Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baya Jehofa fa Pele ga Gago ka Metlha

Baya Jehofa fa Pele ga Gago ka Metlha

 Baya Jehofa fa Pele ga Gago ka Metlha

“Ke beile Jehofa fa pele ga me ka metlha.”—PES. 16:8.

1. Dipego tsa Baebele di ka re ama jang?

LEFOKO la ga Jehofa le le kwadilweng le na le pego e e molemo thata ya kafa Modimo a ileng a dirisana le batho ka teng. Le umaka batho ba le bantsi ba ba ileng ba thusa go diragatsa boikaelelo jwa Modimo. Gone ke boammaaruri gore mafoko a bone le ditiro tsa bone ga di a kwalwa mo Baebeleng e le dipolelo fela tse di ka re jesang monate. Go na le moo, dipego tseno di ka dira gore re atamalane le Modimo.—Jak. 4:8.

2, 3. Mafoko a a mo go Pesalema 16:8 a kayang?

2 Rotlhe re ka ithuta go le gontsi mo go se se diragaletseng batho ba ba itsegeng thata ba ba umakwang mo Baebeleng ba ba jaaka Aborahame, Sara, Moshe, Ruthe, Dafide, Esethere, moaposetoloi Paulo le ba bangwe. Le fa go ntse jalo, dipego tse di buang ka batho ba ba sa itsegeng thata le tsone di ka re solegela molemo. Go tlhatlhanya ka dipego tsa Baebele go ka re thusa go dira jaaka mopesalema a ne a dira: “Ke beile Jehofa fa pele ga me ka metlha. Ka gonne o kafa seatleng sa me sa moja, ga ke na go reketlisiwa.” (Pes. 16:8) Mafoko ao a kayang?

3 Gantsi lesole le ne le tshwara tšhaka ya lone ka seatla sa moja, mme seo se ne se dira gore letlhakore la gagwe la moja le se ka la sirelediwa ke thebe e e mo seatleng sa gagwe sa molema. Le fa go ntse jalo, lesole leno le ne le ka sireletsega fa le lengwe le tlhabana le eme fa thoko ga lone kafa mojeng. Fa re nna re akantse ka Jehofa e bile re dira thato ya gagwe, o tla re sireletsa. Jaanong a re boneng gore go sekaseka dipego tsa Baebele go ka nonotsha tumelo ya rona jang gore re ‘nne re beile Jehofa fa pele ga rona ka metlha.’—Byington.

Jehofa o Araba Dithapelo Tsa Rona

4. Naya sekai se se mo Baebeleng se se bontshang gore Modimo o araba dithapelo.

4 Fa re nna re beile Jehofa fa pele ga rona, o tla araba dithapelo tsa rona. (Pes. 65:2; 66:19) Re ka bona bosupi jwa seno fa re sekaseka se se diragaletseng motlhanka wa ga Aborahame yo mogolo mo go bone botlhe, yo e ka tswang e ne e le Eliesere. Aborahame o ne a mo romela kwa Mesopotamia gore a ye go batlela Isake mosadi yo o boifang Modimo. Eliesere o ne a rapelela gore Modimo a mo kaele mme o ne a bona gore o a mo kaela fa Rebeka a tla go nosa dikamela tsa gagwe. E re ka Eliesere e ne e le motho yo o tlhoafaletseng go rapela, o ne a bona mosadi yo morago a neng a nna mosadi yo o rategang wa ga Isake. (Gen. 24:12-14, 67) Gone motlhanka wa ga Aborahame o ne a neilwe thomo e e kgethegileng. A mme ga re a tshwanela go tlhomamisega fela jalo gore Jehofa o utlwa dithapelo tsa rona?

