Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o ‘Molebedi wa Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang Jwa Modimo’?

A o ‘Molebedi wa Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang Jwa Modimo’?

 A o ‘Molebedi wa Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang Jwa Modimo’?

“Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi. Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.”—BAR. 12:10.

1. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa eng?

GANGWE le gape Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore Jehofa o tla re thusa fa re kgobegile marapo kana re utlwile botlhoko. Ka sekai, ela tlhoko mafoko ano a a gomotsang: “Jehofa o tshegetsa botlhe ba ba wang, e bile o tsholetsa botlhe ba ba inameng.” “O fodisa ba ba pelo e phatlogileng, o ba hapa fa ba utlwileng botlhoko gone.” (Pes. 145:14; 147:3) Gape Rraarona yo o kwa legodimong a re: “Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’”—Isa. 41:13.

2. Jehofa o nonotsha batlhanka ba gagwe jang?

2 Mme gone, Jehofa yo o nnang kwa magodimong a a sa bonaleng o ‘tshwara seatla sa rona’ jang? O re ‘tsholetsa jang fa re inamisitswe’ ke bohutsana? Jehofa Modimo o re ema nokeng jalo ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, o naya batho ba gagwe “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” ka moya wa gagwe o o boitshepo. (2 Bakor. 4:7; Joh. 14:16, 17) Batlhanka ba Modimo gape ba kgothadiwa ke maatla a ba a bonang mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng, Baebele. (Baheb. 4:12) A go na le tsela e nngwe gape e Jehofa a re kgothatsang ka yone? Karabo ya potso eo e mo bukeng ya Petere wa Ntlha.

“Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang Jwa Modimo jo bo Bontshiwang ka Ditsela Tse di Farologaneng”

3. (a) Moaposetoloi Petere a reng malebana le diteko? (b) Go buiwa ka eng mo karolong ya bofelo ya lekwalo la ntlha la ga Petere?

3 Fa moaposetoloi Petere a kwalela badumedi ba ba tloditsweng ka moya, a re ba na le lebaka le le utlwalang la gore ba itumele ka gonne ba tlile go bona tuelo e kgolo. Go tswa foo a re: “Le fa ka lobakanyana mo nakong eno, fa e le gore go tshwanetse, lo hutsafaditswe ke diteko tse di farologaneng.” (1 Pet. 1:1-6) Ela tlhoko lefoko “farologaneng.” Le kaya gore diteko di tla tla ka mefuta. Le fa go ntse jalo, Petere ga a eme fela foo, a tlogela bakaulengwe ba gagwe ba ipotsa gore a ba tla kgona go emelana le diteko tseo tse di farologaneng. Go na le moo, o bolela gore Bakeresete ba ka tlhomamisega gore Jehofa o tla ba thusa go itshokela teko nngwe le nngwe e ba kopanang le yone, le fa e ka tswa e le ya mofuta mang. Mafoko ao a a kgothatsang a mo karolong ya bofelo ya lekwalo la ga Petere, e mo go yone moaposetoloi yoo a buang ka dikgang tse di amanang le “bokhutlo jwa dilo tsotlhe.”—1 Pet. 4:7.

4. Ke eng fa mafoko a a mo go 1 Petere 4:10 a re gomotsa?

4 Petere a re: “Go ya ka selekanyo se mongwe le mongwe a amogetseng mpho ka sone, e diriseng mo go direlaneng jaaka balebedi ba ba molemo ba bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jo bo bontshiwang ka ditsela tse di farologaneng.” (1 Pet. 4:10) Le fano Petere o dirisa lefoko “farologaneng.” Ka mafoko a mangwe, a re, ‘Diteko di tla ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng, mme bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo le jone bo tla ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng.’ Ke eng fa mafoko ao a gomotsa? A kaya gore le fa teko e re lebaneng le yone e ka tswa e le ya mofuta ofe, go tla nna go na le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jo bo tla re thusang go e itshokela. A mme o etse  tlhoko mo mafokong a ga Petere gore Jehofa o re bontsha jang bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang? Ka go dirisa Bakeresete mmogo le rona.

‘Go Direlana’

5. (a) Ke eng se Mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetseng go se dira? (b) Go tsoga dipotso dife?

