Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Oketsega mo Kitsong e e Boammaaruri ka “Mogopolo o o Tlhagafetseng”

Oketsega mo Kitsong e e Boammaaruri ka “Mogopolo o o Tlhagafetseng”

 Oketsega mo Kitsong e e Boammaaruri ka “Mogopolo o o Tlhagafetseng”

BATLHANKA botlhe ba ga Jehofa ba batla gore a ba amogele. Ka gonne re batla gore a re amogele, re tlhagafaletse go tokafatsa boleng jwa tumelo ya rona le go dira tirelo e e boitshepo ka tlhoafalo. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o re bontsha kotsi e e ka nnang teng e Bajuda bangwe ba motlha wa gagwe ba neng ba wela mo go yone: “Ba na le tlhoafalo ka Modimo; mme e seng go ya ka kitso ya boammaaruri.” (Bar. 10:2) Go bonala sentle gore ga re a tshwanela go nna le tumelo le go obamela Jehofa fela ka go tseega maikutlo. Re tlhoka go nna le kitso ya boammaaruri ka Mmopi wa rona le thato ya gagwe.

Mo dikwalong tse dingwe tsa ga Paulo, o ne a amanya boitshwaro jo bo amogelwang ke Modimo le go batla ga rona kitso ka tlhoafalo. O ne a rapelela gore balatedi ba ga Keresete ba “tladiwe ka kitso ya boammaaruri” ya thato ya Modimo ‘gore ba tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore ba mo itumedise ka botlalo,’ jaaka ba ‘tswelela ba ungwa maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo e bile ba oketsega mo kitsong e e boammaaruri kaga Modimo.’ (Bakol. 1:9, 10) Ke eng fa re tlhoka “kitso e e boammaaruri” thata jaana? Mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go oketsega mo kitsong eo?

Se se Ka re Thusang go Nna le Tumelo

Tumelo ya rona e theilwe mo kitsong ya boammaaruri ka Modimo le thato ya gagwe tse di tlhalosiwang mo Baebeleng. Fa re se na kitso eo e re ka e ikanyang, tumelo ya rona mo go Jehofa e tla bo e tshwana le ntlo ya matshamekwane e e agilweng ka mabokose, e e ka phutlhamang fela fa go foka phefonyana. Paulo o re kgothaletsa go direla Modimo tirelo e e boitshepo ‘ka maatla a rona a go akanya’ le go ‘fetola megopolo ya rona.’ (Bar. 12:1, 2) Go ithuta Baebele ka metlha go ka re thusa go dira jalo.

Ewa, mmulatsela wa ka metlha kwa Poland, a re: “Fa nkabo ke ne ke sa ithute Lefoko la Modimo ka metlha, ke ne ke tla kgaotsa go gola mo kitsong ya boammaaruri ka Jehofa. Dinonofo tsa me tsa Bokeresete di ne di tla fela ka bonako, mme tumelo ya me mo Modimong e ne e tla koafala—ke ne ke tlile go senyegelwa ke kamano ya me le Modimo.” E kete seo se ka se tsoge se re diragaletse! Akanya ka sekai sa monna yo o neng a oketsega mo kitsong ya boammaaruri ka Jehofa mme ka ntlha ya seo a amogelwa ke Modimo.

“A bo Ke Rata Molao wa Gago Jang Ne!”

Pina ya leboko e e mo go Pesalema 119 mo Dibaebeleng tsa rona e tlhalosa kafa mopesalema a neng a ikutlwa ka teng ka melao, dikgakololo, ditaelo, ditaolo le ditshwetso tsa boatlhodi tsa ga Jehofa. Mopesalema o ne a re: “Ke tla bontsha go rata melao ya gago. . . . Ke rata dikgakololo tsa gago.” O ne a boa a re: “A bo ke rata molao wa gago jang ne! Ke tlhatlhanya ka one letsatsi lotlhe.”—Pes. 119:16, 24, 47, 48, 77, 97.

