Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Tshwanetse go Tshwara ba Bangwe Jang?

Re Tshwanetse go Tshwara ba Bangwe Jang?

 Re Tshwanetse go Tshwara ba Bangwe Jang?

“Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.”—LUKE 6:31.

1, 2. (a) Thero ya kwa Thabeng ke eng? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno le se se latelang?

RURI Jesu Keresete e ne e le Morutisi yo Mogolo. Fa baba ba gagwe ba bodumedi ba ne ba roma banna bangwe gore ba ye go mo tshwara, ba ne ba boa ba iphotlhere mme ba re: “Ga go ise go ke go nne le motho yo mongwe yo o kileng a bua jaana.” (Joh. 7:32, 45, 46) Nngwe ya dithero tse di botswerere thata tsa ga Jesu e ne e le Thero ya kwa Thabeng. E kwadilwe mo go kgaolo 5 go ya go 7 ya Efangele ya ga Mathaio, mme go na le tshedimosetso e e tshwanang le eo mo go Luke 6:20-49. *

2 Gongwe mafoko a a itsegeng thata mo therong eo ke a a amanang le kafa re tshwarang batho ba bangwe ka teng. Jesu o ne a re: “Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.” (Luke 6:31) Mme ene o ne a direla batho dilo tse di molemo tota! Jesu o ne a fodisa balwetse a ba a tsosa baswi. Mme batho ba ne ba itumela thata fa ba amogela dikgang tse di molemo tse a neng a di ba bolelela. (Bala Luke 7:20-22.) Rona Basupi ba ga Jehofa re itumelela go dira tiro e e tshwanang le eo ya go rera ka Bogosi. (Math. 24:14; 28:19, 20) Mo setlhogong seno le se se latelang re tla tlotla ka mafoko a ga Jesu a a amanang le tiro eno le ka dintlha tse dingwe tsa Thero ya kwa Thabeng tse di malebana le kafa re tshwanetseng go tshwara ba bangwe ka teng.

Nna Bonolo

3. O ka tlhalosa bonolo jang?

3 Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Math. 5:5) Mo Dikwalong, bonolo ga bo amane ka gope le go nna bokoa. Re nna bonolo ka gonne Modimo a batla jalo. Nonofo eno e bonala mo tseleng e re itshwarang ka yone fa re dirisana le batho ba bangwe. Ka sekai, ga re ‘busetse ope bosula ka bosula.’—Bar. 12:17-19.

4. Ke ka ntlha yang fa batho ba ba bonolo ba itumela?

4 Batho ba ba bonolo ba a itumela ka gonne “ba tla rua lefatshe.” Jesu, yo o neng a le ‘bonolo e bile a le boikokobetso mo pelong,’ ke ene a ‘tlhomilweng go nna moruaboswa wa dilo tsotlhe’ mme ka jalo ke ene Moruaboswa yo mogolo wa lefatshe. (Math. 11:29; Baheb. 1:2; Pes. 2:8) Go ne ga bolelelwa pele gore “morwa motho” e bong Mesia o ne a tla nna le ba a tla busang le bone mo Bogosing jwa kwa legodimong. (Dan. 7:13, 14, 21, 22, 27) Batlodiwa ba ba bonolo ba le 144 000 ba ne ba tla nna “baruaboswammogo le Keresete” mme ba kopanele le Jesu mo go rueng lefatshe boswa. (Bar. 8:16, 17; Tshen. 14:1) Ba bangwe ba ba bonolo ba tla segofadiwa ka go newa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng ba busiwa ke Bogosi joo.—Pes. 37:11.

5. Go nna bonolo jaaka Keresete go dira gore re nne batho ba ba ntseng jang?

5 Fa re le bogale, gongwe re ka fedisa ba bangwe pelo mme ra dira gore ba se ka ba tlhola ba batla go dirisana le rona. Le fa go ntse jalo, go nna bonolo jaaka Keresete go dira gore re nne maloko a a molemo a phuthego le a a kgothatsang semoyeng. Fa re ‘tshela e bile re tsamaya ka moya,’ moya wa Modimo o re thusa go nna le leungo le bonolo e leng karolo ya lone. (Bala Bagalatia 5:22-25.) Ruri re batla go nna bangwe ba batho ba ba bonolo ba ba kaelwang ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa!

