Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Mafoko a ga Jesu a Tlhotlheletsa Dithapelo Tsa Gago?

A Mafoko a ga Jesu a Tlhotlheletsa Dithapelo Tsa Gago?

 A Mafoko a ga Jesu a Tlhotlheletsa Dithapelo Tsa Gago?

“E rile Jesu a fetsa mafoko ano, phelelo ya nna gore boidiidi bo ne jwa tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta.”—MATH. 7:28.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa boidiidi jwa batho bo ne jwa tshwarisiwa kgakge ke tsela e Jesu a neng a ruta ka yone?

RE TSHWANETSE go amogela mafoko a ga Jesu Keresete, Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi, re bo re a dirisa mo matshelong a rona. Ruri o ne a sa bue jaaka motho ope o sele. Aitsane, batho ba ne ba gakgamadiwa ke tsela e a neng a ruta ka yone mo Therong ya kwa Thabeng!—Bala Mathaio 7:28, 29.

2 Morwa wa ga Jehofa o ne a sa rute jaaka bakwadi, ba ba neng ba rata go bua bobe ba theile mafoko a bone mo dithutong tsa batho ba ba sa itekanelang. Keresete o ne a ruta “jaaka motho a na le taolo” ka gonne o ne a bua dilo tse di tswang kwa Modimong. (Joh. 12:50) Ka jalo a re boneng kafa mafoko a mangwe a Jesu a a buileng mo Therong ya kwa Thabeng a ka tlhotlheletsang dithapelo tsa rona ka teng le kafa a tshwanetseng go di tlhotlheletsa ka teng.

O se Ka wa Rapela Jaaka Baitimokanyi

3. Tlhalosa ka bokhutshwane mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:5.

3 Thapelo ke karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya boammaaruri, e bile re tshwanetse go rapela Jehofa ka metlha. Mme mafoko a Jesu a a buileng mo Therong ya kwa Thabeng a tshwanetse go tlhotlheletsa dithapelo tsa rona. O ne a re: “Fa lo rapela, ga lo a tshwanela go nna jaaka baitimokanyi; ka gonne ba rata go rapela ba eme mo disinagogeng le mo dikhutlong tsa ditsela tse di atlhameng gore ba bonwe ke batho. Ammaaruri ke a lo raya, Ba bona maduo a bone ka botlalo.”Math. 6:5.

4-6. (a) Ke ka ntlha yang fa Bafarasai ba ne ba rata go rapela “ba eme mo disinagogeng le mo dikhutlong tsa ditsela tse di atlhameng”? (b) Baitimokanyi bao ba ne ba “bona maduo a bone ka botlalo” ka tsela efe?

4 Fa barutwa ba ga Jesu ba rapela, ba ne ba sa tshwanela go etsa “baitimokanyi” ba ba jaaka Bafarasai ba ba neng ba ipona ba siame mme ba dira gore batho ba akanye gore ba ineetse thata mo Modimong mme tota go sa nna jalo. (Math. 23:13-32) Baitimokanyi bao ba ne ba rata go rapela “ba eme mo disinagogeng le mo dikhutlong tsa ditsela tse di atlhameng.” Ka ntlha yang? “Gore ba bonwe ke batho.” Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlwaetse go rapela e le phuthego ka nako ya fa go fisiwa ditshupelo kwa tempeleng (mo e ka nnang ka ura ya borobongwe mo mosong le ya boraro thapama). Banni ba le bantsi ba Jerusalema ba ne ba rapela le boidiidi jwa baobamedi mo mabaleng a tempele. Kwantle ga motse oo, gantsi Bajuda ba ba ineetseng ba ne ba rapela gabedi ka letsatsi “ba eme mo disinagogeng.”—Bapisa le Luke 18:11, 13.

 5 E re ka bontsi jwa batho ba ne ba le kgakala le tempele kgotsa sinagoge ka nako ya dithapelo tse di sa tswang go umakwa, ba ne ba ka nna ba rapela gongwe le gongwe fela fa ba leng teng ka nako eo. Bangwe ba ne ba rata gore nako ya thapelo e ba tshware ba le “mo dikhutlong tsa ditsela tse di atlhameng.” Ba ne ba batla gore “ba bonwe ke batho” ba ba neng ba feta mo dikhutlong tseo tsa ditsela. Baitimokanyi bano ba ba itirang e kete ba ineetse mo Modimong ba ne ba “dira dithapelo tse ditelele e le seipato” gore batho ba ba fetang ba ba tseele kwa godimo. (Luke 20:47) Rona ga re a tshwanela go dira jalo.

