Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mokwalo wa Bogologolo wa Cuneiform—Kafa o Amanang ka Teng le Baebele

Mokwalo wa Bogologolo wa Cuneiform—Kafa o Amanang ka Teng le Baebele

 Mokwalo wa Bogologolo wa Cuneiform—Kafa o Amanang ka Teng le Baebele

FA PUO ya batho e sena go tlhakatlhakanngwa kwa Babele, go ne ga simologa mekgwa e e farologaneng ya go kwala. Batho ba ba neng ba nna kwa Mesopotamia, jaaka Basumeri le Bababelona, ba ne ba dirisa mokgwa wa cuneiform fa ba kwala. Lefoko leo le le kayang mokgwa wa go kwala ka matshwao le tswa mo go la Selatine le le kayang “se se bopegileng jaaka lomapo lo lo motsu” mme le kaya letshwao le le khutlotharo le le neng le dirwa ka mofuta wa pene e e neng e dirisiwa go kwala mo letsopeng le le metsi.

Baithutamarope ba ile ba epolola mekwalo ya cuneiform e e buang ka batho le ditiragalo tse di umakiwang mo Baebeleng. Re itse eng ka mokgwa ono wa bogologolo wa go kwala? Mme mekwalo eno e re naya bosupi bofe jo bo ka dirang gore re ikanye Baebele?

Mekwalo e e Bolokilweng Lobaka lo Loleele

Bakanoki ba dumela gore kwa tshimologong mokgwa wa go kwala o o neng o dirisiwa kwa Mesopotamia e ne e le wa ditshwantsho, o mo go one letshwao kgotsa setshwantsho se neng se emela lefoko kgotsa kgopolo nngwe. Ka sekai, kwa tshimologong letshwao le le kayang kgomo le ne le lebega jaaka tlhogo ya kgomo. Fa go setse go tlhokega thata gore go kwalwe mekwalo e e tlhokang go bolokiwa, go ne ga tlhamiwa mokgwa wa go kwala wa cuneiform. Buka ya thutamarope ya NIV Archaeological Study Bible e tlhalosa jaana: “Jaanong matshwao a ne a ka emela mafoko mmogo le dinoko, mme bontsi jwa one a ne a ka kopanngwa a bo a emela dinoko tsa lefoko.” Kgabagare, matshwao a a farologaneng a ka nna 200 a ne a dira gore cuneiform e kgone “go dirisediwa go kwala puo, le fa e na le mafoko a a raraaneng le thutapuo e e raraaneng.”

Mo motlheng wa ga Aborahame, mo e ka nnang ka 2000 B.C.E., mokgwa wa cuneiform wa go kwala ka matshwao o ne o setse o tlhabolotswe tota. Mo makgolong a a 20 a dingwaga a a ileng a latela, dipuo di ka nna 15 di ne tsa simolola go dirisa mokgwa ono wa go kwala. Selekanyo se se fetang diperesente di le 99 tsa mekwalo e e bonweng ya cuneiform e ne e kwadilwe mo matlapanakwalelong a letsopa. Mo dingwageng tse 150 tse di fetileng, go bonwe matlapana a a ntseng jalo a le mantsi kwa Ure, Uruk, Babelona, Nimrud, Nippur, Ashur, Ninife, Mari, Ebla, Ugarit le Amarna. Buka ya thutamarope ya Archaeology Odyssey ya re: “Baitse ba fopholetsa gore go setse go epolotswe matlapanakwalelo a cuneiform a a fa gare ga milione le dimilione di le pedi, mme ngwaga le ngwaga go bonwa a mangwe a ka nna 25 000.”

Bakanoki ba mokwalo wa cuneiform mo lefatsheng lotlhe ba na le namane e tona ya tiro ya go ranola. Go ya ka phopholetso nngwe, “ke mo e ka nnang mokwalo o le mongwe fela mo go e le lesome e e itseweng ya cuneiform o o ileng wa balwa mo e ka nnang gangwe fela mo metlheng ya gompieno.”

