Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Anaanela Moshe yo Mogolwane

Go Anaanela Moshe yo Mogolwane

 Go Anaanela Moshe yo Mogolwane

“Jehofa Modimo o tla lo tsosetsa moporofeti yo o tshwanang le nna a tswa gareng ga bomorwarraalona. Lo mo reetse.”—DIT. 3:22.

1. Jesu Keresete o tlhotlheleditse matshelo a batho jang?

DINGWAGA di le 2 000 tse di fetileng, go tsholwa ga mosimane mongwe go ne ga dira gore matshutitshuti a baengele kwa legodimong ba bake Modimo ba reeditswe ke badisa bangwe. (Luke 2:8-14) Dingwaga di le 30 morago ga foo, ngwana yoo yo jaanong a neng a setse a godile, o ne a simolola bodiredi jo bo neng jwa tsaya dingwaga di le tharo le sephatlo fela mme jwa fetola matshelo a batho thata. Rahisitori yo o itsegeng wa lekgolo la bo19 la dingwaga Philip Schaff o ne a tlhotlheletsega go bua jaana ka lekawana leno: “Kwantle ga go kwala sepe, o ne a tlhotlheletsa batho ba le bantsi gore ba kwale, a naya batho ba bantsi se ba ka buang ka sone mo ditherong, mo dipuong, mo metlotlong, mo dibukeng tsa barutegi, a ba naya se ba ka se tshwantshang le se ba ka opelang ka sone, mme o dirile jalo go feta banna ba bantsintsi ba ba itsegeng ba bogologolo le ba motlha wa gompieno.” Ee, lekawana leo le le tlhomologileng e ne e le Jesu Keresete.

2. Moaposetoloi Johane o ne a reng ka Jesu le bodiredi jwa Gagwe?

2 Moaposetoloi Johane o ne a kwala pego ya bodiredi jwa ga Jesu mme a konela jaana: “Tota e bile, go na le dilo tse dingwe tse dintsi gape tse Jesu a di dirileng, tse, fa go ne go diregile gore dintlha tsotlhetsotlhe tsa tsone di kwalwe ka botlalo, ke tsaya gore, lefatshe ka bolone le ne le ka se ka la tshola dikwalo tsa momeno tse di kwadilweng.” (Joh. 21:25) Johane o ne a itse gore o ne a ka se kgone go kwala sengwe le sengwe sa dilo tsotlhe tse Jesu a di buileng le tse a di dirileng mo lobakeng loo lwa dingwaga tse tharo le sephatlo lo lo neng lo tletse ditiragalo. Le fa go ntse jalo, ditiragalo tse dikgolo tse Johane a kwadileng ka tsone mo Efangeleng ya gagwe di botlhokwa thata.

3. Re ka tlhaloganya jang seabe sa ga Jesu ka botlalo mo boikaelelong jwa Modimo?

3 Kwantle ga dipego tse nnè tsa botlhokwa tsa Efangele, go na le ditemana tse dingwe mo Baebeleng tse di nang le dintlha tse di nonotshang tumelo ka botshelo jwa ga Jesu. Ka sekai, dipego tsa Baebele tsa banna bangwe ba ba ikanyegang ba ba neng ba tshela pele ga ga Jesu di na le tshedimosetso e e re thusang go tlhaloganya seabe sa ga Jesu ka botlalo mo boikaelelong jwa Modimo. A re sekasekeng dingwe tsa tsone.

Banna ba Modimo ba ba Neng ba Tshwantshetsa Keresete

4, 5. Ke bomang ba ba neng ba tshwantshetsa Jesu, mme ka ditsela dife?

Johane le bakwadi ba bangwe ba bararo ba Diefangele ba re Moshe, Dafide le Solomone ba ne ba tshwantshetsa Jesu jaaka Motlodiwa wa Modimo le Kgosi ya mo isagweng. Batlhanka bao ba bogologolo ba ba ikanyegang ba Modimo ba ne ba tlhalosa Jesu jang pele ga a tla, mme re ka ithuta eng mo dipegong tseno?

