Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Bathesalonika le Timotheo

Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Bathesalonika le Timotheo

 Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Bathesalonika le Timotheo

PHUTHEGO e ntšha ya kwa Thesalonika e ntse e lebane le kganetso fa e sa le e tlhomiwa ka nako ya fa Paulo a ne a etetse teng. Ka jalo fa Timotheo—yo o ka tswang a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo20—a boa koo ka pego e e itumedisang, Paulo o tlhotlheletsega go kwalela Bathesalonika lekwalo a ba akgola le go ba kgothatsa. Lekwalo leo le le ka tswang le kwadilwe kwa bofelong jwa 50 C.E., ke lone lekwalo la ntlha le le tlhotlheleditsweng la ga Paulo. Nakwana fela morago ga moo, o kwalela Bakeresete kwa Thesalonika lekwalo la bobedi. Mo lekwalong leno, o baakanya tsela e e phoso e bangwe ba akanyang ka yone a bo a kgothatsa bakaulengwe gore ba nne ba nitame mo tumelong.

Dingwaga di ka nna lesome moragonyana, Paulo o kwa Makedonia mme Timotheo o kwa Efeso. Paulo o kwalela Timotheo, a mo kgothatsa gore a nne kwa Efeso mme a tswelele pele go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba nne ba nonofile semoyeng ba lwantsha tlhotlheletso ya barutisi ba maaka mo phuthegong. Fa Bakeresete ba simolola go bogisiwa setlhogo fa Roma e sena go lailwa ke molelo ka 64 C.E., Paulo o kwalela Timotheo lekwalo la bobedi. Ke lone lekwalo la gagwe la bofelo le le tlhotlheleditsweng. Gompieno re ka solegelwa molemo ke kgothatso le kgakololo e e mo makwalong ano a manè a ga Paulo.—Baheb. 4:12.

‘NNANG LO TSOGILE’

(1 Bathes. 1:1–5:28)

Paulo o akgolela Bathesalonika ‘tiro ya bone ya go nna le tumelo, le tiro ya bone ya bonatla ya lorato le boitshoko jwa bone.’ O ba bolelela gore ke bone ‘tsholofelo ya gagwe le boipelo le serwalo sa boitumelo.’—1 Bathes. 1:3; 2:19.

Fa Paulo a sena go kgothatsa Bakeresete kwa Thesalonika gore ba gomotsane ka tsholofelo ya tsogo, o bolela jaana: “Letsatsi la ga Jehofa le a tla fela jaaka legodu bosigo.” O ba gakolola gore ‘ba nne ba tsogile’ e bile ba thantse mo ditlhaloganyong.—1 Bathes. 4:16-18; 5:2, 6.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

4:15-17—Ke bomang ba ba ‘phamolelwang kwa marung go kgatlhantsha Morena mo moyeng,’ mme seno se direga jang? Ke Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba tshela mo nakong ya go nna gone ga ga Keresete a le mo maatleng a Bogosi. Ba “kgatlhantsha Morena” Jesu kwa magodimong a a sa bonaleng. Le fa go ntse jalo, e le gore ba diragalelwe ke seo, ba tshwanetse go swa pele ba bo ba tsosiwa e le dibopiwa tsa semoya. (Bar. 6:3-5; 1 Bakor. 15:35, 44) Go nna gone ga ga Keresete go setse go simologile, ka jalo Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba swang gompieno ga ba nnele ruri mo losong. Ba ‘phamolwa,’ kgotsa ba tsosiwa ka ponyo ya leitlho.—1 Bakor. 15:51, 52.

5:23—Paulo o ne a kayang fa a ne a rapela a re e kete “maikutlo le moya le mmele wa . . . bakaulengwe di ka bolokwa”? Paulo o ne a bua ka maikutlo, moya le mmele wa phuthego e e maloko mantsi ya Bokeresete, e e neng e akaretsa le Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba kwa Thesalonika. Mo boemong jwa go rapelela fela gore phuthego e bolokwe, o ne a rapelela go bolokwa ga “maikutlo” a yone, ke gore tsela e e lebang dilo ka yone. Gape o ne a rapelela “moya” wa yone, ke gore botshelo jwa yone le “mmele” wa yone—mmele o o dirilweng ka Bakeresete ba ba tloditsweng. (1 Bakor. 12:12, 13) Ka jalo thapelo eno e bontsha gore Paulo o ne a amega thata ka phuthego.

Se re Ithutang Sone:

1:3, 7; 2:13; 4:1-12; 5:15. Tsela e e molemo ya go naya kgakololo ke go akgola motho o bo o mo kgothaletsa go tokafatsa mo go se a se dirang.

4:1, 9, 10. Baobamedi ba ga Jehofa ba tshwanetse go tswelela pele ba nonotsha kamano ya bone le Modimo.

5:1-3, 8, 20, 21. Fa letsatsi la ga Jehofa le ntse le atamela, re tshwanetse go “[nna] re thantse mo ditlhaloganyong mme re [apere] seiphemelo sa sehuba sa tumelo le lorato le tsholofelo ya poloko jaaka tlhoro ya phemelo.” Mo godimo ga moo, re tshwanetse go tsaya Baebele tsia, e e leng Lefoko la Modimo la boporofeti.

