Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nnang lo Gole mo Loratong Lwa Bokaulengwe

Nnang lo Gole mo Loratong Lwa Bokaulengwe

 Nnang lo Gole mo Loratong Lwa Bokaulengwe

“Lo tswelele lo tsamaya mo loratong, fela jaaka Keresete le ene a ne a lo rata.”—BAEF. 5:2.

1. Jesu o ne a umaka letshwao lefe la botlhokwa le le neng le tla tlhaola balatedi ba gagwe?

BASUPI BA GA JEHOFA ba itsege ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka ntlo le ntlo. Le fa go ntse jalo, Keresete Jesu o ne a tlhopha letshwao le lengwe la Bokeresete le le neng le tla tlhaola barutwa ba gagwe ba mmatota. O ne a re: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—Joh. 13:34, 35.

2, 3. Lorato lwa rona lwa bokaulengwe lo ama jang batho ba ba tlang dipokanong tsa rona tsa Bokeresete?

2 Bakeresete ba boammaaruri ba ratana ka lorato lo lo sa bonweng mo bathong bape ba sele. Fela jaaka makenete o gogela tshipi, lorato le lone lo gogela batlhanka ba ga Jehofa gore ba nne mmogo ka kutlwano e bile lo gogela batho ba ba peloephepa mo kobamelong ya boammaaruri. Ka sekai, akanya ka Marcelino, monna wa kwa Cameroon yo o neng a foufala morago ga go bona kotsi kwa tirong. Morago ga kotsi eo, go ne ga anama magatwe a gore o ne a foufetse ka gonne e le moloi. Mo boemong jwa go mo gomotsa, moruti wa gagwe le maloko a mangwe a kereke ya gagwe a ne a mo koba mo kerekeng. Fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ne a laletsa Marcelino go tla dipokanong, o ne a okaoka. O ne a sa batle go sotlwa gape.

3 Marcelino o ne a gakgamadiwa ke se se neng sa direga kwa Holong ya Bogosi. O ne a amogelwa ka lorato, mme a gomodiwa ke dithuto tsa Baebele tse a neng a di utlwa. O ne a simolola go ya dipokanong tsotlhe tsa phuthego, a gatela pele mo thutong ya gagwe ya Baebele, mme a kolobediwa ka 2006. Jaanong o ruta ba lelapa la gagwe le baagelani ba gagwe boammaaruri e bile o ithuta Baebele le batho ba le mmalwa. Marcelino o batla gore batho ba a ithutang Baebele le bone ba bone lorato lo le ene a lo bontshitsweng ke batho ba Modimo.

4. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go latela kgakololo ya ga Paulo ya gore re ‘tswelele re tsamaya mo loratong’?

4 Lorato lwa rona lwa bokaulengwe lo a itumedisa, mme ga lo itlele fela. Akanya ka molelo wa dikgong o o tukang bosigo, o o dirang gore batho ba batle go o ora ba thuthafale. Fa batho ba ba o orileng ba sa nne ba o kgotletsa, o tla tima. Ka tsela e e tshwanang, sebofo se se molemo sa lorato mo phuthegong se tla koafala fa Mokeresete mongwe le mongwe a sa leke go se nonotsha. Re ka se nonotsha jang? Moaposetoloi Paulo o araba jaana: “Lo tswelele lo tsamaya mo loratong, fela jaaka Keresete le ene a ne a lo rata a ba a ineela ka ntlha ya lona e le tshupelo le setlhabelo mo Modimong go nna lonko lo lo nkgang monate.” (Baef. 5:2) Potso e re batlang go e sekaseka ke gore, Nka tswelela ke tsamaya mo loratong ka ditsela dife?

“Le Lona, Pitlologang”

5, 6. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ile a rotloetsa Bakeresete ba kwa Korintha gore ba ‘pitlologe’?

5 Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha wa bogologolo a re: “Molomo wa rona o buletswe lona, Bakorintha, pelo ya rona e pitlologile. Ga lo a pitlagana mo lo se nang sebaka mo go rona, mme lo pitlagane mo lo se nang sebaka mo loratong lwa lona lwa bopelonomi. Jalo, e le go duela ka tsela e e tshwanang—ke bua jaaka ke bua le bana—le lona, pitlologang.” (2 Bakor. 6:11-13) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a rotloetsa Bakorintha gore ba pitlologe mo loratong lwa bone?