Go Itumela ba ba Kutlwelobotlhoko!

6. Batho ba ba “kutlwelobotlhoko” ba na le dinonofo dife tse di tlhomologileng?

6 Gape Jesu o ne a bolela mafoko ano mo Therong ya kwa Thabeng: “Go itumela ba ba kutlwelobotlhoko, e re ka ba tla bontshiwa kutlwelobotlhoko.” (Math. 5:7) Batho “ba ba kutlwelobotlhoko” ba pelotlhomogi e bile ba pelonomi  mo go ba ba tlhokang thuso. Jesu o ne a dira dikgakgamatso mme a thusa batho ba ba bogang ka gonne “a utlwa a ba tlhomogela pelo,” kgotsa “a tlhotlheletsega go tlhomoga pelo.” (Math. 14:14; 20:34) Ka jalo, go tlhomogela ba bangwe pelo le go ba akanyetsa go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go nna kutlwelobotlhoko.—Jak. 2:13.

7. Go nna pelotlhomogi go ne ga tlhotlheletsa Jesu go dira eng?

7 Fa Jesu a ne a ya go ikhutsa o ne a kopana le boidiidi jwa batho mme “a tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa.” Mme o ne “a simolola go ba ruta dilo di le dintsi.” (Mar. 6:34) A bo re itumela jang ne fa re bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi mme re ba tlhalosetsa ka kutlwelobotlhoko e e boitshegang ya Modimo fela jaaka Jesu a ne a dira!

8. Ke ka ntlha yang fa batho ba ba kutlwelobotlhoko ba itumela?

8 Batho ba ba kutlwelobotlhoko ba itumela ka gonne ba “bontshiwa kutlwelobotlhoko.” Fa re utlwela batho ba bangwe botlhoko, gantsi le bone ba re utlwela botlhoko. (Luke 6:38) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a re: “Fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, Rraalona wa selegodimo le ene o tla lo itshwarela.” (Math. 6:14) Batho ba ba kutlwelobotlhoko ke bone fela ba itshwarelwang maleo le go amogelwa ke Modimo mme seo se ba tlisetsa boitumelo.

Lebaka La go Bo “Ba ba Kagiso” ba Itumela

9. Fa re le batho ba ba kagiso, re tla dira dilo jang?

9 Jesu o ne a umaka lebaka le lengwe la go itumela fa a re: “Go itumela ba ba kagiso, e re ka ba tla bidiwa ‘bomorwa Modimo.’” (Math. 5:9) Lefoko la Segerika le fano le ranotsweng e le “ba ba kagiso” totatota le kaya “batho ba ba dirang kagiso.” Fa re le batho ba ba dirang kagiso, re ka se ka ra mpampetsa kgotsa ra dira sepe, se se jaaka go senya ba bangwe maina, se se ka ‘kgaoganyang ba ba tlwaelaneng.’ (Dia. 16:28) Re tla leka go nna le kagiso le batho ba ba mo teng le ba ba kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete ka se re se dirang le ka se re se buang. (Baheb. 12:14) Mme sa botlhokwa le go feta, re tla dira bojotlhe jwa rona gore re nne mo kagisong le Jehofa Modimo.—Bala 1 Petere 3:10-12.

10. Ke ka ntlha yang fa “ba ba kagiso” ba itumela?

10 Jesu o ne a re “go itumela ba ba kagiso, e re ka ba tla bidiwa ‘bomorwa Modimo.’” Bakeresete ba ba tloditsweng ba newa “taolo ya go nna bana ba Modimo” ka gonne ba na le tumelo mo go Jesu gore ke ene Mesia. (Joh. 1:12; 1 Pet. 2:24) Go tla diregang ka “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu tse di kagiso? O tla nna “Rara wa [bone wa] Bosakhutleng” ka nako ya Puso ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete a busa le baruaboswammogo le ene kwa legodimong. (Joh. 10:14, 16; Isa. 9:6; Tshen. 20:6) Kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga tse di Sekete, batho bano ba ba kagiso ba tla nna bana ba Modimo ba mo lefatsheng ka botlalo.—1 Bakor. 15:27, 28.

