Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tumalano e e Botlhokwa Thata ya go Boa re Kopana Gape

Tumalano e e Botlhokwa Thata ya go Boa re Kopana Gape

 Tumalano e e Botlhokwa Thata ya go Boa re Kopana Gape

KE DIRILE tumalano e e botlhokwa thata le mongwe ya gore re tla boa re kopana gape. Mma ke tlhalose se se dirileng gore nna, mmè yo mmotlana wa kwa Spain, ke dire tumalano eno.

Mo legaeng la batsadi ba me go ne go se na kagiso le kutlwano. Lelapa la rona le ne la aparelwa ke bohutsana jo bo seng kana ka sepe fa kgaitsadiake a ne a swa mo kotsing e e maswe a na le dingwaga di le nnè. Mo godimo ga moo, tsela e e maswe e rre a neng a itshwere ka yone e ne ya dira gore mmè a se ka a itumela mo lenyalong. Le fa go ntse jalo, seo ga se a ka sa mo thibela gore a rute nna le nkgonne melao e e siameng ya boitsholo.

Fa nako e ntse e ya, nkgonne o ne a nyala mme le nna ke ne ka nyalwa. Ka bonako fela morago ga foo, mmè o ne a bolelelwa fa a na le kankere, e kgabagare e neng ya mmolaya. Mme pele a swa, o ne a re tlogelela letlotlo.

Mongwe wa batho ba mmè a neng a tlwaelane le bone o ne a buile le ene ka tsholofelo ya Dikwalo ya tsogo, mme o ne a dumela go tshwarelwa thuto ya Baebele. Mo malatsing a gagwe a bofelo, molaetsa wa Baebele o o nayang tsholofelo o ne wa dira gore botshelo jwa gagwe bo nne le bokao mme wa mo thusa go bona boitumelo.

Nna le nkgonne re ne ra simolola go ithuta Lefoko la Modimo fa re bona kafa molaetsa wa Baebele o neng o thusa mmè ka gone. Ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kgwedi pele ke belega ngwanake wa bobedi, mosetsana yo montle yo re neng ra mmitsa Lucía.

Letsatsi la fa ke ne ke kolobediwa le ne le le botlhokwa thata mo go nna. Lengwe la mabaka e ne e le gore jaanong ke ne ke le wa ga Jehofa, e re ka ke ineetse mo go ene gore ke mo direle ka bosakhutleng. Lebaka le lengwe e ne e le gore ke ne nka tlhalosetsa morwaake le morwadiake ba ba rategang ka tumelo ya me.

Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae lebaka leno la bobedi le le neng le dira gore ke itumele le ne la kgaupediwa. Fa Lucía a ne a na le dingwaga di le nnè, o ne a simolola go nna le ditlhabi tse di botlhoko mo mpeng. Morago ga diteko di le mmalwa, ngaka e e dirisang kalafi ya marang (radiologist) e ne ya bolela gore go ne go na le tlhagala e e lekanang le namune ka bogolo fa thoko ga sebete sa gagwe. Ngaka e ne ya re Lucía o ne a na le neuroblastoma, e leng tlhagala ya kankere e e golang ka bonako thata. Go tloga ka yone nako eo Lucía o ne a lwa le kankere ka dingwaga di le supa, mme seo se ne se dira gore a robadiwe kwa sepatela malatsi a le mantsi.

Moya wa go Intsha Setlhabelo

Mo dingwageng tseno tse di thata, gantsi Lucía o ne a nkgothatsa ka go ntlamparela le go nkatla ka lorato. Tsela e a neng a itshokela bolwetse jono ka yone e ne ya kgatlha le badiri ba mo sepatela. Ka metlha o ne a rata go dira mmogo le baoki, a ba thusa go isa yokate, matute a maungo le dilo tse dingwe kwa baneng ba ba robaditsweng mo dikamoreng tse dingwe tsa sepatela. E bile baoki ba ne ba naya Lucía baki e tshweu le betšhe e e mo supang e le “mothusa mooki.”

Modiri mongwe wa kwa sepatela o ne a re: “Lucía o ne a nkama pelo. E ne e le ngwana yo o matlhagatlhaga, a rata go dira dilo, e bile a rata go taka. O ne a rata go bua e bile a itshwara segolo tota.”

Lefoko la Modimo le ne la naya Lucía maatla mme la dira gore a ritibale mo maikutlong. (Baheb. 4:12) O ne a tlhatswegile pelo gore, fela jaaka Lefoko la Modimo le solofetsa, mo lefatsheng le lesha “loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” (Tshen. 21:4) E re ka a ne a kgatlhegela batho ba bangwe, o ne a dirisa sebaka sengwe le sengwe se se neng se mmulegela go ba bolelela molaetsa wa Baebele. Tsholofelo e e tlhomameng ya tsogo e Lucía a neng a na le yone e ne ya mo thusa gore a laole maikutlo a gagwe mme a nne a itumetse, le fa go ne go bonala gore a ka se fole. (Isa. 25:8)  O ne a nna a ntse a na le boikutlo jono go fitlha ka letsatsi le a neng a bolawa ke kankere ka lone.

