Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Gaufi Gore Bogosi Jwa Modimo bo Tlise Kgololo!

Go Gaufi Gore Bogosi Jwa Modimo bo Tlise Kgololo!

 Go Gaufi Gore Bogosi Jwa Modimo bo Tlise Kgololo!

“A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—MATH. 6:10.

1. Thuto ya konokono ya ga Jesu e ne e le efe?

FA Jesu Keresete a ne a rera Thero ya gagwe ya kwa Thabeng o ne a akaretsa le thapelo ya sekao e e neng e sobokanya thuto ya gagwe ya konokono. O ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela Modimo ba re: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Math. 6:9-13) Jesu o ne “a simolola go eta go tswa motseng go ya motseng le go tswa motsaneng go ya motsaneng, a rera e bile a bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.” (Luke 8:1) Keresete o ne a rotloetsa balatedi ba gagwe jaana: ‘Nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya Modimo.’ (Math. 6:33) Fa o ntse o ithuta setlhogo seno, senka ditsela tse ka tsone o ka dirisang tshedimosetso eno mo bodireding jwa gago. Ka sekai, akanya gore o ka araba jang dipotso tseno: Molaetsa wa Bogosi o botlhokwa go le kae? Batho ba tlhoka go gololwa mo go eng? Mme Bogosi jwa Modimo bo tla ba golola jang?

2. Molaetsa wa Bogosi o botlhokwa go le kae?

2 Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Math. 24:14) Dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo di botlhokwa fela thata. E bile ke tsone molaetsa o o botlhokwa go gaisa yotlhe mo lefatsheng! Batlhanka ba Modimo ba ka nna dimilione di le supa mo diphuthegong di feta 100 000 tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, ba tshwaregile mo tirong e e sa tshwaneng le epe ya go rera, ba bolelela ba bangwe gore Bogosi bo setse bo tlhomilwe. Go tlhongwa ga jone ke dikgang tse di molemo ka gonne seo se raya gore Modimo o tlhomile puso kwa legodimong e e tla laolang dikgang tsa lefatshe ka botlalo. Mo pusong ya Bogosi, thato ya ga Jehofa e tla dirwa mo lefatsheng fela jaaka e dirwa kwa legodimong.

3, 4. Go tla diregang fa thato ya Modimo e dirwa mo lefatsheng?

3 Ke eng se se tla diragalang ka batho fa thato ya Modimo e dirwa mo lefatsheng? Jehofa o tla “phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” (Tshen. 21:4) Batho ba ka se lwale le go swa ka ntlha ya boleo le bosaitekanelang jo ba bo ruileng. Baswi ba Modimo a ba gopolang ba tla kgona go tshelela ruri ka gonne Baebele e solofetsa jaana: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Dit. 24: 15) Go ka se tlhole go nna le dintwa, malwetse le tlala, mme lefatshe le tla fetolwa go nna paradaise. Tota le diphologolo tse gone jaanong di leng kotsi di tla utlwana ka botsone e bile di tla utlwana le batho.—Pes. 46:9; 72:16; Isa. 11:6-9; 33:24; Luke 23:43.

4 Ka gonne puso eno ya Bogosi e tla tlisa masego a a molemolemo jalo, ga go gakgamatse go bo boporofeti jwa Baebele bo dirisa mafoko a a gomotsang jaana fa bo bua ka tsela e botshelo bo tla nnang ka yone ka nako eo: “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” Mme go tla diregang ka batho ba ba bakang mathata? Baebele ya re: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng.” Le fa go ntse jalo, “ba ba solofetseng mo go Jehofa ke bone ba ba tla ruang lefatshe.”—Pes. 37:9-11.