5. Ke ka ntlha yang fa re ka re tota le thapelo e khutshwane e e rapelwang Jehofa mo pelong e ka nna le matswela?

5 Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra tlhoka go rapela ka bonako gore Modimo a re thuse. Nako nngwe, Kgosi Aretaserese wa kwa Peresia o ne a lemoga gore motsholaphafana wa gagwe e bong Nehemia o ne a tlhontse. Kgosi e ne ya botsa ya re: “Ke eng se o batlang go se dira?” ‘Nehemia a akofa a rapela Modimo wa magodimo.’ Nehemia o ne a ka se rapele nako e telele thapelo eno e go lebegang a ne a e rapelela mo pelong. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a e araba, ka gonne kgosi e ne ya thusa Nehemia gore a age dipota tsa Jerusalema sesha. (Bala Nehemia 2:1-8.) Ee, tota le thapelo e khutshwane e e rapelelwang mo pelong e ka nna le matswela.

6, 7. (a) Epaforase o tlhomile sekao sefe malebana le thapelo? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rapelela ba bangwe?

6 Re kgothalediwa gore re “rapelelane,” tota le fa go sa direge ka metlha gore re bone bosupi ka bonako jwa gore dithapelo tseo di a arabiwa. (Jak. 5:16) Epaforase, “modiredi yo o ikanyegang wa ga Keresete,” o ne a rapela ka tlhoafalo a rapelela badumedi mmogo le ene. Paulo o ne a kwala jaana a le kwa Roma: “Epaforase, yo o tswang kwa go lona [Bakolosa], motlhanka wa ga Keresete Jesu, o lo romelela ditumediso tsa gagwe, ka metlha a iteka mo boemong jwa lona mo dithapelong tsa gagwe, gore  kwa bofelong lo eme lo feletse le ka go tlhatswega pelo mo go nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo. Eleruri ke naya bosupi kaga gagwe gore o ipha matsapa a magolo mo boemong jwa lona le jwa ba ba kwa Laodikia le jwa ba ba kwa Hierapolise.”—Bakol. 1:7; 4:12, 13.

7 Kolosa, Laodikia le Hierapolise e ne e le metse e e mo kgaolong e le nngwe ya Asia Minor. Bakeresete ba kwa Hierapolise ba ne ba nna mo gare ga batho ba ba obamelang modingwana wa sesadi e bong Cybele, ba kwa Laodikia bone ba ne ba dikologilwe ke batho ba ba ratang dikhumo, mme ba kwa Kolosa ba ne ba le mo kotsing ya go tlhotlhelediwa ke difilosofi tsa batho. (Bakol. 2:8) Go a utlwala go bo Epaforase, yo o neng a tswa kwa Kolosa, a ile a ‘iteka mo dithapelong,’ a rapelela badumedi ba kwa motseng oo. Baebele ga e bolele gore dithapelo tsa ga Epaforase di ne tsa arabiwa jang, mme ga a ka a kgaotsa go rapelela badumedi ka ene; le rona ga re a tshwanela go kgaotsa go rapelela badumedi ka rona. Le fa re sa ‘itshunye nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe,’ re ka tswa re itse gore mongwe mo lapeng kgotsa tsala nngwe e lebane le teko e kgolo ya tumelo. (1 Pet. 4:15) Ruri go a tshwanela gore re ka rapelela motho yoo fa re rapela re le rosi! Paulo o ne a thusiwa ke mekokotlelo ya batho ba bangwe, mme le dithapelo tsa rona di ka thusa ba bangwe thata.—2 Bakor. 1:10, 11.

8. (a) Re itse jang gore bagolwane ba kwa Efeso ba ne ba tsaya thapelo e le botlhokwa? (b) Re tshwanetse go ikutlwa jang ka go rapela Modimo?