Letsatsi leo ke lone le ke neng ka dira tumalano e e botlhokwa thata ka lone. Lucía o ne a sa kgone le go bula matlho. Rraagwe o ne a mo tshwere ka seatla se sengwe, mme nna ke mo tshwere ka se sengwe. Ke ne ka bua jaana ke buela kwa tlase: “O se ka wa tshwenyega, ga nkitla ke go tlogela. Hema ka bonya. Fa o tsoga o tla ikutlwa o siame. Ga o kitla o tlhola o utlwa botlhoko gape, mme ke tla bo ke na le wena.”

Jaanong ke tshwanetse go boloka tumalano eo. Ke a itse gore go ka se nne motlhofo go leta. Mme gape ke itse gore fa ke ikanya Jehofa ka bopelotelele mme ke nna ke ikanyega mo go ene, ke tla bo ke le gone fa Lucía a tsoga mo baswing.

Se Lucía a re Tlogeletseng Sone

Monna wa me yo e neng e se Mosupi o ne a kgatlhiwa thata ke sekao sa bopelokgale sa ga Lucía mmogo le kemonokeng e e molemo ya phuthego. Ka letsatsi le Lucía a neng a swa ka lone, monna wa me o ne a mpolelela gore o tshwanetse go ikakanya sentle. Dibeke di le mmalwa moragonyana, o ne a kopa mogolwane mongwe mo phuthegong gore a mo tshwarele thuto ya Baebele. Ka bonako fela monna wa me o ne a simolola go tla dipokanong tsotlhe. Ka thuso ya ga Jehofa o ne a tlogela go goga, e leng selo se a neng a ntse a palelwa ke go se dira.

Khutsafalo e ke e baketsweng ke loso lwa ga Lucía ga e ise e fele gotlhelele, mme ke leboga Jehofa thata ka ntlha ya se Lucía a re tlogeletseng sone. Nna le monna wa me re gomotsana ka tsholofelo e e molemolemo ya tsogo, e bile re bona ka leitlho la mogopolo nako e re tla boang re bona Lucía gape ka yone—matlho a gagwe a a tletseng botshelo le marama a gagwe a a nnang le dipobe fa a nyenya.

Masetlapelo a a diragaletseng morwadiake a ne a ama le moagelani yo mongwe fela thata. Ka Matlhatso mangwe mo mosong pula e na, mosadi mongwe yo ngwana wa gagwe a neng a tsena sekolo kwa Lucía a kileng a tsena teng o ne a tla kwa legaeng la rona. O ne a tlhokafaletswe ke morwawe yo mongwe wa dingwaga tse 11, yo o neng a bolailwe ke bolwetse jo bo tshwanang le jwa ga Lucía. Fa mosadi yono a utlwa ka se se diragaletseng Lucía, o ne a batlisisa gore re nna kae mme a re etela. O ne a batla go itse gore ke kgona jang go itshokela loso lwa ga Lucía mme a akantsha gore re dire setlhopha sa batho ba ba ikopantseng gore ba thusane, mme re gomotse bommè ba bangwe ba ba mo maemong a a tshwanang le a rona.

Ke ne ka mo tlhalosetsa gore nna ke setse ke bone kgomotso ya mmatota mo tsholofetsong nngwe e e mo Baebeleng, e e gaisang kgakala tsholofetso epe fela e batho ba ka e dirang. Matlho a gagwe a ne a phatsima ka boitumelo fa ke mmalela mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Johane 5:28, 29. O ne a amogela thuto ya Baebele mme ka bonako fela a simolola go nna le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.” (Bafil. 4:7) Ka gale fa re ithuta Baebele mmogo, re ema go se kae re bo re ipona re le mo lefatsheng le lesha, re amogela baratiwa ba rona fa ba tsoga mo baswing.

Ee, botshelo jo bokhutshwane jwa ga Lucía bo re tlogeletse sengwe se se tla nnelang ruri. Tumelo ya gagwe e thusitse gore lelapa la rona le direle Modimo ka kutlwano, e bile e dirile gore ke ikemisetse le go feta go nna ke nitame mo tumelong. Ga go pelaelo gore rotlhe ba re swetsweng ke batho ba re ba ratang ba ba ka nnang ba tsosiwa re na le tumalano e e botlhokwa thata ya go boa re kopana le bone.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Setshwantso sa Paradaise se se takilweng ke Lucía