Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o re Beile Leitlho Gore re Solegelwe Molemo

Jehofa o re Beile Leitlho Gore re Solegelwe Molemo

 Jehofa o re Beile Leitlho Gore re Solegelwe Molemo

“Matlho a [ga Jehofa] a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.”—2 DITIR. 16:9.

1. Ke eng fa Jehofa a re tlhatlhoba?

JEHOFA ke Rre yo o molemo thata. O re itse sentle mo a itseng le ‘tshekamelo ya dikakanyo tsa rona.’ (1 Ditir. 28:9) Le fa go ntse jalo, ga a re tlhatlhobe gore a bone diphoso fela. (Pes. 11:4; 130:3) Go na le moo, o batla go re sireletsa ka lorato mo go sengwe le sengwe se se ka senyang kamano ya rona le ene kana se se ka re thibelang go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Pes. 25:8-10, 12, 13.

2. Jehofa o dirisa nonofo ya gagwe go thusa batho ba ba ntseng jang?

2 Jehofa ke Mothatayotlhe mme o bona sengwe le sengwe. Ka ntlha ya seo, a ka thusa batho ba gagwe ba ba ikanyegang nako le nako fa ba kopa thuso, e bile a ka ba ema nokeng fa ba lebane le diteko. Lokwalo lwa 2 Ditiragalo 16:9 lwa re: “Matlho a [ga Jehofa] a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” Ela tlhoko gore Jehofa o thusa batho ba ba mo direlang ka pelo e e feletseng, e leng pelo e e itshekileng le e e ikanyegang. Ga a amege jalo ka batho ba ba maferefere kana baitimokanyi.—Josh. 7:1, 20, 21, 25; Dia. 1:23-33.

Tsamaya le Modimo

3, 4. Go “tsamaya le Modimo” go kaya eng, mme ke dikai dife tse di mo Baebeleng tse di re thusang go tlhaloganya seno?

3 Batho ba bantsi ga ba kgone go tlhaloganya gore go ka kgonega jang gore Mmopi wa lobopo  lwa rona lo logolo a letle batho gore ba tsamaye le ene ka tsela ya tshwantshetso. Mme seo ke sone se Jehofa a batlang gore re se dire. Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, Enoke le Noa ba ne ba “tsamaya le Modimo.” (Gen. 5:24; 6:9) Moshe “o ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.” (Baheb. 11:27) Kgosi Dafide o ne a iphitlhela a tsamaya ka boikokobetso le Rraagwe yo o kwa legodimong. O ne a re: “Ka gonne [Jehofa] o kafa seatleng sa me sa moja, ga ke na go reketlisiwa.”—Pes. 16:8.

4 Gone re ka se tshware Jehofa ka seatla mme ra tsamaya le ene ka tsela ya mmatota. Mme re ka dira jalo ka tsela ya tshwantshetso. Jang? Mopesalema Asafe a re: “Ke na le wena ka metlha; o tshwere seatla sa me sa moja. O tla nkgoga ka kgakololo ya gago.” (Pes. 73:23, 24) Ka bokhutshwane fela, fa re latela kgakololo ya ga Jehofa e gantsi re e newang ka Lefoko la gagwe le le kwadilweng le ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” re a bo re tsamaya le ene.—Math. 24:45; 2 Tim. 3:16.

5. Jehofa o nna a beile batho ba gagwe ba ba ikanyegang leitlho jang jaaka rre yo o lorato, mme re tshwanetse go ikutlwa jang ka ene?

5 Ka gonne Jehofa o rata batho ba ba tsamayang le ene, o nna a ba beile leitlho jaaka rre, a ba tlhokometse, a ba sireletsa, e bile a ba ruta. Modimo a re: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.” (Pes. 32:8) Ipotse jaana: ‘A ke kgona go ipona ke tsamaya le Jehofa ke mo tshwere ka seatla ka tsela ya tshwantshetso, ke reeditse botlhale jwa gagwe e bile ke itse gore o mpeile leitlho ka lorato? A lebaka la go bo ke itse gore o teng le laola se ke se akanyang, se ke se buang le dilo tse ke di dirang? Mme fa ke dira phoso, go na le gore ke tseye gore Jehofa ke Modimo yo o sa kgathaleng yo o bogale, a ke mo tsaya e le Rre yo o lorato, yo o kutlwelobotlhoko, yo o batlang go thusa batho ba ba ikwatlhayang gore ba boe ba nne le kamano e e gaufi le ene?’—Pes. 51:17.

