Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dira Gore Mafoko a ga Jesu a Tlhotlheletse Tsela e o Dirang Dilo ka Yone

Dira Gore Mafoko a ga Jesu a Tlhotlheletse Tsela e o Dirang Dilo ka Yone

 Dira Gore Mafoko a ga Jesu a Tlhotlheletse Tsela e o Dirang Dilo ka Yone

“Yo Modimo o neng a mo romela o bua mafoko a Modimo.”—JOH. 3:34.

1, 2. Mafoko a Jesu a a buileng mo Therong ya kwa Thabeng a ka tshwantshiwa le eng, mme ke ka ntlha yang fa re ka re thero eno e ne e theilwe mo ‘mafokong a Modimo’?

NNGWE ya diteemane tse dikgolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa segwa ke teemane ya boleng jo bo kwa godimo thata e e bidiwang Star of Africa [Naledi ya Afrika]. Ruri ke leje le le tlhwatlhwakgolo! Mme mafoko a Jesu a neng a a bua mo Therong ya kwa Thabeng a a tshwanang le maje a a tlhwatlhwakgolo one a botlhokwa le go feta. Seo ga se gakgamatse ka gonne Keresete o ne a bua mafoko a a tswang kwa go Jehofa! Baebele e bolela jaana kaga Jesu: “Yo Modimo o neng a mo romela o bua mafoko a Modimo.”—Joh. 3:34-36.

2 Le fa Thero ya kwa Thabeng e ka tswa e neetswe ka lobaka lo lo kwa tlase ga sephatlo sa ura, e ne e nopola go tswa mo dibukeng tse robedi tsa Dikwalo Tsa Sehebera makgetlho a le 21. Ka jalo e ne e theilwe ka botlalo mo ‘mafokong a Modimo.’ Jaanong a re boneng gore re ka dirisa jang mangwe a mafoko a mantsi a a tlhwatlhwakgolo a a builweng mo therong eno e e neetsweng ka botswerere ke Morwa yo o rategang wa Modimo.

“Agisanya le Morwarraago Pele”

3. Fa Jesu a sena go tlhagisa barutwa ba gagwe ka ditlamorago tsa go galefa, o ne a ba naya kgakololo efe?

3 Rona Bakeresete re itumetse e bile re mo kagisong ka gonne re na le moya wa Modimo o o boitshepo, mme loungo lwa one lo akaretsa boipelo le kagiso. (Bagal. 5:22, 23) Jesu o ne a sa batle gore barutwa ba gagwe ba felelwe ke kagiso le boitumelo, ka jalo o ne a ba tlhagisa ka ditlamorago tse di  kotsi tsa go galefela ruri. (Bala Mathaio 5:21, 22.) Go tswa foo o ne a re: “Fa, he, o tlisa mpho ya gago kwa sebesong mme o gakologelwa o le koo gore morwarraago o na le sengwe kgatlhanong le wena, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso, mme o tsamaye; agisanya le morwarraago pele, go tswa foo, fa o boile, isa mpho ya gago tshupelo.”Math. 5:23, 24.

4, 5. (a) “Mpho” e Jesu a neng a bua ka yone mo go Mathaio 5:23, 24 e ne e le eng? (b) Go botlhokwa go le kana kang go agisanya le mokaulengwe yo o kgopisegileng?

4 “Mpho” e Jesu a neng a bua ka yone e ne e le sengwe le sengwe fela se se neng se ka isiwa e le tshupelo kwa tempeleng kwa Jerusalema. Ka sekai, ditlhabelo tsa diphologolo di ne di le botlhokwa ka gonne batho ba ga Jehofa ba ne ba ntsha ditlhabelo fa ba mo obamela. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a gatelela sengwe se se botlhokwa go feta ditlhabelo tseo—go agisanya le mokaulengwe yo o kgopisegileng pele o isetsa Modimo mpho.

5 Go “agisanya” go raya go letlana le motho yo mongwe. Ka jalo re ka ithuta eng mo mafokong ano a ga Jesu? Re ka ithuta gore tsela e re dirisanang le ba bangwe ka yone e ama kamano ya rona le Jehofa fela thata. (1 Joh. 4:20) Ee ruri, ditshupelo tse di neng di isediwa Modimo mo metlheng ya bogologolo di ne di se na mosola fa motho yo o di isang a sa tshware batho ba bangwe sentle.—Bala Mika 6:6-8.

