Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mesia! Ene yo Modimo a Tlisang Poloko ka Ene

Mesia! Ene yo Modimo a Tlisang Poloko ka Ene

 Mesia! Ene yo Modimo a Tlisang Poloko ka Ene

“Fela jaaka mo go Adame botlhe ba swa, jalo le mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa.”—1 BAKOR. 15:22.

1, 2. (a) Anderea le Filipo ba ne ba dirang fa ba sena go kopana le Jesu? (b) Ke ka ntlha yang fa re re re na le bosupi jo bontsi go feta Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga jwa gore Jesu ke Mesia?

ANDEREA o ne a tlhatswegile pelo gore Jesu wa Nasaretha e ne e le Motlodiwa wa Modimo, mme a raya morwarraagwe e bong Petere a re: “Re bone Mesia.” Filipo le ene o ne a tlhatswegile pelo mme a senka Nathanaele tsala ya gagwe a bo a mo raya a re: “Re bone yo Moshe le Baporofeti ba neng ba kwala ka ene mo Molaong, Jesu, morwa Josefa, wa kwa Nasaretha.”—Joh. 1:40, 41, 45.

2 A o tlhatswegile pelo tota gore Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng, “Moemedi yo Mogolo wa poloko” wa ga Jehofa? (Baheb. 2:10) Gompieno re na le bosupi jo bontsi jwa gore Jesu ke Mesia go feta jo balatedi ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba na le jone. Ditiragalo tse di diragetseng go simolola ka nako ya fa Jesu a ne a tsholwa go fitlha a tsosiwa tse di kwadilweng mo Lefokong la Modimo, di naya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore e ne e le ene Keresete. (Bala Johane 20:30, 31.) Gape Baebele e bontsha gore Jesu o ne a tla tswelela pele a diragatsa seabe sa gagwe sa go nna Mesia a le kwa legodimong. (Joh. 6:40; bala 1 Bakorintha 15:22.) Ka tsela ya semoya le wena gompieno o ka bolela gore o “bone Mesia.” Mme sa ntlha ela tlhoko kafa barutwa bao ba bogologolo ba ileng ba dira tshwetso e e nepileng ka teng ya gore ba ne ba bone Mesia.

“Sephiri se se Boitshepo” sa ga Mesia se Senolwa Kgato ka Kgato

3, 4. (a) Barutwa ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ka ‘bona Mesia’ jang? (b) Ke eng fa o ka re Jesu ke ene fela a ka diragatsang boporofeti jotlhe jo bo ka ga Mesia?

3 Balatedi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ka bolela jang ba tlhomamisegile gore e ne e le ene Mesia? Jehofa o ne a dirisitse baporofeti go senola kgato ka kgato dilo tse di neng di tla tlhaola Mesia yo o neng a tla. Mokanoki mongwe wa Baebele o ne a tshwantsha seno le go momaganya sefikantswe se se dirilweng ka dikarolwana tsa mmabole. Akanya fela banna ba le bantsi ba ba neng ba ise ba ke ba buisane, mongwe le mongwe wa bone a tlisa karolo ya sefikantswe sa mmabole mo phaposing. Fa dikarolo tseo di ne di ka kopana mmogo sentle go bopa sefikantswe se se feletseng, go a utlwala gore o ne o ka konela ka gore ga go a itiragalela fela, go tshwanetse ga bo go na le mongwe yo o ileng a rulaganya gore karolo nngwe le nngwe ya sefikantswe seo e tla nna kana kang a bo a romelela monna mongwe le mongwe karolo ya sone. Fela jaaka karolo nngwe le nngwe ya sefikantswe, boporofeti bongwe le bongwe jo bo buang ka ga Mesia bo ne bo tla tlhalosa tshedimosetso nngwe ya botlhokwa ka ga Mesia.

4 A mme go ne go ka itiragalela fela gore boporofeti jotlhe jo bo ka ga Mesia bo diragadiwe mo mothong a le mongwe fela? Mmatlisisi mongwe o ne a re tota ga go lebege go ka itiragalela fela gore boporofeti jotlhe jo bo ka ga Mesia bo diragadiwe ke motho mongwe, mo e leng gore go tshwanetse ga tsewa gore go ka se itiragalele fela. “Ke Jesu—le gone ke Jesu fela mo hisitoring yotlhe—yo o kgonneng go dira seo.”

