Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Dikopano Tse Tharo di Neng Tsa Fetola Botshelo Jwa me ka Teng

Kafa Dikopano Tse Tharo di Neng Tsa Fetola Botshelo Jwa me ka Teng

 Kafa Dikopano Tse Tharo di Neng Tsa Fetola Botshelo Jwa me ka Teng

Jaaka go boletse George Warienchuck

A O KILE wa amiwa ke sengwe se o neng o se utlwile kwa go nngwe ya dikopano tsa rona tsa kgaolo mo se neng sa go tlhotlheletsa gore o dire diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gago? Ke sone se se ntiragaletseng seo. Fa ke leba kwa morago, ke lemoga gore go na le dikopano tse tharo tsa kgaolo tse di ileng tsa fetola botshelo jwa me thata. Ya ntlha e ne ya nthusa gore ke se ka ka nna ditlhong thata, ya bobedi e ne ya nthusa go nna motho yo o kgotsofetseng go feta pele; mme ya boraro ya nthusa go aba go feta pele. Le fa go ntse jalo, pele ke lo bolelela ka diphetogo tseno, mma ke lo tlhalosetse dingwe tsa ditiragalo tse di neng tsa direga pele ga go tshwarwa dikopano tseno—ditiragalo tse di diregileng fa ke ntse ke gola.

Ke tshotswe ka 1928, ke le gofejane wa bana ba bararo. Nna le bokgaitsadiake, e bong Margie le Olga re goletse kwa South Bound Brook, New Jersey, U.S.A., e ka nako eo e neng e le toropo e e nang le banni ba ka nna 2 000. Le fa re ne re humanegile, Mmè o ne a le pelotshweu. Nako le nako fa a ne a na le madi a go reka dijo tse di monate a bo a di apaya, o ne a tsholela baagisani. Fa ke na le dingwaga di le robongwe, Mmè o ne a etelwa ke Mosupi mongwe yo o buang Se-Hungary, puo ya ga Mmè, mme seo se ne sa mo tlhotlheletsa go reetsa molaetsa wa Baebele. Moragonyana, Bertha, kgaitsadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo20, o ne a tsweletsa thuto eo ya Baebele mme a thusa Mmè go nna motlhanka wa ga Jehofa.

Go farologana le Mmè, ke ne ke le ditlhong ka tlholego, ke inyatsa. Se se neng sa dira gore dilo di nne maswe le go feta ke gore Mmè o ne a aga a nnyenyefatsa. Fa ke mmotsa ke utlwile botlhoko ke re, “Ke eng o ntshwaya diphoso ka metlha?” o ne a mpolelela gore o a nthata mme ga a batle go ntshenya. Mmè o ne a na le maitlhomo a a molemo, mme go sa akgolwe go ne ga dira gore ke ikutlwe ke se motho wa sepe.

Letsatsi lengwe, moagisani yo gantsi a neng a tle a bue le nna ka bopelonomi o ne a nkopa gore ke tsamaye le bana ba gagwe kwa sekolong sa Sontaga sa kereke ya bone. Ke ne ke itse gore ke tla bo ke sa itumedise Jehofa fa nka ya, mme ke ne ke tshaba go kgopisa moagisani yono yo o pelonomi. Ka jalo, ke ne ka ya kerekeng ka dikgwedi di le mmalwa le fa tota ke ne ke itlhabelwa ke ditlhong. Kwa sekolong, le teng go boifa batho go ne ga dira gore ke dire dilo tse di kgatlhanong le segakolodi sa me. Mogokgo wa sekolo, monna yo o neng a gatelela, o ne a tlhomamisa gore barutabana ba dire gore bana botlhe ba dumedise folaga. Le nna ke ne ka e dumedisa. Seno se ne sa tswelela go diragala mo e ka nnang ngwaga, mme morago ga moo dilo di ne tsa fetoga.