5 Ka bokhutshwane, Baebele e re bolelela gore Moshe e ne e le moporofeti, motsereganyi le mogolodi. Le Jesu o dira ditiro tseo. Dafide e ne e le modisa le kgosi e e neng ya fenya baba ba Iseraele. Jesu le ene ke modisa e bile ke kgosi e e fenyang. (Esek. 37:24, 25) Fa Solomone a ne a sa ntse a ikanyega, e ne e le mmusi yo o botlhale, mme mo pusong ya gagwe Baiseraele ba ne ba le mo kagisong. (1 Dikg. 4:25, 29) Jesu le ene o botlhale thata e bile o bidiwa “Kgosana ya Kagiso.” (Isa. 9:6) Go bonala sentle gore ditiro tse Keresete Jesu a di dirang di tshwana le tsa banna bao ba bogologolo mme seabe sa ga Jesu mo boikaelelong jwa Modimo sone se segolo le go feta. Sa ntlha, a re bapise Jesu le Moshe mme re bone kafa go dira jalo go tla re thusang ka  teng go tlhaloganya ka botlalo seabe sa ga Jesu mo boikaelelong jwa Modimo.

Moshe—Moetapele wa ga Jesu

6. Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa jang botlhokwa jwa go reetsa Jesu?

6 Moragonyana fela ga Pentekosete ya 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a nopola boporofeti jo bo neng bo boletswe ke Moshe jo bo neng jwa diragadiwa mo go Jesu Keresete. Petere o ne a eme fa pele ga boidiidi jwa baobamedi ba Bajuda kwa tempeleng. Batho ba ne ba “tshwerwe ke kgakge” fa Petere le Johane ba ne ba fodisa mokopi yo o neng a tshotswe a golafetse, mme botlhe ba ne ba ya go bona gore go diragetseng. Petere o ne a tlhalosa gore tiragalo eno e e gakgamatsang e ne e diragetse ka gonne moya wa ga Jehofa o o boitshepo o ne o dira mo go Jesu Keresete. Go tswa foo o ne a nopola mo Dikwalong Tsa Sehebera, a re: “Tota e bile, Moshe o ne a re, ‘Jehofa Modimo o tla lo tsosetsa moporofeti yo o tshwanang le nna a tswa gareng ga bomorwarraalona. Lo mo reetse kafa dilong tsotlhe tse a di buang le lona.’”—Dit. 3:11, 22, 23; bala Duteronome 18:15, 18, 19.

7. Ke eng fa batho ba ba neng ba reeditse Petere ba ne ba tlhaloganya se a neng a se bua kaga moporofeti yo mogolwane mo go Moshe?

7 Batho ba ba neng ba reeditse Petere ba ka tswa ba ne ba kile ba utlwa mafoko ao a ga Moshe. E re ka e ne e le Bajuda, ba ne ba tlotla Moshe thata. (Dute. 34:10) Ba ne ba tlhologeletswe go tla ga moporofeti yo mogolwane mo go Moshe. Moporofeti yoo e ne e se kitla e nna mesia mongwe fela, motlodiwa wa Modimo jaaka Moshe, mme e ne e tla nna ene Mesia, “Keresete wa Modimo, Yo o Tlhophilweng” wa ga Jehofa.—Luke 23:35; Baheb. 11:26.