5 Fa Petere a bua le maloko otlhe a phuthego ya Bokeresete, a re: “Mo godimo ga dilo tsotlhe, ratanang ka lorato lo logolo.” Go tswa foo a re: “Go ya ka selekanyo se mongwe le mongwe a amogetseng mpho ka sone, e diriseng mo go direlaneng.” (1 Pet. 4:8, 10) Ka jalo, mongwe le mongwe mo phuthegong o tshwanetse go thusa go kgothatsa Bakeresete mmogo le ene. Jehofa o re neile sengwe se se tlhwatlhwakgolo gore re se tlhokomele, mme re na le maikarabelo a go se abela ba bangwe. Ke eng se re se neilweng? Petere a re ke “mpho.” Mpho eo ke eng? Re e ‘dirisa jang mo go direlaneng’?

6. Dingwe tsa dimpho tse Bakeresete ba di neilweng ke dife?

6 Lefoko la Modimo la re: “Mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng e tswa kwa godimo.” (Jak. 1:17) Ee ruri, dimpho tsotlhe tse Jehofa a di nayang batho ba gagwe ke sesupo sa bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang. Mpho nngwe e e tlhomologileng e Jehofa a e re nayang ke moya o o boitshepo. Mpho eo e dira gore re kgone go nna le dinonofo tsa bomodimo tse di tshwanang le lorato, molemo le bonolo. Mme fa re na le dinonofo tseo, di re tlhotlheletsa go rata badumedimmogo le rona go tswa pelong e bile di dira gore re batle go ba thusa. Dingwe tsa dimpho tse di molemo tse moya o o boitshepo o re thusang go nna le tsone ke botlhale jwa mmatota le kitso. (1 Bakor. 2:10-16; Bagal. 5:22, 23) Tota e bile, nonofo yotlhe e re nang le yone le bokgoni di ka nna tsa tsewa e le dimpho tse di ka dirisiwang go baka le go tlotla Rraarona yo o kwa legodimong. Re na le boikarabelo jo re bo neilweng ke Modimo jwa gore re dirise bokgoni jwa rona le dinonofo tsa rona tse di molemo go bontsha badumedi ka rona bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.

“E Diriseng mo go Direlaneng”—Jang?

7. (a) Ke eng se se kaiwang ke mafoko a a reng “go ya ka selekanyo”? (b) Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife, mme ka ntlha yang?

7 Gape Petere o bua jaana ka dimpho tse re di neilweng: “Go ya ka selekanyo se mongwe le mongwe a amogetseng mpho ka sone, e diriseng.” Mafoko a a reng “go ya ka selekanyo” a kaya gore dinonofo tse di molemo le bokgoni ga di farologane fela ka mefuta ya tsone mme di farologana le ka selekanyo. Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe o rotloediwa gore a ‘e dirise [ke gore,  mpho le fa e le efe e a e neilweng] mo go direlaneng.’ Gape mafoko a a reng “e diriseng . . . jaaka balebedi ba ba molemo” ke taelo. Ka jalo, re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ruri ke dirisa dimpho tse ke di neilweng go kgothatsa badumedimmogo le nna?’ (Bapisa 1 Timotheo 5:9, 10.) ‘Kana ke dirisa bokgoni jo ke bo neilweng ke Jehofa fela gore go solegelwe nna molemo—gongwe e le gore ke bone dikhumo kana maemo?’ (1 Bakor. 4:7) Fa re dirisa dimpho tsa rona “mo go direlaneng,” re tla bo re itumedisa Jehofa.—Dia. 19:17; bala Bahebera 13:16.

8, 9. (a) Dingwe tsa ditsela tse Bakeresete mo lefatsheng lotlhe ba thusang badumedimmogo le bone ka tsone ke dife? (b) Bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ya lona ba thusana jang?

8 Lefoko la Modimo le umaka ditsela tse di farologaneng tse Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba direlana ka tsone. (Bala Baroma 15:25, 26; 2 Timotheo 1:16-18.) Ka tsela e e tshwanang, le gompieno Bakeresete ba boammaaruri ba latela ka pelo yotlhe taelo ya gore ba dirise mpho ya bone go thusa badumedimmogo le bone. Akanya ka dingwe tsa ditsela tse ba dirang jalo ka tsone.

9 Bakaulengwe ba bantsi ba dirisa diura tse dintsi kgwedi le kgwedi ba baakanyetsa dipuo tse ba tla di neelang kwa dipokanong. Kwa dipokanong, fa ba tlhalosa tshedimosetso ya botlhokwa e ba e boneng fa ba ne ba ithuta Baebele, mafoko a bone a a botlhale a rotloetsa botlhe mo phuthegong gore ba itshoke. (1 Tim. 5:17) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba itsege ka go bontsha badumedimmogo le bone lorato le kutlwelobotlhoko. (Bar. 12:15) Bangwe ka metlha ba etela ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong mme ba rapela le bone. (1 Bathes. 5:14) Ba bangwe ba ipha nako ya go kwalela Bakeresete mmogo le bone ba ba lebaneng le teko mafoko a a lorato a a kgothatsang. Mme ba bangwe ka bopelonomi ba thusa ba ba nang le mathata a botsogo go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego. Basupi ba le diketekete ba nna le seabe mo tirong ya namolo, ba thusa badumedimmogo le bone go tsosolosa magae a bone a a sentsweng ke dikotsi tsa masetlapelo. Tsela e bakaulengwe bano le bokgaitsadi ba bontshang lorato ka yone le e ba thusang ba bangwe ka yone e bontsha “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jo bo bontshiwang ka ditsela tse di farologaneng.”—Bala 1 Petere 4:11.

