Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna o Tlhomile Matlho mo Tuelong

Nna o Tlhomile Matlho mo Tuelong

 Nna o Tlhomile Matlho mo Tuelong

“Ke latelela go ya fela kwa mokgeleng go tsaya tuelo.”—BAFIL. 3:14.

1. Moaposetoloi Paulo o ne a solofeditswe tuelo ya eng?

MOAPOSETOLOI Paulo, yo gape a bidiwang Saulo wa Tareso, o ne a tswa mo lelapeng la maemo. Morutisi yo o itsegeng wa Molao e bong Gamaliele ke ene a neng a mo ruta bodumedi jwa bagologolwane ba gagwe. (Dit. 22:3) Paulo o ne a ka nna le tiro e go neng go tsewa e le tiro ya maemo; mme o ne a tlogela bodumedi jwa gagwe a bo a nna Mokeresete. Go tswa foo o ne a leba pele kwa tuelong e a neng a e solofeditswe ya botshelo jo bo sa khutleng—tuelo ya go nna kgosi le moperesiti yo o sa sweng mo Bogosing jwa Modimo jwa kwa legodimong. Bogosi joo bo tla busa lefatshe la paradaise.—Math. 6:10; Tshen. 7:4; 20:6.

2, 3. Paulo o ne a tsaya tuelo ya go tshela kwa legodimong e le botlhokwa go le kana kang?

2 Paulo o ne a bolela jaana a bontsha kafa a tsayang tuelo eno e le botlhokwa ka teng: “Dilo le fa e le dife tse e neng e le dipoelo mo go nna, ke di tsere e le tatlhegelo ka ntlha ya ga Keresete. Aitsane, ka ntlha ya seo, eleruri gape ke tsaya dilo tsotlhe e le tatlhegelo ka ntlha ya mosola o mogolo thata wa kitso ya ga Keresete Jesu Morena wa me. Ka ntlha ya gagwe ke amogetse go latlhegelwa ke dilo tsotlhe mme ke di tsaya e le matlakala a mantsi.” (Bafil. 3:7, 8) Dilo tse bontsi jwa batho ba di tsayang di le botlhokwa—maemo, khumo, tiro e motho a e dirang, go tseelwa kwa godimo—Paulo o ne a di tsaya e le matlakala fa a sena go ithuta boammaaruri ka ga boikaelelo jwa ga Jehofa ka batho.

3 Go tloga ka nako eo, se Paulo a neng a se tsaya se le botlhokwa e ne e le go nna le kitso e e tlhwatlhwakgolo ka ga Jehofa le Keresete, e leng kitso e Jesu a neng a rapela Modimo jaana ka yone: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Joh. 17:3) Mafoko a ga Paulo a a kwadilweng mo go Bafilipi 3:14 a bontsha kafa a neng a eletsa thata ka teng go bona botshelo jo bo sa khutleng: “Ke latelela go ya fela kwa mokgeleng go tsaya tuelo ya pitso ya kwa godimo ya Modimo ka Keresete Jesu.” Ee, o ne a tlhomile matlho mo tuelong ya go tshelela ruri kwa magodimong e le mongwe wa babusi mo pusong ya Bogosi jwa Modimo.

Go Tshelela Ruri mo Lefatsheng

4, 5. Batho ba bantsintsi ba ba dirang thato ya Modimo gompieno ba solofediwa tuelo efe?

4 Bontsi jwa batho ba ba tlhophang go dira thato ya Modimo ba na le tuelo e ba tshwanetseng go dira ka natla gore ba e bone, e leng tuelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la Modimo. (Pes. 37:11, 29) Jesu o ne a tlhomamisa gore tsholofelo eno e tla diragadiwa. O ne a re: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Math. 5:5) Jesu ka boene o tla nna moruaboswa yo mogolo wa lefatshe la rona, jaaka Pesalema 2:8 e bontsha, mme o tla bo a na le babusimmogo le ene ba le 144 000 kwa legodimong. (Dan. 7:13, 14, 22, 27) Batho ba sekadinku ba tota ba tla tshelang mo lefatsheng ba tla “rua” karolo e e mo lefatsheng ya Bogosi ‘jo ba bo baakanyeditsweng go tloga fa e sa le lefatshe le thaiwa.’ (Math. 25:34, 46) Mme re tlhomamisegile gore dilo tseno tsotlhe di tla diragala ka gonne Modimo yo o solofeditseng seo, ‘a ka se ka a aka.’ (Tito 1:2) Re ka tlhomamisega gore ditsholofetso tsa Modimo di tla diragala fela jaaka Joshua a ne a tlhomamisegile fa a ne a raya Baiseraele a re: “Ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela. Ga go na le fa le le lengwe la one le le sa diragalang.”—Josh. 23:14.