Ke ne Ka Ithuta go Nna Pelokgale

Ka 1939 thuto ya buka e ne ya simolola go tshwarelwa kwa lapeng. E ne e tshwarwa ke mokaulengwe yo mmotlana wa mmulatsela e bong Ben Mieszkalski. Re ne re mmitsa Big Ben [Ben wa mokaloba]—mme go ne go tshwanela. Mo go nna, o ne a lebega a le moleele e bile a le mogolo jaaka kgoro ya rona e e kwa pele. Le fa bogolo jwa gagwe bo ne bo dira gore a lebege a boifisa, o ne a le pelonomi tota, mme monyenyo wa gagwe o ne wa dira gore ke phuthologe. Ka jalo, fa Ben a ne a nkopa gore ke tsamaye le ene kwa tirelong ya tshimo, ke ne ka dumela ke sa okaoke. Re ne ra nna ditsala. Fa ke hutsafetse,  o ne a bua le nna ka tsela e e lorato e morwarramotho a ka buang le monnawe ka yone. Seo se ne sa nkama tota, mme ke ne ka simolola go mo rata fela thata.

Ka 1941, Ben o ne a kopa lelapa la rona go tsamaya le ene ka koloi ya gagwe go ya kopanong ya kgaolo kwa St. Louis, kwa Missouri. Ke ne ke itumetse tota! Ke ne ke ise ke tsamaye ke tseye loeto lwa sekgala se se fetang dikilometara di le 80 go tswa kwa gae, mme jaanong ke ne ke tlile go ya kwa lefelong le le bokgakala jwa dikilometara di feta 1 500! Le fa go ntse jalo, go ne go na le mathata kwa St. Louis. Baruti ba ne ba laetse maloko a dikereke tsa bone gore ba phimole dithulaganyo dipe tse ba neng ba di dirile tsa go amogela Basupi mo magaeng a bone. Bontsi bo ne jwa dira jalo. Le lelapa le go neng go rulagantswe gore re robale kwa go lone le ne le tshoseditswe. Le fa go ntse jalo, ba ne ba re amogela. Ba ne ba re ba ka se tlhanogele tsholofetso e ba neng ba e dirile ya gore ba tla re amogela. Bopelokgale jwa bone bo ne jwa nkgatlha.

Bokgaitsadiake ba ne ba kolobediwa kwa kopanong eo. Ka lone letsatsi leo, Mokaulengwe Rutherford, go tswa kwa Bethele ya Brooklyn, o ne a neela puo e e maatla e mo go yone a neng a kopa bana botlhe ba ba batlang go dira thato ya Modimo gore ba eme ka dinao. Go ne ga ema ba ka nna 15 000. Le nna ke ne ka ema. Go tswa foo o ne a kopa botlhe ba ba neng ba batla go dira sotlhe se ba ka se kgonang mo tirong ya go rera gore ba re, “Ee.” Ke ne ka goa mmogo le bana ba bangwe ka re, “Ee!” Go ne ga opiwa legofi le le thibang ditsebe. Seo se ne sa nkgothatsa tota.

Morago ga kopano, re ne ra etela mokaulengwe mongwe kwa West Virginia. O ne a re tlotlela gore e kile ya re a le mo bodireding jwa tshimo, segopa se se galefileng sa mo itaya se bo se mo manega sekontere le diphuka. Ke ne ke reeditse ke tshogile. Mokaulengwe yoo o ne a re: “Mme ke tla tswelela ke rera.” Fa re kgaogana le ene, ke ne ke ikutlwa jaaka Dafide. Ke ne ke ipaakanyeditse go diga Goliathe—mogokgo wa sekolo sa rona.

Fa ke fitlha kwa sekolong, ke ne ka ya go bua le mogokgo. O ne a nteba ka bogale. Ke ne ka rapela Jehofa mo pelong gore a nthuse. Mme gone fela foo ke ne ka mo raya ka re: “Ke tswa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa. Nka se tlhole ke dumedisa folaga!” Go ne ga nna setu ka lobakanyana. Mogokgo o ne a katoga tafole ya gagwe ka iketlo mme a tla fa go nna. O ne a galefile e bile a hibitse sefatlhego. O ne a goela kwa godimo a re: “Fa o sa dumedise folaga o tlile go lelekwa!” Mo lekgetlong leno ga ke a ka ka ineela, mme mo pelong ke ne ke itumetse tota.

