Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo bo Nne le Bokao?

Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo bo Nne le Bokao?

 Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo bo Nne le Bokao?

“Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe.” —MOR. 12:13.

1, 2. Re ka solegelwa molemo jang ke go ithuta buka ya Moreri?

AKANYA ka monna mongwe yo go lebegang a na le sengwe le sengwe. Ke mmusi yo o itsegeng thata, mongwe wa batho ba ba humileng go gaisa botlhe mo lefatsheng e bile o botlhale go gaisa batho botlhe ba motlha wa gagwe. Mme le fa a fitlheletse dilo tse dintsi, go ka twe o sa ntse a ipotsa gore, ‘Ke eng se se dirang gore botshelo bo nne le bokao?’

2 Tota motho yono o kile a nna teng—dingwaga di ka nna dikete tse tharo tse di fetileng. Leina la gagwe e ne e le Solomone, mme mo bukeng ya Moreri, o tlhalosa kafa a ileng a leka go batla kgotsofalo ka teng mo botshelong. (Mor. 1:13) Re ka ithuta dilo tse dintsi mo botshelong jwa ga Solomone. Eleruri dithuto tse di botlhale tse di mo bukeng ya Moreri di ka re thusa go ipeela mekgele e e tla dirang gore matshelo a rona a nne le bokao tota.

“Go Kgaratlhela Phefo”

3. Rotlhe re amiwa ke ntlha efe e e masisi ka ga botshelo jwa motho?

3 Solomone o tlhalosa gore Modimo o bopile dilo tse dintsi tse dintle mo lefatsheng—motlele wa dilo tse di kgatlhang le tse di gakgamatsang tse re nnang re di itumelela. Le fa go ntse jalo, ga re kgone le go batlisisa ka popo ya Modimo yotlhe ka gonne re tshela nako e khutshwane thata. (Mor. 3:11; 8:17) Fela jaaka Baebele e bolela, re tshela malatsi a makhutshwane, mme a feta ka bofefo. (Jobe 14:1, 2; Mor. 6:12) Ntlha eno e e masisi e tshwanetse go re rotloetsa go tshela matshelo a rona ka botlhale. Ga go motlhofo go dira jalo ka gonne lefatshe la ga Satane le ka re tlhotlheletsa go tsaya tsela e sele.

4. (a) Lefoko “lefela” le kaya eng? (b) Re tla ithuta ka dilo dife tse batho ba di latelelang mo botshelong?

4 Solomone o dirisa lefoko “lefela” makgetlho a ka nna 30 mo bukeng ya Moreri, go gatelela kafa go ka nnang kotsi ka teng fa re sa tshele matshelo a rona ka tsela e e botlhale. Lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe “lefela” le kaya sengwe se se se nang mosola, se se se nang bokao kgotsa boleng jo bo nnelang ruri. (Mor. 1:2, 3) Ka dinako tse dingwe Solomone o dirisa lefoko “lefela” le mafoko a a reng “go kgaratlhela phefo” ka tsela e e tshwanang. (Mor. 1:14; 2:11) Ruri go leka go tshwara phefo ga go na mosola. Ope fela yo o lekang go dira jalo o felela a sa tshwara sepe. Go latelela mekgele e e seng botlhale le gone ga go na mosola fela jalo. Botshelo mo tsamaisong ya gone jaanong ya dilo bo bokhutshwane thata gore re ka bo senya mo dilong tse di ka se re thuseng ka sepe. Ka jalo, go re thusa gore re se ka ra dira phoso eo, a re sekasekeng dikai dingwe tse Solomone a di nayang malebana le dilo tse gantsi batho ba di latelelang mo botshelong. Sa ntlha, re tla ithuta ka go latelela menate le dithoto. Morago ga moo re tla ithuta kafa tiro e leng botlhokwa ka teng.

A go Latelela Menate go Tla Dira Gore re Itumele?