6. Jehofa o na le bokgoni bofe jo batsadi ba rona ba se nang jone?

6 Ka dinako tse dingwe, Jehofa a ka nna a re thusa le pele ga re dira sengwe se se phoso. Ka sekai, a ka nna a lemoga gore pelo ya rona e e nang le go nna boferefere e simolola go eletsa dilo tse di sa siamang. (Jer. 17:9) Mo boemong jo bo ntseng jalo, a ka kgona go tsaya kgato ka bonako go feta batsadi ba rona ka gonne “matlho a gagwe a a phatsimang” a kgona go bona kwa tengteng ga rona le go tlhatlhoba dikakanyo tsa rona tse di kwa botennyeng. (Pes. 11:4; 139:4; Jer. 17:10) Ela tlhoko se Modimo a neng a se dira fa go ne go direga sengwe mo botshelong jwa ga Baruke, yo e neng e le mokwaledi wa ga moporofeti Jeremia e bile e le tsala ya gagwe e kgolo.

E ne E le Rre Tota mo go Baruke

7, 8. (a) Baruke e ne e le mang, mme o ka tswa a ne a simolola go nna le dikeletso dife tse di sa siamang? (b) Jehofa o ne a bontsha jang gore o amega ka Baruke jaaka rre?

7 Baruke e ne e le mokwadi yo o ithutetseng tiro ya bokwadi yo o neng a dirile mmogo le Jeremia ka boikanyego mo tirong e e neng ya felela e le bokete ya go bolela dikatlholo tsa ga Jehofa kwa Juda. (Jer. 1:18, 19) Nako nngwe, Baruke, yo go ka diregang gore o ne a tswa mo lelapeng le le tlhageletseng, o ne a simolola go ipatlela “dilo tse dikgolo.” Gongwe o ne a simolola go rata maemo kana go eletsa go nna le dikhumo. Le fa lebaka e ka tswa e ne e le lefe, Jehofa o ne a bona gore Baruke o ne a simolola go akanya ka tsela eo e e kotsi. Jehofa o ne a tsaya kgato ka bonako mme a dirisa Jeremia gore a reye Baruke a re: “O buile wa re: ‘A bo go latlhega nna, gonne Jehofa o okeditse botlhoko jwa me ka khutsafalo! Ke lapile ka ntlha ya go fegelwa ga me, mme ga ke a bona lefelo lepe la boikhutso.’” Go tswa foo Modimo o ne a re: “O nna o ntse o ipatlela dilo tse dikgolo. Se nne o ntse o batla.”—Jer. 45:1-5.

8 Le fa Jehofa a ne a kgalema Baruke a tiisitse, ga a ka a galefa, mme o ne a bua le ene jaaka rre yo o tshwenyegileng. Go lebega Modimo a ne a bona gore dikeletso tsa ga Baruke di ne di sa bontshe gore o na le pelo e e boikepo kana e e boferefere. Gape Jehofa o ne a itse gore Jerusalema le Juda di ne di le mo metlheng ya tsone ya bofelo, mme o ne a sa batle gore Baruke a dire phoso ka nako eo ya botlhokwa. Ka jalo, gore Modimo a thuse motlhanka wa gagwe go itharabologelwa, o ne a mo gakolola gore O ne a “tlisa  masetlapelo mo nameng yotlhe,” a bo a re fa Baruke a ka dira ka botlhale, o tla tshela. (Jer. 45:5) Ka mafoko a mangwe, Modimo o ne a re: ‘Itharabologelwe Baruke. Nna o gakologetswe se se tlogang se diragalela Juda le Jerusalema tse di leofileng. Nna o ikanyega mme o tshele! Ke tla go sireletsa.’ Go bonala mafoko a ga Jehofa a ne a ama pelo ya ga Baruke ka gonne o ne a fetola tsela e a neng a akanya ka yone mme a falola fa Jerusalema e ne e senngwa, dingwaga di le 17 moragonyana.