Ke ne ke fela pelo gore ke kopana leng le Ben go mmolelela se se diragetseng. Fa ke mmona kwa Holong ya Bogosi, ke ne ka goa ka re: “Ke lelekilwe kwa sekolong! Ga ke a dumedisa folaga!” Ben o ne a baya seatla sa gagwe mo legetleng la me, a bo a nyenya a re: “Ammaaruri, Jehofa o a go rata.” (Dute. 31:6) A bo mafoko ao a ne a nkgothatsa jang ne! Ke ne ka kolobediwa ka June 15, 1942.

Go Ithuta go Kgotsofala

Morago ga Ntwa ya Lefatshe II maemo a itsholelo a ne a tokafala ka bonako, mme mo nageng yotlhe batho ba ne ba simolola go rata dithoto. Ke ne ke na le tiro e e duelang sentle e bile ke ne ke kgona go reka dilo tse pele ke neng ke sa kgone go di reka. Bangwe ba ditsala tsa me ba ne ba reka dithuthuthu mme ba bangwe ba ne ba ntšhafatsa magae a bone. Ke ne ka reka koloi e ntšhantšha. Go ise go ye kae keletso ya me ya go ikokoanyetsa dithoto e ne ya dira gore ke dirise nako e nnye ke direla Jehofa. Ke ne ke itse gore ke mo tseleng e e seng yone. Ka lesego, ka 1950 kopano e e neng e le kwa New York City e ne ya nthusa go baakanya ditsela tsa me.

Kwa kopanong eo, dibui ka go latelana di ne tsa kgothaletsa bareetsi gore ba gatele pele ka tiro ya go rera. Sebui sengwe se ne sa re kopa jaana: “Apolang bokete bongwe le bongwe lo sale fela ka dilo tsa konokono tse lo di tlhokang, mme lo tsene mo lobelong.” Go ne go ntse jaaka e kete mafoko ao a  lebagane le nna fela. Gape ke ne ka bona kalogo ya setlhopha sa Gileade mme seo se ne sa dira gore ke akanye jaana: ‘Fa e le gore Basupi bano ba ba lekanang le nna ka dingwaga ba ka ithontsha dithoto gore ba ye go direla kwa dinageng di sele, le nna ke tshwanetse go iketleetsa go dira se se tshwanang mono gae.’ Fa kopano e fela, ke ne ke feditse mogopolo gore ke tla nna mmulatsela.

Fa go sa ntse go le jalo, ke ne ke simolotse go intsha le Evelyn Mondak, kgaitsadi yo o tlhoafetseng mo phuthegong e ke neng ke kopanela kwa go yone. Mmaagwe Evelyn, yo o godisitseng bana ba barataro, e ne e le mosadi yo o pelokgale. O ne a rata go dira tiro ya mmila fa pele ga Kereke e kgolo ya Katoliki ya Roma. Le fa moruti yo o galefileng a ne a mo laela ka makgetlho a mantsi gore a tswe foo, o ne a sa sute. Evelyn le ene o ne a sa tshabe batho fela jaaka mmaagwe.—Dia. 29:25.

Ka 1951, nna le Evelyn re ne ra nyalana, ra tlogela go bereka, mme ra simolola go bula tsela. Molebedi wa potologo o ne a re kgothaletsa go fudugela kwa Amagansett, motse o o fa lotshitshing lwa lewatle la Atlantic dikilometara di ka nna 160 go tswa kwa New York City. Fa phuthego e ne e re bolelela gore ga go na kwa re ka latsang tlhogo gone, re ne ra batla kharabene mme ra palelwa ke go bona e re ka kgonang go e reka. Mme re ne ra bona nngwe e e onetseng. Mong wa yone o ne a re kopa didolara di le 900—madi a a lekanang le a re neng re a amogetse e le mpho ya lenyalo. Re ne ra e reka, ra e baakanya, mme ra e gogela kwa tshimong ya rona e ntšha. Le fa go ntse jalo, re ne ra goroga koo re se na le fa e le sente mme re ne re ipotsa gore re ya go kgona jang re le babulatsela.