5, 6. (a) Katlholo e e lebaneng Satane e ne e tla diragadiwa jang? (b) Modimo o ne a senola kgato ka kgato jang gore “losika” lo lo solofeditsweng lo ne lo tla tswa mo losikeng lofe?

5 Boporofeti jo bo ka ga Mesia bo bua thata ka “sephiri se se boitshepo” se se nang le dintlha tse dintsi tsa botlhokwa tse di amang lobopo lotlhe. (Bakol. 1:26, 27; Gen. 3:15) Sephiri seo se ne se akaretsa katlholo e e neng e tla tlela Satane Diabolo, “noga ya kwa tshimologong,” yo o neng a digela batho mo boleong le mo losong. (Tshen. 12:9) Katlholo  eo e ne e tla diragadiwa jang? Jehofa o ne a bolelela pele gore “losika” lo lo neng lo tla tsholwa ke “mosadi” lo ne lo tla gobatsa Satane mo tlhogong. “Losika” lo go neng go boleletswe pele ka lone lo ne lo tla tapeta tlhogo ya noga, ka jalo lo fedisa se se bakang botsuolodi, bolwetse le loso. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a tla letla gore Satane a gobatse “losika” lwa mosadi pele mo seretheng ka tsela ya tshwantshetso.

6 Jehofa o ne a senola kgato ka kgato gore “losika” loo lo lo solofeditsweng e ne e tla nna mang. Modimo o ne a ikanela Aborahame a re: “Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla itshegofatsa ka losika lwa gago.” (Gen. 22:18) Moshe o ne a bolelela pele gore yono e ne e tla nna “moporofeti” yo mogolwane mo go ene. (Dute. 18:18, 19) Dafide o ne a tlhomamisediwa gore Mesia e ne e tla nna setlogolwana sa gagwe le gore o ne a tla nna mo setulong sa ga Dafide sa bogosi ka bosakhutleng, mme moragonyana baporofeti ba ne ba tlhomamisa seo.—2 Sam. 7:12, 16; Jer. 23:5, 6.

Bosupi Jwa Gore Jesu ke Mesia

7. Jesu o ne a tswa mo ‘mosading’ wa Modimo ka tsela efe?

7 Modimo o ne a romela Morwawe, popo ya gagwe ya ntlha, a tswa mo phuthegong ya Gagwe e e jaaka mosadi ya dibopiwa tsa semoya kwa legodimong gore a nne “losika” lo lo solofeditsweng. Seno se ne se tlhoka gore Morwa wa Modimo yo o tsetsweng a le esi a ‘ithontshe’ botshelo jwa kwa legodimong mme a tsholwe e le motho yo o itekanetseng. (Bafil. 2:5-7; Joh. 1:14) Lebaka la go bo Marea a ne a ‘okangwa’ ke moya o o boitshepo le ne le tlhomamisa gore se se tla tsholwang se ne “se tla bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.”—Luke 1:35.

8. Jesu o ne a diragatsa boporofeti jo bo ka ga Mesia jang fa a ne a tla gore a kolobediwe ka metsi?

8 Boporofeti jo bo ka ga Mesia bo ne bo bontsha gore Jesu o ne a tla tla leng le gone kae. Jesu o ne a tsholelwa kwa Bethelehema jaaka go ne go boleletswe pele. (Mik. 5:2) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bajuda ba ne ba na le tsholofelo e ntsi. E re ka ba ne ba lebeletse go tla ga ga Mesia, bangwe ba ne ba botsa jaana ka ga Johane Mokolobetsi: “A e ka tswa gongwe e le Keresete?” Mme Johane o ne a araba a re: “Yo o nonofileng go mpheta o etla.” (Luke 3:15, 16) Fa Jesu a ne a tla kwa go Johane ka letlhabula la 29 C.E. a na le dingwaga di le 30 gore a kolobediwe, o ne a itlhagisa e le Mesia ka nako e e tshwanetseng. (Dan. 9:25) Go tswa foo o ne a simolola bodiredi jwa gagwe jo bo tletseng ditiragalo, a re: “Nako e e tlhomilweng e diragaditswe, mme bogosi jwa Modimo bo atametse.”—Mar. 1:14, 15.

9. Le fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba se na tshedimosetso e e feletseng, ba ne ba tlhomamisegile ka eng?