“EMANG LO NITAME”

(2 Bathes. 1:1–3:18)

Bangwe mo phuthegong ba sokamisitse se Paulo a se buileng mo lekwalong la gagwe la ntlha, mme go lebega ba ganetsa gore “go nna gone ga Morena” go gaufi. Paulo o baakanya tsela eo e ba lebang dilo ka yone ka go bolela se se tshwanetseng go ‘tla pele.’—2 Bathes. 2:1-3.

Paulo o gakolola jaana: “Emang lo nitame mme lo nne lo tshwareletse mo dingwaong tse lo neng lwa di rutwa.” O ba laela gore ba “tswe mo mokaulengweng mongwe le mongwe yo o tsamayang ka go sa dire dilo ka thulaganyo.”—2 Bathes. 2:15; 3:6.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:3, 8—“Monna yo o se nang molao” ke mang, mme o tla tlosiwa jang? “Monna” yono yo o dirilweng ka batho ba bantsi ke setlhopha sa baruti ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete. Yo o neilweng thata ya go bolela dikatlholo tsa Modimo kgatlhanong le baikepi le go ntsha ditaelo tsa gore ba bolawe, ke “Lefoko”—Mmueledi yo Mogolo wa Modimo, Jesu Keresete. (Joh. 1:1) Ka gone, go ka bolelwa gore Jesu o tla tlosa monna yo o se nang molao “ka moya [maatla a a tlhotlheletsang a] molomo wa gagwe.”

2:13, 14—Bakeresete ba ba tloditsweng ba ‘tlhophetswe poloko go tswa kwa tshimologong’ ka tsela efe? Batlodiwa ba ne ba tlhomiwa go sa le gale e le setlhopha fa Jehofa a ne a bolela gore losika lwa mosadi lo ne lo tla gobatsa Satane mo tlhogong. (Gen. 3:15) Gape Jehofa o ne a tlhalosa dilo tse ba tshwanetseng go di dira gore ba tshwanelege, tiro e ba neng ba tla e dira le diteko tse ba neng ba tla lebana le tsone. Ka jalo o ne a ba biletsa “yone phelelo eno.”

Se re Ithutang Sone:

1:6-9. Dikatlholo tsa ga Jehofa ga di tlele batho botlhe.

3:8-12. Lebaka la go bo letsatsi la ga Jehofa le le gaufi ga e a tshwanela go nna seipato sa gore re se ka ra bereka gore re itlamele fa re ntse re le mo bodireding. Go nna re sa dire sepe go ka dira gore re nne ditshwakga mme re ‘itshunye nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe.’—1 Pet. 4:15.

“DISA SE O SE NEILWENG GORE O SE TLHOKOMELE”

(1 Tim. 1:1–6:21)

Paulo o laela Timotheo gore a ‘tswelele a tlhabana ntwa e e molemo; a tshegeditse tumelo le segakolodi se se molemo.’ Moaposetoloi o tlhalosa dilo tse banna ba ba tlhomiwang mo phuthegong ba tshwanetseng go di dira gore ba tshwanelege. Gape Paulo o laela Timotheo gore a ‘gane go amogela dipolelo tsa maaka tse di senyang boitsheko jwa se se boitshepo.’—1 Tim. 1:18, 19; 3:1-10, 12, 13; 4:7.

Paulo mo lekwalong la gagwe, a re: “O se ka wa tshwaya monna yo mogolwane phoso mo go botlhoko.” O rotloetsa Timotheo jaana: “Disa se o se neilweng gore o se tlhokomele, o furalela dipuo tse di se nang mosola tse di senyang boitsheko jwa se se boitshepo le dikganetso tsa se se bidiwang ‘kitso’ mme e se yone.”—1 Tim. 5:1; 6:20.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:18; 4:14—Ke “dipolelelopele” dife tse di neng tsa bolelwa malebana le Timotheo? E ka tswa e ne e le dipolelelopele dingwe malebana le ditiro tse Timotheo a neng a tla di dira mo isagweng mo phuthegong ya Bokeresete, tse Paulo a neng a di bolela a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo, fa a ne a etetse kwa Lisetera mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa. (Dit. 16:1, 2) Ka ntlha ya “dipolelelopele” tseno, banna ba bagolwane ba phuthego ba ne ba ‘baya Timotheo yo mmotlana diatla,’ ba mo tlhaola gore a dire tirelo e e rileng.

2:15—Mosadi o “bolokwa a babalesegile ka go tshola bana” ka tsela efe? Go tshola bana, go ba tlhokomela le go tlhokomela legae go ka dira gore mosadi a nne a “babalesegile” gore a se ka a nna a  sa dire sepe e le ‘mosebi le motho yo o itsenyatsenyang mo mererong ya batho ba bangwe.’—1 Tim. 5:11-15.

