Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Jehofa ke Nonofo ya Me”

“Jehofa ke Nonofo ya Me”

 “Jehofa ke Nonofo ya Me”

Jaaka go boletse Joan Coville

Ke tsholetswe kwa Huddersfield, kwa Engelane ka July 1925. E ne e le nna fela ngwana mme ke ne ke lwaletse ruri. Tota e bile, rre o ne a tle a re, “Nako le nako fela fa o fokwa ke phefo, o a lwala.” Mme go ne go lebega go ntse fela jalo!

FA KE ne ke sa ntse ke le ngwana, baruti ba ne ba rapela ka tlhoafalo ba rapelela kagiso, mme fa ntwa ya bobedi ya lefatshe e runya, ba ne ba rapelela phenyo. Seno se ne se dira gore ke akabale mme ke ipotse dipotso. Ka yone nako eo, re ne ra etelwa ke Annie Ratcliffe, yo e neng e le ene fela Mosupi wa ga Jehofa mo lefelong la rona.

Fa ke Ne ke Ithuta Boammaaruri

Annie o ne a re tlogelela buka ya Salvation mme a laletsa Mmè gore a nne teng kwa motlotlong wa Baebele o o neng o tlile go tshwarelwa kwa legaeng la gagwe. * Mmè o ne a nkopa gore ke tsamaye le ene. Ke sa ntse ke gakologelwa motlotlo oo wa ntlha. Go ne go tlotlwa ka thekololo, mme ke ne ka gakgamadiwa ke gore motlotlo ono o ne o le monate. O ne wa araba dipotso tse dintsi tse ke neng ke na le tsone. Re ne ra ya gape mo bekeng e e latelang. Mo lekgetlhong leo, go ne ga tlhalosiwa boporofeti jwa ga Jesu jo bo malebana le sesupo sa metlha ya bofelo. Fa nna le Mmè re bona ditiragalo tse di maswe tse di diregang mo lefatsheng, re ne ra lemoga ka yone nako eo gore seno ke boammaaruri. Re ne ra lalediwa go ya kwa Holong ya Bogosi ka lone letsatsi leo.

Kwa holong, ke ne ka kopana le babulatsela ba basha ka dingwaga, mme mongwe wa bone e ne e le Joyce Barber (jaanong ke Joyce Ellis), yo o sa ntseng a direla le monna wa gagwe, Peter, kwa Bethele kwa London. Ke ne ke akanya gore mongwe le mongwe e ne e le mmulatsela. Ka jalo, gone fela foo ke ne ka simolola go rera diura di le 60 kgwedi le kgwedi, le fa ke ne ke sa ntse ke tsena sekolo.

Dikgwedi tse tlhano morago ga moo, ka February 11, 1940, nna le Mmè re ne ra kolobediwa kwa kopanong ya potologo kwa Bradford. Rre o ne a se kgatlhanong le bodumedi jwa rona jo bosha, mme ga a ka a amogela boammaaruri. Mo e ka nnang ka nako e ke kolobeditsweng ka yone, go ne ga simololwa tiro ya go rera mo mebileng. Le nna ke ne ka nna le seabe mo tirong eo. Ke ne ke tshola kgetsi ya dimakasine le dikarata tse dikgolo tsa phasalatso. Letsatsi lengwe go le Matlhatso, ke ne ka kopiwa gore ke eme fa go fetang batho ba bantsi thata teng kwa mabenkeleng. Ke ne ke sa ntse ke boifa batho, mme go ne ga direga sone se ke neng ke tshaba gore se tla direga—go ne go lebega e kete bana botlhe ba ke tsenang sekolo le bone ba ne ba feta fa ke neng ke eme teng!