8 A batho ba bangwe ba re bona re le banna le basadi ba ba ratang thapelo? Fa Paulo a sena go kopana le bagolwane ba kwa Efeso, o ne “a khubama fa fatshe le bone botlhe mme a rapela.” Go tswa foo “go ne ga tsoga selelo se segolo thata mo gare ga bone botlhe, mme ba wela mo molaleng wa ga Paulo ba bo ba mo atla ka lorato, ka gonne ba ne segolobogolo ba utlwisitswe botlhoko ke lefoko le a neng a le buile gore ba ne ba se kitla ba tlhola ba bona sefatlhego sa gagwe.” (Dit. 20:36-38) Ga re itse maina a bagolwane bao botlhe, mme go lebega ba ne ba tsaya thapelo e le botlhokwa. Ruri re tshwanetse go tseela kwa godimo tshiamelo e re nang le yone ya go rapela Modimo mme re tshwanetse go “tsholetsa diatla tse di ikanyegang” ka tumelo ya gore Rraarona yo o kwa legodimong o tla re araba.—1 Tim. 2:8.

Ikobele Modimo mo go Sengwe le Sengwe

9, 10. (a) Bomorwadia Selofehade ba ne ba tlhoma sekao sefe? (b) Tsela e bomorwadia Selofehade ba neng ba bontsha kutlo ka yone e ka ama jang tsela e Mokeresete yo o seng mo lenyalong a lebang lenyalo ka yone?

9 Go nna re akantse ka Jehofa ka metlha go tla re thusa gore re mo ikobele mme re tla bona masego ka ntlha ya seo. (Dute. 28:13; 1 Sam. 15:22) Seno se tlhoka gore re iketleeletse go ikobela Modimo. Akanya ka boikutlo jo bana ba motho ba le batlhano, bomorwadia Selofehade, ba ba neng ba tshela mo motlheng wa ga Moshe, ba neng ba na le jone. Mo Baiseraeleng, go ne go tlwaelegile gore bana ba basimane e nne bone ba newang boswa jwa borraabone. Selofehade o ne a swa a se na bana ba basimane, mme Jehofa o ne a laela gore basadi bano ba batlhano ba newe boswa jotlhe—fela fa ba ne ba ka dira sengwe. Ba ne ba tshwanetse go nyalwa ke bana ba ga Manase gore boswa jo ba bo filweng bo se ka jwa tswa mo lotsong lwa bone.—Dipa. 27:1-8; 36:6-8.

10 Bomorwadia Selofehade ba ne ba na le tumelo ya gore dilo di ne di tla tsamaya sentle fa ba ikobela Modimo. Baebele ya re: “Bomorwadia Selofehade ba ne ba dira fela jalo, jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. Ka jalo Mahela, Tiresa le Hogola le Mileka le Noa, bomorwadia Selofehade, ba nna basadi ba bana ba bomorwarraagwe rraabone. Ba ne ba nna basadi ba malapa mangwe a bomorwa Manase  morwa Josefa, gore boswa jwa bone bo tle bo tswelele mmogo le lotso lwa lelapa la ga rraabone.” (Dipa. 36:10-12) Basadi bao ba ba kutlo ba ne ba dira se Jehofa a neng a se laetse. (Josh. 17:3, 4) E re ka Bakeresete ba ba godileng semoyeng ba ba seng mo lenyalong ba na le tumelo e e ntseng jalo, ba ikobela Modimo ka go nyalwa kana go nyala “mo Moreneng fela.”—1 Bakor. 7:39.

11, 12. Kalebe o ne a bontsha jang gore o ne a ikanya Modimo?

11 Re tshwanetse go ikobela Jehofa mo go sengwe le sengwe, fela jaaka Kalebe wa Moiseraele a ne a dira. (Dute. 1:36) Fa Baiseraele ba sena go gololwa kwa Egepeto ka lekgolo la bo16 la dingwaga B.C.E., Moshe o ne a romela banna ba le 12 go ya go tlhola Kanana, mme ditlhola di le 2—Kalebe le Joshua—ke tsone fela di neng tsa rotloetsa batho gore ba ikanye Modimo ka mo go feletseng mme ba tsene mo nageng. (Dipa. 14:6-9) Dingwaga di ka nna 40 moragonyana, Joshua le Kalebe ba ne ba sa ntse ba tshela e bile ba ntse ba latela Jehofa ka botlalo, mme Modimo o ne a dirisa Joshua go etelela Baiseraele pele go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Le fa go ntse jalo, go lebega ditlhola tse di se nang tumelo tse di lesome di ile tsa swa fa Baiseraele ba ne ba tsamaya mo nageng ka dingwaga tse 40.—Dipa. 14:31-34.