5. Go tlile go diregang ka tsamaiso ya gone jaanong ya dilo?

5 Gore dilo tseno tsotlhe di diragale, tsamaiso ya gone jaanong ya dilo mmogo le dipuso tsa yone tse di nang le dikgotlhang, madumedi a yone le tsamaiso ya yone ya tsa kgwebo, di tla tshwanelwa ke gore di fedisiwe. Mme puso ya kwa legodimong e tlile go dira sone seo. Moporofeti Daniele o ne a tlhotlhelediwa gore a porofete jaana: “Mo metlheng ya dikgosi tseo [tse di leng teng gone jaanong] Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi [kwa legodimong] jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe [a a leng teng gone jaanong], mme bo tla ema ka bosakhutleng.” (Dan. 2:44) Go tswa foo Bogosi jwa Modimo, e leng puso e e kwa legodimong, bo tla busa setšhaba se sesha sa batho mo lefatsheng. Go tla nna le “magodimo a masha le lefatshe le lesha . . . mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.”—2 Pet. 3:13.

Jaanong re Tlhoka Kgololo go Feta Le fa E le Leng Pele

6. Baebele e tlhalosa jang bosula jwa lefatshe leno le le boikepo?

6 Fa Satane, Adame, le Efa ba ne ba sa ikobele Modimo, ba batla go itirela ditshwetso ka se se siameng le se se sa siamang, eo e ne e le tshimologo ya mathata a batho botlhe. Dingwaga di feta 1 600 moragonyana, pele ga Morwalela wa lefatshe lotlhe, “bosula jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng le tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo tsa pelo ya gagwe e ne e le bosula fela ka dinako tsotlhe.” (Gen. 6:5) Dingwaga di ka nna 1 300 morago ga foo, Solomone o ne a bona maemo a le bosula thata mo a neng a kwala jaana: “Ke ne ka akgola baswi ba ba neng ba setse ba sule go na le batshedi ba ba neng ba sa ntse ba tshela. Ka jalo yo a iseng a nne gone, yo a iseng a bone tiro ya masetlapelo e e dirwang kafa tlase ga letsatsi o botoka mo go bone ba le babedi.” (Mor. 4:2, 3) Jaanong go fetile dingwaga tse dingwe tse 3 000 mme bosula bo ntse bo ata.

7. Ke ka ntlha yang fa re tlhoka go gololwa ke Modimo jaanong go feta le fa e le leng pele?

7 Le fa go le boammaaruri gore bosula bo ntse bo le teng ka dingwagangwaga, jaanong re tlhoka go gololwa ke Bogosi jwa Modimo go feta le fa e le leng pele. Maemo a lefatshe mo dingwageng tse 100 tse di fetileng a ntse a le maswe go feta le fa e le leng pele, mme a ntse a senyegela pele. Ka sekai, mokgatlho wa Worldwatch Institute o  bega jaana: “Batho ba ba suleng mo dintweng tsa lekgolo [la bo20] la dingwaga ba bantsi go menagane gararo go feta ba ba suleng mo dintweng tsotlhe tsa go tloga ka lekgolo la ntlha la dingwaga AD go fitlha ka 1899.” Fa e sa le ka 1914 batho ba feta dimilione tse 100 ba swetse mo dintweng! Buka nngwe ya tshedimosetso e fopholetsa gore ka Ntwa ya Lefatshe II go sule batho ba ka nna dimilione tse 60. E re ka jaanong ditšhaba dingwe di na le dibetsa tsa nuklea, batho ba ka kgona go ganyaola matshutitshuti a batho ba ba nnang mo lefatsheng. Mme le fa batho ba setse ba gatetse pele mo go tsa saense le kalafi, ngwaga le ngwaga bana ba ka nna dimilione tse tlhano ba sa ntse ba swa ba bolawa ke tlala.—Bona kgaolo 9 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

8. Dingwaga tse dintsintsi tse batho ba ntseng ba busa ka tsone di supile eng?

8 Batho ba paletswe ke go emisa bosula. Mekgatlho ya lefatshe leno ya bopolotiki, ya kgwebo le ya bodumedi ga e a naya batho dilo tsa konokono tse ba di tlhokang e leng kagiso, katlego le botsogo jo bo siameng. Go na le gore mekgatlho eno e rarabolole mathata a magolo a batho ba leng mo go one, e a okeditse. Ruri dingwaga tse dintsintsi tse batho ba ntseng ba busa ka tsone di supile gore mafoko ano a boammaaruri: “Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jer. 10:23) Ee, ‘motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Mor. 8:9) Mo godimo ga moo, “popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo.”—Bar. 8:22.

