Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nako ya go Didimala”

“Nako ya go Didimala”

 “Nako ya go Didimala”

“GO BUA ke selefera, go didimala ke gouta.” Seo ke seane sengwe sa bogologolo se go tweng ke sa ditšhaba tsa Botlhaba. Go ya ka thanodi ya Brewer’s Dictionary of Phrase and Fable, seane se se tsamaisanang le seno sa Sehebera sa re: “Fa lefoko le lekana le shekele ka boleng, go didimala gone go lekana le dishekele di le pedi.” Mme Kgosi e e botlhale ya bogologolo ya Iseraele e bong Solomone o ne a kwala jaana: “Sengwe le sengwe se na le paka ya sone, le nako ya tiragalo nngwe le nngwe kafa tlase ga magodimo . . . nako ya go didimala le nako ya go bua.”—Mor. 3:1, 7, The New English Bible.

Mme gone, go tla bo go siame leng gore motho a didimale go na le go bua? Mafoko “go didimala” le “tidimalo” a tlhaga ka makgetlho a le mantsi mo Baebeleng. Tsela e mafoko ano a dirisiwang ka yone e bontsha kafa go tla bong go siame ka teng go didimala mo maemong a ka nna mararo a botshelo. A re sekasekeng tidimalo e le tsela ya go bontsha tlotlo, e le tsela ya go bontsha botlhale le temogo e bile e le sengwe se se ka re thusang go tlhatlhanya.

Tsela ya go Bontsha Tlotlo

Go didimala ke tsela ya go bontsha tlotlo kgotsa go tseela mongwe kwa godimo. Moporofeti Habakuke o ne a re: “Jehofa o mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo. Didimala fa pele ga gagwe, wena lefatshe lotlhe!” (Hab. 2:20) Baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse gore ba “lete poloko ya ga Jehofa, le eleng ka tidimalo.” (Dikhu. 3:26) Mopesalema o ne a opela jaana: “Didimala fa pele ga ga Jehofa mme o mo lete ka tlhologelelo. O se ka wa itshupa o galefetse ope yo o atlegisang tsela ya gagwe.”—Pes. 37:7.

A re ka baka Jehofa re sa dirise mafoko? A ka dinako tse dingwe ga re jesiwe kgakge ke go bona bontle jwa popo jo bo re tlogelang re se na kgang? A go akanya ka bontle jo bo ntseng jalo ga se tsela ya go baka Mmopi mo dipelong tsa rona? Mopesalema Dafide o ne a simolola nngwe ya dipina tsa gagwe ka go re: “Wena o na le pako—tidimalo—, wena Modimo, mo Siona; mme o tla duelwa maikano.”—Pes. 65:1.

E re ka Jehofa a tshwanelwa ke gore re mo tlotle, re tshwanetse go tlotla le se a se buang. Ka  sekai, fa moporofeti wa Modimo e bong Moshe a ne a laelana le setšhaba sa Iseraele, ene le baperesiti ba ne ba gakolola botlhe ba ba neng ba le teng, ba re: “Didimala . . .  mme o reetse lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago.” Go ne go lebeletswe gore tota le bana ba Baiseraele ba reetse ka kelotlhoko fa bomorwa Iseraele ba ne ba kopana mmogo go tla go bala Molao wa Modimo. Moshe o ne a re: “Phutha batho, banna le basadi le ba bannye . . . gore ba ithute.”—Dute. 27:9, 10; 31:11, 12.

A bo go tshwanela gore baobamedi ba ga Jehofa mo motlheng wa gompieno ba reetse ditaelo tse ba di newang kwa dikokoanong tsa Bokeresete ka tlotlo, go akaretsa le kwa dikopanong tse dikgolo! Fa re ntse re reeditse boammaaruri jo bo botlhokwa jwa Baebele bo buiwa go tswa kwa seraleng, a re tla bo re sa bontshe go nyatsa Lefoko la Modimo le phuthego ya gagwe fa re tlotla le ba bangwe go sa tlhokege? Fa thulaganyo e ntse e tsweletse, ke nako ya go didimala le go reetsa.

Tota le fa re tlotla le motho yo mongwe, go nna moreetsi yo o molemo go tla bo go bontsha gore o na le tlotlo. Ka sekai, tlhogo ya lotso e bong Jobe o ne a raya batho ba ba neng ba mo latofatsa a re: “Nthute, mme fa e le nna, ke tla didimala.” Jobe o ne a iketleeditse go reetsa ka tidimalo fa ba bua. Mme fa e ne e le nako ya gagwe ya gore a bue, o ne a kopa jaana: “Didimalang fa pele ga me, gore ke tle ke bue.”—Jobe 6:24; 13:13.

Tsela ya go Bontsha Botlhale le Temogo

Baebele ya re: “Yo o thibang dipounama tsa gagwe o dira ka botlhale.” “Motho wa temogo e kgolwane ke yo o didimalang.” (Dia. 10:19; 11:12) Akanya ka tsela e ntle e Jesu a ileng a bontsha botlhale le temogo ka yone ka go didimala. Fa a lemoga gore go bua mo gare ga batho ba ba mo tlhoileng go tla bo go sa thuse, “Jesu [o ne] a didimala fela.” (Math. 26:63) Moragonyana, fa Jesu a ne a seka fa pele ga ga Pilato, o ne “a se ka a araba.” O ne a tlhopha ka botlhale go tlogela tsela e a itsegeng ka yone gore e nne yone e mmuelelang.—Math. 27:11-14.

