Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlhanka wa ga Jehofa—“O ne A Tlhabelwa Ditlolo Tsa Rona”

Motlhanka wa ga Jehofa—“O ne A Tlhabelwa Ditlolo Tsa Rona”

 Motlhanka wa ga Jehofa—“O ne A Tlhabelwa Ditlolo Tsa Rona”

“O ne a tlhabelwa ditlolo tsa rona; o ne a gatelelwa ka ntlha ya diphoso tsa rona. . . . Re fodisitswe ka ntlha ya dintho tsa gagwe.”—ISA. 53:5.

1. Re tshwanetse go gopola eng fa re tshwere Segopotso, mme ke boporofeti bofe jo bo tla re thusang go dira jalo?

RE TSHWARA Segopotso gore re gopole loso lwa ga Keresete le sengwe le sengwe se se diragetseng ka ntlha ya loso lwa gagwe le tsogo ya gagwe. Segopotso se re gopotsa go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa, go itshepisiwa ga leina la gagwe le go diragadiwa ga boikaelelo jwa gagwe, jo bo akaretsang go bolokwa ga batho. Go ka tswa go se na boporofeti bope jo bongwe mo Baebeleng jo bo tlhalosang setlhabelo sa ga Keresete le se se fitlheletsweng ke setlhabelo seo go feta jo bo kwadilweng mo go Isaia 53:3-12. Isaia o ne a bolelela pele tsela e Motlhanka a neng a tla boga ka yone a bo a tlhalosa dilo tse dintsi ka ga loso lwa ga Keresete le masego a loso lwa gagwe lo neng lo tla a tlisetsa barwarraagwe ba ba tloditsweng le ba “dinku tse dingwe.”—Joh. 10:16.

2. Boporofeti jwa ga Isaia bo supa eng, mme bo tla re ama jang?

2 Dingwaga di le makgolo a supa pele Jesu a tsholwa mo lefatsheng, Jehofa o ne a tlhotlheletsa Isaia go bolelela pele gore Motlhanka wa Gagwe yo a mo tlhophileng o ne a tla ikanyega, tota le fa a lekwa botlhoko. Ntlha eno ka boyone e supa gore Jehofa o ne a tlhomamisegile tota gore Morwawe o tla ikanyega. Fa re ntse re sekaseka boporofeti jono, dipelo tsa rona di tla tlala ditebogo mme tumelo ya rona e tla nonotshiwa.

 A “Nyadiwa” Mme a Tsewa “Jaaka yo e Seng wa Sepe”

3. Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba tshwanetse ba ka bo ba ile ba amogela Jesu, mme ba ile ba mo tshwara jang?

3 Bala Isaia 53:3. Akanya fela gore Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo a ka tswa a ne a ikutlwa jang fa a tlogela tiro e e neng e mo itumedisa ya go direla a na le Rraagwe, a bo a tla mo lefatsheng a tla go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo gore a namole batho mo boleong le mo losong! (Bafil. 2:5-8) Go ntshiwa ga ditlhabelo tsa diphologolo jaaka Molao wa ga Moshe o ne o laela go ne go tshwantshetsa fela go itshwarelwa ga maleo, mme setlhabelo sa ga Jesu sone se ne se tla dira gore batho ba itshwarelwe maleo ka tsela ya mmatota. (Baheb. 10:1-4) A o ne a sa tshwanela go amogelwa le go newa tlotlo, bogolo jang ke Bajuda, ba ba neng ba letile Mesia yo o solofeditsweng? (Joh. 6:14) Mo boemong jwa moo, Keresete o ne a “nyadiwa” ke Bajuda ba bo ba mo “tsaya jaaka yo e seng wa sepe,” jaaka Isaia a ne a boleletse pele. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “O ne a tla mo legaeng la gagabo, mme batho ba gagabo ba ne ba se ka ba mo amogela.” (Joh. 1:11) Moaposetoloi Petere o ne a raya Bajuda a re: “Modimo wa borraaronamogologolwane, o galaleditse Motlhanka wa gagwe, e bong Jesu, yo lo neng lwa mo tshwarisa lwa ba lwa mo itatola fa pele ga sefatlhego sa ga Pilato, fa ene a ne a dirile tshwetso ya go mo golola. Ee, lo ne lwa itatola moitshepi le mosiami yoo.”—Dit. 3:13, 14.

