Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Nnang lo Thantse’

‘Nnang lo Thantse’

 ‘Nnang lo Thantse’

“Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. . . . Nnang . . . lo thantse malebana le dithapelo.”—1 PET. 4:7.

1. Kgangkgolo e Jesu a neng a ruta batho ka yone e ne e le eng?

FA Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, kgangkgolo e a neng a ruta batho ka yone e ne e le Bogosi jwa Modimo. Jehofa o tla dirisa Bogosi joo go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe le go itshepisa leina la gagwe. Ka jalo, Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela Modimo ba re: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Math. 4:17; 6:9, 10) Puso eo ya Bogosi e tla tloga e fedisa lefatshe la ga Satane e bo e tlhomamisa gore thato ya Modimo e dirwa mo lefatsheng lotlhe. Fela jaaka Daniele a ile a bolelela pele, Bogosi jwa Modimo “bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe [a gompieno], mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Dan. 2:44.

2. (a) Balatedi ba ga Jesu ba ne ba tla itse jang gore o simolotse go busa mo Bogosing? (b) Sesupo seo se ne se tla bontsha le eng gape?

2 E re ka balatedi ba ga Jesu ba ne ba tsaya go tla ga Bogosi jwa Modimo go le botlhokwa thata, ba ne ba mmotsa jaana: “Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” (Math. 24:3) Go ne go tla newa sesupo se se bonalang ka gonne go nna gone ga ga Keresete a busa mo Bogosing go ne go ka se bonwe ke batho ba ba mo lefatsheng. Sesupo seo se ne se tla nna le dikarolo tse di farologaneng tse di boleletsweng pele mo Dikwalong. Ka jalo, balatedi ba ga Jesu ba ba neng ba tla bo ba tshela ka nako eo, ba ne ba ka kgona go lemoga gore o setse a simolotse go busa kwa legodimong. Gape sesupo seo se ne se tla bontsha tshimologo ya nako e mo Baebeleng e bidiwang ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso e e boikepo e jaanong e laolang lefatshe.—2 Tim. 3:1-5, 13; Math. 24:7-14.

Nna o Thantse mo Metlheng ya Bofelo

3. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ne ba tla tshwanelwa ke go nna ba thantse?

3 Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. Jalo, nnang lo itekanetse sentle mo mogopolong lo bo lo nne lo thantse malebana le dithapelo.” (1 Pet. 4:7) Balatedi ba ga Jesu ba ne ba tla tshwanelwa ke go nna ba thantse, ba etse tlhoko ditiragalo tsa lefatshe tse di bontshang gore o setse a simolotse go busa e  le Kgosi. Mme ba ne ba tla tshwanelwa ke go nna ba thantse le go feta fa bokhutlo jwa tsamaiso e e boikepo ya jaanong ya dilo bo ntse bo atamela. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Nnang lo disitse, gonne ga lo itse gore mong wa ntlo o tla leng [a tla go diragatsa katlholo mo lefatsheng la ga Satane].”—Mar. 13:35, 36.

4. Bontsha pharologanyo fa gare ga boikutlo jwa batho ba e leng karolo ya lefatshe la ga Satane le jwa batlhanka ba ga Jehofa. (Akaretsa le lebokose.)

4 Batho ka kakaretso ba laolwa ke Satane, mme ba ntse ba sa ele tlhoko gore ditiragalo tsa lefatshe di kaya eng. Ga ba lemoge gore Keresete o teng o setse a busa e le Kgosi. Mme balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ba ntse ba thantse e bile ba lemogile bokao jwa mmatota jwa se se diragetseng mo lekgolong le le fetileng la dingwaga. Go tloga ka 1925, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba lemoga gore Ntwa ya Lefatshe I le ditiragalo tsa morago ga yone ke bosupi jo bo tletseng jwa gore fa e sa le ka 1914 Keresete o ntse a busa kwa legodimong e le Kgosi. Ka jalo, metlha ya bofelo ya tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e e laolwang ke Satane e simologile ka nako eo. Batho ba le bantsi ba ba lemogang dilo, le fa ba sa itse bokao jwa tsone, ba lemoga pharologanyo e kgolo fa gare ga motlha wa pele ga Ntwa ya Lefatshe I le motlha wa morago ga yone.—Bona lebokose la setlhogo se se reng  “Motlha wa Tobekano wa Simolola.”

5. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re nne re thantse?

