Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itumele Mo Lenyalong La Gago

Itumele Mo Lenyalong La Gago

 Itumele Mo Lenyalong La Gago

“Ntlo e tla agiwa ka botlhale, mme e tla tlhomamisiwa thata ka temogo.”—DIA. 24:3.

1. Modimo o ne a bontsha botlhale jang fa a sena go bopa motho wa ntlha?

RRAARONA yo o botlhale yo o kwa legodimong o itse se se re siametseng. Ka sekai, Modimo o ne a lemoga gore e le gore maikaelelo a gagwe a diragale, go ne go se “molemo gore monna a nne a le nosi” kwa tshimong ya Edene. Karolo ya konokono ya maikaelelo ao e ne e le gore batho ba ba nyalaneng ba nne le bana mme ba “tlatse lefatshe.”—Gen. 1:28; 2:18.

2. Jehofa o ne a dira thulaganyo efe e e neng e tla solegela batho molemo?

2 Jehofa o ne a re: “Ke tlile go mo direla mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.” Go tswa foo Modimo o ne a dira gore monna wa ntlha a welwe ke boroko jo bogolo, mme a ntsha longwe lwa dikgopo tsa gagwe mo mmeleng wa gagwe o o itekanetseng. O ne a dirisa logopo loo go dira mosadi. Fa Jehofa a ne a tlisa mosadi yono yo o itekanetseng e bong Efa kwa go Adame, monna yono o ne a re: “Kgabagare yono ke lerapo la marapo a me le nama ya nama ya me. Yono o tla bidiwa Mosadi, ka gonne o ntshitswe mo monneng.” Eleruri Efa e ne e le motlatsi wa ga Adame. Mongwe le mongwe wa bone o ne a tla nna le dinonofo tse di tlhomologileng mme boobabedi ba ne ba itekanetse ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo. Jehofa o ne a rulaganya lenyalo la ntlha jalo. Go ne ga nna motlhofo fela gore Adame le Efa ba amogele thulaganyo eno ya Modimo e e neng e tla dira gore ba thusane.—Gen. 1:27; 2:21-23.

3. Batho ba bantsi ba leba mpho ya lenyalo jang, mme seo se tsosa dipotso dife?

3 Go utlwisa botlhoko gore mo lefatsheng gompieno go aname moya wa botsuolodi. Mathata a a bakwang ke moya oo ga a tswe kwa Modimong. Batho ba bantsi ba nyatsa mpho ya Modimo  ya lenyalo, ba tsaya gore e feletswe ke nako, e baka mathata le dikgotlhang. Batho ba bantsi ba ba nyalaneng ba a tlhalana. Bana ba ka tswa ba sa bontshiwe lorato mme batsadi ba ka nna ba ba dirisa gore dilo di tsamaye ka tsela ya bone fa ba na le dikgotlhang mo lenyalong. Batsadi ba bantsi ba gana go ineela le fa go dira jalo go ka tlisa kagiso le kutlwano. (2 Tim. 3:3) Ka jalo, batho ba ka nna jang ba itumetse mo lenyalong mo dinakong tseno tsa mathata? Go ineela go thusa jang gore manyalo a se ka a thubega? Re ka ithuta eng mo dikaing tsa motlha wa gompieno tsa batho ba ba ileng ba nna ba itumetse mo manyalong a bone?

Go Ineela mo Kaelong ya ga Jehofa

4. (a) Paulo o ne a naya kaelo efe malebana le lenyalo? (b) Bakeresete ba ba kutlo ba latela kaelo ya ga Paulo jang?