3:16—Sephiri se se boitshepo sa boineelo jwa bomodimo ke eng? Go ne ga tsaya dingwagangwaga go sa itsewe gore a batho ba ka kgona go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa ka tsela e e feletseng. Jesu o ne a naya karabo ka go nna a ikanyega mo Modimong ka tsela e e feletseng go fitlha a swa.

6:15, 16—A mafoko ano a bua ka Jehofa Modimo kgotsa ka Jesu Keresete? Mafoko ano a bua ka ene yo go tlhalosiwang go bonatshega ga gagwe, e bong Jesu Keresete. (1 Tim. 6:14) Fa Jesu a bapisiwa le batho ba ba busang e le dikgosi le barena, ke “Mothati . . . yo o esi,” e bile ke ene fela yo o nang le bosasweng. (Dan. 7:14; Bar. 6:9) Fa e sale a tlhatlogela kwa magodimong a a sa bonaleng, ga go motho ope mo lefatsheng “yo o ka mmonang” ka matlho a nama.

Se re Ithutang Sone:

4:15. Le fa re ka tswa re nnile Bakeresete bosheng jaana kgotsa re sa bolo go nna bone, re tshwanetse go leka go gatela pele semoyeng.

6:2. Fa re thapilwe ke modumedi ka rona, ga re a tshwanela go mo ja ntsoma ka tsela epe fela, mme go na le moo re tshwanetse go mmerekela ka tlhoafalo le go feta fa re ne re berekela mongwe yo o seng mo phuthegong.

“RERA LEFOKO, DIRA JALO KA POTLAKO”

(2 Tim. 1:1–4:22)

Paulo o kwalela Timotheo jaana, a mo thusa go ipaakanyetsa metlha e e thata e e larileng kwa pele: “Modimo ga a re naya moya wa bogatlapa, fa e se wa maatla le wa lorato le wa go itekanela sentle ga mogopolo.” Timotheo o gakololwa jaana: “Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe, a tshwanelega go ruta.”—2 Tim. 1:7; 2:24.

Paulo o kgothatsa Timotheo jaana: “Tswelela mo dilong tse o di ithutileng wa ba wa tlhotlhelediwa go di dumela.” Dithuto tsa botlhanogi di ne di anama, ka jalo moaposetoloi o gakolola molebedi yono yo mmotlana a re: “Rera lefoko, dira jalo ka potlako . . . , o kgalemele, o kgaleme o tiisitse, o rotloetse.”—2 Tim. 3:14; 4:2.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:13—“Sekao sa mafoko a a itekanetseng” ke eng? “Mafoko a a itekanetseng” ke “a Morena wa rona Jesu Keresete”—dithuto tsa boammaaruri tsa Bokeresete. (1 Tim. 6:3) Se Jesu a neng a se ruta le se a neng a se dira se ne se dumalana le Lefoko la Modimo, ka jalo polelwana e e reng “mafoko a a itekanetseng” gape e ka raya dithuto tsotlhe tsa Baebele. Dithuto tseno di ka re thusa go bona gore Jehofa o batla re dira eng. Re nna re tshegeditse sekao seno ka go dirisa se re se ithutileng go tswa mo Baebeleng.

4:13—“Dikwalelo tsa letlalo” e ne e le eng? Mafoko a a reng “dikwalelo tsa letlalo” a kaya dikwalelo tse di dirilweng ka letlalo le le sugilweng. Gongwe Paulo o ne a kopa mekwalo mengwe ya Dikwalo tsa Sehebera gore a di ithute fa a ntse a le mo kgolegelong kwa Roma. Mengwe ya memeno eno e ka tswa e ne e le ya papirase mme e mengwe e le ya dikwalelo tsa letlalo.

Se re Ithutang Sone:

1:5; 3:15. Lebaka la konokono la go bo Timotheo a ne a na le tumelo mo go Keresete Jesu, e leng tumelo e e neng e tlhotlheletsa sengwe le sengwe se Timotheo a neng a se dira, e ne e le ka gonne a rutilwe Dikwalo kwa gae go tloga a sa le monnye. A bo go le botlhokwa jang gore batsadi ba akanyetse kwa teng ka tsela e ba diragatsang boikarabelo jono ka yone, boikarabelo jo ba nang le jone mo Modimong le mo baneng ba bone!

1:16-18. Fa badumedi ka rona ba lekwa, ba bogisiwa kgotsa ba tsenngwa mo dikgolegelong, a re ba rapeleleng mme re dire sotlhe se re ka se kgonang go ba thusa.—Dia. 3:27; 1 Bathes. 5:25.

2:22. Bakeresete, segolobogolo basha, ga ba a tshwanela go tshwarega thata mo go ikatiseng mmele, mo metshamekong, mo mminong, mo boitlosobodutung, mo mesepeleng, le mo metlotlong e e se nang mosola le dilo tse di ntseng jalo, mo ba salang ba se na nako e e lekaneng go dira ditiro tsa semoya.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Ke lekwalo lefe le le tlhotlheleditsweng le moaposetoloi Paulo a neng a le kwala la bofelo?