Evelyn o ne a phepafatsa matlo, mme ke ne ka bona tiro ya go phepafatsa bosigo mo resetšhurenteng ya Mantadiana. Mong wa yone o ne a re: “Fa go na le dijo tse di setseng, o di tseele mosadi wa gago.” Ka jalo, fa ke fitlha kwa lapeng mo mosong ka ura ya bobedi, kharabene ya rona e ne e tlala ka monko o o monate wa di-pizza le pasta. Dijo tseo tse di thuthafaditsweng di ne di le monate tota, segolobogolo mariga fa re ne re roroma mo kharabeneng ya rona e e tsididi. Mo godimo ga moo, bakaulengwe mo phuthegong ba ne ba tle ba tlogele tlhapi e kgolo fa kgorong ya kharabene ya rona. Mo dingwageng tse re ileng ra di nna re direla mmogo le bakaulengwe bao ba ba rategang kwa Amagansett, re ne ra ithuta gore go kgotsofalela dilo tsa botlhokwa go felela ka gore motho a kgotsofale mo botshelong. Go ne go le monate mo metlheng eo.

Re Kgothalediwa go Direla ka Bojotlhe

Ka July 1953, re ne ra dumedisa makgolokgolo a barongwa ba ba neng ba tlile kopanong ya ditšhabatšhaba kwa New York City ba tswa kwa dinageng tse ba neng ba abetswe kwa go tsone. Ba ne ba re bolelela maitemogelo a a kgatlhang tota. Boitumelo jwa bone bo ne jwa fetela mo go rona. Mo godimo ga moo, fa sebui sengwe mo kopanong se gatelela gore go sa ntse go na le dinaga tse dintsi tse go iseng go rerwe molaetsa wa Bogosi kwa go tsone, re ne re itse se re tshwanetseng go se dira—go dira bojotlhe ka go oketsa bodiredi jwa rona. Re ne ra kopa go tsenela thapiso ya borongwa gone kwa kopanong eo. Ka one ngwaga oo, re ne ra lalediwa go tsenela setlhopha sa bo23 sa Sekolo sa Gileade, se se ileng sa simolola ka February 1954. Ruri e ne e le tshiamelo e kgolo!

Re ne re itumetse tota fa re utlwa gore re ne re abetswe go ya go direla kwa Brazil. Pele ga re simolola loeto lwa rona lwa malatsi a le 14 ka sekepe sa magala, mokaulengwe mongwe yo o nang le maikarabelo kwa Bethele o ne a nthaya a re: “Bokgaitsadi ba le robongwe ba ba sa nyalwang ba barongwa ba tlile go tsamaya le wena le mosadi wa gago go ya Brazil. O ba tlhokomele!” Akanya kafa batsamaisadikepe ba neng ba kgatlhegile ka teng fa ba mpona ke pagama sekepe ke setswe morago ke basadi ba meroba ba le lesome! Legale, seo ga se  a ka sa tshwenya bokgaitsadi bao. Le fa go ntse jalo, ke ne ka wela makgwafo fa re goroga kwa Brazil re sireletsegile.

Morago ga go ithuta Sepotokisi, ke ne ka abelwa go nna molebedi wa potologo kwa Rio Grande do Sul, kgaolo e e kwa borwa jwa Brazil. Molebedi wa potologo yo ke neng ke mo tlhatlhama e ne e le mokaulengwe yo o sa nyalang mme o ne a raya nna le mosadi wa me a re: “Go a gakgamatsa go bo go rometswe banyalani kwano. Lefelo leno le makgwakgwa.” Diphuthego di ne di phatlaletse mo kgaolong e kgolo ya selegae, mme tse dingwe o ne o ka fitlha kwa go tsone fela fa o tsamaya ka lori. Fa o ne o ka rekela mokgweetsi wa lori dijo, o ne a go letlelela go pagama. Re ne re nna mo godimo ga dithoto re paraladitse maoto jaaka batho ba pagame dipitse, re itshwareletse ka diatla tsoopedi mo megaleng e e neng e bofile merwalo. Nako le nako fa lori e tsaya tsela e e matsoketsane, re ne re itshwarelela ka thata ka gonne merwalo e ne e sekama, mme re iphitlhela re lebile mekgatšha e e boteng kwa tlase. Le fa go ntse jalo, fa re bona boitumelo jwa bakaulengwe ba ba neng ba re emetse ka tlhoafalo, seo se ne se dira gore mesepele eno e e neng e tsaya letsatsi lotlhe e se ka ya nna ya lefela.