5 Ditiragalo tse di tsitlisang marapo tse di ntseng di diragala mo lefatsheng mo dingwageng di ka nna lekgolo tse di fetileng di supa gore re tshela mo metlheng ya bofelo. Go setse nako e khutshwane fela thata pele ga Jehofa a laela Keresete gore a etelele pele masomosomo a a maatla a baengele gore ba tlhasele lefatshe la ga Satane. (Tshen. 19:11-21) Bakeresete ba boammaaruri ba laelwa gore ba nne ba disitse. Ka jalo, go potlakile thata gore re tswelele re disitse fa re ntse re emetse bokhutlo jwa tsamaiso eno. (Math. 24:42) Re tshwanetse go nna re thantse, mme re wetse tiro e re tshwanetseng go e dira mo lefatsheng lotlhe re kaelwa ke Keresete.

Tiro e e Dirwang mo Lefatsheng Lotlhe

6, 7. Tiro ya go rera ka Bogosi e ntse e gatela pele jang mo metlheng ya bofelo?

6 Tiro e batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetseng  go e dira e ne ya bolelelwa pele e le karolo ya sesupo se se dikarolo dintsi se se bontshang gore re mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo. Jesu o ne a tlhalosa tiro eno e e dirwang mo lefatsheng lotlhe fa a ne a balolola dilo tse di farologaneng tse di neng di tla diragala mo motlheng wa bofelo. Boporofeti jwa gagwe bo ne bo na le mafoko ano a botlhokwa: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Math. 24:14.

7 Akanya ka dintlha dingwe tse di amanang le karolo eo ya boporofeti jwa ga Jesu. Palo ya batho ba ba bolelang dikgang tse di molemo e ne e le nnye thata fa metlha ya bofelo e ne e simolola ka 1914. Jaanong palo eo e setse e oketsegile fela thata. Go na le Basupi ba ga Jehofa ba feta 7 000 000 ba ba rerang mo lefatsheng lotlhe ba ba mo diphuthegong di feta 100 000. Batho ba bangwe ba le 10 000 000 ba ne ba kopanela le Basupi ba ga Jehofa ka 2008 mo Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. Palo eo e ne e oketsegile thata fa e bapisiwa le palo ya batho ba ba neng ba tlile mo ngwageng wa pele ga oo.

8. Ke ka ntlha yang fa tiro ya go rera e ntse e atlega le fa go na le kganetso?

8 Ruri go newa bosupi jo bogolo tota ka ga Bogosi jwa Modimo mo ditšhabeng tsotlhe pele bokhutlo jwa tsamaiso eno bo tla! Seno se a direga le fa Satane e le “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Bakor. 4:4) Ke ene a tlhotlheletsang dikarolo tsotlhe tsa lefatshe leno tsa bopolotiki, tsa bodumedi le tsa kgwebo mmogo le metswedi ya tsone ya tshedimosetso. Mme ke eng se se dirang gore tiro eno ya go rera e atlege ka tsela e e gakgamatsang jaana? E tshwanetse ya bo e le thuso ya ga Jehofa. Ka jalo tiro ya go rera ka Bogosi e tswelela pele sentle le fa Satane a ntse a leka go e emisa.

9. Ke ka ntlha yang fa go atlega ga rona semoyeng go ka tlhalosiwa e le kgakgamatso?

9 Tsela e tiro ya go rera ka Bogosi e atlegang ka yone le tsela e batho ba ga Jehofa ba ntseng ba oketsega e bile ba atlega semoyeng ka yone e ka tlhalosiwa go twe ke kgakgamatso. Fa e ne e se ka thuso ya Modimo, e e akaretsang go kaela batho ba gagwe le go ba sireletsa, tiro ya go rera e ne e ka se kgonege. (Bala Mathaio 19:26.) Re ka tlhomamisega gore fa moya o o boitshepo wa Modimo o ntse o dira mo dipelong tsa batho ba ba  thantseng ba ba iketleeditseng go mo direla, tiro eno ya go rera e tla tswelela pele e dirwa go fitlha e wela ka katlego, “mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” Nako eo e ntse e atamela ka bofefo.

“Pitlagano e Kgolo”

10. Jesu o ne a tlhalosa jang pitlagano e kgolo e e tlang?

10 Tsamaiso eno e e boikepo e tla fela ka nako ya se se bidiwang ‘pitlagano e kgolo.’ (Tshen. 7:14) Baebele ga e re bolelele gore pitlagano eo e tla tsaya lobaka lo lo kae, mme Jesu o rile: “Ka nako eo go tla nna le pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e nna gone gape.” (Math. 24:21) Fa re akanya ka pitlagano e lefatshe leno le setseng le nnile le yone, jaaka ka Ntwa ya Lefatshe II fa go ne go swa batho ba go fopholediwang gore ba ka nna dimilione di le 50 go ya go 60, pitlagano e kgolo e e tlang e tla bo e boitshega tota. E tla fitlha kwa konelong ya yone ka ntwa ya Haramagedona. Ka nako eo Jehofa o tla golola masomosomo a gagwe a a diragatsang katlholo gore a senye sengwe le sengwe se se amanang le tsamaiso ya ga Satane e e mo lefatsheng.—Tshen. 16:14, 16.