9. O ka araba jang dipotso tse di mo serapeng?

9 Fa o ntse o akanya ka kgang ya ga Baruke, sekaseka dipotso le ditemana tse di latelang: Tsela e Modimo a neng a dirisana ka yone le Baruke e senola eng ka Jehofa le kafa a ikutlwang ka teng ka batlhanka ba gagwe? (Bala Bahebera 12:9.) Ka gonne re tshela mo metlheng e e thata, re ka ithuta eng mo kgakololong e Modimo a neng a e naya Baruke le kafa Baruke a neng a itshwara ka teng? (Bala Luke 21:34-36.) Bagolwane ba Bakeresete ba ka etsa Jeremia jang ka go amega ka batlhanka ba ga Jehofa jaaka Ene a amega ka bone?—Bala Bagalatia 6:1.

Morwa o Bontsha Lorato Jaaka Rraagwe a lo Bontshitse

10. Ke eng se Jesu a se neilweng go mo thusa go diragatsa maikarabelo a gagwe jaaka e le Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete?

10 Mo metlheng ya pele ga Bokeresete, lorato lo Jehofa a ratang batho ba gagwe ka lone lo ne lwa bontshiwa ke baporofeti ba gagwe le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang. Mo metlheng ya gompieno, lo bontshiwa thata ke Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete e bong Jesu Keresete. (Baef. 1:22, 23) Ke sone se mo bukeng ya Tshenolo Jesu a tlhalosiwang e le kwanyana e e nang le “matlho a supa, matlho a a kayang meya e supa ya Modimo e e rometsweng mo lefatsheng lotlhe.” (Tshen. 5:6) Ee, Jesu o na le temogo e e feletseng ka gonne a newa maatla ke moya wa Modimo o o boitshepo. Le ene o bona se re leng sone mo teng, mme o bona sengwe le sengwe.

11. Keresete o na le maikarabelo afe, mme tsela e a re lebang ka yone e tshwana jang le e Rraagwe a re lebang ka yone?

11 Le fa go ntse jalo, fela jaaka Jehofa, Jesu ga se lepodise le le re tlhomileng matlho le le kwa legodimong. O re tlhatlhoba ka lorato. Lengwe la maina a ga Jesu, “Rara wa Bosakhutleng,” le re gakolola maikarabelo a a tlileng go nna le one a go naya botlhe ba ba bontshang tumelo mo go ene botshelo jo bo sa khutleng. (Isa. 9:6) Gape, jaaka Keresete e le Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, a ka tlhotlheletsa Bakeresete ba ba ratang,  ba ba godileng semoyeng, segolobogolo bagolwane, gore ba gomotse ba ba tlhokang kgomotso mme ba gakolole ba ba tlhokang kgakololo.—1 Bathes. 5:14; 2 Tim. 4:1, 2.

12. (a) Makwalo a a yang kwa diphuthegong tse supa tsa Asia Minor a senola eng ka Jesu? (b) Bagolwane ba bontsha jang gore ba leba letsomane la Modimo jaaka Keresete a le leba?

12 Tsela e Keresete a amegang ka letsomane ka yone e bonala mo makwalong a a neng a a kwalela bagolwane ba diphuthego tse supa tsa Asia Minor. (Tshen. 2:1–3:22) Mo makwalong ao Jesu o ne a tlhalosa gore o itse se se diregang mo phuthegong nngwe le nngwe e bile o amega thata ka balatedi ba gagwe. O dira fela jalo le gompieno—ka selekanyo se segolo le go feta—ka gonne ponatshegelo ya Tshenolo e diragadiwa mo “letsatsing la Morena.” * (Tshen. 1:10) Gantsi Keresete o bontsha lorato lwa gagwe ka go dirisa bagolwane, ba e leng badisa ba semoya mo phuthegong. A ka tlhotlheletsa ‘dimpho tseno tse e leng banna’ go gomotsa, go kgothatsa kgotsa go naya kgakololo fa go tlhokega. (Baef. 4:8; Dit. 20:28; bala Isaia 32:1, 2.) A o tsaya se ba se dirang se bontsha gore Keresete o amega ka wena ka namana?

Go Newa Thuso ka Nako e e Tshwanetseng

13-15. Modimo a ka tlhopha go araba dithapelo tsa rona jang? Naya dikai.