Ditsela Tse Jesu le Moshe ba Tshwanang ka Tsone

8. Botshelo jwa ga Moshe le jwa ga Jesu bo tshwana ka ditsela dife?

8 Botshelo jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng bo ne bo tshwana le jwa ga Moshe ka ditsela dingwe. Ka sekai, fa Moshe le Jesu e ne e le masea, boobabedi ba ne ba falola go bolawa ke mmusi wa mogateledi. (Ekes. 1:22–2:10; Math. 2:7-14) Gape, boobabedi ba ne ba ‘ntshitswe kwa Egepeto.’ Moporofeti Hosea o ne a re: “Fa Iseraele e ne e le mosimanyana, ke ne ka mo rata, mme ka bitsa morwaake ka mo ntsha kwa Egepeto.” (Hos. 11:1) Mafoko a ga Hosea a ne a lebisitse kwa nakong ya fa setšhaba sa Iseraele, se se neng se na le moeteledipele yo o tlhomilweng ke Modimo, e bong Moshe, se ne se ntshiwa kwa Egepeto. (Ekes. 4:22, 23; 12:29-37) Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Hosea a ne a sa kaye fela se se diragetseng mo nakong e e fetileng, mme gape a ne a kaya se se tla diregang mo isagweng. Mafoko a gagwe e ne e le boporofeti jo bo neng jwa diragadiwa fa Josefa le Marea ba ne ba boa ba tswa kwa Egepeto ba na le Jesu, fa Kgosi Herode a sena go swa.—Math. 2:15, 19-23.

9. (a) Moshe le Jesu ba ne ba dira dikgakgamatso dife? (b) Umaka ditsela tse dingwe tse Jesu le Moshe ba tshwanang ka tsone. (Bona lebokose la setlhogo se se reng  “Ditsela Tse Dingwe Tse Jesu a Neng a Tshwana le Moshe ka Tsone,” mo tsebe 26.)

9 Moshe le Jesu boobabedi ba ne ba dira dikgakgamatso, mme seo se ne se supa gore Jehofa o ne a ba thusa. Moshe e ne e le motho wa ntlha yo go kwadilweng gore o ne a dira dikgakgamatso. (Ekes. 4:1-9) Ka sekai, Moshe o ne a dira dikgakgamatso a dirisa metsi fa a ne a laela gore metsi a noka ya Nile le megobe ya yone e e tletseng lotlhaka e fetoge madi, Lewatle le Lehibidu le kgaogane ka bogare, mme metsi a pumpunyege go tswa mo lefikeng kwa sekakeng. (Ekes. 7:19-21; 14:21; 17:5-7) Jesu le ene o ne a dira dikgakgamatso a dirisa metsi. Kgakgamatso ya gagwe ya ntlhantlha ke fa a ne a fetola metsi go nna beine kwa moketeng wa lenyalo. (Joh. 2:1-11) Moragonyana, o ne a ritibatsa Lewatle la Galalea le le neng le huduegile. Mme nako nngwe o ne a ba a tsamaya fa godimo ga metsi! (Math. 8:23-27; 14:23-25) Ditsela tse dingwe tse Moshe le Jesu, Moshe yo Mogolwane, ba tshwanang ka tsone di mo  lebokoseng le le mo tsebe 26.

Amogela Keresete e le Moporofeti

10. Moporofeti wa mmatota o dira eng, mme ke eng fa go ka twe Moshe e ne e le moporofeti wa mmatota?

10 Batho ba bantsi ba akanya gore moporofeti ke motho yo o bolelelang isagwe pele, mme eo ke nngwe fela ya ditiro tse moporofeti a di dirang. Moporofeti wa mmatota ke mmueledi yo o tlhotlheleditsweng wa ga Jehofa, yo o bolelang “dilo tse dikgolo tsa Modimo.” (Dit. 2:11, 16, 17) Gareng ga dilo tse dingwe, fa a porofeta a ka bolela ditiragalo tse di tlileng go direga mo isagweng, a ka senola dikarolo dingwe tsa boikaelelo jwa ga Jehofa, kgotsa  a ka bolela dikatlholo tsa Modimo. Moshe e ne e le moporofeti yo o ntseng jalo. O ne a bolela nngwe le nngwe ya Dipetso Tse di Lesome tse di neng tsa tlela Egepeto di ise di direge. O ne a bolela kgolagano ya Molao kwa Sinai. Gape o ne a ruta setšhaba thato ya Modimo. Le fa go ntse jalo, kgabagare go ne go tla tla moporofeti yo mogolwane mo go Moshe.