 6 Akanya kafa phuthego ya kwa Korintha wa bogologolo e simologileng ka teng. Paulo o ne a tla kwa Korintha ka letlhabula la 50 C.E. Le fa kwa tshimologong tiro ya gagwe ya go rera koo e ne e le bokete, moaposetoloi Paulo ga a ka a itlhoboga. Go ise go ye kae, ba le bantsi mo motseng oo ba ne ba bontsha gore ba dumela dikgang tse di molemo. Ka lobaka lwa “ngwaga le dikgwedi di le thataro,” Paulo o ne a dira ka natla go ruta le go nonotsha phuthego eo e ntšha. Go bonala sentle gore o ne a rata Bakeresete ba kwa Korintha fela thata. (Dit. 18:5, 6, 9-11) Ba ne ba na le mabaka a a utlwalang a gore le bone ba mo rate ba bo ba mo tlotle. Le fa go ntse jalo, bangwe mo phuthegong ba ne ba mo katoga. Gongwe bangwe ba ne ba sa rate tsela e a nayang kgakololo ka yone a sa potapote. (1 Bakor. 5:1-5; 6:1-10) Ba bangwe ba ka tswa ba ile ba reetsa dipuo tsa ‘baaposetoloi ba ba molemo go feta selekanyo’ ba ba neng ba mo senya leina. (2 Bakor. 11:5, 6) Paulo o ne a batla go ratwa ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe botlhe. Ka jalo o ne a ba kgothatsa gore ba ‘pitlologe’ ka go atamalana le ene le badumedi ka bone ba bangwe.

7. Re ka ‘pitlologa’ jang mo go bontsheng lorato lwa bokaulengwe?

7 Go tweng ka rona? Re ka ‘pitlologa’ jang mo go bontsheng lorato lwa bokaulengwe? Go ka nna motlhofo gore batho ba e leng dithaka kgotsa ba setso se se tshwanang ba utlwane. Batho ba ba ratang boitlosobodutu jo bo tshwanang gantsi ba dirisa nako e ntsi ba le mmogo. Mme fa dilo tse re ratang go di dira le Bakeresete bangwe di dira gore re se ka ra atamalana le ba bangwe, re tshwanetse go ‘pitlologa.’ Go ka nna molemo go ipotsa jaana: ‘A ga ke atise go ya bodireding kgotsa go itlosa bodutu le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ke sa ba tlwaelang thata? Fa ke le kwa Holong ya Bogosi, a ga ke buisane thata le batho ba ba sa tswang go kopanela ka gonne ke tsaya gore ba tshwanetse go itshupa pele gore ba ka tshwanelega go nna ditsala tsa me? A ke dumedisa bagolo mmogo le basha mo phuthegong?’

8, 9. Kgakololo ya ga Paulo e e mo go Baroma 15:7 e ka re thusa jang go dumedisana ka tsela e e oketsang lorato lwa rona lwa bokaulengwe?

8 Mo kgannyeng ya go dumedisana, mafoko a Paulo a a kwaletseng Baroma a ka re thusa go leba badumedi ka rona ka tsela e e tshwanetseng. (Bala Baroma 15:7.) Lefoko la Segerika le le ranotsweng fano go twe “amogelanang” le kaya “go amogela motho ka bopelonomi kgotsa ka botsalano, go amogela mongwe gore e nne tsala.” Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, fa mong wa ntlo yo o amogelang baeng a ne a amogela ditsala mo ga gagwe, o ne a ba itsise kafa a itumeletseng ka teng go ba bona. Keresete le ene o re amogetse jalo ka tsela ya tshwantshetso, mme re kgothalediwa go mo etsa ka go amogela baobamedi ka rona.

