Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Agisanang le Batho Botlhe”

“Agisanang le Batho Botlhe”

 “Agisanang le Batho Botlhe”

“Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”—BAR. 12:18.

1, 2. (a) Jesu o ne a naya balatedi ba gagwe tlhagiso efe? (b) Re ka bona kae kgakololo malebana le kafa re tshwanetseng go itshwara ka teng fa re ganediwa?

JESU o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe gore ba ne ba tla ganediwa ke ditšhaba tsa lefatshe, mme mo maitseboeng a pele ga loso lwa gagwe, o ne a tlhalosa lebaka la seo. O ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Fa lo ne lo le karolo ya lefatshe, lefatshe le ne le tla rata se e leng sa lone. Jaanong ka gonne ga lo karolo ya lefatshe, mme ke lo tlhophile mo lefatsheng, ka lebaka leno lefatshe le lo tlhoile.”—Joh. 15:19.

2 Moaposetoloi Paulo o ne a bone ka se se mo diragaletseng gore mafoko a ga Jesu a boammaaruri. Fa Paulo a ne a kwalela mopati wa gagwe yo mmotlana e bong Timotheo lekwalo la bobedi, o ne a re: “O latetse thuto ya me thata, tsela ya me ya botshelo, boikaelelo jwa me, tumelo ya me, bopelotelele jwa me, lorato lwa me, boitshoko jwa me, dipogiso tsa me, dipogo tsa me.” Go tswa foo Paulo o ne a re: “Tota e bile, botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Tim. 3:10-12) Mo go kgaolo 12 ya lekwalo le Paulo a neng a le kwalela Bakeresete ba kwa Roma, o ne a naya  kgakololo e e molemo malebana le kafa ba tshwanetseng go itshwara ka teng fa ba ganediwa. Mafoko a gagwe a ka re kaela mo motlheng ono wa bokhutlo.

“Nayang Dilo Tse di Molemo”

3, 4. Kgakololo e e neilweng mo go Baroma 12:17 e ka dirisiwa jang (a) mo lelapeng le mo go lone ba bangwe e seng baobamedi ba ga Jehofa? (b) mo ditirisanong tsa rona le baagelani?

3 Bala Baroma 12:17. Paulo o ne a tlhalosa gore fa re tlhoiwa ga re a tshwanela go ipusolosetsa. Go reetsa kgakololo ya gagwe go botlhokwa bogolo jang mo malapeng a mo go one maloko a lelapa a sa obameleng Jehofa otlhe. Molekane yo e leng Mokeresete ga a ineele go raelesega gore a ipusolosetse ka bosula fa molekane wa gagwe a buile mafoko a a seng pelonomi kgotsa a dirile sengwe se se sa bontsheng bopelonomi. Go ‘busetsa bosula ka bosula’ ga go na molemo ope. Go na le moo, go ka senyetsa dilo pele.

4 Paulo o akantsha tsela eno e e botoka: “Nayang dilo tse di molemo mo ponong ya batho botlhe.” Mo lapeng, mosadi a ka bontsha monna wa gagwe bopelonomi jwa mmatota fa monna a buile mafoko a a tlhabang malebana le dilo tse a di dumelang mme seo se ka thusa gore ba se ka ba felela ba omana. (Dia. 31:12) Carlos, yo jaanong e leng leloko la lelapa la Bethele, o bolela kafa mmaagwe a neng a fenya ka teng kganetso e kgolo ya ga rraagwe ka go nna a le pelonomi e bile a tlhokomela legae sentle. “O ne a kgothaletsa rona bana gore re nne re mo tlotla ka dinako tsotlhe. O ne a nkgothaletsa thata gore ke tshameke boules (motshameko mongwe wa Sefora wa go kolokotisa dibolo) le Rre le fa tota e ne e se motshameko o ke o ratang. Mme gone go dira jalo go ne go dira gore a itumele.” Kgabagare o ne a simolola go ithuta Baebele a bo a kolobediwa. Fa go tliwa mo kgannyeng ya go naya “dilo tse di molemo mo ponong ya batho botlhe,” gantsi Basupi ba ga Jehofa ba ile ba fenya letlhoo ka go thusa baagelani ba bone kafa ba kgonang ka teng fa ba wetswe ke masetlapelo.

