Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhagolela Lorato Lo lo Se Keng lo Fela

Tlhagolela Lorato Lo lo Se Keng lo Fela

 Tlhagolela Lorato Lo lo Se Keng lo Fela

‘Lorato lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo fela.’—1 BAKOR. 13:7, 8.

1. (a) Go buiwa thata ka lorato mo go eng? (b) Batho ba le bantsi ba rata bomang le eng?

GO BUILWE dilo tse dintsi ka ga lorato. Go opetswe dipina tse dintsi tse di tlotlomatsang nonofo eno. Lorato ke sengwe sa konokono se batho ba se tlhokang. Go buiwa thata ka lone mo ditlhamaneng tsa marato tse di mo dibukeng le mo difiliming, mme go rekisiwa dibuka le difilimi tse dintsintsi tsa mofuta oo. Le fa go ntse jalo, ka maswabi lorato lwa mmatota lwa go rata Modimo le baagelani ga lo yo gotlhelele. Dilo tse re bonang di diragala ke tsone tse Baebele e boleletseng pele gore di tla diragala mo metlheng eno ya bofelo. Batho ke “baithati, barati ba madi, . . . barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.”—2 Tim. 3:1-5.

2. Baebele e re tlhagisa jang ka go bontsha lorato lo lo sa tshwanelang?

2 Batho ba kgona go bontsha lorato, mme Lefoko la Modimo le re tlhagisa gore re se ka ra bontsha lorato lo lo sa tshwanelang. E bile Baebele e tlhalosa gore go diragalang fa motho a nna le lorato lo lo ntseng jalo. (1 Tim. 6:9, 10) A o gakologelwa se moaposetoloi Paulo a neng a se kwala ka ga Demase?  Le fa Demase a ne a ntse a tsamaya le Paulo, o ne a simolola go rata dilo tsa lefatshe. (2 Tim. 4:10) Mme moaposetoloi Johane o ne a tlhagisa Bakeresete ka yone kotsi eno. (Bala 1 Johane 2:15, 16.) Go rata lefatshe mmogo le dilo le mekgwa ya lone e e fetang ga go tsamaisane le go rata Modimo le se se tswang kwa go ene.

3. Re lebana le kgwetlho efe, mme seo se tsosa dipotso dife?

3 Le fa re sa ntse re nna mo lefatsheng leno, ga re karolo ya lone. Ka jalo, re lebane le kgwetlho ya go tila tsela e e sa siamang e lefatshe le lebang lorato ka yone. Go botlhokwa gore re se ka ra itlogelela mme ra iphitlhela re wetse mo kotsing ya go bontsha lorato lo lo sa tshwanelang kgotsa lo lo sa siamang. Ka jalo, re tshwanetse go tlhagolela lorato lwa mmatota re bo re lo bontsha bomang? Go na le dithulaganyo dife tse di ka re thusang go tlhagolela lorato lo lo itshokelang dilo tsotlhe lo lo se keng lo fela? Go dira jalo go tla re solegela molemo jang gone jaanong e bile go ama isagwe ya rona jang? Re tlhoka dikarabo tse di theilweng mo Lefokong la Modimo gore re bone kaelo.

Go Tlhagolela Lorato Lwa go Rata Jehofa

4. Lorato lwa go rata Modimo lo gola jang?

4 Go tlhagolela sengwe go ka raya go se baakanyetsa le go se thusa gore se gole. Akanya ka molemi yo o dirang ka natla go tlhabolola mmu a bo a jala peo. O lebeletse gore peo eo e tlhoge mme dijalo di gole. (Baheb. 6:7) Ka tsela e e tshwanang, lorato lo re ratang Modimo ka lone lo tshwanetse go gola. Re tshwanetse go dirang gore lo gole? Re tshwanetse go tlhabolola mmu wa dipelo tsa rona, kwa peo ya boammaaruri jwa Bogosi e jadilweng teng. Re ka dira seo ka go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo gore re oketse kitso ya rona ka ga gagwe. (Bakol. 1:10) Go ya dipokanong tsa phuthego le go nna le seabe mo go tsone ka metlha le gone go tla re thusa gore re oketse kitso ya rona. A mongwe le mongwe wa rona o dira boiteko ka metlha gore a oketse kitso e a nang le yone?—Dia. 2:1-7.

5. (a) Re ka ithuta jang ka dinonofo tsa ga Jehofa tsa konokono? (b) O ka reng ka tshiamiso, botlhale le maatla a Modimo?