9 Le fa batho ba ne ba na le mabaka a a utlwalang a go amogela Jesu e le Kgosi, ka nako eo ba ne ba sa tlhaloganye sentle gore o ne a tla simolola go busa mo nakong e e tlang a le kwa legodimong. (Joh. 12:12-16; 16:12, 13; Dit. 2:32-36) Le fa go ntse jalo, fa Jesu a ne a botsa a re, “Lona lwa re ke mang?” Petere o ne a araba jaana a sa okaoke: “O Keresete, Morwa Modimo yo o tshedileng.” (Math. 16:13-16) Petere o ne a araba ka tsela e e tshwanang  le eo fa ba le bantsi ba ne ba tlogela Jesu ka gonne ba kgopisitswe ke thuto nngwe ya gagwe.—Bala Johane 6:68, 69.

Go Reetsa Mesia

10. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a gatelela gore re tshwanetse go reetsa Morwawe?

10 Fa Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo a ne a le kwa legodimong, e ne e le motho yo o maatla wa semoya. Fa Jesu a le mo lefatsheng, e ne e le “moemedi wa ga Rara.” (Joh. 16:27, 28) O ne a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.” (Joh. 7:16) Ka nako ya fa Jesu a ne a fetotswe ponalo, Jehofa o ne a laela jaana, go tlhomamisa gore Jesu ke Mesia: “Mo reetseng.” (Luke 9:35) Ee, reetsang, kgotsa ikobeleng ene yono Yo o Tlhophilweng. Seo se ne se tlhoka tumelo le ditiro tse di molemo—tse ka bobedi di tlhokegang thata gore batho ba itumedise Modimo mme ba bone botshelo jo bo sa khutleng.—Joh. 3:16, 35, 36.

11, 12. (a) Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ga ba a ka ba amogela Jesu e le Mesia ka mabaka afe? (b) Ke bomang ba ba neng ba dumela mo go Jesu?

11 Le fa go ne go na le bosupi jo bontsi jwa gore Jesu ke ene Mesia, bontsi jwa Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ga ba a ka ba mo amogela. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba na le se bone ba neng ba se dumela ka ga Mesia, go akaretsa gore o ne a tla nna mesia wa sepolotiki yo o neng a tla ba golola mo kgatelelong ya Baroma. (Bala Johane 12:34.) Ka jalo, ba ne ba ka se amogele Mesia yo o neng a diragatsa boporofeti jo bo neng bo re o ne a tla nyadiwa, o ne a tla tilwa ke batho, e ne e tla nna motho yo o diretsweng ditlhabi le gore a tlwaelane le pobolo, mme kgabagare a bo a bolawa. (Isa. 53:3, 5) Tota le bangwe ba barutwa ba ga Jesu ba ba ikanyegang ba ne ba utlwisiwa botlhoko ke go bo a ne a sa ba golole mo kgatelelong ya sepolotiki. Ba ne ba nna ba ikanyega, mme fa nako e ntse e ya ba ne ba thusiwa go tlhaloganya dilo ka tsela e e tshwanetseng.—Luke 24:21.

12 Lebaka le lengwe la go bo batho ba ne ba sa amogele Jesu jaaka Mesia yo o solofeditsweng e ne e le dithuto tsa gagwe, tse ba le bantsi ba neng ba sa kgone go di amogela. Gore ba tsene mo Bogosing ba ne ba tla tshwanelwa ke go ‘iitatola,’ ‘go ja’ nama le madi a ga Jesu, ‘go tsalwa gape,’ le go ‘se nne karolo ya lefatshe.’ (Mar. 8:34; Joh. 3:3; 6:53; 17:14, 16) Batho ba ba ikgogomosang, bahumi le baitimokanyi ba ne ba bona go le thata gore ba ka dira dilo tseo. Le fa go ntse jalo, Bajuda ba ba ikokobeditseng ba ne ba amogela Jesu e le Mesia, jaaka Basamarea bangwe ba ba neng ba re: “Monna yono ruri ke mmoloki wa lefatshe.”—Joh. 4:25, 26, 41, 42; 7:31.