11. Re tla dirisana le ba bangwe jang fa re kaelwa ke “botlhale jo bo tswang kwa godimo”?

11 E le gore re nne le kamano e e gaufi le Jehofa, “Modimo wa kagiso,” re tshwanetse go etsa dinonofo tsa gagwe, tse nngwe ya tsone e leng go nna kagiso. (Bafil. 4:9) Fa re itetla go kaelwa ke “botlhale jo bo tswang kwa godimo,” re tla dirisana le ba bangwe ka kagiso. (Jak. 3:17) Fa re dira jalo re tla nna batho ba ba dirang kagiso, ba ba itumetseng.

“A Lesedi la Lona le Phatsime”

12. (a) Jesu o ne a reng ka lesedi la semoya? (b) Re ka phatsimisa lesedi la rona jang?

12 Re tshwara ba bangwe sentle thata fa re ba  thusa go amogela lesedi la semoya le le tswang kwa Modimong. (Pes. 43:3) Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re ke bone “lesedi la lefatshe” mme a ba kgothaletsa gore ba phatsimise lesedi la bone gore batho ba tle ba bone “ditiro tse di molemo” tse ba di direlang batho ba bangwe. Seno se ne se tla felela ka gore go nne le lesedi la semoya “fa pele ga batho,” ke gore le le neng le tla solegela batho molemo. (Bala Mathaio 5:14-16.) Gompieno re phatsimisa lesedi la rona ka go direla baagelani ba rona dilo tse di molemo le ka go dira tiro ya go rera dikgang tse di molemo “mo lefatsheng lotlhe,” e leng “mo ditšhabeng tsotlhe.” (Math. 26:13; Mar. 13:10) A bo seno e le tshiamelo e kgolo jang ne!

13. Batho ba lemoga eng mo go rona?

13 Jesu o ne a re: “Motse ga o ka ke wa fitlhega fa o tlhomilwe mo godimo ga thaba.” Go motlhofo go bona motse ope fela o o tlhomilweng mo godimo ga thaba. Ka jalo, fa re ntse re bolela ka Bogosi batho ba lemoga ditiro tsa rona tse di molemo le dinonofo tse di jaaka go nna tekatekano le go nna boitsheko.—Tito 2:1-14.

14. (a) O ka tlhalosa jang dipone tse di neng di dirisiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (b) Go sa fitlhe lesedi la semoya kafa tlase ga “seroto se se lekanyang” go kaya eng?

14 Jesu o ne a bua ka go tshuba lobone le go lo baya mo setlhomong, e seng kafa tlase ga seroto, gore lo phatsimele botlhe ba ba mo ntlong. Lobone lo lo neng lo dirisiwa thata mo lekgolong la ntlha la dingwaga lo ne lo dirilwe ka letsopa mme lo na le mogala o o neng o tukisiwa ke lookwane (lo gantsi e neng e le lookwane lwa motlhware). Lobone loo, lo gantsi lo neng lo tlhongwa mo setlhomong sa logong kana sa tshipi, lo ne lo “phatsimela botlhe ba ba mo ntlong.” Batho ba ne ba ka se tshube lobone mme ba bo ba lo baya kafa tlase ga “seroto se se lekanyang”—se e neng e le sejana se segolo sa dilitara di ka nna robongwe. Jesu o ne a sa batle gore barutwa ba gagwe ba fitlhe lesedi la bone la semoya kafa tlase ga seroto sa tshwantshetso. Ka jalo, re tshwanetse go phatsimisa lesedi la rona mme le ka motlha re se ka ra letla gore kganetso kana pogiso di dire gore re fitlhe boammaaruri jwa Baebele kana re se ka ra bo bolelela ba bangwe.