4. Jesu o ne a tlwaelana jang le pobolo?

4 Gape Isaia o ne a bolelela pele gore Jesu o ne a tla ‘tlwaelana le pobolo.’ Fa Jesu a ne a dira bodiredi jwa gagwe, kwantle ga pelaelo o ne a tle a lape, mme ga go sepe se se bontshang gore o kile a lwala. (Joh. 4:6) Le fa go ntse jalo, o ne a tlwaelana le dipobolo tsa ba a neng a ba rerela. O ne a ba utlwela botlhoko a ba a fodisa ba le bantsi. (Mar. 1:32-34) Ka jalo Jesu o ne a diragatsa boporofeti jo bo reng: “Ruri o ne a tshotse dipobolo tsa rona; mme fa e le ditlhabi tsa rona, o ne a di sikara.”—Isa. 53:4a; Math. 8:16, 17.

Jaaka e Kete o “Iteilwe ke Modimo”

5. Bajuda ba le bantsi ba ne ba leba loso lwa ga Jesu jang, mme seo se ne sa mo okeletsa matshwenyego jang?

5 Bala Isaia 53:4b. Batho ba le bantsi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba sa tlhaloganye gore ke eng fa a boga a bo a swa. Ba ne ba akanya gore Modimo o ne a mo otlhaya, jaaka e kete o mo itaya ka bolwetse bongwe jo bo maswe. (Math. 27:38-44) Bajuda ba ne ba latofatsa Jesu ba re o a tlhapatsa. (Mar. 14:61-64; Joh. 10:33) Gone ke boammaaruri, Jesu e ne e se moleofi e bile o ne a sa tlhapatse. Mme ka gonne a ne a rata Rraagwe fela thata, go akanya fela gore o ne a tlile go swa a latofaditswe ka gore o a tlhapatsa go tshwanetse ga bo go ile ga mo okeletsa matshwenyego jaaka Motlhanka wa ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, o ne a iketleeleditse go ikobela thato ya ga Jehofa.—Math. 26:39.

6, 7. Jehofa o ne a “gatelela” Motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang ka tsela efe, mme ke eng fa Modimo a ne a ‘itumedisiwa’ ke seo?

6 Go motlhofo go tlhaloganya gore ke eng fa boporofeti jwa ga Isaia bo ne bo re batho ba bangwe ba ne ba tla tsaya gore Keresete o “iteilwe ke Modimo” mme go a gakgamatsa go bo boporofeti jono bo bolelela pele jaana: “Jehofa [o ne] a itumelela go mo gatelela.” (Isa. 53:10) E re ka Jehofa gape a ne a rile: “Bona! Motlhanka wa me, . . . yo o tlhophilweng wa me, yo moya wa me o mo amogetseng,” tota go ne go ka tla jang gore go twe Jehofa o “itumelela go mo gatelela”? (Isa. 42:1) Ke ka ntlha yang fa go ka twe seno se ne se itumedisa Jehofa?

 7 E le gore re tlhaloganye karolo eno ya boporofeti, re tshwanetse go gakologelwa gore fa Satane a ne a tsosa kgang malebana le bolaodi jwa ga Jehofa, o ne a tsosa dipelaelo ka gore a batlhanka botlhe ba Modimo kwa legodimong le mo lefatsheng ba ka ikanyega mo go ene. (Jobe 1:9-11; 2:3-5) Jesu o ne a araba kgang ya ga Satane ka tsela e e tlhatswang pelo ka go nna a ikanyega go ya losong. Ka jalo, le fa Jehofa a ne a letla gore Keresete a bolawe ke baba ba gagwe, kwantle ga pelaelo Jehofa o ne a utlwa botlhoko fa a bona Motlhanka wa gagwe yo a mo tlhophileng a bolawa. Le fa go ntse jalo, fa Jehofa a ne a bona Morwawe a ikanyega ka botlalo, seo se ne sa mo itumedisa fela thata. (Dia. 27:11) Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a itumedisiwa thata ke go itse kafa loso lwa ga Morwawe lo neng lo tla solegela batho ba ba ikwatlhayang molemo ka teng.—Luke 15:7.