Mafoko “rata” le “tlhatlhanya” a kaya go akanyetsa kwa teng ka Lefoko la Modimo, e bile tota a kaya go itumelela go tlhatlhanya jalo. Mafoko ao a bontsha ka phepafalo kafa mopesalema a neng a rata go ithuta molao wa Modimo ka teng. Lorato lo mopesalema a neng a rata molao wa Modimo ka lone e ne e se lwa go tseega maikutlo fela. Go na le moo, o ne a na le keletso e e tseneletseng ya go ‘tlhatlhanya’ ka molao, ya go tlhaloganya mafoko a ga Jehofa. Re kgona go bona mo tseleng e a neng a ikutlwa ka yone gore o ne a batla go itse Modimo le thato ya gagwe sentle thata kafa a neng a ka kgona ka teng.

Go bonala sentle gore lorato lo mopesalema a neng a rata Lefoko la Modimo ka lone lo ne lo tswa kwa botennyeng jwa pelo ya gagwe. Re ka  ipotsa jaana: ‘A le nna ke rata Lefoko la Modimo ka tsela e e tshwanang? A ke itumelela go bala le go tlhatlhanya ka karolo nngwe ya Baebele letsatsi le letsatsi? A ke bala Lefoko la Modimo ka tlhoafalo e bile ke rapela?’ Fa e le gore re araba bontsi jwa dipotso tseno ka ee, re ka tswa re “oketsega mo kitsong e e boammaaruri kaga Modimo.”

Ewa a re: “Ka metlha ke leka go tokafatsa boleng jwa thuto ya me ka namana. Fa e sa le ke nna le bukana ya ‘Bona Lefatshe le le Molemo,’ ke ntse ke e dirisa gantsi fa ke ithuta. Ke leka gore ka metlha ke dire dipatlisiso mo bukeng ya Insight on the Scriptures le mo dibukeng tse dingwe fa go tlhokega.”

Gape akanya ka sekai sa ga Wojciech le Małgorzata, ba ba nang le maikarabelo a mantsi a lelapa. Ba kgona jang go nna le nako ya go ithuta Baebele motho a le esi? “Re ipha nako ya gore mongwe le mongwe wa rona a ithute Lefoko la Modimo a le esi. Mme ka nako ya thuto ya rona ya lelapa le mo metlotlong ya letsatsi le letsatsi, re tlotla ka dintlha tse re di boneng di itumedisa kana di kgothatsa.” Go bo mongwe le mongwe wa bone a ithuta a le esi ka tsela e e tseneletseng go a ba itumedisa e bile go ba thusa go “oketsega mo kitsong e e boammaaruri kaga Modimo.”

Ithute O na Le Mogopolo o o Bulegileng

Rona Bakeresete re dumela gore thato ya Modimo ke “gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:3, 4) Seno se gatelela kafa go leng botlhokwa ka teng go bala Baebele le go leka go e ‘tlhaloganya.’ (Math. 15:10) Sengwe se se ka re thusang go dira jalo ke go ithuta re na le mogopolo o o bulegileng. Batho ba kwa Berea wa bogologolo ba ne ba na le boikutlo joo fa Paulo a ne a ba rerela dikgang tse di molemo: “Ba ne ba amogela lefoko ka mogopolo o o tlhagafetseng thata, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.”—Dit. 17:11.

A o latela sekao sa batho ba kwa Berea ka go nna le mogopolo o o tlhagafetseng le go dira gore o se ka wa iteega tsebe fa o ithuta Baebele? Mokeresete a ka leka go etsa batho ba kwa Berea, le fa mo nakong e e fetileng a ne a sa rate go ithuta. Gape batho ba bangwe ba na le mokgwa wa gore ba se ka ba bala le go ithuta thata fa ba ntse ba tsofala, mme Mokeresete wa boammaaruri ga a tshwanela go nna jalo. Le fa motho a ka tswa a le kana kang ka dingwaga, a ka kgona go tila go iteega tsebe. Mme fa o ntse o bala, o ka nna o ntshitse matlho dinameng gore o batle tshedimosetso e o ka e tlotlelang ba bangwe. Ka sekai, a o ka ipeela mokgele wa gore o tla tlotlela molekane wa gago kana tsala nngwe ya Mokeresete dilo tse o di badileng kana tse o di ithutileng? Fa o dira jalo, dilo tse o di ithutileng di tla nwelelela mo pelong le mo mogopolong wa gago, mme seo se ka thusa le ba bangwe.