Go Nyerolosa Kganetso ka “Magala a a Tukang”

5, 6. (a) “Magala a a tukang” a koelelwa mo tlhogong ya mmaba ka tsela efe? (b) Bolela sengwe se se diragetseng mo lefelong la lona se se bontshang kafa go dirisa kgakololo e e mo go Baroma 12:20 go ka nnang le matswela a a molemo ka teng.

5 Bala Baroma 12:20. Fa Paulo a ne a tlhopha mafoko a a mo temaneng eno, kwantle ga pelaelo o tshwanetse a bo a ne a gopotse se re se balang mo go Diane 25:21, 22: “Fa yo o go tlhoileng a tshwerwe ke tlala, mo neye senkgwe a je; fa a nyorilwe, mo neye metsi a nwe. Gonne o gogobela magala mo tlhogong ya gagwe, mme Jehofa o tla go duela.” Fa re akanya ka kgakololo e e mo go Baroma kgaolo 12, Paulo a ka se ka a bo a ne a raya gore magala ao a tshwantshetso a ne a tla tlisa kotlhao kgotsa ditlhong mo mothong yo o ganetsang. Go na le moo, seane seo—le mafoko a mangwe a a tshwanang le ao a Paulo a neng a a raya Baroma—se lebega se lebisitse kwa mokgweng mongwe wa bogologolo o o neng o dirisiwa go nyerolosa manya a tshipi. Mokanoki  wa Moesemane wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong Charles Bridges o ne a re: “Dira gore tshipi e e thata e dikologwe ke magala, kwa tlase le kwa godimo; o se ka wa e baya fela mo godimo ga molelo, mme o koelele magala a a tswang mo molelong mo godimo ga yone. Ga se batho ba bantsi ba ba nang le dipelo tse di kgwaraletseng mo di ka se kang tsa nyerologa fa di utlwa maatla a lorato lo lo tukang, lo lo pelotelele lwa go intsha setlhabelo.”

6 Fela jaaka “magala a a tukang,” ditiro tsa bopelonomi di ka nolofatsa dipelo tsa baganetsi mme gongwe tsa fedisa letlhoo la bone. Ditiro tsa bopelonomi di ka tlhotlheletsa batho gore ba nne le boikutlo jo bo siameng ka batho ba ga Jehofa le molaetsa wa Baebele o ba o rutang. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemo mo ditšhabeng, gore, mo selong se ba lo kgalang jaaka badirabosula mo go sone, ba tle ba galaletse Modimo mo letsatsing la go tlhatlhoba ga gagwe ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo tse ba leng basupi ba tsone ba ba di boneng ka matlho.”—1 Pet. 2:12.

“Agisanang le Batho Botlhe”

7. Kagiso e Keresete a e tlogelelang barutwa ba gagwe ke eng, mme e tshwanetse ya re tlhotlheletsa go dira eng?

7 Bala Baroma 12:18. Mo maitseboeng a bofelo Jesu a na le baaposetoloi ba gagwe, o ne a ba raya a re: “Ke lo tlogelela kagiso, ke lo naya kagiso ya me.” (Joh. 14:27) Kagiso e Keresete a e tlogelelang barutwa ba gagwe ke kagiso ya mogopolo e ba nnang le yone fa ba ikutlwa ba ratiwa e bile ba amogelwa ke Jehofa Modimo le Morwawe yo o rategang. Kagiso eno ya mogopolo e tshwanetse ya re tlhotlheletsa go tshela ka kagiso le batho ba bangwe. Bakeresete ba mmatota ba rata kagiso e bile ba dira kagiso.—Math. 5:9.