O ne A “Tlhabelwa Ditlolo Tsa Rona”

8, 9. (a) Jesu o ne a “tlhabelwa ditlolo tsa rona” jang? (b) Petere o ne a tlhomamisa seno jang?

8 Bala Isaia 53:6. Batho ba e leng baleofi ba ntse ba kgarakgatshega jaaka dinku tse di latlhegileng ba batla go gololwa mo bolwetseng le mo losong tse ba di ruileng mo go Adame. (1 Pet. 2:25) E re ka ditlogolwana tsa ga Adame di sa itekanela, ga go na ope wa bone yo o neng a ka rekolola se Adame a neng a se latlhile. (Pes. 49:7) Le fa go ntse jalo, Jehofa ka lorato lwa gagwe lo logolo “o dirile gore phoso ya rona rotlhe e rakane le ene yoo,” Morwa wa gagwe yo o rategang e bile e le Motlhanka yo a mo tlhophileng. Ka go dumela go “tlhabelwa ditlolo tsa rona” le go “gatelelwa ka ntlha ya diphoso tsa rona,” Keresete o ne a sikara maleo a rona mo koteng mme a re swela.

9 Moaposetoloi Petere o ne a kwala a re: “Tota e bile, lo ne lwa bilediwa tseleng eno, ka gonne le Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi. Ene ka boene o ne a sikara maleo a rona mo mmeleng wa gagwe mo koteng, e le gore re tle re kgaogane gotlhelele le maleo re bo re tshelele tshiamo.” Go tswa foo Petere o ne a nopola mo boporofeting jwa ga Isaia a re: “Mme ‘lo ne lwa fodisiwa ka dititeo tsa gagwe.’” (1 Pet. 2:21, 24; Isa. 53:5) Seno se ne sa bulela baleofi sebaka sa gore ba boelane le Modimo, jaaka Petere a ne a bolela jaana morago ga moo: “Keresete o ne a swa gangwe fela a swela maleo, motho yo o siameng a swela ba ba sa siamang, gore a lo ise kwa Modimong.”—1 Pet. 3:18.

“O ne A Tlisiwa Fela Jaaka Nku e Isiwa Tlhabong”

10. (a) Johane Mokolobetsi o ne a tlhalosa Jesu jang? (b) Ke ka ntlha yang fa mafoko a ga Johane a ne a tshwanela?

10 Bala Isaia 53:7, 8Fa Johane Mokolobetsi a bona Jesu a tla, o ne a re: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!” (Joh. 1:29) Fa Johane a ne a bitsa Jesu a re Kwana, a ka tswa a ne a gopotse mafoko ano a ga Isaia: “O ne a tlisiwa fela jaaka nku e isiwa tlhabong.” (Isa. 53:7) Isaia o ne a bolelela pele jaana: “O ne a tshololela moya wa gagwe mo losong.” (Isa. 53:12) Mme mo bosigong jwa fa Jesu a ne a tlhoma Segopotso sa loso lwa gagwe, o ne a naya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba le 11 senwelo sa beine a bo a re: “Seno se kaya ‘madi a kgolagano’ a me, a a tla tshololelwang ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.”—Math. 26:28.

11, 12. (a) Lebaka la go bo Isake a ne a iketleeditse go ntshiwa setlhabelo le bontsha eng ka setlhabelo sa ga Keresete? (b) Re tshwanetse go gopola eng ka Aborahame yo Mogolwane, Jehofa, fa re tshwere Segopotso?

11 Fela jaaka Isake a ile a dira bogologolo, Jesu o ne a iketleeditse go ntshiwa setlhabelo. (Gen. 22:1, 2, 9-13; Baheb. 10:5-10) Le fa Isake a ile a dumela ka go rata gore a ntshiwe setlhabelo, Aborahame ke ene yo o neng a batla go ntsha setlhabelo seo. (Baheb. 11:17) Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a dumela ka go rata gore a swe, mme Jehofa ke ene Mosimolodi wa thulaganyo ya thekololo. Setlhabelo sa Morwa Modimo se ne se bontsha kafa Modimo a ratang batho thata ka teng.

12 Jesu ka boene o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 3:16) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Modimo o supa lorato lwa gagwe mo go rona ka tsela ya gore, fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela.” (Bar. 5:8) Ka jalo, le fa re naya  Keresete tlotlo ka go gopola loso lwa gagwe, le ka motlha ga re a tshwanela go lebala gore yo o rulagantseng gore go nne le setlhabelo ke Aborahame yo Mogolwane, Jehofa. Fa re tshwara Segopotso re a bo re isetsa ene pako.

