Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Rera Dikgang Tse Di Molemo Kwa Dithabeng Tsa Andes

Go Rera Dikgang Tse Di Molemo Kwa Dithabeng Tsa Andes

 Go Rera Dikgang Tse Di Molemo Kwa Dithabeng Tsa Andes

RE NE re ntse fa fatshe mo ntlong e e sa dilwang re le 18. Fa re ntse re le mo dikgetsing tsa rona tsa go robala re roroma, re ne re utlwa pula e e tshologang e gateletse mo marulelong a disenke. Fa re leba loobonyana lo re neng re le mo go lone, re ne re ipotsa gore a e ne e le rona batho ba ntlha go nna mo go lone.

Ke eng se se neng se ka dira gore batho ba le 18 ba etele lefelo leno? Karabo e ne e itshetlegile ka keletso e re neng re na le yone ya go diragatsa taelo ya ga Jesu ya go rera dikgang tse di molemo “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Dit. 1:8; Math. 24:14) Re ne re le mo loetong lwa go ya go rera kwa tshimong e e kwa thoko kwa dithabeng tsa Andes kwa Bolivia.

Mosepele Wa go Ya Teng

Kgwetlho ya pele e re kopaneng le yone e ne e le go fitlha kwa re neng re ya gone. Re ne ra utlwa gore go ne go se na thulaganyo e e tlhomameng ya dipalangwa tsa botlhe tse di yang kwa mafelong a a kgakala jalo. Fa bese ya rona e goroga, re ne ra fitlhela e le gore e nnye thata go na le ka mo re neng re lebeletse ka gone, ka jalo bangwe ba rona re ne re se na ditulo. Mme kgabagare rotlhe re ne ra fitlha kwa re neng re ya gone.

Maikaelelo a rona e ne e le go rera kwa metseng e e kwa dithabeng tsa Andes kwa Bolivia. Ka jalo morago ga go tsamaya ka bese, ba ba mo setlhopheng sa rona ba ne ba rwala merwalo, ba tsamaya ka kelotlhoko ba tlhomagane mo ditseleng tse di palamelelang tsa dithaba.

 Le fa metse ya teng e ne e lebega e le mennye, matlo a ne a katogane thata, ka jalo go ne go tsaya diura tse dintsi go etela motse mongwe le mongwe. Le fa re ne re ka tsamaya sekgala se seleele go le kana kang, ka metlha go ne go lebega go na le ntlo e nngwe kwa pejana. Gantsi re ne re latlhega mo ditselaneng tse di tlhakanyang tlhogo tse di itsoketsang go ralala masimo.

“Ke Eng e le Gone lo Tlang?”

Mmè mongwe o ne a kgatlhilwe ke gore re tsere mosepele o moleele jaana mo a neng a re letla go dirisa ntlwana ya gagwe ya boapeelo le dikgong tse di gotsang go apaya dijo tsa rona tsa motshegare. Monna mongwe o ne a botsa jaana fa a sena go utlwa se Baebele e se rutang ka boemo jwa baswi: “Ke eng e le gone lo tlang?” O ne a kgatlhegile thata jaana mo e leng gore fa re tswa mo motseng wa ga bone, o ne a tsamaya le rona gore a botse dipotso tse dingwe mo tseleng. Monna yo mongwe o ne a ise a ke a utlwe ka Basupi ba ga Jehofa mme o ne a kgatlhegela dikgatiso tsa rona thata. O ne a re leboga thata go bo re tlile mme a re naya selotlolo sa loobo gore re kgone go robala mo go lone.

Bosigo bongwe, go ne go le lefifi thata mo re neng ra tlhoma ditente tsa rona mo gare ga lesaisai la masonya re sa lemoge. A ne a bontsha go tenega ga one ka bonako ka go re loma. Re ne re lapile thata mo re neng re sa kgone go suta, mme ka lesego a ne a re tlogela go ise go ye kae.

Kwa tshimologong, mekwatla le dikgopo tsa rona di ne tsa opa ka gonne re ne re robetse fa fatshe, mme fa bosigo bo ntse bo ile re ne ra tlwaela. Mo mosong re ne ra lebala botlhoko bope jo re neng re bo utlwa fa re ne re bonela kwa kgakajana mekgatšha e mentle le maru a lelemela ka iketlo mo matlhakoreng a mekgatšha  eno le ditlhoa tse dintlentle tsa dithaba di apesitswe ke kapoko. Tshisibalo eno e ne ya kgorelediwa fela ke molatswana o o phothoselang le go lela ga dinonyane.

Fa re sena go tlhapa mo molatswaneng, re ne ra sekaseka temana ya Baebele mmogo, ra fitlhola, re bo re simolola go palamelela ka iketlo re ya kwa metseng e mengwe e e kgakala. Mme go palama gono go nnile le matswela a a molemo thata. Re ne ra kopana le mosadimogolo mongwe yo o neng a tsholola dikeledi fa a sena go utlwa gore leina la Modimo, e bong Jehofa, le teng mo Baebeleng. O ne a amegile maikutlo tota. Jaanong o ne a ka kgona go bitsa Modimo ka leina fa a rapela!

