Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ne Re sa Boife—Jehofa O ne A na Le Rona

Re ne Re sa Boife—Jehofa O ne A na Le Rona

 Re ne Re sa Boife—Jehofa O ne A na Le Rona

Jaaka go boletse Egyptia Petridou

Ka 1972, Basupi go ralala Kupero ba ne ba kopane kwa Nicosia go tla go utlwa puo e e kgethegileng ya ga Nathan H. Knorr, yo o neng a ntse a eteletse pele tiro ya Basupi ba ga Jehofa ka nako e telele. O ne a ntemoga ka bonako, mme le pele nka ikitsise, o ne a mpotsa a re: “A go na le sengwe se se diregang kwa Egepeto se o ka se re bolelelang?” Ke ne ke kopane le Mokaulengwe Knorr dingwaga di le 20 pelenyana mo motseng wa gaetsho wa Alekesanderia, kwa Egepeto.

KE TSHOLETSWE kwa Alekesanderia ka January 23, 1914, ke le yo mogolo mo baneng ba banè. Re goletse gaufi thata le lewatle. Ka nako eo Alekesanderia e ne e le toropo e ntle ya batho ba ditso tse di farologaneng, e itsege thata ka dikago tsa yone le hisitori ya yone. E re ka Bayuropa ba ne ba kopakopana le Baarabia, rona bana re ne ra ithuta go bua Searabia, Seesemane, Sefora le Sentadiana, mmogo le puo ya mo gae, e leng Segerika.

Fa ke sena go aloga kwa sekolong, ke ne ka bona tiro mo madirelong a diaparo tsa feshene ya Sefora, koo ke neng ke itumelela go tlhama le go rokela basadi ba ba tlotlegang mo setšhabeng mesese e mentle thata. Gape ke ne ke rata bodumedi jwa me thata e bile ke rata go bala Baebele, le fa ke ne ke sa tlhaloganye se ke se balang go le kalo.

Mo e ka nnang ka yone nako eo—mo magareng a bo1930—ke ne ka kopana le lekawana lengwe le le siameng, le le tsholetsweng kwa Kupero. Theodotos Petrides e ne e le mogaka wa motshameko wa go lwa ka go sokasokana, mme gape o ne a ithutile go baka marotho le go dira dimonamone mme o ne a bereka mo lebenkeleng le le itsegeng le le dirang dilo tseo. Theodotos o ne a ratana le nna, mosadi wa mmele o monnye yo o nang le moriri o montsho. Gantsi o ne a nkopelela dipina tse di monate tsa lorato tsa Segerika a eme fa fensetereng. Re ne ra nyalana ka June 30, 1940. Go ne go le monate mo metlheng eo. Re ne re nna mo foleteng e e fa tlase fela ga ya ga mmè. Ngwana wa rona wa ntlha, e bong John, o ne a tsholwa ka 1941.

Go Ithuta Boammaaruri Jwa Baebele

Go ne go fetile nakonyana Theodotos a sa kgotsofadiwe ke bodumedi jwa rona, mme o ne a botsa dipotso ka Baebele. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolotse go ithuta Baebele le ene, nna ke sa itse sepe ka gone. Ka letsatsi lengwe, fa ke ntse ke na le ngwana wa rona mo ntlong, mosadi mongwe o ne a kokota fa kgorong mme a nnaya karata e e nang le molaetsa wa Baebele. E re ka ke ne ke batla go bontsha botho, ke ne ka ema go se kae mme ka e bala. Go tswa foo o ne a nnaya dibuka dingwe tse di theilweng mo Baebeleng. Ebu, e ne e le tsone dibuka tse Theodotos a neng a tlile gae le tsone!

Ke ne ka re: “Ee, ke na le dibuka tseno. Tsena mo ntlong tsweetswee.” Fela fa Mosupi yono, e bong Eleni Nicolaou, a sena go tsena ke ne ka mo tlhasela  ka dipotso. O ne a dirisa Baebele go nkaraba a le pelotelele. Seo se ne sa nkgatlha. Ka bonako fela, ke ne ka simolola go tlhaloganya molaetsa wa Baebele. Fa re ne re sa ntse re emisitse motlotlo wa rona, Eleni o ne a bona senepe sa monna wa me. O ne a re: “Ke itse monna yono!” Sephiri sa ga Theodotos se ne se dule. Ke ne ke gakgametse. Theo o ne a ntse a ya kwa dipokanong tsa Bokeresete a le esi—a sa mpolelele le go mpolelela! Fa Theodotos a tsena mo gae ka letsatsi leo, ke ne ka mo raya ka re: “Beke eno ke tlile go ya le wena kwa o neng o ile teng Sontaga se se fetileng!”