5 Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe go re senolela botho jwa gagwe. Fa re ithuta Dikwalo e bile re nna re oketsa kitso ya rona ka ga Jehofa, re ka oketsa tsela e re anaanelang ka yone dinonofo tsa gagwe—tshiamiso, maatla, botlhale mme mo godimo ga tsotlhe, lorato lwa gagwe lo lo seng kana ka sepe. Jehofa o bontsha tshiamiso mo ditseleng tsa gagwe tsotlhe le mo molaong wa gagwe o o itekanetseng. (Dute. 32:4; Pes. 19:7) Fa re akanya ka dilo tsotlhe tse Jehofa a di bopileng re nna le maikutlo a tshisimogo ka ntlha ya botlhale jwa gagwe jo bo sa lekaneng le bope. (Pes. 104:24) Gape lobopo lo naya bosupi jwa gore Jehofa ke Motswedi wa maatla a a boitshegang le nonofo e e sa feleng.—Isa. 40:26.

6. Modimo o re bontshitse lorato jang, mme lo go amile jang?

6 Ke eng se se ka bolelwang ka nonofo e e tlhomologileng ya Modimo e leng lorato lwa gagwe? Lo namile e bile lo re ama rotlhe. O ne a bontsha lorato loo fa a ne a rulaganya gore batho ba rekololwe. (Bala Baroma 5:8.) Batho botlhe ba ba mo lefatsheng ba ka rekololwa, mme seo se tla diragalela fela ba ba amogelang lorato lwa Modimo ba bo ba bontsha tumelo mo go Morwawe. (Joh. 3:16, 36) E re ka Modimo a ile a ntsha Jesu e le setlhabelo sa thuanyo a se ntshetsa maleo a rona re tshwanetse ra tlhotlheletsega gore le rona re mo rate.

7, 8. (a) Re tshwanetse go dira eng go bontsha gore re rata Modimo? (b) Batho ba Modimo ba ikobela ditaelo tsa gagwe le fa ba lebana le maemo afe?

7 Re ka bontsha jang gore re rata Modimo ka ntlha ya sotlhe se a re diretseng sone? Karabo eno e  e tlhotlheleditsweng e botlhokwa: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” (1 Joh. 5:3) Ee, go rata Jehofa Modimo go re tlhotlheletsa go ikobela ditaelo tsa gagwe. Leo ke lengwe la mabaka a go bo re rera ka leina la gagwe le Bogosi jwa gagwe, mme seo se solegela ba bangwe molemo. Fa re dira jalo go tswa pelong, seo se bontsha gore re ikobela ditaelo tsa Modimo ka maitlhomo a a siameng.—Math. 12:34.

8 Bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe ba tswelela pele ba ikobela melao ya Modimo le fa ba kopana le batho ba ba sa kgatlhegeleng molaetsa wa Bogosi kgotsa ba ba sa o amogeleng gotlhelele. Ga ba kgaotse go dira maiteko a go wetsa bodiredi jwa bone ka botlalo. (2 Tim. 4:5) Ka tsela e e tshwanang, re tlhotlheletsega go dira sotlhe se re ka se kgonang go bolelela ba bangwe ka Modimo mmogo le go latela ditaelo tse dingwe tsotlhe tsa gagwe.

Lebaka La go Bo re Rata Morena wa Rona Jesu Keresete

9. Keresete o ne a itshokela eng, mme ke eng se se neng se mo tlhotlheletsa go dira jalo?

9 Mo godimo ga go rata Modimo, go na le mabaka a mangwe a mantsi a go bo re tlhagolela lorato lwa go rata Morwawe. Le fa re ise re ke re bone Jesu, lorato lo re mo ratang ka lone lo a oketsega fa re ntse re ithuta mo go oketsegileng ka ga gagwe. (1 Pet. 1:8) Dingwe tsa dilo tse Jesu a neng a di itshokela ke dife? Fa Jesu a ntse a dira thato ya ga Rraagwe, o ne a tlhoiwa kwantle ga lebaka, a bogisiwa, a latofadiwa ka maaka mme a gobololwa. Gape o ne a sotlwa le ka ditsela tse dingwe. (Bala Johane 15:25.) Tsela e Jesu a neng a rata Rraagwe yo o kwa legodimong ka yone e ne ya mo tlhotlheletsa go itshokela diteko tseo. Mme ka ntlha ya lorato lwa gagwe, loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo lo ne lwa rekolola ba le bantsi.—Math. 20:28.