Ka 1940 phuthego ya rona e ne e tlhoka go kgaoganngwa. Fa go sena go dirwa jalo, mo e batlileng e le dithaka tsotlhe tsa me di ne di le mo phuthegong e nngwe. Ke ne ka ngongorega ka seo mo  molebeding yo o okamelang. O ne a re: “Fa o batla ditsala tsa basha, tsamaya o ye go di batla kwa tshimong.” Mme ke ne ka dira fela jalo! Moragonyana fela ga foo, ke ne ka kopana le Elsie Noble. O ne a amogela boammaaruri mme a nna tsala ya me e kgolo.

Tirelo ya Bobulatsela le Masego a Yone

Fa ke sena go fetsa sekolo, ke ne ka berekela mongwe yo o dirang diakhaonto. Le fa go ntse jalo, fa ke ntse ke bona kafa badiredi ba nako e e tletseng ba itumetseng ka teng, keletso ya me ya go direla Jehofa ke le mmulatsela e ne ya oketsega. Ka May 1945, ke ne ka itumelela go simolola go direla ke le mmulatsela yo o kgethegileng. Mo letsatsing la me la ntlha ke le mmulatsela, pula e ne ya tsorotla letsatsi lotlhe. Le fa go ntse jalo, ke ne ke itumeletse go ya go rera mo e leng gore pula e ne e sa ntshwenye. Tota e bile, go tswa letsatsi le letsatsi ke itshidila mmele ka metlha ka go tsamaya ka baesekele mo tirelong ya tshimo go ne go tokafatsa botsogo jwa me. Le fa ke ise nke ke tsamaye ke nne bokete jwa dikilogerama di feta 42, ga go na nako e nkileng ka tshwanelwa ke go kgaotsa tirelo ya me ya bobulatsela. Fa dingwaga di ntse di kgabaganya, ke ne ka iponela gore tota “Jehofa ke nonofo ya me.”—Pes. 28:7.

E re ka ke ne ke le mmulatsela yo o kgethegileng, ke ne ka romelwa kwa ditoropong tse go neng go se na Basupi kwa go tsone, ka boikaelelo jwa go simolola diphuthego tse disha. La ntlha ke ne ka direla dingwaga di le tharo kwa Engelane mme go tswa foo ka direla dingwaga di le tharo kwa Ireland. Fa ke ne ke bula tsela kwa Lisburn, kwa Ireland, ke ne ka ithuta le monna yo e neng e le mothusa moruti mo kerekeng ya Porotesetanta. Fa a ntse a ithuta boammaaruri ka dithuto tsa motheo tsa Baebele, o ne a ruta phuthego ya gagwe dilo tse a neng a sa tswa go di utlwa. Maloko mangwe a phuthego a ne a ngongorega mo baeteledipeleng ba kereke, mme o ne a kopiwa gore a tlhalose gore ke eng fa a ruta dithuto tseo. O ne a re o ne a tsaya e le boikarabelo jwa gagwe jaaka e le Mokeresete gore a bolelele phuthego gore o e rutile dithuto tse dintsi tsa maaka. Le fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo ganetsa thata, o ne a ineela mo go Jehofa mme a mo direla ka boikanyego go fitlha a swa.

Kwa Larne, e e neng e le kabelo ya me ya bobedi ya bobulatsela kwa Ireland, ke ne ka direla ke le nosi ka dibeke di le thataro, ka gonne motho yo ke neng ke bula tsela le ene o ne a le kwa Kopanong ya Koketsego ya Puso ya Modimo kwa New York, ka 1950. Go ne go le thata. Ke ne ke eletsa e kete nkabo ke ile kopanong. Le fa go ntse jalo, mo dibekeng tseo, ke ne ka nna le maitemogelo a le mmalwa a a kgothatsang mo tirelong ya tshimo. Ke ne ka kopana le monnamogolo mongwe yo o neng a neilwe nngwe ya dikgatiso tsa rona dingwaga di feta 20 pele ga foo. Fa dingwaga di ntse di feta, o ne a e bala gantsi mo e leng gore o ne a setse a batla a e itse ka tlhogo. Ene le morwawe le morwadie ba ne ba amogela boammaaruri.

