha bosupi ka go nopola’ fa a ruta. (Dit. 17:3) Gantsi temana e e mo Baebeleng e na le dintlha di le mmalwa, mme o ka nna wa tshwanelwa ke go gatelela mafoko a konokono a a amanang le se lo tlotlang ka sone. O ka dira seo ka go boeletsa mafoko a a nang le dintlha tsa konokono kgotsa ka go botsa dipotso tse di tla thusang mong wa ntlo go lemoga dintlha tseo. Go tswa foo o bo o tlhalosa bokao jwa karolo eo ya temana. Fa o sena go dira jalo, thusa motho yo o buang le ene go bona gore temana eo e mo ama jang ene ka namana.

17. O ka baya mabaka jang go tswa mo Dikwalong ka tsela e e tlhatswang pelo?

17 Baya mabaka go tswa mo Dikwalong ka tsela e e tlhatswang pelo. Paulo o ne a bua go tswa pelong a dirisa mafoko a a tlhatswang pelo le a a utlwalang sentle go ‘bontsha ba bangwe mabaka go tswa mo Dikwalong.’ (Dit. 17:2, 4) Fela jaaka ene, leka go fitlhelela pelo ya motho yo o buang le ene. ‘Gelela’ se se mo pelong ya gagwe ka go botsa ka bopelonomi dipotso tse di bontshang gore o amega tota ka motho yoo. (Dia. 20:5) O se ka wa bua fela o sa akanyetse maikutlo a gagwe. Baya mabaka ka tsela e e utlwalang sentle. Mabaka ao a tshwanetse go tshegediwa ke bosupi jo bo kgotsofatsang. Se o se buang se tshwanetse go thewa fela mo Lefokong la Modimo. Go botoka  go bala temana e le nngwe sentle o bo o tlhalosa ntlha le go dira dikai go na le go bala ditemana di le pedi kgotsa di le tharo o di tlhomaganya. Go dirisa bosupi jo bo tshegetsang kgang le gone go ka ‘tsenya tlhotlheletso mo dipounameng tsa gago.’ (Dia. 16:23) Ka dinako tse dingwe, go ka nna ga tlhokega gore o dire dipatlisiso mme o neye motho tshedimosetso e e oketsegileng. Mosadimogolo wa dingwaga tse 93 yo o umakilweng mo setlhogong seno o ne a tlhoka go itse gore ke ka ntlha yang fa thuto ya gore moya ga o swe e aname jaana. Go tlhaloganya gore thuto eo e simologile kae le gore e tsene jang mo ditumelong tse dintsi mo lefatsheng go ne ga thusa go mo tlhatswa pelo gore a amogele se Baebele e se rutang ka kgang eno. *

Nna o le Dirise ka Botswerere

18, 19. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tswelela pele re dirisa “tšhaka ya moya” ka botswerere?

18 Baebele ya re: “Seemo sa lefatshe leno se a fetoga.” Batho ba ba boikepo ba ntse ba sulafalela pele. (1 Bakor. 7:31; 2 Tim. 3:13) Ka jalo go botlhokwa gore re tswelele pele re pitikolola “dilo tse di nweleletseng kwa teng thata” re dirisa “tšhaka ya moya, e leng, lefoko la Modimo.”

19 A bo re itumela jang ne go bo re na le Lefoko la Modimo, Baebele, e bile re dirisa molaetsa wa lone o o maatla go epolola dithuto tsa maaka le go fitlhelela batho ba ba dipelo di ikanyegang! Ga go na sepe se se nweleletseng kwa teng thata se se maatla go feta molaetsa oo. Ka jalo, a re lekeng ka tlhoafalo go dirisa “tšhaka ya moya” ka botswerere mo tirong e re e neilweng ke Modimo ya go rera ka Bogosi.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 Dibuka tse di ka re thusang thata go bona tshedimosetso e e malebana le dibuka tsa Baebele ke dikgatiso tse di jaaka “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola,” Insight on the Scriptures, le ditlhogo tsa Tora ya Tebelo tse di jaaka “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela.”

^ ser. 17 Bona boroutšhara jwa Go Direga Eng ka Rona fa re Swa? tsebe 5-16.

O Ithutileng?

• Lefoko la Modimo le maatla go le kana kang?

• Re ka ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle’ jang?

• Molaetsa wa Baebele o ka dirang ka “dilo tse di nweleletseng kwa teng thata”?

• O ka tokafatsa jang tsela e o tlhatswang batho ba bangwe pelo ka yone mo bodireding?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12]

Kafa o ka Dirisang Lefoko la Modimo ka Tsela e e Tlhatswang Pelo ka Teng

▪ Dira gore batho ba tlotle Baebele

▪ Tlhalosa Dikwalo

▪ Baya mabaka ka tsela e e tlhatswang pelo gore o kgone go fitlhelela pelo

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

O tshwanetse go ithuta go nna le bokgoni fa o dirisa “tšhaka ya moya”