11. Jesu o ne a diragatsa jang seabe sa gagwe sa go nna moporofeti yo mogolwane mo go Moshe?

11 Moragonyana mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Sekarea o ne a porofeta fa a ne a senola boikaelelo jwa Modimo ka morwawe, Johane. (Luke 1:76) Morwa yoo o ne a nna Johane Mokolobetsi, yo o neng a itsise go tla ga moporofeti yo mogolwane mo go Moshe, yo o neng a sa bolo go letelwa e bong Jesu Keresete. (Joh. 1:23-36) Jesu o ne a bolelela pele dilo tse dintsi fa a ne a diragatsa seabe sa gagwe sa go nna moporofeti. Ka sekai, o ne a bua ka loso lwa gagwe, a bolelela pele gore o ne a tla swa jang, o ne a tla swela kae, le gore o ne a tla bolawa ke bomang. (Math. 20:17-19) Bareetsi ba ga Jesu ba ne ba gakgamala fa a ne a bolelela pele gore Jerusalema mmogo le tempele ya yone di ne di tlile go senngwa. (Mar. 13:1, 2) Dipolelelopele tsa gagwe di diragala le mo motlheng wa rona.—Math. 24:3-41.

12. (a) Jesu o ne a simolola jang tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe? (b) Ke eng fa re latela sekao sa ga Jesu gompieno?

12 Mo godimo ga go nna moporofeti, Jesu gape e ne e le moreri le morutisi. O ne a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, mme ga go na  ope yo o neng a bua ka bopelokgale jaaka ene. (Luke 4:16-21, 43) E ne e le morutisi yo mogolo go gaisa. Bangwe ba ba neng ba mo utlwa ba ne ba bua jaana ka ene: “Ga go ise go ke go nne le motho yo mongwe yo o kileng a bua jaana.” (Joh. 7:46) Jesu o ne a bolela dikgang tse di molemo ka tlhagafalo, mme o ne a tlhotlheletsa balatedi ba gagwe go tlhagafalela go dira ditiro tse di direlwang Bogosi fela jalo. Ka jalo, o ne a simolola tiro ya go rera le go ruta e e dirwang mo lefatsheng lotlhe e e ntseng e tswelela le gompieno. (Math. 28:18-20; Dit. 5:42) Ngogola, balatedi ba ga Keresete ba ka nna dimilione di le supa ba dirisitse diura di ka nna 1 500 000 000 ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi e bile ba ruta batho ba ba kgatlhegang boammaaruri jwa Baebele. A o dira tiro eo ka botlalo?

13. Ke eng se se tla re thusang go ‘nna re tsogile’?

13 Ga go na pelaelo gore Jehofa o diragaditse boporofeti jwa gore o tla tsosa moporofeti yo o tshwanang le Moshe. Go itse seo go go ama jang? A go dira gore o tlhomamisege le go feta gore boporofeti jo bo tlhotlheleditsweng jo bo amanang le isagwe ya rona bo tla diragadiwa? Ee, go tlhatlhanya ka sekao sa ga Moshe yo Mogolwane go re tlhotlheletsa gore re ‘nne re tsogile re bo re nne re thantse mo ditlhaloganyong’ malebana le se Modimo a tlogang a se dira.—1 Bathes. 5:2, 6.

Tseela Keresete Kwa Godimo e le Motsereganyi

14. Moshe o ne a nna jang motsereganyi fa gare ga Baiseraele le Modimo?

14 Jaaka Moshe, Jesu e ne e le motsereganyi. Moshe o ne a nna motsereganyi mo kgolaganong ya Molao fa gare ga ga Jehofa le Baiseraele. Fa bomorwa Jakobe ba ne ba ka ikobela melao ya Modimo, ba ne ba tla tswelela e le thuo e e kgethegileng ya Modimo, phuthego ya gagwe. (Ekes. 19:3-8) Kgolagano eo e ne ya dira go tloga ka 1513 B.C.E. go felela ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.