9. Bakeresete ba boammaaruri ba lebeletse gore maemo a tla nna jang mo ‘metlheng eno ya bofelo’?

9 Baebele e ne ya bolelela pele jaana ka motlha wa rona: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” Fa boporofeti jono bo sena go tlhalosa maemo a metlha ya bofelo ya go busa ga batho, bo bolela jaana: “Batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele.” (Bala 2 Timotheo 3:1-5, 13.) Bakeresete ba lebeletse gore go nne jalo ka gonne “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo” e bong Satane. (1 Joh. 5:19) Le fa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore Modimo o tla tloga a golola batho ba ba mo ratang. Ba tla gololwa mo lefatsheng leno le le ntseng le nnela maswe kwa pele ka bofefo.

Tsela e le Yosi Fela E re Ka e Ikanyang go Bona Kgololo

10. Ke ka ntlha yang fa Jehofa e le ene fela re ka mo ikanyang gore a re golole?

10 Fa o ntse o rera dikgang tse di molemo, tlhalosetsa batho gore Jehofa ke ene fela yo re ka mo ikanyang gore a re golole. Ke ene fela a nang le maatla e bile a ratang go golola batlhanka ba gagwe mo seemong sepe se se maswe. (Dit. 4:24, 31; Tshen. 4:11) Re ka tlhomamisega gore ka metlha Jehofa o tla golola batho ba gagwe a bo a diragatsa boikaelelo jwa gagwe, ka gonne o ikanne jaana: “Ruri go tla diragala fela jaaka ke ikanne.” Lefoko le a le buileng “ga le kitla le boela mo go [ene] le se na matswela.”—Bala Isaia 14:24, 25; 55:10, 11.

11, 12. Modimo o tlhomamisetsa batlhanka ba gagwe gore o tla ba direla eng?

11 Jehofa o tlhomamiseditse batlhanka ba gagwe gore o tla ba golola fa a diragatsa katlholo mo bathong ba ba bosula. Modimo o ne a bolela jaana fa a ne a romela moporofeti Jeremia gore a ye go bua ka bopelokgale le baleofi ba ba bosula thata: “O se ka wa boifa.” Ka ntlha yang? “Ke na le wena go go golola.” (Jer. 1:8) Ka tsela e e tshwanang, fa Jehofa a ne a tloga a senya metse e e boikepo ya Sodoma le Gomora, o ne a romela baengele ba le babedi gore ba ntshe Lote le lelapa la gagwe koo. “Foo Jehofa a dira gore go ne sulefera le molelo . . . di nele Sodoma le Gomora.”—Gen. 19:15, 24, 25.

12 Jehofa a ka kgona go golola batho ba ba dirang thato ya gagwe mo lefatsheng lotlhe. Fa a ne a senya lefatshe le le boikepo la bogologolo ka Morwalela, o ne “a boloka Noa, moreri wa tshiamo, a babalesegile le ba bangwe ba le supa.” (2 Pet. 2:5) Jehofa o tla boa a golola basiami gape fa a senya lefatshe la gone jaanong le le boikepo. Lefoko la gagwe la re: “Batlang Jehofa, lona lotlhe ba ba pelonolo ba lefatshe . . . Batlang tshiamo, batlang bopelonolo. Gongwe lo ka nna lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.”  (Sefa. 2:3) Morago ga tshenyego eo e e tla tlelang lefatshe lotlhe, ‘bathokgami ba tla aga mo lefatsheng, mme baikepi ba tla kgaolwa mo go lone.’—Dia. 2:21, 22.