4 Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a naya batlholagadi kaelo e e tlhotlheleditsweng ya gore fa ba tlhopha go nyalwa gape, ba dire jalo “mo Moreneng fela.” (1 Bakor. 7:39) Mafoko ano a ne a se masha mo ditsebeng tsa Bakeresete ba pele ba neng ba le mo bodumeding jwa Sejuda. Molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele o ne o tlhalosa ka tlhamalalo gore ba ne ba sa tshwanela go “dira kgolagano epe ya lenyalo” le ope yo o tswang mo ditšhabeng tse di neng di ba dikologile tsa baheitane. Jehofa gape o ne a gatelela kafa go leng kotsi ka teng go tlhokomologa molao ono wa Modimo. “Gonne [motho yo e seng Moiseraele] o tla faposa morwao mo go ntshaleng morago, mme ba tla direla medimo e mengwe; mme ruri bogale jwa ga Jehofa bo tla lo tukela, mme o tla go nyeletsa ka bonako.” (Dute. 7:3, 4) Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe ba motlha wa gompieno ba dire jang mo kgannyeng eno? Go phepafetse gore fa motlhanka wa Modimo a tlhopha molekane wa lenyalo, o tshwanetse go tlhopha motho yo o “mo Moreneng,” yo e leng moobamedi mmogo le ene yo o ineetseng, yo o kolobeditsweng. Go botlhale go latela kaelo ya ga Jehofa mo kgannyeng eno.

5. Jehofa le Bakeresete ba ba mo lenyalong ba leba maikano a lenyalo jang?

5 Maikano a lenyalo a boitshepo mo matlhong a Modimo. Morwa Modimo, Jesu, o ne a bua jaana ka lenyalo la ntlha: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Math. 19:6) Mopesalema o re gakolola kafa maikano a leng masisi ka teng: “Ntsha ditebogo e le setlhabelo sa gago se se yang kwa Modimong, mme o duele Mogodimodimo maikano a gago.” (Pes. 50:14) Le fa banyalani ba ka lebelela gore ba ka itumela thata mo isagweng, maikano a ba a dirang ka letsatsi la lenyalo a masisi mme a tlisa maikarabelo.—Dute. 23:21.

6. Ke eng se re ka se ithutang mo sekaing sa ga Jefetha?

6 Akanya ka kgang ya ga Jefetha, yo e neng e le moatlhodi kwa Iseraele mo lekgolong la bo12 la dingwaga B.C.E. O ne a direla Jehofa maikano ano: “Fa ruri o ka tsenya bomorwa Amona mo seatleng sa me, foo go tla diragala gore yo o tla tswang, yo o tswang ka dikgoro tsa ntlo ya me a tla go nkgatlhantsha fa ke boa ka kagiso kwa go bomorwa Amona, o tla nna wa ga Jehofa, mme ene yoo ke tla mo isa jaaka tshupelo e e fisiwang.” Fa Jefetha a ne a bona go tswa morwadie, ngwana wa gagwe yo o esi, a tla go mo kgatlhantsha fa a ne a boela gae kwa Misepa, a o ne a batla go tlhanogela maikano a gagwe? Nnyaa. O ne a re: “Ke buletse Jehofa molomo wa me, mme ga ke kgone go boela morago.” (Baatlh. 11:30, 31, 35) Jefetha o ne a boloka maikano a gagwe a a neng a a diretse Jehofa le fa seo se ne se raya gore o ne a sa tlhole a na le ngwana yo o neng a tla tsweledisa leina la gagwe. Maikano a ga Jefetha a ne a sa tshwane le maikano a lenyalo, mme go bo a ile a a boloka ke sekao se se molemo mo banneng le mo basading ba Bakeresete malebana le maikano a bone a lenyalo.

Ke Eng se se Dirang Gore Lenyalo le Atlege?

7. Batho ba ba sa tswang go nyalana ba tshwanetse go dira diphetogo dife?

7 Banyalani ba bantsi ba itumela tota fa ba akanya ka nako ya fa e ne e le baratani. Ruri go ne go le monate go tlwaelana le motho yo ba neng ba tlile go nyalana le ene! Fa ba ntse ba dirisa nako e ntsi ba le mmogo, ba ne ba atamalana thata. Mme fa kgabagare ba ne ba nyalana go ne go le botlhokwa thata gore ba dire diphetogo, le fa ba ka tswa ba ile ba ratana pele ga ba nyalana kana ba ne ba batletswe molekane. Monna mongwe a re: “Bothata jo bogolo jo re neng re na le jone fa re sena go nyalana ke gore re ne re tshwanetse go lemoga gore jaanong re tshwanetse go itshwara jaaka batho  ba ba nyetseng. Go ne ga tsaya lobakanyana re thatafalelwa ke go nna tekatekano fa go tliwa mo tseleng e re neng re dirisana ka yone le ditsala tsa rona le ba losika.” Monna yo mongwe yo jaanong a nang le dingwaga tse 30 a nyetse, o ne a lemoga fa a sena go nyala gore fa a batla go nna tekatekano mo lenyalong, o ne a tshwanetse go akanyetsa batho ba babedi go na le go ikakanyetsa a le esi fela. Pele ga a amogela taletso kana a dumela go dira sengwe, o buisana le mosadi wa gagwe go tswa foo a bo a dira tshwetso, a akanyetsa se se ba siametseng boobabedi. Mo boemong jo bo ntseng jalo, go a thusa go akanyetsa yo mongwe.—Dia. 13:10.