Re Tshwanetse go Nna Boikokobetso

6, 7. Ke ka ntlha yang fa re tlhoka go nna boikokobetso gore re agisane le mokaulengwe yo re mo kgopisitseng?

6 Gantsi go agisana le mokaulengwe yo o kgopisegileng go ka bontsha gore re ikokobeditse go le kana kang. Batho ba ba ikokobeditseng ga ba nne manganga e bile ga ba tatalale le badumedi ka bone ba leka go emela se ba tsayang gore ke ditshwanelo tsa bone. Seo se ka dira gore go se ka ga nna monate—go tshwane le jaaka go kile ga nna mo gare ga Bakeresete kwa Korintha wa bogologolo. Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka boemo joo o ne a bua mafoko ano a a dirang gore motho a akanye: “Tota go raya go fenngwa ga lona gotlhelele go bo lo sekisana kwa dikgotlatshekelong. Ke ka ntlha yang fa bogolo lo sa iteseletse go fosediwa? Ke ka ntlha yang fa bogolo lo sa iteseletse go tsiediwa?”—1 Bakor. 6:7.

7 Jesu o ne a sa re re tshwanetse go ya kwa mokaulengweng wa rona fela go ya go mmontsha gore ke ene a leng phoso, e seng rona. Boikaelelo jwa rona e tshwanetse go nna go agisana le ene. Fa re batla go dira kagiso, re tshwanetse go tlhalosa maikutlo a rona sentle. Gape re tshwanetse go dumela gore motho yoo o utlwile botlhoko. Mme fa re le phoso, go ka nna molemo gore re ikope maitshwarelo ka boikokobetso.

‘Fa Leitlho la Gago la Moja le go Kgopisa’

8. Tlhalosa mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 5:29, 30 ka bokhutshwane.

8 Jesu o ne a naya kgakololo e e molemo malebana le boitsholo mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng. O ne a itse gore ditokololo tsa mmele wa rona o o sa itekanelang di ka re gogela mo kotsing. Ka jalo, Jesu o ne a re: “Jaanong, fa e le gore leitlho leo la gago la moja le a go kgopisa, le gonye mme o le  latlhele kgakala le wena. Gonne go molemo thata mo go wena gore o latlhegelwe ke e le nngwe ya ditokololo tsa gago go na le gore mmele otlhe wa gago o latlhelwe mo Gehena. Gape, fa e le gore seatla sa gago sa moja se a go kgopisa, se kgaole mme o se latlhele kgakala le wena. Gonne go molemo thata mo go wena gore o latlhegelwe ke e le nngwe ya ditokololo tsa gago go na le gore mmele otlhe wa gago o felele mo Gehena.”Math. 5:29, 30.

9. “Leitlho” kgotsa “seatla” sa rona se ka dira jang gore re ‘kgotšwe’?

9 “Leitlho” le Jesu a neng a bua ka lone le emela maatla kgotsa bokgoni jwa go tlhoma mogopolo wa rona mo sengweng, mme “seatla” se emela se re se dirang ka diatla tsa rona. Fa re se kelotlhoko, dikarolo tseo tsa mmele di ka dira gore re ‘kgotšwe’ mme re tlogele ‘go tsamaya le Modimo.’ (Gen. 5:22; 6:9) Ka jalo, fa re raelesega go se utlwe Jehofa, re tshwanetse go tsaya dikgato tse di gagametseng, jaaka e kete re ikgonya leitlho kgotsa re ikgaola seatla.

10, 11. Ke eng se se ka re thusang go tila boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?

10 Re ka ithiba jang gore matlho a rona a se ka a tlhomama mo dilong tse di amanang le boitsholo jo bo sa siamang? Monna yo o boifang Modimo e bong Jobe o ne a re: “Ke dirile kgolagano le matlho a me. Ka jalo nka ela kgarebane tlhoko jang?” (Jobe 31:1) Jobe e ne e le monna yo o nyetseng yo o neng a ititeile sehuba gore a se ka a tlola melao ya Modimo ya boitsholo. Re tshwanetse ra nna le boikutlo joo le fa re ka tswa re le mo lenyalong kgotsa re se mo lenyalong. Fa re batla go tila boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, re tshwanetse go kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo, o o dirang gore batho ba ba ratang Modimo ba nne boikgapo.—Bagal. 5:22-25.