8. Re ka dira kagiso jang mo lelapeng le mo phuthegong?

8 Tsela nngwe ya go dira kagiso mo lelapeng ke go rarabolola dikgotlhang ka bonako jo bo ka kgonegang go na le go tlogela maemo a senyegela pele. (Dia. 15:18; Baef. 4:26) Go ntse jalo le mo phuthegong ya Bokeresete. Moaposetoloi Petere o amanya go latelela kagiso le go thiba loleme. (1 Pet. 3:10, 11) Jakobe le ene fa a sena go naya kgakololo e e gagametseng malebana le go dirisa loleme sentle le kafa re tshwanetseng go tila lefufa le dikgotlhang ka teng, o ne a kwala jaana: “Botlhale jo bo tswang kwa godimo sa ntlhantlha bo itshekile, go tswa foo bo na le kagiso, bo tekatekano, bo iketleeleditse go utlwa, bo tletse kutlwelobotlhoko le maungo a a molemo, ga bo tseye batho ka go ba tlhaola, ga bo itimokanye. Mo godimo ga moo, peo ya leungo la tshiamo e jalwa mo maemong a a kagiso e jalelwa ba ba dirang kagiso.”—Jak. 3:17, 18.

9. Fa re ntse re leka go ‘agisana le batho botlhe,’ re tshwanetse go nna re gopotse eng?

9 Mo mafokong a ga Paulo a a mo go Baroma 12:18, o bontsha gore ga re a tshwanela go nna kagiso mo lelapeng le mo phuthegong fela. A re re tshwanetse go ‘agisana le batho botlhe.’ Seo se akaretsa baagelani, badirimmogo le rona, ba re tsenang sekolo le bone le batho ba re kopanang  le bone mo bodireding jwa phatlalatsa. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi o tlhalosa kgakololo ya gagwe sentle ka go re: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona.” Seo se raya gore re dire sotlhe se re ka se kgonang go ‘agisana le batho botlhe’ mme re sa tlole melaometheo ya Modimo ya tshiamo.

Pusoloso Ke ya Ga Jehofa

10, 11. Re ka ‘thibogela tšhakgalo’ ka tsela efe, mme ke ka ntlha yang fa go tshwanela?

10 Bala Baroma 12:19. Tota le fa re dirisana le “ba ba sa sekamelang mo go direng molemo” malebana le tiro ya rona le molaetsa wa rona, go akaretsa ba ba re ganetsang ka tlhamalalo, re tla nna re “ithibile mo bosuleng” mme re le “bonolo.” (2 Tim. 2:23-25) Paulo o gakolola Bakeresete gore ba se ka ba ipusolosetsa mme ba ‘thibogele tšhakgalo.’ O bua ka tšhakgalo ya ga mang? Ruri a ka se ka a bo a raya gore re thibogele tšhakgalo ya rona mme re galefe ka tsela e e sa laolesegeng. Tota re thibogela tšhakgalo ya Modimo. E re ka re le Bakeresete re a itse gore ga re a tshwanela go ipusolosetsa. Mopesalema o ne a kwala a re: “Tlogela bogale mme o lese tšararego; o se ka wa itshupa o galefetse fela gore o dire bosula.” (Pes. 37:8) Mme Solomone o ne a gakolola jaana: “O se ka wa re: ‘Ke tla lefa bosula!’ Solofela mo go Jehofa, mme o tla go boloka.”—Dia. 20:22.

11 Fa baganetsi ba sa re tshware sentle, re tshwanetse go tlogelela Jehofa gore a ba otlhaye fa a bona go tlhokega. Gape Paulo o ne a kwala jaana go bontsha gore o ne a akantse ka tšhakgalo ya ga Jehofa: “Go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’” (Bapisa Duteronome 32:35.) Fa re ka leka go ipusolosetsa, re tla bo re ipagololela mogodu, re dira se Jehofa a rileng e tla nna ene a se dirang. Mo godimo ga moo, re tla bo re bontsha gore ga re na tumelo mo tsholofetsong eno ya ga Jehofa: “Ke tla duela.”