9 Fa re ntse re dumedisa bakaulengwe ba rona mo Holong ya Bogosi le kwa mafelong a mangwe, re ka ipha nako e ntsinyana le ba re nang le lobaka re sa ba bone kgotsa re sa bue le bone. Ke eng fa o sa iphe metsotsonyana o tlotla le bone? Kwa pokanong e e latelang, o tla tlotla jalo le ba bangwe. Go ise go ye kae, o tla bo o kgonne go tlotla monate le mo e batlang e le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago botlhe. Ga go tlhokege gore re tshwenyege fa re sa kgone go buisana le batho  botlhe ka letsatsi le le lengwe. Ga go ope yo o tshwanetseng go kgopisega fa re sa kgone go mo dumedisa kwa pokanong nngwe le nngwe.

10. Botlhe mo phuthegong ba na le tshono ya go dira eng sa botlhokwa, mme re ka dirisa tshono eo jang ka botlalo?

10 Go dumedisa ba bangwe ke kgato ya ntlha ya go ba amogela. Ke kgato e e ka felelang ka gore re tshware metlotlo e e monate mme re nne le botsala jo bo nnelang ruri. Ka sekai, fa batho ba ba tlileng dikopanong tse dinnye le tse dikgolo ba ikitsise ba bangwe ba bo ba tlotla le bone, ba leba pele go boa ba kopana gape. Batho ba ba ithaopang go aga Diholo Tsa Bogosi mmogo le ba ba thusang mo tirong ya namolo gantsi ba nna ditsala tse dikgolo ka gonne ba simolola go itse dinonofo tsa ba bangwe tse di molemo fa ba ntse ba dira mmogo. Re ka nna le botsala jo bo nnelang ruri le batho ba bantsi mo phuthegong ya ga Jehofa. Fa re ‘pitlologa,’ ditsala tsa rona di tla ata mme seo se tla nonotsha lorato lo lo re kopanyang mo kobamelong ya boammaaruri.

Iphe Nako le ba Bangwe

11. Jaaka go bontshitswe mo go Mareko 10:13-16, Jesu o tlhomile sekao sefe?

11 Bakeresete botlhe ba ka leka go nna batho ba ba atamelesegang, fela jaaka Jesu a ne a ntse. Akanya kafa Jesu a neng a arabela ka teng fa barutwa ba gagwe ba ne ba leka go thibela batsadi gore ba se ka ba tlisa bana ba bone kwa go ene. O ne a re: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo.” Go tswa foo o ne a “tsaya bana ka mabogo mme a simolola go ba segofatsa, a ba baya diatla.” (Mar. 10:13-16) Akanya kafa bana bao ba tshwanetseng ba bo ba ne ba itumetse ka teng fa ba bontshiwa lorato jalo ke Morutisi yo Mogolo!

12. Ke eng se se ka re thibelang go tlotla le ba bangwe?

12 Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go ipotsa gore, ‘A ke ipha nako le ba bangwe kgotsa gantsi ke lebega ke tshwaregile thata?’ Mekgwa e e seng phoso ka boyone, ka dinako tse dingwe e ka kgoreletsa puisano. Ka sekai, fa re nnela go dirisa founo ya selula kgotsa go reetsa mmino kgotsa sengwe se sele ka didirisiwa tse di tsenngwang mo ditsebeng mme re ntse le batho ba bangwe, seo se ka dira gore ba tseye gore ga re batle go tlotla le bone. Fa ba bangwe ba nna ba re bona re tsentse tlhogo mo khomputareng e e tshwarwang ka seatla, ba ka nna ba tsaya gore ga re rate go tlotla le bone. Gone ke boammaaruri gore go na le “nako ya go didimala.” Mme fa re le mo gare ga batho, gantsi e a bo e le “nako ya go bua.” (Mor. 3:7) Bangwe ba ka nna ba re, “Ke rata go itidimalela,” kgotsa “Ga ke rate go tlotla mo mosong.” Le fa go ntse jalo, fa re tlotla ka tsela e e botsalano, tota le fa re sa ikutlwe go tlotla, seo se supa gore re na le lorato lo lo ‘sa ipatleleng melemo ya lone fela.’—1 Bakor. 13:5.