5 Botshelo mo lefatsheng la Modimo le lesha bo tla bo bo sa tshwane le botshelo jwa gompieno jo bo sa itumediseng. Bo tla bo bo farologane le  jone gotlhelele: go tla bo go se na dintwa, bokebekwa, lehuma, go tlhoka tshiamiso, bolwetse le loso. Ka nako eo batho ba tla bo ba na le botsogo jo bo itekanetseng e bile ba tshela mo lefatsheng le le fetotsweng go nna paradaise. Botshelo joo bo tla bo bo itumedisa e bile bo kgotsofatsa thata go feta ka fa re ka akanyang ka teng. Ee, ka nako eo, letsatsi lengwe le lengwe le tla bo le itumedisa thata. A tuelo e e molemo jang ne!

6, 7. (a) Jesu o ne a bontsha jang se re ka solofelang gore se direge mo lefatsheng la Modimo le lesha? (b) Tota le batho ba ba tla bong ba tsositswe ba tla newa jang tshono ya go simolola botshelo sesha?

6 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa mo naya maatla a go dira dilo tse di bontshang mefuta ya dilo tse di itumedisang tse di tla diragalang mo lefatsheng le lesha. Ka sekai, Jesu o ne a raya monna mongwe yo o neng a sule mhama ka dingwaga di le 38 a re a eme a tsamaye. Baebele ya re monna yono o ne a dira fela jalo. (Bala Johane 5:5-9.) Ka lekgetlho le lengwe, Jesu o ne a bona “monna mongwe yo o neng a foufetse fa e sa le a tsholwa” mme a mo fodisa. Moragonyana, fa monna yono yo pele a neng a foufetse a ne a bodiwa kaga Ene yo o neng a mo fodisitse, o ne a araba a re: “Go tswa bogologolong ga go ise go ke go utlwiwe gore mongwe o butse matlho a motho yo o tsetsweng a le sefofu. Fa monna yono a ne a sa tswe kwa Modimong, o ne a ka se ka a dira sepe ka gope.” (Joh. 9:1, 6, 7, 32, 33) Jesu o ne a kgona go dira dilo tseno tsotlhe ka gonne Modimo o ne a mo neile maatla. Gongwe le gongwe kwa Jesu a neng a ya teng, o ne a “fodisa ba ba tlhokang kalafi.”—Luke 9:11.

7 Jesu o ne a sa kgone go fodisa balwetse le digole fela, mme o ne a kgona le go tsosa baswi. Ka sekai, mosetsana mongwe wa dingwaga tse 12 o ne a swa mme seo sa hutsafatsa batsadi ba gagwe fela thata. Mme Jesu o ne a re: “Morweetsana, ke a go raya, Tsoga!” Mme a tsoga! A o ka akanya fela gore batsadi ba mosetsana yoo le ba bangwe ba ba neng ba le foo ba ne ba ikutlwa jang? (Bala Mareko 5:38-42.) Mo lefatsheng la Modimo le lesha, go tla nna le “boitumelo” jo bogolo fa batho ba bantsintsi ba tla bo ba tsosiwa, gonne “go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Dit. 24:15; Joh. 5:28, 29) Batho bano ba tla newa tshono ya go simolola botshelo sesha, ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri go tloga ka nako eo, go ya bosakhutleng.

8, 9. (a) Ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, go tla diragala eng ka boleo jo re bo ruileng mo go Adame? (b) Batho ba ba tsositsweng ba tla atlholwa go ya ka eng?

