Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dira Botsala jo bo Nnelang Ruri mo Lefatsheng Le le Se Nang Lorato

Go Dira Botsala jo bo Nnelang Ruri mo Lefatsheng Le le Se Nang Lorato

 Go Dira Botsala jo bo Nnelang Ruri mo Lefatsheng Le le Se Nang Lorato

“Dilo tseno ke a di lo laela, gore lo ratane.”—JOH. 15:17.

1. Ke eng fa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tshwanetse go nna ba le ditsala tse di atamalaneng?

MO BOSIGONG jwa ga Jesu jwa bofelo a le mo lefatsheng, o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang gore ba tswelele ba le ditsala. Pelenyana ga foo mo maitseboeng ao, o ne a rile lorato lo ba lo bontshanang lo ne lo tla ba tlhaola gore ke balatedi ba gagwe. (Joh. 13:35) Baaposetoloi ba ne ba tshwanetse go nna ba le ditsala tse di atamalaneng gore ba tle ba kgone go itshokela diteko tse ba neng ba tla lebana le tsone mo isagweng le gore ba kgone go dira tiro e Jesu a neng a tloga a e ba naya. Ee ruri, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itsege ka boineelo jwa bone jo bo feletseng mo Modimong le mo Bakereseteng mmogo le bone.

2. (a) Re ikemiseditse go dira eng, mme ka ntlha yang? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

2 Gompieno go itumedisa tota go nna mo phuthegong e e mo lefatsheng lotlhe e maloko a yone a latelang sekao se se tlhomilweng ke Bakeresete bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Re ikemiseditse go ikobela taelo ya ga Jesu ya go bontshana lorato lwa mmatota. Le fa go ntse jalo, mo metlheng eno ya bofelo, batho ka kakaretso  ga ba ikanyege e bile ga ba bontshe lorato lwa tlholego. (2 Tim. 3:1-3) Gantsi fa ba nna ditsala ga ba nne ditsala tsa mmatota, mme ba ikakanyetsa ba le bosi. Gore re bontshe gore re Bakeresete ba boammaaruri, ga re a tshwanela go nna le mekgwa eo. Ka jalo, a re sekasekeng dipotso tseno: Ke eng se se dirang gore batho ba nne ditsala tsa mmatota? Re ka nna jang le ditsala tse di molemo? Ke eng se se ka dirang gore re tshwanelwe ke go fedisa botsala jwa rona le mongwe? Mme re ka dira jang gore re tswelele re na le ditsala tse di molemo?

Ke Eng se se Dirang Gore Batho e Nne Ditsala Tse di Molemo?

3, 4. Ke eng se se dirang gore botsala bo nonofe, mme ka ntlha yang?

3 Gore batho ba nne le botsala jo bo nonofileng, ba tshwanetse ba bo ba rata Jehofa. Kgosi Solomone o ne a re: “Fa mongwe a ka fekeetsa yo mongwe a le nosi, ba le babedi ba ka kgona go emelana le ene. E bile mogala o o menaganeng seraro ga o ka ke wa kgaoganngwa sebedi ka bonako.” (Mor. 4:12) Fa Jehofa e le mogala wa boraro mo botsaleng, botsala joo bo tla nnela ruri.

4 Gone ke boammaaruri gore batho ba ba sa rateng Jehofa le bone ba ka nna le ditsala tse di molemo. Mme fa batho ba kopanngwa ke lorato lo ba ratang Modimo ka lone, botsala jwa bone bo ka se reketle. Fa ditsala tsa mmatota di nna le dikgotlhang, di tshwarana ka tsela e e itumedisang Jehofa. Fa baganetsi ba Modimo ba leka go baka dikgaogano, ba lemoga gore botsala jwa Bakeresete ba boammaaruri bo nonofile tota. Go ralala hisitori, batlhanka ba ga Jehofa ba itshupile gore ba ikemiseditse go swa go na le gore ba rekise Bakeresete mmogo le bone.—Bala 1 Johane 3:16.