5. Solomone o ne a batla kgotsofalo mo dilong dife?

5 Jaaka batho ba bantsi gompieno, Solomone o ne a leka go bona kgotsofalo ka go latelela menate. A re: “Ke ne ka se ka ka thibela pelo ya me mo  boipelong jwa mofuta le fa e le ofe.” (Mor. 2:10) O ne a batla menate mo dilong dife? Go ya ka Moreri kgaolo 2, o ne a ‘itumedisa nama ya gagwe ka beine’—mme a le boikgapo—a bo a dira dilo tse di jaaka go kgabisa tebego ya naga, go aga matlo a segosi, go reetsa mmino le go ja dijo tse di monate.

6. (a) Ke eng fa go se phoso gore motho a itumelele go dira dilo dingwe tse di itumedisang mo botshelong? (b) Ke eng fa go tlhokega gore motho a nne tekatekano fa go tliwa mo kgannyeng ya boitlosobodutu?

6 A Baebele e kgala go ijesa monate le ditsala? Nnyaa le e seng. Ka sekai, Solomone a re go ja dijo o iketlile morago ga go tlhola o dira ka natla ke mpho ya Modimo. (Bala Moreri 2:24; 3:12, 13.) Gape Jehofa ka boene a re basha ba ‘ipele mme pelo ya bone e ba itumedise,’ mme ba dire jalo ka tsela e e bontshang gore ba na le maikarabelo. (Mor. 11:9) Re tlhoka go itlosa bodutu ka tsela e e siameng. (Bapisa Mareko 6:31.) Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go tshelela boitlosobodutu. Boitlosobodutu bo tshwanetse go nna jaaka sukiri e e natetshang motogo. Le wena o tla dumela gore le fa motho a ka rata sukiri jang, fa a ka tsenya sukiri e ntsi go feta motogo, e ka mo tena e bile tota e tla bo e sa mo siamela. Solomone le ene o ne a lemoga gore botshelo jo bo remeletseng mo menateng ke “go kgaratlhela phefo.”—Mor. 2:10, 11.

7. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhopha boitlosobodutu jwa rona ka kelotlhoko?

7 Gape mefuta e mengwe ya boitlosobodutu ga e a siama. E mengwe e kotsi fela thata—e ka senya bomoya jwa rona le boitsholo jwa rona. Batho ba bantsintsi ba sentse matshelo a bone fela ka gonne ba ne ba ‘batla go ijesa monate’ ka go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, go nwa bojalwa mo go feteletseng kgotsa go betšha. Jehofa o re tlhagisa ka bopelonomi gore fa re letla dipelo tsa rona kana matlho a rona a re gogela kwa dilong tse di kotsi, re tshwanetse go itse gore re tlile go roba matswela a teng.—Bagal. 6:7.

8. Ke eng fa go le botlhale go tlhatlhoba tsela e re tshelang ka yone?

8 Mo godimo ga moo, go latelela menate ka tsela e e feteletseng go tla re itaya tsebe gore re se ka ra kgona go ela tlhoko dilo tsa botlhokwa thata mo botshelong. Gakologelwa gore botshelo bo feta ka bonako, mme ga go na sepe se se re tlhomamisetsang gore re tla nna re na le botsogo jo bo siameng e bile re se na mathata mo botshelong jwa rona jo bokhutshwane. Ke sone se, jaaka Solomone a boletse, re ka solegelwang molemo thata ke go ya phitlhong—segolobogolo ya mokaulengwe kana kgaitsadi yo o ikanyegang—go na le go ya kwa “ntlong ya mokete.” (Bala Moreri 7:2, 4.) Ke eng fa go ntse jalo? Fa re ntse re reeditse puo ya phitlho mme re akanya ka botshelo jwa motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa yo o tlhokafetseng, re ka nna ra tlhotlheletsega gore re tlhatlhobe tsela e re tshelang ka yone. Fa re dira jalo, re ka nna ra swetsa ka gore re tshwanetse go fetola mekgele ya rona gore re kgone go dirisa nako e e setseng ya botshelo jwa rona ka tsela e e botlhale.—Mor. 12:1.

A Dithoto di Tla re Kgotsofatsa?