10, 11. Ka ntlha ya se Keresete a se re diretseng, boikaelelo jwa rona ke eng?

10 Se Jesu a se dirileng se a re ama. Fa re ntse re akanya ka se Keresete a se re diretseng, re mo rata le go feta pele. E re ka re le balatedi ba gagwe, re tshwanetse go leka go tlhagolela lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete re bo re tswelele pele re lo bontsha gore re kgone go nna re ikobela taelo ya gagwe ya gore re rere ka Bogosi mme re dire barutwa.—Math. 28:19, 20.

11 Ka ntlha ya lorato lo Keresete a lo bontshitseng batho botlhe, re ikutlwa re patelesega go wetsa kabelo ya rona pele bokhutlo bo tla. (Bala 2 Bakorintha 5:14, 15.) Lorato lwa ga Keresete ke lone lo mo tlhotlheleditseng go diragatsa se Modimo a se ikaeletseng ka batho. Mme sekao se Keresete a se re tlogeletseng gore re se latele gaufiufi se dira gore mongwe le mongwe wa rona a kgone go nna le seabe mo boikaelelong joo jwa Modimo. Seno se tlhoka gore re tlhagolele lorato lwa go rata Modimo go ya kafa re ka kgonang ka teng. (Math. 22:37) Fa re latela se Jesu a se rutileng e bile re ikobela ditaelo tsa gagwe, re bontsha gore re a mo rata e bile re iketleeditse go ikobela bolaodi jwa Modimo le fa go ka nna jang, fela jaaka Jesu a ne a dira.—Joh. 14:23, 24; 15:10.

Go Latelela Tsela E e Di Gaisang Tsotlhe ya Lorato

12. Fa Paulo a ne a bua ka “tsela e e di gaisang tsotlhe,” o ne a kaya eng?

12 Moaposetoloi Paulo o ne a etsa Keresete. E re ka Paulo a ne a latela dikgato tsa ga Keresete gaufiufi, o ne a ka kgona go bua a gololesegile a rotloetsa bakaulengwe ba gagwe gore ba mo etse. (1 Bakor.  11:1) Le fa a ne a rotloetsa Bakeresete ba kwa Korintha gore ba nne ba senke ka tlhoafalo dimpho tse di rileng tsa moya tse di neng di le teng mo lekgolong la ntlha la dingwaga, tse di jaaka go fodisa le go bua ka diteme, Paulo o ne a ba bontsha gore go ne go na le sengwe se se botoka se ba neng ba ka se latelela. O ne a tlhalosa jaana mo go 1 Bakorintha 12:31: “Le fa go ntse jalo ke lo bontsha tsela e e di gaisang tsotlhe.” Mafoko a a mo ditemaneng tse di latelang a bontsha gore eno e ne e le tsela e e di gaisang tsotlhe ya lorato. E ne e di gaisa tsotlhe jang? Paulo o ne a tlhalosa gore o kaya eng. (Bala 1 Bakorintha 13:1-3.) Fa a ne a na le bokgoni jo bo tlhomologileng e bile a dira dilo tse dikgolo mme a se na lorato, o ne a tla bo a le eng? O ne a tla bo a se sepe! O ne a tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo go tlhalosa ntlha eno ya botlhokwa. Ruri o re amile tota ka go tlhalosa ntlha eno!

13. (a) Temana ya ngwaga wa 2010 ya reng? (b) Ke jang go ka tweng lorato ga lo ke lo fela?

13 Go tswa foo Paulo o re tlhalosetsa se lorato e leng sone le se e seng sone. (Bala 1 Bakorintha 13:4-8.) Jaanong iphe nako mme o sekaseke gore wena o eme fa kae mo kgannyeng ya lorato. Tlhoma mogopolo thata mo polelwaneng ya bofelo ya temana 7 le mo seeleng sa ntlha sa temana 8: ‘Lorato lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo fela,’ e e tla bong e le yone temana ya rona ya ngwaga wa 2010. Ela tlhoko gore mo go temana 8, Paulo a re dimpho tsa moya, go akaretsa go porofeta le go bua ka diteme—tse di neng di dirisiwa fa phuthego ya Bokeresete e ne e simologa—di ne di tla nyelediwa. Di ne di tla fela. Mme lorato lo tla nna lo le teng. Jehofa ke lorato, mme o ntse ka bosaengkae. Ka jalo lorato lo ka se fele. Lo tla tswelela lo le teng ka bosakhutleng e le nonofo ya Modimo wa rona wa bosaengkae.—1 Joh. 4:8.