5. Ke eng se se neng se dira gore botsala jwa ga Ruthe le Naomi bo nnele ruri?

5 Kwantle ga pelaelo, re ka nna le ditsala tse di molemo fela thata mo gare ga batho ba ba ratang Jehofa. Akanya ka sekai sa ga Ruthe le Naomi. Basadi bano ba ne ba nna le botsala jo bo molemo thata go gaisa botsala bope jo bongwe jo go buiwang ka jone mo Baebeleng. Ke eng fa botsala jwa bone bo ne bo nonofile jalo? Ruthe o ne a tlhalosa lebaka fa a ne a raya Naomi a re: “Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me. . . . E kete Jehofa a ka ntirela jalo a ba a oketsa fa nna le wena re ka kgaoganngwa ke [sepe fa e se] loso fela.” (Ruthe 1:16, 17) Ee, Ruthe le Naomi ba ne ba rata Modimo thata, mme ba ne ba letla lorato lono gore lo laole tsela e ba tshwaranang ka yone. Ka ntlha ya seo, basadi bano boobabedi ba ne ba segofadiwa ke Jehofa.

Kafa o ka Dirang ka Teng Gore o Nne le Ditsala Tse di Molemo

6-8. (a) Ke eng se se dirang gore batho ba nne le botsala jo bo nnelang ruri? (b) O ka tsaya kgato jang gore o nne le ditsala?

6 Sekai sa ga Ruthe le Naomi se bontsha gore ga go itiragalele fela gore batho e nne ditsala tse di molemo. Batho bao ba tshwanetse gore boobabedi ba bo ba rata Jehofa. Mme botsala jo bo nnelang ruri bo a berekelwa e bile bo tlhoka gore motho a ithontshe dilo dingwe. Tota le bana ba motho ba ba tswang mo malapeng a Bakeresete, ba e leng baobamedi ba ga Jehofa, ba tshwanetse go dira ka natla gore ba nne ditsala tse di atamalaneng. Ka jalo, o ka dira jang gore o nne le ditsala tse di molemo?

7 Tsaya kgato pele. Moaposetoloi Paulo o ne a  kgothaletsa ditsala tsa gagwe mo phuthegong ya kwa Roma gore ba ‘latele mokgwa wa go tshola baeng.’ (Bar. 12:13) Go tshola baeng go tlhoka gore o tseye dikgato tse di rileng ka metlha. Go tshwana le go tsamaya mo tselaneng, mo go akaretsang go tsaya dikgato ka go latelana. Ga go ope yo o ka go rwalelang maikarabelo a go nna le moya wa go tshola baeng. (Bala Diane 3:27.) Tsela e nngwe e o ka bontshang moya wa go tshola baeng ka yone ke ka go laletsa batho ba ba farologaneng mo phuthegong gore ba tle go itumelela dijonyana le wena. A o ka bontsha maloko a phuthego ya gago moya wa go tshola baeng ka metlha?

8 Tsela e nngwe e o ka tsayang kgato ya gore o nne le ditsala ka yone ke ka go laletsa batho ba ba farologaneng gore ba tsamaye le wena mo tirong ya go rera. Fa o eme fa kgorong ya motho yo o sa mo itseng mme o reeditse motho yo o tsamayang le ene a bua go tswa pelong kafa a ratang Jehofa ka teng, o ikutlwa o atamalana le motho yoo.

9, 10. Paulo o tlhomile sekao sefe, mme re ka mo etsa jang?

9 Pitlologa mo loratong lwa gago. (Bala 2 Bakorintha 6:12, 13.) A o kile wa nna le maikutlo a gore ga go na ope mo phuthegong ya lona yo o ka nnang tsala ya gago? Fa go ntse jalo, a e ka tswa e le gore go na le batho ba o tsayang gore ba ka se nne ditsala tsa gago? Moaposetoloi Paulo o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go pitlologa mo loratong. Nako nngwe, o ne a ka se akanye gore a ka nna le ditsala tse a atamalaneng le tsone tsa batho ba e seng Bajuda. Le fa go ntse jalo, o ne a nna “moaposetoloi mo ditšhabeng.”—Bar. 11:13.