Ke Efe e e Botlhokwa go Gaisa e Nngwe?

10. (a) Paulo o ne a tlhagafaletse go dira ditiro dife tse pedi fa a direla Modimo? (b) Re ka etsa Paulo jang gompieno?

10 Batlhanka ba Modimo ba neilwe mpho e ba tshwanetseng go e dirisa go thusa badumedimmogo le bone e bile ba neilwe le molaetsa o ba tshwanetseng go o naya batho. Moaposetoloi Paulo o ne a lemoga gore o tshwanetse go dira dilo tseo ka bobedi fa a direla Jehofa. O ne a kwalela phuthego ya Efeso ka “tiro ya bolebedi ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo” e a neng a e neilwe gore e ba solegele molemo. (Baef. 3:2) Mme gape o ne a re: “Re supilwe ke Modimo re le ba ba tshwanelang go sikarisiwa dikgang tse di molemo.” (1 Bathes. 2:4) Jaaka Paulo, le rona re lemoga gore re neilwe tiro ya go rera ka Bogosi jwa Modimo. Fa re dira tiro eno ya go rera ka tlhoafalo, re leka ka natla go etsa sekao sa ga Paulo jaaka e ne e le moreri yo o tlhagafetseng wa dikgang tse di molemo. (Dit. 20:20, 21; 1 Bakor. 11:1) Re itse gore go rera molaetsa wa Bogosi go ka boloka matshelo. Mme gape, re leka ka natla go etsa Paulo ka go batla ditsela tsa go ‘naya badumedimmogo le rona mpho nngwe ya semoya.’—Bala Baroma 1:11, 12; 10:13-15.

11. Re tshwanetse go leba jang tiro ya rona ya go rera le ya go kgothatsa bakaulengwe ba rona?

11 Ke tiro efe e e botlhokwa go gaisa e nngwe mo ditirong tseno tse pedi tsa Bokeresete? Go botsa potso e e ntseng jalo go batla go tshwana le go botsa jaana ka nonyane, Ke lefuka lefe la yone le le botlhokwa thata mo go a mabedi? Karabo ya potso eo e motlhofo. Nonyane e tlhoka diphuka tsa yone ka bobedi gore e kgone go fofa sentle. Ka tsela e e tshwanang, rona Bakeresete re tshwanetse go dira ditiro tseo ka bobedi gore re direle Modimo ka botlalo. Ka jalo, go na le gore re tseye gore tiro ya rona ya go rera dikgang tse di molemo le ya go kgothatsa badumedimmogo le rona ke ditiro tse pedi tse di sa amaneng, re di leba jaaka moaposetoloi Petere le moaposetoloi Paulo ba  ne ba di leba—re di tsaya e le maikarabelo a a tsamaisanang. Jang?

12. Jehofa o re dirisa jang?

12 Jaaka re le bareri, re dirisa bokgoni le fa e le bofe jwa go ruta jo re ka tswang re na le jone go leka go dira gore batho ba amogele molaetsa o o kgothatsang wa Bogosi jwa Modimo. Re dira jalo ka tsholofelo ya go ba thusa go nna barutwa ba ga Keresete. Le fa go ntse jalo, gape re dirisa bokgoni le dimpho tse dingwe tse re ka tswang re na le tsone go leka go kgothatsa badumedimmogo le rona ka go bua mafoko a a kgothatsang le ka go ba thusa ka go ba direla dilo dingwe, e leng ditsela tsa go bontsha bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo. (Dia. 3:27; 12:25) Re dira jalo ka tsholofelo ya go ba thusa go tswelela e le barutwa ba ga Keresete. Fa re dira ditiro tseno tse pedi—re rerela batho e bile re ‘direlana’—re na le tshiamelo e e molemolemo ya go dirisiwa ke Jehofa.—Bagal. 6:10.

