Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tshwanetse go Gagamalela Fela Dilo Tse Wena o di Ratang?

A o Tshwanetse go Gagamalela Fela Dilo Tse Wena o di Ratang?

 A o Tshwanetse go Gagamalela Fela Dilo Tse Wena o di Ratang?

BANA ba babedi ba tshameka mmogo. Yo mongwe o tsubula setshamekisi sa gagwe se a se ratang thata mo go yo mongwe, a bo a goa a re, “Ke sa me!” Batho ba ba sa itekanelang ba na le mokgwa wa go ikakanyetsa ba le bosi go tloga ba sa le bannye. (Gen. 8:21; Bar. 3:23) Gape lefatshe ka kakaretso le rotloetsa moya wa go ipaya kwa pele. Gore re tile moya ono re tshwanetse go leka ka natla go lwantsha mekgwa ya go rata go ipaya kwa pele. Fa re sa dire jalo, re ka kgopisa ba bangwe mme ra senya kamano ya rona le Jehofa.—Bar. 7:21-23.

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a re kgothaletsa go akanya kafa dilo tse re di dirang di amang ba bangwe ka teng: “Dilo tsotlhe di kafa molaong; mme ga se dilo tsotlhe tse di solegelang molemo. Dilo tsotlhe di kafa molaong; mme ga se dilo tsotlhe tse di agang.” Gape Paulo o ne a re: “Ithibeng mo go nneng ba ba kgopisang.” (1 Bakor. 10:23, 32) Fa e le gore ke kgang e e amanang le dilo tse wena o di ratang, go tla bo go le botlhale go ipotsa jaana: ‘Fa e le gore se ke batlang go se dira se ka senya kagiso ya phuthego, a ke iketleeditse go ithontsha dilo dingwe tse ke di ratang le fa ke na le tshwanelo ya go di dira? A ke iketleeditse go latela melaometheo ya Baebele le fa go dira jalo go se motlhofo?’

Fa o Tlhopha Tiro

Batho ba le bantsi ba tsaya gore ba na le tshwanelo ya go itlhophela tiro e ba tla e dirang le gore  tshwetso eo ga e ame batho ba bangwe. Mme gone, akanya ka se se diragaletseng rakgwebo mongwe wa kwa torotswaneng nngwe kwa Amerika Borwa. O ne a itsege ka go betšha le go tagwa. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, o ne a simolola go dirisa se a neng a se ithuta mme a fetola tsela e a tshelang ka yone. (2 Bak. 7:1) Fa a ne a bontsha gore a ka rata go rera phatlalatsa le phuthego, ka botlhale mogolwane mongwe o ne a mo kgothaletsa go akanya ka mofuta wa tiro e a neng a e dira ya boitshediso. E ne e setse e le lobakanyana monna yono e le morekisi yo mogolo mo motseng yo o neng a rekisa seedi sengwe se se nang le tagi se se dirilweng ka lotlhaka. Seedi seno se ka dirisediwa dilo di le dintsi mme mo kgaolong eo, gantsi batho ba se tlhakanya le dinotsididi ba bo ba nwela fela gore ba tagwe.

Monna yono o ne a lemoga gore fa a ne a ka rera phatlalatsa mme a sa ntse a rekisa seedi seo, seno se ne se tla senya phuthego leina le go senya kamano ya gagwe le Modimo. Le fa a ne a tshwanelwa ke go tlamela lelapa la gagwe le legolo, o ne a tlogela go rekisa seedi seo. Gone jaanong o tlamela lelapa la gagwe ka go rekisa dilo tse di dirilweng ka pampiri. Jaanong monna yono le mosadi wa gagwe ba kolobeditswe, mmogo le bana ba bone ba babedi mo go ba batlhano. Ba rera dikgang tse di molemo ka tlhoafalo le ka kgololesego ya go bua.

Fa o Tlhopha Ditsala

A go itsalanya le batho ba e seng badumedi ka rona ke kgang e motho a nang le tshwanelo ya go itirela tshwetso mo go yone kgotsa e laolwa ke melaometheo ya Baebele? Kgaitsadi mongwe o ne a batla go ya phathing le lekawana lengwe le e neng e se Mokeresete wa boammaaruri. Le fa a ne a tlhagisitswe ka dikotsi tsa go ya phathing eo, o ne a tsaya gore o na le tshwanelo ya go ya mme a ya. Fela fa a sena go goroga, o ne a newa seno se se tlhakantsweng le seokobatsi se se maatla se se robatsang. O ne a tsoga diura di le mmalwa moragonyana mme a fitlhela a beteletswe ke ene motho yo a neng a ithaya a re ke tsala ya gagwe.—Bapisa le Genesise 34:2.

Gone ga se ka metlha go itsalanya le batho ba ba sa dumeleng go felelang ka masetlapelo a a tshwanang le ano, mme Baebele e tlhagisa jaana: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Dia. 13:20) Ga go pelaelo gore go tlhopha ditsala tse di sa siamang go re baya mo kotsing! Diane 22:3 e bolela jaana: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.” Ditsala tsa rona di ka re tlhotlheletsa gape di ka ama kamano ya rona le Modimo.—1 Bakor. 15:33; Jak. 4:4.