9. Solomone o ne a lemoga eng malebana le go nna le dikhumo?

9 Solomone e ne e le mongwe wa banna ba ba humileng thata mo lefatsheng fa a ne a kwala buka ya Moreri. (2 Ditir. 9:22) O ne a ka kgona go nna le sengwe le sengwe se a se batlang. O ne a kwala jaana: “Ke ne ka se ka ka thiba matlho a me mo go sepe se a neng a se kopa.” (Mor. 2:10) Le fa go ntse jalo, o ne a lemoga gore go nna le dithoto fela ka bogone ga go dire gore motho a kgotsofale. O ne a swetsa ka go re: “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera, le fa e le morati ope wa khumo ga a kitla a kgotsofadiwa ke madi a lotseno.”—Mor. 5:10.

10. Ke eng se se dirang gore motho a kgotsofale tota a bo a nne le dikhumo tsa mmatota?

10 Le fa dithoto di se na mosola ope o o nnelang ruri, khumo e sa ntse e ka gogela batho thata. Mo patlisisong ya bosheng e e dirilweng kwa United States, diperesente di le 75 tsa baithuti botlhe ba ba mo ngwageng wa ntlha kwa yunibesithi ba ne ba re mokgele wa bone o mogolo mo botshelong ke go “huma thata.” Mme le fa ba ne ba ka fitlhelela mokgele oo wa bone, a ba ne ba tla itumela tota? Ga go nne jalo ka metlha. Babatlisisi ba lemogile gore fa botshelo jwa motho bo remeletse mo go batleng dikhumo, go ka nna thata gore a itumele a bo a kgotsofale. Solomone o ile a lemoga seo bogologolo. O ne a re: “Ke ne ka ikokoanyetsa selefera le gouta, le thoto e e leng ya dikgosi fela . . . Mme bona! sengwe le sengwe e ne e le lefela le go kgaratlhela  phefo.” * (Mor. 2:8, 11) Mo boemong jwa go dira jalo, fa re dirisa matshelo a rona go direla Jehofa ka pelo yotlhe mme ene a bo a re segofatsa ka ntlha ya go dira jalo, re tla bona dikhumo tsa mmatota.—Bala Diane 10:22.

Ke Tiro ya Mofuta Mang e e Kgotsofatsang Tota?

11. Dikwalo tsa reng malebana le mosola wa tiro?

11 Jesu o ne a re: “Rre o ntse a dira go fitlha jaanong, le nna ke ntse ke a dira.” (Joh. 5:17) Ruri Jehofa le Jesu ba tshwanetse ba bo ba kgotsofadiwa ke go bereka. Baebele e bontsha kafa Jehofa a ileng a kgotsofalela tiro ya gagwe ya go bopa ka teng fa e re: “Modimo a bona sengwe le sengwe se a se dirileng mme, bona! se bo se le molemo tota.” (Gen. 1:31) Baengele “ba ne ba simolola go goa ba baka” fa ba ne ba bona dilo tsotlhe tse Modimo a neng a di dirile. (Jobe 38:4-7) Solomone le ene o ne a itse mosola wa tiro e e nang le bokao jwa botlhokwa.—Mor. 3:13.

12, 13. (a) Batho bangwe ba babedi ba tlhalosa jang gore ba kgotsofadiwa ke go dira ka natla? (b) Ke ka ntlha yang fa go bereka go ka kgoba motho marapo ka dinako tse dingwe?

12 Batho ba le bantsi ba tlhaloganya kafa motho a kgotsofalang ka teng fa a dira ka natla. Ka sekai, José, yo e leng setswerere sa go taka a re, “Fa o kgona go taka setshwantsho se o se akantseng mo tlhaloganyong, o ikutlwa o fitlheletse sengwe se segolo.” Rakgwebo mongwe e bong Miguel, * a re: “Tiro e a kgotsofatsa ka gonne e go thusa go tlamela ba lelapa la gago. Gape e ka dira gore o ikutlwe o fitlheletse sengwe.”