11, 12. Ke tiragalo efe e e tla bontshang gore pitlagano e kgolo e a simolola?

11 Boporofeti jwa Baebele ga bo bolele gore karolo ya ntlha ya pitlagano e kgolo e tla simolola ka letsatsi lefe, mme gone e re bolelela gore ke tiragalo efe e e sa tlwaelegang e e tla bontshang gore pitlagano e kgolo e a simolola. Tiragalo eo e tla nna go senngwa ga bodumedi jotlhe jwa maaka ke mebuso ya bopolotiki. Mo boporofeting jwa Baebele jo bo fitlhelwang mo go Tshenolo kgaolo 17 le 18, bodumedi jwa maaka bo tshwantshiwa le seaka se se akafetseng le ditsamaiso tsa bopolotiki tsa lefatshe. Tshenolo 17:16 e bontsha gore go setse go le gaufi gore go tle nako e ka yone ditsamaiso tseno tsa bopolotiki di tla “tlhoa[ng] seaka mme di tla se senya di bo di se dira se se sa ikategang, mme di tla ja dikarolo tsa sone tse di dinama di di fetsa di [bo] di se ja ka molelo gotlhelele.”

12 Fa go tla nako ya gore seo se diragale, Modimo o tla ‘go tsenya mo dipelong tsa [babusi ba bopolotiki] gore ba diragatse kakanyo ya gagwe’ ya go senya bodumedi jotlhe jwa maaka. (Tshen. 17:17) Ka jalo go ka twe bo tla bo bo senngwa ke Modimo. Ke yone katlholo ya gagwe kgatlhanong le bodumedi jwa boitimokanyi jo bo sa bolong go nna bo ruta dithuto tse di sa tsamaisaneng le thato ya Modimo e bile bo bogisa batlhanka ba gagwe. Lefatshe ka kakaretso ga le itse gore bodumedi jwa maaka bo tlile go senngwa. Mme batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa bone ba a itse. E bile ba ntse ba bolelela batho ka tshenyego eno mo metlheng eno ya bofelo.

13. Ke eng se se bontshang gore bodumedi jwa maaka bo tla fedisiwa ka bofefo thata?

13 Batho ba tla gakgamala thata go bona bodumedi jwa maaka bo senngwa. Boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore tota le bangwe ba “dikgosi tsa lefatshe” ba tlile go bolela jaana ka tshenyego eo: “Ijoo, ijoo wee, . . . ka gonne katlholo ya gago e gorogile mo nakong e le nngwe!” (Tshen. 18:9, 10, 16, 19) Lebaka la go bo Baebele e dirisa mafoko a a reng “mo nakong e le nngwe” le bontsha gore tiragalo eno e tla diragala ka bofefo thata.

14. Fa kwa bofelong baba ba ga Jehofa ba tlhasela batlhanka ba gagwe, Modimo o tla dira eng ka seo?

14 Re tlhaloganya gore morago ga nako e e rileng bodumedi jwa maaka bo sena go senngwa, go tla tlhaselwa batlhanka ba ga Jehofa, ba ba ntseng ba bolela melaetsa ya gagwe ya katlholo. (Esek. 38:14-16) Fa tlhaselo eo e simolola, batho ba ba tlhaselang ba tla tshwanelwa ke go lebagana le Jehofa, yo o solofetsang gore o tla sireletsa batho ba gagwe ba ba ikanyegang. Jehofa o bolela  jaana: “Ke tla bua mo tlhoafalong ya me, mo molelong wa tšhakgalo ya me. . . . Mme ba tla itse gore ke nna Jehofa.” (Bala Esekiele 38:18-23.) Modimo o bolela jaana mo Lefokong la gagwe: “Yo o lo amang [batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang] o ama thaka ya leitlho la me.” (Seka. 2:8) Ka jalo fa baba ba ga Jehofa ba simolola go tlhasela batlhanka ba gagwe mo lefatsheng lotlhe, o tla dira sengwe ka gone. O tla tsaya kgato, mme seo se tla felela ka karolo ya bofelo ya pitlagano e kgolo—e konelo ya yone e leng Haramagedona. Keresete o tla laela masomosomo a a maatla a baengele gore ba diragatse dikatlholo tsa ga Jehofa mo lefatsheng la ga Satane.