13. Paulo o ne a kgothaletsa Timotheo gore a lebe bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete jang?

13 Paulo o ne a kgothaletsa Timotheo yo mmotlana gore a tlotle maloko otlhe a phuthego. (Bala 1 Timotheo 5:1, 2.) Le rona re tshwanetse go tshwara Bakeresete ba e leng bagolo jaaka bommaarona le borraarona, le ba babotlana jaaka bomogoloarona le bomonnaarona. Fa re na le boikutlo jo bo ntseng jalo, ga go ope wa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang yo o tla tshabang go tlotla le rona.

14. Mengwe ya melemo ya go tshwara metlotlo e e agang le ba bangwe ke efe?

14 Fa re ntse re tshwara metlotlo e e agang le ba bangwe, re ba thusa go gola semoyeng le go itumela. Mokaulengwe mongwe yo o berekang kwa ofising ya lekala o gopola ka boitumelo maloko a le mmalwa a a godileng a lelapa la Bethele a a neng a tlhola a ipha nako ya go tlotla le ene fa a ne a sa le mosha kwa Bethele. Mafoko a bone a a kgothatsang a ne a dira gore a ikutlwe a le karolo ya lelapa la Bethele tota. Jaanong o leka go ba etsa ka go tlotla le maloko a mangwe a lelapa la Bethele.

Boikokobetso bo re Thusa go Agisana le ba Bangwe

15. Ke eng se se bontshang gore le rona re ka nna le dikgotlhang?

15 Go lebega Yudia le Sentike, bokgaitsadi ba babedi ba Bakeresete ba kwa Filipi wa bogologolo, ba ne ba na le bothata jwa go rarabolola kgotlhang e ba neng ba na le yone. (Bafil. 4:2, 3) Batho ba le bantsi ba ne ba itse gore Paulo le  Barenabase ba ne ba galefelane mo go botlhoko mme ga felela ka gore ba kgaogane ka lobakanyana. (Dit. 15:37-39) Dipego tseno di bontsha gore baobamedi ba boammaaruri le bone ba a tle ba nne le dikgotlhang. Jehofa o re naya thuso ya go rarabolola dikgotlhang le go agisana le ditsala tsa rona. Mme o batla gore re dire sengwe.

16, 17. (a) Boikokobetso bo thusa go le kana kang mo go rarabololeng dikgotlhang? (b) Se Jakobe a neng a se dira fa a kopana le Esau se bontsha jang kafa boikokobetso bo leng botlhokwa ka teng?

16 Akanya fela wena le tsala ya gago lo tlile go tsaya mosepele ka koloi. Pele lo ka simolola mosepele, o tshwanetse go kgotla koloi ka selotlolo gore e dume. Go rarabolola dikgotlhang le gone go tlhoka gore motho a tseye kgato. O tlhoka gore a bo a ikokobeditse. (Bala Jakobe 4:10.) Jaaka sekai se se latelang sa Dikwalo se bontsha, boikokobetso bo thusa batho ba ba kgopisaneng gore ba simolole go dirisa melaometheo ya Baebele.

17 Go ne go setse go fetile dingwaga di le 20 fa e sa le Esau a kgopisega e bile a batla go bolaya lewelana la gagwe e bong Jakobe ka gonne le mo tseetse botsalwapele. Mawelana ano a ne a tla tloga a kopana gape morago ga lobaka lo loleele jalo, “mme Jakobe [o ne] a boifa thata a ba a tlhobaela.” O ne a ikutlwa a tlhomamisegile tota gore Esau o ne a tlile go mo lwantsha. Mme fa ba kopana, Jakobe o ne a dira sengwe se Esau a neng a sa se lebelela. O ne a “ikobela fa fatshe” fa a ntse a atamela morwarraagwe. Go tswa foo go ne ga diragalang? “Esau a siana a ya go mo kgatlhantsha, a mo tlamparela a wela mo molaleng wa gagwe a mo atla, mme ba thubega ka selelo.” Seo se ne sa dira gore ba se ka ba lwa. Boikokobetso jwa ga Jakobe bo ne jwa thusa go fedisa letlhoo lepe le Esau a ka tswang a ne a na le lone.—Gen. 27:41; 32:3-8; 33:3, 4.

18, 19. (a) Fa re nna le dikgotlhang le ba bangwe, ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re tseye kgato go dirisa kgakololo e e mo Dikwalong? (b) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go kgobega marapo fa kwa tshimologong motho yo mongwe a sa arabele sentle?