13 Kafa letlhakoreng le lengwe, ditiro tse dintsi di go dirisa selo se le sengwe se se lapisang mme ga o kgone go dira dilo tse di farologaneng. Ka dinako tse dingwe batho ba felela ba sa itumela kwa tirong kgotsa ba sa tshwarwa sentle. Jaaka Solomone a bontsha, motho yo o setshwakga a ka nna a ja maduo a senatla—gongwe a thusiwa ke batho ba ba nang le maemo ba a dirisanang le bone. (Mor. 2:21) Go na le dilo tse dingwe gape tse di ka kgobang motho marapo. Kgwebo e e simololang go twe e tla tlisa madi a mantsi e ka nna ya phutlhama fa ikonomi ya naga e wa kgotsa go direga dilo tse di neng di sa lebelelwa. (Bala Moreri 9:11.) Gantsi motho yo o dirang ka natla gore a atlege o felela a galefile e bile a kgobegile marapo, a bona gore o ntse a “dira ka natla a direla phefo.”—Mor. 5:16.

14. Ke tiro efe e e kgotsofatsang tota?

14 A go na le mofuta mongwe wa tiro e e se keng e swabisa? José, motaki yo o umakilweng fa godimo, a re: “Fa dingwaga di ntse di feta, ditshwantsho tse di takilweng di ka latlhega kgotsa tsa senyega. Mme seo se ka se direge ka tiro e re e direlang Modimo. Ka go dira tiro ya go rera dikgang tse di molemo ke ikobela Jehofa, ke thusitse go aga sengwe se se nnelang ruri—go dira gore batho ba bangwe e nne Bakeresete ba ba molemo ba ba boifang Modimo. Ga go na sepe se se botlhokwa go feta seo.” (1 Bakor. 3:9-11) Miguel le ene a re go rera molaetsa wa Bogosi go mo kgotsofatsa go feta tiro ya gagwe ya boitshediso. A re: “Ga go na sepe se se itumedisang go feta go bolelela  mongwe boammaaruri jwa Baebele mme o bo o lemoga gore bo mo ama pelo fela thata.”

“Latlhela Senkgwe sa Gago”

15. Ke eng se se dirang gore botshelo bo nne le bokao tota?

15 Fa re konela kgang eno, re ka re ke eng se tota se dirang gore botshelo bo nne le bokao? Re nna le kgotsofalo ya mmatota fa re dirisa botshelo jwa rona jo bokhutshwane mo tsamaisong eno ya dilo go dira se se molemo le go itumedisa Jehofa. Re ka nna le kamano e e molemo le Modimo, re ka ruta bana ba rona melao ya Baebele, re ka thusa ba bangwe gore ba itse Jehofa, e bile re ka nna le botsalano jo bo nnelang ruri le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. (Bagal. 6:10) Dilo tseno tsotlhe di na le mosola o o nnelang ruri e bile di tlisetsa batho ba ba di dirang masego. Solomone o ne a dirisa papiso e e kgatlhang thata go tlhalosa mosola wa go dira se se molemo. O ne a re: “Latlhela senkgwe sa gago mo godimo ga metsi, gonne o tla se bona gape morago ga malatsi a mantsi.” (Mor. 11:1) Jesu o ne a rotloetsa barutwa ba gagwe a re: “Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela.” (Luke 6:38) Mo godimo ga moo, Jehofa ka boene o solofetsa gore o tla duela ba ba direlang ba bangwe molemo.—Dia. 19:17; bala Bahebera 6:10.

16. Nako e e siametseng gore re rulaganye gore re tla tshela botshelo jwa rona jang ke efe?

16 Baebele e re rotloetsa gore fa re sa le basha re dire ditshwetso tse di botlhale tsa kafa re tla tshelang botshelo jwa rona ka teng. Fa re dira jalo re tla kgona go tila go ngomoga pelo moragonyana mo botshelong. (Mor. 12:1) Ruri go ne go ka utlwisa botlhoko tota fa re ne re ka senya dingwaga tsa bosha jwa rona re lelekisa dilo tse di gogelang tsa lefatshe, mme re bo re fitlhela gore ke phefo fela!

