Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Tshenolo—Karolo II

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Tshenolo—Karolo II

 Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Tshenolo—Karolo II

KE ENG se se tlileng go diragalela batho ba ba obamelang Jehofa Modimo le ba ba sa mo obameleng? Go tla diragala eng ka Satane le madimona a gagwe? Ke masego afe a batho ba ba kutlo ba tlileng go a bona ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete? Tshenolo 13:1–22:21 e na le dikarabo tsa dipotso tseo le tse dingwe tsa botlhokwa. * Mo dikgaolong tseno go buiwa ka diponatshegelo tsa bofelo tse 9 mo go tse 16 tse moaposetoloi Johane a di boneng go ela kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.

Johane o kwala jaana: “Go itumela yo o balelang kwa godimo le ba ba utlwang mafoko a boporofeti jono, le ba ba bolokang dilo tse di kwadilweng mo go jone.” (Tshen. 1:3; 22:7) Go bala le go dirisa se re se ithutang mo bukeng ya Tshenolo go ka ama dipelo tsa rona, ga nonotsha tumelo ya rona mo Modimong le mo go Morwawe, Jesu Keresete, e bile go ka dira gore re nne le tsholofelo e e itumedisang ya isagwe. *Baheb. 4:12.

GO TSHOLOLWA MEGOPO E E SUPA YA BOGALE JWA MODIMO

(Tshen. 13:1–16:21)

Tshenolo 11:18 ya re: “Ditšhaba tsa galefa, mme bogale jwa [Modimo] jwa tla, le nako e e tlhomilweng . . . go senya ba ba senyang lefatshe.” Ponatshegelo ya borobedi e naya lebaka la seno ka go tlhalosa se se neng se dirwa ke ‘sebatana sa naga se se nang le dinaka di le lesome le ditlhogo di le supa.’—Tshen. 13:1.

Mo ponatshegelong ya borobongwe, Johane o bona “Kwana [a] eme mo Thabeng ya Siona” mme a na le “ba ba dikete di le lekgolo masome a manè le bonè.” Bano ba “ne ba rekwa mo bathong.” (Tshen. 14:1, 4) Go tswa foo baengele ba dira dikitsiso. Mo ponatshegelong e e latelang, Johane o bona “baengele ba le supa ba tshotse dipetso di le supa.” Go bonala Jehofa ka boene a laela baengele bano gore ba tsholole “megopo e e supa ya bogale jwa Modimo,” ba e tshololele mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe la ga Satane. Megopo eno e na le dikitsiso le ditlhagiso tse di malebana le dikatlholo tse Modimo a tla di diragatsang. (Tshen. 15:1; 16:1) Diponatshegelo tseno tse pedi di tlhalosa ka botlalo dikatlholo tse dingwe tsa Bogosi tse di amanang le ijoo wa boraro le go lediwa ga terompeta ya bosupa.—Tshen. 11:14, 15.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

13:8—‘Lokwalo lwa momeno lwa botshelo lwa Kwana’ ke eng? Ke lokwalo lwa momeno lwa tshwantshetso lo mo go lone go kwadilweng fela maina a ba ba tla busang le Jesu Keresete mo Bogosing jwa gagwe kwa legodimong. Maina ano a akaretsa a Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng, ba ba nang le tsholofelo ya go ya go tshela kwa legodimong.

13:11-13—Sebatana sa naga se se nang le dinaka tse pedi se itshwara jang jaaka kgogela e bile se dira jang gore molelo o fologe o tswa legodimong? Go bo sebatana sa naga se se nang le dinaka tse pedi—Mmuso wa Maesemane le Maamerika—se bua jaaka kgogela go bontsha gore se dirisa matshosetsi, kgatelelo le thubakanyo go pateletsa batho go amogela bobusi jwa sone. Se dira gore molelo o fologe o tswa legodimong ka gore se itira moporofeti ka go bua gore se fentse maatla a a boikepo mo dintweng tse pedi tsa lefatshe tse di lolweng mo lekgolong la bo20 la dingwaga, e bile se fedisitse puso ya Bokomonisi.

16:17—‘Moya’ o mogopo wa bosupa o tshololelwang mo go one ke eng? ‘Moya’ o tshwantshetsa dikakanyo tse di bosula, e leng “moya  [tshekamelo ya mogopolo] o jaanong o dirang mo baneng ba botlhokakutlo.” Moya ono o o botlhole o hemiwa ke tsamaiso yotlhe ya ga Satane e e boikepo ya dilo.—Baef. 2:2.