10 Gape Paulo o ne a sa nne tsala fela le batho ba ba lekanang le ene ka dingwaga. Ka sekai, ene le Timotheo ba ne ba nna ditsala tse dikgolo le fa ba ne ba sa lekane ka dingwaga e bile ba tswa mo maemong a a sa tshwaneng. Gompieno basha ba bantsi ba itumelela thata go nna ditsala le maloko a a godileng a phuthego. Vanessa, yo o nang le dingwaga di feta 20, a re: “Ke na le tsala e ke e ratang thata e e nang le dingwaga tse di fetang 50. Ke kgona go mmolelela sengwe le sengwe fela se ke kgonang go se bolelela ditsala tse di lekanang le nna. E bile o nthata fela thata.” O ka nna jang le ditsala tse di ntseng jalo? Vanessa a re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go tsaya kgato gore ke nne tsala ya gagwe go na le gore ke phuthe diatla mme ke tseye gore go tla itiragalela fela.” A o ikemiseditse go batla ditsala tse di sa lekaneng le wena ka dingwaga? Ruri Jehofa o tla go segofatsa ka ntlha ya maiteko a o a dirang.

11. Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jonathane le Dafide?

11 Ikanyege. Solomone o ne a kwala a re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Dia. 17:17) Fa Solomone a ne a kwala mafoko ao, o ka tswa a ne a akantse ka botsala jo rraagwe e bong Dafide, a neng a na le jone le Jonathane. (1 Sam. 18:1) Kgosi Saulo o ne a batla gore morwawe e bong Jonathane  a mo tlhatlhame go nna kgosi ya Iseraele. Mme Jonathane o ne a amogela gore Jehofa o ne a tlhophile Dafide gore e nne ene kgosi. Jonathane ga a ka a fufegela Dafide, jaaka Saulo a ne a dira. Ga a ka a fufega fa Dafide a newa pako, e bile ga a ka a dumela maaka a Saulo a neng a a anamisa ka Dafide. (1 Sam. 20:24-34) A re tshwana le Jonathane? A re a itumela fa ditsala tsa rona di newa ditshiamelo dingwe? Fa di na le mathata, a re a di gomotsa e bile re a di thusa? Fa re utlwa go buiwa sengwe se se sa siamang ka tsala ya rona, a re se dumela fela re sa akanye gabedi? Kana jaaka Jonathane, a re buelela tsala ya rona ka boikanyego?

Fa re Tshwanelwa ke go Fedisa Botsala Jwa Rona le Mongwe

12-14. Baithuti bangwe ba Baebele ba lebane le kgwetlho efe, mme re ka ba thusa jang?

12 Fa moithuti wa Baebele a simolola go dira diphetogo mo botshelong jwa gagwe, a ka nna a lebana le kgwetlho e kgolo malebana le ditsala. A ka tswa a na le ditsala tse a di ratang mme di sa tshele go ya ka melao ya Baebele ya boitsholo. A ka tswa a ne a dirisa nako e ntsi a na le ditsala tseno mo nakong e e fetileng. Le fa go ntse jalo, jaanong o lemoga gore ditiro tse ditsala tsa gagwe di di dirang di ka mo tlhotlheletsa ka tsela e e sa siamang, mme o lemoga gore o tshwanetse go fokotsa nako e a e senyang a na le ditsala tse di ntseng jalo. (1 Bakor. 15:33) Mme le fa go ntse jalo, a ka nna a akanya gore ga a ikanyege fa a kgaotsa go tsalana le tsone.

13 Fa e le gore o moithuti wa Baebele yo o lebaneng le kgwetlho eno, gakologelwa gore tsala ya mmatota e tla itumela fa e bona gore o leka go tokafatsa botshelo jwa gago. E bile gongwe le ene a ka nna a batla go ithuta ka Jehofa jaaka wena. Mme ba e seng ditsala tsa mmatota bone ba tla “tswelela ba bua ka [wena] ka go [go] kgoba” ka gonne o sa siane le bone “mo tseleng eno go ya kwa lekadibeng leno le le kwa tlase la botlhapelwa.” (1 Pet. 4:3, 4) Ka jalo, ditsala tsa gago ke tsone tse di sa ikanyegeng mo go wena, ga se wena o sa ikanyegeng mo go tsone.