8, 9. (a) Ke eng fa puisano e e molemo e le botlhokwa? (b) Go fetofetoga le maemo go ka thusa mo maemong afe, mme ka ntlha yang?

8 Ka dinako tse dingwe lenyalo le kopanya batho ba babedi ba ditso tse di farologaneng. Fa go ntse jalo go botlhokwa thata gore ba buisane ba phuthologile. Batho ba na le mekgwa e e farologaneng ya go buisana. Go ela tlhoko kafa molekane wa gago a buisanang ka teng le ba losika go ka go thusa go mo tlhaloganya botoka. Ka dinako tse dingwe se se senolang gore tota motho o akanya eng ga se se a se buang mme ke tsela e a se buang ka yone. Mme se motho a sa se bueng se ka senola go le gontsi. (Dia. 16:24; Bakol. 4:6) Go botlhokwa gore batho ba nne le temogo gore ba itumele.—Bala Diane 24:3.

9 Batho ba bantsi ba lemogile gore go fetofetoga le maemo go botlhokwa fa ba tlhopha boitlosobodutu. Pele ga lo nyalana, molekane wa gago o ka tswa a ne a dirisa nako e ntsi mo metshamekong kana mo mefuteng e mengwe ya boitlosobodutu. A go ka tlhokega gore jaanong go dirwe diphetogo dingwe? (1 Tim. 4:8) Go ka bodiwa potso e e tshwanang malebana le nako e lo e dirisang lo na le ba losika. Go a utlwala gore banyalani ba tlhoka nako ya go dira dilo tsa semoya le dilo tse dingwe ba le mmogo.—Math. 6:33.

10. Go nna tekatekano go tla thusa jang gore batsadi ba dirisane sentle le bana ba bone ba ba nyetseng kgotsa ba ba nyetsweng?

10 Fa monna a nyala, o tlogela rraagwe le mmaagwe, mme le mosadi o dira jalo. (Bala Genesise 2:24.) Mme gone, taelo ya Modimo ya gore motho a tlotle rraagwe le mmaagwe e tswelela e dira le fa motho a setse a godile. Ka jalo le fa batho ba setse ba nyalane, ka dinako tse dingwe ba ka nna ba etela ba kwa bogadi le ba kwa bogwegadi. Monna mongwe yo o nang le dingwaga di le 25 a nyetse a  re: “Ka dinako tse dingwe go thata go nna tekatekano malebana le go kgotsofatsa molekane wa gago mmogo le batsadi ba gago, bomonnao, bomogoloo le ba gaabo molekane wa gago. Ke lemogile gore Genesise 2:24 e a nthusa malebana le kafa nka lebanang ka teng le boemo joo. Motho o ikarabelela mo malokong a mangwe a lelapa e bile o tshwanetse go ba direla dilo dingwe, mme temana eno e mpontshitse gore ke tshwanetse go baya molekane wa me kwa pele.” Ka tsela e e tshwanang batsadi ba Bakeresete ba ba tekatekano ba tla tlhaloganya gore bana ba bone ba ba nyetseng kgotsa ba ba nyetsweng jaanong ba na le malapa mme monna ke ene tota a ikarabelelang go kaela lelapa la gagwe.

11, 12. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore banyalani ba tshware thuto ya lelapa le gore ba rapele mmogo?