15. Jesu ke motsereganyi wa maemo a a kwa godimo jang?

15 Ka 33 C.E., Jehofa o ne a dira kgolagano e e botoka le Iseraele yo mosha, “Iseraele wa Modimo,” e e neng ya nna phuthego ya lefatshe lotlhe ya Bakeresete ba ba tloditsweng. (Bagal. 6:16) Kgolagano e Moshe e neng e le motsereganyi wa yone e ne e na le melao e e neng e kwadilwe ke Modimo mo lejeng, mme kgolagano e Jesu a leng motsereganyi wa yone ke ya maemo a a kwa godimo go feta eo. Melao ya yone e kwadilwe ke Modimo mo dipelong tsa batho. (Bala 1 Timotheo 2:5; Bahebera 8:10.) Ka jalo, “Iseraele wa Modimo” jaanong ke thuo ya Modimo e e kgethegileng, “setšhaba se se ungwang maungo” a Bogosi jwa ga Mesia. (Math. 21:43) Maloko a setšhaba seo sa semoya a mo kgolaganong eo e ntšha. Mme le fa go ntse jalo, ga se bone fela ba e tlileng go ba solegela molemo. Boidiidi jwa batho jo bo se nang palo, go akaretsa le batho ba bantsi ba gone jaanong ba robetseng mo losong, ba tlile go bona masego a a sa khutleng a kgolagano eo ya maemo a a kwa godimo.

Tlotla Keresete e le Mogolodi

16. (a) Jehofa o ne a dirisa Moshe jang go golola Baiseraele? (b) Go ya ka Ekesodo 14:13, Motswedi wa poloko ke mang?

16 Mo bosigong jwa bofelo pele ga Baiseraele botlhe ba fuduga, bangwe ba bana ba Baiseraele ba ne ba le mo kotsing e kgolo. Go ise go ye kae moengele wa Modimo o ne a tla ralala naga ya Egepeto, a bolaya maitibolo otlhe. Jehofa o ne a bolelela Moshe gore maitibolo a Baiseraele a ne a ka se bolawe fa Baiseraele ba ne ba ka tsaya madi a kwanyana ya Tlolaganyo mme ba a gase mo mephakwaneng le mo dikarolong tse di fa godimo tsa dikgoro tsa matlo a bone. (Ekes. 12:1-13, 21-23) Mme go ne ga direga fela jalo. Moragonyana batho ba setšhaba seo botlhe ba ne ba nna mo kotsing e kgolo. Ba ne ba iphitlhela ba gaeletswe fa gare ga Lewatle le Lehibidu le dikara tsa ntwa tsa Baegepeto tse di neng di ba lelekile. Le fano Jehofa o ne a ba golola a dirisa Moshe, yo ka kgakgamatso a neng a dira gore metsi a lewatle leo a kgaogane ka bogare.—Ekes. 14:13, 21.

17, 18. Jesu ke mogolodi yo mogolwane jang mo go Moshe?

17 Le fa ditiro tseo tsa kgololo di ne di le dikgolo,  kgololo e Jehofa a e tlisitseng ka Jesu yone e kgolo le go feta. Jesu ke ene yo batho ba ba kutlo ba gololwang ka ene mo bokgobeng jwa boleo. (Bar. 5:12, 18) Mme kgololo eo ke “kgololo ya bosakhutleng.” (Baheb. 9:11, 12) Leina Jesu le raya gore “Jehofa ke Poloko.” Jesu, jaaka e le Mogolodi wa rona, kana Mmoloki, ga a re golole fela mo boleong jo re bo dirileng mo nakong e e fetileng mme gape o re bulela tsela ya gore re itumelele botshelo jo bo botoka mo isagweng. Fa Jesu a golola balatedi ba gagwe mo bokgobeng jwa boleo, o ba falotsa tšhakgalo ya Modimo mme o dira gore ba nne le kamano e e lorato le Jehofa.—Math. 1:21.