13 A o kile wa rapela ka tlhoafalo o kopa thuso mme wa arabiwa ka gore o etelwe ke Mokeresete mongwe yo o godileng semoyeng yo o neng a go kgothatsa? (Jak. 5:14-16) Kana gongwe o ne wa thusiwa ke puo e e beilweng kwa pokanong ya Bokeresete kana ke tshedimosetso e o e boneng mo go nngwe ya dikgatiso tsa rona. Gantsi Jehofa o araba dithapelo ka ditsela tseno. Ka sekai, fa mogolwane mongwe a sena go baya puo, kgaitsadi mongwe yo o neng a sa tshwarwa sentle gotlhelele mo dibekeng tsa pele ga go bewa puo eo o ne a tla kwa go ene. Go na le gore kgaitsadi yono a ngongorege ka bothata jwa gagwe, o ne a anaanela dintlha dingwe tsa Dikwalo tse di umakilweng mo puong eo. Di ne di ama boemo jo a neng a le mo go jone mme tsa mo gomotsa thata. O ne a itumelela thata go bo a ne a le teng kwa pokanong eo!

14 Malebana le kafa thapelo e thusang ka teng, akanya ka sekai sa magolegwa a mararo a a neng a ithuta boammaaruri jwa Baebele a le mo kgolegelong mme ba nna baboledi ba ba sa kolobediwang. Ka gonne go ne go nnile le tiragalo nngwe ya tirisodikgoka, magolegwa otlhe mo kgolegelong eo a ne a beelwa dithibelo tse di oketsegileng. Seo se ne sa dira gore ba simolole go tsuologa. Magolegwa a ne a swetsa ka gore morago ga dijo tsa mo mosong mo letsatsing le le latelang, ba ne ba tla dira boganana ka go gana go busa dijana tse ba neng ba jela mo go tsone. Jaanong baboledi ba bararo ba ba sa kolobediwang ba ne ba le mo bothateng. Fa ba ne ba ka nna le seabe mo botsuoloding joo, ba ne ba tla bo ba sa ikobele kgakololo ya ga Jehofa e e mo go Baroma 13:1. Fa ba ne ba ka se nne le seabe mo go jone, magolegwa a a galefileng a ne a tla ipusolosetsa mo go bone ka tsela nngwe.

15 Ka gonne banna bano ba bararo ba ne ba sa kgone go buisana, mongwe le mongwe wa bone o ne a rapelela botlhale. Mo mosong o o latelang, ka boraro jwa bone ba ne ba lemoga gore ba ne ba dirile tshwetso e e tshwanang—ba ne ba tla gana dijo tsa mo mosong. Fa badisa ba kgolegelo ba tla moragonyana ba tla go tsaya dijana, banna  bano ba bararo ba ne ba se na tsone. Ba ne ba itumeletse thata gore “Moutlwi wa thapelo” o ne a le gaufi!—Pes. 65:2.

Go Leba Isagwe ka Tsholofelo

16. Tiro ya go rera e bontsha jang gore Jehofa o amega ka batho ba sekadinku?

16 Tiro ya go rera e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ke bosupi jo bongwe gape jo bo bontshang gore Jehofa o amega ka batho ba ba dipelo di ikanyegang, gongwe le gongwe kwa ba nnang teng. (Gen. 18:25) Jehofa, gantsi a dirisa baengele, o ka kaela batlhanka ba gagwe kwa bathong ba sekadinku—tota le fa ba nna kwa mafelong a dikgang tse di molemo di iseng di fitlhe kwa go one. (Tshen. 14:6, 7) Ka sekai, Modimo o ne a dirisa moengele go kaela Filipo, yo e neng e le moreri mo lekgolong la ntlha la dingwaga, gore a ye go batla modiredimogolo wa Moethiopia mme a mo tlhalosetse Dikwalo. Go ne ga felela jang? Monna yoo o ne a amogela dikgang tse di molemo mme a nna molatedi yo o kolobeditsweng wa ga Jesu. *Joh. 10:14; Dit. 8:26-39.