12 Fa Kalebe e setse e le motsofe mme e le mongwe wa ba ba neng ba sa swela mo mosepeleng wa Baiseraele kwa nageng, o ne a ka ema fa pele ga ga Joshua, mme a re: “Ke ne ka sala Jehofa Modimo wa me morago ka botlalo.” (Bala Joshua 14:6-9.) Kalebe wa dingwaga tse 85 o ne a kopa gore a newe kgaolo e e dithaba e Modimo a neng a e mo solofeditse, le fa baba ba bone ba ne ba nna mo kgaolong eo mo metseng ya bone e megolo e e sireletsegileng.—Josh. 14:10-15.

13. Le fa re ka lebana le diteko, re tla segofadiwa fa re dira eng?

13 Fela jaaka Kalebe yo o neng a ikanyega e bile a le kutlo, re tla sirelediwa ke Modimo fa re ‘sala Jehofa morago ka botlalo.’ Fa re lebana le mathata a magolo, re tla segofadiwa fa re tswelela re ‘setse Jehofa morago ka botlalo.’ Mme go dira jalo botshelo jwa rona jotlhe, jaaka Kalebe a ne a dira, go ka se nne motlhofo. Le fa Kgosi Solomone a ile a simolola a dira dilo sentle mo pusong ya gagwe, fa a setse a tsofala basadi ba gagwe ba ne ba faposa pelo ya gagwe gore a direle medimo ya maaka mme “a se ka a sala Jehofa morago ka botlalo jaaka Dafide rraagwe.” (1 Dikg. 11:4-6) Le fa re ka lebana le diteko tsa mofuta ofe, e kete re ka ikobela Modimo ka dinako tsotlhe mo go sengwe le sengwe, re mmeye fa pele ga rona ka metlha.

Ikanye Jehofa ka Metlha

14, 15. Dilo tse di diragaletseng Naomi di go rutileng ka tsela e re tlhokang go ikanya Modimo ka yone?

14 Re tshwanetse go ikanya Modimo bogolo jang fa re tshwenyegile mo maikutlong fa isagwe ya rona e lebega e le letobo. Akanya ka Naomi yo o godileng, yo o neng a swelwa ke monna le bana ba basimane ba babedi. Fa a ne a boela kwa Juda a tswa Moabe, o ne a re: “Lo se ka lwa mpitsa Naomi [“Boitumelo Jwa Me,” ntlha e e kwa tlase go NW]. Lo mpitse Mara [“Botlhoko,” ntlha e e kwa tlase go NW], ka gonne Mothatayotlhe o ntiretse mo go botlhoko thata. Ke ne ke tletse fa ke tsamaya, mme Jehofa o dirile gore ke boe ke iphotlhere. Lo tla bo lo mpiletsang Naomi, ka e le fa Jehofa e le ene a nkokobeditseng e bile e le Mothatayotlhe yo o mpaketseng masetlapelo?”—Ruthe 1:20, 21.