Go Thapisiwa Kwa Sekolong sa Gileade

Ka 1951, nna mmogo le babulatsela ba bangwe ba le lesome go tswa kwa Engelane, re ne ra lalediwa go nna mo setlhopheng sa bo17 sa Sekolo sa Gileade kwa South Lansing, kwa New York. Ke ne ka itumelela thata thuto ya Baebele e re e neilweng mo dikgweding tseo! Ka nako eo bokgaitsadi ba ne ba ise ba simolole go ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo mo diphuthegong,  mme kwa Gileade rona bokgaitsadi re ne re newa dikabelo tsa go baya dipuo tsa diithuti le go naya dipego dingwe. Re ne re tshoga thata! Fa ke ne ke beile puo ya me ya ntlha, seatla se ke neng ke tshwere pampiri ya me ya dintlha ka sone, se ne se roroma. Motlhatlheledi wa rona Mokaulengwe Maxwell Friend o ne a dira motlae a re: “O ne o sa tshoga fela kwa tshimologong jaaka dibui tsotlhe tse di molemo, mme o ne o tshogile go fitlha o fetsa.” Ka nako ya sekolo, rotlhe re ne ra tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go bua re eme fa pele ga tlelase. Go ise go ye kae, thapiso ya rona e ne e wetse, mme rona dialogane re ne ra abelwa go ya go direla kwa dinageng di le mmalwa. Nna ke ne ka abelwa go ya go direla kwa Thailand!

“Lefatshe la Menyenyo”

Ke tsaya e le mpho e e tswang kwa go Jehofa go bo Astrid Anderson a ile a abelwa go ya go direla e le morongwa mmogo le nna kwa Thailand. Go ne ga re tsaya dibeke di le supa gore re fitlhe koo, re tsamaya ka sekepe sa dithoto. Fa re goroga kwa motsemogolo, Bangkok, re ne ra fitlhela e le toropo e e nang le marekisetso a a tlhanaselang le mesele e mentsi e go neng go tsamaiwa thata ka yone. Ka 1952, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba ba kwa tlase ga 150 mo Thailand.

Fa re ne re bona Tora ya Tebelo ka puo ya kwa Thailand lekgetlho la ntlha, re ne ra ipotsa jaana, ‘A re tla tsamaya re kgona go bua puo eno?’ Go ne go le thata go bitsa mafoko ka segalo se se tshwanetseng. Ka sekai, lefoko khaù fa le buiwa ka segalo se se simololang se le kwa godimo go tswa foo se bo se ya kwa tlase le raya “raese,” mme lone lefoko leo gape fa le bidiwa ka segalo se se kwa tlase thata le raya “dikgang.” Ka jalo, kwa tshimologong fa re le mo tirelong ya tshimo, re ne re raya batho re re, “Ke go tliseditse raese e e molemo” go na le gore re re, “Ke go tliseditse dikgang tse di molemo”! Mme fa nako e ntse e tsamaya—re sena go bolawa ke ditshego—re ne ra kgona go bua puo eo sentle.

Batho ba kwa Thailand ba botsalano tota. Go a tshwanela go bo Thailand e bidiwa Lefatshe la Menyenyo. La ntlha re ne re abetswe go ya go direla kwa toropong ya Khorat (e jaanong e bidiwang Nakhon Ratchasima), kwa re neng ra direla teng ka dingwaga di le pedi. Moragonyana re ne ra abelwa go ya go direla kwa toropong ya Chiang Mai. Batho ba bantsi ba kwa Thailand ba mo bodumeding jwa Bobuda mme ga ba itse Baebele. Kwa Khorat, ke ne ka ithuta le raposo. Re ne ra tlotla ka Aborahame yo e neng e le tlhogo ya lotso. Ka gonne monna yono a ne a kile a utlwalela leina le go tweng Aborahame, o ne a komakoma ka tlhogo. Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga ka bonako gore ene o ne a akantse ka Aborahame o sele. O ne a akantse ka Abraham Lincoln, yo o kileng a nna poresidente ya United States!