Monnamogolo mongwe o ne a re Modimo o tshwanetse a bo a mo gopotse, mme o ne a tlhabeletsa pina e e neng e re re rometswe ke baengele. Monna yo mongwe, yo o neng gateletswe thata ke bolwetse mo a neng a sa kgone go tswa mo ntlong ya gagwe, o ne a re bolelela gore ga go ope mo motseng wa gagwe yo o neng a tsaya matsapa a go mo etela. O ne a gakgamaditswe ke gore re tla re tswa kgakala thata kwa La Paz. Mme monna yo mongwe ene o ne a kgatlhilwe thata ke gore Basupi ba ga Jehofa ba etela batho mo magaeng a bone, fa madumedi a mangwe one a ba bitsa fela ka go letsa ditshipi tsa kereke.

Matlo a mo lefelong leo ga a na motlakase, ka jalo batho ba robala fa go fifala mme ba tsoga fa letsatsi le tlhaba. Ka jalo, re ne re tshwanelwa ke go simolola go rera ka ura ya borataro mo mosong gore re kgone go fitlhela batho mo magaeng a bone. Go seng jalo bontsi jwa batho ba ne ba tla bo ba setse ba ile go bereka mo masimong. Moragonyana, bangwe ba ba neng ba setse ba bereka ba ne ba emisa tiro mme ba reetsa molaetsa wa rona o o tswang mo Lefokong la Modimo, gongwe ba naya pholo nako ya go ikhutsa go goga mogoma. Batho ba bantsi ba re neng re ba fitlhela mo gae ba ne ba re alela diphate tsa dinku gore re nne mo go tsone ba bo ba bitsa lelapa lotlhe gore le tle go reetsa. Balemi bangwe ba ne ba re naya dikgetsi tse dikgolo tsa mmidi ba bontsha go lebogela dibuka tsa Baebele tse re neng re ba neile tsone.

“Ga lo A Ntebala”

Gone ke boammaaruri gore batho ba tlhoka go etelwa ka makgetlho a le mantsinyana gore ba nne le kitso ka Baebele. Ba bantsi ba ne ba re rapela gore re boe gape gore re ba rute mo go oketsegileng. Ka ntlha ya seno, re ne ra ya ka makgetlho a le mmalwa kwa karolong eno ya Bolivia.

Nako nngwe fa re etela koo gape, mosadimogolo mongwe o ne a itumeletse gore re boile, a re: “E kete lo bongwanake. Ga lo a ntebala.” Monna mongwe o ne a re lebogela tiro ya rona a bo a re kopa gore re tle go nna mo legaeng la gagwe lekgetlho le le latelang fa re tla. Gongwe tuelo e kgolo go gaisa tsotlhe ya matsapa a rona e ne ya nna fa re utlwa gore mosadi yo re neng re kopane le ene mo lekgetlhong le le fetileng, yo o ileng a fudugela kwa toropong, jaanong o ne a setse a rera dikgang tse di molemo.

Mo letsatsing la bofelo la loeto lwa rona lwa ntlha, setofo sa rona se sennye se ne sa felelwa ke lookwane, mme le dijo tsa rona di ne di tloga di fela. Re ne ra rwalela dikgong tse di lekaneng go gotsa molelo, ra apaya dijo tsa bofelo tse re neng re na le tsone mme ra boela morago ka maoto. Re ne re le kgakala thata le toropo e re neng re ka kgona go palamela bese kwa go yone. Kgabagare re ne ra goroga go setse go le lefifi.

Mosepele wa go Boela Gae

Loeto lwa go boela morago le lone lo ne lo na le mathata ka gonne bese e ne ya senyega. Morago ga nakonyana, re ne ra pegwa kwa morago mo loring e batho ba neng ba sukagane mo go yone. Seno se ne sa re bulela sebaka sa go rerela batho ba re neng re pagame le bone mo loring, ba ba neng ba batla go itse gore re ne re tletseng mono. Le mororo batho bao ba le ditlhong ka tlholego, ba lorato e bile ba botsalano.

Morago ga diura di le robongwe re palame lori eo, re ne ra fitlha kwa gae—re kolobile e bile re sule ke serame. Le fa go ntse jalo, loeto loo ga ya ka ya nna matsapa a bophiri. Fa re le mo tseleng, re ne ra kgona go rulaganya gore mosadi mongwe yo o nnang mo toropong a tshwarelwe thuto ya Baebele.

Ruri e ne e le tshiamelo e e seng kana ka sepe go rerela batho ba ba nnang kwa mafelong a a kwa thoko jalo dikgang tse di molemo. Re ne re rerile mo metseng e le menè le mo metsaneng e mentsintsi fela. Re ne ra tlhotlheletsega go akanya ka mafoko ano: “A bo di le dintle jang ne mo dithabeng dinao tsa yo o tlisang dikgang tse di molemo, yo o itsiseng kagiso phatlalatsa, yo o tlisang dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka, yo o itsiseng poloko phatlalatsa.”—Isa. 52:7; Bar. 10:15.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Re ipaakanyeditse go rera dikgang tse di molemo