 15 Fa o bala buka ya Ruthe ka kelotlhoko o bona gore, le fa Naomi a ne a tshwenyegile mo maikutlong, o ne a nna a ikanya Jehofa. Mme seemo sa gagwe se ne sa fetoga fela thata! Ngwetsi ya ga Naomi e bong Ruthe wa motlholagadi o ne a nyalwa ke Boase mme a tshola ngwana wa mosimane. Naomi o ne a tlhokomela ngwana yono, mme pego ya re: “Basadi ba baagelani ba mo naya leina, ba re: ‘Naomi o tsaletswe ngwana wa mosimane.’ Mme ba simolola go bitsa leina la gagwe ba re Obede. Ke ene rraagwe Jese, rraagwe Dafide.” (Ruthe 4:14-17) Fa Naomi a tsosiwa go tla go tshela mo lefatsheng, o tla utlwa gore Ruthe, yo le ene a tla bong a le teng, o ne a nna mmaagwemogologolwane wa ga Jesu, e bong Mesia. (Math. 1:5, 6, 16) Fela jaaka Naomi, re ka se tlhomamisege gore maemo a re leng mo go one a a sa itumediseng a tla felela kae. Ka jalo, a re ikanyeng Modimo ka metlha, fela jaaka re gakololwa mo go Diane 3:5, 6: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”

Ikaege ka Moya o o Boitshepo

16. Moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa thusa banna bangwe ba bagolwane ba Iseraele wa bogologolo jang?

16 Fa re nna re beile Jehofa fa pele ga rona ka metlha, o tla re etelela pele ka moya wa gagwe o o boitshepo. (Bagal. 5:16-18) Banna ba bagolwane ba le 70 ba ba neng ba tlhophilwe go thusa Moshe go “sikara morwalo wa batho” ba Iseraele ba ne ba na le moya wa Modimo. Eledade le Medade ke bone fela ba umakwang ka maina, mme moya o ne wa thusa banna bao botlhe gore ba dire maikarabelo a bone. (Dipa. 11:13-29) Kwantle ga pelaelo e ne e le banna ba ba nang le bokgoni ba ba boifang Modimo, ba ba ka ikanngwang e bile ba ikanyega—fela jaaka ba ba neng ba tlhophilwe pele ga foo. (Ekes. 18:21) Bagolwane ba Bakeresete gompieno ba na le dinonofo tse di ntseng jalo.

17. Moya wa ga Jehofa o ne wa nna le seabe sefe fa go ne go agiwa motlaagana?

17 Moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ne wa nna le seabe sa botlhokwa fa go ne go agiwa motlaagana kwa nageng. Jehofa o ne a tlhoma Besalele gore e nne ene modiri le moagi yo mogolo wa motlaagana, a ba a solofetsa go “mo tlatsa ka moya wa Modimo mo botlhaleng le mo tlhaloganyong le mo kitsong le mo tirong ya mofuta mongwe le mongwe ya botswerere.” (Ekes. 31:3-5) Banna ba ba “pelo e botlhale” ba ne ba bereka le Besalele le mothusi wa gagwe e bong Oholiabe ba dira kabelo eo e e molemo. Mo godimo ga moo, moya wa ga Jehofa o ne wa tlhotlheletsa batho ba ba pelo e e ratang gore ba ntshe meneelo ka seatla se se bulegileng. (Ekes. 31:6; 35:5, 30-34) One moya oo o rotloetsa batlhanka ba Modimo ba motlha wa gompieno gore ba dire sotlhe se ba ka se kgonang gore ba beye dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele. (Math. 6:33) Re ka tswa re na le bokgoni bongwe, mme re tshwanetse go rapelela moya o o boitshepo re bo re o letle o re kaele gore re kgone go dira tiro e Jehofa a e neileng batho ba gagwe mo motlheng wa rona.—Luke 11:13.

Tlotla Jehofa wa Masomosomo ka Metlha

18, 19. (a) Moya o o boitshepo wa Modimo o dira gore re nne le boikutlo bofe? (b) O ithutile eng mo sekaong sa ga Simeone le sa ga Ana?