8 Batho ba ba tsosiwang ba tla fiwa sebaka sa gore ba tshele gape. Ga ba na go atlholelwa maleo a ba a dirileng pele ba swa. (Bar. 6:7) Mo Pusong ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, fa batho ba ntse ba solegelwa molemo ke setlhabelo sa thekololo, babusiwa ba ba kutlo ba Bogosi ba tla itekanela ka iketlo, mme kgabagare ditlamorago tsotlhe tsa boleo jwa ga Adame di tla fela mo go bone. (Bar. 8:21) “Ruri [Jehofa] o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.” (Isa. 25:8) Gape Lefoko la Modimo la re “dikwalo tsa momeno [di tla] bulwa,” se se kayang gore batho ba ba tla bong ba tshela ka nako eo ba tla newa tshedimosetso e ntšha. (Tshen. 20:12) Fa lefatshe le ntse le fetolwa go nna paradaise, “banni ba naga e e ungwang ruri ba tla ithuta tshiamo.”—Isa. 26:9.

9 Batho ba ba tsositsweng ga ba ne ba atlholelwa boleo jo ba bo ruileng mo go Adame, mme ba tla atlholelwa se bone ba tlhophang go se dira. Tshenolo 20:12 ya re: “Baswi ba ne ba atlholwa go ya ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong tseno tsa momeno go ya ka ditiro tsa bone,” ke gore, ditiro tse ba di dirileng ba sena go tsosiwa. A bo seo e le sekao se se molemo jang ne sa tshiamiso, kutlwelobotlhoko le lorato lwa ga Jehofa! Mo godimo ga moo, dilo tse di utlwisang botlhoko tse di ba diragaletseng mo botshelong jo ba neng ba bo tshela mo lefatsheng leno le legologolo “ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” (Isa. 65:17) E re ka ba tla bo ba na le tshedimosetso e ntšha e e kgothatsang e bile botshelo jwa bone bo tletse ka dilo tse di molemo, ba ka se tlhole ba ngomolwa pelo ke dilo tse di bosula tsa nako e e fetileng. Ba tla kgona go lebala ka ditiragalo tseo tse di fetileng. (Tshen. 21:4) Go tla nna fela jalo ka “boidiidi jo bogolo” jo bo tla falolang Haramagedona.—Tshen. 7:9, 10, 14.

10. (a) Botshelo bo tla bo bo ntse jang mo lefatsheng la Modimo le lesha? (b) Ke eng se o ka se dirang go go thusa go nna o tlhomile matlho mo tuelong?

10 Mo lefatsheng la Modimo le lesha, batho ba  ka se tlhole ba lwala kgotsa ba swa. “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isa. 33:24) Kwa bofelong, banni ba lefatshe le lesha ba tla tsoga moso le moso ba itekanetse ka botlalo, ba lebile pele ka boitumelo kwa letsatsing le lengwe le le monate. Ba tla nna ba lebile pele go dira tiro e e kgotsofatsang le go dirisana le batho ba ba amegang tota ka bone. Botshelo jo bo ntseng jalo ke tuelo e e molemo eleruri! A o ka bula Baebele ya gago mo dipolelelopeleng tse di mo go Isaia 33:24 le 35:5-7? Fa o ntse o di bala leka go ipona o le koo ka leitlho la mogopolo. Seo se tla go thusa go tlhoma matlho a gago mo tuelong.

Go Faposa Matlho mo Tuelong

11. Tlhalosa kafa puso ya ga Solomone e neng ya simolola sentle ka teng.

11 Fa re setse re ithutile ka tuelo eno, re tshwanetse go leka ka tlhoafalo gore re nne re tlhomile matlho mo go yone ka gonne re ka iphitlhela re fapositse matlho mo go yone. Ka sekai, fa Solomone a ne a nna kgosi ya Iseraele wa bogologolo, o ne a rapela Modimo ka boikokobetso gore a mo neye tlhaloganyo le temogo gore a kgone go atlhola batho ba Gagwe sentle. (Bala 1 Dikgosi 3:6-12.) Baebele ya re ka ntlha ya seo, “Modimo [o ne a tswelela] a naya Solomone botlhale le tlhaloganyo ka selekanyo se segolo thata.” Ee ruri, “botlhale jwa ga Solomone bo ne bo le bogolo go gaisa botlhale jwa botlhe ba Botlhaba le go gaisa botlhale jotlhe jwa Egepeto.”—1 Dikg. 4:29-32.

