Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa Mo Bukeng ya Luke

Dintlhakgolo go Tswa Mo Bukeng ya Luke

 Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa Mo Bukeng ya Luke

GO ITSEWE fa Efangele ya ga Mathaio e ne e kwaletswe segolobogolo babadi ba Bajuda, mme ya ga Mareko yone e ne e kwaletswe ba e seng Bajuda. Le fa go ntse jalo, Efangele ya ga Luke yone e ne e kwaletswe batho ba ditšhaba tsotlhe. Buka ya Luke, e e kwadilweng mo e ka nnang ka 56-58 C.E., e na le pego e e tlhalosang botshelo le bodiredi jwa ga Jesu ka botlalo.

E re ka Luke e le ngaka e e kutlwelobotlhoko le e e kelotlhoko, o latedisa “dilo tsotlhe ka tlhomamo go tswa kwa tshimologong” mme o akaretsa ditiragalo tsa dingwaga di le 35—go tloga ka 3 B.C.E. go ya go 33 C.E. (Luke 1:3) Mo e batlileng e nna diperesente di le 60 tsa tshedimosetso e e mo Efangeleng ya ga Luke ga e yo mo Diefangeleng tse dingwe.

KWA TSHIMOLOGONG YA BODIREDI

(Luke 1:1–9:62)

Fa Luke a sena go tlhalosa ka botsalo jwa ga Johane Mokolobetsi le jwa ga Jesu, o re bolelela gore Johane o ne a simolola bodiredi jwa gagwe mo ngwageng wa bo15 wa puso ya ga Tiberio Kaesara, ke gore ka dikgakologo tsa 29 C.E. (Luke 3:1, 2) Jesu o kolobediwa ke Johane ka letlhabula la one ngwaga oo. (Luke 3:21, 22) Ka 30 C.E., ‘Jesu o boela kwa Galalea a bo a simolola go ruta mo disinagogeng tsa bone.’—Luke 4:14, 15.

Jesu o simolola loeto lwa gagwe lwa ntlha lwa go rera kwa Galalea. O raya boidiidi a re: “Le kwa metseng e mengwe ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.” (Luke 4:43) O tsamaya le Simone wa motshwaraditlhapi mmogo le ba bangwe. A re: “Go tloga jaanong go ya pele o tla bo o tshwara batho ba tshela.” (Luke 5:1-11; Math. 4:18, 19) Jesu o na le baaposetoloi ba ba 12 fa a le mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa go rera kwa Galalea. (Luke 8:1) Mo loetong lwa boraro, o romela ba ba 12 “go ya go rera bogosi jwa Modimo le go fodisa.”—Luke 9:1, 2.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:35—A lee la ga Marea le ne la dirisiwa gore a ime? Lee la ga Marea le ne le tshwanetse go dirisiwa gore a ime, e le gore ngwana wa gagwe a nne setlogolwana sa mmatota sa ga Aborahame, Juda le Dafide, fela jaaka Modimo a ne a solofeditse. (Gen. 22:15, 18; 49:10; 2 Sam. 7:8, 16) Le fa go ntse jalo, moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ne wa dirisiwa go fetisa botshelo jo bo itekanetseng jwa Morwa Modimo, mme Marea a ima. (Math. 1:18) Go bonala seno se ile sa tlosa bosaitekanelang bope fela jo bo neng bo le teng mo leeng la ga Marea, mme go tloga fela kwa tshimologong seo se ne sa sireletsa lesea le le golang mo popelong ya gagwe gore le se ka la nna le bogole bope jo bo ka bakwang ke bosaitekanelang jwa ga Marea.

1:62—A Sekarea o ne a nna semumu gape a nna susu? Nnyaa. O ne a palelwa fela ke go bua. Batho ba bangwe ba ne “ba bua ka mabogo” fa ba botsa Sekarea gore o ne a batla ngwana a bidiwa mang, mme ba ne ba sa dire jalo ka gonne e ne e le susu. O tshwanetse a bo a ne a utlwile gore mosadi wa gagwe o ne a batla gore ba reye morwaabone leina lefe. Gongwe ba bangwe ba ne ba botsa Sekarea kaga seno ba bua ka diatla kana ka go itshikinya mmele. Lebaka la go bo Sekarea a ne a tlhoka go busediwa bokgoni jwa go bua fela le bontsha gore o ne a sa ntse a kgona go utlwa.—Luke 1:13, 18-20, 60-64.