18 Fa nako e ntse e ya, go re golola ga ga Jesu mo boleong go tla akaretsa go gololesega mo diphelelong tsa jone tse di maswe—bolwetse le loso. Gore o bone bokao jwa seno ka leitlho la mogopolo, akanya ka se se neng sa direga fa Jesu a ne a ya kwa legaeng la monna mongwe yo o bidiwang Jairo, yo o neng a swetswe ke morwadie wa dingwaga tse 12. Jesu o ne a gomotsa Jairo ka go re: “Se boife, fela nna le tumelo, mme o tla bolokwa.” (Luke 8:41, 42, 49, 50) Mme go ne ga nna fela jalo, mosetsana o ne a tsoga! Akanya fela gore batsadi ba gagwe ba ne ba itumetse jang! O ka akanya kafa re tla itumelang thata ka teng ka nako ya fa ‘botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [ga Jesu] ka yone mme ba tswe’ ka nako ya tsogo ya baswi. (Joh. 5:28, 29) Ee ruri, Jesu ke Mmoloki, Mogolodi wa rona!—Bala Ditiro 5:31; Tito 1:4; Tshen. 7:10.

19, 20. (a) Go tlhatlhanya ka seabe sa ga Jesu e le Moshe yo Mogolwane go re ama jang? (b) Go tlile go tlotlwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Go itse gore re ka thusa batho go solegelwa molemo ke ditiro tsa ga Jesu tsa poloko go re tlhotlheletsa go dira tiro ya go rera le ya go ruta. (Isa. 61:1-3) Gape, go tlhatlhanya ka seabe sa ga Jesu e le Moshe yo Mogolwane go dira gore re tlhomamisege thata gore o tla golola balatedi ba gagwe fa a tla go atlhola baikepi.—Math. 25:31-34, 41, 46; Tshen. 7:9, 14.

20 Ee, Jesu ke Moshe yo Mogolwane. O dirile dilo tse dintsi tse di molemo tse Moshe a neng a ka se kgone go di dira. Mafoko a ga Jesu e le moporofeti le ditiro tse a di dirileng e le motsereganyi di ama batho botlhe. Jesu e le Mogolodi o tlisetsa batho ba ba rekolotsweng poloko ya bosakhutleng, e seng ya nakwana. Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse dingwe tse dintsi tse re ka di ithutang ka Jesu mo banneng ba bogologolo ba ba ikanyegang. Mo setlhogong se se latelang go tlile go tlotlwa kafa Jesu e neng e le Dafide yo Mogolwane le Solomone yo Mogolwane ka teng.

A o Ka Tlhalosa?

Jesu o mogolwane jang mo go Moshe jaaka

• moporofeti?

• motsereganyi?

• mogolodi?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

  Ditsela Tse Dingwe Tse Jesu a Neng a Tshwana le Moshe ka Tsone

□ Boobabedi ba ne ba tlogela maemo a a kwa godimo gore ba direle Jehofa le batho ba gagwe. —2 Bakor. 8:9; Bafil. 2:5-8; Baheb. 11:24-26.

□ Boobabedi ba ne ba direla e le batlodiwa, kana ‘bokeresete.’—Mar. 14:61, 62; Joh. 4:25, 26; Baheb. 11:26.

□ Boobabedi ba ne ba emela leina la ga Jehofa.—Ekes. 3:13-16; Joh. 5:43; 17:4, 6, 26.

□ Boobabedi ba ne ba le boikokobetso.—Dipa. 12:3; Math. 11:28-30.

□ Boobabedi ba kile ba fepa matshutitshuti a batho.—Ekes. 16:12; Joh. 6:48-51.

□ Boobabedi ba kile ba direla e le baatlhodi le baneimolao.—Ekes. 18:13; Mal. 4:4; Joh. 5:22, 23; 15:10.

□ Boobabedi ba ne ba newa maikarabelo a go okamela ntlo ya Modimo.—Dipa. 12:7; Baheb. 3:2-6.

□ Boobabedi ba bidiwa basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa.—Baheb. 11:24-29; 12:1; Tshen. 1:5.

□ Fa Moshe le Jesu ba sena go swa, Modimo o ne a dira gore ditopo tsa bone di se ka tsa bonwa.—Dute. 34:5, 6; Luke 24:1-3; Dit. 2:31; 1 Bakor. 15:50; Jude 9.