17. Ke eng se se tla go thusang go tlhopha tsela e e molemolemo ya botshelo?

17 Fela jaaka rre mongwe le mongwe yo o lorato, Jehofa o batla gore o itumelele botshelo, o dire dilo tse di molemo mme o se ka wa ikutlwisa botlhoko go sa tlhokege. (Mor. 11:9, 10) Ke eng se se tla go thusang go dira jalo? Ipeele mekgele ya semoya o bo o dira ka natla gore o e fitlhelele. Dingwaga di ka nna 20 tse di fetileng, Javier o ne a tshwanelwa ke go tlhopha fa gare ga go nna ngaka, e leng tiro e go neng go lebega e tla mo naya madi a mantsi, le go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng. A re: “Le fa tiro ya go nna ngaka e ka kgotsofatsa, ga go sepe se se ka tshwanang le boipelo jo ke nnileng le jone ka go thusa batho ba le mmalwa gore ba itse boammaaruri. Tirelo ya nako e e tletseng e nthusitse gore ke itumelele botshelo ka botlalo. Ke ikwatlhaela fela gore nkabo ke sa le ke simolotse bogologolo.”

18. Ke ka ntlha yang fa botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng bo ne bo na le bokao thata jaana?

18 Mme sengwe se se tlhwatlhwakgolo go di gaisa tsotlhe se re tshwanetseng ra leka ka natla go nna le sone ke eng? Buka ya Moreri ya re: “Leina le  botoka go feta leokwane le le molemo, le letsatsi la loso go feta letsatsi le motho a tsholwang ka lone.” (Mor. 7:1) Botshelo jwa ga Jesu bo bontsha sentle kafa seno se leng boammaaruri ka teng. Ruri o ne a itirela leina le le molemo thata le Jehofa. Fa Jesu a ne a swa a ntse a ikanyega o ne a tlotlomatsa bolaodi jwa ga Rraagwe mme a ntsha setlhabelo sa thekololo, se se neng sa dira gore re kgone go bolokwa. (Math. 20:28) Mo nakong e khutshwane e Jesu a e tshedileng mo lefatsheng, o ne a tlhoma sekao se se molemolemo se re lekang go se etsa, sa go tshela botshelo jo bo nang le bokao tota.—1 Bakor. 11:1; 1 Pet. 2:21.

19. Solomone o re neile kgakololo efe e e botlhale?

19 Le rona re ka itirela leina le le molemo le Modimo. Go nna le leina le le molemo mo matlhong a Modimo go botlhokwa thata go feta go nna le dikhumo. (Bala Mathaio 6:19-21.) Letsatsi le letsatsi re ka bona ditsela tsa go dira dilo tse di molemo mo matlhong a ga Jehofa, tse di ka dirang gore matshelo a rona a nne le bokao. Ka sekai, re ka rerela ba bangwe dikgang tse di molemo, ra nonotsha manyalo a rona le malapa a rona mme ra nonotsha kamano ya rona le Modimo ka go ithuta re le rosi le ka go nna teng kwa dipokanong. (Mor. 11:6; Baheb. 13:16) Ka jalo he, a o batla go tshela botshelo jo bo nang le bokao tota? Fa go ntse jalo, tswelela o tlhwaela kgakololo eno ya ga Solomone tsebe: “Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—Mor. 12:13.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 Ngwaga le ngwaga Solomone o ne a amogela ditalenta di le 666 (dikelogerama di feta 22 000) tsa gouta.—2 Ditir. 9:13.

^ ser. 12 Leina le fetotswe.

O ka Araba Jang?

• Ke eng se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go akanya thata ka mekgele e re nang le yone mo botshelong?

• Re tshwanetse go leba jang go latelela menate le dithoto?

• Ke tiro ya mofuta mang e e tla re kgotsofatsang go ya go ile?

• Re tshwanetse go leka go nna le eng se se tlhwatlhwakgolo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Re tshwanetse go itlosa bodutu go le kana kang mo botshelong?

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ke eng se se dirang gore tiro ya go rera e kgotsofatse thata?