Sengwe se se ileng sa thusa batho go tlhaloganya mokwalo wa cuneiform ke go bona makwalo a a kwadilweng ka dipuo tse pedi kgotsa tse tharo ka mokwalo wa cuneiform. Bakanoki ba ne ba lemoga gore mo makwalong ano go ne go kwadilwe kgang e le nngwe fela ka dipuo tse di farologaneng, mme otlhe a ne a kwadilwe ka mokgwa wa go kwala wa cuneiform. Se se neng sa ba thusa go tlhaloganya mokwalo oo e ne e le go lemoga gore gantsi maina, direto, tatelano ya masika a babusi, tota le mafoko a batho fa ba ne ba ipoka a ne a boaboelediwa.

Ka bo1850, bakanoki ba ne ba kgona go bala puo e e neng e dirisiwa ke batho ba bantsi ba dinaga tsa bogologolo tsa Botlhabagare, Se-Akkadia, kgotsa Se-Asiria sa kwa Babelona, e kwadilwe ka mokgwa wa go kwala wa cuneiform. Buka ya tshedimosetso ya Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Fa Se-Akkadia se setse se tlhalogantswe, mokgwa ono wa go kwala o ne wa tlhaloganngwa sentle, mme seo se ne sa thusa gore le dipuo tse dingwe tse di kwadilweng ka mokgwa wa  go kwala wa cuneiform di kgone go balwa le go tlhaloganngwa.” Mekwalo eno e amana jang le Baebele?

Bosupi jo bo Dumalanang le Baebele

Baebele ya re Jerusalema e ne e busiwa ke dikgosi tsa Bakanana go fitlha Dafide a e gapa, mo e ka nnang ka 1070 B.C.E. (Josh. 10:1; 2 Sam. 5:4-9) Mme bakanoki bangwe ba ne ba sa dumele kgang eo sentle. Le fa go ntse jalo, ka 1887 mosadi mongwe wa maemo a a kwa tlase o ne a bona letlapanakwalelo la letsopa kwa Amarna, kwa Egepeto. Fa makwalo a ka nna 380 a a neng a kwadilwe mo go lone a sena go ranolwa go ne ga lemogwa gore e ne e le makwalo a semmuso a babusi ba Egepeto (Amenhotep III le Akhenaton) ba neng ba a kwalelana le magosi a Bakanana. Makwalo a le marataro mo go one a ne a tswa kwa go ‘Abdi-Heba, mmusi wa Jerusalema.

Lokwalopaka lwa Biblical Archaeology Review lwa re: “Lebaka la go bo matlapanakwalelo a kwa Amarna a umaka Jerusalema ka tlhamalalo e le motse, e se jarata, e bile a umaka ‘Abdi-Heba e le . . . mmusi yo o neng a na le legae la bonno mmogo le masole a le 50 a Baegepeto a a neng a abetswe go nna kwa lefelong lengwe la sesole kwa Jerusalema, le bontsha gore Jerusalema e ne e le bogosi jo bonnye jwa naga e e dithota.” Moragonyana lone lokwalopaka loo lo ne lwa re: “Makwalo a a tswang kwa Amarna a re tlhomamisetsa gore ka nako eo go ne go na le motse o o neng o tlhomologile mo go e mengwe ya motlha oo.”

Maina a a Umakiwang mo Mekwalong ya Asiria le Babelona

Baasiria, le Bababelona moragonyana, ba ne ba kwala hisitori ya bone mo matlapanakwalelong a letsopa le mo disilendareng [cylinders], mo diporisimeng [prisms] le mo difikantsweng. Ka jalo fa bakanoki ba sena go tlhaloganya mokwalo wa cuneiform wa Se-Akkadia, ba ne ba fitlhela gore mekwalo e ba neng ba e sekaseka e ne e umaka batho ba ba umakwang le mo Baebeleng.