Kwa pokanong ya ntlha e ke neng ka ya kwa go yone, setlhopha sa batho ba ka nna lesome se ne se tlotla ka buka ya Baebele ya Mika. Ke ne ka reetsa sengwe le sengwe ka kelotlhoko! Go tloga ka nako eo, Labotlhano mongwe le mongwe ka lotlatlana George le Katerini Petraki ba ne ba re etela go tla go ithuta Baebele le rona. Rre le bontsi jwa bonnake ba ne ba sa rate re ithuta le Basupi, mme nnake yo mongwe wa mosetsana o ne a sa gane seo, le mororo a sa ka a nna Mosupi. Le fa go ntse jalo, mmè ene o ne a amogela boammaaruri jwa Baebele. Ka 1942, nna le Mmè le Theodotos re ne ra kolobediwa mo lewatleng kwa Alekesanderia go bontsha gore re ineela mo go Jehofa.

Matshelo a Rona a a Tlhakatlhakana

Ntwa ya Lefatshe II e ne ya simolola ka 1939, mme go ise go ye kae e ne ya gakala. Mo masimologong a bo1940, Molaodi wa masole wa Mojeremane e bong Erwin Rommel le masole a gagwe a a tsamayang ka dikanono a ne a le fa gaufi kwa El Alamein, mme Alekesanderia e ne e phophoma ka masole a Boritane. Re ne ra kokoanya dijo tse dintsi tse di omisitsweng. Mme Theodotos o ne a kopiwa go tlhokomela lebenkele la mong wa gagwe le lesha la marotho a a bakiwang le dimonamone kwa Port Taufiq, gaufi le Suez, ka jalo re ne ra fudugela teng. Basupi ba babedi ba ba buang Segerika ba ne ba simolola go re batla koo. E re ka ba ne ba sa itse fa re nnang teng, ba ne ba rera ka ntlo le ntlo go fitlha ba re bona.

Fa re le kwa Port Taufiq, re ne ra ithuta Baebele le Stavros le Giula Kypraios mmogo le bana ba bone, e bong Totos le Georgia, mme ba ne ba nna ditsala tsa rona tse dikgolo. Stavros o ne a rata go ithuta Baebele thata jaana mo a neng a busetsa ditshupanako tsotlhe tse di mo ntlong ya gagwe kwa morago ka ura gore terena ya bofelo e e yang gae e re sie mme re nne nako e telele mo ntlong ya gagwe. Re ne re tlotla go fitlha go le bosigo thata.

Re ne ra nna mo Port Taufiq ka dikgwedi di le 18, mme morago ra boela kwa Alekesanderia fa mmè a simolola go lwala. O ne a swa a ikanyega mo go Jehofa ka 1947. Le mo lekgetlhong leno, re ne ra utlwa kafa Jehofa a re nonotshang ka teng ka go tsalana le ditsala tse di godileng tsa Bakeresete. Mme gape re ne re amogela barongwa ba ba neng ba ya kwa dikabelong tsa bone tsa kwa dinageng di sele mo ntlong ya rona fa dikepe tsa bone di ne di eme go se kae mo Alekesanderia.

Boipelo le Matshwenyego

Ka 1952, ke ne ka tshola ngwana wa rona wa bobedi, e bong James. Jaaka batsadi, re ne re itse  gore go botlhokwa go godisetsa bana ba rona mo tikologong e go nang le kobamelo ya boammaaruri mo go yone, mme re ne ra dira gore go tshwarelwe thuto ya Baebele mo legaeng la rona ka metlha e bile gantsi re ne re fa badiredi ba nako e e tletseng boroko. Ka jalo, morwa wa rona yo mogolo, e bong John, o ne a rata boammaaruri jwa Baebele, mme fa a sa ntse a le mosha, o ne a simolola go bula tsela. Gape o ne a tsena sekolo sa bosigo gore a wetse thuto ya gagwe e e tlwaelegileng.

Go ise go ye kae, Theodotos o ne a bolelelwa gore o na le bolwetse jo bo masisi jwa pelo mme a gakololwa gore a tlogele tiro e a neng a e dira. Morwaarona James o ne a na le dingwaga di le nnè fela. Re ne re tlile go dirang? A Jehofa ga a ka a solofetsa gore: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena”? (Isa. 41:10) Akanya fela gore re ne ra gakgamala le go itumela jang fa ka 1956 re ne re lalediwa go ya go nna babulatsela kwa Ismailia, gaufi le Suez Canal! Maemo a ne a sa iketla mo Egepeto mo dingwageng tse di neng tsa latela, mme bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ne ba tlhoka go kgothadiwa.

Ka 1960 re ne ra tshwanelwa ke go tswa mo Egepeto, mongwe le mongwe a tshotse kgetsi e le nngwe fela. Re ne ra ya kwa Kupero, setlhaketlhake se monna wa me a goletseng kwa go sone. Ka nako eno, Theodotos o ne a lwala thata e bile a sa kgone go bereka. Le fa go ntse jalo, mokaulengwe mongwe yo o pelonomi wa Mokeresete le mosadi wa gagwe ba ne ba re naya lefelo le re ka nnang mo go lone. Ka maswabi, monna wa me o ne a swa dingwaga tse pedi moragonyana, mme ke ne ke setse fela le James yo mmotlana. John, yo le ene a neng a fudugetse mo Kupero, o ne a nyetse e bile a na le lelapa le a tshwanetseng go le tlamela.