Motlhanka o Dira Gore “Batho ba le Bantsi ba Nne le Boemo jo bo Siameng”

13, 14. Motlhanka wa ga Jehofa o ne a dira jang gore “batho ba le bantsi ba nne le boemo jo bo siameng”?

13 Bala Isaia 53:11, 12. Jehofa o ne a bolela jaana ka Motlhanka wa gagwe yo a mo tlhophileng: “Mosiami, motlhanka wa me, o tla dira gore batho ba le bantsi ba nne le boemo jo bo siameng.” Ka tsela efe? Mafoko a bofelo a temana 12 a re naya lesedi le le ka re thusang go bona karabo. “Mme [Motlhanka] a tsereganyetsa batlodi.” Ditlogolwana tsotlhe tsa ga Adame di tsholwa e le baleofi, “batlodi,” mme ka jalo ba amogela “dituelo tse boleo bo di duelang,” e leng, loso. (Bar. 5:12; 6:23) Go botlhokwa gore batho ba ba leofileng ba letlane le Jehofa. Kgaolo 53 ya boporofeti jwa ga Isaia e tlhalosa sentle kafa Jesu a neng a “tsereganyetsa” batho ba ba leofileng ka teng, fa e re: “O ne a kgwathisiwa gore rona re bone kagiso, mme re fodisitswe ka ntlha ya dintho tsa gagwe.”—Isa. 53:5.

14 Fa Keresete a ne a sikara maleo a rona a bo a re swela, o ne a dira gore “batho ba le bantsi ba nne le boemo jo bo siameng.” Paulo o ne a kwala jaana: “Modimo o ne a bona go le molemo gore botlalo jotlhe bo nne mo go ene [Keresete], le go letlanyetsa gape dilo tsotlhe tse dingwe ka ene ka go dira kagiso ka madi ao a a tsholotseng mo koteng ya tlhokofatso, go sa kgathalesege gore a e ka ne e le dilo tse di mo lefatsheng kgotsa dilo tse di kwa magodimong.”—Bakol. 1:19, 20.

15. (a) “Dilo tse di kwa magodimong” tse di umakilweng ke Paulo ke bomang? (b) Ke bomang fela ba ba nang le tshwanelo ya go ja ditshwantshetso tsa Segopotso, mme ka ntlha yang?

15 “Dilo tse di kwa magodimong” tse di letlanngwang le Jehofa ka madi a ga Keresete a a tsholotsweng, ke Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba bidiwang gore ba tle go busa le Keresete kwa magodimong. Bakeresete “ba ba nang le seabe mo pitsong ya selegodimo” ba bolelwa e le “ba ba siametseng botshelo.” (Baheb. 3:1; Bar. 5:1, 18) Go tswa foo Jehofa o ba amogela e le bomorwawe ba semoya. Moya o o boitshepo o supela gore ke “baruaboswammogo le Keresete,” ba ba bileditsweng go nna dikgosi le baperesiti mo Bogosing jwa gagwe jwa kwa legodimong. (Bar. 8:15-17; Tshen. 5:9, 10) Ba nna karolo ya Iseraele wa semoya, “Iseraele wa Modimo,” mme ba tsenngwa mo ‘kgolaganong e ntšha.’ (Jer. 31:31-34; Bagal. 6:16) E re ka e le maloko a kgolagano e ntšha, ba na le tshwanelo ya go ja ditshwantshetso tsa Segopotso, go akaretsa senwelo sa beine e khibidu, se Jesu a neng a bolela jaana ka sone: “Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me, a a tla tshololelwang lona.”—Luke 22:20.

16. “Dilo tse di mo lefatsheng” ke bomang, mme ba dirwa jang gore ba nne le boemo jo bo siameng fa pele ga ga Jehofa?