12. Jehofa o ne a tlhagisa jang batho ba ba neng ba tla nna dikgosi kwa Iseraele?

12 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a setse a kile a tlhagisa gore motho ope yo o nnang kgosi “a se ka a ikokeletsa dipitse” le gore “a se ka a ikokeletsa basadi, gore pelo ya gagwe e se ka ya fapoga.” (Dute. 17:14-17) Fa kgosi e ne e ka ikokeletsa dipitse, seo se ne se tla bontsha gore e ikantse maatla a sesole sa yone go sireletsa setšhaba, go na le go ikanya Jehofa, Mosireletsi. Mme go ikokeletsa basadi go ne go tla nna kotsi ka gonne bangwe ba bone ba ne ba ka tswa e le ba ditšhaba tse di fa gaufi tsa baheitane tse di neng di latela kobamelo ya maaka, mme basadi bao ba ne ba ka faposa kgosi mo kobamelong ya boammaaruri ya ga Jehofa.

13. Solomone o ne a faposa matlho jang mo go se a neng a se neilwe?

 13 Solomone ga a ka a tsaya ditlhagiso tseo tsia. Go na le moo, o ne a dira sone se Jehofa a neng a buile ka tlhamalalo gore dikgosi di se ka tsa se dira. O ne a ikokoanyetsa diketekete tsa dipitse le bapalami ba tsone. (1 Dikg. 4:26) Gape o ne a nna le basadi ba le 700 le bagadingwana ba le 300, bontsi jwa bone e le ba ditšhaba tse di fa gaufi tsa baheitane. Basadi bano “ba ne ba [faposa] pelo ya gagwe gore e sale medimo e sele morago; mme pelo ya gagwe e ne ya se ka ya itshupa e feletse mo go Jehofa.” Solomone o ne a inaakanya le kobamelo e e makgapha ya maaka ya ditšhaba tsa baheitane e e neng e tlile ka basadi ba gagwe ba ditšhaba di sele. Ka ntlha ya seo, Jehofa o ne a bolela gore ‘ruri o ne a tla gagolaka bogosi a bo ntsha’ mo go Solomone.—1 Dikg. 11:1-6, 11.

14. Go tlhoka kutlo ga ga Solomone le ga setšhaba sa Iseraele go ne ga felela ka eng?

14 Solomone o ne a sa tlhole a tlhomile matlho mo tshiamelong ya botlhokwa e a neng a na le yone ya go emela Modimo wa boammaaruri. Kgosi eno e ne ya tsena ka tlhogo mo kobamelong ya maaka. Fa nako e ntse e ya, setšhaba sotlhe se ne sa tlhanogela Modimo mme ga felela ka gore se senngwe ka 607 B.C.E. Le fa kgabagare Bajuda ba ile ba boela mo kobamelong ya boammaaruri, Jesu o ne a bua jaana makgolo a dingwaga moragonyana: “Bogosi jwa Modimo bo tla tsewa mo go lona bo bo bo newa setšhaba se se ungwang maungo a jone.” Go ne ga direga fela jalo. Jesu o ne a re: “Bonang! Ntlo ya lona e tlogeletswe lona.” (Math. 21:43; 23:37, 38) Setšhaba seno se ne sa latlhegelwa ke tshiamelo e kgolo ya go emela Modimo wa boammaaruri ka gonne ga se a ka sa ikanyega. Ka 70 C.E., mephato ya Roma e ne ya ripitla Jerusalema le tempele, mme Bajuda ba le bantsi ba ba neng ba setse ba ne ba nna makgoba.