Buka ya The Bible in the British Museum ya re: “Ka 1870 fa Dr Samuel Birch a ne a bua fa pele ga mokgatlho o o neng o sa tswa go tlhongwa wa Society of Biblical Archaeology, o ne a kgona go ba bontsha [mo mekwalong ya cuneiform maina a] dikgosi tsa Bahebera e bong Omeri, Ahabe, Jehu, Asaria . . . , Menaheme, Peka, Hoshea, Hesekia le Manase, dikgosi tsa Asiria e bong Tigelathe-Pilesere . . . [III], Saregone, Senakeribe, Esare-hadone le Ashurbanipal, . . . le Basiria e bong Benehadade, Hasaele le Resine.”

Buka ya The Bible and Radiocarbon Dating e bapisa mokwalo wa bogologolo wa cuneiform le pego ya ditiragalo tsa Baiseraele le Bajuda e e mo Baebeleng. E konela ka go reng? “Dikgosi tsa Juda le Iseraele di le 15 kgotsa 16 di fitlhelwa mo mekwalong e e bolokilweng ya ditšhaba tse dingwe tsa motlha oo, mme maina a tsone le dinako tse go tweng di tshetse ka tsone di dumalana sentle le tse di mo [bukeng ya Baebele ya] Dikgosi. Ga go kgosi epe e go tweng e tshedile ka nako e tota e sa tshelang ka yone mme le mekwalo e e bolokilweng ya ditšhaba tse dingwe ga e na leina la kgosi epe e e seyong mo bukeng ya Dikgosi.”

Mokwalo mongwe o o itsegeng wa cuneiform o o bonweng ka 1879, wa Cyrus Cylinder, o bega gore fa Kurose a sena go gapa Babelona ka 539 B.C.E., o ne a diragatsa molao wa gagwe wa go busetsa batshwarwa kwa dinageng tsa bone. Bangwe ba batho ba ba neng ba tla solegelwa molemo e ne e le Bajuda. (Ezra 1:1-4) Bakanoki ba le bantsi ba lekgolo la bo19 la dingwaga ba ne ba belaela gore a tota molao ono o o umakwang mo Baebeleng o kile wa ntshiwa. Le fa go ntse jalo, mekwalo ya cuneiform e e kwadilweng mo motlheng wa fa go busa Baperesia, go akaretsa wa Cyrus Cylinder, e naya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore pego ya Baebele e boammaaruri.

Ka 1883, go ne ga fitlhelwa mekwalo e mentsi e e bolokilweng ya cuneiform e feta 700 kwa Nippur, gaufi le Babelona. Mo maineng a a 2 500 a a umakilweng, a le 70 a one a bonala e le a Bajuda. Mokwalahisitori e bong Edwin Yamauchi a re mo mekwalong eo go a bo go bonala gore batho bao ke “batho ba ba dirang tumalano le ba bangwe, baemedi, basupi, bakgethisi le batlhankedi ba segosi.” Bosupi jwa gore Bajuda ba ne ba tswelela pele ba dira ditiro tseno gaufi le Babelona mo motlheng ono bo bontsi tota. Bo tlhomamisa mafoko a Baebele a boporofeti a gore fa “masalela” a Baiseraele a ne a boela Judea a boa kwa botshwarong kwa Asiria le Babelona, ba le bantsi ga ba a ka ba boa.—Isa. 10:21, 22.

Mo dingwageng tsa ntlha tse di sekete B.C.E., mokwalo wa cuneiform o ne o dirisiwa go ntse go dirisiwa le mokwalo wa ditlhaka tse di tlwaelegileng. Mme kgabagare Baasiria le Bababelona ba ne ba tlogela mokwalo wa cuneiform ba bo ba tswelela ba dirisa mokwalo wa ditlhaka tse di tlwaelegileng.

Go sa ntse go na le matlapanakwalelo a le diketekete a a beilweng mo dimusiamong a a sa ntseng a tshwanetse go sekasekwa. Matlapanakwalelo a baitse ba setseng ba a sekasekile e bile ba a tlhalogantse a naya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Baebele e ka ikanngwa. Ke mang yo o itseng gore mekwalo e e iseng e sekasekiwe e sa ntse e ka naya bosupi jo bontsi go le kana kang?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]

Photograph taken by courtesy of the British Museum