Se re Ithutang Sone:

13:1-4, 18. “Sebatana sa naga” se se tshwantshetsang dipuso tsa batho se tlhatloga “se tswa mo lewatleng,” ke gore mo bathong ba bantsintsi ba ba tletseng khuduego. (Isa. 17:12, 13; Dan. 7:2-8, 17) Sebatana seno, se se dirilweng ke Satane e bile e le ene a se nayang maatla, se kwadilwe palo ya 666, e e bontshang kafa se sa itekanelang thata ka teng. Go tlhaloganya gore sebatana seno ke eng go re thusa gore re se ka ra se sala morago re se kgatlhegela kana ra se obamela jaaka batho ka kakaretso ba dira.—Joh. 12:31; 15:19.

13:16, 17. Le fa re ka lebana le mathata fa re dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi, tse di jaaka go “reka kgotsa go rekisa,” ga re a tshwanela go itetla go gatelelwa gore matshelo a rona a laolwe ke sebatana sa naga. Go amogela ‘letshwao la sebatana sa naga mo seatleng kgotsa mo phatleng’ go ka tshwana le go letla sebatana sa naga go laola dilo tse re di dirang le dikakanyo tsa rona.

14:6, 7. Kitsiso ya moengele e re ruta gore re tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo ka potlako. Re tshwanetse go thusa batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba boife Modimo ka tsela e e tshwanetseng mme ba mo galaletse.

14:14-20. Fa “thobo ya lefatshe,” e e leng go phutha ba ba tlileng go bolokwa, e wediwa, e tla bo e le nako ya gore moengele a latlhele “mofine [o o kgetlilweng] wa lefatshe” “mo segatisetsong se segolo sa beine ya bogale jwa Modimo.” Ka nako eo, mofine oo—tsamaiso e e bonalang ya ga Satane e e boikepo ya dipuso tse di busang batho ka “masitlha” a tsone a maungo a a bosula—o tla senngwa ka bosakhutleng. Re tshwanetse go nna re ikemiseditse gore re se ka ra tlhotlhelediwa ke mofine wa lefatshe.

16:13-16. “Dipolelwana . . . tse di seng phepa tse di tlhotlheleditsweng” di emela dithuto tsa maaka tsa bodimona tse maikaelelo a tsone e leng go dira gore dikgosi tsa lefatshe di se ka tsa tlhotlhelediwa ke go tshololwa ga megopo e e supa ya bogale jwa Modimo mme go na le moo di tlhotlhelediwe gore di eme kgatlhanong le Jehofa.—Math. 24:42, 44.

16:21. Jaaka bokhutlo jwa lefatshe leno bo ntse bo atamela, go itsisiwe ga dikatlholo tsa ga Jehofa tse di tlelang tsamaiso e e boikepo ya ga Satane go ka akaretsa go itsisiwe ga dikatlholo tse di bogale thata tsa Modimo tse di buiwang ka tlhamalalo, tse di ka tswang di emelwa ke metsi a a dikgapetla. Le fa go ntse jalo, batho ba bantsi ba tla tswelela ba tlhapatsa Modimo.

KGOSI E E FENYANG E A BUSA

(Tshen. 17:1–22:21)

“Babelona o Mogolo,” mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, ke karolo e e makgapha ya lefatshe la ga Satane le le boikepo. Ponatshegelo ya bo11 e mo tlhalosa e le “seaka se segolo”—mosadi yo o se nang boitsholo—se se ntseng “mo sebataneng se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo.” O tlile go senngwa gotlhelele ke “dinaka di le lesome” tsa sone sebatana se a se palameng. (Tshen. 17:1, 3, 5, 16) Ponatshegelo e e latelang e tshwantsha seaka le “motse o mogolo,” mme e itsise ka go wa ga one e bile e dira kopo e e potlakileng ya gore batho ba Modimo ba ‘tswe mo go one.’ Go wa ga motse o mogolo go lelelwa ke batho ba bantsi. Le fa go ntse jalo, kwa legodimong go a ipelwa ka gonne go na le “lenyalo la Kwana.” (Tshen. 18:4, 9, 10, 15-19; 19:7) Mo ponatshegelong ya bo13, mopalami wa “pitse e tshweu” o tlhabana le ditšhaba. O fedisa lefatshe le le boikepo la ga Satane.—Tshen. 19:11-16.

Go tweng ka “noga ya kwa tshimologong, e leng Diabolo le Satane”? E tla “piriganyediwa mo bodibeng jwa molelo” leng? Eo ke nngwe ya dikgang tse di tlhalosiwang mo ponatshegelong ya bo14. (Tshen. 20:2, 10) Diponatshegelo tsa bofelo tse pedi di tlhalosa gore botshelo bo tla nna jang ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete. Fa “tshenolo” e ya kwa bokhutlong, Johane o bona ‘noka ya metsi a botshelo e ya le bogare jwa tsela e e atlhameng,’ mme “le fa e le mang yo o nyorilweng” o newa taletso e e itumedisang.—Tshen. 1:1; 22:1, 2, 17.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

17:16; 18:9, 10—Ke eng fa “dikgosi tsa lefatshe” di hutsafalela seaka se tsone ka botsone di  se sentseng? Lebaka la go bo di hutsafala ke la bopelotshetlha fela. Fa Babelona o Mogolo a sena go senngwa, go lebega dikgosi tsa lefatshe di lemoga kafa a neng a di solegela molemo ka teng. Babelona o Mogolo o ne a dira gore ditiro tsa tsone tsa kgatelelo di lebege e kete ke tsa bodumedi. Gape o ne a di thusa go kwadisa basha gore ba ye ntweng. Mo godimo ga moo, o ne a thusa thata go dira gore batho ba ikobe.