Re ne Ra Tlhokomelwa mo Dinakong Tse di Thata

Go tswa foo, Stavros le Dora Kairis ba ne ba re naya bonno mo ntlong ya bone. Ke ne ka khubama mme ka leboga Jehofa ka ntlha ya gore o ne a boa gape a re naya dilo tse re di tlhokang. (Pes. 145:16) Fa Stavros le Dora ba ne ba swetsa ka gore ba rekise ntlo ya bone mme ba age e nngwe e e nang le Holo ya Bogosi mo boalong jo bo kwa tlase, ka bopelonomi ba ne ba agela nna le James ntlo e nnye ya dikamore tse pedi e tshwaragane le ntlo ya bone.

Kgabagare, James o ne a nyala, mme ene le mosadi wa gagwe ba ne ba direla e le babulatsela go fitlha ngwana wa bone wa ntlha mo go ba le banè a tsholwa. Ka 1974, dingwaga di le pedi morago ga loeto lo lo sa lebalegeng lwa ga Mokaulengwe Knorr, go ne ga nna le dikhuduego tsa dipolotiki mo Kupero. *  Batho ba bantsi, go akaretsa le Basupi, ba ne ba tlogela magae a bone mme ba tshwanelwa ke go fudugela go sele. Morwaake John e ne e le mongwe wa bone. O ne a fudugela kwa Canada le mosadi wa gagwe le bana ba bone ba bararo. Le fa batho ba bantsi ba ne ba tsamaya jalo, re ne ra ipela ka gonne palo ya baboledi ba Bogosi mo Kupero e ne e ntse e oketsega.

Fa ke ne ke simolola go amogela madi a phenshene, ke ne ka kgona go nna le seabe se segolwane mo bodireding. Mme dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, ke ne ka itewa ke seterouku se se sa gateleleng thata mme ke ne ka ya go nna le morwaake James le lelapa la gagwe. Moragonyana, fa botsogo jwa me bo nna maswe le go feta, ke ne ka robadiwa kwa bookelong dibeke di le mmalwa mme morago ga foo ka isiwa kwa legaeng le go tlhokomelwang balwetse kwa go lone. Le fa ke tshelela mo ditlhabing, ke rerela badiri ba mo lefelong leno, balwetse mmogo le baeng. Gape ke dirisa nako e ntsi ke ithuta ke le esi, mme bakaulengwe ba me ba Bakeresete ba nthusa gore ke kgone go nna teng kwa Thutong ya Buka ya Phuthego e e fa gaufi.

Go Bona Kgomotso mo Dingwageng Tsa me Tsa Bogodi

Ke a gomotsega fa ke utlwa kafa batho ba nna le Theodotos re neng ra kgona go ba thusa ba ntseng ba tswelela ka teng. Bontsi jwa bana ba bone le ditlogolwana tsa bone ba mo tirelong ya nako e e tletseng—bangwe ba direla kwa Australia, Canada, Engelane, Gerika, le Switzerland. Gone jaanong, morwaake John le mosadi wa gagwe ba nna kwa Canada le morwaabone. Morwadiabone yo mogolo le monna wa gagwe ke babulatsela. Morwadiabone yo mmotlana e bong Linda le monna wa gagwe, e bong Joshua Snape, ba ne ba lalediwa go tla go tsena tlelase ya bo124 ya Sekolo sa Gileade.

Morwaake James le mosadi wa gagwe jaanong ba nna kwa Jeremane. Bomorwaabone ba le babedi ba direla kwa Bethele—yo mongwe kwa Athena, kwa Gerika, mme yo mongwe kwa Selters, kwa Jeremane. Morwaabone yo mmotlana mo go bone botlhe, morwadiabone le monna wa gagwe, ba direla e le babulatsela kwa Jeremane.

A bo re tla nna le dikgang tse dintsi jang ne go di bolelela mmè le Theodotos wa me yo o rategang fa ba sena go tsoga mo baswing! Ba tla itumedisiwa ke go bona boswa jo bo molemo jo ba bo tlogeletseng lelapa la bone. *

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 21 Bona Tsogang! ya October 22, 1974, tsebe 12-15 (ka Seesemane).

^ ser. 26 Fa setlhogo seno se ne se sa ntse se baakanyediwa go gatisiwa, Kgaitsadi Petridou o ne a tlhokafala a na le dingwaga tse 93.

[Mafoko a a mo go tsebe 24]

Le mo lekgetlhong leno, re ne ra utlwa kafa Jehofa a re nonotshang ka teng ka go tsalana le ditsala tse di godileng tsa Bakeresete

[Mmapa mo go tsebe 24]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

KUPERO

NICOSIA

LEWATLE LA MEDITERRANEAN

EGEPETO

CAIRO

El Alamein

Alekesanderia

Ismailia

Suez

Port Taufiq

Suez Canal

[Motswedi wa Setshwantsho]

Based on NASA/Visible Earth imagery

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke na le Theodotos ka 1938

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Morwaake James le mosadi wa gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Morwaake John le mosadi wa gagwe