14 Fa baithuti ba Baebele ba latlhwa ke batho ba e neng e le ditsala tsa bone ba ba sa rateng Modimo, maloko a phuthego a ka emisetsa ditsala tseo. (Bagal. 6:10) A o itse batho ba ba ithutang Baebele ba ba tlang dipokanong tsa lona sentle? A o a tle o iphe nako ya go tshwara metlotlo e e agang le bone?

15, 16. (a) Re tshwanetse go dira eng fa tsala ya rona e tlogela go direla Jehofa? (b) Re ka bontsha jang gore re rata Modimo?

15 Mme go tweng fa tsala e re nang le yone mo phuthegong e furalela Jehofa, gongwe e tshwanelwa ke go kgaolwa? Boemo jo bo ntseng jalo bo ka ngomola pelo thata. Kgaitsadi mongwe o ne a bua jaana, a tlhalosa kafa a neng a ikutlwa ka teng fa tsala e a neng a atamalane thata le yone e ne e tlogela go direla Jehofa: “Ke ne ka aparelwa ke bohutsana bo se kana ka sepe. Ke ne ke ithaya ke re tsala ya me e nonofile mo boammaaruring, mme go ne go sa nna jalo. Ke ne ka ipotsa gore a o ne a ntse a direla Jehofa fela gore a itumedise ba lelapa la gagwe. Mme go tswa foo ke ne ka simolola go tlhatlhoba maitlhomo a me sesha. A ke ne ke direla Jehofa ka mabaka a a tshwanetseng?” Kgaitsadi yono o ne a lebana jang le boemo jono? A re: “Ke ne ka latlhela morwalo wa me mo go Jehofa. Ke ititeile sehuba go bontsha Jehofa gore ke mo ratela se a leng sone mme ga ke mo ratele fela gore o nnaya ditsala mo phuthegong ya gagwe.”

16 Re ka se lebelele gore re tla tswelela re le ditsala tsa Modimo fa re tsalana le batho ba ba tlhophang go nna ditsala tsa lefatshe. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “A ga lo itse gore botsalano le lefatshe ke bobaba le Modimo? Jalo, le fa e le mang yo o batlang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo.” (Jak. 4:4) Re ka bontsha Modimo gore re a mo rata ka go tshepa gore o tla re thusa go itshokela botlhoko jwa go latlhegelwa  ke tsala fa re ikanyega mo go Ene. (Bala Pesalema 18:25.) Kgaitsadi yo o nopotsweng fa godimo o sobokanya kgang eno jaana: “Ke ne ka ithuta gore re ka se dire gore motho a rate Jehofa kana a re rate. Kwa bofelong, eo ke tshwetso e motho a tshwanetseng go itirela yone.” Mme re ka dira eng go tswelela re na le ditsala tse di molemo mo phuthegong?

Go Tswelela Re na Le Ditsala Tse di Molemo

17. Ditsala tse di molemo di buisana jang?

17 Puisano e e molemo e dira gore ditsala di atamalane. Fa o bala dipego tsa Baebele tsa ga Ruthe le Naomi, Dafide le Jonathane, Paulo le Timotheo, o tla lemoga gore ditsala tse di molemo di buisana di gololesegile mme e le ka tsela e e bontshang tlotlo. Paulo o ne a kwala jaana malebana le tsela e re tshwanetseng go bua le ba bangwe ka yone: “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai.” Paulo o ne a bua ka tsela e re tshwanetseng go bua ka yone le batho “ba ba kwa ntle,” ke gore, ba e seng bakaulengwe ba rona. (Bakol. 4:5, 6) Ruri fa e le gore re tshwanetse go bua ka tlotlo le batho ba e seng badumedi, re tshwanetse go tlotla ditsala tsa rona tse di mo phuthegong le go feta!

18, 19. Re tshwanetse go leba jang kgakololo epe e re e newang ke tsala ya Mokeresete, mme bagolwane ba phuthego ya Efeso ba re tlhometse sekao sefe?