15. ‘Ditiro tsa rona tse di molemo’ di ama batho bangwe jang?

15 Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe mafoko ano fa a sena go bua ka lobone lo lo phatsimang: “Ka tsela e e tshwanang a lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemo mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.” Ka ntlha ya ‘ditiro tsa rona tse di molemo,’ bangwe ba ‘naya Modimo kgalalelo’ ka go nna batlhanka ba gagwe. Ruri seo se re rotloetsa go tswelela re ‘phatsima jaaka masedi mo lefatsheng’!—Bafil. 2:15.

16. Re tshwanetse go dira eng go bontsha gore re “lesedi la lefatshe”?

16 Go bontsha gore re “lesedi la lefatshe” re tshwanetse go dira tiro ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa. Mme go na le se sengwe gape se se tlhokegang. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Tswelelang lo tsamaya jaaka bana ba lesedi, gonne maungo a lesedi a na le mofuta mongwe le mongwe wa se se molemo le tshiamo le boammaaruri.” (Baef. 5:8, 9) Re tshwanetse go nna dikao tse di molemo thata mo tseleng e re itshwarang ka yone go dumalana le melao ya Modimo. Tota e bile, re tshwanetse go tsaya tsia mafoko ano a ga moaposetoloi Petere: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemo mo ditšhabeng, gore, mo selong se ba lo kgalang jaaka badirabosula mo go sone, ba tle ba galaletse Modimo mo letsatsing la  go tlhatlhoba ga gagwe ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo tse ba leng basupi ba tsone ba ba di boneng ka matlho.” (1 Pet. 2:12) Mme ke eng se se tshwanetseng go dirwa fa badumedimmogo ba na le dikgotlhang?

“Agisanya le Morwarrago”

17-19. (a) “Mpho” e go buiwang ka yone mo go Mathaio 5:23, 24 e ne e le eng? (b) Go botlhokwa go le kana kang gore motho a agisanye le morwarraagwe, mme Jesu o ne a bontsha seno jang?

17 Jesu mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe gore ba se ka ba nna ba shakgaletse morwarraabone le go mo nyatsa. Go na le gore ba dire jalo, ba ne ba tshwanetse go nna bonako go dira kagiso le morwarraabone yo o kgopisegileng. (Bala Mathaio 5:21-25.) Ela kgakololo ya ga Jesu tlhoko thata. Motho o ne a tshwanetse go dirang fa a ne a isa mpho ya gagwe kwa sebesong mme fa a le koo a bo a gakologelwa gore morwarragwe o na le sengwe kgatlhanong le ene? O ne a tshwanetse go tlogela mpho ya gagwe fa pele ga sebeso mme a ye go agisanya le morwarragwe. Fa a sena go dira jalo o ne a ka boa a tla go isa mpho ya gagwe tshupelo.

18 Gantsi “mpho” eno e ne e le setlhabelo se motho a neng a ka se ntsha kwa tempeleng ya ga Jehofa. Ditlhabelo tsa diphologolo di ne di le botlhokwa thata ka gonne mo Molaong wa ga Moshe, Modimo o ne a neile Baiseraele taelo ya gore ba di ntshe e le karolo ya kobamelo ya bone. Mme fa motho a ne a gakologelwa gore morwarraagwe o na le sengwe kgatlhanong le ene, go ne go le botlhokwa thata gore a rarabolole kgang pele ga a ntsha setlhabelo. Jesu o ne a re: “Tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso, mme o tsamaye; agisanya le morwarrago pele, go tswa foo, fa o boile, isa mpho ya gago tshupelo.” Go ne go le botlhokwa gore motho a agisanye le morwarraagwe pele ga a ka ntsha setlhabelo se se neng se batlega go ya ka Molao.