15. Naya dikai tsa banna ba ba ileng ba faposa matlho mo go se e leng sa botlhokwa tota.

15 Judase Isekariota e ne e le mongwe wa baaposetoloi ba ba 12 ba ga Jesu. Judase o ne a utlwa dithuto tse di molemo tsa ga Jesu a ba a bona dikgakgamatso tse a neng a di dira ka thuso ya moya o o boitshepo wa Modimo. Mme Judase ga a ka a dibela pelo ya gagwe. O ne a neilwe letlole la madi a ga Jesu le baaposetoloi ba ba 12 gore a le tlhokomele. Mme o “ne a le legodu e bile . . . a tshola letlole la madi mme [o] ne a tle a tseye madi a a tsentsweng mo go lone.” (Joh. 12:6) O ne a nna pelotshetlha mo a neng a loga leano a na le baperesiti ba bagolo ba baitimokanyi gore a rekise Jesu ka dipapetla tsa selefera di le 30. (Math. 26:14-16) Motho yo mongwe yo o neng a faposa matlho mo tuelong ke Demase, yo o neng a tsamaya le moaposetoloi Paulo. Demase ga a ka a dibela pelo ya gagwe. Paulo o ne a re: “Demase o ntatlhile ka gonne a ne a rata tsamaiso ya jaanong ya dilo.”—2 Tim. 4:10; bala Diane 4:23.

Se Mongwe le Mongwe wa Rona A ka Se Ithutang

16, 17. (a) Re lebane le kganetso e e maatla go le kana kang? (b) Ke eng se se ka re thusang go emelana le tlhaselo nngwe le nngwe ya ga Satane?

16 Batlhanka botlhe ba Modimo ba tshwanetse go akanya thata ka dikai tse di mo Baebeleng, ka gonne e re bolelela jaana: “Jaanong dilo tseno di ne tsa tswelela di ba diragalela e le dikao, mme di ne tsa kwalwa gore e nne tlhagiso mo go rona ba bokhutlo jwa ditsamaiso tseno tsa dilo bo gorogileng mo go rona.” (1 Bakor. 10:11) Gompieno re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo.—2 Tim. 3:1, 13.

17 Satane Diabolo, “modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” o itse gore o saletswe ke “lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (2 Bakor. 4:4; Tshen. 12:12) O tla dira sotlhe se a ka se kgonang go raela batlhanka ba ga Jehofa gore ba se ka ba ikanyega jaaka Bakeresete. Satane o laola lefatshe leno, go akaretsa metswedi ya lone ya tshedimosetso. Le fa go ntse jalo, batho ba ga Jehofa ba na le sengwe se se maatla le go feta—“maatla a a fetang a a tlwaelegileng.” (2 Bakor. 4:7) Re ka ikanya maatla ano a re a fiwang ke Modimo gore a re thuse go emelana le  tlhaselo nngwe le nngwe ya ga Satane. Ka jalo, re rotloediwa gore re rapele ka metlha, re tlhomamisegile gore Jehofa o tla “naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang.”—Luke 11:13.

18. Re tshwanetse ra leba jang lefatshe la gone jaanong?

18 Gape re kgothadiwa ke go itse gore tsamaiso yotlhe ya ga Satane e tla tloga e senngwa mme Bakeresete ba boammaaruri ba tla falola. “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Joh. 2:17) Ka ntlha ya seo, ruri go tla bo go se botlhale gore mongwe wa batlhanka ba Modimo a akanye gore mo tsamaisong ya gone jaanong ya dilo go na le sengwe se se ka nnang le mosola o o nnelang ruri go feta kamano ya gagwe le Jehofa! Lefatshe leno le le laolwang ke Satane le tshwana le sekepe se se nwelang. Jehofa o neile batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang phuthego ya Bokeresete gore e ba namole jaaka mokoro o o falotsang batho ba ba nwelang. Fa ba ntse ba ya ba lebile lefatshe le lesha, ba ka ikanya tsholofetso eno: “Badirabosula ka bobone ba tla kgaolwa, mme ba ba solofetseng mo go Jehofa ke bone ba ba tla ruang lefatshe.” (Pes. 37:9) Ka jalo, nna o tlhomile matlho mo tuelong eno e e molemolemo!

A o A Gakologelwa?

• Paulo o ne a ikutlwa jang ka tuelo e a neng a e solofeditswe?

• Ba ba tlileng go tshelela ruri mo lefatsheng ba tla atlholwa go ya ka eng?

• Go tla bo go le botlhale gore o dire eng gone jaanong?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Fa o bala dipego tse di mo Baebeleng, a o kgona go ipona ka leitlho la mogopolo o newa tuelo?