“Bontshanang Lorato Lwa Bopelonomi”

13. Go ka diregang fa re ka emisa ‘go direlana’?

13 Paulo o ne a kgothatsa badumedimmogo le ene jaana: “Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi. Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Bar. 12:10) Eleruri, go rata bakaulengwe ba rona go re tlhotlheletsa go nna balebedi ba bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo ka pelo yotlhe. Re lemoga gore fa Satane a ka kgona go re thibela ‘go direlana,’ a ka dira gore re se ka ra nna seoposengwe. (Bakol. 3:14) Mme fa re se seoposengwe re ka se dire tiro ya go rera ka tlhagafalo. Satane o itse sentle gore o tlhoka fela go gobatsa lengwe la diphuka tsa rona tsa tshwantshetso gore a kgone go emisa tiro ya rona.

14. Ke bomang ba ba solegelwang molemo fa re ‘direlana’? Naya sekai.

14 ‘Go direlana’ go solegela molemo batho ba ba amogelang bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo mmogo le ba ba bo bontshang. (Dia. 11:25) Ka sekai, akanya ka Ryan le Roni, banyalani ba kwa Illinois, kwa U.S.A. Fa ba ne ba utlwa gore Kgwanyape ya Katrina e ne e sentse magae a mantsintsi a Basupi ba bangwe, lorato lwa bokaulengwe lo ne lwa ba tlhotlheletsa gore ba tlogele ditiro tsa bone, ba tlogele folete ya bone, ba reke kharabane e e dirisitsweng, ba e baakanye mme ba tsamaye sekgala sa dikilometara di le 1 400 go ya kwa Louisiana. Ba ne ba nna koo lobaka lo lo fetang ngwaga ba dirisa nako, nonofo, madi le dithoto tsa bone go thusa bakaulengwe ba bone. Ryan, yo o nang le dingwaga di le 29, a re: “Go dira tiro eno go ne ga dira gore ke atamalane thata le Modimo. Ke ne ka bona  kafa Jehofa a tlhokomelang batho ba gagwe ka teng.” Gape a re: “Go dira le bakaulengwe ba ba godileng go ne ga nthuta go tlhokomela bakaulengwe tota. Gape ke ne ka ithuta gore go na le dilo tse dintsi tse rona basha re ka di dirang mo phuthegong ya ga Jehofa.” Roni, yo o nang le dingwaga tse 25, a re: “Ke itumelela go bo ke ile ka dira sengwe go thusa ba bangwe. Ke ikutlwa ke itumetse thata go feta le fa e le leng pele mo botshelong jwa me. Ke itse gore mo dingwageng tse di sa ntseng di tla, ke sa ntse ke tla bona melemo ya go bo ke ile ka dira tiro eno e e itumedisang.”

15. Re na le mabaka afe a a utlwalang a gore re tswelele re le balebedi ba ba molemo ba bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo?

15 Ee ruri, go ikobela ditaelo tsa Modimo tsa go rera dikgang tse di molemo le go kgothatsa badumedimmogo le rona go re solegela molemo rotlhe. Batho ba re ba thusang ba a kgothala gore ba tswelele ba direla Modimo, mme rona re itumedisiwa thata ke go aba. (Dit. 20:35) Lorato lo a oketsega mo phuthegong yotlhe fa maloko a yone a ntse a bontshana lorato. Mo godimo ga moo, lorato lo re lo bontshanang lo bontsha sentle gore re Bakeresete ba boammaaruri. Jesu o ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Joh. 13:35) Sa botlhokwa le go feta, tlotlo e ya kwa go Rraarona yo o lorato, Jehofa, e re ka tsela e batlhanka ba gagwe ba mo lefatsheng ba dirang dilo ka yone e bontsha keletso ya gagwe ya go nonotsha batho ba ba tlhokang thuso. Ka jalo, re na le mabaka a a utlwalang a gore re dirise mpho ya rona “mo go direlaneng jaaka balebedi ba ba molemo ba bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo”! A o tla tswelela o dira jalo?—Bala Bahebera 6:10.

A o A Gakologelwa?

• Jehofa o nonotsha batlhanka ba gagwe jang?

• Re neilwe eng?

• Dingwe tsa ditsela tse re ka direlang badumedimmogo le rona ka tsone ke dife?

• Ke eng se se tla re tlhotlheletsang go tswelela re dirisa mpho ya rona “mo go direlaneng”?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

A o dirisa “mpho” ya gago go direla ba bangwe kana go iitumedisa?

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Re rerela ba bangwe dikgang tse di molemo e bile re thusa Bakeresete mmogo le rona

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ba ba dirang tiro ya namolo ba tshwanetse go akgolelwa moya wa bone wa go intsha setlhabelo