Kafa re Tshwanetseng go Amega ka Teng

15. Go itse gore tsamaiso eno e gaufi le go fela go tshwanetse ga re ama jang?

15 Go itse gore tsamaiso eno e e boikepo e gaufi le go fela go tshwanetse ga re ama jang? Moaposetoloi Petere o ne a kwala a re: “E re ka dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa nyerologa jalo, ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo.” (2 Pet. 3:11) Mafoko ao a gatelela kafa go leng botlhokwa ka teng gore re nne re iketse tlhoko thata gore boitshwaro jwa rona bo tsamaisana le se Modimo a se batlang le gore mo matshelong a rona re dira ditiro tsa boineelo jwa bomodimo, tse di bontshang kafa re ratang Jehofa ka teng. Ditiro tseo di akaretsa go dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi pele bokhutlo bo tla. Gape Petere o ne a kwala jaana: “Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. . . . Lo nne lo thantse malebana le dithapelo.” (1 Pet. 4:7) Re atamalana le Jehofa le go mmontsha gore re a mo rata ka go mo rapela ka metlha, re mo kopa gore a re kaele ka moya wa gagwe o o boitshepo le ka phuthego ya gagwe ya lefatshe lotlhe.

16. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go latela kgakololo ya Modimo thata?

16 Mo metlheng eno e e kotsi, re tshwanetse go latela kgakololo eno ya Lefoko la Modimo thata: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng, ka gonne malatsi a bosula.” (Baef. 5:15, 16) Gone jaanong boikepo bo atile go feta le fa e le leng pele mo hisitoring. Satane o dirile dilo tse dintsi go thibela batho gore ba se ka ba dira thato ya ga Jehofa kgotsa go ba itaya tsebe fela. Rona batlhanka ba Modimo re a itse gore Satane o dirang, mme ga re batle go letla sepe se fokotsa boikanyegi jwa rona mo Modimong. Gape re itse gore ke eng se se tla tlogang se diragala, mme re ikanya Jehofa le maikaelelo a gagwe.—Bala 1 Johane 2:15-17.

17. Tlhalosa kafa batho ba ba falotseng Haramagedona ba tla itshwarang ka teng fa baswi ba tsosiwa.

17 Tsholofetso e e molemolemo e Modimo a e dirileng gore o tla tsosa baswi e tla diragala, gonne “go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Dit. 24:15) Ela tlhoko kafa tsholofetso eno e tlhomameng ka teng: “Go tlile go nna le tsogo”! Seo ga se belaetse ka gonne Jehofa ke ene a buileng! Isaia 26:19 e solofetsa jaana: “Baswi ba gago ba tla tshela. . . . Tsogang lo goe ka boipelo, lona banni ba ba mo loroleng! . . . Lefatshe le tla letla le ba ba se nang maatla mo losong gore ba tsholwe.” Mafoko ao a ne a diragadiwa lekgetlho la ntlha fa batho ba Modimo ba bogologolo ba ne ba busediwa kwa nageng ya gabone, mme seo se re tlhomamisetsa gore ruri a tla diragadiwa ka tsela ya mmatota mo lefatsheng le lesha. A bo go tla nna le boitumelo jo bogolo jang fa ba ba tsosiwang ba boa ba kopana gape le baratiwa ba bone! Ee, go setse go le gaufi gore lefatshe la ga Satane le fele, mme lefatshe le lesha la Modimo le gaufi. A bo go le botlhokwa jang ne gore re nne re thantse!

A o A Gakologelwa?

• Kgangkgolo e Jesu a neng a ruta batho ka yone e ne e le eng?

• Tiro ya go rera ka Bogosi e aname go le kana kang gompieno?

• Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne re thantse?