19:12—Go tla jang gore go bo go se na ope yo o itseng leina la ga Jesu le le sa umakiwang fa e se ene Jesu fela? Go lebega leina leno le emela boemo le ditshiamelo, tse di tshwanang le tse di mo go Isaia 9:6, tse Jesu a di newang mo letsatsing la Morena. Ga go na ope yo o itseng leina leno fa e se ene fela ka gonne o na le ditshiamelo tse di tlhomologileng e bile ke ene fela a ka tlhaloganyang gore go nna le boemo jo bo kwa godimo jalo go kaya eng. Le fa go ntse jalo, Jesu o naya maloko a setlhopha sa gagwe sa monyadiwa dingwe tsa ditshiamelo tseo, mme ka go dira jalo a ‘kwala mo go bone leina la gagwe le lesha.’—Tshen. 3:12.

19:14—Ke bomang ba ba tla palamang dipitse le Jesu ka Haramagedona? Bangwe ba ‘masomo a a kwa legodimong’ ba ba kopanelang le Jesu mo ntweng ya Modimo e tla bo e le baengele mmogo le bafenyi ba ba tloditsweng ba ba setseng ba neilwe tuelo ya bone ya kwa legodimong.—Math. 25:31, 32; Tshen. 2:26, 27.

20:11-15—Ke bomang ba maina a bone a kwadilweng mo ‘lokwalong lwa momeno [kana “mo bukeng ya”] botshelo’? Lokwalo lono lwa momeno lo na le maina a batho botlhe ba ba tlileng go newa botshelo jo bo sa khutleng—Bakeresete ba ba tloditsweng, ba boidiidi jo bogolo, le batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ba tla tsosiwang ka nako ya “tsogo ya ba ba siameng.” (Dit. 24:15; Tshen. 2:10; 7:9) Maina a ba ba tla tsosiwang mo ‘tsogong ya ba ba sa siamang’ a tla kwalwa mo ‘lokwalong lwa momeno lwa botshelo’ fela fa ba dira dilo go dumalana le ‘dilo tse di kwadilweng mo dikwalong tsa momeno’ tse di nang le ditaelo tse di tla bulwang ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete. Le fa go ntse jalo, maina ano a ka phimolwa. Maina a batlodiwa a ka se tlhole a phimolwa fa ba sena go itshupa ba ikanyega go ya losong. (Tshen. 3:5) Maina a batho ba ba tlileng go tshela mo lefatsheng one a ka se tlhole a phimolwa fa ba sena go falola teko ya makgaolakgang kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete.—Tshen. 20:7, 8.

Se re Ithutang Sone:

17:3, 5, 7, 16. “Botlhale jo bo tswang kwa godimo” bo re thusa go tlhaloganya “bosaitsiweng jwa mosadi yono le jwa sebatana se se [mmala wa bohibidu jo bo letlhololo se se] mo pegileng.” (Jak. 3:17) Sebatana seno sa tshwantshetso se simolotse e le lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba mme morago sa tsosolosiwa sa nna lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Go rarabololwa ga bosaitsiweng jono go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go nna matlhagatlhaga mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo le go bolela letsatsi la ga Jehofa la katlholo.

21:1-6. Re ka tlhomamisega ka botlalo gore dilo tse di molemo tse go boleletsweng pele gore di tla direga mo pusong ya Bogosi ruri di tla direga. Ka ntlha yang? Ka gonne go buiwa jaana ka tsone: “Di diragetse!”

22:1, 17. “Noka ya metsi a botshelo” e emela dithulaganyo tse Jehofa a tla di direlang batho ba ba kutlo go ba namola mo boleong le mo losong. Metsi ano a teng ka selekanyo se se rileng le gone jaanong. E kete re ka amogela taletso eno ya gore re tle mme re “tseye metsi a botshelo mahala” ka kanaanelo mme gape re laletse le ba bangwe!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Gore o bale kafa buka ya Tshenolo e tlhalosiwang ka teng temana ka temana, bona buka ya Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Batho ba ba kutlo ba tlile go bona masego a a molemolemo mo pusong ya Bogosi!