11 Fa re batla go tila boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, re tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A ke letla matlho a me a dira gore ke kgatlhegele tshedimosetso ya boitsholo jo bo maswe e e tletsetletseng mo dibukeng, mo thelebisheneng kgotsa mo Internet?’ Gape a re gopoleng mafoko ano a ga morutwa Jakobe: “Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo; boleo le jone, fa bo sena go diragadiwa, bo tsala loso.” (Jak. 1:14, 15) E bile tota, fa motho ope yo o ineetseng mo Modimong a ‘nna a lebile’ motho wa bong bo sele a na le maikaelelo a go dira boitsholo jo bo sa siamang le ene, o tshwanetse go tsaya dikgato tse di gagametseng jaaka e kete o ikgonya leitlho a bo a le latlha.—Bala Mathaio 5:27, 28.

12. Ke kgakololo efe ya ga Paulo e e ka re thusang go lwantsha dikeletso tsa boitsholo jo bo sa siamang?

12 E re ka go se dirise diatla tsa rona sentle go ka felela ka gore re dire diphoso tse di masisi tsa go tlola melao ya ga Jehofa ya boitsholo, re tshwanetse go ititaya sehuba gore re nne re le phepa mo boitsholong. Ka jalo, re tshwanetse go ikobela kgakololo eno ya ga Paulo: “Bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana.” (Bakol. 3:5) Lefoko “bolayang” le gatelela dikgato tse di gagamatseng tse di tshwanetseng go tsewa go lwantsha dikeletso tsa boleo tsa boitsholo jo bo sa siamang.

13, 14. Ke ka ntlha yang fa go tila go akanya ka boitsholo jo bo sa siamang le go tila go bo dira go ka re thusa thata?

13 Motho a ka dumela go kgaolwa leoto kgotsa letsogo ke ba bongaka fa e le gore seo se ka thusa go boloka botshelo jwa gagwe. Go ‘latlha’ leitlho le seatla ka tsela ya tshwantshetso go ka re thusa thata gore re tile go akanya ka boitsholo jo bo sa siamang le go bo dira ka gonne seo se ka re bolaya semoyeng. Go nna re le phepa mo tlhaloganyong, mo boitsholong le semoyeng ke yone fela tsela ya go falola tshenyego ya bosakhutleng e e tshwantshediwang ke Gehena.

14 E re ka re ruile boleo le bosaitekanelang, re tshwanetse go tsaya matsapa gore re nne re le phepa mo boitsholong. Paulo o ne a re: “Ke itaya mmele wa me ke bo ke o tshwara jaaka motlhanka, gore fa ke sena go rerela ba bangwe, nna ka bonna ke se ka ka nna yo o sa amogelweng ka tsela nngwe.” (1 Bakor. 9:27) Ka jalo, a re ititeyeng sehuba gore re dirise kgakololo ya ga Jesu e e malebana le boitsholo, le ka motlha re sa itetle go dira dilo tse di bontshang go se anaanele setlhabelo sa gagwe sa thekololo.—Math. 20:28; Baheb. 6:4-6.

 “Itlwaetseng go Aba”

15, 16. (a) Jesu o ne a tlhoma jang sekao sa go aba? (b) Mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Luke 6:38 a kaya eng?

15 Jesu o rotloetsa moya wa go aba ka mafoko a gagwe le ka sekao sa gagwe se se molemolemo. O ne a bontsha bopelotshweu jo bogolo ka go tla mo lefatsheng a tla go thusa batho ba ba sa itekanelang. (Bala 2 Bakorintha 8:9.) Jesu o ne a ikamoga kgalalelo ya kwa legodimong ka go rata gore a tle mo lefatsheng e le motho a tla go ntshetsa batho ba ba leofileng botshelo jwa gagwe. Bangwe ba bone ba ne ba tla rua dikhumo kwa legodimong e le baruaboswa mmogo le ene mo Bogosing. (Bar. 8:16, 17) Mme ruri Jesu o ne a kgothaletsa batho go nna pelotshweu fa a ne a re:

16 “Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela. Ba tla tshela mo diropeng tsa lona selekanyo se se molemo, se papietswe, se tsikitleditswe e bile se penologa. Gonne ka selekanyo se lo lekanyang ka sone, le bone ba tla lo lekanyetsa ka sone.” (Luke 6:38) ‘Go tshela mo diropeng’ go kaya tlwaelo ya barekisi bangwe ba ba neng ba na le momeno o mokima mo seaparong sa bone sa kwa godimo, o o neng o bofiwa ka moitlamo go dira kgwatlha e dilwana di neng di ka tsenngwa mo go yone. Fa re itlwaeditse go aba ka bopelotshweu, le rona batho ba ka re abela ka bopelotshweu, gongwe e le ka nako e re tlhokang thuso ka yone.—Mor. 11:2.

17. Jehofa o ne a tlhoma jang sekao se se tlhomologileng sa go aba, mme re ka itumedisiwa ke go aba ka tsela efe?

17 Jehofa o rata batho ba ba abang ka boitumelo e bile o a ba duela. Ene ka boene o ne a tlhoma sekao se se tlhomologileng, a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi “gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 3:16) Paulo o ne a kwala jaana: “Yo o jalang ka bogolo gape o tla roba ka bogolo. A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” (2 Bakor. 9:6, 7) Go dirisa nako ya rona, maatla a rona le dithoto tsa rona mo kobamelong ya boammaaruri tota go tla re leretse boipelo le tuelo e kgolo.—Bala Diane 19:17; Luke 16:9.

“O se Ka wa Letsa Terompeta Kwa Pele ga Gago”

18. Ke dilo dife tse di ka dirang gore ‘re se ka ra bona maduo’ a a tswang kwa go Rraarona yo o kwa legodimong?

18 “Elang tlhoko thata gore lo se ka lwa nna le mokgwa wa go dira tshiamo fa pele ga batho gore ba lo bone; go seng jalo ga lo na go bona maduo mo go Rraalona yo o kwa magodimong.” (Math. 6:1) Fa Jesu a ne a bua ka “tshiamo,” o ne a bua ka boitsholo jo bo tsamaisanang le thato ya Modimo. O ne a sa reye gore le ka motlha ditiro tse di molemo ga di a tshwanela go dirwa fa pele ga batho, ka gonne o ne a reile barutwa ba gagwe a re “lesedi la [bone] le phatsime fa pele ga batho.” (Math. 5:14-16) ‘Re ka se bone maduo’ go tswa kwa go Rraarona yo o kwa legodimong fa re dira dilo ‘gore batho ba re bone’ ba re tseele kwa godimo  jaaka batshameki ba terama mo bobogelong. Fa re dira dilo ka boikaelelo joo, re ka se nne le kamano e e gaufi le Modimo e bile re ka se bone masego a a nnelang ruri a puso ya Bogosi.

19, 20. (a) Jesu o ne a kaya eng fa a re re se ka ra “letsa terompeta” fa re aba “dimpho tsa kutlwelobotlhoko”? (b) Re ka dira jang gore seatla sa molema se se ka sa itse se sa moja se se dirang?

19 Fa re dira dilo ka tsela e e tshwanetseng, re tla latela kgakololo eno ya ga Jesu: “Ka gone fa o simolola go aba dimpho tsa kutlwelobotlhoko, o se ka wa letsa terompeta kwa pele ga gago, fela jaaka baitimokanyi ba dira mo disinagogeng le mo mebileng, gore ba tle ba galalediwe ke batho. Ammaaruri ke a lo raya, Ba bona maduo a bone ka botlalo.” (Math. 6:2) “Dimpho tsa kutlwelobotlhoko” e ne e le meneelo e e neng e ntshiwa go thusa batlhoki. (Bala Isaia 58:6, 7.) Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba na le letlole la meneelo e e neng e ntshediwa go thusa bahumanegi. (Joh. 12:5-8; 13:29) Batho ba ne ba sa letse diterompeta ka tsela ya mmatota fa ba tlile go abela batlhoki, ka jalo Jesu o tshwanetse a bo a ne a dirisa pheteletso fa a re re se ka ra “letsa terompeta” kwa pele ga rona fa re aba “dimpho tsa kutlwelobotlhoko.” Ga re a tshwanela go bontsha phatlalatsa fa re aba dimpho tse di ntseng jalo, jaaka Bafarasai ba Bajuda ba ne ba dira. Jesu o ne a ba bitsa baitimokanyi ka gonne ba ne ba bontsha phatlalatsa fa ba naya batlhoki meneelo “mo disinagogeng le mo mebileng.” Baitimokanyi bao ba ne ba “bona maduo a bone ka botlalo.” Maduo fela a ba neng ba ka a bona e ne e le go bakwa ke batho, gongwe le go nna mo mannong a a kwa pele mo sinagogeng, go bapa le borabi ba ba itsegeng, ka gonne Jehofa o ne a ka se ba neye sepe. (Math. 23:6) Mme barutwa ba ga Keresete ba ne ba tshwanetse go dira jang? Jesu o ne a ba bolelela jaana—a bolelela le rona:

20 “Mme wena, fa o aba dimpho tsa kutlwelobotlhoko, a seatla sa gago sa molema se se ka sa itse se sa moja se se dirang, gore dimpho tsa gago tsa kutlwelobotlhoko di tle di nne mo sephiring; mme Rrago yo o lebileng mo sephiring o tla go duela.” (Math. 6:3, 4) Gantsi diatla tsa rona di a dirisana. Ka jalo, go se letle seatla sa molema se itse se se dirwang ke sa moja go kaya gore re se ka ra bontsha phatlalatsa ditiro tse re di dirang go thusa ba bangwe, e bile re se ka ra di itsise ba ba gaufi le rona fela jaaka seatla sa rona sa molema se le gaufi le seatla sa rona sa moja.

21. Dingwe tsa dilo tse “yo o lebileng mo sephiring” a re duelang ka tsone ke dife?

21 Fa re sa ikgantshe ka dilo tse re di abelang ba bangwe, “dimpho [tsa rona] tsa kutlwelobotlhoko” e tla nna tsa mo sephiring. Mme Rraarona “yo o lebileng mo sephiring” o tla re duela. E re ka Rraarona wa selegodimo a nna kwa magodimong e bile a ka se bonwe ka matlho, tota o nna a le “mo sephiring” ka gonne batho ga ba kgone go mmona. (Joh. 1:18) Dingwe tsa dilo tse Jehofa “yo o lebileng mo sephiring” a re duelang ka tsone ke go dira gore re nne le kamano e e gaufi le ene, go itshwarela maleo a rona le go re naya botshelo jo bo sa khutleng. (Dia. 3:32; Joh. 17:3; Baef. 1:7) Seo se botoka fela thata go feta go bakwa ke batho!

Mafoko a Botlhokwa a re Tshwanetseng go a Tseela Kwa Godimo

22, 23. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tseela mafoko a ga Jesu kwa godimo?

22 Ruri Thero ya kwa Thabeng e na le dithuto tse dintsi tsa botlhokwa tsa semoya tse di tshwanang le maje a a tlhwatlhwakgolo. Tota e na le mafoko a a tlhwatlhwakgolo a a ka re tlisetsang boitumelo le e leng mo lefatsheng leno le le tletseng mathata. Ee, re tla itumela fa re tseela mafoko a ga Jesu kwa godimo re bo re a letla gore a ame tsela e re dirang dilo ka yone le e re tshelang ka yone.

23 Mongwe le mongwe yo o “utlwang” se Jesu a neng a se ruta a bo a se “dira” o tla segofadiwa. (Bala Mathaio 7:24, 25.) Ka jalo a re ititeyeng sehuba gore re dirise kgakololo ya ga Jesu. Mo setlhogong sa bofelo sa motseletsele ono go tla tlotliwa ka mafoko a mangwe gape a Jesu a a buileng mo Therong ya kwa Thabeng.

O ka Araba Jang?

• Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go agisana le mokaulengwe yo o kgopisegileng?

• Re ka dira jang gore ‘leitlho la rona la moja’ le se ka la dira gore re kgotšwe?

• Re tshwanetse go leba dilo jang malebana le go aba?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

A bo go le molemo jang ne go “agisanya” le modumedi ka wena yo o kgopisegileng!

[Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Jehofa o segofatsa ba ba abang ka boitumelo