• Ke eng se o fitlhelang se kgothatsa ka tsholofetso e e mo go Ditiro 24:15?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

 MOTLHA WA TOBEKANO WA SIMOLOLA

Setlhogo sa buka nngwe e e kwadilweng ka 2007 ke Alan Greenspan sa re The Age of Turbulence: Adventures in a New World [Motlha wa Tobekano: Ditiragalo Tsa Lefatshe le Lesha]. Greenspan o ne a fetsa dingwaga di ka nna 20 e le modulasetulo wa United States Federal Reserve Board, e leng lekgotla le le okametseng tsamaiso yotlhe ya dibanka mo nageng eo. Mo bukeng ya gagwe, o tlhalosa pharologano e kgolo fa gare ga seemo sa lefatshe pele ga 1914 le morago ga foo:

“Go ya ka dipego tsotlhe tsa pele ga 1914, mo lefatsheng la motlha oo go ne go lebega batho le ditšhaba di tswelela pele di tlhabologa le go dirisana sentle ka selekanyo se se kwa godimo; seemo sa batho se ne se tokafala mo se neng se lebega se tla fitlha mo seemong sa go tlhoka mathata. Kgwebo e e sa siamang ya go gweba ka makgoba e ne e fedile mo lekgolong la bo19 la dingwaga. Thubakanyo e e tlontlololang batho e ne e lebega e fokotsega. . . . Go ne go tlhamilwe dilo tse dintsi tse disha mo lefatsheng mo lekgolong la bo19 la dingwaga tse di jaaka diporo, thelefouno, motlakase, bobogelo jwa dibaesekopo, dikoloi le didirisiwa tse di mosola tsa mo gae tse dintsi thata gore re ka di balolola. Batho ba ne ba kgona go tshela lobaka lo loleele go feta pele ka ntlha ya saense ya tsa kalafi, dijo tse di botoka, le thulaganyo ya go dira gore batho botlhe ba kgone go nna le metsi a a siametseng go nowa . . . Batho botlhe ba ne ba akanya gore dilo di ne di tla tswelela pele di tokafala fela jalo.”

Mme le fa go ntse jalo . .  “Ntwa ya Lefatshe I e ne ya senya botho jwa batho le go tlhabologa ga batho go feta Ntwa ya Lefatshe II e e neng ya bolaya batho ba bantsi thata go feta ya ntlha: ntwa ya ntlha e ne ya fedisa kgopolo e batho ba neng ba na le yone. Ga ke lebale tsela e batho ba neng ba akanya ka yone mo dingwageng tsele tsa pele ga Ntwa ya Lefatshe I, fa isagwe ya batho e ne e lebega e phatsima e bile e ka se kgorelediwe ke sepe. Gompieno re leba dilo ka tsela e e farologaneng gotlhelele le e re neng re di leba ka yone mo lekgolong la dingwaga le le fetileng, mme gongwe jaanong re di leba ka tsela e e tsamaisanang le se tota se diragalang. A motlha wa gompieno o mo go one lefatshe le dirwang seoposengwe ka tsela e e tokafatsang matshelo a batho o tla senngwa ke borukhutlhi, go gotela ga moya o o mo loaping kgotsa tsela e batho ba maemo a a kwa tlase ba ntseng ba nna le ditshwanelo tse di oketsegileng ka yone, fela jaaka motlha o o ntseng jaana wa nako e e fetileng o ne wa senngwa ke Ntwa ya Lefatshe I? Ga go ope yo o ka arabang potso eo a tlhomamisegile.”

Greenspan o ne a gopola mafoko a a a utlwileng a sa ntse a le kwa yunibesithing a ga Benjamin M. Anderson, Porofesa wa Thutaikonomi (1886-1949) fa a ne a re: “Batho ba ba godileng gore ba ka gopola le go tlhaloganya gore lefatshe le ne le ntse jang pele ga Ntwa ya Lefatshe I ba tlhologelelwa lefatshe la nako eo thata. Ka nako eo batho ba ne ba ikutlwa ba sireletsegile ka tsela e ba iseng ba tsamaye ba ikutlwe ba sireletsegile ka yone morago ga foo.”—Economics and the Public Welfare.

Buka ya A World Undone [Lefatshe le Senyegile], ya ga G. J. Meyer e e gatisitsweng ka 2006, le yone e bua se se tshwanang. Ya re: “Gantsi fa go buiwa ka dilo tse di diragetseng mo hisitoring gatwe di ‘fetotse sengwe le sengwe.’ Gantsi go a bo go se boammaaruri, mme Ntwa e Kgolo [1914-1918] yone e dirile fela jalo. Ntwa eo ruri e fetotse sengwe le sengwe: e seng melelwane fela, e seng dipuso fela le se se tla diragalang ka ditšhaba, mme e fetotse le tsela e batho ba lebang lefatshe ka yone le e bone ba itebang ka yone fa e sale ka nako eo. E ne ya dira gore tsela e lefatshe le neng le le ka yone pele ga ntwa e farologane gotlhelele le tsela e le neng la nna ka yone morago ga yone.”

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ka Haramagedona, Jehofa o tla golola masomosomo a gagwe a a maatla a baengele