13. Batlhanka ba ga Jehofa ba ba suleng ba tla gololwa jang?

13 Le fa go ntse jalo, batlhanka ba le bantsi ba Modimo ba setse ba sule ba bolawa ke bolwetse, go bogisiwa le dilo tse dingwe. (Math. 24:9) Mme batho bano botlhe ba tla gololwa jang? Jaaka go bontshitswe fa godimo, “go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng.” (Dit. 24:15) A bo go gomotsa jang ne go itse gore ga go sepe se se ka thibelang Jehofa go golola batlhanka ba gagwe!

Puso e e Siameng

14. Ke ka ntlha yang fa re tlhomamisegile gore Bogosi jwa Modimo ke puso e e siameng?

14 Fa o le mo bodireding, o ka tlhalosetsa batho gore Bogosi jwa ga Jehofa jo bo kwa legodimong ke puso e e siameng. E siame ka gonne e bontsha dinonofo tse di molemo tsa Modimo, tse di jaaka tshiamiso, tshiamo le lorato. (Dute. 32:4; 1 Joh. 4:8) Modimo o neile Jesu Keresete Bogosi, ene yo o tshwanelegang thata gore a buse lefatshe. Maikaelelo a ga Jehofa gape ke gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba le 144 000 ba tsewe mo lefatsheng mme ba tlhatlosediwe go ya go tshela kwa legodimong e le baruaboswa mmogo le Keresete ba ba tla busang lefatshe le ene.—Tshen. 14:1-5.

15. Bontsha pharologanyo fa gare ga puso ya Bogosi jwa Modimo le puso ya batho.

15 Ruri puso ya ga Jesu le ba ba 144 000 e tla bo e farologane gotlhelele le ya batho ba ba sa itekanelang! Babusi ba tsamaiso eno ya dilo gantsi ba setlhogo mme ba isa babusiwa ba bone kwa dintweng, tse di felelang ka go bolawa ga batho ba le dimilionemilione. Ke sone se Dikwalo di re gakololang gore re se ka ra ikanya motho, “yo go se nang poloko epe mo go ene”! (Pes. 146:3) A bo puso ya ga Keresete e tla busa ka tsela e e molemo jang ne! Jesu o ne a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.”—Math. 11:28-30.

Metlha ya Bofelo e Tloga e Fela!

16. Metlha eno ya bofelo e tla fela jang?

16 Lefatshe leno le ntse le le mo metlheng ya bofelo, kgotsa mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo’ fa e sale ka ngwaga wa 1914. (Math. 24:3) Mo nakong e e sa fediseng pelo, go tla tla “pitlagano e kgolo” e Jesu a buileng ka yone. (Bala Mathaio 24:21.) Pitlagano eo e e sa tshwaneng le epe e tla fedisa lefatshe lotlhe la ga Satane. Mme e tla simologa jang? Le gone e tla fela jang?

17. Baebele ya re pitlagano e kgolo e tla simologa jang?

17 Pitlagano e kgolo e tla simologa ka tshoganyetso. Ee, “letsatsi la ga Jehofa” le tla tla go sa lebelelwa “motlhang ba reng: ‘Kagiso le polokesego!’” (Bala 1 Bathesalonika 5:2, 3.) Pitlagano e go boleletsweng pele ka yone e tla simologa fa ditšhaba di akanya gore di setse di le gaufi  thata le go rarabolola mangwe a mathata a tsone a magolo. Go senngwa ka tshoganyetso ga “Babelona o Mogolo,” mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, go tla gakgamatsa ditšhaba. Dikgosi le batho ba bangwe ba tla gakgamala fa Babelona o Mogolo a senngwa.—Tshen. 17:1-6, 18; 18:9, 10, 15, 16, 19.