18 Moya o o boitshepo o dira gore re tlotle Jehofa thata mme seo se dira gore re nne re mmeile fa pele ga rona ka metlha. Batho ba Modimo ba bogologolo ba ne ba bolelelwa jaana: “Lo tshwanetse go tlotla Jehofa wa masomosomo thata lo mo tseye a le boitshepo.” (Isa. 8:13, Byington) Batsofe ba babedi ba ba neng ba tlotla Jehofa thata kwa Jerusalema wa lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le Simeone le Ana. (Bala Luke 2:25-38.) Simeone o ne a na le tumelo mo boporofeting jo bo amanang le Mesia mme o ne a “letetse kgomotso ya Iseraele.” Modimo o ne a tshololela Simeone moya o o boitshepo mme a mo tlhomamisetsa gore o ne a se kitla a swa a ise a bone Mesia. Mme go ne ga nna fela jalo. Letsatsi lengwe ka ngwaga wa 2 B.C.E., Jesu o ne a  tlisiwa mo tempeleng ke Marea le Josefa, e leng mmaagwe losea le rraalone yo o neng a tlile go lo godisa. Simeone o ne a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo go bua mafoko a boporofeti ka ga Mesia a bo a bolelela pele gore Marea o ne a tla hutsafala, mme ruri Marea o ne a utlwa botlhoko thata fa Jesu a ne a bapolwa mo koteng ya tlhokofatso. Mme akanya fela kafa Simeone a neng a itumetse thata ka teng fa a ne a tshotse “Keresete wa ga Jehofa” mo matsogong a gagwe! Mme a bo Simeone a tlhometse batlhanka ba Modimo gompieno sekao se se molemo jang ne sa go tlotla Modimo!

19 Ana, yo e neng e le motlholagadi wa dingwaga tse 84 yo o neng a tlotla Modimo, ‘o ne a se ke a tlhokega mo tempeleng le ka motlha.’ O ne a direla Jehofa tirelo e e boitshepo bosigo le motshegare “ka go itima dijo le mekokotlelo.” Ana le ene o ne a le teng fa Jesu wa losea a ne a tlisiwa mo tempeleng. A bo a ne a itumela jang ne go bona ene yo o neng a tla nna Mesia! O ne a “simolola go isa malebogo kwa Modimong e bile a bua ka ngwana yono mo go botlhe ba ba letetseng kgololo ya Jerusalema.” Ana o ne a ikutlwa a tshwanetse go bolelela ba bangwe dikgang tseno tse di molemo! Fela jaaka Simeone le Ana, gompieno Bakeresete ba ba godileng ba itumelela thata gore le fa batho ba ka tsofala jang, ba sa ntse ba ka direla Jehofa e le Basupi ba gagwe.

20. Go sa kgathalesege gore re dingwaga di kae, re tshwanetse go dira eng, mme ka ntlha yang?

20 Go sa kgathalesege gore re dingwaga di kae, re tshwanetse go nna re beile Jehofa fa pele ga rona ka metlha. Mme fa re dira jalo o tla segofatsa maiteko a re a dirang ka boikokobetso go bolelela ba bangwe ka ga bogosi jwa gagwe le ditiro tsa gagwe tse di molemo. (Pes. 71:17, 18; 145:10-13) Le fa go ntse jalo, fa re batla go tlotla Jehofa, re tshwanetse go nna le dinonofo tse di itumedisang Modimo. Fa re sekaseka dipego tse dingwe tse di mo Baebeleng, re ka ithuta eng ka dinonofo tse di ntseng jalo?

O ka Araba Jang?

• Re itse jang gore Jehofa o utlwa dithapelo?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikobela Modimo mo go sengwe le sengwe?

• Le fa re tshwenyegile mo maikutlong, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikanya Jehofa ka dinako tsotlhe?

• Moya o o boitshepo wa Modimo o thusa batho ba gagwe jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Thapelo e Nehemia a neng a e rapela Jehofa e ne ya nna le matswela

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Go gopola kafa dilo di ileng tsa felela di tsamaetse Naomi sentle ka teng go tla re thusa go ikanya Jehofa