17. Ke eng fa re sa tshwanela go tlhobaela go feta selekanyo ka isagwe?

17 Jaaka tsamaiso ya gone jaanong ya dilo e ya kwa bofelong jwa yone, “ditlhabi tsa tlalelo” tse go boleletsweng pele ka tsone di tla tswelela. (Math. 24:8) Ka sekai, ditlhwatlhwa tsa dijo di ka oketsega thata ka ntlha ya go tlhaela ga dijo, ka ntlha ya maemo a bosa a a maswe thata, kana ikonomi e e sa tlhomamang. Go bona tiro go ka nna ga nna thata le go feta, mme bathapiwa ba ka nna ba tshwanelwa ke go bereka diura tse dintsi. Le fa go ka direga eng, botlhe ba ba bayang tirelo ya bone mo Modimong kwa pele mme ba nna ba na le ‘leitlho le le sa raraanang’ ga ba tlhoke go tlhobaela go feta selekanyo. Ba itse gore Modimo o a ba rata e bile o tla ba tlhokomela. (Math. 6:22-34) Ka sekai, akanya kafa Jehofa a neng a tlamela Jeremia ka teng ka nako ya fa Jerusalema e ne e senngwa go le dikgoberego ka 607 B.C.E.

18. Jehofa o ne a itshupa jang gore o rata Jeremia ka nako ya fa Jerusalema e ne e dikanyeditswe?

18 Go ela kwa bokhutlong jwa nako ya fa Bababelona ba ne ba dikanyeditse Jerusalema, Jeremia o ne a golegilwe kwa Lolwapeng lwa Badisa. O ne a tla tsaya kae dijo? Fa a ne a sa golegwa, o ne a tla di batla. Jaanong o ne a beile fela mo bathong ba a neng a na le bone, mme bontsi jwa bone ba ne ba mo tlhoile! Le fa go ntse jalo, Jeremia ga a ka a ikanya batho mme o ne a ikanya Modimo, yo o neng a solofeditse gore o tla mo tlhokomela. A Jehofa o ne a dira se a neng a se buile? Ee! O ne a tlhomamisa gore letsatsi le letsatsi Jeremia o newa “senkgwe se se kgolokwe . . . go fitlha senkgwe sotlhe se fela mo motseng.” (Jer. 37:21) Jeremia, mmogo le Baruke, Ebede-meleke, le ba bangwe, ba ne ba falola motlha oo wa leuba, bolwetse le loso.—Jer. 38:2; 39:15-18.

19. Fa re ntse re lebile isagwe, re tshwanetse go ititaya sehuba go dira eng?

19 Ee, “matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya mekokotlelo ya bone.” (1 Pet. 3:12) A o itumelela go bo Rrago yo o kwa legodimong a go beile leitlho? A o ikutlwa o babalesegile e bile o sireletsegile ka gonne o itse gore o go beile leitlho gore o solegelwe molemo? Fa go ntse jalo, ititeye sehuba gore o tla tswelela o tsamaya le Modimo—le fa go ka diregang mo isagweng. Re ka tlhomamisega gore ka metlha Jehofa o tla nna a beile batho ba gagwe botlhe ba ba ikanyegang leitlho jaaka rre.—Pes. 32:8; bala Isaia 41:13.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 12 Le fa makwalo ano tota a ne a kwaletswe balatedi ba ba tloditsweng ba ga Keresete, tshedimosetso e e mo go one e ka dirisiwa ke batlhanka botlhe ba Modimo.

^ ser. 16 Go na le sekai se sengwe sa kaelo ya Modimo mo go Ditiro 16:6-10. Mo ditemaneng tseo go kwadilwe gore Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone “ba ne ba idiwa ke moya o o boitshepo” go rera kwa Asia le kwa Bithinia. Mo boemong jwa moo, ba ne ba laelwa gore ba ye go rera kwa Makedonia, kwa batho ba bantsi ba ba boikokobetso ba neng ba amogela molaetsa wa bone.

A o ka Tlhalosa?

• Re ka bontsha jang gore re “tsamaya le Modimo”?

• Jehofa o ne a bontsha jang gore o rata Baruke?

• Jaaka Jesu e le Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, o bontsha jang dinonofo tsa ga Rraagwe?

• Re ka bontsha jang gore re ikanya Modimo mo metlheng eno e e thata?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Jaaka Jeremia a ne a amega ka Baruke, bagolwane ba Bakeresete gompieno ba amega jaaka Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Jehofa a ka re thusa jang ka nako e e tshwanetseng?