Lorato lo Itshokela Dilo Tsotlhe

14, 15. (a) Lorato lo ka re thusa jang gore re itshokele diteko? (b) Ke ka ntlha yang fa mokaulengwe mongwe wa lekawana a ile a gana go ineela?

14 Ke eng se se thusang Bakeresete gore ba itshoke le fa ba ka lebana le mefuta efe ya diteko, maemo a a boima le mathata? Tota ke lorato lwa mmatota. Lorato lo lo ntseng jalo ga lo kaye go itetla go latlhegelwa ke dithoto fela. Lo akaretsa le go iketleetsa go nna re thokgame, tota le go swa ka ntlha ya ga Keresete. (Luke 9:24, 25) Akanya ka go ikanyega ga Basupi ba ba neng ba boga mo dikampeng tsa pogisetso le mo dikampeng tse batho ba dirisiwang tiro e e bokete mo go tsone ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II le morago ga yone.

15 Lekawana lengwe la Mosupi kwa Jeremane le le bidiwang Wilhelm le bontsha gore seno se boammaaruri. Ga a ka a ineela mme o ne a nna a ikanyega fa a lebane le loso a bolawa ke masole a Banasi a a bolayang ka go thuntsha. Mo lekwalong le a neng a le kwala a laela ba lelapa la gagwe o ne a re: “Mo godimo ga tsotlhe, re tshwanetse go rata Modimo, fela jaaka Moeteledipele wa rona Jesu Keresete a laetse. Fa re nna re nitame ka ntlha ya gagwe, o tla re duela.” Moragonyana, mo setlhogong sengwe sa Tora ya Tebelo, mongwe wa ba lelapa la gagwe o ne a kwala jaana: “Fa re ntse re kopana le mathata mo botshelong, re ile ra tlhomamisa rotlhe jaaka lelapa gore lorato lo re ratang Modimo ka lone lo tle pele ka metlha.” Joo ke boikutlo jwa bakaulengwe ba bantsi ba gone jaanong ba itshokileng mo dikgolegelong kwa Armenia, Eritrea, Korea Borwa le kwa dinageng tse dingwe. Bakaulengwe bano ba ntse ba nitame mo loratong lo ba ratang Jehofa ka lone.

16. Bakaulengwe ba rona kwa Malawi ba ne ba itshokela eng?

16 Mo mafelong a mantsi, tumelo le boitshoko jwa bakaulengwe ba rona di lekwa ka ditsela tse dingwe. Basupi ba ga Jehofa kwa Malawi ba ile ba itshoka ka dingwaga di le 26 ba itshokela dithibelo tsa puso, kganetso e e botlhoko le bosetlhogo jo bo feteletseng. Ba ne ba duelwa ka ntlha ya boitshoko jwa bone. Fa dipogiso di simolola, go ne go na le Basupi ba ka nna 18 000 mo nageng eo. Dingwaga  di le 30 moragonyana palo ya bone e ne e menagane go feta gabedi, ba le 38 393. Go nnile le matswela a a tshwanang le ao kwa dinageng tse dingwe.

17. Bangwe ba ba nang le maloko a lelapa a a sa dumeleng ba lebana le maemo afe, mme ba kgona jang go itshokela go sotliwa?

17 Fa batho ba Modimo ka kakaretso ba tlhaselwa ka tlhamalalo, go thata. Mme go ka nna thata le go feta fa Bakeresete ba ganediwa ke ba malapa a bone. Mathata a ka bakwa ke maloko a lelapa kgotsa ba masika a a gaufi. A Jesu ga a ka a bolelela pele gore seno se ne se tla direga? Ee, mme batho ba le bantsi ba diragaletswe ke se Jesu a neng a se bua. (Math. 10:35, 36) Basha ba ile ba itshokela go bogisiwa ke batsadi ba bone ba ba sa dumeleng. Bangwe ba ile ba kobiwa mo gae, mme Basupi ba ba pelontle ba ba amogela mo magaeng a bone. Ba bangwe ba ile ba itatolwa ke ba gabone. Ke eng se se ileng sa thusa batho bano gore ba itshokele go sotliwa? Ga se lorato lwa go rata bakaulengwe ba bone fela, mme mo godimo ga tsotlhe, ke lorato lwa mmatota lo ba ratang Jehofa le Morwawe ka lone.—1 Pet. 1:22; 1 Joh. 4:21.