Mo Tseleng e re Aparang le go Ipaakanya ka Yone

Mekgwa ya go apara le feshene di nna di ntse di fetoga. Le fa go ntse jalo, melaometheo ya Baebele e e malebana le moaparo le go ipaakanya ga e fetoge. Paulo o ne a rotloetsa basadi ba Bakeresete gore ba “ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle,  ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo,” mme molaomotheo ono o dira ka tsela e e tshwanang le mo banneng. (1 Tim. 2:9) Paulo o ne a sa reye gore Bakeresete ba apare ka tsela e e sa kgatlheng gotlhelele kana gore botlhe ba rate dilo tse di tshwanang. Mme go tweng ka go nna boingotlo? Dikishinare nngwe e tlhalosa gore go nna boingotlo ke “go se nne boikgogomoso kgotsa mabela . . . ke go apara, go bua kgotsa go itshwara ka tsela e e tshwanetseng.”

Re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A tota nka re ke boingotlo fa ke gagamalela go apara ka tsela e e dirang gore batho ba ntlhome matlho? A tsela e ke aparang ka yone e dira gore batho ba ipotse gore ke motho wa mofuta mang kgotsa ke na le boitsholo jo bo ntseng jang?’ Re ka tila gore re se “neye lebaka lepe la go kgopisa” mo kgannyeng eno mme re dira jalo ka go “tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang [rona] fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.”—2 Bakor. 6:3; Bafil. 2:4.

Mo Dikgannyeng Tsa Kgwebo

Fa go ne go tsoga dikgang tse di masisi tse di malebana le ditirisano tse e seng tsone kgotsa tsa tsietso kwa phuthegong ya Korintha, Paulo o ne a kwala jaana: “Ke ka ntlha yang fa bogolo lo sa iteseletse go fosediwa? Ke ka ntlha yang fa bogolo lo sa iteseletse go tsiediwa?” Paulo o ne a gakolola Bakeresete gore ba iketleeletse go latlhegelwa ke sengwe go na le go isa mokaulengwe kwa kgotlatshekelo. (1 Bakor. 6:1-7) Mokaulengwe mongwe kwa United States o ne a tsaya kgakololo eno tsia. O ne a sa dumalane le mothapi wa gagwe wa Mokeresete ka tuelo ya madi a a neng a mo kolota one. Bakaulengwe bano ba babedi ba ne ba latela kaelo ya Dikwalo, ba kopana ka makgetlo a le mantsi mme ba ntse ba sa kgone go rarabolola bothata joo. Kgabagare, ba ne ba isa kgang kwa ‘phuthegong,’ e e emelwang ke bagolwane ba Bakeresete.—Math. 18:15-17.

Ka maswabi, kgang e ne ya nna ya pala. Morago ga go rapela ka tlhoafalo, mothapiwa o ne a swetsa ka gore a se ka a tlhola a batla go duelwa bontsi jwa madi a a neng a tsaya gore o a a kolotiwa. Ka ntlha yang? Moragonyana o ne a re: “Dikgogakgogano tseno di ne di nkamoga boitumelo le go njela nako yotlhe ya botlhokwa e ke ka bong ke e dirisitse mo ditirong tsa semoya.” Morago ga go dira tshwetso eo, mokaulengwe yono o ne a boa a itumela gape mme a bona masego a ga Jehofa mo tirelong ya gagwe.

Le mo Dilong Tse Dinnye Tota

Fa re sa gagamalele dilo tse re di ratang, le mo dilong tse dinnye tota, re ka bona masego. Mo letsatsing la ntlha la kopano ya kgaolo, banyalani bangwe ba babulatsela ba ne ba goroga go sa le gale ba bo ba tlhopha manno a ba a ratang. Fa thulaganyo e simolola, lelapa le legolo le le nang le bana ba le mmalwa le ne la tsena le itlhaganetse mo holong e e tletseng. Fa babulatsela ba lemoga gore lelapa leno le ne le batla manno a a tla ba lekanang, ba ne ba ba sutela mo ditulong. Seno se ne sa dira gore lelapa lotlhe le kgone go nna mmogo. Malatsi a se kae morago ga kopano, babulatsela bano ba ne ba amogela lekwalo la tebogo go tswa kwa lelapeng leo. Mo lekwalong leo ba ne ba tlhalosa kafa ba neng ba kgobegile marapo ka teng fa ba ne ba goroga thari kwa kopanong. Ka bonako fela ba ne ba tlala boitumelo le kanaanelo ka ntlha ya bopelonomi jwa banyalani bao ba babulatsela.

A re ititeyeng sehuba gore fa re bulegelwa ke sebaka re tlogele dilo tse rona re di ratang gore batho ba bangwe ba solegelwe molemo. Fa re bontsha lorato lo lo sa ‘ipatleleng melemo ya lone fela,’ re thusa gore go tswelele go na le kagiso mo phuthegong le fa gare ga rona le baagisani ba rona. (1 Bak. 13:5) Mme sa botlhokwa le go feta, re sireletsa kamano ya rona le Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

A o iketleeditse go tlogela dilo tse o di ratang fa o tlhopha moaparo?

[Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]

A o iketleeditse go sutela bakaulengwe ba gago mo ditulong?