6 Jesu o ne a re baitimokanyi bano ba ne ba “bona maduo a bone ka botlalo.” Ba ne ba eletsa thata gore batho ba bangwe ba ba tlotle le go ba baka—mme ba ne ba ka se bone maduo a a fetang ao. E ne e tla nna one maduo a bone a ba neng ba tla a bona ka botlalo, ka gonne Jehofa o ne a ka se arabe dithapelo tsa bone tsa boitimokanyi. Kafa letlhakoreng le lengwe, Modimo o ne a tla araba dithapelo tsa balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete, jaaka go bontshiwa ke mafoko a a amanang le kgang eno a Jesu a neng a a bua morago ga foo.

7. Kgakololo ya gore motho a rapele mo “phaposing” ya gagwe e kaya eng?

7 “Le fa go ntse jalo, wena, fa o rapela, tsena mo phaposing ya gago mme, fa o sena go tswala setswalo sa gago, rapela Rrago yo o mo sephiring; mme Rrago yo o lebang mo sephiring o tla go duela.” (Math. 6:6) Fa Jesu a ne a kgothaletsa gore fa motho a rapela a tsene mo phaposing a bo a tswala setswalo o ne a sa reye gore motho a ka se rapele fa pele ga phuthego. Maikaelelo a kgakololo eno e ne e le gore motho a se ka a rapela phatlalatsa a direla gore batho ba mmone ba bo ba mmake. Re tshwanetse go gakologelwa seo fa re neilwe tshiamelo ya go rapelela batho ba Modimo phatlalatsa. A re diriseng le kgakololo e e latelang ya ga Jesu malebana le thapelo.

8. Go ya ka Mathaio 6:7, ga re a tshwanela go rapela ka tsela efe?

8 “Fa o rapela, o se ka wa boaboeletsa dilo di le dingwe, fela jaaka batho ba ditšhaba ba dira, gonne ba ithaya ba re ba tla utlwiwa ka ntlha ya go dirisa ga bone mafoko a le mantsi.” (Math. 6:7) Ka go rialo, Jesu o ne a umaka tsela e nngwe e e sa tshwanelang e batho ba rapelang ka yone—go boaboeletsa dilo. O ne a sa kaye gore le ka motlha ga re a tshwanela go boeletsa dikopo le mafoko a ditebogo a a tswang pelong fa re rapela. Fa Jesu a ne a rapela a le kwa tshimong ya Gethesemane mo bosigong jwa pele a swa, o ne a boaboeletsa ‘one mafoko’ a a neng a setse a a buile.—Mar. 14:32-39.

9, 10. Go tewa jang fa go twe re se ka ra rapela dithapelo tse di boaboeletsang mafoko?

9 Go tla bo go le phoso go etsa dithapelo tse di boaboelediwang tsa “batho ba ditšhaba.” Ba “boaboeletsa” dipolelwana tse ba di tshwereng ka tlhogo tse di nang le mafoko a mantsi a a sa tlhokegeng. Ga go a ka ga thusa baobamedi ba ga Baale ka sepe go nnela go bitsa modimo oo wa maaka “go tloga mosong go fitlha motshegare o mogolo, ba re: ‘Baale, re arabe tlhe!’” (1 Dikg. 18:26) Gompieno batho ba le bantsi ba rapela dithapelo tse ditelele tse di boaboeletsang mafoko, ba akanya gore ba tla “utlwiwa” mme tota go sa nna jalo. Mme Jesu o re thusa go lemoga gore “go dirisa . . . mafoko a le mantsi” mo dithapelong tse ditelele tse di boaboeletsang mafoko ga go na mosola mo matlhong a ga Jehofa. Go tswa foo Jesu o ne a re:

10 “Jalo, lo se ka lwa nna jaaka bone, gonne Modimo Rraalona o itse dilo le fa e le dife tse lo di tlhokang le pele ga lo mo kopa.” (Math. 6:8) Baeteledipele ba le bantsi ba Bajuda ba ne ba dira jaaka Baditšhaba ka go rapela dithapelo tse ditelele mo go feteletseng. Thapelo e e tswang pelong e e nang le pako, ditebogo le dikopo e botlhokwa thata mo kobamelong ya boammaaruri. (Bafil. 4:6) Le fa go ntse jalo, go tla bo go le phoso go nnela go boaboeletsa mafoko a le mangwe fela, re akanya gore re tshwanetse go boaboeletsa dilo fa re bolelela Modimo se re se tlhokang. Fa re rapela, re tshwanetse go gopola gore re bua le Ene yo o ‘itseng se re se tlhokang tota le pele re mo kopa.’

11. Re tshwanetse go gopola eng fa re neilwe tshiamelo ya go rapela phatlalatsa?

11 Mafoko a Jesu a neng a a bua ka ga dithapelo tse Modimo a sa di amogeleng a tshwanetse a re gopotsa gore Modimo ga a kgatlhiwe ke dithapelo tse di nang le mafoko a a sa tlwaelegang le a mantsi mo go feteletseng. Gape re tshwanetse go  lemoga gore fa re rapela phatlalatsa ga re a tshwanela go leka go kgatlha bareetsi kgotsa go dira gore ba ipotse gore re tla re “Amen” leng. Mme go dira dikitsiso kgotsa go naya bareetsi kgakololo mo thapelong le gone go tla bo go sa dumalane le mafoko a Jesu a a buileng mo Therong ya kwa Thabeng.

Jesu o re Ruta go Rapela

12. O ka tlhalosa jang bokao jwa kopo e e reng “a leina la gago le itshepisiwe”?

12 Le fa Jesu a ne a tlhagisa batho gore ba se ka ba rapela ka tsela e e sa tshwanelang, o ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela. (Bala Mathaio 6:9-13.) O ne a sa ba rute thapelo ya sekao gore ba e tshware ka tlhogo ba bo ba e boaboeletsa gangwe le gape. Go na le moo, thapelo eo e re bontsha fela gore re ka rapelela dilo dife. Ka sekai, Jesu o ne a simolola pele ka go bua le Modimo a re: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.” (Math. 6:9) Go a tshwanela gore re bitse Jehofa re re “Rraarona” ka gonne ke Mmopi wa rona yo o nnang “kwa magodimong,” kgakala le lefatshe. (Dute. 32:6; 2 Ditir. 6:21; Dit. 17:24, 28) Lebaka la go bo go dirisiwa leina le le akaretsang batho ba bantsi la “Rraarona” le re gopotsa gore badumedi ka rona le bone ba na le kamano e e gaufi le Modimo. Mafoko a a reng “a leina la gago le itshepisiwe” ke kopo ya gore Jehofa a tseye kgato a iitshepise ka go tlosa kgobo yotlhe e leina la gagwe le ntseng le kgobiwa ka yone fa e sa le batho ba tsuologa kwa Edene. Jehofa o tla araba thapelo eo ka go fedisa boikepo mo lefatsheng, ka jalo a iitshepisa.—Esek. 36:23.

13. (a) Kopo ya gore “a bogosi jwa gago bo tle” e tla diragadiwa jang? (b) Go dirwa ga thato ya Modimo mo lefatsheng go tla akaretsa eng?

13 “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Math. 6:10) Mo mafokong ano a a mo thapelong ya sekao, re tshwanetse go gopola gore “bogosi” ke puso ya kwa legodimong e e tla bong e busiwa ke Keresete Mesia a na le “baitshepi” ba ba tsositsweng. (Dan. 7:13, 14, 18; Isa. 9:6, 7) Fa re rapelela gore Bogosi jwa Modimo bo “tle” re a bo re kopa gore bo tle go senya batho botlhe ba ba ganetsang puso ya Modimo mo lefatsheng. Seo se tla tloga se direga, mme morago ga moo go tle paradaise ya lefatshe lotlhe e mo go yone go tla bong go rena tshiamo, kagiso le katlego. (Pes. 72:1-15; Dan. 2:44; 2 Pet. 3:13) Thato ya ga Jehofa e a dirwa kwa legodimong, mme fa re kopa gore e dirwe mo lefatsheng re a bo re kopa gore Modimo a diragatse maikaelelo a gagwe ka polanete ya rona, go akaretsa go fedisa baganetsi ba gagwe gompieno jaaka a ile a dira mo metlheng ya bogologolo.—Bala Pesalema 83:1, 2, 13-18.

14. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore re kope “senkgwe sa rona sa letsatsi leno”?

14 “Re fe gompieno senkgwe sa rona sa letsatsi leno.” (Math. 6:11; Luke 11:3) Fa re dira kopo eno ka thapelo, re a bo re kopa gore Modimo a re neye dijo tse re di tlhokang “letsatsi leno.” Seno se bontsha gore re na le tumelo ya gore Jehofa a ka  kgona go re naya se re se tlhokang letsatsi le letsatsi. Re a bo re sa rapelele gore a re fe dilo tse dintsi thata. Fa re rapela jaana re kopa dilo tse re di tlhokang letsatsi le letsatsi, seno se ka re gopotsa gore Modimo o ne a laela Baiseraele gore ba kgobokanye mana “mongwe le mongwe . . . selekanyo sa gagwe sa letsatsi leo.”—Ekes. 16:4.

15. Tlhalosa gore kopo e e reng “re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona” e kaya eng.

15 Kopo e e latelang mo thapelong ya sekao e re lemotsha sengwe se re tshwanetseng go se dira. Jesu o ne a re: “Re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona.” (Math. 6:12) Efangele ya ga Luke e bontsha gore “melato” eo ke “maleo.” (Luke 11:4) Re ka lebelela gore Jehofa a re itshwarele fa fela re setse re “itshwaretse” ba ba re leofetseng. (Bala Mathaio 6:14, 15.) Re tshwanetse go itshwarela ba bangwe re gololesegile.—Baef. 4:32; Bakol. 3:13.

16. Re tshwanetse go tlhaloganya jang dikopo tse di malebana le thaelo le go gololwa mo go yo o boikepo?

16 “O se ka wa re tsenya mo thaelong, o re golole mo go yo o boikepo.” (Math. 6:13) Re tshwanetse go tlhaloganya jang dikopo tseno tse pedi tse di tsamaisanang tse di mo thapelong ya ga Jesu ya sekao? Re ka tlhomamisega ka seno: Jehofa ga a re raele gore re dire boleo. (Bala Jakobe 1:13.) Satane—“yo o boikepo”—ke ene yo tota e leng “Moraedi.” (Math. 4:3) Le fa go ntse jalo, Baebele e a tle e bue ka dilo tse Modimo a di letlelelang e re o a di dira. (Ruthe 1:20, 21; Mor. 11:5) Ka jalo, fa re re “o se ka wa re tsenya mo thaelong,” re a bo re kopa gore Jehofa a se ka a re letla gore re ineele fa re raelesega go tlola melao ya gagwe. Sa bofelo, fa re kopa Jehofa gore a “re golole mo go yo o boikepo” re a bo re kopa gore a se ka a letla Satane a re fenya. Mme re ka tlhomamisega gore ‘Modimo ga a na go re lesa re raelwa go feta se re ka se itshokelang.’—Bala 1 Bakorintha 10:13.

‘Nnang lo Kope, lo Senke, lo Kokote’

17, 18. Go tewang fa go twe ‘nnang lo kope, lo senke, lo kokote’?

17 Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa badumedi ka ene a re: “Nnelang ruri mo thapelong.” (Bar. 12:12) Jesu o ne a bua mafoko a a tlhotlheletsang a a tsamaisanang le ao, fa a ne a re: “Nnang lo kope, mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona; nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa. Gonne mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela, le mongwe le mongwe yo o senkang o a bona, le mongwe le mongwe yo o kokotang o tla bulelwa.” (Math. 7:7, 8) Go a tshwanela gore re ‘nne re kopa’ sengwe le sengwe se se tsamaisanang le thato ya Modimo. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana go dumalana le mafoko a ga Jesu: “Eno ke tshepo e re nang le yone mo go ene [Modimo], gore, go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.”—1 Joh. 5:14.