13. Jesu o ne a gobadiwa jang mo seretheng ka tsela ya tshwantshetso?

13 Jesu o ne a bolelela pele gore o ne a tla kgalwa ke baperesiti ba bagolo a bo a bapolwa ke Baditšhaba, mme o ne a tla tsoga ka letsatsi la boraro. (Math. 20:17-19) Go dumela ga gagwe fa pele ga Sanehederine gore e ne e le “Keresete Morwa Modimo” go ne ga tsewa e le go tlhapatsa. (Math. 26:63-66) Pilato o ne a fitlhela Jesu a se na “sepe se se tshwanetseng loso,” mme ka gonne gape Bajuda ba ne ba mo latofaditse ka boepapuso, Pilato o ne a “neela Jesu mo thatong ya bone.” (Luke 23:13-15, 25) Ka jalo ba ne ba “itatola” “Moemedi yo Mogolo wa botshelo” mme ba loga maano a go mmolaya, le fa go ne go na le bosupi jo bontsi jwa gore o ne a romilwe ke Modimo. (Dit. 3:13-15) Mesia o ne a “kgaolwa” jaaka go ne go boleletswe pele, a bapolwa mo koteng ka Letsatsi la Tlolaganyo ka 33 C.E. (Dan. 9:26, 27; Dit. 2:22, 23) Ka go swa setlhogo jaana, o ne a gobadiwa “mo seretheng” jaaka go boleletswe pele mo go Genesise 3:15.

Lebaka La go Bo Mesia A ne A Tshwanelwa ke go Swa

14, 15. (a) Jehofa o ne a letla Jesu gore a swe ka mabaka afe a mabedi? (b) Jesu o ne a dirang fa a sena go tsosiwa?

14 Jehofa o ne a letla Jesu gore a swe ka ntlha ya mabaka a mabedi a botlhokwa. La ntlha, go ikanyega ga ga Jesu go fitlha losong go ne go diragatsa karolo ya botlhokwa ya “sephiri se se boitshepo.” O ne a supa go ya losong gore motho yo o itekanetseng a ka kgona go tswelela a na le ‘boineelo jwa bomodimo’ le go tlotlomatsa bolaodi jwa Modimo le fa Satane a ka mo tlisetsa diteko tse di setlhogo go le kana kang. (1 Tim. 3:16) La bobedi, jaaka Jesu a boletse, “Morwa motho [o] ne a tla . . . go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Math. 20:28) “Thekololo [eno] e e lekanang” e ne e duelela boleo jo bo ruilweng ke bana ba ga Adame mme ya dira gore botlhe ba ba  amogelang Jesu e le ene yo Modimo a mo dirisang go re boloka, ba kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng.—1 Tim. 2:5, 6.

15 Fa Keresete a sena go nna malatsi a le mararo mo lebitleng, o ne a tsosiwa, mme a bonala mo barutweng ba gagwe malatsi a le 40, a supa gore o a tshela a ba a ba naya ditaelo tse dingwe. (Dit. 1:3-5) Go tswa foo o ne a tlhatlogela kwa legodimong mme a isetsa Jehofa tlhwatlhwa ya setlhabelo sa gagwe se se tlhwatlhwakgolo a bo a emela nako e e tlhomilweng ya fa a tla bo a simolola go nna gone e le Kgosi Mesia. Pele nako eo e fitlha, o ne a na le tiro e ntsi.

O Wetsa Seabe sa Gagwe e le Mesia

16, 17. Tlhalosa se Jesu a neng a se dira e le Mesia fa a sena go tlhatlogela kwa legodimong.

16 Mo dingwageng tsotlhe tsa fa Jesu a sena go tsosiwa, o ntse a okametse ka boikanyegi ditiro tsa phuthego ya Bokeresete e a ntseng a e busa e le Kgosi. (Bakol. 1:13) Ka nako e e tlhomilweng o ne a tla simolola go dirisa maatla a gagwe jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. Dipolelelopele tsa Baebele le ditiragalo tsa lefatshe di tlhomamisa gore o simolotse go nna Kgosi ka 1914, fa “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” bo ne bo simolola. (Math. 24:3; Tshen. 11:15) Moragonyana fela ga foo, o ne a etelela baengele ba ba boitshepo pele go koba Satane le madimona a gagwe kwa legodimong.—Tshen. 12:7-10.

17 Tiro ya go rera le go ruta e Jesu a e simolotseng ka 29 C.E. e gaufi le konelo ya yone e kgolo. Go ise go ye kae o tla atlhola batshedi botlhe. Ka nako eo o tla bolelela batho ba sekadinku ba ba mo tsayang e le ene yo Jehofa a mo dirisang go boloka batho gore ba ‘rue bogosi jo ba bo baakanyeditsweng go tloga fa e sa le lefatshe le thaiwa.’ (Math. 25:31-34, 41) Ba ba sa amogeleng Jesu e le Kgosi ba tla senngwa fa a etelela masomo a kwa legodimong pele gore a fedise boikepo jotlhe. Go tswa foo Jesu o tla bofa Satane mme a mo latlhele mo “moleteng” le madimona a gagwe.—Tshen. 19:11-14; 20:1-3.