Le rona re tla bo re dira ka botlhale fa re thiba dipounama tsa rona, segolobogolo fa re rumolwa. Seane sengwe sa re: “Yo o bonya go galefa o tletse temogo, mme yo o felang pelo o godisa boeleele.” (Dia. 14:29) Go potlakela go araba mo maemong a a thata go ka felela ka gore o bue ka mafega o bo o ikwatlhaya kwa morago. Mo maemong a a ntseng jalo, mafoko a rona a ka lebega e le a boeleele, mme re ka felelwa ke kagiso ya rona ya mogopolo.

Re tla bo re bontsha botlhale fa re nna kelotlhoko ka se re se buang fa re le mo gare ga batho ba ba bosula. Fa re kopana le basotli mo bodireding jwa rona, go ka nna molemo gore re didimale. Mo godimo ga moo, ka dinako tse dingwe fa batho ba re tsenang sekolo le bone kgotsa badirikarona ba dira metlae e e leswe kgotsa ba bua puo ya matlhapa, a go tla bo go se botlhale gore re didimale gore go se ka ga nna jaaka e kete re dumalana le bone? (Baef. 5:3) Mopesalema o ne a kwala jaana: “Ke tla tlhoma sebofamolomo gore e nne modisa wa molomo wa me, fa moikepi ope fela a sa ntse a le fa pele ga me.”—Pes. 39:1.

Motho wa “temogo e kgolwane” ga a bue khupamarama. (Dia. 11:12) Mokeresete wa boammaaruri a ka se senole dikgang tsa sephiri. Bagolwane  ba Bakeresete ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go nna kelotlhoko malebana le kgang eno e le gore maloko a phuthego a tswelele a ba tshepa.

Le fa go didimala go se na mafoko, go ka nna le matswela a a molemo. Mokwadi wa Moesemane wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong Sydney Smith o ne a kwala jaana ka mongwe wa batho ba motlha wa gagwe: “Ka dinako tse dingwe o na le go didimala fa a ntse a tlotla mme seo se dira gore metlotlo ya gagwe e itumedise tota.” Eleruri, metlotlo ya letsatsi le letsatsi magareng ga ditsala tse pedi e tshwanetse go naya mongwe le mongwe wa bone sebaka sa go bua. Motho yo o itseng go tshwara motlotlo o tshwanetse go nna moreetsi yo o molemo.

Solomone o ne a tlhagisa jaana: “Ga go nke go tlhokega tlolo mo mafokong a mantsi, mme yo o thibang dipounama tsa gagwe o dira ka botlhale.” (Dia. 10:19) Ke gone ka moo, go sa bue mafoko a mantsi go thusang motho gore a se ka a bua sengwe se se seng botlhale. Tota e bile, “le eleng ope fela yo o seeleele, fa a didimala, o tla tsewa a le botlhale; le ope yo o tswalang dipounama tsa gagwe, o tla tsewa jaaka yo o nang le tlhaloganyo.” (Dia. 17:28) Ka jalo, e kete re ka kopa Jehofa ka thapelo gore a ‘tlhome molebeledi fa kgorong ya dipounama tsa rona.’—Pes. 141:3.

Sengwe Se se Ka re Thusang go Tlhatlhanya

Dikwalo tsa re motho yo o latelang tsela ya tshiamo “o balela molao wa [Modimo] kwa tlase motshegare le bosigo.” (Pes. 1:2) Thanolo ya The Amplified Bible ya re: “Mo molaong wa gagwe . . . o tlhatlhanya ka metlha . . . motshegare le bosigo.” Ke maemo afe a a ka dirang gore motho a kgone go tlhatlhanya jalo?

Isake, morwa wa tlhogo ya lotso e bong Aborahame, “o ne a dule a ile go tsamayatsamaya gore a tle a tlhatlhanye mo nageng mo e ka nnang fa go nna maitseboa.” (Gen. 24:63) O ne a tlhopha nako e go didimetseng ka yone le lefelo le le didimetseng gore a tlhatlhanye. Kgosi Dafide o ne a tlhatlhanya ka nako e e didimetseng ya tebelo ya bosigo. (Pes. 63:6) Tota le monna yo o itekanetseng e bong Jesu o ne a tsaya matsapa a gore a bone nako ya go nna a le esi le go tlhatlhanya, a le kgakala le modumo wa boidiidi jwa batho, a le esi kwa dithabeng, kwa dikakeng le kwa mafelong a mangwe a a didimetseng.—Math. 14:23; Luke 4:42; 5:16.

Ruri tidimalo e a lapolosa. E ka dira gore re kgone go itlhatlhoba sentle, e leng selo sa botlhokwa se se ka thusang motho go tokafatsa tsela e a tshelang ka yone. Tidimalo e ka dira gore re nne le kagiso ya mogopolo. Go tlhatlhanya ka nako e go seng modumo ka yone go ka dira gore re nne boingotlo re bo re ikokobetse e bile go ka tokafatsa tsela e re anaanelang ka yone dilo tse tota di leng botlhokwa mo botshelong.

Le fa go didimala go le molemo, gape go na le “nako ya go bua.” (Mor. 3:7) Gompieno baobamedi ba boammaaruri ba tshwaregile ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.” (Math. 24:14) Modumo wa bone wa go dira tiro eno ka boipelo o ntse o golela pele fa dipalopalo tsa bone di ntse di oketsega. (Mik. 2:12) A re direng sotlhe se re ka se kgonang go nna bangwe ba batho ba ba rerang dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka tlhoafalo e bile ba bua ka ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo. Fa re ntse re dira tiro eno e e botlhokwa, e kete tsela e re tshelang ka yone e ka bontsha gore re lemoga gore go didimala ka dinako tse dingwe go tshwana le gouta.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Re tshwanetse go reetsa le go ithuta fa dipokano tsa Bokeresete di ntse di tsweletse

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Go ka nna molemo go didimala fa batho ba re sotla mo bodireding

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Tidimalo e thusa motho go tlhatlhanya