18 Kgakololo ya ga Jesu ya gore re ‘nne re kope, re nne re senke,’ e kaya gore re tshwanetse go rapela ka tlhoafalo mme re se ka ra itlhoboga. Gape go botlhokwa gore re ‘nne re kokote’ gore re tsene mo Bogosing mme re bone masego a jone, melemo ya jone le dilo tse di itumedisang tse re tla di bonang mo go jone. A mme re ka tlhomamisega gore Modimo o tla araba dithapelo tsa rona? Ee o tla di araba fa e le gore re ikanyega mo go ene, ka gonne Keresete o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela, le mongwe le mongwe yo o senkang o a bona, le mongwe le mongwe yo o kokotang o tla bulelwa.” Dilo tse dintsi tse di molemo tse di diragaletseng batlhanka ba ga Jehofa di supa gore ruri Modimo ke “Moutlwi wa thapelo.”—Pes. 65:2.

19, 20. Go ya ka mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 7:9-11, Jehofa o tshwana jang le rre yo o lorato?

19 Jesu o ne a tshwantsha Modimo le rre yo o lorato  yo o nayang bana ba gagwe dilo tse di molemo. Akanya fela o ne o le teng o reeditse Thero ya kwa Thabeng o bo o utlwa Jesu a re: “Motho ke mang mo go lona yo fa morwawe a mo kopa senkgwe—ga a na go mo naya leje, ga ke re? Kgotsa, gongwe, o tla kopa tlhapi—ga a na go mo naya noga, ga ke re? Jalo, fa lona, le mororo lo le boikepo, lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rraalona yo o kwa magodimong a tla naya bogolo jang ne dilo tse di molemo ba ba mo kopang!”Math. 7:9-11.

20 Le fa rre yo o nang le bana a le “boikepo” ka selekanyo se se rileng ka ntlha ya boleo jo a bo ruileng, ka tlholego fela o rata bana ba gagwe. A ka se tsietse ngwana wa gagwe, mme o leka go mo naya “dimpho tse di molemo.” Fela jaaka rre, Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong o re naya “dilo tse di molemo,” tse di jaaka moya wa gagwe o o boitshepo. (Luke 11:13) Moya ono o ka re nonotsha gore re direle Jehofa ka tsela e a e amogelang. Ke ene Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.”—Jak. 1:17.

Nna o Solegelwe Molemo ke Mafoko a ga Jesu

21, 22. Thero ya kwa Thabeng e botlhokwa ka eng, mme o ikutlwa jang ka mafoko ano a ga Jesu?

21 Ruri Thero ya kwa Thabeng e ne e le thero e e molemolemo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa newa mo lefatsheng. E molemo thata ka ntlha ya se e se rutang ka Modimo le tsela e e utlwalang sentle ka yone. Jaaka re bone mo dithutong tse re di ithutileng mo go yone tse di tlhalositsweng mo motseletseleng ono wa ditlhogo, re ka solegelwa molemo thata ke go dirisa kgakololo e e mo therong eno. Mafoko ano a ga Jesu a ka tokafatsa botshelo jwa rona gone jaanong mme a re naya tsholofelo ya isagwe e e itumedisang.

22 Mo ditlhogong tseno, re sekasekile di se kae fela tsa dintlha tsa botlhokwa tse di mo Therong ya ga Jesu ya kwa Thabeng. Ke sone se ba ba neng ba utlwa thero ya gagwe ba neng ba “tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta.” (Math. 7:28) Kwantle ga pelaelo re tla ikutlwa jalo fa re dira gore megopolo le dipelo tsa rona di tlale ka mafoko ano le a mangwe a botlhokwa a Morutisi yo Mogolo, Jesu Keresete.

O ka Araba Jang?

• Jesu o ne a reng ka dithapelo tsa boitimokanyi?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tila go boaboeletsa mafoko fa re rapela?

• Thapelo ya ga Jesu ya sekao e na le dikopo dife?

• Re tshwanetse go dira eng gore re ‘nne re kope, re senke, re kokote’?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jesu o ne a kgala baitimokanyi ba ba neng ba rapela fela gore batho ba ba bone ba bo ba ba utlwe

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

A o itse gore ke ka ntlha yang fa go tshwanela go rapelela senkgwe sa rona sa letsatsi?