Fa o ithuta, latela sekao sa ga Esera, motlhanka wa bogologolo wa Modimo yo o neng a “etleeditse pelo ya gagwe go lopa kgakololo mo molaong wa ga Jehofa.” (Esera 7:10) O ka dira seo jang? O ka rulaganyetsa gore o tshwarele thuto ya gago mo lefelong le o se nang go iteega tsebe mo go lone. Go tswa foo o nne fa fatshe o rapele Jehofa gore a go kaele mme a go neye botlhale. (Jak. 1:5) Ipotse jaana, ‘Ke solofetse go ithuta eng gompieno?’ Fa o ntse o bala, batla dintlha tsa konokono. O ka nna wa kwala dintlha tseno kana wa tshwaya dikarolo tse o batlang go di gakologelwa. Akanya kafa o ka dirisang tshedimosetso eo ka teng  fa o rera, fa o dira ditshwetso kana fa o kgothatsa badumedi ka wena. Fa o ela kwa bokhutlong jwa thuto ya gago, boeletsa tshedimosetso e o e ithutileng ka bokhutshwane. Seo se tla go thusa go gakologelwa se o se ithutileng.

Ewa o tlhalosa tsela e a ithutang ka yone: “Fa ke bala Baebele, ke dirisa ditshupiso, Watch Tower Publications Index le Watchtower Library ya CD-ROM. Ke ikwalela dintlha tse ke tlileng go di dirisa mo bodireding jwa me.”

Bangwe ga ba bolo go rata go ithuta ka tlhoafalo, ba ithuta dilo tsa bomodimo ka tsela e e tseneletseng. (Dia. 2:1-5) Le fa go ntse jalo, ba na le maikarabelo a mantsi mme ga go motlhofo gore ba bone nako ya go ithuta ba le bosi. Fa e le gore o mo boemong joo, o ka dira diphetogo dife mo thulaganyong ya gago?

Nka Bona Kae Nako?

Gongwe o tla dumela gore go motlhofo go beela nako kwa thoko go dira dilo tse o ratang go di dira. Batho ba bantsi ba lemogile gore se se ba thusang go ithuta ka tlhoafalo ba le bosi ke go ipeela mekgele e ba ka kgonang go e fitlhelela, e e jaaka go bala Baebele yotlhe. Ke boammaaruri gore go ka lebega go le thata tota go bala ditatelano tsa masika tse ditelele, ditlhaloso tse di nang le tshedimosetso e ntsi tsa tempele ya bogologolo, kana boporofeti jo bo raraaneng jo go sa lebegeng bo amana ka gope le botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Leka go dira dilo dingwe tse di tla go thusang go fitlhelela mokgele wa gago. Ka sekai, pele ga o simolola go bala karolo nngwe ya Baebele e e lebegang e le thata, o ka bala tshedimosetso ya gore e kwaletswe kae kana gore e ka dirisiwa jang ka tsela e e mosola. Tshedimosetso eo e ka fitlhelwa mo bukeng ya “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola,” e e gatisitsweng ka dipuo di ka nna 50.

Go bona dilo ka leitlho la mogopolo fa o ntse o bala Baebele go dira gore o akanye. Seno se ka go thusa gore mo tlhaloganyong ya gago o ipopele batho le ditiragalo tse go buiwang ka tsone. Go dirisa dikakantsho tseno tse di seng kae go ka go thusa gore o itumelele go ithuta mme go go solegele molemo. Fa o dira jalo o tla tlhagafalela go ipha nako ya go ithuta. Go tla nna motlhofo gore o tlwaele go bala Baebele letsatsi le letsatsi.