19 Jesu o ne a sa bue fela ka ditshupelo tse di rileng kana ka melato e e rileng. Ka jalo, motho o ne a tshwanetse go ema pele mme a se ka a isa tshupelo ya mofuta ope fa a gakologelwa gore morwarraagwe o na le sengwe kgatlhanong le ene. Fa tshupelo e ne e le phologolo e e tshelang, e ne e tshwanetse go tlogelwa “fa pele ga sebeso” sa ditshupelo tse di fisiwang mo lolwapeng lwa baperesiti mo tempeleng. Fa kgang e sena go rarabololwa, motho yo o molato o ne a boa mme a bo a isa tshupelo.

20. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rarabolola kgang ka bofefo fa re galefetse mokaulengwe mongwe?

20 Mo Modimong, kamano ya rona le bakaulengwe ba rona ke karolo ya botlhokwa thata ya kobamelo ya boammaaruri. Fa batho ba ba neng ba ntsha ditlhabelo tsa diphologolo ba ne ba sa tshware batho ba bangwe sentle, ditlhabelo tseo di ne di se na bokao mo go Jehofa. (Mik. 6:6-8) Ka gone, Jesu o ne a rotloetsa barutwa ba gagwe gore ba ‘nne bofefo go rarabolola dikgang.’ (Math. 5:25) Paulo o ne a bua sengwe se se tshwanang le seo fa a ne a re:  “Lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile, le gone lo se ka lwa naya Diabolo sebaka.” (Baef. 4:26, 27) Fa go direga gore re galefe ka lebaka le le utlwalang, re tshwanetse go rarabolola kgang ka bofefo e le gore re se ka ra nna re galefile mme ka jalo ra letla Diabolo go re raela.—Luke 17:3, 4.

Tlotla ba Bangwe ka Metlha

21, 22. (a) Re ka dirisa jang kgakololo ya ga Jesu e re sa tswang go tlotla ka yone? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

21 Mafoko a Jesu a a buileng mo Therong ya kwa Thabeng a re tlotlileng ka one a tshwanetse go re thusa go nna pelonomi mo go ba bangwe le go ba tlotla. Le fa rotlhe re sa itekanela, re ka kgona go dirisa kgakololo ya ga Jesu ka gonne ga a lebelela gore re dire se se fetang se re ka kgonang go se dira, fela jaaka Rraarona yo o kwa legodimong le ene a sa lebelela jalo. Fa re rapela, re iteka ka natla e bile re thusiwa ke Jehofa Modimo, re ka kgona go nna bonolo, kutlwelobotlhoko le go nna kagiso. Re ka kgona go phatsimisa lesedi la semoya, mme go phatsima ga lone go galaletsa Jehofa. Mo godimo ga moo, re ka agisanya le morwarraarona fa go tlhokega.

22 Kobamelo e Jehofa a e amogelang e akaretsa go tshwara moagelani wa rona sentle. (Mar. 12:31) Mo setlhogong se se latelang, re tla tlotla ka mafoko a mangwe gape a a builweng mo Therong ya kwa Thabeng a a tla re thusang go tswelela re direla ba bangwe se se molemo. Le fa go ntse jalo, morago ga go sekaseka dintlha tse di fa godimo tse re di ithutileng mo therong ya ga Jesu e e tlhomologileng, re ka ipotsa jaana, ‘Ke tshwara batho ba bangwe jang?’

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 1 Fa o ntse o ithuta o le esi, gongwe o ka solegelwa molemo thata ke go bala dikgaolo tseno pele o ithuta setlhogo seno le se se latelang.

O ka Araba Jang?

• Go nna bonolo go kayang?

• Ke ka ntlha yang fa “ba ba kutlwelobotlhoko” ba itumela?

• Re ka phatsimisa lesedi la rona jang?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna bofefo go ‘agisanya le morwarraarona’?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Go bolela molaetsa wa Bogosi ke tsela ya botlhokwa e re phatsimisang lesedi la rona ka yone

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Bakeresete ba tshwanetse go nna dikao tse di molemo mo tseleng e ba itshwarang ka yone go dumalana le melao ya Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Dira bojotlhe go agisanya le morwarrago