18. Jehofa o tsaya kgato efe fa Satane a tlhasela batho ba Gagwe?

18 Ka nako ya makgaolakgang “go tla nna le ditshupo mo letsatsing le mo ngweding le mo dinaleding” mme “sesupo sa Morwa motho se tla bonala kwa legodimong.” Ka nako eo re ka ‘ema re tlhamaletse ka gonne kgololo ya rona e a atamela.’ (Luke 21:25-28; Math. 24:29, 30) Satane, kgotsa Gogo, o tla tlhasela batho ba Modimo. Mme Jehofa o bolela jaana ka batho ba ba tlhaselang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang: “Yo o lo amang o ama thaka ya leitlho la me.” (Seka. 2:8) Ka jalo Satane ga a kitla a atlega fa a leka go ba fedisa. Ka ntlha yang? Ka gonne Morena Molaodimogolo Jehofa o tla tsaya kgato ka bonako go golola batlhanka ba gagwe.—Esek. 38:9, 18.

19. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore masomosomo a Modimo a a tlisang katlholo a tla senya tsamaiso ya ga Satane?

19 Fa Modimo a tseela ditšhaba kgato, “di tla itse gore ke [ene] Jehofa.” (Esek. 36:23) O tla romela masomosomo a gagwe a a tlisang katlholo—dibopiwa tse dintsintsi tsa semoya di eteletswe pele ke Keresete Jesu—gore a tle go senya tsamaiso yotlhe ya ga Satane mo lefatsheng. (Tshen. 19:11-19) Fa re gopola gore nako nngwe mo bosigong bo le bongwe fela moengele a le mongwe o ne a “kgemetha ba le dikete di le lekgolo le masome a robabobedi le botlhano” ba baba ba Modimo, re ka tlhomamisega gore go tla nna motlhofo gore masomosomo a legodimo a senye masalela otlhe a tsamaiso ya ga Satane mo lefatsheng fa pitlagano e kgolo e fitlha mo nakong ya makgaolakgang ka Haramagedona. (2 Dikg. 19:35; Tshen. 16:14, 16) Satane le madimona a gagwe ba tla golegwa ka dingwaga di le sekete. Kgabagare ba tla senngwa.—Tshen. 20:1-3.

20. Jehofa o tla dirisa Bogosi go dira eng?

20 Ka jalo boikepo bo tla bo bo fedisitswe mo lefatsheng, mme batho ba ba siameng ba tla tshelela ruri mo lefatsheng leno. Jehofa o tla bo a itshupile gore ke ene Mogolodi yo Mogolo. (Pes. 145:20) O tla dirisa Bogosi go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe, go itshepisa leina la gagwe le le boitshepo le go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jo bogolo ka lefatshe. E kete o ka itumela thata mo bodireding fa o ntse o bolelela batho dikgang tseno tse di molemo e bile o thusa ‘ba ba nang le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng’ go lemoga gore Bogosi jwa Modimo bo setse bo le gaufi le go tlisa kgololo!—Dit. 13:48.

A o A Gakologelwa?

• Jesu o ne a bontsha jang kafa Bogosi bo leng botlhokwa ka teng?

• Ke ka ntlha yang fa jaanong re tlhoka kgololo go feta le fa e le leng pele?

• Re ka lebelela gore go diragale eng ka nako ya pitlagano e kgolo?

• Jehofa o itshupa jang gore ke Mogolodi yo Mogolo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Lefoko la Modimo le ne la bolelela pele gore mo lefatsheng lotlhe go ne go tla dirwa tiro ya go rera e e sa tshwaneng le epe mo motlheng wa rona

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jehofa a ka kgona go re golola fela jaaka a ile a golola Noa le lelapa la gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Jehofa “o tla phimola dikeledi tsotlhe . . . mme loso lo tla bo lo seyo.”—Tshen. 21:4