Dikakantsho tse di fa godimo di ka re thusa fa re ithuta re le esi, mme ke eng se lelapa le le nang le ditiro tse dintsi le ka se dirang? Go ka nna molemo gore lo nne fa fatshe mmogo mme lo tlotle  ka melemo e lo ka e bonang fa lo ithuta lo le lelapa. Fa lo tlotla jalo lo ka nna lwa nna le dikakantsho tse di molemo, tse di jaaka gore lo tsoge pele ga nako e lo tlwaetseng go tsoga ka yone letsatsi le letsatsi, kana ka malatsi mangwe, gore lo bale karolo e e rileng ya Baebele. Kana gongwe motlotlo wa lona o tla lo bontsha gore go tlhokega gore lo dire diphetogo dingwe mo thulaganyong ya lelapa. Ka sekai, malapa mangwe a bone go le molemo go tlotla ka temana ya letsatsi kana go bala karolo nngwe ya Baebele fa ba fetsa go ja. Pele ga ope a simolola go phutha dijana mo tafoleng kana a tsamaya a ya go dira dilo tse dingwe, lelapa le dirisa metsotso e le 10 kana e le 15 le tlotla ka Dikwalo kana le dira mmalo wa Baebele wa beke eo. Kwa tshimologong, go dira jalo go ka lebega go le thata, mme go ise go ye kae lelapa le ka tlwaela mme la go itumelela thata.

Wojciech le Małgorzata ba tlhalosa se se thusitseng lelapa la bone: “Mo nakong e e fetileng, re ne re senya nako ya rona mo dilong tse di seng botlhokwa. Re ne ra dira tshwetso ya gore re fokotse nako e re e dirisang re romela melaetsa ka khomputara (e-mail). Gape re ne ra fokotsa nako e re e dirisang re dira dilo tsa go itlosa bodutu mme ra beela nako kwa thoko letsatsi le letsatsi gore re ithute ka tlhoafalo.” Ruri lelapa leno ga le ikwatlhaele diphetogo tse le di dirileng, mme le wena le lelapa la gaeno lo ka ikutlwa ka tsela e e tshwanang.

Go Oketsega mo Kitsong e e Boammaaruri go Solegela Molemo!

Go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo go ka ungwa “maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo.” (Bakol. 1:10) Fa o go dira, botswelelopele jwa gago bo tla bonatshega mo bathong botlhe. O tla nna motho yo o ratang dilo tsa semoya, yo o tlhaloganyang dithuto tsa Baebele ka botlalo. Ditshwetso tse o di dirang di tla nna tekatekano mme o tla thusa ba bangwe ka tsela e e molemo, o sa feteletse dilo jaaka batho ba ba se nang kitso gantsi ba dira. Sa botlhokwa le go feta, o tla atamalana le Jehofa. O tla anaanela dinonofo tsa gagwe thata, mme seo se tla bonala fa o ntse o bolelela ba bangwe ka ene.—1 Tim. 4:15; Jak. 4:8.

Le fa o ka tswa o le kana kang ka dingwaga kana o na le maitemogelo go le kana kang, dira maiteko a go itumelela go bala Lefoko la Modimo le go le ithuta o na le mogopolo o o bulegileng. O ka tlhomamisega gore Jehofa ga a kitla a lebala se o se dirileng. (Baheb. 6:10) O tla go segofatsa go menagane gantsintsi.

[Lebokoso mo go tsebe 13]

FA RE “OKETSEGA MO KITSONG E E BOAMMAARURI“ . . .

Re nonotsha tumelo ya rona mo Modimong mme re tsamaya kafa go tshwanetseng Jehofa.Bakol.1:9, 10

Re nna le kitso, mme re kgona go dirisa temogo le go dira ditshwetso tse di siameng.—Pes.119:99

Re itumelela go thusa ba bangwe go atamalana le Jehofa.—Math. 28:19, 20

[Ditshwantsho mo go tsebe 14]

Go batla lefelo le le siametseng go ithuta go ka nna thata, mme go solegela molemo

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Malapa mangwe a bala karolo nngwe mo Baebeleng fa a fetsa go ja