18, 19. Ke eng se Jesu a se fitlhelelang ka go diragatsa seabe sa gagwe sa go nna Mesia, mme seo se tla ama batho ba ba kutlo jang?

18 Ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Jesu, o tla dira se se tlhalosiwang ke direto tsa gagwe tsotlhe tse di jaaka, “Mogakolodi yo o Gakgamatsang, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.” (Isa. 9:6, 7) Puso ya Bogosi jwa gagwe e tla dira gore batho ba itekanele, go akaretsa le batho ba ba tla bong ba tsositswe. (Joh. 5:26-29) Mesia o tla kaela batho ba ba ratang kwa “metsweding ya metsi a botshelo” mme seo se tla dira gore batho ba ba kutlo ba kgone go nna le kamano e e molemo le Jehofa. (Bala Tshenolo 7:16, 17.) Morago ga teko ya bofelo, ditsuolodi tsotlhe, go akaretsa Satane le madimona a gagwe, ba tla “piriganyediwa mo bodibeng jwa molelo,”  mme seo se tla bo se tshwana le go tapeta tlhogo ya “noga” gore e bo e swe.—Tshen. 20:10.

19 Ruri Jesu o diragatsa seabe sa gagwe sa go nna Mesia ka tsela e e molemo le e e se nang diphoso! Paradaise ya mo lefatsheng e tla bo e tletse ka batho ba ba rekolotsweng, ba ba tla tshelelang ruri ba sa lwale e bile ba itumetse. Go tla bo go tlositswe kgobo yotlhe mo leineng la ga Jehofa le le boitshepo, mme go tla bo go supilwe ka botlalo gore o tshwanelwa ke go nna Molaodi wa lobopo lotlhe. Ruri botlhe ba ba utlwang Motlodiwa wa Modimo ba tla bona isagwe e e molemolemo mo bogautshwaneng!

A o Bone Mesia?

20, 21. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go bolelela ba bangwe ka ga Mesia?

20 Fa e sa le ka 1914 re ntse re tshela mo nakong ya pa·rou·siʹa, kgotsa go nna gone ga ga Keresete. Le fa go nna gone ga gagwe e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo go ka se bonwe ka matlho, go bonala mo tseleng e boporofeti bo diragadiwang ka yone. (Tshen. 6:2-8) Le fa go ntse jalo, fela jaaka Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga, bontsi jwa batho gompieno bo tlhokomologa bosupi jwa gore Mesia o teng. Le bone ba batla mesia wa bopolotiki kgotsa mongwe fela yo o tla kaelang batho ba e leng babusi ba bopolotiki. Mme wena o ne wa ithuta gore Jesu jaanong o busa e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. A ga o a ka wa itumelela go itse seo? Fela jaaka barutwa ba lekgolo la ntlha la dingwaga, o ne wa tlhotlheletsega go bolela jaana: “Re bone Mesia.”

21 Gompieno fa o bua ka dithuto tsa boammaaruri, a o tlhalosa seabe sa ga Jesu e le Mesia? Fa o dira jalo o tla oketsa tsela e o anaanelang ka yone se a se go diretseng, se a se dirang gone jaanong le se a sa ntseng a tla se dira. Fela jaaka Anderea le Filipo, kwantle ga pelaelo o ile wa tlotlela ba losika le ditsala tsa gago ka ga Mesia. Ke ka ntlha yang fa o sa buisane le bone ka tlhoafalo le go feta pele mme o ba bontshe gore Jesu Keresete ruri ke Mesia yo o solofeditsweng, yo Modimo a tla bolokang batho ka ene?

A o Ka Tlhalosa?

• Barutwa ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ka bona Mesia jang?

• Jesu o ne a swa ka ntlha ya mabaka afe a mabedi a botlhokwa?

• Ke eng se Jesu a sa ntseng a tla se dira go diragatsa seabe sa gagwe e le Mesia?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Batho ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba lemoga jang gore Jesu e ne e le ene Mesia yo o solofeditsweng?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Fa o bua le ba bangwe, a o ba tlhalosetsa seabe sa ga Jesu e le Mesia?