2:1, 2—Go umakwa ga “kwadiso eno ya ntlha” go re thusa jang go itse gore Jesu o tshotswe leng? Mo pusong ya ga Kaesara Aguseto, ga go a ka ga nna le kwadiso e le nngwe fela—ya ntlha e ne ya nna ka 2 B.C.E., e le fa go diragadiwa Daniele 11:20 mme ya bobedi ya nna ka 6 kana 7 C.E. (Dit. 5:37) Kwirinio e ne e le molaodi wa Siria ka nako ya dikwadiso tseno ka bobedi jwa tsone, mme go bonala a ile a nna molaodi ka makgetlho a mabedi. Lebaka la go bo Luke a umaka kwadiso ya ntlha le kaya gore Jesu o tshotswe ka 2 B.C.E.

2:35—“Tšhaka e telele” e ne e tla phunyelediwa  jang mo moyeng wa ga Marea? Seno se raya khutsafalo e Marea a neng a tla nna le yone fa a bona batho ba bantsi ba sa amogele Jesu e le Mesia le kutlobotlhoko e a neng a tla nna le yone fa Jesu a swa loso lo lo botlhoko.—Joh. 19:25.

9:27, 28—Ke ka ntlha yang fa Luke a re go fetoga ponalo go diregile ‘malatsi a le robedi’ morago ga Jesu a sena go solofetsa barutwa ba gagwe gore bangwe ba bone ba ne ba ‘se kitla ba utlwa loso ka gope’ go fitlha ba mmona a tla a le mo Bogosing jwa gagwe, ntswa Mathaio le Mareko bone ba re go diregile “malatsi a le marataro moragonyana”? (Math. 17:1; Mar. 9:2) Go bonala Luke a akaretsa le malatsi a mangwe a mabedi—letsatsi le tsholofetso e dirilweng ka lone le letsatsi le e diragaditsweng ka lone.

9:49, 50—Ke ka ntlha yang fa Jesu a se kile a itsa monna mongwe go leleka madimona, le fa monna yono a ne a sa mo sala morago? Jesu ga a ka a itsa monna yono go leleka madimona ka gonne phuthego ya Bokeresete e ne e ise e tlhomiwe. Ka gone, go ne go sa tlhokege gore monna yono a sale Jesu morago gore a bontshe tumelo mo leineng la Gagwe mme a leleke madimona.—Mar. 9:38-40.

Se re Ithutang Sone:

1:32, 33; 2:19, 51. Marea o ne a boloka mo pelong ditiragalo le dipolelo tse di neng di diragatsa boporofeti. A re nna re gopotse se Jesu a se boleletseng pele ka “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” re bapisa se a se buileng le se se diragalang gompieno?—Math. 24:3.

2:37. Sekao sa ga Ana se re ruta gore re tshwanetse go obamela Jehofa re nitame, re ‘nnele ruri mo thapelong,’ mme re se lese “go phuthega mmogo ga rona” mo dipokanong tsa Bokeresete.—Bar. 12:12; Baheb. 10:24, 25.

2:41-50. Josefa o ne a beile dilo tsa semoya kwa pele mo botshelong jwa gagwe mme gape o ne a tlhokomela lelapa la gagwe ka dilo tsa senama le tsa semoya. Ka go dira jalo, o tlhometse ditlhogo tsa malapa sekao se se molemo.

4:4. Ga re a tshwanela go tlogela letsatsi le feta re sa sekaseka dilo tsa semoya.

6:40. Morutisi wa Lefoko la Modimo o tshwanetse go tlhomela baithuti ba gagwe sekao se se siameng. O tshwanetse go tshela go dumalana le se a se rutang.

8:15. Gore re ‘tshegetse lefoko mme re ungwe maungo ka boitshoko,’ re tshwanetse ra tlhaloganya, ra anaanela le go ithuta Lefoko la Modimo. Re tshwanetse go tlhatlhanya le go rapela fa re bala Baebele le dikgatiso tse di thailweng mo Baebeleng.

KWA BOFELONG JWA BODIREDI JWA GA JESU

(Luke 10:1–24:53)

Jesu o romela ba bangwe ba le 70 pele ga gagwe kwa metseng le kwa mafelong mangwe mo Judea. (Luke 10:1) O eta “go tswa motseng a ya motseng o mongwe le go tswa motsaneng a ya motsaneng o mongwe, a ruta.”—Luke 13:22.