18 Mo Baebeleng go na le kgakololo e e molemo malebana le go rarabolola dikgotlhang. (Math. 5:23, 24; 18:15-17; Baef. 4:26, 27) * Mme fa re sa ikokobetse re bo re dirisa kgakololo eo, go tla nna thata go agisana le ba bangwe. Go emela motho yo mongwe gore e nne ene a bontshang boikokobetso ga se yone tharabololo ka gonne le rona re ka kgona go dira sengwe ka gone, ke gore re ka kgona go ikokobetsa.

19 Fa e ka re re leka go agisana le motho ra se ka  ra atlega ka mabaka mangwe, ga re a tshwanela go kgobega marapo. Motho yoo a ka tswa a tlhoka nako ya go ikakanya. Bomorwarraagwe Josefa ba ile ba direla Josefa boferefere. Go ne ga tsaya lobaka lo loleele pele ba kopana le ene e setse e le tonakgolo kwa Egepeto. Le fa go ntse jalo, kgabagare ba ne ba ikwatlhaya mme ba mo rapela gore a ba itshwarele. Josefa o ne a ba itshwarela mme bomorwa Jakobe ba ne ba nna setšhaba se se neng sa nna le tshiamelo ya go bidiwa ka leina la ga Jehofa. (Gen. 50:15-21) Fa re nna re le mo kagisong le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, re thusa gore go nne le kutlwano le boitumelo mo phuthegong.—Bala Bakolosa 3:12-14.

A re Rateng “Ka Tiro le Boammaaruri”

20, 21. Re ka ithuta eng mo go se Jesu a neng a se dira fa a ne a tlhapisa baaposetoloi ba gagwe dinao?

20 Nakwana fela pele ga loso lwa ga Jesu, o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo.” (Joh. 13:15) O ne a sa tswa go tlhapisa dinao tsa baaposetoloi ba ba 12. Se Jesu a neng a se dira e ne e se seomodiro fela kgotsa go bontsha bopelontle fela. Pele Johane a anela kgang ya go tlhapisiwa dinao, o ne a kwala a re: “Jesu, ka a ne a ratile ba gagwe ba ba neng ba le mo lefatsheng, a ba rata go ya bokhutlong.” (Joh. 13:1) Tsela e Jesu a neng a rata barutwa ba gagwe ka yone ke yone e neng ya mo tlhotlheletsa go dira tiro e gantsi e dirwang ke motlhanka. Jaanong le bone ba tshwanetse go direlana ditiro tse di bontshang lorato. Ee, lorato lwa mmatota lwa bokaulengwe lo tshwanetse go re tlhotlheletsa go amega ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona botlhe ba Bakeresete.

21 Moaposetoloi Petere, yo o neng a tlhapisitswe dinao ke Morwa Modimo, o ne a tlhaloganya bokao jwa se Jesu a neng a se dira. O ne a kwala jaana: “Jaanong e re ka lo itshekisitse meya ya lona ka gore lo utlwe boammaaruri mo go felelang ka gore lo nne le lorato lwa bokaulengwe lo lo se nang boitimokanyo, ratanang ka lorato lo logolo lo lo tswang pelong.” (1 Pet. 1:22) Moaposetoloi Johane, yo le ene a neng a tlhapisitswe dinao ke Morena, o ne a kwala jaana: “Bana ba bannye, a re rateng, e seng ka lefoko le fa e le ka loleme, mme ka tiro le boammaaruri.” (1 Joh. 3:18) E kete dipelo tsa rona di ka re tlhotlheletsa go bontsha lorato lwa rona lwa bokaulengwe ka ditiro.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 Bona buka ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, tsebe 144-150.

A o A Gakologelwa?

• Re ka ‘pitlologa’ ka ditsela dife mo loratong lo re ratang ba bangwe ka lone?

• Ke eng se se tla re thusang go ipha nako le ba bangwe?

• Boikokobetso bo thusa go le kana kang mo go agisaneng le ba bangwe?

• Ke eng se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go amega ka badumedi ka rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Amogela badumedi ka wena ka lorato

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Dirisa sebaka sengwe le sengwe se o se bonang go ipha nako le ba bangwe