Re ne re itumelela go ruta batho ba ba dipelo di ikanyegang ba kwa Thailand Baebele, mme bone ba ne ba re ruta gore re itumelele go tshela botshelo jo bo sa raraanang. Eo e ne e le thuto ya botlhokwa thata, ka gonne kwa legaeng la ntlha la barongwa kwa Khorat, go ne go se na motlakase kana dipompo tsa metsi. Kwa dikabelong tse di ntseng jalo, re ne ra ‘ithuta sephiri sa kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone le kafa go tlhoka go ntseng ka gone.’ Jaaka moaposetoloi Paulo, re ne ra ithuta gore go ‘nna le nonofo ka ntlha ya yo o re nayang maatla’ go kaya eng.—Bafil. 4:12, 13.

Molekane yo Mosha le Kabelo e Ntšha

Ka 1945, ke ne ka etela kwa London. Fa ke le koo, ke ne ka ya go bona British Museum ke na le babulatsela ba bangwe le maloko a lelapa la Bethele. Mongwe wa bone e ne e le Allan Coville, yo moragonyana fela ga foo a ileng a nna mo setlhopheng sa bo11 sa Sekolo sa Gileade. O ne a abelwa go ya go direla kwa Fora mme go tswa foo a abelwa go ya go direla kwa Belgium. * Moragonyana, fa ke ntse ke direla ke le morongwa kwa Thailand, o ne a kopa gore ke nyalane le ene, mme ke ne ka dumela.

Re ne ra nyalana kwa Brussels, kwa Belgium, ka July 9, 1955. Ke ne ke sa bolo go batla go ya malatsing a boikhutso kwa Paris fa ke sena go nyalwa, ka jalo Allan o ne a rulaganyetsa gore re ye kopanong teng mo bekeng e e latelang. Le fa go ntse jalo, fela fa re goroga, Allan o ne a kopiwa gore a thuse ka go ranola dipuo mo kopanong yotlhe. Letsatsi le letsatsi, o ne a tsamaya mo mosong thata, mme a boela kwa lefelong le re neng re robala kwa go lone go setse go le bosigo. Ka jalo go ne go diragetse se ke neng ke se batlile, gore ke ye malatsing a boikhutso kwa Paris morago ga lenyalo la rona, mme ke ne ke bonela Allan kgakala fela—a le kwa seraleng! Le fa  go ntse jalo, ke ne ke itumelela go bona monna yo ke sa tswang go nyalana le ene a dirisiwa go direla bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe, mme ke ne ke dumela ka botlalo gore fa Jehofa a na le seabe sa botlhokwa mo lenyalong la rona, re ne re tla itumela tota.

Gape lenyalo le ne la ntlisa mo tshimong e ntšha—Belgium. Selo se le sengwe fela se ke neng ke se itse ka Belgium ke gore go ne go lwetswe dintwa di le mmalwa teng, mme go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore bontsi jwa batho ba kwa Belgium ke batho ba ba ratang kagiso tota. Gape kabelo eno e ne e tlhoka gore ke ithute Sefora, e leng puo e e buiwang kwa karolong e e kwa borwa ya naga eo.

Ka 1955, go ne go na le baboledi ba ka nna 4 500 kwa Belgium. Nna le Allan re ne ra direla ka dingwaga di ka nna 50 kwa Bethele le mo tirong ya bopotologi. Dingwaga tsa ntlha tse pedi le sephatlo, re ne re tsamaya ka baesekele, re palamela e bile re fologa dithaba, go sa kgathalesege gore maemo a bosa a ntse jang. Mo dingwageng tseo tsotlhe, re robetse mo magaeng a feta 2 000 a Basupi ba bangwe! Gantsi ke ne ke kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba dikoa mme ba direla Jehofa ka nonofo yotlhe e ba nang le yone. Sekao sa bone se ne sa nkgothatsa gore ke se ka ka tlogela bodiredi jwa me. Kwa bokhutlong jwa beke nngwe le nngwe e re e ntseng le phuthego, ka metlha re ne re ikutlwa re kgothetse. (Bar. 1:11, 12) Allan e ne e le molekane wa boammaaruri. Mafoko a a mo go Moreri 4:9, 10 a boammaaruri tota: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe, . . . gonne fa a le mongwe wa bone a ka wa, yo mongwe o ka kgona go tsosa molekane wa gagwe”!