Malatsi a le matlhano pele ga Tlolaganyo ya 33 C.E., Jesu o tsena mo Jerusalema a palame eselana. Nako e gorogile ya gore mafoko ano a a neng a a boleletse barutwa ba gagwe a diragadiwe: “Morwa motho o tshwanetse go tlelwa ke dipogo di le dintsi le go ganwa ke banna ba bagolwane le ke baperesiti ba bagolo le ke bakwadi, a bo a bolawe, mme o tla tsosiwa mo letsatsing la boraro.”—Luke 9:22, 44.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

10:18—Jesu o ne a bua ka eng fa a ne a raya barutwa ba le 70 a re: “Ke ne ka simolola go bona Satane a setse a ole jaaka logadima go tswa kwa legodimong”? Jesu o ne a sa bolele gore Satane o ne a setse a lelekilwe kwa legodimong. O ne a lelekwa fela fa Keresete a sena go tlhomiwa go nna Kgosi kwa legodimong ka 1914. (Tshen. 12:1-10)  Le fa re ka se bue re tlhomamisegile, fa Jesu a ne a bua ka tiragalo ya mo isagweng jaaka e kete e setse e diragetse, o tshwanetse a bo a ne a gatelela gore tota e tla diragala.

14:26—Balatedi ba ga Keresete ba tshwanetse go “tlhoa” ba masika a bone ka tsela efe? Mo Baebeleng, lefoko “tlhoa” le ka raya go rata motho kana sengwe ka selekanyo se sennye go feta ka mo re ratang se sengwe ka gone. (Gen. 29:30, 31) Bakeresete ba tshwanetse go “tlhoa” ba masika a bone ka tsela ya gore ba ba rate ka selekanyo se sennye fa go bapisiwa le selekanyo se ba ratang Jesu ka sone.—Math. 10:37.

17:34-37—“Dintsu” ke bomang, mme “setoto” se di phuthegelang kwa go sone ke eng? Ba ba ‘tla tsewang,’ kana ba ba tla bolokwang, ba tshwantshiwa le dintsu tse di bonelang kgakala. “Setoto” se ba phuthegelang kwa go sone ke Keresete wa boammaaruri ka nako ya go nna gone ga gagwe a sa bonale le dijo tsa semoya tse Jehofa a ba tlamelang ka tsone.—Math. 24:28.

22:44—Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a utlwa botlhoko jo bo ngomolang pelo? Seno se diragetse ka ntlha ya mabaka a le mmalwa. Jesu o ne a tshwenyegile ka gore go swa ga gagwe jaaka sekebekwa go ne go tla ama Jehofa Modimo le leina la Gagwe jang. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a itse sentle gore o ne a tshwanetse go nna a ikanyega e le gore a bone botshelo jo bo sa khutleng, le gore isagwe ya lotso lotlhe lwa batho e ne e ikaegile ka gone.

23:44—A phifalo ya letsatsi ke yone e neng ya dira gore go nne lefifi ka diura tse tharo? Nnyaa. Go fifala ga letsatsi go direga fela fa go na le ngwedi o mosha, e seng fa ngwedi o tletse, jaaka fa go ntse ka nako ya Tlolaganyo. Phifalo e e neng ya nna gone ka letsatsi le Jesu a suleng ka lone e ne e le kgakgamatso ya Modimo.

Se re Ithutang Sone:

11:1-4. Fa re bapisa mafoko a ditaelo tseno le mafoko a a sa tshwaneng kgo le one a a mo thapelong ya sekao, e e neng ya umakwa mo Therong ya kwa Thabeng dikgwedi di le 18 pelenyana, re kgona go bona sentle gore fa re rapela ga re a tshwanela go boaboeletsa mafoko a a rileng fela.—Math. 6:9-13.

11:5, 13. Le fa Jehofa a iketleeditse go araba dithapelo tsa rona, re tshwanetse go mo rapela re sa kgaotse.—1 Joh. 5:14.

11:27, 28. Re ka itumela ka tsela ya mmatota fa re dira thato ya Modimo ka boikanyegi mme e se ka ntlha ya dikamano tse re nang le tsone le ba malapa a rona kana ka gonne re ikokoanyeditse dikhumo.

11:41. Re tshwanetse go aba dimpho tsa kutlwelobotlhoko ka gonne re tlhotlhelediwa ke pelo e e ratang.

12:47, 48. Motho yo o nang le maikarabelo a magolwane mme a sa a dire o molato thata go feta yo o sa itseng kana yo o sa tlhaloganyeng sentle se a tshwanetseng go se dira.

14:28, 29. Re tla bo re dira ka botlhale fa re tshela go ya ka se re nang le sone.

22:36-38. Jesu o ne a sa reye gore barutwa ba gagwe ba tshole sebetsa gore ba itshireletse ka sone. Go na le moo, go bo ba ne ba tshotse ditšhaka mo bosigong jwa fa Jesu a ne a okiwa go ne ga dira gore a kgone go ba ruta thuto eno e e botlhokwa thata: “Botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.”—Math. 26:52.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Josefa o ne a tlhoma sekao se se molemo jaaka tlhogo ya lelapa

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Luke o kwadile pego e e tlhalosang botshelo le bodiredi jwa ga Jesu ka botlalo go feta dipego tse dingwe