16 “Dilo tse di mo lefatsheng” ke ba setlhopha sa dinku tse dingwe tsa ga Keresete, ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Motlhanka yo Jehofa a mo tlhophileng o dira gore le bone ba nne le boemo jo bo siameng fa pele ga ga Jehofa. E re ka ba na le tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete sa thekololo mme ka jalo “ba tlhatswitse diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di  sweufatsa mo mading a Kwana,” Jehofa o ba bolela ba siame, e seng jaaka bomorwawe ba semoya, mme jaaka ditsala tsa gagwe, a ba naya tsholofelo e e molemo ya go falola ‘pitlagano e kgolo.’ (Tshen. 7:9, 10, 14; Jak. 2:23) E re ka ba dinku tse dingwe ba se mo kgolaganong e ntšha mme ka jalo ba se na tsholofelo ya go tshela kwa legodimong, ga ba je ditshwantshetso tsa Segopotso mme ba tlela go tla go bogela ka tlotlo.

Re Leboga Jehofa le Motlhanka wa Gagwe Yo a Mo Amogetseng!

17. Go ithuta dipolelelopele tse di mo go Isaia tse di buang ka Motlhanka go re thusitse jang go baakanya megopolo ya rona re ipaakanyetsa Segopotso?

17 Go sekaseka dipolelelopele tse di mo go Isaia tse di buang ka Motlhanka e nnile tsela e e molemo ya go baakanya megopolo ya rona re ipaakanyetsa Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Go re thusitse go “leba ka tlhomamo kwa Moemeding yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona.” (Baheb. 12:2) Re ithutile gore Morwa Modimo o kutlo. Ene ga a tshwane le Satane, mme o itumelela go rutiwa ke Jehofa, a mo tsaya e le ene Morena Molaodimogolo. Re bone gore fa Jesu a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a le pelotlhomogi mo bathong ba a neng a ba rerela, a fodisa ba bantsi ba ba lwalang e bile a ba thusa go letlana le Modimo. Ka go rialo o ne a bontsha gore o tla dira eng fa e setse e le Mesia Kgosi mo tsamaisong e ntšha ya dilo fa “a baya tshiamiso mo lefatsheng.” (Isa. 42:4) Tsela e a neng a na le tlhoafalo ka yone fa a rera ka Bogosi e le “lesedi la ditšhaba,” e gopotsa balatedi ba gagwe gore ba tshwanetse go rera dikgang tse di molemo ka tlhoafalo mo lefatsheng lotlhe.—Isa. 42:6.

18. Ke ka ntlha yang fa boporofeti jwa ga Isaia bo dira gore dipelo tsa rona di tlale ditebogo re leboga Jehofa le Motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang?

18 Gape boporofeti jwa ga Isaia bo oketsa tsela e re tlhaloganyang ka yone gore Jehofa o ile a latlhegelwa thata fa a ne a romela Morwawe yo a mo ratang mo lefatsheng gore a tle go boga a bo a re swela. Jehofa ga a ka a itumelela go bona Morwawe a boga, mme o ne a itumelela go bona Jesu a ikanyega ka botlalo go fitlha a swa. Re tshwanetse go itumela fela jaaka Jehofa, re anaanela sotlhe se Jesu a neng a se dira go supa fa Satane e le moaki le go itshepisa leina la ga Jehofa, ka jalo a bontsha gore Jehofa o tshwanelwa ke go nna Molaodimogolo. Mo godimo ga moo, Keresete o ne a sikara maleo a rona mme a re swela. Ka go rialo o ne a dira gore letsomanyane la bomonnawe ba ba tloditsweng le ba setlhopha sa dinku tse dingwe ba nne le boemo jo bo siameng fa pele ga ga Jehofa. Fa re le kwa Segopotsong, e kete dipelo tsa rona di ka tlala ditebogo, re leboga Jehofa le Motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang.

Poeletso

• Ke ka tsela efe Jehofa a ileng a ‘itumelela’ go bona Morwawe a ‘gatelelwa’?

• Jesu o ne a “tlhabelwa ditlolo tsa rona” jang?

• Motlhanka o ne a dira jang gore “batho ba le bantsi ba nne le boemo jo bo siameng”?

• Go ithuta boporofeti jo bo buang ka Motlhanka go baakantse mogopolo le pelo ya gago jang gore o ipaakanyetse Segopotso?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

“O ne a nyadiwa, mme re ne ra mo tsaya jaaka yo e seng wa sepe”

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

“O ne a tshololela moya wa gagwe mo losong”

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ba “dinku tse dingwe” ba tla Segopotsong ba tla go bogela ka tlotlo