Masego a go Direla ka ‘Nonofo ya ga Jehofa’

Fa dingwaga di ntse di feta, nna le Allan re nnile le maitemogelo a le mantsi a a itumedisang fa re ntse re thusa ba bangwe go direla Jehofa. Ka sekai, ka 1983 re ne ra etela phuthego ya Sefora kwa Antwerp, mme re ne ra nna le lelapa le gape le neng le nna le Benjamin Bandiwila, mokaulengwe yo mmotlana yo o neng a tswa kwa Zaire (e jaanong e bidiwang Democratic Republic of Congo). Benjamin o ne a fudugetse kwa Belgium gore a ye go oketsa dithuto tsa gagwe. O ne a re raya a re: “Ruri ke tswela botshelo jwa lona pelo, lo ineetse ka botlalo go direla Jehofa.” Allan o ne a re: “Wa re o re tswela pelo; mme o batla thuto e e kwa godimo ya lefatshe. A ga o akanye gore dilo tseo ga di tsamaisane?” Mafoko ao a a sa potapoteng a ne a dira gore Benjamin a akanye ka botshelo jwa gagwe. Moragonyana fa a setse a boetse kwa Zaire, o ne a simolola go nna mmulatsela, mme gone jaanong o direla e le leloko la Komiti ya Lekala.

Ka 1999, ke ne ka arwa gore ke ntshiwe tlhagala mo mometsong. Fa e sa le go tloga ka nako eo, mmele wa me o bokete jwa dikilogerama di le 30 fela. Ruri ke ‘sejana sa letsopa’ se se bokoa. Le fa go ntse jalo, ke lebogela go bo Jehofa a nneile “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.” Fa ke sena go arwa, Jehofa o ne a dira gore ke kgone go tsamaya le Allan gape mo tirong ya bopotologi. (2 Bakor. 4:7) Mme ka March 2004, Allan o ne a tlhokafala a robetse. Ke mo tlhoafalela thata, mme ke gomodiwa ke go itse gore o mo kgopolong ya ga Jehofa.

Gompieno ke na le dingwaga tse 83, mme go setse go fetile dingwaga tse di fetang 63 ke le mo tirelong ya nako e e tletseng. Ke sa ntse ke le matlhagatlhaga mo bodireding, mme go na le mongwe yo o tlang mo gae gore ke ithute Baebele le ene, e bile ke dirisa sebaka se se mpulegelang letsatsi le letsatsi go bua ka maikaelelo a a molemolemo a ga Jehofa. Ka dinako tse dingwe, ke ipotsa jaana, ‘Botshelo jwa me bo ka bo bo nnile jang fa nkabo ke sa simolola go bula tsela ka 1945?’ Ka nako eo, botsogo jwa me jo bo seng bontle bo ne bo lebega e le lebaka le le utlwalang la gore ke se ka ka nna mmulatsela. Le fa go ntse jalo, ke itumelela go bo ke ile ka simolola go bula tsela ke sa le mmotlana! Ke nnile le tshiamelo ya go iponela ka bonna gore fa re baya Jehofa kwa pele, o tla nna nonofo ya rona.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Buka ya Salvation e ne ya gatisiwa ka 1939. Jaanong ga e tlhole e gatisiwa.

^ ser. 22 Kgang ya botshelo jwa ga Mokaulengwe Coville e mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 15, 1961.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ke na le morongwa yo ke neng ke direla le ene, Astrid Anderson (kafa mojeng)

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Fa ke ne ke le mo tirong ya bopotologi le monna wa me ka 1956

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ke na le Allan ka 2000