11 Go nna le thulaganyo ya ka metlha ya thuto ya lelapa go botlhokwa. Malapa a mantsi a Bakeresete a lemogile seo. Go ka nna ga se nne motlhofo go nna le thulaganyo ya thuto e e ntseng jalo kana go tswelela lo e tshwara ka metlha. Tlhogo nngwe ya lelapa ya re: “Fa re ne re ka boela morago ra fetola sengwe, re ne re tla tlhomamisa gore re ngaparela thulaganyo ya ka metlha ya thuto ya lelapa fela fa re sena go nyalana.” Gape a re: “Ke itumela thata fa ke bona kafa mosadi wa me a itumelang ka teng fa a kgatlhilwe ke ntlha nngwe e re e bonang mmogo fa re ithuta Baebele.”

12 Go rapela mmogo le gone go a thusa. (Bar. 12:12) Fa monna le mosadi ba obamela Jehofa ba le seoposengwe, kamano ya bone e e gaufi le Modimo e ka nonotsha kamano ya bone ya lenyalo. (Jak. 4:8) Monna mongwe wa Mokeresete a re: “Go ikopa maitshwarelo ka bonako fa o dirile diphoso le go di umaka fa lo rapela mmogo ke tsela ya go bontsha gore tota o a ikwatlhaya, le fa phoso e e bakileng kgotlhang e le nnye.”—Baef. 6:18.

Nna Tekatekano mo Lenyalong

13. Paulo o ne a naya kgakololo efe malebana le dikamano tsa lenyalo?

13 Bakeresete ba ba leng mo lenyalong ba tshwanetse go tila ditlwaelo tse di digang seriti sa dikamano tsa lenyalo, jaaka mekgwa e e tlwaelegileng thata mo lefatsheng la gompieno le le ilweng ke tlhakanelodikobo kwa tlhogong. Paulo o ne a gakolola jaana malebana le kgang eno: “A monna yo o nyetseng a neye mosadi wa gagwe tshwanelo ya gagwe; mme a mosadi yo o nyetsweng le ene a direle monna wa gagwe ka tsela e e tshwanang. Mosadi yo o nyetsweng ga a na taolo mo mmeleng wa gagwe, mme monna wa gagwe ke ene yo o nang le yone; ka tsela e e tshwanang, monna yo o nyetseng, le ene, ga a na taolo mo mmeleng wa gagwe, mme mosadi wa gagwe ke ene yo o nang le yone.” Go tswa foo Paulo o ne a laela jaana ka tlhamalalo: “Lo se ka lwa e amogana, fa e se ka go dumalana ka nako e e tlhomilweng.” Ka ntlha yang? “Gore lo tle lo beele nako ya thapelo kwa thoko le gore lo tle lo boelane gape, gore Satane a tle a se ka a nna a lo raela ka ntlha ya go sa kgone go laola mebele ya lona.” (1 Bakor. 7:3-5) Fa Paulo a ne a umaka thapelo, o ne a bontsha se se tshwanetseng go tla pele mo Mokereseteng. Mme gape o ne a tlhalosa sentle gore Mokeresete mongwe le mongwe yo o mo lenyalong  o tshwanetse go amega ka dilo tse molekane wa gagwe a di tlhokang mo nameng le mo maikutlong.

14. Melaometheo ya Dikwalo e dira jang malebana le dikamano tsa lenyalo tsa tlhakanelodikobo?

14 Monna le mosadi ba tshwanetse go dirisana mmogo ka phuthologo mme ba lemoge gore fa ba sa akanyetsane mo kgannyeng ya dikamano tsa lenyalo, seno se ka baka mathata. (Bala Bafilipi 2:3, 4; bapisa Mathaio 7:12.) Kgang eno e bakile mathata mo malapeng mangwe a a kgaoganeng ka bodumedi. Le fa go na le dikgotlhang, gantsi Mokeresete a ka tokafatsa boemo ka boitshwaro jwa gagwe jo bo molemo, ka go nna pelonomi le ka go dirisana sentle le molekane wa gagwe. (Bala 1 Petere 3:1, 2.) Fa motho a rata Jehofa, a rata molekane wa gagwe e bile a le tekatekano, seno se tla mo thusa mo kgannyeng eno ya lenyalo.