Re ne re nna mo matlong a bakaulengwe. Ba ne ba humanegile tota, mme seo se ne se sa ba thibele go aba. Mo kgaolong nngwe e e kwa thoko, bakaulengwe botlhe ba ne ba bereka mo madirelong a go paka nama. E re ka ba ne ba amogela madi a mannye ba ne ba kgona go ja gangwe fela fela ka letsatsi. Fa ba ne ba ka fetisa letsatsi ba sa bereke, ba ne ba sa duelwe. Go ntse go le jalo, nako le nako fa re etile, ba ne ba tsaya malatsi a mabedi ba sa bereke gore ba eme ditiro tsa phuthego nokeng. Ba ne ba ikanya Jehofa. Bakaulengwe bao ba ba ikokobeditseng ba ne ba re ruta thuto e re ka se kang ra e lebala ya go itima dilo dingwe ka ntlha ya Bogosi jwa Modimo. Go tshela le bone go ne ga dira gore re amogele thuto e e ka se kang ya bonwa mo sekolong sepe. Fa ke ntse ke akanya ka nako eo e e fetileng, ke gopola bakaulengwe bao, ke itsheka dikeledi tsa boitumelo.

Ka 1976, re ne ra boela kwa United States go ya go tlhokomela Mmè ka a ne a lwala. Go ne go le thata go tswa kwa Brazil, mme re itumelela go bo re ile ra bona koketsego e e seng kana ka sepe ya baboledi le diphuthego mo nageng eo. Gangwe le gape fa re amogela makwalo a a tswang kwa Brazil, re gopola dinako tse di monate tse re ileng ra nna le tsone koo.

Re Kopana Gape le Ditsala Tsa Rona Tse di Rategang

Fa re ntse re tlhokometse Mmè, re ne re bula tsela gape re bereka ditiro tsa go phepafatsa. Ka 1980, Mmè o ne a tlhokafala, a ikanyega mo go Jehofa. Morago ga moo, ke ne ka lalediwa go ya go nna molebedi wa potologo kwa United States. Ka 1990, nna le mosadi wa me re ne ra etela phuthego nngwe kwa Connecticut, mme fa re fitlha koo re ne ra kopana le mongwe yo re mo ratang thata. Mongwe wa bagolwane ba phuthego eo e ne e le Ben—ee, ene Ben yo o neng a nthusa dingwaga di le 50 tse di fetileng go emela Jehofa. E kete o ka bo o bone boitumelo jo bo neng jwa nna teng fa re kopana!

Fa e sale ka 1996, nna le Evelyn re ntse re direla jaaka babulatsela ba ba kgethegileng ba ba mo lenaaneng la batho ba ba bokoa mo phuthegong ya Sepotokisi kwa Elizabeth, New Jersey. Ke na le mathata a botsogo, mme ka thuso ya mosadi wa me yo o rategang, ke nna le seabe mo bodireding kafa nka kgonang ka teng. Gape Evelyn o thusa moagisani wa rona yo o tsofetseng e bile a le bokoa. Leina la gagwe ke mang? Ke Bertha—ee, ene Bertha yo o neng a thusa Mmè go nna motlhanka wa ga Jehofa dingwaga di feta 70 tse di fetileng! Re itumelela go nna le sebaka sa go mo lebogela dilo tsotlhe tse a ileng a di dira go thusa lelapa la gaetsho go itse boammaaruri.

Ke lebogela gore dikopano tseo tse di fetileng di ile tsa nkgothaletsa go emela kobamelo ya boammaaruri, go tshela botshelo jo bo sa raraanang le go oketsa bodiredi jwa me. Ee, dikopano tseo di ile tsa fetola botshelo jwa me.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Mmaagwe Evelyn (kafa molemeng) le Mmè

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Tsala ya me Ben

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Kwa Brazil

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Nna le Evelyn gompieno