18. Lorato lo lo itshokelang dilo tsotlhe lo thusa Bakeresete ba ba nyalaneng jang?

18 Go na le maemo a mangwe a mantsi mo botshelong a a tlhokang gore re bontshe lorato lo lo itshokelang dilo tsotlhe. Mo lenyalong, lorato lo dira gore banyalani ba kgone go tlotla mafoko ano a ga Jesu: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Math. 19:6) Fa Bakeresete ba ba nyalaneng ba nna le “pitlagano mo nameng ya bone” ba tshwanetse go ikgopotsa gore Jehofa ke ene wa botlhokwa thata mo lenyalong la bone. (1 Bakor. 7:28) Lefoko la gagwe la re ‘lorato lo itshokela dilo tsotlhe,’ mme monna le mosadi ba ba nang le nonofo eno ba kgona go nna mmogo le go dira gore lenyalo la bone le se ka la thubega.—Bakol. 3:14.

19. Batho ba Modimo ba ile ba dira eng morago ga masetlapelo a tlholego?

19 Lorato lo re thusa go itshokela dilo tsotlhe fa go na le masetlapelo a tlholego. Seno se diragetse fa go ne go nna le thoromo ya lefatshe kwa borwa jwa Peru le fa Kgwanyape ya Katrina e ne e ripitla dikarolo dingwe tsa kgaolo ya Gulf kwa United States. Bakaulengwe ba rona ba le bantsi ba ne ba senyegelwa ke magae a bone le dithoto mo masetlapelong ao. Lorato lo ne lwa tlhotlheletsa phuthego ya lefatshe lotlhe go tlisa dilwana tsa namolo, mme baithaopi ba ne ba thusa go aga magae sesha le go baakanya Diholo Tsa Bogosi. Ditiro tse di ntseng jaana di bontsha gore bakaulengwe ba rona ba a ratana e bile ba amega ka ba bangwe ka dinako tsotlhe le mo maemong otlhe.—Joh. 13:34, 35; 1 Pet. 2:17.

Lorato Ga lo Ke lo Fela

20, 21. (a) Ke ka ntlha yang fa lorato lo gaisa dilo tsotlhe? (b) Ke ka ntlha yang fa o ikemiseditse go latela tsela ya lorato?

20 Mo bathong ba ga Jehofa gompieno, re bona botlhale jwa go latela tsela e e di gaisang tsotlhe ya lorato. Ruri e di gaisa tsotlhe mo maemong otlhe fela, le fa e ka nna afe. Ela tlhoko kafa moaposetoloi Paulo a ileng a gatelela ntlha eo ka teng. Sa ntlha, o ne a bolela gore dimpho tsa moya di ne di tla fela le gore phuthego ya Bokeresete e ne e tla gola go tswa boseeng. Go tswa foo o ne a konela jaana: “Jaanong, le fa go ntse jalo, go sala tumelo, tsholofelo, lorato, tse tharo tseno; mme se segolo thata mo go tseno ke lorato.”—1 Bakor. 13:13.

21 Kgabagare, dilo tse re di dumelang di tla diragala mme re ka se tlhole re tlhoka go nna le tumelo mo go tsone. Fa dilo tsotlhe di sena go dirwa disha re ka se tlhole re tlhoka go solofela go bona dilo tseo di direga. Mme go ka tweng ka lorato? Lone lo ka se fele. Lo tla nnela ruri. E re ka re tla bo re tlile go tshela ka bosakhutleng, ruri re tla bona ditsela tse dingwe gape tse Modimo a bontshang lorato ka tsone mme re tla di tlhaloganya. Fa o dira thato ya Modimo ka go latela tsela e e di gaisang tsotlhe ya lorato lo lo sa feleng, o ka nna wa nna ka bosaengkae.—1 Joh. 2:17.

O ka Araba Jang?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itisa gore re se ka ra bontsha lorato lo lo sa tshwanelang?

• Lorato lo ka re thusa go itshokela eng?

• Ke ka ntlha yang fa go ka twe lorato ga lo ke lo fela?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

Temana ya ngwaga wa 2010 e tla bo e re: ‘Lorato lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo fela.’ —1 Bakor. 13:7, 8.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Lorato lo re ratang Modimo ka lone lo re tlhotlheletsa go rera

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Lorato lo lo se keng lo fela lo ne lwa dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona kwa Malawi ba kgone go itshokela diteko