12. Tšhakgalo ya ga Jehofa e tla senolwa leng le gone jang?

12 Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Baroma pelenyana, o ne a re: “Tšhakgalo ya Modimo e senolwa go tswa legodimong kgatlhanong le boikepo jotlhe le tshiamololo ya batho ba ba hupetsang boammaaruri ka tsela e e sa siamang.” (Bar. 1:18) Jehofa o tla dirisa Morwawe go senola tšhakgalo ya gagwe kwa legodimong ka nako ya ‘pitlagano e kgolo.’ (Tshen. 7:14) Seo e tla bo e le “bosupi jwa katlholo e e siameng ya Modimo,” jaaka Paulo a tlhalositse mo go lengwe la makwalo a gagwe a a tlhotlheleditsweng: “Seno se kopanyeletsa le gore go siame mo Modimong go duela ka pitlagano ba ba lo pitlaganyang, mme, lona ba lo bogang pitlagano, go lo duela ka go lo golola mmogo le rona fa Morena Jesu a senolwa go tswa legodimong a na le baengele ba gagwe ba ba maatla mo molelong o o tutumang, jaaka a tlisa pusoloso mo go ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu.”—2 Bathes. 1:5-8.

Go Fenya Bosula ka Molemo

13, 14. (a) Ke ka ntlha yang fa re sa gakgamale fa re ganediwa? (b) Re ka segofatsa jang ba ba re bogisang?

13 Bala Baroma 12:14, 21. E re ka re tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla diragatsa maikaelelo a gagwe, re ka dira ka natla mo tirong e a re neileng yone—go rera “dikgang tse di molemo . . . tsa bogosi . . . mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.” (Math. 24:14) Re itse gore tiro eno ya Bokeresete e tla gakatsa bogale jwa baba ba rona, ka gonne Jesu o ne a re tlhagisa jaana: “Lo tla nna ba ba tlhoilweng ke ditšhaba tsotlhe ka ntlha ya leina la me.” (Math. 24:9) Ka jalo, ga re gakgamale e bile ga re kgobege marapo fa re ganediwa. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Baratwa, lo se ka lwa akabadiwa ke go sha mo go mo gare ga lona, mo go lo diragalelang e le teko, jaaka e kete lo diragalelwa ke selo se se sa tlwaelegang. Phapaanong le seo, tswelelang pele lo ipela e re ka jaana lo kopanela mo dipogong tsa ga Keresete.”—1 Pet. 4:12, 13.

14 Mo boemong jwa go tlhoa batho ba ba re bogisang, re leka go ba ruta, ka gonne re lemoga gore bangwe ba bone ba ka tswa ba dira ka go tlhoka kitso. (2 Bakor. 4:4) Re leka go ikobela kgakololo eno ya ga Paulo: “Nnang lo segofatse ba ba bogisang; segofatsang mme lo se ka lwa hutsa.” (Bar. 12:14) Tsela nngwe ya go segofatsa  baganetsi ke go ba rapelela. Jesu o ne a bolela jaana mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng: “Tswelelang lo rata baba ba lona, lo direle ba ba lo tlhoileng molemo, lo segofatse ba ba lo hutsang, lo rapelele ba ba lo tlhapatsang.” (Luke 6:27, 28) Ka ntlha ya se se neng se mo diragaletse, moaposetoloi Paulo o ne a itse gore mmogisi a ka fetoga morutwa yo o ikanyegang wa ga Keresete le motlhanka yo o tlhoafetseng wa ga Jehofa. (Bagal. 1:13-16, 23) Mo lekwalong le lengwe, Paulo o ne a re: “Fa re gobololwa, re a segofatsa; fa re bogisiwa, re a itshoka; fa re senngwa leina, re a rapela.”—1 Bakor. 4:12, 13.

15. Tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe ya go fenya bosula ka molemo ke efe?

15 Ka jalo, Mokeresete wa boammaaruri o tlhwaela tsebe mafoko a temana ya bofelo ya Baroma kgaolo 12: “Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.” Bosula jotlhe bo tswa mo go Satane Diabolo. (Joh. 8:44; 1 Joh. 5:19) Mo tshenolong e e neng ya newa moaposetoloi Johane, Jesu o ne a senola gore barwarraagwe ba ba tloditsweng ba “[fentse Satane] ka ntlha ya madi a Kwana le ka ntlha ya lefoko la go neela bosupi ga bone.” (Tshen. 12:11) Seno se bontsha gore tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe ya go fenya Satane le tlhotlheletso ya gagwe e e bosula e a nang le yone mo tsamaisong eno ya dilo, ke go dira molemo ka go dira tiro ya rona ya go neela bosupi, go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi.

Go Ipela mo Tsholofelong

16, 17. Baroma kgaolo 12 e re rutileng malebana le (a) kafa re tshwanetseng go tshela ka teng? (b) kafa re tshwanetseng go itshwara ka teng mo phuthegong? (c) kafa re tshwanetseng go tshwara ba ba ganetsang bodumedi jwa rona ka teng?

16 Go tlotla ka bokhutshwane ka kgaolo 12 ya lekwalo le Paulo a le kwaletseng Bakeresete ba kwa Roma go re gopoditse dilo tse dintsi. Re ithutile gore rona batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa, re tshwanetse go iketleeletsa go itima dilo dingwe. Re tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo gore re itime dilo dingwe ka go rata ka gonne maatla a rona a go akanya a re tlhatswitse pelo gore seo ke sone se Modimo a se batlang. Re tuka mo moyeng mme re dirisa dimpho tsa rona tse di farologaneng ka tlhoafalo. Re direla ka boikokobetso le boingotlo, re dira bojotlhe gore re nne re na le kutlwano ya Bokeresete. Re latela mokgwa wa go tshola baeng e bile re bontsha kutlwelobotlhoko ya mmatota.

17 Gape Baroma kgaolo 12 e re naya kgakololo e ntsi malebana le kafa re tshwanetseng go itshwara ka teng fa re ganediwa. Ga re a tshwanela go ipusolosetsa. Re tshwanetse go leka go fenya kganetso ka go dira ka bopelonomi. Re tshwanetse go leka kafa re ka kgonang ka teng gore re agisane le batho botlhe mme re sa tlole melaometheo ya Baebele. Seno se ama maloko a lelapa, a phuthego, baagelani, ba re berekang le bone, ba re tsenang sekolo le bone le ba re kopanang le bone mo bodireding jwa phatlalatsa. Tota le fa re tlhoiwa ke batho ka tlhamalalo, re dira bojotlhe jwa rona gore re fenye bosula ka molemo, re gopola gore pusoloso ke ya ga Jehofa.

18. Baroma 12:12 e re naya dikgakololo dife tse tharo?

18 Bala Baroma 12:12. Mo godimo ga kgakololo eno yotlhe e e molemo le e e mosola, Paulo o naya dikgakololo tse dingwe tse tharo. E re ka re ka se kgone go dira dilo tseno tsotlhe ntle le thuso ya ga Jehofa, moaposetoloi o re gakolola gore re ‘nnele ruri mo thapelong.’ Seno se tla re thusa go latela kgakololo ya gagwe e nngwe ya gore re ‘itshoke mo pitlaganong.’ Sa bofelo, re tshwanetse go nna re tlhomile megopolo ya rona mo isagweng e Jehofa a re solofeditseng yone mme re ‘ipele mo tsholofelong’ ya go tshela ka bosakhutleng, e ka tswa e le kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng.

Poeletso

• Re tshwanetse go itshwara jang fa re ganediwa?

• Re tshwanetse go leka go dira kagiso mo maemong afe, mme re ka dira seo jang?

• Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go ipusolosetsa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Go thusa baagelani ba rona ka se ba se tlhokang go ka nna ga thusa go fenya letlhoo

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

A o leka go dira kagiso mo phuthegong?