15. Tlotlo e thusa jang gore lenyalo e nne le le itumetseng?

15 Monna yo o pelonomi o tla tlotla mosadi wa gagwe le mo dilong tse dingwe. Ka sekai, o tla akanyetsa maikutlo a gagwe, le mo dilong tse dinnye. Monna mongwe yo o nang le dingwaga di le 47 a nyetse a re: “Le gompieno ke sa ntse ke ithuta mo kgannyeng eno.” Basadi ba Bakeresete ba kgothadiwa gore ba tlotle banna ba bone ka tlotlo e e boteng. (Baef. 5:33) Fa ba sa bue sentle ka banna ba bone, ba senola diphoso tsa bone fa pele ga batho, tota ba a bo ba sa ba tlotle. Diane 14:1 e re gakolola jaana: “Mosadi yo o botlhale tota o agile ntlo ya gagwe, mme yo o seeleele o e rutlolola ka diatla tsa gagwe.”

Lo se Ka Lwa Ineela mo go Diabolo

16. Banyalani ba ka dirisa jang kgakololo e e mo go Baefeso 4:26, 27 mo manyalong a bone?

16 “Lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile, le gone lo se ka lwa naya Diabolo sebaka.” (Baef. 4:26, 27) Fa mafoko ano a dirisiwa, a ka re thusa go rarabolola kana go tila mathata mo lenyalong. Kgaitsadi mongwe a re: “Ga ke gakologelwe nako epe e nna le monna wa me re kileng ra se utlwane ka sengwe mme re bo re sa bue ka kgang eo, le fa re ne re ka tsaya diura tse dintsi re rarabolola bothata joo.” Fela fa ene le monna wa gagwe ba sena go nyalana, ba ne ba dira tshwetso ya gore letsatsi le ka se phirime ba sa rarabolola mathata a bone. “Re ne ra swetsa ka gore, go sa kgathalesege gore bothata ke eng, re tla itshwarelana re bo re lebala, mme re simolole letsatsi lengwe le lengwe sentle.” Ka go dira jalo ba ne ba gana go “naya Diabolo sebaka.”

17. Le fa go lebega balekane ba lenyalo ba sa tshwanelane, ke eng se se ka thusang?

17 Mme go tweng fa o akanya gore ga o tshwanelane le motho yo o nyalaneng le ene? O ka tswa o le mo lenyalong le o tsayang gore ga le na lorato jaaka manyalo a batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, go gakologelwa tsela e Mmopi a lebang kgolagano ya lenyalo ka yone go tla go thusa. Paulo o ne a tlhotlhelediwa go gakolola Bakeresete jaana: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe, le bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala, gonne Modimo o tla atlhola bagokafadi le baakafadi.” (Baheb. 13:4) Mme ga re a tshwanela go lebala mafoko ano: “Mogala o o menaganeng seraro ga o ka ke wa kgaoganngwa sebedi ka bonako.” (Mor. 4:12) Fa monna le mosadi ba amega thata ka go itshepisa leina la ga Jehofa, boobabedi ba nna seoposengwe mme gape ba nna seoposengwe le Modimo. Ba tshwanetse go leka go dira gore lenyalo la bone le atlege, ka gonne ba itse gore seno se isa tlotlo kwa go Jehofa, yo e leng Mosimolodi wa lenyalo.—1 Pet. 3:11.

18. Ke eng se re ka tlhomamisegang ka sone ka lenyalo?

18 Tota go a kgonega gore Bakeresete ba itumele mo lenyalong. Gore ba itumele ba tlhoka go dira maiteko le go bontsha dinonofo tsa Bokeresete, mme nngwe ya dinonofo tseo ke go ineela. Gompieno, mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, go na le banyalani ba bantsi ba ba bontshang gore seno se a kgonega.

O ka Araba Jang?

• Ke eng fa go ka kgonega gore batho ba itumele mo lenyalong?

• Ke eng se se ka thusang gore lenyalo le atlege?

• Balekane ba lenyalo ba tlhoka go nna le dinonofo dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Go molemo gore banyalani ba buisane pele ga ba amogela taletso kana ba dumela go dira sengwe

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Lekang go rarabolola mathata ka lone letsatsi leo, lo se ka lwa “naya Diabolo sebaka”