Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

 Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A kgaitsadi o tshwanetse go rwala mo tlhogong fa a ranola dipuo tse di theilweng mo Baebeleng a di ranolela mo puong ya diatla kwa dipokanong tsa Bokeresete, kwa dikopanong tse dinnye, kgotsa kwa dikopanong tse dikgolo?

Gantsi mosadi wa Mokeresete o tshwanetse go rwala mo tlhogong fa a dira ditiro tse gantsi di dirwang ke monna wa gagwe kgotsa mokaulengwe mo phuthegong. Seno se dumalana le molaomotheo o o neng wa kwalwa ke moaposetoloi Paulo fa a ne a re “mosadi mongwe le mongwe yo o rapelang kgotsa yo o porofetang tlhogo ya gagwe e sa bipiwa o tlontlolola tlhogo ya gagwe” ka gonne “mosadi . . . tlhogo ya gagwe ke monna.” (1 Bakor. 11:3-10) Fa kgaitsadi a rwala serwalo se se lebegang sentle e bile se tshwanela mo maemong a a ntseng jalo, ke sesupo sa gore o ikobela thulaganyo ya puso ya Modimo mo phuthegong ya Bokeresete.—1 Tim. 2:11, 12. *

Mme go tweng mo maemong a mo go one kgaitsadi a ranolelang puo ya mokaulengwe mo puong ya diatla? Ke boammaaruri gore kgaitsadi o fetisetsa fela mafoko a sebui mo bareetsing ka puo e nngwe. Seo se raya gore ga se ene a rutang mme go ruta mokaulengwe yo a mo ranolelang. Le fa go ntse jalo, go ranolela mo puong ya diatla go farologane thata le go ranolela mo puong e e buiwang. Fa go ranolelwa mo puong e e buiwang, bareetsi ba kgona go tlhoma mogopolo mo sebuing ba ntse ba reeditse motho yo o ranolang. Gape bokgaitsadi ba ba ranolelang mo dipuong tse di buiwang ga ba nne mo lefelong le le ka dirang gore go tlhomiwe mogopolo mo go bone jaaka go direga ka ba ba ranolelang mo puong ya diatla. Ka dinako tse dingwe, bokgaitsadi bano ba ka ranola ba ntse fa fatshe kgotsa fa e le gore ba eme, ba lebe sebui go na le go leba bareetsi. Ka jalo, go tla bo go sa tlhokege gore kgaitsadi yo o ranolelang mo puong e e buiwang a rwale mo tlhogong.

Mo godimo ga moo, ka ntlha ya botegeniki jo bo setseng bo dirisiwa fa dipuo di ranolelwa mo  puong ya diatla, gantsi bareetsi ba tlhoma mogopolo thata mo mothong yo o ranolang. Gantsi setshwantsho sa motho yo o ranolelang mo puong ya diatla se tlhaga mo lomating lo logolo, mme bareetsi ba ka nna ba se ka ba bona sebui ka bosone. Ka ntlha ya mabaka ano go lebega go tshwanela gore kgaitsadi yo o ranolelang mo puong ya diatla a rwale mo tlhogong go bontsha gore o lemoga gore seabe sa gagwe ke go ranola fela.

Kaelo eno e e fetotsweng e tla ama jang go ranolelwa mo puong ya diatla ga dipuo tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, dipontsho le dikakgelo ka nako ya Thuto ya Baebele ya Phuthego, ka nako ya pokano ya tirelo le mo Thutong ya Tora ya Tebelo? A kgaitsadi yo o ranolelang mo puong ya diatla le ene o tshwanetse go rwala mo tlhogong mo maemong ao? Go lebega go sa tlhokege gore kgaitsadi a rwale mo maemong mangwe, ka gonne botlhe ba ba reeditseng ba tshwanetse go tlhaloganya gore tota ga se ene a tshwereng pokano. Ka sekai, a ka se tlhoke go rwala mo tlhogong fa a ranola dikakgelo tsa bareetsi, dipuo tse di neelwang ke bokgaitsadi kgotsa dipontsho. Le fa go ntse jalo, fa a ranolela bakaulengwe mo dipokanong tseno, a ranolela motshwari wa Thuto ya Tora ya Tebelo kgotsa motshwari wa Thuto ya Baebele ya Phuthego, kgotsa a opedisa, o tshwanetse go rwala mo tlhogong. Ka nako ya dipokano, kgaitsadi a ka nna a tshwanelwa ke go ranolela bakaulengwe, bokgaitsadi, bana le bagolwane. Ka ntlha ya seno, go ka nna molemo gore a nne a ntse a rwele mo pokanong yotlhe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Go bona dintlha ka botlalo ka ga go rwala mo tlhogong ga basadi ba Bakeresete, bona tsebe 209 go ya go 212 ya buka ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo.”