18 Ditsala tse di molemo di rata go itse kafa ditsala tsa tsone di lebang dilo ka teng, ka jalo di tshwanetse go buisana ka bopelontle e bile di phuthologile. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Leokwane le maswalo di ipedisa pelo, le bomolemo jwa molekane wa motho ka ntlha ya kgakololo ya moya.” (Dia. 27:9) A o leba kgakololo epe fela e o e newang ke tsala ya gago jalo? (Bala Pesalema 141:5.) Fa tsala ya gago e go bolelela gore e tshwenngwa ke tsela e o dirang dilo ka yone, o itshwara jang? A o tsaya se a se buang e le tsela e a go bontshang bopelonomi ka yone kana o a kgopisega?

19 Moaposetoloi Paulo o ne a atamalane thata le bagolwane ba phuthego ya Efeso. A ka tswa a sa le a itsile bangwe ba banna bao fa ba ne ba simolola go nna badumedi. Le fa go ntse jalo, fa a ne a kopane le bone la bofelo, o ne a ba naya kgakololo e e tlhamaletseng. Ba ne ba itshwara jang? Ditsala tseno tsa ga Paulo ga di a ka tsa kgopisega. Go na le moo, ba ne ba itumelela gore o a ba kgathalela mme ba ne ba lela fa ba ne ba lemoga gore ba ka se tlhole ba mmona gape.—Dit. 20:17, 29, 30, 36-38.

20. Tsala e e lorato e tla dirang?

20 Ditsala ga di amogele kgakololo e e molemo fela, mme le tsone di e naya ba bangwe. Gone ke boammaaruri gore re tshwanetse go lemoga gore ke leng re tshwanetseng go “tlhokomela dikgang tsa [rona].” (1 Bathes. 4:11) Mme gape re tshwanetse go lemoga gore mongwe le mongwe wa rona, “o tla ikarabelela mo Modimong.” (Bar. 14:12) Mme fa go tlhokega, tsala e e lorato e tla gakolola tsala ya yone ka bopelonomi ka melao ya ga Jehofa. (1 Bakor. 7:39) Ka sekai, o ne o ka dirang fa o ne o lemoga gore tsala ya gago e e seng mo lenyalong e ratana le motho yo o sa dumeleng? A o ne o tla didimala fela ka gonne o tshaba go senya botsala jwa lona? Kana o ne o tla dirang fa tsala ya gago e tlhokomologa kgakololo ya gago? Tsala e e molemo e tla batla thuso ya badisa ba ba lorato gore e thuse tsala ya yone e e tsereng kgato e e phoso. Go dira jalo go tlhoka bopelokgale. Mme ga go na sepe se se ka senyang botsala jwa batho ba ba ratang Jehofa.

21. Ke eng se rotlhe re tla se dirang ka dinako tse dingwe, mme ke eng fa go le botlhokwa gore re nonotshe botsala jwa rona le ditsala tsa rona mo phuthegong?

21 Bala Bakolosa 3:13, 14. Ka dinako tse dingwe, re tla naya ditsala tsa rona “lebaka la go ngongorega” ka rona mme le tsone di tla dira kana di tla bua dilo tse re sa di rateng. Jakobe o ne a re: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jak. 3:2) Le fa go ntse jalo, gore a re tla tswelela re le ditsala ga go a ikaega ka gore re kgopisana ga kae, mme go ikaegile ka gore re itshwarelana ka botlalo go le kana kang fa re na le dingongorego. A bo go le botlhokwa jang ne gore re nonotshe botsala jwa rona ka go buisana re phuthologile le ka go itshwarelana re gololesegile! Fa re bontsha lorato lo lo ntseng jalo, lo tla nna “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”

O ka Araba Jang?

• Re ka nna jang le ditsala tse di molemo?

• Re ka nna ra tshwanelwa ke go fedisa botsala jwa rona leng le mongwe?

• Re tshwanetse go dira eng gore re nonotshe botsala jwa rona le ba bangwe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ke eng se se neng se dira gore botsala jwa ga Ruthe le Naomi bo nnele ruri?

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

A o tshola baeng ka metlha?